Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa at Cape Town City Hall
Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Thoko Didiza;
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Mme Refilwe Mtshweni-Tsipane;
Moporesitente wa mo malobeng wa naga ya Aforika Borwa, Rre Kgalema Motlanthe;
Modulasetulo wa NCOP wa mo malobeng, Rre Amos Masondo;
Modulasetulo wa NCOP wa mo malobeng, Naledi Pandor;
Meyara wa Cape Town, Mokhanselara Alderman Geordin Hill-Lewis,
Motlatsamoatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo Rre Dustan Mlambo
Modulasetulo wa Ntlo ya Magosi a Setso le Magosi a Setšhaba sa ma-Khoi-san, Kgosi Thabo Seatlholo;
Isithwalandwe Seaparankoe, Mme Sophie de Bruyn;
Moporesitente wa Mokgatlho wa Magosi wa Naga ya Aforika Borwa (Contralesa), Kgoshi Mathupa Mokoena;
Maloko a Palamente;
Ditonakgolo tsa diporofense tsa naga ya rona;
MaAforika Borwa a gaetsho.
Dingwaga di le masome a le supa tse di fetileng diketekete tsa batho ba bomme ba merafe e e farologaneng yotlhe ya naga ya rona ba ne ba tsena mo mogwantong go leba kwa Union Buildings – ba eme ka lefoko le le lengwe fela le le tshwanang.
Basadi bano ba ba neng ba ipetile sebete e bile ba ikotlile sehuba go phetagatsa maikemisetso a bona, ba ne ba se tingwe bogale ke magora ao sepodisi se neng se a beile go ba thibela e bile ba ne ba se letle gore ba nyemisiwe mooko ke go kgariediwa ke sepodisi.
Ka lentswe le le kwa godimo le le sa jeng nkabo, ba ne ba re:
“Ga re kitla re ineela go fitlha re bonela bana ba rona ditshwanelo tse di botlhokwa tsa kgololesego, bosiamisi le tshireletsego.”
Re gakologelwa setshwantsho se se gapang maikutlo sa Lilian Ngoyi, Helen Joseph, Sophie de Bruyn mmogo le Rahima Moosa fa diatla tsa bona di ne di tletse ka makwalo a go dira boikuelo a ba neng ba ya go a sia mo mojakong wa Moporesitente wa naga wa nako eo yo a neng a tshaba le go ka kopana le bona go ba leba mo matlhong.
Lekwalo le lengwe le le lengwe la boikuelo le ba le siileng koo le ne le bua ka bosiamisi, motho yo mongwe le yo mongwe wa ba le 100 000 yo a saenileng o ne a totobaditse gore o batla kgololesego le tekatekano.
Basadi bano ba ne ba nna mo disetepeseng tsa phaposi ya ntloleholoholo sebaka sa metsotso e le 30 ba didimetse ba rile tuu, ba sa opele, e bile go se le yo a buang.
Ditshwantsho tse di gapang maikutlo tsa basadi bano go se sepe se ba se buang di bontsha ka fao ba neng ba sa tlhole ba batla go utlwa sepe ka teng mme ba ipatlela fela phetogo.
Go didimala ga bona ke sesupo sa kutlobotlhoko e e neng e le ka fa boteng jwa dipelo tsa bona le go ngamoga ditlhoko ka ntlha ya kgatelelo e e neng e le teng ka ntlha ya tsamaiso ya puso ya tlhaolele.
Go didimala ga bona go ne ga bontsha khutsafalo le tšhakgalo tseo ba neng ba le mo go tsona fa ba tla feletsa ba lwela gore go nne le bosiamisi le tekatekano ka fa nageng.
Ka fao ba neng ba didimetse ka teng, batlhankedi ba ba neng ba ba lebeletse ba puso ya motsi oo ya tlhaolele le bone jaanong ba ne ba tshwarwa ke kgakge ba sa tlhole ba itse gore ke eng se ba ka se dirang.
Ka ona motsotso oo, ba ne ba bontsha lefatshe gore ga o tlhoke go tlhola modumo o tšhakgetse gore dithaba di go sutele, o tlhoka fela go itoma sesino o itidimaletse.
Morago ga seitu seno go ne ga tlhabiwa pina e jaanong e tumileng thata e e neng e opelwa mo motsing wa fa go ne go santse go lwelwa kgololesego, pina eo e bontsha seabe se segolo se batho ba bomme ba nnileng le sona fa go ne go lwantshanwa le puso ya tlhaolele:
“Wathint’ abafazi, wathint’ imbokodo. You strike a woman; you strike a rock”.
Ga twe mogwanto ono wa batho ba bomme o ne wa bulela megwanto e mengwe go leba kwa Union Buildings, o dirile gore kantoro eno e e nang le maatla e nne lefelo leo megwanto e lebisiwang kwa go yona, e nne moo bogatlhamelamasisi bo thulanang ka tlhogo teng le puso.
Mo maitseboeng ano re tota re le lesego gore mo gare ga rona re na le Mme Sophie de Bruyn, yo mongwe wa bomme ba ba neng ba eteletse kwa pele mogwanto ono yo e leng segatlhamelamasisi sa kgaratlhelo ya kgololesego ya naga ya rona.
Mme yo, mmogo le bomme ba bangwe ba ba nnileng le seabe se segolo ka go ikentsha setlhabelo go kgaratlhela kgololesego ya naga ya rona ke segopotso mo go rona gore bomme ga ba bolo go di goga kwa pele fa go tla mo go tliseng diphetogo, ga ba bolo go ema sejaro, go buelela setšhaba le go se katekate fa go tla mo go lweleng bosiamisi.
Mo go ketekeng segopotso seno, ke kopa lotlhe lo emeng ka dinao le opeleng legofi bomme bano ba ba neng ba ithwala ba gwantela kwa Union Buildings ka ngwaga wa 1956 mmogo le go opela legofi bomme botlhe ba naga ya rona ba le jaanong ba tswelelang go lwela ditshwanelo tse di botlhokwa tsa kgololesego le pabalesego.
E ne e le dingwaga di le 50 tse di fetileng, ka sona selelo sona seno sa go lwantshana le go kgaratlhela kgololesego, fa bašwa ba kwa Soweto ba ne ba ngala dithuto kwa dikolong ba gwanta ba leba kwa Lebaleng la Metshameko la Orlando ba lwela gore ba se gapelediwe go ithuta dithuto tsa bona ka puo ya Afrikaans mmogo le go lwela gore thulaganyo e e neng e tlhoilwe ya go ruta bana ba thari e ntsho ya Bantu Education e fedisiwe.
Bogatlhamelamasisi jwa bona fa pele ga puso e e neng e busa ka tšhaka bo ne jwa tuma lefatshe ka bophara jwa dira gore lefatshe jaanong le simolole go tlhoma leitlho kgaratlho eo re neng re e kgaratlhela.
Go ikotla sehuba le go ikentsha setlhabelo ga bašwa ba 1976 mmogo le bašwa ba ba tlileng morago ga bano ke selo se se tla tswelelang go re tiisa mmoko.
Dingwaga di le masome a le mararo tse di fetileng, ka ngwaga wa 1996, Setheo sa Molaotheo se ne sa amogela ka diatla tsoopedi mokwalo o ka ona go dirilweng gore setšhaba sa rona se feletse se na le temokerasi.
Molaotheo wa naga ya rona o kwadilwe ka tsela e e bontshang matsapa ao a dirilweng ke bomme ba naga ya rona ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings ka ngwaga wa 1956, matsapa ao a dirilweng ke bašwa ba naga ya rona ka ngwaga wa 1976 mmogo le matšhwititšhwiti a maAforika Borwa ka go farologana ga bona a a neng a lwela kgololesego.
Ke Molaotheo o o bontshang diphisegelo tsa baagi ba naga ya Aforika Borwa ba ba batlang go bona baagi ba naga ya bona ba ipopile seoposengwe ebile go rena kagiso; ke setšhaba se se latlhetseng kwa kgakala ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng tsa kgatelelo le kgaoganyo ya setšhaba.
Ke Molaotheo o o solofelang mo go rona go re bona, e seng fela re samagana le tseo di re diragaletseng mo nakong e e fetileng, mme gape re gatela pele mo go direng gore maAforika Borwa otlhe a keteke ditshwanelo tsa bona tsa go ipona ba na le dintlo, ba kgona go ya bookelong, ba na le dijo, metsi, megolo ya go tlhokomela setšhaba, thuto le go dira gore batho botlhe ba kgone go tshela botshelo jo bo botoka le go atlega mo botshelong.
Gompieno re tshwanetse go phetagatsa diphisegelo tseno jaaka lefatshe le tswelela go fetoga ka bonako. Lefatshe le gompieno go nang le batho ba ba batlang go dira sengwe le sengwe se se itumedisang bona ba le esi mme ga ba sa tlhole ba utlwela ba bangwe botlhoko.
Lefatshe leo ba ba nang le maatla go seng phoso epe e ba e dirang fa pele ga matlho a bona mme ba ba nang le matala ba gatelela ba ba senang maatla. Gore re kgone go sutlha mo lefatsheng leno le le ikagang, re tshwanetse go dirisa maatla a setšhaba sa rona.
Maatla a setšhaba sa rona a tswa mo metheong ya sona. Metheo e e ka ga seriti sa batho le go lekalekana ga batho mo setšhabeng, go se tlhaolane go ya ka gore yo ke wa morafe ofe le go se nyatse batho go ya ka gore ke ba bong bofe, go farologana ga sona le boleng jwa go nna phologolo e re e bitsang motho.
