Kopo ya kwadiso ya sejanaga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa sejanaga sa gago

Fa o le mong wa sejanaga se sešwa, se se neng se na le mong o sele, se agilwe kgotsa se agilwe sešwa, o tshwanetse go se kwadisa kwa bothating jwa gago jo bo maleba jwa kwadiso go bona setifikeiti sa kwadiso. Fa sejanaga se sa abelwe matlole, motho yo o nang le tetla ya go nna mong wa sona e tla nna ena setheo sa kabelo ya matlole. Fa se setse se kwadisitswe le go abelwa laesense, o tla amogela disiki ya laesense ya sejanaga.

O tshwanetse go kwadisa le go direla sejanaga sa gago laesense mo matsatsing a le 21 morago ga go fetola mong wa sona. Fa o sa se kwadise, o tla tshwanela ke go duela madi a a saletseng kwa morago le dikotlhao. Kwadiso ya sejanaga e tsenngwa mo rekotong ya Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso ya Pharakano ka ileketeroniki (eNaTIS).

Kwadiso ya sejanaga sa gago ga e na mosola fa e le gore:

  • disiki ya laesense ya sejanaga ga e a ntšhwafadiwa mo dingwageng di feta di le nne
  • sejanaga se kile sa nna mo kotsing mme se kailwe fa se sa siamela tiriso mo pakeng ya leruri
  • o rekisitse sejanaga (o fetotse mong wa sone)
  • sejanaga sa gago se amogilwe mo matsatsing a a fetang a le 31 
  • setifikeiti sa phimolo se rebotswe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Go kwadisa sejanaga se sešwa, ikele kwa bothating jwa gago jwa kwadiso jo bo maleba mme o romele tse di latelang:
    • lekwaloitshupo la gago (ID)
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting.
    • setifikeiti sa modiri wa sejanaga se se nang le dintlha tsotlhe tse di maleba tsa sejanaga 
    • setifikeiti sa go supa fa se siametse tsela, fa e le gore sejanaga ke se se pegang dithoto tse di boima [kgotsa Tsamaiso ya Boleng jwa Dipalangwa tsa Tsela (RTQS)].
  2. Tlatsa foromo ya Kopo ya Kwadiso le Thebolo ya Laesense ya Sejanaga (RLV).

Kwadisa sejanaga se se seng sešwa:

  1. Go kwadisa sejanaga se se neng se na le mong o mongwe pele (se se seng sešwa), morekisi o tshwanetse pele go tlatsa le go romela foromo ya Kitsiso ya phetolo ya mong (NCO), e e neelang kitsiso ya phetolo ya mong
  2. Ikele kwa bothating jwa gago jo bo maleba jwa kwadiso ya sejanaga mme o romele tse di latelang:
    • lekwaloitshupo la gago (ID)
    • setifikeiti sa kwadiso sa sejanaga (se le mo leineng la morekisi) 
    • setifikeiti sa tshiamelo ya tsela fa e le gore setifikeiti sa ga jaana se feta matsatsi a le 60 
    • bosupi jwa theko ya sejanaga 
    • laesense e e tlhomameng ya sejanaga (netefatsa gore dituelo tsa laesense di duetswe ka botlalo).
  3. Tlatsa foromo ya Kopo ya kwadiso le thebolo ya laesense ya sejanaga (RLV).

Kwadisa sejanaga se se agilweng ka dikarolo:

  1. Go kwadisa sejanaga se se agilweng ka dikarolo, ikele kwa bothating jo bo gaufi le wena jwa sejanaga mme o romele tse di latelang:
    • lekwaloitshupo la gago (ID)
    • afidafiti e e tlhomamisang kwa dikarolo di tswang teng le gore go dirilwe eng mo koloing (foromo ya SOA)
    • kopo ya kgololo ya mapodise (foromo ya RPC) 
    • kopo ya boitshupo ya mapodise (foromo ya RPI) 
    • setifikeiti sa phimolo (fa e le gore sejanaga se ne se phimotswe) 
    • setifikeiti sa borogotekanyetso (tekanyetso ya boima) 
    • bosupi jwa go nna mong wa sejanaga
    • lekwalo la tetla (fa go le maleba)
  2. Lefelo la thuso la porofense jalo le tla tsenya tirisong rekoto ya sejanaga mo eNaTIS
  3. kopo ya kgololo ya mapodise (foromo ya RPC) jalo e tshwanetse go romelwa
  4. tlhatlhobo ya go siamela tsela e tshwaetse go dirwa mo sejanageng
  5. Tlatsa foromo ya Kopo ya Kwadiso le Thebolo ya Laesense ya Sejanaga (RLV).

Kwadisa sejanaga se se fetotsweng:

  1. Go kwadisa sejanaga se se fetotsweng, ikele kwa bothating jo bo gaufi le wena jwa kwadiso ya sejanaga mme o romele:
    • lekwaloitshupo la gago (ID)
    • afidafiti e e tlhomamisang kwa dikarolo di tswang teng le gore go dirilwe eng mo koloing (foromo ya SOA) 
    • kopo ya kgololo ya mapodise (foromo ya RPC)
    • kopo ya boitshupo ya mapodise (foromo ya RPI) 
    • setifikeiti sa phimolo (fa e le gore sejanaga se ne se phimotswe) 
    • setifikeiti sa borogotekanyetso (tekanyetso ya boima) 
    • bosupi jwa go nna mong wa sejanaga 
    • setifikeiti sa tshiamelo ya tsela 
    • lekwalo la tetla (fa go le maleba).

Setifikeiti sa modiri kgotsa sa kwadiso sa mo nakong e e fetileng kgotsa afidafiti fa setifikeiti sa kwadiso se sa kgone go tlamelwa. Tlatsa foromo ya Kopo ya Kwadiso le Thebolo ya laesense ya Sejanaga (RLV).

Nako ya tiragatso

Kopo e tla romelwa kwa lefelong la thuso la porofense.

Go dirisa rekoto ya sejanaga go ka tsaya matsatsi a le mmalwa. Go tla ikgolaganngwa le motsenyakopo fa rekoto e le mo tsamaisong.

Tuelo ke bokae

Ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae ya thebolo ya makwalotetla go bona tlhwatlhwatuelo.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo di ka bonwa kwa bothating jwa kwadiso ya dijanaga kgotsa di ka sitlhamololwa go tswa mo webosaeteng ya eNaTIS.

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page