Moporesidente Cyril Ramaphosa: Bofudugedi jo bo seng mo molaong le ditshupetso kgatlhanong le baditšhaba

Puo ka Moporesidente Cyril Ramaphosa ka ga bofudugedi jo bo seng mo molaong le ditshupetso kgatlhanong le baditšhaba, 7 Seetebosigo 2026

MaAforika Borwa a a rategang,  

Ke eletsa go bua le lona mo maitsiboeng ano ka morero o o tshwenyang maAforika Borwa a mantsi. 

Mo dikgweding tse di sa tswang go feta, maAforika Borwa a a farologaneng a tlhagisitse matshwenyego a bona tebang le khudugo le bofudugedi jo bo seng mo molaong. 

Matshwenyego a tlhagelela mo mafelobonnong a rona, kwa ditirong tsa rona, mo dikolong tsa rona, ditliliniking tsa rona le go ralala dipolatefomo tsa tlhaeletsanoloagong.  

Maaforikaborwa a mantsi a botsa dipotso tse di thata mme di le botlhokwa. 

Ba botsa gore a melelwane ya rona e sireletsegile. 

Ba tshwenyegile ka ditiro. 

Maaforikaborwa a tlhagisa matshwenyego ano ka ntlha ya fa ba tshwenngwa ke kgatelelo mo ditirelong tsa setšhaba. 

Ba tshwenyega ka pabalesego, tshireletsego le tsamaiso ya molao. 

Matshwenyego ano ke a mmatota. A tshwanetse go reediwa. A tshwanetse go tseelwa dikgato. 

MaAforika Borwa a botsa gore a puso e tsaya dikgato tse di maleba go samagana le dikgwetlho tse. 

Mo maitsiboeng ano, ke rata go samagana le matshwenyego ano. 

Ke rata go tlhalosa gore puso e dira eng go samagana nao.

Mme ke rata le go tlhagisa dintlhatheo tse di tshwanetseng go re kaela jaaka re samagana le kgwetlho eno mmogo. 

Re tshwanetse go tlhamalala tebang le bokaelo bo matshwenyego a a tlhagelelang mo go bona. 

Aforikaborwa e tswelela go itemogela seelo se se kwa godimo sa botlhokatiro, segolo mo bašweng. 

Malapa a le mantsi a kgaratlha go tshela sentle. 

Baagi ba le bantsi ba itemogela botlhoki le tlhaelo ya phitlhelelo ya ditšhono. 

Mo maemong a a jaana, go ka bifelwa ba go tsewang ba gaisanela ditiro le ditlamelo. 

Fela re tshwanetse go lemoga gore bofudugedi jo bo seng mo molaong ga se bona bo bakang mathata otlhe a rona a ikonomi.  

Karabo e tshwanetse go nna kgolo e e bonako ya ikonomi, peeletso e e oketsegang, katoloso ya madirelo, tlhabololo ya mafaratlhatlha le go tlholwa ga dimilione tsa ditiro tse dintšhwa. 

Re a itse gore bofudugedi bo ama lefatshe lotlhe. Bo ama dinaga tsotlhe.

Naga ya rona – fela jaaka tse dingwe tse dintsi go ralala hisetori – e gona ka ntlha ya bofudugedi. 

Ke lebaka la go nna methalethale ga rona e bile bo akgela mo botshelong jwa rona. 

Jaaka naga ya demokerasi, re amogetse baeng mo nageng ya rona.  

Go lepalepana le maitlamo a boditšhabatšhaba le dintlhatheo tsa molaotheo wa rona, re amogela batho go tswa kwa dinageng tse dingwe ba ba tlhokang tshireletso kgatlhanong le dintwa, dikgotlhang, tlhaolele le tirisodikgoka. 

Fela jaaka naga nngwe le nngwe mo lefatsheng, re na le melao e e swetsang gore ke mang yo o ka tlang mo nageng ya rona, a ka dira eng mono, le gore a ka nna nako e e kana kang. 

