Kopo ya nomoropolata ya sejanaga ya leina la mong wa sona

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwala leina la gago mo papetlanomorong ya gago

O ka nna wa kwala leina la gago mo papetlanomorong ya koloi ya gago ka leina/nomoro ya tlhopho ya gago, fa e le gore nomoro eo ga e dirisiwe ke ope ga jaana.

Leina/nomoro ya gago e e tlhophileng e tshwanetse go tsamaisama le ditlhokego tsa papetlanomoro e e tlwaelegileng (sekao e tshwanetse go tlhagisa letshwao la porofense) le gore leina/nomoro e e tla tlhagisiwa ka mokgwa o o tshwanang le wa papetlanomoro ya gale. Leina/nomoro e o e dirisang ga e kitla e diriwa khopi go ka dirisiwa gape ke motho yo mongwe o sele.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikele kwa bothating jwa kwadiso jo bo gaufi nao mme o tlatse foromo ya kopo e e tla ntshiwang ke bona.
  2. Romela:
    • khopi e e beilweng setempe ya lekwaloitshupo la gago
    • setifikeiti sa kwadiso ya sejanaga.
  3. Duela tlhwatlhwatuelo e e tlhokegang.

Nako ya tiragatso

Kopo e sekasekiwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

Diforomo di bonwa go bothati jwa kwadiso.

O ka golagana le mang

Contact your local department of transport

Share this page