Letshwao la Setšhaba

Seabe
Popego
Tiriso ya matshwao
Tsela ya popego
Tshegetso go Batho Pele

 

 

Seabe sa Letshwao la SetšhabaCoat of arms

Letshwao la Setšhaba, e leng letshwao la naga, ke letshwao le le kwa godimo le le bonalang la naga.

Letshwao la Setšhaba gape ke karolo ya Kano e Kgolo (Great Seal), e e neng e kaiwa jaaka letshwao le le kwa godimo la naga. Thata ka botlalo e newa setlankana sengwe le sengwe se se nang le Kano e Kgolo, ka se se kaya gore e dumeletswe ke Moporesitente wa Aforika Borwa.

Letshwao la Setšhaba la Aforika Borwa le ne la tsena tirisong ka Letsatsi la Kgololosego, 27 Moranang 2000. Phetogo eno e supa maikemisetso a Mmuso a go dira gore go lemogwe diphetogo tsa setemokrasi mona Aforika Borwa le mowa o moša wa go rata naga yaabo rona.

Popego ya Letshwao la Setšhaba

Letshwao la Setšhaba ke setlhopa sa dilo tse di rulagantsweng ka dikarolo tsa sedika sa sebopego sa lee seo se aroganeng, nngwe e beilwe godimo ga e nngwe.

Popegolee e e kwa tlase e emetse dielemente tsa motheo

Elemente ya ntlha ke moono o o mo teng ga seripa sa sediko se setala. Seripa sa sediko se konosediwa ke manaka a amabedi a tlou a a lebaganeng a supile kwa godimo. Mo teng ga popegolee e e bopilweng ke manaka a ditlou go na le ditsebe tse pedi tsa korong tse di lebaganeng, mme tsona di bopa thebe ya gauta e e beilweng fa gare.

Popego ya thebe e lebega jaaka moropa, mme e na le ditshwantsho tse pedi tsa batho tse di tswang mo botaking jwa Makhoisan jwa matlapa. Ditshwantsho tse di tlhagelela di lebagane di dumedisana le go supa kopano.

Fa godimo ga thebe ke lerumo le molamu, di fapaantswe go dira selo se le sengwe. Dielemente tse di rulagantswe ka tlhoafalo go tsepama mo thebeng le go konosetsa popegolee e e kwa tlase ya motheo.

Popegolee ya tlhatlogo

Fa godimo fela ga popegolee ya motheo, ke bogare jo bo bonalang jwa Letshwao la Setšhaba, Protea. Dikalana tsa Protea di tlhagelela ka paterone ya khutlotharo go supa botsweretshi jwa Aforika.

Tlhame e beilwe fa godimo ga Protea mme lebolomo le bopa sehuba sa nonyane e. Tlhame e eme ka diphuka tsa yona di tsholeditswe ka mokgwa wa segosi e bile o tlhatloga. Diphofa tse di bonalang sentle tsa tlhogo ya tlhame di dirile korone mo tlhogong e e thata e bile e le le kelotlhoko.
Letsatsi le le tlhabang le beilwe fa gare ga diphuka tsa tlhame mme le konosetsa popegolee ya tlhatlogo.

Momagano ya dipopegolee tsa kwa godimo le kwa tlase, di golagana go bopa tiragalo e e golaganeng e e senang bokhutlo, le mowa o o edileng fa gare ga dielemente tsa motheo o tlisa botlhami jo bo tletseng botshelo, jo bontle e bile bo kgethegile. Le fa go le jalo, e sa ntse e na le tsepamo, motsamao le botlhokwa jo bo tlhokegang mo Letshwaong la Setšhaba.

Dikai tsa Letshwao la Setšhaba

Popegolee ya motheo

Lefoko

Lefoko ke - !ke e: /xarra //ke, le kwadilwe ka loleme lwa ma-Khoisan lwa batho ba /Xam, mme le kaya gore: batho ba ba farologaneng kopanang. E lebisitswe go maiteko a batho botlhe go matlafatsa kopano ya menagano le ditiro. Ka kakaretso, e dira boipiletso go setšhaba go kopana go nna sebopo se le sengwe se se ipelang ka bong ba sone.

