Dira kopo ya go neelwa nomorokwadiso ya sejanaga

Ka ga 
Se o tshwanetseng go se dira 
Nako ya tiragatso 
Tuelo ke bokae 
Diforomo tse di tladiwang 
O ka golagana le mang

 

 

Mabapi le go dira kopo ya go neelwa nomorokwadiso ya sejanaga

Nomorokwadiso ya sejanaga ke nomoro e kgolo ya boitshupo e e amogelwang mo ditirisong tsa pharakano ya mo tseleng mo eNaTIS ya baditšhaba le ditlamo tse di dirang jaaka motho yo a seng mo molaong.

Fa e le gore o motswantle mme o ise o ikwadise mo eNaTIS (Tsamaiso ya Bosetšhaba ya Tshedimosetso ya Pharakano ka ileketernoniki); mme o batla go reka kgotsa go kwadisa sejanaga mo Aforika Borwa, o tshwanetse go ntsha tokomane ya gago ya boitshupo ya kwa nageng ya gaeno gore o tsenngwe mo eNaTIS.

Fa o se na tokomane ya boitshupo ya kwa nageng ya gaeno, o tla tlhoka go tsenya kopo ya nomorokwadiso ya sejanaga (TRN), fa fela e le gore o na le lekwalo le le tlhomameng la mosepele, laesense ya go kgweetsa kgotsa tokomane ya leeto e e tlamelang ka bosupi jwa gore o mo Aforika Borwa semolao.

Fa o le setlamo se se dirang jaaka motho yo o seng mo molaong sekao. kopanelo ya kgwebo, kgwebo ya motho a le nosi, bothati jwa mmasepala/porofense/puso, mokgatlho wa kereke/phutego/katlaatleloloago, mokgatlho wa boithabiso, mokgatlho wa thuto, terasete kgotsa mokgatlho wa molao le teng o tshwanetse go tsenya kopa ya nomorokwadiso ya sejanaga go kwadisa dijanaga mo Aforika Borwa. Setlamo se tshwanetse gape go supa moemedi wa lekala lengwe le lengwe kgotsa aterese e nngwe e e kwa thoko ya kgwebo/setlamo. Motho yo e tla nna ene yo go ka ikgolaganngwang le ena mo mabakeng a tsa tsamaiso.

Mo godimo ga seo, go tshwanetse gape ga tlhongwa mmueledi ka tiriso ya lekwalo la mmueledi. Lekwalo la mmueledi le rebola tetla go motho wa madi le nama yo o supilweng go dira mo boemong jwa setlamo, le go tlama setlamo mo mabakeng a NRTA (Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano ya Tsela) le NRTR (Melawana ya Bosetšhaba ya Pharakano ya Tsela). 

Mmueledi le moemedi e ka nna motho a le mongwe. Mmueledi le moemedi gape ba tshwanetse go tlhagisa ditokomane tse di maleba tsa boitshupo:

  • Lekwaloitshupo la Rephaboliki ya Aforika Borwa (RSA ) le le rebotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae (DoHA) fa e le gore motho ke moagi wa RSA, kgotsa ga se moagi wa RSA mme a dula leruri mo RSA.
  • Setifikeiti sa nakwana sa boitshupo se se rebotsweng ke DoHA fa e le gore motho ke moagi wa RSA, kgotsa ga se moagi wa RSA mme a dula leruri mo RSA.
  • Lekwalo la mosepele la RSA le go ka bonwang nomoro ya Lokwaloitshupo mo go lona.
  • Lekwaloitshupo le le rebotsweng ke naga ya boditšhaba, fa e le gore motho ga se moagi wa RSA e bile ga a dule leruri mo RSA.
  • Setifikeiti sa TRN se se rebotsweng ke bothati jwa kwadiso jo bo maleba (RA) fa e le gore motho ga se moagi wa RSA e bile ga a dule leruri mo RSA, mme ga a na tokomane ya boitshupo ya boditšhaba, mme fela a na le lekwalo la mosepele kgotsa tokomane ya leeto 

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikele kwa bothating jwa kwadiso (RA) jo bo gaufi (RA) kgotsa lefelo la tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa (DLTC) mme o tlatse foromo ya Kopo le kitsiso malebana le Nomorokwadiso ya sejanaga (ANR).
  2. Fa e le gore o kopa nomorokwadiso ya sejanaga jaaka motswantle yo o batlang go reka kgotsa go kwadisa sejanaga mo Aforika Borwa, o tshwanetse go romela tse di latelang:
    • Khopi e e beilweng setempe ya lekwalo la gago la mosepele kgotsa khopi e e beilweng setempe ya laesense ya gago ya go kgweetsa le lekwalotetla la nakwana la bodulo kgotsa tokomane ya leeto.
    • dinepe di le pedi tsa Boitshupo tsa mmala o montsho le bosweu (tlhomamisa le RA kgotsa DLTC gore go tlhokega dinepe di le kae ka palo).
  3. Fa o tsenya kopo ya nomorokwadiso ka gonne o batla go dira papetlanomoro ya gago ya sebele ya sejanaga se mong wa sona e leng setlamo sa gago, o tshwanetse go romela tse di latelang:
  4. lekwalo le le netefaletsang fa o kwadisitse kgwebo ya gago (le le rebotsweng ke mokwadisi wa ditlamo) 
  5. khopi ya Lekwaloitshupo la Aforika Borwa la mmueledi kgotsa moemedi.
  6. Duela tlhwatlhwatuelo e e beilweng.

Go tsaya nako e e kana kang

Go ka tsaya dibeke di le thataro go sekaseka kopo ya gago.

Go ja bokae

Ikgolaganye le bothati jwa gago jwa kwadiso (RA) kgotsa lefelo la tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa (DLTC) go bona tlhwatlhwa ya setifikeiti sa nomorokwadiso ya sejanaga.

Diforomo tse o tshwanetseng go di tlatsa

Foromo ya Kopo le kitsiso malebana le nomorokwadiso ya sejanaga e teng mo lefelong la tlhatlhobo ya laesense ya go kgweetsa.

O ka golagana le mang

 

Contact your local department of transport

Share this page