A tswa mo bathong ba naga ya rona, a tswa mo bopeloteleleng jwa rona, mo go thusaneng, mo bothong jwa rona le mo go ipopeng seoposengwe ga rona.
A tswa mo maikemisetsong a rona a a sa okaokeng a a ka ga go tsholetsa ditshwanelo le go totobatsa seriti sa batho ba setšhaba sa rona ba ba nyenyefadiwang le go tlhaolwa, go akaretsa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi mmogo le baagi ba naga ya rona ba ba welang mo setšhabeng sa batho ba LGBTQI+.
Maatla a rona a tswa mo maikemisetsong a rona le mo ditshwetsong tse re di tsayang. A tswa mo go tseo re itlhamelang tsona le mo go tseo di re tlhotlheletsang.
Maatla a rona a tswa mo go tseo di leng mo lefatsheng la rona, dirašwa tse di leng ka fa tlase ga mpa ya lefatshe la rona mmogo le mmu wa naga ya rona yo o humileng, re bua ka dithaba tsa naga ya rona mmogo le mawatle a teng.
Maatla a rona a tswa mo ditheong tsa naga ya rona, tseo di dirang tiro ya tsona ka bogatlhamelamasisi tse e bile gape di ikemetseng, tse di ikokotletseng ka lerumo la temokerasi le thebe ya kgololesego tse di tshelang ka fa teng ga pelo ya o mongwe le o mongwe wa rona.
Maatla a rona le bokgoni jwa rona ke ka ntlha ya o mongwe le o mongwe wa rona. Ke ka ntlha ya se re kgonang go se fitlhelela fa re dirisana mmogo.
Maatla a rona a tswa mo tlotlong eo re e neelanang, le fa e le gore go na le dilo tseo re sa dumelaneng ka tsona.
Maatla a rona a tswa mo go borrametshameko le mo go bommametshameko ba naga ya rona ba ba tsweletseng go tsholetsa folaga ya naga ya Aforika Borwa lefatshe ka bophara le go tlisa boipelo mo setšhabeng sa rona.
Fa re sekaseka maemo a setšhaba sa rona, re ka re gompieno re na le maatla a mantsi go gaisa a re neng re na le ona mo ngwageng yo o fetileng.
Maemo a ikonomi ya naga ya rona a simolotse go boela mo kgolong ya ona, mme kgolo eno e gola ka lebelo.
Le fa re nnile le kgolo mo Seelosotlheng sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) sebaka sa dikotara di le nne tse di tlhomaganeng, re itse sentle gore GDP e tshwanetse e golele ka bonako gore re kgone go mekamekana le dikgwetlho tse di leng teng mo ikonoming.
Re kgonne go fitlhelela ka tatelano maemo a le mabedi a go nna le matlole a a fetang a a neng a beetswe kwa thoko.
Maemo a naga ya rona a matlole a tokafetse, dituediso tsa dikoloto di a fokotsega e bile gape maemo a ditlhwatlhwa mo ikonoming a kwa tlase thata mme a mo a kileng a nna gone dingwaga di le 20 tse di fetileng.
Jaanong re tshwere tsela ya go fokotsa dikoloto tsa naga ya rona. Ranta jaanong e kokotletse maatla fa e bapisiwa le Tolara.
Setheo sa Johannesburg Stock Exchange, e leng setheo se segolo sa go gweba ka go reka le go rekisa boleng jwa dithoto tsa ditlamo mo kontinenteng ya Aforika, mo ngwageng yo o fetileng se dirile bontle thata.
Kgolo eno e bontsha thata ka fao ikonomi ya naga e tswelelang go itharabologelwa, ka fao babeeletsi ba tswelelang go nna le tshepo mo nageng mmogo le ka fao go nang le koketsego ya go nna le dikgatlhegelo mo ditlhagisiweng tsa naga ya Aforika Borwa.
Dinamane tsa go duelela madi a re a adimang di fokotsegile.
Ka letsholo la Operation Vulindlela, re dirile diphetogo tse dikgolo mo go gateleng pele fa go tla mo go potlakiseng phetogo ya ikonom le mo go buleleng dikgoro dipeeletso le dikgaisano tsa dikgwebo.
Re fentse ntwa kgatlhanong le motlakase o o neng o phela o tshabetse ruri mme jaanong re na le dithulaganyo tse di maatla tse di farologaneng tsa go netefatsa gore re na le motlakase.
Re tokafaditse maemo go utlwagala fa go tla mo go tlhabololeng tiro ya mafelo a naga ya rona a boemelakepe le a diterene tse di rwalang dithoto, re samagane le go oketsa kgato ka kgato bontsi jwa dithoto tse di tsenang le tse di tswang ka fa nageng ya rona.
Re kgonne go tsosolosa diterene tsa naga ya rona tse di rwalang banamedi, jaanong dipalo tsa badirisi ba diterene di tswelela go oketsega jaaka re tlisitse diterene tse dintšhwa tse di dirilweng ka fa nageng ya rona – mme seno se ba imolotse thata fa go tla mo mading a ba neng ba a dirisa go tshwara dinamelwa.
Re samagane le go beeletsa mo go tlhabololeng ditsela, maporogo, diporo tsa diterene, mafelo a boemelakepe, matamo, mafelo a go fetlha motlakase ka phefo le a go fetlha motlakase ka letsatsi go ralala le naga ya rona.
Re setse re kgonne go tlholela segolobogolo bašwa le batho ba bomme ditšhono di feta di le dimilione di le 2.5 ka go sola mosola Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente.
Letsholo la go Tlholela Baagi Ditiro (EPWP) mmogo le Letsholo la go Tlholela Baagi ba mo Motseng Ditiro (CWP) bobedi jwa ona a tswelela go tlholela batho ba le bantsi ka fa nageng ditiro.
Mo ngwageng yo o fetileng re itemogetse dipholo tsa barutwana ba ba falotseng materiki tse di kwa godimo go gaisa fa e sale, mo re boneng palo e e kwa godimo ga ba le babedi mo go ba le bararo e neng e le barutwana ba ba tsenang kwa dikolong tse di humanegileng mo metseng ya rona.
Jaaka maemo a ikonomi a tswelela go gola, dipalopalo tsa batho ba ba tlhokang ditiro le tsona di setse di simolotse go fokotsega.
Ka go oketsa dikgato tsa naga ya rona tsa go thusana le ba ba dikobodikhutshwane mo nageng ya rona ka go dirisa letsholo la Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Leng mo Tlalelong (SRD), re kgonne go fokotsa dipalopalo tse di neng di boitshega tsa batho ba ba neng ba tshelela mo khumanegong ka fa nageng ya rona.
Re samagane le go gagamatsa melao ya naga ya rona ya go lwantshana le bogwenegwene.
Naga ya rona e phimotswe mo lenaaneng la dinaga tse di kwadilweng gore ke tseo di ka tswang di sa dirisi merero ya tsona ya matlole ka tolamo e bong lenaane la Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole le le disang matshosetsi a ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le a go tlamela ka matlole digongwana tsa menolopuso.
Tiro e re e dirileng mo go tsosoloseng ditheo tse di botlhokwa tse di neng di wetswe ke leru la go gogiwa ga ditheo tsa puso ka nko jaanong e setse e ipontsha melemo e e itumedisang. Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) jaanong se boetse mo maemong a sona a go nna mo maemong a ditheo tsa lekgetho tse di mo maemong a a kwa godimo mo lefatsheng.
Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso e e Lwantshanang le Bogwenegwene e dirile tiro e e bonagalang mo go iseng kwa kgotlatshekelo melato e e amang batho ba maemo a a kwa godimo mo setšhabeng. Se se botlhokwa go gaisa ke gore temokerasi ya naga ya rona e tswelela go gola le go tsetsepela.
Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU) e bontsitse gore go a kgonagala gore maAforika Borwa a ka kopanya ditlhogo ka go farologana ga bona mo mererong ya sepolotiki mme ba samagane le tiro e e fa pele ga matlho a bona ka maitlhomo a go tlisa kgatelopele e e labalabelwang ke bona botlhe.
Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra amogela baeteledipele go tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa lefatshe mo Moletlong wa G20, mo re bontshitseng lefatshe maatla a naga ya rona.
Babeeletsi, bagwebi le badirisi ba ditlhagisiwa tsa naga ya rona jaanong ba simolola go nna le tshepo e e tletseng mo nageng ya rona.
Tseno tsotle ke ka ntlha ya maikemisetso a puso le ditheo tse dingwe tsotlhe mo setšhabeng ao go samaganweng nao. Go bontsha gore ke eng se se kgonagalang fa re dirisana re le seoposengwe e bile re na le maikemisetso.
Jaanong re na le tšhono ya go fetolela dilo tsotlhe tse di kgolo tseno tse re di fitlheletseng gore e nne tseo di tlisang kgolo e e golelang rurir ya ikonomi. Le fa tota go na le kgatelopele e re e bonang eno, ga re a tshwanela go tlodisa matlho dikgwetlho tse re santseng re tobane le tsona.
Le fa go na le kgatelopele, ga re a tswanela go ikgatelela mo dikgwetlhong tse di sa reng sepe. Go santse go le dilo tse dintsi tse di re emeng ka fa pele gore re kgone go fitlhelela seo re batlang go se fitlhelela.
Go batho ba le bantsi ba mo go bona botshelo bo santseng bo le bokete mo go bona. Ba ditiro mo go bona di seng kalo ba e bile le ditšhono di leng kgakala le bona. MaAforika Borwa a lapisitswe ke botlhokotsebe jo bo tsamaisanang le ditiragalo tsa tirisodikgoka.