Ntlhatheo e rotlhe re dumalanang ka yona, ke gore motho mongwe le mongwe mo teng ga melelwane ya Aforika Borwa o tshwanetse go nna mono semolao. 

Mongwe le mongwe yo o dirang mo nageng ya rona o tshwanetse go bo a letleletswe go dira mono semolao.  

Mongwe le mongwe yo o nang le kgwebo mono, o tshwanetse a bo a letlilwe semolao go nna le kgwebo eo. 

Kgwetlho e re nang nayo ke gore batho ba bangwe ba fudugetse mo nageng ya rona ka bonweenwee e bile ba mono e seng ka fa molaong. 

Aforika Borwa e na le tshwanelo ya go tsenya tirisong dipholisi le dikgato tse di thibelang bofudugedi jwa bonweenwee. 

Aforika  Borwa e ikemiseditse go sireletsa, go tshegetsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa botho tsa batho botlhe ba ba mo nageng ya rona, e ka tswa e le baagi kgotsa baditšhaba. 

Re ikemiseditse go tlotla maikarabelo a rona a boditšhabatšhaba. 

Maikarabelo a go tsenya tirisong melao ya bofudugedi ke a puso e le esi. 

Go nnile le makoa malebana le ka moo bofudugedi bo  ntseng bo tsamaisiwa ka gona. 

Go nnile le makoa a tsenyotirisong e e nonofileng e bile e tsepame.

Go nnile le ditiragalo tsa boferefere. 

Go nnile le tlhaelo mo ditsamaisong tsa rona e e bakileng gore setšhaba se latlhegelwe ke tshepo. 

MaAforika  Borwa a na le tshiamelo ya go solofela tirelo e e botoka. 

Re amogela maikarabelo ano e bile re tsaya dikgato tse di maleba go siamisa makoa ano. 

MaAforika Borwa a na le tshwanelo ya go solofela puso e e bokgoni, e e porofešenale e bile e kgona go diragatsa melao ya yona. 

Puso e tlaa tsaya dikgato go samagana le ditsholofelo tsa batho ba rona malebana le go samagana le kgwetlho ya go gatakwa ga melao ya rona ya bofudugedi. 

Ke tshwanetse go tlhalosa sentle gore ke fela batlhankedi ba puso ba ba nang le tetla ba ba ka tsayang dikgato kgatlhanong le ditlolomolao, go akarediwa go tlolwa ga melao ya bofudugedi mo nageng. 

Go neela sekai, ga go motho ope yo o letleletsweng go latelela motho mo mmileng go mmatla bosupi jwa boagi jwa gagwe. 

Rotlhe re a itse gore MaAforika Borwa ga a na letlhoo la baditšhaba ka ntlha ya fa go sa dumelelwe letlhoo la baditšhaba, bosemorafe, go tlhaola go ya ka bong, letlhoo la maAforika a mangwe kgotsa mofuta ofe fela wa go tlhoka itshokelano mo Aforika Borwa.

Jaaka baagi le setšhaba, ga re a tshwanelwa ke go raelesega go ikamanya le ba ba batlang gore re nne kgatlhanong le batho ba ba sa belegelwang mo Aforika  Borwa ba ba leng mo gare ga rona. 

Re ka se ke e bile ga re a tshwanela go letla ditlhopha go dirisa matshwenyego a mmatota a maAforika  Borwa go reketlisa naga ya rona ka go tlhotlheletsa tlolomolao le tirisodikgoka.

Re tlaa tsaya dikgato kgatlhanong le digongwana tse di dirisang matshwenyego a batho ba rona ka ga bofudugedi jo bo seng mo molaong go tsweletsa merero ya bona ya sepolotiki, ya sebele kgotsa ya bosenyi. 

Ga re kitla re tsiediwa kgotsa go tlhotlhelediwa ke matsholo a tlhaeletsanoloagong a a anamisang tshedimosetso e e fosagetseng, dikgang tsa maaka le maaka ka ga baditšhaba.

