Moporesitente Cyril Ramaphosa: Puo ka ga dijo tse di tlholang malwetse

Puo ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo a emeng setšhaba ka lefoko a le kwa Union Buildings, Tshwane mabapi le kgaeng e e ka ga dijo tse di tlholang malwetse le go tlhokafala ga bana

Maaforika Borwa a gaetsho, 

Ke kopa go lo ema ka lefoko mo maitsiboeng ano ka ntlha ya kgang e e utlwisitseng setšhaba sa rona botlhoko Ie go se hutsafatsa. 

Go ralala le naga, dipegelo ka dijo tse di tlholang malwetse le maso di ntse di oketsega. 

Batho ba le mmalwa ba lwala mme bangwe ba a tlhokafala morago ga go ja dijo tseno. 

Go utolotswe gore dingwe tsa dijo tseno ke tse di rekilweng kwa mabentleleng a diphasa le mo barekising ba mo mebileng. 

Fa e sale kwa tshimologong ya Lwetse 2024, palogotlhe e e begilweng ya balwetse ba ba lwatswang ke dijo tseno ke ba le 890 go ralala diporofense tsotlhe. 

Gauteng le KwaZulu-Natal ke tsone di amegileng go gaisa, mme go latele Limpopo, Foreisetata le Mpumalanga tse le tsona di nang le balwetse ba le mmalwa. 

Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, palo e e potlana ya bana ka fa nageng ya rona ba ba bolailweng ke dijo tse di tlholang malwetse ke ba le 22. 

Mo kgweding e e fetileng go nnile le tiragalo e kgolo e e mabapi le dijo tse di tlholang malwetse kwa Naledi, Soweto kwa go tlhokafetseng bana ba le barataro.

Yo monnye mo go bone botlhe o ne a le dingwaga di le thataro. 

Ke mafoko a le mmalwa fela a a ka kgonang go tlhagisa khutsafalo le kutlobotlhoko ya rona jaaka setšhaba.

Re tswelela go gopola le go rapelela malapa a bona jaaka ba le mo gare ga kutlobotlhoko le khutsafalo ya go latlhegelwa ke bana ba bona. 

Go latlhegelwa ke ngwana ke sengwe se go seng motsadi ope yo o tshwanetseng go se itshokela. 

Bana ba bannye ba ba tlhokafetseng ba e ne e se fela bana ba malapa a bona. E ne e le bana ba rona. 

Batho ba rona ba na le tshwanelo ya go utlwa botlhoko le go galefa ka ntlha ya masetlapelo a. 

Mo nakong e tshwana le e, re tlhoka go nna seoposengwe jaaka naga le go dira mmogo go fedisa dintsho tse. 

Re tshwanetse go dira se se tlhokegang gore masetlapelo a a se tlhole a diragala.

Ka nako ya fa dintsho tse di sena go tlhagelela, ditlhopha tsa maphatamantsi tsa puso di ne tsa bolodiwa go samagana le ditiragalo tse. 

Ditlhopha tse di ne di akaretsa matseka go tswa go Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, batlhankedi ba boitekanelo, batlhatlhobi ba tikologo, batlhankedi ba Lefapha la Temothuo gammogo le batlhankedi go tswa kwa Khomišeneng ya Bosetšhaba ya Badirisi. 

Kabinete e setse e kopane gararo go amogela dipegelo go tswa go mafapha a tebang le ditiragalo tsa sešweng.

Tse ke tse re di itseng. 

Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang se ne se kopilwe go dira diteko tsa saenthifike mme se supile fa bana ba ba tlhokafetseng ba le barataro kwa Naledi, Soweto polao ya bona e golaganngwa ka tlhamalalo le khemikhale e e kotsi e e dirisiwang go bolaya ditshenekegi le magotlo e e bidiwang Terbufos. 

Terbufos e ka nna kotsi mo mothong le fa tota go ka tswa go dirisitswe e nnye thata. 

Terbufos ke khemikhale ya dimela tsa kwa masimong e mo nageng ya Aforika Borwa e kwadisitsweng gore e dirisiwa mo temong fela.

Ga e a letlelelwa go rekisiwa mo mabenkeleng a a rekisang didirisiwa tsa mo magaeng.