Ba lapisitswe ke masepala jaaka o palelwa ke go ba tlamela ka ditirelo tse di botlhokwa mo mafelong a le mantsi ka fa nageng.
Se le sengwe fela se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe, b ipatlela fela ditšhono tsa ditiro le gore ba nne le letseno le le tla ba kgontshang go tlhokomela malapa a bona.
Maatla a nnete re tla nna le ona fa fela rotlhe re lekalekana, fa kgatelopele e re nnang le yona e tswela maAforika Borwa otlhe mosola.
Molaotheo wa naga ya rona o re roma gore re age setšhaba seo moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe a nang le tšhono e e lekalekanang le ya ba bangwe ya go ka dira gore botshelo jwa bona bo nne botoka; setšhaba seo ngwana yo mongwe le yo mongwe a tlhatlhelelwang ka thuto e e nang le boleng mmogo le go bona tšhono ya go ka iponela tiro le go atlega mo botshelong.
Setšhaba se mo go sona re simololang go laola mafelo a naga ya rona a boitapoloso jwa baagi mo fa re le mmogo go seng yo o botoka go gaisa yo mongwe. Setšhaba seo mo go sona puso e direlang setšhaba mme ba ba letsogo bona ba digama ba sa di tlhapela.
Puo ya monongwaga ya Maemo a Setšhaba (SoNA) e tlhalosa dikgato tse re setseng re di tsere fa e sale ngogola mmogo le dikgato tse re tla di tsayang monongwaga mo go godiseng maano a a botlhokwa a GNU.
Maano a a botlhokwa ano ona ke a a latelang:
La ntlha, ke go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.
La bobedi, ke go fokotsa khumanego le go lwantshana le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba iphedisang ka tsona. La boraro, ke go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e tlisa tlhabologo.
Mo maitseboeng ano, re tlhalosetsa setšhaba gore ke eng se re tshwanetseng go se tswharaganela mmogo fa re batla go aga metse le sešhaba sa se nang le maatla.
Re se tlhalosetsa ka tiro e re tshwanetseng go samagana le yona mo go ageng naga ya Aforika Borwa e e humileng go feta ya metlheng, e e tshwaraganetsweng, e mo go yona go renang kagiso, e e ipopileng seoposengwe e kwa bofelong batho botlhe mo go yona ba tla lekalekanang.
Aforika Borwa e e nang le maatla e tshwanetse go sireletsega le go babalesega.
Fa re batla go bona bosetlhogo jwa botlhokotsebe re tlhoka fela go lebelela gore ke batho ba le bakae ba ba thutseng botala ka tlhogo le ba ba iketseng maotwana hunyela ba santse ba le bannye. Re bo bona gape le ka poifo e e leng mo matlhong a batho ba naga ya rona mmogo le mo go ikgogeleng morago ga dikgwebo fa di tshwanetse go dira dipeeletso.
Bana ba ba senang molato mo porofenseng eno ya Kapa Bophirima ba iphitlhela ba rothelwa ke madi a kgofa ka ntlha ya dintwa tse di bolotseng magareng ga digongwana tsa bogodu. Batho ba tswa ba tshaba mo malapeng a bona ba tshaba digongwana tse di boloditseng letsholo la go epa dirašwa go se mo molaong kwa mafelong a a jaaka kwa Kagiso mo porofenseng ya Gauteng. Basadi ba bolawa ke baratani ba bona kwa malapeng a bona. Magodu a feta mo mafelong a go tsweletsweng ka dikonteraka tsa go aga mme a fete a emise tiro eo.
Ditiragalo tse tsona ditshwanetswe go emelwa ka dinao e bile re tlile go di emela ka dinao.
Ditiragalo tsa botlhokotsebe tsa digongwana tse di dirang ditiragalo tsa botlhokotsebe ka thulaganyo e e matsetseleko jaanong ke tsona tseo re tlileng go robala lepai le le lengwe le tsona gonne di baya mo kotsing temokerasi ya rona, setšhaba sa rona mmogo le kgolo ya ikonomi ya naga ya rona
Seo re tlileng go tobana le sona mo matlhong monongwaga ke go ntsha ga tshwene go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang ditiragalo tsa botlhokotsebe ka thulaganyo e e matsetseleko mme re tlile go dira seno ka go dirisa thekenoloji, ditiragalo tsa maemo a a kwa godimo tsa go bokeletsa tshedimosetso ka botlhokotsebe mmogo le go dira gore ditheo tsa molao di ipope ngatana go phetagatsa molao.
Re tlile go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang ditiragalo tsa botlhokotsebe ka thulaganyo e e matsetseleko re le puso ya naga, go nopola digongwana tsa bogodu tse di botlhokwa mmogo le go romela batlhankedi ba sepodisi bao ba tlhophilweng go ya ka tiro ya bona e e tswileng diatla, go bopa setlhopha sa batlhankedi ba ba nang le kitso e e farologaneng gore ba tle ba samagane le go phutlhamisa digongwana tsa bogodu.
Mo go bontsheng digongwana tsa botlhokotsebe gore jaanong e fagile, ke tla romela Sesole sa Naga ya Aforika Borwa (SANDF) go ya go thusana le sepodisi, re tlile go dira fela jaaka re dirile mo go lwantshaneng le ditiragalo tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo.
Ke laetse Tona ya Sepodisi mmogo le Tona ya Sesole go tla ka leano la go lwantshana le botlhokotsebe jono mme e tla re mo matsatsing a le mmalwanyana la dirisiwa mo go romeleng mapodisi le masole a naga ya rona mo dikarolong tse di rileng mo porofenseng ya Kapa Bophirima le ya Gauteng go ya go lwantshana le ditiragalo tsa dintwa tse di bolotseng tsa digongwana tsa magodu mmogo le tsa bogodu jwa dirašwa tsa meepo.
Jaaka Molaotheo o laela, ke tla tle ke phuta NA mmogo le NCOP gore ke ba tlhalosetse gore leano leno le tlile go phetagadiwa neng, mafelo ao go tlilweng go romelwa masole ano mmogo le gore go tlile go dirisiwa madi a le kanakang.
Re tshwanetse go tsaya dikgato gore re fedise dintwa tseno tse di bolotseng tsa digongwana tsa magodu.
Le fa go le jalo, re samagane le go tsenyatirisong leano le le tshwaraganetsweng le le tla utololang modi wa seo se tlholang botlhokotsebe mme seno se tlile go phetagadiwa ka go rulaganya ditharabololo go ralala le setšhaba ka bophara, go simoloa ka go dira bonnete jwa gore mabone mo mebileng a a tshuma go feletsa ka go dira bonnete jwa gore batho ba fitlhelela ditirelo tsa thuso ya tlhokomelo ya baagi.
Re tlile go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo tsamaisanang le tiriso ya ditlhobolo mme seno re tla se phetagatsa ka go dira bonnete jwa gore melao mmogo le melawanataolo ya ditlhobolo, go nna le tlhobolo mmogo le go rekisa ditlhobolo le dikolo di tsamaisana ka tolamo. Re tlile go gagamatsa dikgato tsa go tsenya tirisong melao e re nang le yona ya ditlhobolo.
Re oketsa palo ya batlhankedi ba sepodisi monongwaga ka go thapa batlhankedi ba bangwe gape ba le 5 500, palo eno e tla tlaleletsa ya batlhankedi ba ba ntšhwa ba le 20 000 ba re buileng ka bona mo go di-SoNA tse di fetileng.
Re samagane gape le matshosetsi a go tsenelwa ka moselo ke ditlhagisiwa tse di seng mo molaong tsa maitirelo tse di tsenang ka fa nageng ya rona tse di dirang gore diintaseteri tsa ka fa nageng ya Aforika Borwa di goge boima le go feletsa baagi ba naga ba feletsa ba felelwa ke ditiro ka ntlha ya ditlhagisiwa tseno.
Re samagane le go tlhoma Letsholo la Naga la go Kgoreletsa Thekiso ya Ditlhagisiwa tse di Seng mo Molaong mme lona le tla tshwaraganelwa ke ditheo tse di botlhokwa tsa puso mo mererong eno mmogo le ba bangwe ba bannaleseabe, mmogo le lephata la poraefete.
Ka go sola mosola didirisiwa tsa thekenoloji tse di jaaka thekenoloji ya go sekaseka tshedimosetso le dipalopalo mmogo le thekenoloji ya go romega, re tlile go tlhoma leitlho makala a a tsenetsweng ka moselo a a jaaka la metsoko, la leokwane, la dinotagi mmogo le a mangwe a a tsenetsweng ke moselo wa ditlhagisiwa tse di seng mo molaong tsa maitirelo.
Kwa Kopanong ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Madlanga dikgang tse di ribololwang foo di utulola bogwenegwene jo bo seng kana ka sepe mo ditheong tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) mmogo le mo mafapheng a mangwe a Sepodisi sa Diteropokgolo go bontsha gore go dirisiwa maatla a bona ka mekgwa e e sa letlelelwang.
Ga re kitla re itlhokomolosa selo seo. Gore molao o phetagadiwe go tlhokagala gore go nne le tirelo ya sepodisi e e nang le maitseo, e e sekegelang tsebe le e e tsamaisanang le ditlhokwa tsa setšhaba seo e se direlang.
SAPS e tlhomile setlhopha sa tiro se se tla dirang bonnete jwa gore dipatlisiso tse di diriwang ke Khomišene ya Madlanga ga di bewe molatsa.
Setho sa Phemelo ya Puso (SSA) se tla bolotsa letsholo le lengwe gape la go batlisisa Batlhankedi ba Bagolo mo ditheong tsa SAPS le mo mafapheng a Sepodisi sa Diteropokgolo. Letsholo leno le tla tlhatlhoba gape le ka fao batlhankedibagolwane ba puso ba iphedisang.