Re tshwanetse go tshwenngwa ke gore mowa o o kgatlhanong le baditšhaba ka dinako dingwe o nna le mafoko a tlhabang a bosemorafe le lotso, matlhapa kgotsa ditlhaselo tse di lebisitsweng go maAforika Borwa a mangwe. 

Re solofela gore baditšhaba ba tlotle melao ya rona. Ka jalo, le rona re tshwanetse go e tlotla. 

Bontsi jwa Maaforikaborwa bo lemoga gore bofudugedi jo bo seng mo molaong ke kgwetlho e kgolo. 

Fa go sa elwe tlhoko, bofudugedi jo bo seng mo molaong bo ka baka matshosetsi a tshireletso, tsepamo gammogo le tswelelopele ya ikonomi mo Aforika Borwa. 

Re a itse gore bofudugedi jo bo seng mo molaong bo ama thebolo ya ditirelo le go imetsa ditirelo tsa botlhokwa jaaka tlhokomelo ya boitekanelo le thuto. 

Ditsela tsa bofudugedi jo bo seng mo molaong gantsi di golagana le bosenyi jo bo rulagantsweng. 

Digongwana tsa disenyi tse di amegang mo go gwebeng ka batho, go tseela batho madi ka matshosetsi, go epa go go seng molaong, ditiribatsi le go tlhatswa madi gantsi di dirisa bofudugedi jo bo senang dikwalo go ngoka badiri le go fitlha dithoto. 

Re a itse gore bofudugedi jo bo seng mo molaong bo koafatsa maiteko a rona a go tlholela batho ba rona ditiro tse di nang le seriti. 

Go na le dikgwebo mo nageng ya rona tse di thapang bafudugedi ba ba senang dikwalo ka ntlha ya fa maemo a bona a semolao a kaya gore ba ka se ke ba lwela ditshwanelo tsa bone. 

Bathapi ba bangwe ba thapa bafudugedi ba ba senang dikwalo ka ntlha ya fa ba ba duela meputso e e kwa tlase thata ga moputsomonnye o o amogelesegang le go ba dirisa diura tse dintsi ntle le tuelo e e maleba. 

Re ribolotse mafelotiro a le mmalwa koo bafudugedi ba ba senang dikwalo ba dirisiwang ka fa tlase ga maemo a a maswe tota. 

Bathapi ba ba thapang badiri ba ba senang dikwalo le go ba ja ntsoma ka ntlha ya go tlhoka maatla ga bona ba tlola molao. 

Ba nyenyefatsa maemo a ditiro. Ba nyenyefatsa kgaisano e e sa gobeleleng. 

E bile ba tswelela go nyenyefatsa ditšhono tsa maAforika  Borwa. 

Maitsholo a a ntseng jaana a tlaa ngoka dikotlhao tse di bokete le tiragatsoe e gagametseng tota ya molao.  

Baagi ba le bantsi ba supile tšhakgalo ka ntlha ya palo ya baditšhaba ba ba nang le diphaza šopo, mabenkele le mabenkele a a sa rulaganang. 

Ba re baditšhaba ba kgorometsa Maaforikaborwa gore a se dire mo mebarakeng e e mo mafelobonnong a bona. 

Matshwenyego ano ga a tshwanela go ikgatholosiwa. 

MaAforika Borwa a mantsi a ikutlwa a sa akarediwe mo ditšhonong tse di mo mafelobonnong a bona.  

Puso e na le maikarabelo a go tshegetsa dikgwebo sa selegae, go rotloetsa kgaisano e e sa gobeleleng le go tlhola maemo a mo go ona maAforika Borwa a ka nnang le seabe se se bonalang mo ikonoming. 

Jaaka naga, jaaka baagi le jaaka kontinete, re tlhoka go dira mmogo – go ya ka Molaotheo wa rona, melao ya rona le maikarabelo a rona a boditšhabatšhaba – go samagana le bofudugedi jo bo seng mo molaong. 

