Kopo ya kgatisosebedi ya tokomane ya laesense ya sejanaga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga dira kopo ya duplikheiti ya setlankana sa serori

O ka dira kopo ya duplikheiti ya setlankana sa serori jaaka setifikheiti sa kwadiso, papetlana ya laesense kgotsa setlankana sefe fela, fa:

  • nomoro ya tšhesisi kgotsa VIN e fetogile, kgotsa
  • fa nomoro ya enjene e fetogile, kgotsa 
  • setlankana sa serori sa gago se nyeletse kgotsa se senyegile.

O tshwanetse go dira kopo ya duplikheiti ya setifikheiti sa kwadiso ka bowena.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Duela tlhwatlhwatuelo e e beilweng, mme bothati jwa kwadiso bo tla go neela tokomane ya sebedi.
  2. Ikele kwa bothating jwa kwadiso jo bo gaufi nao. Tsamaya le lekwaloitshupo la gago.
  3. Tlatsa Kopo ya setifikeiti sa sebedi sa kwadiso/go phimolwa malebana le foromo ya sejanaga (DRC) le Tlhomamiso malebana le foromo ya ditokomane tse di latlhegileng (DCT).

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya malatsi a le supa go dira tsamaiso e.

Tuelo ke bokae

Ikgokaganye le kantoro ya gago ya dilaesense go itse ka ga dituelo.

Diforomo tse di tladiwang

  • Foromo DRC (Kopo ya Duplikheiti ya Setifikeiti sa Kwadiso /Phimolo mabapi le Serori)
  • Foromo DCT (Maikano mabapi le Ditlankana tse di Nyeletseng)

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa kwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlhololo go tswa mo webosaeteng ya eNaTIS.

O ka golagana le mang

Share this page