Fela jaaka re dirile le ka dikhomišene tse dingwe tse di fetileng, re tla dirisa ditshitshinyo tse di tswang mo Khomišeneng ya Madlanga go tlisa diphetogo tse dikgolo.
Re ikemiseditse gore re tlile go dirisa bopaki jo bo ribolotsweng le ditshitshinyo tseo di tswang mo khomišeneng go re thusa go baakanya fo re ka dirang diphetogo tse di botlhokwa gone mo ditheong tsa twantsho ya botlhokotsebe.
Re na le tshepo e e tletseng ya gore matsapa otlhe ano a tlile go atlega gonne mapodisi a le mantsi a tota a na le boikemisetso jwa mmatota jwa go phetagatsa molao ka tshwanelo mo go direleng baagi ba naga ya Aforika Borwa.
Ka go gata mo motlhaleng wa letsholo la Operation Vulindlela mo go tsenyeng tirisong diphetogo mo mererong ya ikonomi, re tla dirisa motlhala o o tshwanang le oo go tlisa letsholo le le mosola la go tlisa diphetogo tse dintšhwa mo ditheong tsa molao.
Letsholo leno le tla lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang ditiragalo tsa botlhokotsebe ka thulaganyo e e matsetseleko, bogwenegwene mmogo le ditlhobolo tse di seng mo molaong mme go tla nopolwa setlhopha go tswa mo Kantorong ya Moporesitente se se tla samaganang le go phetagatsa diphetogo tseno mo ditheong tsotlhe tsa molao.
Re samagane gape le go gagamatsa ntwa kgatlhanong le bogwenegwene ka go matlafatsa ditheo tse di jaaka Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU), Setheo sa Bosekisi jwa Naga, Setheong sa Dipatlisiso tsa Melato e Megolo ya Botlhokotsebe (DPCI/Hawks).
Re tla garela dikgato tsa puso ka ga ditshitshinyo tsa Lekgotla la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Lwantshana le Bogwenegwene ka go tlhoma setheo se se tla nnelang ruri, se se ikemetseng, se se dirang ka botlalo sa go lwantshana le bogwenegwene.
Ga re kitla re ema re bogela batho ba ba emang kgatlhanong le bogwenegwene ba boga le go tlhaselwa.
Molaotlhomo wa go Sireletsa Batlhankedi ba ba Begang Ditiragalo tsa Bogwenegwene o tla isiwa kwa Palamenteng gore o tle o tsenngwe tirisong. Gare ga tse dingwe tse dintsi, molaotlhomo ono o tla dira gore bao ba ipusolosetsang ba rweswe molato wa botlhokotsebe mmogo le go tswa thuso batho ba ba emang kgatlhanong le bogwenegwene ka go ba thoba maikutlo, go ba tswa thuso ka ditirelo tsa molao le go ba thusa ka tsa matlole.
Go tla tsewa dikgato tse di itlhophileng go fetola dithulaganyo tsa dithendara ka maitlhomo a go fedisa bogwenegwene.
Kantoro ya Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng ya Aforika Borwa (AGSA) e begile gore bontsi jwa ditiragalo tsa bogwenegwene bo simolola mo dithendareng. Ga re kitla re letlelela gore selo se se tswelele go diragala mme ka jalo re tshwanetse go tsaya dikgato.
Dikgato tse di tla tsewang di tla tsenyeletsa tsa go dirisa thekenoloji e ntšhwa mmogo le go konosetsa fa gare ga ngwaga wa 2026 dikgato tsa go kwala Melawanataolo ya Molao wa Dithendara tsa Puso.
Ga go na gore re ka lwantshana le magodu ka go ba neneketsa. Re tshwanetse re thulane le bona ka ditlhogo ka maatla otlhe a molao o re nayang ona ntle le go ba utlwela botlhoko.
Ke batla ntlha eno go se nne le ope yo a reng ga a e tlhaloganye: ga go tlholo go kitla go nna le go itirela boithatelo ga ditiragalo tsa bogwenegwene le tsa botlhokotsebe.
Mo godimo ga botlhokotsebe, metsi jaanong le ona e setse e simolola go nna jo bongwe jwa mathata a magolo mo go maAforika Borwa a le mantsi, go simolola mo diteropong tse dikgolo tse di jaaka Johannesburg go ya kwa diteropong tse di potlana tse di jaaka Knysna mmogo le kwa mafelong a a leng kwa metseselegaeng a a jaaka Giyani.
Rotlhe re bone kutlobotlhoko e e leng mo matlhong a batho ba naga ya rona goralala le mafelo a a farologaneng mo porofenseng ya Gauteng fa ba ne ba boloditse megwanto. Megwanto eno e gakaditswe ke go ngamoga tlhogo ga baagi ka ntlha ya ditirelo tse di botlhokwa tse di sa lekanang tse di jaaka metsi.
Ke laetse Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mmogo le batlatsatona ba gagwe mmogo le Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setšhaba go samagana le tlhaelo ya metsi mmogo le go bua le setšhaba.
Ga jaana ba koo ba tlhalosetsa setšhaba sentle gore ke eng se puso e samaganeng le sona go rarabolola dikgwetlho tsa batho ba naga ya rona ba itemogelang tsona.
Ba ntlhaloseditse gore dipeipi tse di neng di thubegile ba di baakanya mme matamo jaanong a boetse a simolotse go tlala.
Go se tlhokomele mmogo le go se tsosolose mafaratlhatlha a metsi ga mebasepala e mentsi e e forologaneng ke sona se segolo se se dirang gore re nne le mathata a re tobaneng le ona gompieno e bile ke ona a a dirang gore go le gantsi re iphitlhele re se na metsi.
Ga go tharabololo e e bobebe e e ka rebolwang go samagana ka ponyo ya leitlho le dikgwetlho tseno, tse di tlhodilweng ke tsamaiso e e sa tsamaisiweng ka tshwanelo mmogo le diphoso tsa dijarajara tsa go se tlhokomele mafaratlhatlha ano.
Go netefatsa gore mo nakong e e tlang re phela re na le metsi, re samagane le go aga matamo a mantšhwa le go tlhabolola a re ntseng re na le ona.
Re beetse kwa thoko matlole a feta dibilione di le R156 tsa matlole a sešhaba go tlamela tiro ya go samagana le mafaratlhatlha a metsi le kgeleloleswe mo dingwageng di le tharo tse di tlang.
Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho mmogo le diporojeke tse dingwe tse dikgolo tse di jaaka ya Letamo la Ntabelanga, Porojeke ya Metsi ya kwa kgaolong ya Mzimvubu kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba di tsweletse go gatela pele, mme re mo dikgatong tsa bofelo tsa go tlhoma Setheo sa Naga sa Mafaratlhatlha a Metswedi ya Metsi gore se tle se kgone go tla go simolola go tlhokomela ka manontlhotlho le go bokeletsa matlole a mafaratlhatlha a metsi ka fa nageng.
Le fa go le jalo, kgwetlhokgolo ga se gore ga go na metsi, mme ke gore re isa jang metsi ano kwa dipompong tsa batho ba naga ya rona.
Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi o tla re naya maatla a go rwesa maikarabelo batlamedi ba ditirelo tsa metsi fa tiro e ba e tlametseng e se e e kgotsofatsang e bile gape e tla re kgontsha go ba amoga dilaesense tseo re ba reboletseng tsona fa ba retelelwa ke go phetagatsa seo go dumelanweng ka sona.
Fa e le gore masepala ga o batle kgotsa ga o kgone go tlamela baagi ba ona ka metsi, go tshwanetse go nne le setheo se se ka tsayang maikarabelo ao.
Diphetogo tseno di tla samagana le modi o o tlholang mathata a metsi.
Se re tlhokang go samagana le sona ga jaanong ke matsapa a metsi mo mafelong a ga jaanong a iphitlhelang a sena metsi.
Dingwaga di le tharo tse di fetileng fa re ne re le mo matsapeng a motlakase o o tshabetseng ruri, re ne ra tlhoma Komiti ya Naga ya Merero ya Matsapa a Motlakase (NECC) go re kgontsha gore re le setšhaba re kgone go tsibogela ntlha eno ka tolamo.
Re ne ra fenya e nngwe ya dikgwetlho tse di tona tse go neng go sena tsholofelo ya gore re ka di fenya mme re dirile seno ka go tsenya tirisong leano le le tlhamaletseng le le senang manokonoko mme ra le phetagatsa ka tshwanelo.
Ka go dirisa dikgato tsa go tshwana le tseo, jaanong re tla lebisa mathata a metsi kwa Komiting ya Naga ya Merero ya Matsapa a Metsi (NWCC) mme ke nna yo e tla nnang monnasetulo wa komiti eo.
Setheo seno se tla dira gore matsapa otlhe a a diriwang a rulaganngwe ka fa tlase ga setheo se le esi.
Setheo seno se tla romela baitseanape ba merero ya setegeniki mmogo le ditlhokwa tseo di tlhokagalang go tswa kwa pusong ya naga go ya go samagana le dikgwetlho tsa metsi tse mebasepala e e amegang e tobaneng le tsona.
Seno se tla dira bonnete jwa gore dikgato di tsewe ka bonako le ka manontlhotlho go rarabolola mathata a a leng teng.