Re tshwanetse go dira jalo ntle le tirisodikgoka, matshosetsi, go tlhaola le letlhoo la baditšhaba 

Go latela dikitsiso tse di dirilweng mo Puong ya Maemo a Setšhaba ka Tlhakole, puso e tsaya dikgato tse dingwe tse di nonofileng go samagana le bofudugedi jo bo seng molaong.  

Beke e e fetileng, Kabinete e amogetse Tsamaiso e e Akaretsang ya Taolo ya Bofudugedi. 

Tsamaiso e e neseditswe pula ke Lekgotla la Kgokaganyo la ga Moporesidente, le le akaretsang Ditonakgolo, boMEC, baemedi ba dipusoselegae le baemedi ba Ntlo ya Bosetšhaba ya Baeteledipele ba Setso le ba Khois-San.  

Mo maitsiboeng ano, ke rata go le itsise dikgato tsa botlhokwa tse re di tsayang. 

Jaaka puso, maikemisetso a rona a tlhamaletse.

Re batla Aforika Borwa e mo go yona mongwe le mongwe yo o tsenang mo nageng a tsenang semolao.  

Aforika Borwa e melao ya yona ya bofudugedi e tlotliwang e bile e diragadiwa. 

Aforika Borwa e mo go yona dikgwebo di gaisanang ka tekatekano. 

Aforika Borwa e mo go yona baagi ba ikutlwang ba babalesegile e bile ba sireletsegile. 

Le Aforika Borwa e e tswelelang go diragatsa dintlhatheo tsa Molaotheo wa yona le boineelo mo seriting sa botho. 

Re ikaelela go fitlhelela maikemisetso ano ka go tsenya tirisong dikgato tse di latelang, gareng ga tse dingwe: 

Sa ntlha, re tlile go tswelela go samagana le kgatako ya melao ya rona ya bofudugedi, badiri le e mengwe.  

Sa bobedi, re tlaa tswelela go thibela batho go tsena mo nageng ya rona ka boferefere le ka ditsela tse di seng mo molaong. 

Sa boraro, re tlaa tswelela go epolola bobodu mo tsamaisong ya rona ya bofudugedi. 

Sa bone, re tlaa maatlafatsa melao le dipholisi tsa rona tsa bofudugedi. 

Sa bofelo, re tlaa tswelela go buisana le dinaga tse dingwe go akaretsa dinaga tsa boagisanyi mo kontinenteng ya Aforika, go tlhoma tsibogo e e anameng malebana le dikgwetlho tsa bofudugedi go ralala kgaolo le kontinente ya rona 

Karolo ya ntlha ya tsibogo ya rona ke go tiisa go samagana le kgatako ya melao e e leng teng ya bofudugedi, badiri le e mengwe. 

Lefapha la Merero ya Selegae, Bothati jwa Taolo ya Melelwane, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le ditheo tse dingwe tsa tiragatso ya molao di ntse di tsweletse e bile di tlaa tswelela go gagamatsa tsamaiso ya go supa le go busetsa gae baditšhaba ba ba se nang dikwalo mme ba nna mo Aforika Borwa e se ka fa molaong. 

Mo ngwageng o o fetileng fela, Bothati jwa Taolo ya Melelwane bo kgonne go kgoreletsa le go thibela batho ba feta 450, 000 ba ba neng ba leka go tsena mo Aforika Borwa e se ka fa molaong.

Re tlaa tlhoma dikgotlatshekelo tse di kgethegileng go mekamekana le bofudugedi go itlhaganedisa thomelontle ya bafudugedi ba ba senang dikwalo. 

Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Selegae le Lefapha la Ditiro le Merero ya Badiri a tswelela go oketsa ditlhatlhobo tse di lebisitsweng kwa ditlamong tse di thapang baditšhaba ba ba senang dikwalo. 

Jaaka karolo ya go aga bokgoni jwa tiragatso ya merero ya badiri, Lefapha la Ditiro le Merero ya Badiri le thankgolotse go ngoka badiri go go dirwang ka dikgato ga batlhatlhobi ba le 10, 000 mo ngwageng ono wa ditšhelete. 

