Dira kopo ya go neelwa ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga

Fa e le gore o batla go dira kopo ya go neelwa ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga, o tshwanetse go tsenya kopo ka inthanete ka go etela webesaete ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale: http://portal.samradonline.co.za.

Ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga ke lekwalotetla le le go dumelelang kgotsa leo le dumelelang setlamo sa gago go lekola karolo e e rileng ya naga maitlhomo e le go bona menerale kgotsa seo se ka tswang e le menerale.

Lekwalo la ditshwanelo tsa go lekola dimenerale le ka dirisiwa mo pakeng ya dingwaga di le tlhano, fa le feletswe ke nako mo morago ga dingwaga di le tlhano o ka tsenya kopo ya gore paka ya lona e atolosiwe ka paka e e sa feteng dingwaga di le tharo.

Ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga o tla di neelwa fa fela ditlhokwa tse di latelang di kgotsofaditswe:

  • Fa o:
    • na le madi le kitso ya go diragatsa tiro e e tshitsintsweng ya go lekola dimenerale tsa naga ka botlalo
    • na le leano la matlole le le tsamaisanang le maikaelelo a tiro ya go lekola dimenerale tsa naga mmogo le le nako e e beilweng
    • kgona go obamela Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya kwa Meepong wa 1996 (Molao wa 29 wa 1996)
    • o sa tlole Molao wa Tlhabololo ya Didirisiwa tsa Peteroleamo le Dimenerale wa 2002 (Molao wa bo 28 wa 2002) (MPRDA)
  • ga go motho a le esi yo a tla tsholang ditshwanelo tsa go lekola dimenerale tsa naga, ditshwanelo tsa go dira moepo, lekwalotetla la go dira moepo kgotsa lekwalotetla la go tsetsepela menerale kgotsa naga e le nngwe  
  • ga go tshilafatso kgotsa tshenyo ya mothale ope e e tla diragalelang tikologo ka ntlha ya tiro ya ditshwanelo tsa go lekola.

Dikgato tse di latelwang

  1. Dira kopo ka inthanete.
  2. Duelela ka inthanete madi a a tlhokegang, a a sa busediweng a go dira kopo.
  3. Fa khomphiuthara e ka amogela kopo ya gago, o tla kopiwa gore o tlise lenaane la taolo ya tikologo go tlhatlhobiwa mmogo le go kopana le beng ba naga le maloko otlhe a a amegang a a nang le ditshwanelo tsotlhe tsa semolao.
  4. Isa ditlamorago tse di kwadilweng fa fatshe tse di ka ga dikopano tse di tshwerweng mmogo le maloko kwa go molaodi wa tikologo mo matsatsing a a sa feteng a le 30.
  5. Fa ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe, molaodi wa tikologo o tla isa kopo kwa go Tona gore e tsibogelwe.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Fa Khomphiuthara ya Botsamaisi jwa Didirisiwa tsa Dimenerale tsa Aforika Borwa:
    • e sa amogele kopo ya gago, o tla itsisiwe ka yona nako eo mo inthaneteng
    • e amogetse kopo ya gago, o tla itsisiwe pele ga matsatsi a le 14 gore o tlise lenaane la taolo ya tikologo mmogo le go kopana le beng ba naga le maloko otlhe a a amegang a a nang le ditshwanelo tsotlhe tsa semolao.
  • O tshwanetse go isa ditlamorago tse di kwadilweng fa fatshe tsa dikopano le maloko kwa ga molaodi wa tikologo mo matsatsing a a sa feteng a le 30.
  • Fa ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe, molaodi wa tikologo o tla isa kopo kwa go Tona gore e tsibogelwe.

Go ja bokae

Tuediso e tla ikaega ka menerale yo o batlang go o epa.

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Dikopo di tshwanetse go tsenngwa ka inthanete.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

Share this page