Gore re kgone go samagana ka botlalo le dikgwetlho tseno ga re kitla re okaoka go dirisa maatla a Molaotheo wa naga ya rona o re rwesitseng ona mo magetleng a rona mmogo le maatla a re a rwesitsweng ke Molao wa Ditirelo tsa Metsi wa ngwaga wa 1977 a a re kgontshang go tsena ka segapeletsa mo mererong ya mebasepala fa go na le tlhokagalo ya go dira jalo.
Re tlile go robala lepai le le esi le bao ba ikgatolosang maikarabelo a bona a go tlamela baagi ka metsi.
Puso e setse e tshwarisitse mebasepala e le 56 e e reteletsweng ke go phetagatsa maikarabelo a yona. Jaanong re tlile go tshwarisa Batlhankedi ba Taolo ya Tsamaiso ya Mebasepala gore go tshwarwe bona ka namana go latela gore ba itlhokomolose Molao wa Metsi wa Naga wa ngwaga wa 1998.
Bothata jo bogolo ke gore mo metseseteropong e megolo e mentsi, mo diteropokgolong le mo diteropong, matlole a masepala a baagi ba duelelang ka ona ditirelo tsa metsi a dirisiwa go phetagatsa ditiro tse dingwe tsa masepala mme ke madi a le mannyenyana fela go tswa mo mading ao a a dirisiwang mo go beeletseng mo go tlhabololeng le mo go tlhokomeleng mafaratlhatlha a metsi.
Go rarabolola dikgwetlho tseno, go ya ka dintlha tse re ipeetseng tsona mo ngwageng yo o fetileng, re tsentse tirisong matlole a mantšhwa a dibilione di le R54 go thusa diteropokgolo go mekamekana le ditirelo tsa bona tsa metsi, kgeleloleswe le motlakase.
Seno se tla thusa go kgontsha matlole a a bokelediwang ka dituelelo tsa metsi gore a tsenngwe mo go baakanyeng dipeipi tsa metsi, mafelo a polokelo ya metsi mmogo le mafelo a go tlhatswa metsi.
Go tshaba ga metsi ke selo se se diragalang mo mebasepaleng e dithulaganyo tsa ona di sa direng ka tshwanelo.
Jaanong go tla samaganwa le letsholo le legolo le le tla amang dithulaganyo tse dintsi go baakanya setlhodi se segolo se se dirang gore mebasepala e se tsamaisi tiro ya yona ka tolamo.
Mo mafelong a le mantsi dipuso tsa mebasepala ga di na maatla e bile e tsamaisiwa ka boithatelo go na le gore e tsamaisiwe ka ditsela tsa kitso ya setegeniki le ka tsela e e tswileng diatla.
Mo pegelong ya gagwe ya mo malobeng e e mabapi le mebuso ya mebasepala, AGSA e tlhalositse gore mebuso ya mebasepala e itlwaeditse go se rwale maikarabelo ka botlalo, go se phetagatse kabelo ya ditirelo, go se tlhokomele ka tshwanelo matlole a yona le tsamaiso ya puso, ditheo tse di koafetseng tse di senang kitso le bokgoni mmogo le setlwaedi se se anameng sa go se tsamaisiwe ka tsepamo.
O tlhalositse gore go fokotsa lebelo leo dipuso tsa mebasepala e phutlhamang ka lona go tla tlhoka gore re tshwarisane tiro eno, e ga jaanong re samaganang le yona.
Jaaka re ithutile dilo tse dintsi mo dingwageng di feta di le 30 tse di fetileng, e tla re mo dikgweding di le mmalwa tse di tlang ra konosetsa Sekwalwa sa Masupatsela sa Merero ya Mebuso ya Mebasepala.
Sekwalwa seno se tla re tlamela ka ditharabololo tsa go tla ka ditheo tse di mosola tsa mebuso ya mebasepala. Sekwalwa seno se tla tla ka ditsela tse dintšhwa tse mebuso ya mebasepala e ka di latelang gore di kgone go phetagatsa tiro ya tsona.
Dithulaganyo tse di leng teng ga jaanong di matswakabele thata e bile di makgaokgao, mo e bile go solofetsweng gape le gore masepala o monnye le o o senang dithata o rwale maikarabelo a mantsi a a o fetang.
Re tlile go dira diphetogo tse di botlhokwa gore re bontshe gore maemo jaaka a le ga jaana ke gore e mengwe ya mebasepala e ka kgona go rwala maikarabelo a mantsi go gaisa e mengwe, le gore re tlhoka tsela e e bontshang pharologano eno mo go rweseng mebasepala maatla le maikarabelo ano.
Re tshitshinya gape le gore go nne le tirisanommogo e e rulagantsweng magareng ga masepala le dintlo tsa magosi a setso le tsa magosi a morafe wa ma-Khoi- San gore re kgone go tlhotlheletsa setlwaedi sa go buisana le baagi le sa go thusana mo go rarabololeng mathata a re nang le ona.
Re tlile go dira bonnete jwa gore batlankedi ba bagolo mo mebasepaleng ba na le makwalo a a tlhokagalang a thuto le gore ba thapiwa go ya ka thulaganyo e e ikemetseng e e sa kgoreletsweng ke merero ya sepolotiki.
Mo mebasepala e sa direng sentle gone, re tlile go neela puso ya naga maatla a go tsaya dikgato ka bonako le go tla ka dikgato tse di tla phosololang mo go sa dirweng sentle gore batho ba naga ya rona ba tswelele go direlwa ka tshwanelo.
Diphetogo tseno di lebega di tla nna bokete. Le fa go le jalo, tsona di tshwanetswe go phetagadiwa.
Le fa diphetogo tse di botlhokwa tseno di le mo tseleng, re tlile go tswelela ka go tsenya tirisong letsholo la go ema nokeng dikgato tsa go tokafatsa kabo ya ditirelo tse di botlhokwa ka go sola mosola Letsholo la Moporesitente la Setlhopha sa go Phetagatsa Tiro kwa eThekwini le kwa Johannesburg.
Le fa re kgonne go dira gore eThekwini e boele mo maemong a yona, e leng selo se se tlhotlhileng serodumo sa naga sa go tshepiwa ke babeeletsi, go santse go le go gontsi go re tshwanetseng go mekamekana nao kwa Johannesburg go samagana le mafaratlhatlha a a tswelelang go bolelapele, taolo ya matlole e e sa tsamaisiweng ka thulagano mmogo le mathata a motlakase le a metsi.
Go na le batho ba le bantsi ba ba nang le kitso le bokgoni mmogo le maitemogelo a mantsi ba ba direlang mmuso wa masepala. Ke maikarabelo a rona go tsosolosa, go rulaganya sešwa mmogo le go tlamela mebasepala ka tshwanelo gore e kgone go dira tiro ya yona ka manontlhotlho.
Re le naga, maemo a rona a tswelela go nna mo kotsing ka ntlha ya maemo a loapi a a bogale.
Malobanyana fela fa, merwalela e e sentseng kwa porofenseng ya Limpopo le ya Mpumalanga e gogotse matshelo a ka nna 45 a batho le go tlisa tshenyo e e seng kana ka sepe mo malapeng, kwa dikolong, kwa ditleliniking le mafaratlhatlha a mangwe.
Go baya merwalela mo Lenaneong la Naga le go Rekotiwang Ditiragalo tsa Masetlapele go kngontshitse puso ya naga mmogo le ya porofense go direla ka bonako go tla ka matlole a go tswa baagi thuso ka bonako.
MaAforika Borwa a gaetsho,
Gore naga ya Aforika Borwa e nne le maatla e tlhoka go nna le ikonomi e e tswelelang go gola.
Ikonomi ya naga ya rona e na le dingwaga di le 15 e ntse e gola ka bonya.
Dikgato tsotlhe tse re di tsayang ga jaana di tlhotlhelediwa ke kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola gore e tle e kgone go tlhola ditiro tse dingwe gape tse dintsi mmogo le go tlhola ditiro tsa maemo a a botoka.
Go dira gore Leano la Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP) le phetagadiwe, Kabinete e neseditse pula leano le le feletseng la go tsenya tirisong kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola.
Ka leano leno, re samagane le go dira gore tsosoloso ya ikonomi e boele sekeng ka go dira gore re nne le maemo a a tla tiisang mooko difeme gore di tle di beeletse mo nageng mme re dira seno ka go phetagatsa Leano la go Tsamaisa Tiro mo Mererong ya Ikonomi e Kgolo le le tlhamaletseng le le le sa okaokeng, go beeletsa mo mafaratlhatlha a a re tswelang mosola, go tla ka melawanataolo e e tlisang kgolo le kgaisanelo ya dimaraka, mmogo le go tla ka Pholisi e e tsepamisitseng mogopolo mo Diintasetering le e e tsepamisitseng mogopolo mo isagong.
Motheo wa leano leno o mo dipeeletsong, segolo mo mafaratlhatlha a setšhaba, mmogo le mo go godiseng makala a a tlhokang badiri ka bontsi a a nang le bokgoni jwa go tlisa kgolo mo isagong.
Makala ano a tsenyeletsa gape le dikgwebo tse di gwebang ka inthanete mmogo le dikgwebo tse di gwebang ka didirisiwa tse di sa kgotlheleng tikologo, e leng dikgwebo tse bašwa ba tla iponelang ditšhono tsa ditiro mo go tsona.
Mafaratlhatlha ga se fela go beeletsa mo meagong. Go kaya gape le go beeletsa mo go tlholeng ditiro, ditlhagisiwa le mo go tliseng kgolo ya ikonomi.
E setse e le dingwaga di le dintsi jaanong mo re bonang dipeeletso tse di tsetsepetseng di tsamaya di ntse di fokotsega. Jaanong re samagane le go fetola seemo seno.
