Go kwadisa mokoro wa go thaya ditlhapi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go kwadisa mokoro wa go tshwara ditlhapi

Go kgweetsa mokoro wa go tshwara ditlhapi mo Aforika Borwa, o tshwanetse pele go isa mokoro kwa Bothati jwa Pabalesego ya Lewatle ba Aforika Borwa (samsa) go ya go dirwa diteko tsa go tlhotlhomisa gore a o siametse go ka tsena mo lewatleng. Samsa e tla dira tlhatlhobo le go go rebolela Setifikeiti sa Pabalesego.

Ka gang fa o sena go neelwa setifikeiti, o tshwanetse go dira kopo ya laesense ya mokoro wa go tshwara ditlhapi kwa Lefapheng la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Motse Kapa.

Mokoro wa go tshwara ditlhapi ke sekepe se se nang le didirisiwa kgotsa se se dirisetswang:

  • botsamaisi
  • kotulo, le
  • go dirisa ka botlalo metswedi ya ditshedi tsa lewatle kgotsa go tshegetsa ditiro tse di amanang le tsona.

Seno se tsenyeletsa mokoro mongwe le mongwe o o thusang kgotsa o o thusang mekoro o le mongwe kgotsa go feta kwa lewatleng ka go diragatsa tiro nngwe le nngwe e e letlelesegileng kwa lewatleng e e amanang le go tshwara ditlhapi go tsenyeletsa, fela e sa felele foo, go ipaakanyo, neelo, polokelo, go tsenya mo setsidifatsing, go di tsamaisa, kgotsa go di apaya.

O tshwanetse pele ke go nna le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi le lekwalotetla pele o ka tshwara ditlhapi. Ga go na mokoro wa ditlhapi o o tla kwadisiwang o sena tshwanelo ya go tshwara ditlhapi le lekwalotetla go tsaya karolo mo go tshwareng ditlhapi.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Rulaganya gore mokoro o ye ditekong tsa Samsa tsa tshiamelo ya go tsena mo lewatleng.
  2. Lekwalokopo la go dira kopo ya laesense ya mokoro wa go tshwara ditlhapi ya selegae, lewatle leo le seng mo taolong ya naga epe le dinaga disele le bonwa kwa Lefelo la Tirelo tsa Badirisi la Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Motse Kapa Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore.
  3. Tlatsa foromo o dirisa ditlhakakgolo fela
  4. Fa o batla go tshwara ditlhapi:
    • ka fo nageng, tsenyeletsa
      • foromo ya kopo e e tladitsweng ka botlalo
      • Setifikeiti Sa Semolao sa Samsa
      • Setifikeiti sa ICCASA, fa se le teng
      • Fa o le mong wa mokoro yo montšhwa, dikhopi tse di netefaditsweng tsa ditokomane tsa kwadiso ya khampani kgotsa lekwaloitshupo
    • mo lewatleng leo le seng mo taolong ya naga epe, tsenyeletsa
    • ditokomane tsotlhe tse di tlhokagalang tsa fa o dira kopo ya go tshwara ditlhapi mo nageng, fela Setifikeiti sa Samsa se tshwanetse go bontsha gore mokoro o ka ya go tshwara ditlhapi kwa lewatleng leo le seng mo taolong ya naga epe
    • mo dinageng di sele, tsenyeletsa
      • leina le dintlha tsa mong wa mokoro (go tsenyeletsa le dišere tsa go nna mong)
      • boleele jwa mokoro
      • matla a enjene le bogolo jwa mokoro
      • Folaga ya Puso eo mokoro ga jaana o kwadisitsweng ka fa tlase ga yona ( fa o hirilwe go tswa kwa kgotsa o kopanetswe le baagi bao e seng ba Aforika Borwa)
      • lobaka le lephata la go tshwara ditlhapi leo mokoro o yang go dira teng
      • setifikeiti sa kwadiso go tswa kwa nageng ya folaga.
  5. Duela tlhotlhwa e e beilweng go ya ka boleele jwa sekepe mo akhaontong e e latelang:
    Bank: First National Bank
    Account number: 62123256382
    Account Type: Current
    Account Name: Marine Living Resources Fund
    Branch Name: Corporate Account Services Cape Town
    Branch Code: 204-109
  6. Letsetsa lefelo la tirelo la badirisi mo nomorong ya mogala wa 021 402 3911 / 086 000 3474 go bona nomoro ya tshupetso
  7. O ka nna gape wa duela ka madi a seatleng kgotsa ka eleketeroniki (EFT). Tsweetswee ela tlhoko gore tuelo e tla diega diura di le 24 fa EFT e sa diriwa kwa FNB (First National Bank).
  8. Romela bopaki jwa tuelo ka fekese go Lefelo la Tirelo la Badirisi – mo go 021 402 3362/ 021 402 3081/ 021 402 3670 mme o ba kope go go naya netefaletso ya gore o duetse.
  9. Romela kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi: Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012 kgotsa o e tlise ka namana kwa
    Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town.

Nako ya tiragatso

Kopo e ka tsaya matsatsi a tiro a le mararo kgotsa go feta, go tla ya ka gore o tsentse kopo e e nepagetseng.

Tuelo ke bokae

Dituelelo tsa madi a a beilweng

Ikgolaganye le kantoro ya SAMSA go bona tshedimosetso ka ga dituelo tsa setifikeiti sa pabalesego.     

Diforomo tse di tladiwang

Lata diforomo tsa go dira kopo ya laesense ya mokoro wa go tshwara ditlhapi mo nageng, mo lewatleng leo le seng mo taolong ya naga epe le mo dinageng di sele kwa Lefelo la Tirelo la Badirisi la Lefapha la Temothuo, Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Motse Kapa Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore.

O ka golagana le mang

Lefelo la Tirelo la Badirisi ba Ditlhapi:
Mogala: 021 402 3911 / 086 000 3474
Fekese: 021 402 3367

Aterese ya kantoro: Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town 8000
Aterese ya poso: Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012
Webosaete: www.dalrrd.gov.za/

Dintla tsa kgolagano tsa SAMSA

Share this page