Le fa go le jalo, Terbufos e rekisiwa mo mebileng jaaka setlhare sa go bolaya mafele le magotlo mo makeišeneng le mo batho ba itlhomileng gone ka leina le le bidiwang ‘galephirimi’. 

Go ne ga tsewa dilwana tse di rekisiwang kwa mabenkeleng a diphasa a le 84 kwa Naledi. Mo dilwaneng tse di tserweng tseno, tsa mabenkele a mararo a mabentlele ano otlhe go ne ga fitlhelwa bopaki jwa Terbufos mo go tsona.

Morago ga go dira diteko tse di tseneletseng, sephuthelwana sa diseneke se se fitlhetsweng mo go yo mongwe wa bana ba ba tlhokafetseng e ne e na le bolthole jwa Terbufos ka fa teng le ka fa ntle. 

Jaaka karolo ya dipatlisiso tsa dintsho tsa kwa Naledi, batlhatlhobi ba ne ba amoga mabenkele a koo didirisiwa di le mmalwa tsa go bolaya mafele le magotlo. 

Ba fitlhetse mo mabakeng a mangwe dijo di beilwe fa thoko ga disepa tse di bogale le didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo. 

Go ne ga fitlhelwa gape gore mabenkele a mangwe ga ana mafelo a a babalesegileng a go bolokela dijo, mafelo a go tlhapela diatla le go tlhatswetsa dijana, e leng tse dingwe tsa dilo tse di oketsang kgonego ya tshwaetsego ya dijo.

Mme jaaka dipatlisiso tsa rona di tswelela pele, go botlhokwa go tlhaloganya gore se ga se bothata bo bo fitlhelwang fela mo mabenkeleng a diphasa le bagwebi ba bangwe ba mo mebileng. 

Tiriso e e kwa ntle ga taolo ya dibolayadisenyi tse di kganetsweng mo setšhabeng sa rona ke tlhobaboroko e e golang, ka ditlamorago tse di utlwisang botlhoko. 

Mo makeišeneng a mengwe a mantsi khemikhale e nngwe, Aldicarb, le fosefeiti e e itsegeng jaaka Galephirimi di rekisiwa ke barekisi ba mo mebileng go lwantshana le magotlo. 

Aldicarb ga e a bolo go ilediwa go dirisiwa mo nageng ya Aforika Borwa fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2016. 

Ngogola, bana ba le bararo kwa Ekurhuleni le ba le bararo kwa Soweto ba ne ba tlhokafala morago ga go kgoma Aldicarb. 

Go tsibogela masetlapelo a, re tlhoka go tlhaloganya setlhodi sa kgwetlho e mo setšhabeng sa rona. 

Lengwe la mabaka a a dirang gore batho ba dirise didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo ke ka ntlha ya bontsi jwa magotlo jo bo tswileng mo taolong. 

Bothata jwa magotlo bo bakiwa ke tirelo e e sa tsamaiseweng ka tshwanelo ya bommasepala ba bangwe ba le mmalwa. 

Matlakala ga a tsewe ka nako, mebila ga e phepafadiwe, mme se se baka gore magotlo le digagabi tse dingwe di itirele boithatelo. 

Gantsi mafelo a a humanegileng go gaisa ke one a a amegang thata, mme ka ntlha ya seno baagi ba dirisa ditsela tse di tlhwatlhwatlase go samagana le bothata jono mme seno ke go dirisa dikhemikhale tse di kotsikotsi tse di jaaka Terbufos le Aldicarb. 

Kgwetlho e nngwe ke gore maikarabelo a go tlhokomela tikologo a a tshwanetseng go diragala mo mafelong a rona ke maikarabelo a a leng mo magetleng a pusoselegae.

Bommasepala ba bantsi ga ba na badiri le didirisiwa tse di maleba go dira ditlhatlhobo kwa dikgwebong tse le go tsenya tirisong melawana. 

Tsibogo ya rona ka jalo e tshwanetse go samagana le dintlha tsotlhe tse di nang le seabe mo bothateng jo. 

Re tshwanetse gape go tila phasalatso ya tshedimosetso e e fosagetseng.

Dipatlisiso tse di setseng di dirilwe ga di supe fa go le letsholo la ka bomo la go jesa bana ba naga ya rona botlhole. 

Ga go na le bopaki jwa gore bothata jo bo fitlhelwa fela kwa mabenkeleng a diphasa a e leng a batswantle fela. 

