Mabapi
Se o tshwanetseng go se dira
Go tsaya nako e e kana kang
Go ja bokae
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Lefelo la bodirelo, diaterese le megala
Mabapi le go dira kopo ya go neelwa lekwalotetla la go dira moepo
Fa o batla go dira ditiro tsa meepo o tshwanetse go bona lekwalotetla la go dira moepo kwa Lefapheng la Metswedi ya Dimenerale.
Lekwalotetla la go dira moepo ke tokomane e o e neelwang ke Lefapha la Metswedi ya Dimenerale mme le go letlelela go ka dira ditiro tsa moepo. Ga go ope yo a letlelelsweng go ka dira moepo ntle le lekwalotetla la go dira moepo. Makwalotetla a go dira moepo ga a adimanwe.
Lekwalotetla la go dira moepo le neilwe paka e e tlhagisitsweng mo lekwalotetleng mme ga e a tshwanela go ka feta dingwaga di le pedi. Le fa go le jalo, e ka ntšhwafadiwa gape dipaka di le tharo mme paka e nngwe le e nngwe e sa fete ngwaga.
Lekwalotetla la go dira moepo le ka ntshiwa fa fela e le gore:
- menerale o o epiwang o ka epiwa ka bontsi mo dingwageng di le pedi
 - lefelo la moepo le sa fete bogolo jo bo kanaka 1.5 ha.
 
Dikgato tse di latelwang
- Dira kopo ka inthanete.
 - Duelela ka inthanete madi a a tlhokegang, a a sa busediweng a go dira kopo.
 - Khomphiuthara e ka amogela kopo ya gago fa fela e le gore ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe.
 - Fa kopo ya gago e amogetswe, motsamaisi wa tikologo o tla go kopa go tlisa leano la botsamaisi jwa tikologo mmogo le go kopana le beng ba naga le maloko a a nang le ditshwanelo tsotlhe tsa semolao mmogo le maloko otlhe a a amegang.
 - Isa ditlamorago tse di kwadilweng fa fatshe tse di ka ga dikopano tse di tshwerweng mmogo le maloko kwa go molaodi wa tikologo mo matsatsing a a sa feteng a le 30.
 - Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale o tla go naya kwalotetla la go dira moepo le ka ntshiwa fa fela e le gore ditlhokwa tsotlhe di kgotsofaditswe.
 
Go tsaya nako e e kana kang
Ba Thulaganyo ya Bolaodi jwa Metswedi ya Dimenerale ya fo Aforika Borwa ba tla go itsise ka gangwe fa kopo ya gago e amogetswe (seno se raya gore o fitllhelele ditlhokwa tsotlhe).
Diforomo tse o tshwanetse go di tlatsa
Dikopo tsotlhe di tshwanetse go tsenngwa ka inthanete