Kapodiso ya : !ke e: /xarra //ke:

.wav file (170 kb)

Ditsebe tsa korong

Di supa kungo, kgolo le tlhabologo ya bokgoni, phepo ya batho le dikarolo tsa temo tsa mmu.

Meno a maleele a tlou

Ditlou di supa botlhale, boitshwaro le gosafeleng.

Thebe

E na le tshupo tse pedi: go supa bong le tshireletso ya semowa. E supa letshwao le le kgolo la setšhaba.

Ditshwantsho tsa batho

Di tserwe lefikeng lwa Linton, le e leng sekao se se tumileng lefatshe ka bophara sa Botaki ba Mafika fa Aforika Borwa. Lefika leno, le beilwe kwa South African Museum kwa toropong ya Kapa. Ma-Khoisan, ba e leng bona banni ba ba tala go fetisa fa nageng ya rona, ba paka ka ga botho le setso sa ma Aforika Borwa se se tshwanang. Ditshwantsho tseno di takilwe di eme ka mokgwa wa go dumedisa, go supa kopano. Seno se supa gape go simololwa ga phetogo go motho mongwe le mongwe go ikamaganya le setšhaba, mme go feta foo, go ikamaganya le botho bo bo kopanetsweng.

Lerumo le sebepi

Matshwao a mabedi a a emetseng tshireletso le bolaodi – gape di emetse le maoto aa maatla a mmamolongwana. Lerumo le sebepi di robaditswe go supa kagiso.

Popegolee ya tlhatlogo

Lelomo lwa Protea

Letshwao la bontle ba naga ya rona le katlego ya bokgoni ba rona jaaka setšhaba seo se dirang go fitlhela Tsosoloso ya Aforika – le supa kopano e akaretsang ya dilo tsotlhe tseo di tswang fa mmung mme di tlhokometswe go tswa kwa godimo. Mebala e e itsegeng thata ya Aforika e neetswe Protea – botala, gauta, bohibidu le bontsho.

Mmamolongwana

E tshwantshitswe e fofa – ditlamorao tsa kgolo ya tlhago le lebelo. Nonyane e e maatla eo maoto a yona - a bontshwang ka lerumo le sebepi - a e direla thata fa e tsoma dinoga, e leng sengwe seo se supang tshireletso ya setšhaba kgatlhanong le dira tsa sona. Ke morongwa wa magodimo mme e dirisa tshwaro wa yona mo lefatsheng. Ka tsela eno, ke letshwao lwa boitseanape bo botona. Maphuka a a tsholeditsweng a supa go tsholetswa ga setšhaba sa rona, mme gape e ntse e re sireletsa.

Letsatsi le tlhabang

Letshwao la kganya le bontle. Le supa tshepiso ya tswalo-boša, bokgoni ba dikakanyo tse di mafolofolo, kitso, katlholo e nepagetseng le maatla a thato. Ke letshwao lwa motlhodi wa bophelo, lwa kganya le botho ka kakaretso.

Sebopego se se feleletseng sa letshwao le lentšha lwa setšhaba se kopanya sedika sa sebopego sa lee se se fa tlase le se se fa godimo ka tshupo ya gosafeleng. Tsela e e kopanyang fa tlase kwa bofelong, ka mela ya meno a tlou, ka kgala (horizon) godimo ga fao letsatsi le tlhabang fa godimo, le bopa popego ya lee leo le bopang lefatshe ka bophara leo mmamolongwana a tswang mo go sona. Sentlesentle, sebopego seno se supa tsalo seša ya mowa wa setšhaba sa rona se setona sa bagale.

Tsela ya popego

Kgoro e e mabapi le Botaki, Setso, Saense le Thekenoloji e ne ya kopa dikakanyo tsa setšhaba mabapi le letshwao le lentšha la sešhaba ka ngwaga wa 1999. Go ne ga kwalwa dintlha tse di kgutswane ka dikakanyo tse di fitlhetsweng fa setšhabeng le fa Kabineteng. Government Communication and Information System (GCIS), e ne ya ikopanya le Design South Africa – mokgatlho o akaretsang o o emetseng mekgatlho ya botaki naga ka bophara – go buisana le baitseanape ba botaki ba itlhagisitseng ba ba lesome. Bataki ba le bararo ba ne ba tlhopiwa go bontsha Kabinete dikakanyo tsa bone ka ga Letshwao la naga. Setshwantsho sa Rre Iaan Bekkers, se ne sa tlhopiwa go nna Letshwao le lentšha lwa naga. Ene ke molaodi wa FCB Group mme o takile matshwao a mantsinyana a boikitsisi a mekgatlho ya mmuso le ya poraefete.

