Laesense Ya Selegae Go Thaya Ditlhapi

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
 Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga kopo ya laesense ya setshwaraditlhapi sa selegae

Go nna le setshwaraditlhapi sa selegae mo Aforikaborwa, sediriswa seo se tshwanetse go kwadisiwa le maemo a folaga ya Aforikaborwa. O tshwanetse go dira kopo ya setifikheiti sa pabalesego kwa South African Maritime Safety Authority (Bothating jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforikaborwa) le laesense ya setshwaraditlhapi kwa Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries (Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi kwa Cape Town.

Go tshwanelwa, o tshwanetse go bo o le:

  • moaforikaborwa mme o le mong yo o nang le taolo e e tletseng ya sediriswa seo, kgotsa
  • setheo sa koporasi, setlamo kgotsa mokgatlo ofe fela o o kwadisitsweng mo Aforikaborwa o bontsi jwa dišere tsa ona tse di nang le ditshwanelo tsa go vouta di laolwang ke Moaforikaborwa.

Setshwaraditlhapi se akaretsa diaparo, didiriswa, dipolokelo, thoto le lookwane le le mo go sona. Se ka akaretsa gape le setshwaraditlhapi kgotsa di le mmalwa tse di thusang kwa lewatle mo tiragatsong ya tiragalong efe fela e e amanang le bodirelatlhapi.

Ditiragalo tse di  akaretsa le fa e se tsotlhe:

  • paakanyo
  • tlamelo
  • polokelo
  • go tsidifadiwa
  • go tsamaisiwa kgotsa phetolo
  • go tsena ka tlhamalalo mo ditiragalong tsa bodirelatlhapi ntle le Karolo e e Kgethegileng ya Ikonomi (Exclusive Economic Zone) (EEZ)/ metsi a boditšhaba ka fa tlase ga maemo a folaga ya Aforikaborwa.

Ela tlhoko: Ke tlolomolao go dirisa sediriswa se se sa kwadisiwang. Fa o sena ditshwanelo tsa go tshwara ditlhapi, o tshwanetse go nna le konteraka le mongwe yo o nang le tshwanelo ya go tshwara ditlhapi go ka dirisa setshwaraditlhapi sa gago.

Ga go setshwaraditlhapi sa kgwebo se se tshwanetse go dirisediwa merero ya boitapoloso.

Ditshwaraditlhapi tse di kwadisitsweng jaaka tsa kgwebo di golaganngwa le tshwanelo e e rileng mme di ka dirisiwa fela ka tshwanelo eo.

Paka ya tlhomamo ya laesense ya setshwaraditlhapi e golaganngwa le paka ya setifikheiti sa Samsa.  Laesense ya setshwanraditlhapi e tlhomame mo pakeng e e lekanang le ya setifikheiti sa Samsa.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Rulaganya gore sediriswa seo se tsenele tlhatlhobo ya tshiamelolewatle go bona Setifikheiti sa Pabalesego.
  2. Sitlholola foromo ya Kopo ya laesense ya setshwaraditlhapi. Tlatsa foromo ka ditlhakakgolo.
  3. Kgomaretsa:
    • khopi e e kannwe ya setifikheiti sa sešweng sa Samsa.
    • khopi e e kannweng ya tumalano le mong wa tshwanelo (fa o se mong wa tshwanelo).
    • khopi e e kannweng ya tumalano le mong wa tshwanelo (fa o se mong wa tshwanelo)
    • lekwalo la tumelelo (le le dirang fa lephata la boraro le dira kopo boemong jwa mong wa setshwaraditlhapi).
  4. Duela tlhotlhwa e e beilweng mo akhaontong e e latelang:
    Banka: First National Bank
    Nomoro ya akhaonto: 62123256382
    Mofuta wa akhaonto: Current
    Leina la akhaonto: Marine Living Resources Fund
    Leina la lekala: Corporate Account Services CapeTown
    Khoutu ya lekala: 204-109
    Leletsa tikwatikwe ya tirelo ya badirisi gore o newe referense mo go 021 402 3911. / 086 000 3474
    O ka duela ka madi  a a seatleng kgotsa ka mokgwa wa ileketeroniki wa phetisetso ya matlole (EFT). Ela tlhoko gore fa EFT e sa dirwa go tswa kwa First National  Bank go tla nna le tiego ya diura tse 24.
  5. Isa kopo kwa Lefapheng la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012.
  6. O tshwanetse go romela bopaki jwa tuelo ka fekese go Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Badirisi mo go 021 402 3362/ 021 402 3081/ 021 402 3670 mme o ba kope go go naya netefaletso ya tuelo.
  7. E seng jalo, o ka etela Tikwatikwe ya Ditirelo tsa Badirisi, Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town go dira kopo. Tlisa le dikhopi tse di kannweng tsa ditlankana tse di tlhokegang le ditlhotlhwa tse di tlhokegang.

Nako ya tiragatso

Kopo e ka tsaya matsatsi a tiro a le mararo kgotsa go feta, go tloga ka letlha la netefatso ya tuelo fa fela kopo ya gago e dirilwe ka tshwanelo.

Tuelo ke bokae

Tariffs for each service is reflected on the application form. 

O ka golagana le mang

 

Fisheries Customer Service Centre:
Tel 021 402 3911 / 086 000 3474
Fax 021 402 3362

Physical address: Ground Floor, Foretrust Building, Martin Hammerschlag Way, Foreshore, Cape Town 8000
Postal address: Department of Agriculture, Forestry, and Fisheries, Private Bag X2, Roggebaai, Cape Town, 8012
Website: https://www.dalrrd.gov.za/

Contact details for SAMSA

 

Share this page