Ditlhagiswa tse di ka rekisiwa le kwa mabenkeleng a beng ba ona e leng Maaforika Borwa. 

Rotlhe re na le tiro – jaaka Puso, baagi, batsadi le malapa – go sireletsa ba ba bokoa mo gare ga rona. 

Go latela kopano e e kgethegileng ya Kabinete, re tshwanetse go diragatsa ditharabololo tse di latelang: 

Tharabololo ya ntlha ke go fedisa didirisiwa tse di kotsi tsa go bolaya mafele le magotlo. 

Tharabololo ya bobedi ke go sireletsa bana ba rona gore dikhemikhale tseno di se ba fitlhelele. 

Tharabololo ya boraro e e botlhokwa ke go thibela go runya ga ditiragalo tseno lekgetlo le lengwe gape mo isagong. 

Dikgato tse di latelang di tla tsewa ka gangwe. 

Go fedisa thekiso ya didirisiwa tse di kotsi tsa go bolaya mafele le magotlo: 

Mabenkele a diphasa a a amegang mo go lobiweng ga matshelo a bana a tla tswalelwa ka ponyo ya leitlho. 

Go tloga gompieno mabenkele otlhe a diphasa mmogo le mafelo a a rekisang dijo a neilwe sebaka sa matsatsing a le 21 go kwadisa dikgwebo tsa bona mo dikantorong tsa bommasepala tseo dikgwebo tseno di leng mo go tsona. Lebenkele lengwe le lengwe le le sa kwadisiwang mo matsatsing a le 21 mme e bile le sa itepatepanye mmogo le go tsamaisana le maemo le ditlhokego tsotlhe tsa boitekanelo le tlile go tswalwa. 

Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tsa tsenyotirisong ya molao di tla tshwanela go batlisisa, go tshwara le go sekisa batlolamolao. Se se akaretsa tirisanommogo le batlhagisi le barebodi botlhe ba ba kwadisitsweng. 

Ditlhopha tsa tlhatlhobo tse di kopaneng tsa maphatamantsi di tla dira ditlhatlhobo tsa go ikobela melao tsa mafelo a a dirang ka dijo, batlhagisi, batsamaisi, marekisetso magolo le marekelo. Se se tla akaretsa mabenkele a diphasa le bagwebisi ka kakaretso. 

Dikgwebo tse di sa ikobeleng melao le mabenkele a a golaganngwang le ditiragalo dife fela tsa botlhole kgotsa di fitlhelwa di na le dikhemikhale tse di kotsi di tla tswalelwa. 

Letsholo le legolo la go tsena ntlo le ntlwana go tlhatlhoba marekelo a diphasa, le bagwebi ba bangwe ba ba sa tlhomamang le tla dirwa, go simololwa ka Gauteng le KwaZulu-Natal. 

Se se tla dirwa ke ditlhopha tsa tlhatlhobo tsa maphatamantsi tse di nang le Ditirelo tsa Boitekanelo tsa Sesole sa Aforika Borwa, batlhankedi ba boitekanelo ba tikologo, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, Lekgotla ba Bosetšhaba la Badirisi, batlhatlhobi ba ditiro le ba bangwe.

Kgato ya ntlha ya ditlhatlhobo e tshwanetse go konosediwa mo sebakeng sa kgwedi. 

Batlhagisi botlhe ba Terbufos ba ba kwadisitsweng ba tla tlhatlhobiwa go netefatsa gore ga go ditlhagisiwa dipe tse di faposediwang kwa mmarakeng o e seng wa temothuo. Tirego ya thekiso ya phasalatso ya Terbufos e tla sekasekwa go netefatsa gore go ikobelwa ditaolo le go rwala maikarabelo a gore e rekisediwa bomang.

Melawana le ditsamaiso tsa tshalomorago, go phuthelwa sešwa, tshenyo le thekiso ya didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo, didirisiwa tsa go bolaya ditshenekegi le ditlhagiswa tsa dijo di tla gagamadiwa. 

Tharabololo ya bobedi e ka ga tshireletso ya bana gore ba se bulegele ditlhagiswa tse di kotsi tse: 

Lefapha la Thuto ya Motheo le tla rebola lekwalo ka gangwe go Mafapha a Thuto a Diporofense le dikolo tsotlhe ka ga ditsela tse di siameng tsa go thibela le go laola malwetse a a bakiwang ke dijo mo dikolong. 