Re tlile go oketsa dikotlhao, go akaretsa go isiwa kgolegelong, ga bathapi ba ba tlolang Molao wa Bofudugedi. 

Re ka se nne le maemo a mo go ona bathapi, morago ga go atlholwa le go bonwa molato, ba duelang fela faene mme ba tswelela go thapa baditšhaba ba ba senang dikwalo e bile ba ba ja ntsoma. 

Go samagana le dikgatako tsa melao ya bofudugedi le ya badiri mo lephateng la dipalangwa, re tsenya tirisong leano le le tlhamilweng mmogo le indaseteri ya ditlamelo le dipalangwa gammogo le mekgatlho ya badiri. 

Karolo ya bobedi ya tsibogo ya rona ke go sireletsa melelwane ya rona. 

Naga nngwe le nngwe e e ikemetseng e na le maikarabelo a go itse gore ke mang yo o tsenang mo go yona, goreng a tsena le gore o tlile go nna sebaka se se kana kang. 

Melelwane e e sireletsegileng ga se sesupo sa mabifi kgatlhanong le dinaga tse dingwe. 

Ke sengwe sa botlhokwa mo nageng e e ikemetseng e bile e busiwa sentle. 

Ka jalo, re oketsa dikgato tsa go sireletsa melelwane ya rona. 

Re tlaa tswelela go beeletsa mo thekenolojing ya sešweng, mafaratlhatlha le badiri go netefatsa gore melelwane ya rona e sireletsegile mme re ntse re tsweletsa ditiragalo tse di mo molaong tsa kgwebisano, maeto le ikonomi. 

Re tlaa fudusetsa ditikatikwe tsa magorogelo a batshabi kwa melelwaneng, ka tsela ya dikgato mme re tlaa simolola ka tikatikwe ya Tshwane monongwaga. 

Dinaga tse dingwe tse dintsi di na le ditikatikwe tsa magorogelo a batshabi gaufi le lefelo leo batshabi ba tsenang mo nageng e ba batlang tshireletso kgotsa botshabelo mo go yona.

Go fudusediwa ga ditikatikwe tsa magorogelo a batshabi gaufi le melelwane ya rona go tlaa netefatsa gore dikopo tsa botshabelodi diragadiwa ka nonofo, ka tshireletsego le ka tolamo. 

Seno se tlaa kgontsha puso go sekaseka ditlhokego tsa tshireletso kwa bogorogelong go netefatsa gore ba ba tlhokang tshireletso tota ba bona thuso ka bonako jo bo kgonegang. 

Karolo ya boraro ya tsibogo ya rona e tlaa nna go tswelela go gagamatsa tsamaiso ya rona ya bofudugedi ka go epolola bobodu le go dirisa thekenoloji e e kwa setlhoeng. 

Re tswelela go lwantsha bobodu le ditlhaelo mo Lefapheng la Merero ya Selegae. 

Re tshwanetse go lemoga gore bofudugedi jo bo seng mo molaong gantsi bo kgontshiwa ke bobodu.

Batlhankedi ba ba rekisang dikwalo, ba thusa mo go tseneng go go seng molaong kgotsa ba ba dirisang botlhaswa dikantoro tsa puso go ikhumisa, ba eka tshepo ya maAforika Borwa.

Re tlaa sala dikgetse tse morago ntle le go nyema mooko. 

Ba ba rweleng maikarabelo ba lebaganwe ke go belesediwa, go sekisediwa bosenyi gammogo le ditlamorago tsa molao ka botlalo. 

Re tlhoma Rejisetara ya Setšhaba ya Matlhale e e nang le dintlha tsa bayometeriki tsa mongwe le mongwe mo nageng, e leng se se tlhomang motheo wa ID ya Dijithale. 

Go sa le jalo, re tlaa tswelela go fedisa dibukana tse ditala tsa ID, tse di kgontshitsheng go utswiwa ga boitshupo ke baditšhaba ba ba senang dikwalo le digongwana tsa bosenyi. 