Puso e itomile sesino mo go beeletseng mo setšhabeng matlole a feta R1 trilione mo dingwageng di feta di le tharo tse di tlang maikaelelo e le go aga le go tlhokomela mafaratlhatlha a setšhaba.
Se ke motlholo mo nageng ya rona. Se se tla tlisa diphetogo tse dikgolo.
Ka go dirisa Letlole la Mafaratlhatlha a Setšhaba mmogo le melawanataolo e mengwe e mentšhwa ya go dirisanammogo ga puso le makala a poraefete, re samagane le dikgato tsa go tla ka ditsela tse dintšhwa tsa go tlamela mafaratlhatlha ka matlole, go fokotsa matshosetsi le go ngokela babeeletsi gore ba kgone go sala morago diporojeke tsa motlakase, metsi, dipalangwa mmogo le tsa mafaratlhatlha a didirisiwa tsa thekenoloji.
Re thankgolotse letlole la naga ya rona la ntlha la mafaratlhatlha fa e sale leo ka lona re tla bokeletsang matlole a go aga mafaratlhatlha, mme re bone makgetlo a le mabedi batho ba bantsi go feta palo e e neng e lebeletswe ba ikwadisa go nna karolo ya letlole leno.
Gantsi dikgogakgogano tse di tleng di nne teng fa dithendara di tshwanetswe go tsenngwatirisong di a tle di diegisi tiro e e tshwanetseng go phetagadiwa.
Go thibela gore go se nne le tiego mo go phetagatseng diporojeke tse di botlhokwa, re tlile go bula dikgotlatshekelo tse di samaganang le dikgetse tse di itlhophileng tse di amanang le tsamaiso ya dikgwebo mme go tla nna le baatlhodi mmogo le mananeo a dikgotlatshekelo a a tla tobanang fela le dikgetse tse go nang le kgonagalo ya gore di ka ama bobe kgolo ya ikonomi le dikgato tsa tlhabololo mo setšhaba.
Mo ngwageng ono re tla simolola ka tiro ya go bula Setlamo sa Dithoto tsa Puso sa baitseanape ba dithoto se se tla dirang gore meago e le 88 000 mmogo le diheketara di le dimilione di le tlhano tse e leng dithoto tsa puso di feletse di le botlhokwa thata mo kgodisong ya ikonomi.
Ka go sola mosola letsholo la Operation Vulindlela, jaanong re samagane le go fetola maemo a ikonomi, go baakanya mafaratlhatlha a naga ya rona mmogo le go dira gore makala a naga ya rona a metsi, motlakase le tsamaiso ya dithoto a gaise a mangwe mo lefatsheng e bile gape a dire ka botswapelo.
Jaaka re fetile mo bothateng jwa motlakase o o neng o phela o tshabetse ruri, jaanong re samagane le go fetola thulaganyo ya naga ya rona ya metlakase gore re tle re kgone go nna le motlakase go ya bosakhutlhing.
Ikonomi ya naga ya rona e ne e tswelela e ntse e gola sebaka sa dingwaga di le masomesome e ntse e re tlamela ka motlakase o o sa bitseng madi a le mantsi.
Re ne ra senyeletswa ke ditiragalo tsa go goga puso ka nko, go tsamaisiwa ga setheo sa motlakase ka tsela e e sokameng, go se tlhokomele mafaratlhatlha ka tshwanelo mmogo le go oketsa matlole a go phetagatsa tiro ka madi a a boitshegang gonne ka ntlha ya tseno matlole a go reka motlakase mo dikgwebong le mo baaging a ne a tlhatlogela kwa godimo.
Jaanong ka ntlha ya diphetogo tse dikgolo tse re samaganeng le tsona mo lekaleng leno mmogo le metswedi e mentsi ya motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le o o fetlhiwang ka phefo, jaanong re tla kgona go busetsa kwa tlase ditlhwatlhwa tse re di duedisang tsa go reka le go rekisa motlakase.
Diphetogo tse di dirilweng mo melawanataolong e dirile gore re kgone go ngokela dipeeletso tse digolo tse dintsi tse di oketsegang mo lephateng la motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
Ka ngwaga wa 2030 motlakase o o tla bong o feta diphesente di le 40 o o tla tlamelang naga ya rona o tla bo o sa tlholo o bitsa madi a le mantsi jaaka o tla bo o fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa.
Jaanong re dira gore botlhe ba nne mo maemong a a lekalekanang, seno se tla dira gore le ka letsatsi la motlha re se iphitlhele re le mo mathateng a re kileng ra nna mo go ona a go nna le motlamedi a le mongwe fela wa motlakase yo ka nosi a nang le dithata tsotlhe tsa go re tlamela ka motlakase.
Re samagane le go rulaganya sešwa setheo sa Eskom mmogo le go tlhoma setheo se se ikemetseng sa puso se se tla samaganang le tlamelo ya motlakase.
Setheo seno se tla tlhokomela le go laola dithoto tsa tlamelo ya motlakase mmogo le go rwala maikarabelo a go tlamela mebaraka ya motlakase.
Jaaka diphetogo tseno di le botlhokwa mo go tliseng diphetogo ka botlalo mo lekaleng la metlakase, ke tlhomile setlhopha se se tla lebaganang le tiro eno se se tla nnang ka fa tlase ga NECC mme sona se tla samagana le dintlha tse dintsi tse di farologaneng tse di amanang le thulaganyo eno ya go fetola setheo, mme seno se tsenyeletsa gape le go tlhoma dinako tse di tlhamaletseng tsa gore dikgato tseo di tla tsenngwa leng le gore di tla tsenngwa jang tirisong. Komiti eno e tla boela mo go nna mo pakeng ya sebaka se se sa feteng dikgwedi di le tharo go mpaya mo dinakong.
Mo godimo ga seno, monongwaga re tlile go simolola ka porojeke ya ntlha ya diporojeke tsa setheo se se ikemetseng sa tlamelo ya motlakase go kgontsha dipeeletso go tswa mo lekaleng la poraefete go godisa diyuniti tsa tlamelo ya motlakase tsa naga ya rona.
Re tlile go sala morago bothata jwa ditheransefomara tse di thunyang tsa motlakase mo porofenseng e nngwe le e nngwe tse di imelwang ka ntlha ya go tlamela palo e e fetang selekano ka motlakase, ka ntlha ya batho ba ba ikgogelang motlakase le ka ntlha ya go bo di sa agega sentle mme maikemisetso ke gore fa ngwaga yo o tlang o goroga re bo re fedisitse dikgato tsa go sonaga motlakase ka go o fokotsa.
Re ikemiseditse go phetagatsa kgato e re samaganeng le yona eno gore re tle re kgone go dira gore tlamelo ya naga ya rona ya motlakase e nne sa segompieno.
Re setse re simolotse go fetola maemo a diterene le a mafelo a boemelakepe gore dikgwebo tse di leng ka fa nageng ya rona di kgone go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle ditlhagisiwa tsa naga ya rona.
Jaanong re buletse beng ba diterene ba ditlamo tsa poraefete go ka dirisa diporo tsa naga ya rona, mme seno se tla kgontsha ditlamo tse di farologaneng go gaisanela mebaraka le go rwala dithoto ka diterene go na le go di rwala ka dijanaga.
E tla re kwa bokhutlhong jwa monongwaga ra thankgolola tirisanommogo e kgolo magareng ga ditheo tsa puso le tsa poraefete mo mafelong a boemelakepe le boemelaterene ka go tsenya tirisong ditumelano tse di tla dirang bonnete jwa gore ditheo tsa puso di tswelela go nna mo diatleng tsa setšhaba fa ka fa letlhakoreng le lengwe re sola mosola kitso e e tseneletseng go tswa mo dipeeletsong tsa makala a poraefete.
Ka Sedimonthole 2025 re ne ra dumelana ka konteraka ya go dirisanammogo le setheo sa boditšhabatšhaba sa go laola mafelo a boemelakepe jwa pholosetso ya dithoto gore se thuse ka go tlhokomela Lefelo la go Rwala le go Folosetsa Materoko a Dithoto la Bobedi mo Boemelakepeng jwa kwa Durban, e leng lefelo le le golo go gaisa ka fa nageng ya rona.
Tirisanommogo eno e tla re tlela le dipeeletso tse dintšhwa tse di tla re rekelang didirisiwa le mafaratlhatlha mo mafelong a boemelakepe mme seno se tla busetsa boemelakepe jono mo maemong a bona a maemo a a kwa godimo mo lefatsheng.
e a tswelela ka dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa diterene tse di tsamayang ka lebelo le o ka reng di a fofa ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme tsona di tla tloga kwa Johannesburg tsa leba kwa Musina, mmogo le tse di tla tlogang kwa eThekwini go leba kwa Johannesburg.
Fa mo ngwageng yo o fetileng re ne re kopa ditlamo go re tlamela ka tshedimosetso go ne ga nna le ditlamo di ka nna 30 tse di tlhagisitseng gore di na le kgatlhegelo ya go ka nna le karolo mo lephateng la diterene tse di tsamayang ka lebelo le o ka reng di a fofa.
Re ipaakanyetsa go ntsha Kopo ya go Romela Ditshitsinyo, mme yona e tla thusa mo go direng gore re nne le diterene tse di yang kgakala ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Re itomile sesino gore le rona re batla go gaisana le ba bangwe mo ikonoming ya lefatshe e e fetogetseng ruri.
Pholisi ya naga ya rona ya diintaseteri e lebelane le dikarolo tseo re nang le bokgoni jwa go ka gaisana mo go tsona, tseo re ka tlholang ditiro mo go tsona le tseo mo go tsona re ka kgonang go oketsa ditlhagisiwa tse re di rekisetsang dinaga tsa kwa ntle.