Fa ngwaga wa dithuto o mošwa o simolola, Lefapha la Thuto ya Motheo le Makgotla a Taolo ya Dikolo, gammogo le Lefapha la Boitekanelo a tla sekaseka le go tokafatsa dikaedi tsa dikolo tebang le taolo ya barebodi ba dijo kwa dikolong tsa puso. Se se tla akaretsa mabenkele a mannye a a dirang mo dikolong.

Go tla thankgololwa letsholo la thuto ya setšhaba go totilwe segolobogolo bana, batsadi, batlhokomedi ba bana mmogo le setšhaba ka kakaretso tebang le kgang ya pabalesego ya dijo le go nna kelotlhoko, go tlhokomela le go boloka dikhemikhale tse di kotsi. Letsholo le le tla akaretsa GCIS, mafapha le ditheo tsa puso, mekgatlo ya intaseteri le mekgatlo ya baagi. 

Lona le tla tlalelediwa ke letsholo la thuto ya botlhe le le totileng baagi, mabenkele a diphasa, mabenkele a mannye, bagwebi ba ba sa tlhomamang le dikgwebo tse dingwe ka ga boitekanelo, melawana ya pabalesego le bophepa, go ela tlhoko ditlhagiswa tse di kotsi, melawana e e dirang tebang le ditlhagisiwa tse di kotsi gammogo le ditlamorago tsa semolao. 

Ditona tsa Thuto ya Motheo le Boitekanelo gammogo le mafapha a mangwe a thuto ba tla tlhaola didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo mmogo le tsa go bolaya ditshenekegi tse di rileng tse di sa siamelang go dirisiwa mo malapeng jaaka “dilo tse di kotsi” tse di sa tshwanelang go tlisiwa kgotsa go dirisiwa mo teng ga sekolo. Se se tla dirwa go ya ka Melawana ya Taolo ya Pabalesego mo Dikolong tsa Puso.

Tharabololo ya boraro maitlhomo a yona ke go thibela go runya ga matsapa ano lekgetlo le lengwe gape mo isagong: 

Ke laetse gore Ditheo tsa Ditiro tse di Kopanetsweng tsa Matlhale di tlhomiwe kwa maemong a bosetšhaba le a diporofense go samagana le bothata bo. 

Bommasepala ba rona ba tla tshwanelwa ke go tsaya dikgato ka bonako go samagana le bothata jwa magotlo a a itirelang boithatelo ka go phepafatsa ditoropokgolo le ditoropo le go tsaya matlakala. Mafelo otlhe a dithothobolo a bommasepala a tla tshwanelwa ke go ikobela Molao wa Bosetšhaba wa Taolo ya Matlakala mo Tikologong. Go retelelwa ke go ikobela molao o go tla baka dikotlhao tse di tla akaretsang ditaelo, dikitsiso tsa ikobelo melao le tsenyotirisong ya kgetse ya bosenyi.

Go tlhongwa Komiti ya Ditona ka ga Dikgakololo tsa Boitekanelo e e tla tlhomang mekgwathibelo ya pakagare le pakaetelele. Komiti e e tla nna le dirutegi mo mererong ya tsa botlhole, dingaka tsa bana, baithuta-dikhemikhale, baithuta-leroborobo, baithuta-malwetse ba forensiki le ba bangwe. 

Dintsho tsotlhe tsa balwetse ba ba dingwaga di le 12 go ya kwa tlase di tla itsisiwe mo Thulaganyong ya Dipatlisiso tsa go Disa le go Ela tlhoko Malwetse..

Thulaganyo ya ileketeroniki ya go rekota maso semmuso e tla kgontsha Lefapha ba Boitekanelo la Bosetšhaba go fitlhelela tshedimosetso ka gangwe fa thulaganyo ya semmuso ya go rekota maso e sena go garelwa. 

Tiro ya Lefelo la Tshireletsego ya Ditshedi (Biosecurity Hub) e tla matlafadiwa go laola botoka go tsena ga ditlhagisiwa, ditshedi le ditlhagisiwa tsa botshelo tse di kotsi kwa magorogelong.  