Letshwao le lentšha le tsweletsapele motheo wa Batho Pele

Batho Pele ke puo ya Sesotho e e kayang "go beiwa ga batho kwa setlhogong" fa go tlameleng ka ditirelo, mme yona e tlama badiredi puso go direla batho botlhe ba Aforika Borwa. Metheo le dintlha tsa botlhokwa tsa Batho Pele, di tshegetsa Letshwao lwa Setšhaba. Ka letsatsi la 1 Diphalane 1997, ditirelo tsa mmuso di ne tsa dira letsholo lwa Batho Pele maikaelelo e le go tlhabolola tlamelo ya ditirelo fa setšhabeng.

Batho Pele ke maikemisetso go fitlhela metheo le dintlha tse di botlhokwa:

  • Ditherisano tse di kgafetsa ka ga boleng ba ditirelo tse di tlamelwang
  • Go bea maemo a amogelesegileng a ditirelo ka go bua ka boleng ba ditirelo tse di tshwanetseng go tlamelwa
  • Go oketsa kgonagalo ya go fihlela ditirelo segolo setonna go bao ba neng ba sa di fitlhele ka tshwanelo mo nakong ya maloba
  • Go netefatsa maemo a a kwa godimo a tlôtlo ka go latela maemo a amogeselegieng a beilweng ka ga tshwaro ya badirisi ba ditirelo
  • Go tlamela ka tshedimosetso e e oketsegileng e e tlhabolotsweng ka ga ditirelo gore badirisi ba nne le tshedimosetso e e mabapi e e tshwanetseng
  • Go oketsa go se fitlhe sepe le go dira phatlhalatsa ka ga tsela eo ditirelo di tlamelwang ka yona
  • Go siamisa fa re sa atlegang le diphoso gore mathata a rarololwe kana a siamisiwe ka tsela e e siameng
  • Go tlamela ka boleng jo bo golo mo mading gore badirisi ba ditirelo ba bone gore madi a bone a lekgetho a dirisiwa ka tsela e e tlhoko e e tshwanetseng.

Batho Pele e ka ga go tlosa ditsamaiso tsa ka fa teng tse di senyang e bile di le tlhwatlhwagodimo tse di neng di sa direlwa go baya ditlhoko tsa batho kwa pele. E ka ga go netefatsa gape gore thulaganyo ya matlole a bodiredipuso e nyalana le ditlhoko tse di kwa godimo tsa setšhaba.

Ditokafatso tse dintsi tse baagi ba ratang go di bona, ga di rekwe, jaaka: monyebo, go tshola badirisi ka tlotlo, go ikanyega fa o rebola tshedimosetso le go kopa tshwarelo fa dilo di sa tsamae sentle. Se ga se ntlha ya ditlabelo tse dingwe – ke ka ga go dirisa maemo a a farologaneng a maitsholo.

Tokafatso ya thebolo ya ditirelo e ka ga go nyalanya sengwe le sengwe se re se dirang le meono ya “tirelo go badirisi”. Go tsenngwa tirisong ga Batho Pele ga se tiro ya gangwe fela. Ke tiragalo e e tswelelelang go tshela, e e tla tswelelang dingwaga di le dintsi, e ntse e tokafala ka gale.

Re tshwanetse go dira mmogo, re le Mmuso le setšhaba, go dira gore metheo ya Batho Pele e nne boammaruri mo setšhabeng seo se direlang botshelo jo bo botoka. (Puo ka Moporesitente Thabo Mbeki kwa go tsenngweng tirisong ga Letshwao la Setšhaba kwa Kwaggafontein, Bloemfontein, ka 27 Moranang 2000).

Share this page