Dira kopo ya go neelwa ditshwanelo tsa go dira moepo

Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa ditshwanelo tsa go dira moepo

Fa e le gore o batla go neelwa ditshwanelo tsa go dira moepo, o tshwanetse go bona tumelelo go tswa kwa Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale go go neela tetla ya go epa dimenerale mo lefelong le le rileng.

Paka ya ditshwanelo tsa go dira moepo ga e a tshwanela go feta sebaka sa dingwaga di le 30.

Ditshwanelo tsa go dira moepo o tla di neelwa fa fela:

  • menerale oo o ka epiwa ka bontsi
  • o na le madi le kitso ya go diragatsa tiro e e tshitsintsweng ya moepo ka botlalo
  • leano la matlole le tsamaelana le tiro e go ikemiseditsweng yona ya moepo mmogo le nako e e beilweng
  • go ka se nne le tshilafatso kgotsa tshegenyegelo ya mothale ope e e sa amogelesegeng mo tikologong e le ka ntlha ya tiro ya moepo oo
  • o rulagantse maano a madi le a merero e mengwe tebang le tlhaloso ya leano la ditiro le la loago
  • o sa tlole  Molao wa Tlhabololo ya Didirisiwa tsa Peteroleamo le Dimenerale wa 2002 (Molao wa bo 28 wa 2002) (MPRDA)
  • Tiro eno e tsamaisana le Tumelano ya Meepo.

Dikgato tse di latelwang

  1. Dira kopo ka inthanete.
  2. Dirisa inthanete go duelela madi a go dira kopo a a sa busediweng.
  3. Fa khomphiuthara e ka amogela kopo ya gago, o tla tsiboswa gore o tlise lenaane la taolo ya tikologo go tlhatlhobiwa.
  4. Tsibosa le go kopana le maloko otlhe a a amegang a a nang le kgatlhegelo pele ga matsatsi a le 180 go simolola ka letlha la tsiboso.

Go tsaya nako e e kana kang

  • Fa e le gore kopo ya gago e fitlheletse ditlhokwa tsotlhe motsamaisi wa tikologo o tla go itsise ka go go kwalela mo matsatsing a a sa feteng a le 14 morago ga go amogela kopo ya gago fa e le gore e amogetswe. Motsamaisi wa tikologo o tla go lopa go ikgolaganya le mong wa naga, motho yo a dulang mo tikologong eo le maloko a a amegang.
  • Fa e le gore kopo ya gago ga e a atlega, motsamaisi wa tikologo o tla go busetsa kopo ya gago mo matsatsing a a sa feteng a le 14.
  • Fa e le gore Tona o go ganetsa go go naya ditshwanelo tsa go dira moepo, o tla itsisiwe ka go kwalelwa mo matsatsing a a sa feteng a le 30, a tlhagisa mabaka a go go ganetsa.

Go ja bokae

Ikgolaganye le Lefapha la Metswedi ya Dimenerale mabapi le dituediso.

Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa

Dikopo di tshwanetse go tsenngwa ka inthanete.

Lefelo la bodirelo, diaterese le megala

 

Share this page