Lefapha la Temothuo le semeletse go sekaseka le go tokafatsa melao e e maleba tebang le taolo le tetlelelo ya go dirisa didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo tsa temothuo go dirisiwa mo Aforika Borwa.

Letlole le le tlhakanetsweng la dimilione di le R500 le tla tlhomiwa ke Mafapha a Kgwebisano, Madirelo le Kgaisano le la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana go tshegetsa dikgwebo kwa metsesetoropong le kwa magaeng, go akaretsa mabenkele a baagi ba ka a fitlhelelang bonolo. Tlamelo ka matlole e tla nna ya go tokafatsa dikgwebo gammogo le tshegetso e e seng ya matlole ya dinonofo tsa setegeniki, go ikobela melao gammogo le maatlafatso ya bokgoni. 

Jaaka re diragatsa ditsereganyo le mekgwathibelo e, go na le go le gontsi go re ka go dirang go sireletsa bana ba rona. 

Jaaka badirisi le batsadi, fa re reka dijo kgotsa re roma bana ba rona go ya go reka dijo, e tshwanetse go nna kwa mafelong a a nang le dilaesense tsa go rekisa ditlhagiswa tsa dijo a e bile a ikobelang melawana ya pabalesego ya dijo. 

Re tshwanetse go ela tlhoko gore dijo di direlwa mo mafelong a a phepa. 

Re tshwanetse go netefatsa gore dijo tse di rekisiwang tse di na le dileibole le maina a a bonalang sentle, le gore ga di ise di fetelwe ke matlha a go di rekisa. 

Re tshwanetse go ruta bana ba rona ka pabalesego ya dijo le go ba ruta gore ba sekaseka jang dileibole ka bobona. 

Mongwe le mongwe yo o bonang dijo tse e seng tsa mmatota le tse di feletsweng ke nako ya go rekisiwa mo ditikologong tsa rona o tshwanetse go di bega kwa Khomišeneng ya Bosetšhaba ya Badirisi.

Nomoro ya mogala ya Khomišene ya Bosetšhaba ya Badirisi ke 012 065 1940.

Re tshwanetse go ela tlhoko gore didirisiwa tse di dirisiwang go bolaya mafele le magotlo mmogo le dikhemikhale tse di kotsi di bolokiwa sentle. 

Re tshwanetse go reka fela didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo tse di leng mo teng ga diphuthelwana tsa tsona tse gape di nang le dileibole tse di supang gore di ka dirisiwa mo malapeng. 

Dikhemikhale tsotlhe tse di kotsi di tshwanetse go bewa kwa bana ba ka se di fitlheleleng. 

Mabenkele a diphasa le barekisi ba mo mebileng ba na le maikarabelo a a botlhokwa a go tlhokomela le go babalela boitekanelo jwa bareki ba bona. 

Ba tshwanetse go dira ka maikarabelo le go ikobela melao. 

Ba tlhoka go ikobela melao e e rileng ya motheo. 

Sekao, ga ba a tshwanela go dirisa dikgamelo kgotsa meteme e e tshwanang go tsenya dikhemikhale le dijo. 

Ke didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo mmogo le dikhemikhale tse di kwadisitsweng go ka dirisiwa mo malapeng fela tse di ka rekisiwang. 

Dileibole tsa tsona di tshwanetse go bo di bonala sentle e bile di le mo teng ga dipakana tsa tsona tsa nnete.

Dikgwebo tse di ka fitlhelwang di dirisa didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo tse di ileditsweng go ka dirisiwa kgotsa tse di ileditsweng ka gotlhe di tla di gama di sa di tlhapela.

Ke tswelela gape go ikuela go Maaforika Borwa go dira mmogo go fenya bothata jo. 

Fela ga go kae gore ga re na thuso. Re ka dira go tlala seatla. 

Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go nna le kitso ka ga dikotsi tsa didirisiwa tsa go bolaya mafele le magotlo le ditlhagiswa tse dingwe tse di kotsi.

Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go tsaya maikarabelo ka pabalesego le boitekanelo jwa batho ba re nnang le bona, segolo bana mo setšhabeng sa rona. 

Ka go dira mmogo, ka go tsenya tirisong melao, go nna re ntshitse matlho dinameng e bile re le maikarabelo, re tla kgona go fedisa masetlapelo a.

Pula. 

Issued by
More from

Share this page

Similar categories to explore