Pholisi ya naga ya rona ya go gwebisana maitlhomo a yona ke go tsholetsa tlhabololo e e tsepameng, kgolo e e sa tekatekeng mmogo le go godisa botsalano jwa tirisanommogo jo re nang le bona le dinaga tsa boditšhabatšhaba.
Mo lefatsheng leo dinaga tse dintsi di lebelelang kwa dinageng tse dingwe gore ba bone tlamelo ka dithoto le ditirelo go tswa kwa dinageng ka mefutafuta, seno se naya naga ya rona tšhono ya go ka oketsa palo ya ditlhagisiwa tsa naga ya rona tse di rekisediwang dinaga tsa boditšhaba.
Ikonomi ya naga ya rona e na le mefuta e e farologaneng ya ditlhagisiwa le ditirelo, e na le mafelo a maemo a a kwa godimo a tlhagiso ya dikuno e bile gape re na le melao e e gagametseng.
Re gagamatsa maatla a naga ya rona a go kgona go fetola megopolo ya batho ka go buisana le bona mmogo le go atolosa maitlhomo a naga ya rona mo dinageng tsa kwa ntle gore re kgone go nna le ikonomi e e dirisanang le dinaga tse dingwe.
Le fa go na le matsapa a a seng kana ka sepe mo maemong a ikonomi mo lefatshe, re tswelela go ema nokeng diintaseteri tsa naga ya rona mo dikgwetlhong tse di tobaneng le tsona tse di di kgarameletsang kwa morago.
Re simolotse ka letsholo la go tsosolosa intasereri ya moepo wa khoroumo ya go dira masenke mmogo le go dira gore batho ba ba dirang ka masenke ba se felelwe ke ditiro, mmogo le mo lekaleng la dijanaga le makala a mangwe a a thapileng maAforika Borwa a le diketekete di le makgolokgolo a a nang le ditiro tse di nang le seriti.
Re dirisanammogo le dikgwebo le badiredi gore re kgone go thiba makoa a a tlisiwang ke ditiragalo tsa go oketsa tuelo ya lekgetho gore ditlhagisiwa tsa rona di kgone go rekisiwa kwa dinageng tse dingwe mme re samagane le dikgato tse dingwe tse di tla sireletsang ditlhagisiwa tsa rona le go godisa lephata la rona la tlhagiso ya dikuno.
Fa re tswelela go sireletsa ditiro mo diintasetering tse di leng mo tlalelong, ka fa letlhakoreng le lengwe re samagane le makala a a tlisang kgolo mo isagong.
Re itse sentle gore re ka kgona go tlhola dimilionemilione tsa ditiro tse di nang le boleng mo makaleng a a jaaka la temothuo, la meepo, le le tlamelang ka ditirelo mmogo le la ditlhagisiwa tse di sa phutlhamiseng tlhago.
Tseno ke dikarolo tse re itseng gore re ka nna le seabe se segolo mo go tsona. Ke dikarolo tse re ka kgonang go di goga kwa pele mo go tsona. Lekala la naga ya rona la temothuo le golela ka bonako.
Fa re bua jaana re mo maemong a bobedi a dinaga tse di rekisetsang lefatshe ka bophara maungo a dinamune.
Jaanong re samagane le go oketsa palo ya dimaraka tse re ka di rekisetsang ditlhagisiwa tsa ka fa nageng go tloga ka dinamune le di-abakhado go fitlha ka mmidi, leruo, maungo a merara mmogo le bojalwa jwa merara.
Ka go sola mosola Dithuso tse di Farologaneng tsa Matlole, le go dirisana mmogo le Banka e e Thusang Balemi ba Mafatshe ka fa Nageng mmogo le dinaka tsa matlole, re kgonne go tlamela balemirui ba bathobantsho ba ba tlhagisang dijo ka matlole a ka nna dibilione di le R7.8.
Re tlile go romela Batlhankedi ba Dithulaganyo tsa go Atolosa Nako gore ba ye go thusana le balemirui gore tlhagiso ya dikuno e tlhatloge. Seno se tla neela bašwa ditšhono di le dintsi tsa ditiro gore ba tle ba dire mo lekaleng la temothuo.
Le fa lekala lotlhe la naga ya rona la temothuo le tsamaya sentle, intaseteri ya temothuo yona e aparetswe ke leru le lentsho gompieno jaaka go runtse bolwetse jwa metlhape (FMD) jo bo iseng bo ke bo runye mo intasetering eno ka fa nageng ya rona.
Bolwetse joo bo phuaganya ikonomi ya naga ya rona, seno se dira gore ditlhagisiwa tsa naga ya rona di ilediwe go tsena ka melelwane ya dinaga tse dingwe tse di rekang mo go rona, go emisiwe go gwebisana le naga ya rona mmogo le go latlhegelwa ke leruo le le ntsi mo go boitshegang.
Re tsere tshwetso ya go tlhabela ente leruo la naga la dikgomo di ka nna dimilione di le 14. Seno se raya gore re tla tlhoka diente di feta di le dimilione di le 28 mo dikgweding di le 12 tse di tlang.
Puso ke yona e e tla rekang diente tseno le go nna yona kanosi e e abelanang ka diente gore re tle re kgone go nna le ente e e siametseng bogale jwa bolwetse jono jo bo weleng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Re tla dirisana mmogo le lephata la poraefete gore re kgone go oketsa lenaneo la go tlamela setšhaba ka ente ebile mme se se botlhokwa go gaisa ke gore re tla dira bonnete jwa gore balemirui ba bagwebi, ba ba ithuetseng leruo la bona mmogo le ba ba ruileng mo metseng ba tlamelwa ka diente tseno ntle le go ba senyetsa nako.
Ke tlhomile setlhopha se se tla samaganang le tiro eno mme sona se na le baemedi ba mekgatlho ya balemirui mmogo le baitseanape, mme bona ba tla dirisanammogo le Tona ya Merero ya Temothuo mmogo le lefapha la gagwe, mme kgwedi e nngwe le e nngwe setlhopha seno se tla mpegela gore ke eng se se setseng se dirilwe mo go rarabololeng bothata jono.
Re tsentse bolwetse jwa metlhape mo lenaaneng la ditiragalo tsa masetlapelo mme re tlile go bokeletsa dithata tsotlhe tse puso e nang le tsona go rarabolola bothata jono.
Lekala la naga ya rona, go simolola ka la didirisiwa tsa thekenoloji go feleletsa ka la ditirelo tsa matlole, a tsweletse go gola.
Ditheo tsa naga ya rona tsa matlole di balelwa mo go tse di dirang tiro e e tswileng diatla mo lefatsheng e bile di kgona go gaisana le tse dingwe mo kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara.
Re ngokela dipeeletso tse dikgolo mo lephateng la mafaratlhatlha a didirisiwa tsa thekenoloji, mo go setsweng go agilwe mafelo a magolo a le 55 a polokelo ya tshedimosetso mo gape go solofetsweng gore mo dingwageng di le tharo tse di tlang go tla thologela dipeeletso tsa matlole a feta dibilione di le R50.
Lephata la bojanala le botlhokwa thata mo go godiseng ikonomi, go gorogeng ga bojanala ba ba tswang kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba ba le 13 go thusa go somarela tiro ya motho a le mongwe ka fa nageng.
Lekala la naga ya rona la bojanala mo ngwageng yo o fetileng le dirile metlholo, le nnile le baeng ba feta dimilione di le 10.5 ba ba gorogileng ka fa nageng.
Jaanong re tshwanetse go tsholetsa ditso tsa rona, mafelo a a buang ka hisetori ya naga ya rona mmogo le mafelo a a ngokelang a tlhago a naga ya rona e leng tse di sa tshwaneng le tsa ba bangwe mo lefatsheng go bontsha lefatshe gore naga ya rona e jang.
Seno se ka tsenyeletsa go nna le mekete ya go bogela badiragatsi ba mmino wa setso, go betla dibetlwa tsa setso, mafelo a a buang ka hisetori ya naga ya rona mmogo le mafelo a tlhago a a leng teng goralala le naga ya rona mmogo le a a leng kwa metseselegaeng ya naga ya rona.
Jaaka re tswelela go gagamatsa ditheo tsa twantsho ya botlhokotsebe tsa naga ya rona, re tlile go dira gore mafeloa a naga ya rona a nne a a bolokesegileng a a tla tlhotlheletsang bajanala go tswelela go jela naga ya rona nala.
Mo ngwageng yo o tlang, re tlile go oketsa mafelo a a dirisang Thekenoloji ya Thulaganyo e e Laolang Motsamao wa Batho gore badirisi botlhe ba ba tswang kwa dinageng tse di tlhokaang go tlhatlhela dikopo tsa go rebolelwa di-visa ba kgone go dirisa thekenoloji eno, e leng selo se se tla thusang bajanala bao ba tsenyang dikopo gore dikopo tsa bona di tsibogelwe mo sebakanyaneng se se sa feteng diura di le 24.
Tšhono e kgolo go di gaisa tsotlhe e mo ikonoming ya tshomarelo ya tlhago. Re kgarameletsa ikonomi ya rona mo karolong eo e tla dirang gore e kgone go nna e nngwe ya dinaga tse di tla di gogang kwa pele fa go tla mo ditlhagisiweng tseo lefatshe le tlileng go di tlhoka mo dingwageng di le masomesome tse di tlang.