Lefapha la Merero ya Selegae le tlaa tlhoma letlha le morago ga lona dibukana tse ditala tsa ID di tlaa bong di sa tlhole di amogelesega.                                         

Re tlaa khutlisa tiriso e e botlhaswa ya Nomoro ya Kwadiso ya Pharakano, e baditšhaba ba e tlhokang go kwadisa kgotsa go reka dijanaga, mme e dirisiwa jaaka mokgwa wa boitshupo. 

Lefapha la Dipalangwa le tlaa rebola melawana e mentšhwa go lepalepana le melao ya boitshupo ya naga ya rona mo dikgweding tse 3 tse di latelang. 

Karolo ya bone ya tsibogo ya rona ke go tswala diphatlha tse di gona mo melaong le mo dipholising tsa rona.

Melao e e laolang bofudugedi mo Aforikaborwa e makgaokgao e bile ka dinako dingwe e a ganetsana. E dira gore go nne le diphatlha tsa semolao tse di dirisiwang ke baditšhaba ba ba senang dikwalo. 

Re samagane le diphatlha tseno. 

Puso e konoseditse Pholisi ya Bosetšhaba ya Badiri ba Bafudugedi, e e tshitshinyang selekano sa go thapiwa ga baditšhaba ba ba nang le dikwalo mme e samagana le ditshekiso tsa bathapi ba ba thapang badiri ba ba senang dikwalo. 

Molaotlhomo wa Ditirelo tsa Ditiro o o Tlhabolotsweng o neseditswe pula ke Kabinete gore o isiwe kwa Palamenteng. Seno se maatlafatsa Tona go baya selekano tebang le go thapiwa ga baditšhaba mo lephateng lefe fela la ikonomi kgotsa mofuta wa tiro. 

Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, ka tirisano le Mokgatlho wa Dipusoselegae wa Aforika Borwa, le tlaa konosetsa tsamaiso ya go netefatsa gore dikgwebopotlana le tse di sa rulaganang di kwadisiwa sentle. Le tlaa tlamela gape ka tshegetso go dikgwebo tse di sa rulaganang tsa MaAforika Borwa ka Letlole la Diphasa Šopo 

Karolo ya bofelo ya tsibogo ya rona ke go dira le dinaga tse dingwe mo kgaolong le go ralala kontinente go samagana le kgwetlho ya bofudugedi ka kakaretso. 

Re tlhoka go samagana le dintlha tse di tsamaisang bofudugedi mo kontinenteng ya rona le gotlhe fela.

Aforika Borwa e ka se ke ya samagana le dikgwetlho tsa bofudugedi e le nosi. 

Bofudugedi ke morero wa kontinente le lefatshe lotlhe.

Isago ya Aforika Borwa e ka se kgaoganngwe le isago ya kontinente ya Aforika. 

Dikgatelelo tsa bofudugedi di ka se rarabololwe ka ditsela tsa tsenyotirisong fela. 

Di tlhoka kagiso koo go nang le kgotlhang teng, kgolo ya ikonomi koo go senang kgolo le ditšhono koo go nang le botlhoki teng. 

Jaaka Aforika Borwa re tlaa tswelela go dira le dinaga tsa boagisanyi go aga Aforika e mo go yona batho ba tlaa tsamayang ka go itlhophela e seng ka ntlha ya kgatelesego. 

Ka SADC, Kitlano ya Aforika le mo dikamanong tsa sebedi tsa rona le dinaga tse dingwe, re tlaa batla ditharabololo tse di tsweletsegang tsa dikgwetlho tseno. 

Jaaka karolo ya maiteko ano, ke tlile go romela baemedi kwa dinageng tse dingwe tsa Aforika go tlhalosa dikgato tse re di itsiseng mo maitsiboeng ano. 

Kabinete e tlaa tswelela go samagana le morero ono mme e tlaa tswelela go sekaseka tswelelopele ya tsenyotirisong ya dikgato tseno.

Komiti ya Ditona e e ka ga Bofudugedi e tlaa golaganya tsibogo ya puso go ralalala mafapha le makala a puso.

NATJOINTS le NATJOINTS ya Diporofense di laetswe go maatlafatsa kgolagano magareng ga ditheo tsa tiragatso ya molao, matlhale le tshireletso go netefatsa tsenyotirisong e e nonofileng.

Jaaka re dira go rarabolola bothata jwa bofudugedi jo bo seng mo molaong, re ikemiseditse gore ga re kitla re letla ope go dirisa bothata jono go tlhola maemo a a sa iketlang mo nageng ya rona.

Ditheo tsa tiragatso ya molao le ditirelo tsa tshireletso – ka tirisano le ditheo tse dingwe tsa puso le baamegi ba botlhokwa – di malalaalaotswe go tsaya dikgato go sireletsa setšhaba, go tsweletsa molao le tolamo, le go tlhokomela mafaratlhatlha a botlhokwa. 

Diphetogo tse re di itsisitseng fa gautshwane mo melaong le mo melawaneng ya rona ya bofudugedi di tlaa re letla go ngoka bajanala, talente e e nonofileng mo lefatsheng le peeletso ka ditsela tsa semolao. 

Re tshwanetse go gakologelwa gape gore bontsi jwa batho ba rona ba ya kwa dinageng tse dingwe go ithuta, go dira le go bona maitemogelo. 

Bontsi bo boela gae ka dikgono le boitseanape jo bo botlhokwa, ka tebo e e anameng ya lefatshe, e bile ba le mo maemong a a botoka a go ka tokafatsa matshelo a bona le matshelo a ba malapa a bona. 

Bofudugedi ke tsela ya lefatshe mme re tshwanetse go ikemisetsa go bo amogela.

Aforikaborwa ke naga e e botoka ya bofudugedi. Mme re sa ntse re ka tokafala. 

Fela seo se kaya gore melao e tshwanetse go gagamadiwa le go tsenngwa tirisong ka nonofo. 

Go kaya gore re tshwanetse go khutlisa bofudugedi jo bo seng mo molaong le go samagana le dikgwetlho tsa loago, ikonomi le tshireletso tse bo akgelang mo go tsone. 

Ga re a tshwanela go itetla go tsogela baditšhaba kgatlhanong kgotsa go lwa ka borona. 

Rotlhe re tshwanetse go tlotla Molaotheo, go tlotla ditshwanelo tsa botho tsa botlhe le go tswelela go ikobela melao ya naga.  

Ga re ikamanye le ntlha ya gore re tshwanetse go itshokela bofudugedi jo bo seng mo molaong. 

Re ka sireletsa melelwane ya rona re ntse re sireletsa seriti sa botho. 

Re ka diragatsa melao ya rona re ntse re ikobela Molaotheo wa rona. 

Re ka sireletsa setšhaba sa rona, re ntse re somarela dintlhatheo tsa rona tsa Ubuntu tse di tlhalosang gore re bomang jaaka batho. 

Fela jaaka dikgwetlho tse dingwe tse dintsi tse re kileng ra lebana natso, re ka fenya bothata jwa bofudugedi jo bo seng mo molaong 

Aforika Borwa e fentse dikgwetlho tse dikgolo go gaisa eno. 

Re fentse kgaogano. Re fentse kgotlhang. Re fentse go tlhoka tshiamo.  

Le kgwetlho eno re tlaa e fenya. 

Tlaa re direng jalo ntle le poifo, tšhakgalo, letlhoo, tirisodikgoka, mme re dire jalo ka kitlano, maikemisetso le go obamela melao. 

Tlaa re ageng Aforika Borwa yo o sireletsegileng, yo o nang le molao, yo o pelotlhomogi e bile a tswelela pele. 

Aforikaborwa yo mo go ena re anamisang ditšhono, re sireletsang seriti sa batho le go diragatsa tsholofetso ya demokerasi go botlhe 

Ke a lo leboga.

Issued by
More from
More on

Share this page

Similar categories to explore