Re samagane le go godisa kemonokeng e re tlileng go e tlhoka gore re kgone go ka nna batlhagisi ba dikuno tse di somarelang tlhago gore re kgone go di rekisetsa dinaga tsa lefatshe, go simolola ka manyora, leokwane la difofane, di khemikhale go feleletsa ka lesenke.
Go simolola ka Mopitlwe monongwaga, re tlile go tsenya tirisong dikgato tsa go fokoletsa babeeletsi ba dijanaga tse dintšhwa tse di dirisang motlakase lekgetho ka diphesente di le 150%, ffa ka fa letlhakoreng le lengwe re tlile go ema nokeng batlhagisi ba dibeteri ba ka fa nageng ya rona.
Maikano a go beeletsa a a dirilweng ke dinaga tsa boditšhabatšhaba a Leano la go Beeletsa mo Phetogong ya Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo (JET-IP) jaanong a balelwa mo go dibilione di ka nna R250. Dipeeletso tseno di tla tlamela ka matlole ditiro tse dikgolo tsa tlhagiso ya dikuno, kago ya mafaratlhatlha mmogo le tlhatlhelelo ka bokgoni.
Naga ya Aforika Borwa e na le tse dingwe tsa dirašwa tse dintsi tse di botlhokwa thata mo lefatsheng.
Dirašwa tse naga ya rona e nang le tsona tsa tshipi boleng jwa teng bo balelwa mo go ditirilione di le R40, seno se raya gore meepo ke intaseteri e e tlileng go re ntsha mo tshokolong.
Morago ga gore go fete dingwaga di le dintsi dipeeletso tsa go phuruphutsa kgonagalo ya go tlhama meepo di fokotsega, jaanong re tlile go beela kwa thoko matlole a a tla dirisediwang go nopola le go batlisisa kgonagalo ya go tlhama meepo mo mafelong a a nopotsweng ao e leng selo se se tlileng go dira gore re kgone go sola mosola dirašwa tsa naga ya rona.
Mo bekeng eno e le esi fela, Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC) e tsibositse gore e tlile go btlamela ka matlole a feta dimilione di le R300 Porojeke ya Dirašwa tse di sa Tlalang mo Lefatsheng ya Setlamo sa Frontier kwa porofenseng ya Kapa Bokone.
Se se na le kgonagalo e kgolo ya go ka nna setlamo se sentšhwa se se tlhagisang se le esi mo lefatsheng go ka di goga kwa pele mo go tlameleng lefatshe ka dirašwa tse di sa bitseng madi a a boitshegang tse di tlhokagalang mo go direng megala ya seatla ya maemo a thekenoloji e e kwa godimo, dibeteri tsa lithiamo mmogo le ditlhagisiwa tse dingwe tse dintsi.
Tshepo e e tletseng mo bokamosong jwa naga ya Aforika Borwa fa go tla mo lephateng la meepo e iponagaditse mo Kopanong e Kgolo ya Beng ba Meepo mo Nageng ya Aforika e e neng e tshwaretswe fano mo Motsekapa mo bekeng yona eno.
Go bulwa meepo e mentšhwa ya gauta, ya koporo, ya dirašwa tse di sa tlalang mo lefatsheng, ya polatinamo mmogo le ya malatlha.
Kwa Kopanong ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20 ngogola ka kgwedi ya Ngwanaitseele, dinaga tsa G20 di ne tsa dumelana le tshitshinyo e re e dirileng ya gore re batla go godisa melemo e re iponelang yona mo dirašweng tse di botlhokwa tse di tswang ka fa nageng le gore re batla go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle ditlhagisiwa le dirašwa tse di setseng di feditswe go apeiwa.
Mo pakeng ya ntlha ya dingwaga di le tlhano tsa go tshwarwa ga Dikhonferense tsa Dipeeletso mo Nageng ya Aforika Borwa, re kgonne go ka bokeletsa ditsholofetso tsa go beeletsa tse di balelwang mo matloleng a le kanaka tirilione e le R1.5.
Go fitlha ga jaanong, ke matlole a feta dibilione di le R600 a a setseng a tsentswe mo porojekeng eno. Ngwaga o mongwe le o mongwe go bulwa difeme tse dintšhwa, meepo mmogo le mafelo a mangwe.
Jaanong re ipeetse maemo a gore re tlile go bokeletsa matlole a mantšhwa a dipeeletso a le kanaka ditirilione di le R2 mo sebakeng sa dingwaga di le tlhano tse di tlang.
Ka jalo re fela pelo gore la bo 31 Mopitlwe 2025 e goroga neng gore re tle re tshware Khonferense ya borataro ya Dipeeletso ya Naga ya Aforika Borwa.
Gore re kgone go aga ikonomi e e neelang botlhe ditšhono, re tlile go boela re thusana le bao ba tlholelang ba bangwe ditšhono.
Fa kgwebo e nngwe le e nngwe e e potlana le e kgolwane tse di leng ka fa nageng ya Aforika Borwa e ka thapa motho a le mongwe mo godimo ga bao di ba thapileng, kwa bofelong re ka ipona re kgonne go tlhola ditiro tse dintšhwa di le dimilione di le tharo; ka bomadimabe, bontsi jwa dikgwebo tseno, tseo bontsi jwa tsona bo laolwang ke batho ba bomme le bašwa, ga di tlamelwe ka matlole gore di kgone go simolola kgotsa di kgone go gola. Bontsi jwa tsona bo sokolela go rekisetsa mebaraka ya tsona ditlhagisiwa le ditirelo tse di abelanang ka tsona.
Go batla e ka nna dikgwebopotlana le ledikgwebo tse dikgolwane tsotlhe tse di gapeletsegang go latela melawanataolo e mentsi, melao ya mebasepala, melao ya go rebolelwa dilaesense mmogo le dithulaganyo tsotlhe tse di yang lolololo tse go tshwanetsweng go di obamela.
Re tsaya tsia tsiboso e e tswang mo setšhabeng e e ka ga Molaotlhomo o o kwalolotsweng sešwa wa Makwalo a Dilaesense tsa Dikgwebo mme re tla dira bonnete jwa gore Molaotlhomo o o tlileng go garelwa o tlhagisa tsiboso eno ka go dira gore go nne botlhofo, e seng go dira gore go nne bokete, go simolola le go tsamaisa kgwebo ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Mo ngwageng ono, re tlile go tlamelana ka matlole a feta dibilione di le R2.5 go dikgwebopotlana le tse dikgolwane di feta di le 180 000, mmogo le go dira boikano jwa go ema nokeng matlole a le kana ka bilione e le nngwe a a emetseng go thusa bao ba tlhokang go tsaya dikoloto.
Jaaka e le setlwaedi re tla tsepamisa mogopolo gape le mo dikgwebong tse di gogwang kwa pele ke batho ba bomme le tseo di gogwang kwa pele ke bašwa gore re kgone go ba matlafatsa.
Re tlile go kwalola melawanataolo ya Molao wa Naga o o ka ga Dikoloto gore go tle go nne bonolo gore batho ba kgone go adima le go duelela dinamane tse e seng tse dintsi go le kalo.
Ikonomi ya naga ya rona e tshwanetse go fetoga gore re kgone go nna le kgolo e e sa phutlhameng, re fokotse maemo a setšhaba sa rona a go se lekalekane le go baakanya ditlamorago tsa ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng tsa go se lekane re se meno.
Re samagane le go tsaya dikgato tsa go sekaseka, go lepalepanya sešwa le go gagamatsa leano la go tsamaisa tiro la Matlafatso ya Bathobantsho ka Bophara mo Mererong ya Ikonomi go netefatsa gore di ema nokeng megato ya kgolo ka botlalo ya ikonomi mmogo le ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola.
Dikgato tsotlhe tseno di tlile go dira gore re nne le ikonomi e e nang le maatla mmogo le go baakanya metheo e e neng e phuagantswe.
Ke bothata jo bo jang setšhaba sa naga ya rona jwa gore maAforika Borwa ka bontsi ba santse ba sena ditiro le gore fa e le bašwa bona ba goga boima go ka iponela tiro ya bona ya ntlha fela.
Ke ka ntlha ya seno re tsosolosang ikonomi, re tlhola ditiro le ditsela tse batho ba ka iphedisang ka tsona tse dintsi ka go dirisa matsholo a go thapa baagi mo ditheong tsa tirelopuso le tsa tirelosetšhaba.
Kwa mafelong a a jaaka la kwa Standerton kwa porofenseng ya Mpumalanga, Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente le samagane le go tlhola ditiro tse di mosola mo bathong, le fetola mafelo a go neng go latlhelwa ditlakala mo go ona mme le a fetolela go nna mafelo a boitapoloso, mmogo le go fetola mafelo a bodulo a a sa tlholeng a na le beng ba ona go dirisediwa go nna masimo a setšhaba.
Serala sa Bašwa ba Naga ya Aforika Borwa ke la ntlha se thusa go batlela dimilionemilione tsa bašwa ditiro le ditšhono tsa go ya sekolong.
Setheo sa Ditirelo tsa go Thapiwa ga Bašwa (YES), ka go dirisana mmogo le ditheo tsa bagwebi le tsa puso, se kgonne go batlela bašwa ba le 200 000 ditšhono tsa go thapiwa mo maemong a go ithutela tiro sebaka sa ngwaga otlhe.
Monongwaga, re tlile go kwalola sešwa melawanataolo e leng selo se se tlileng go nolofatsa gore go nne bonolo mo letsholong la YES le go tlholela bašwa ditiro.
Mo ngwageng yo o tlang, re tlile go atolosa matsholo a naga ya rona a go tswa setšhaba thuso a a tshwanang le la CWP, EPWP mmogo le Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente.
Re tlile go dira bonnete jwa gore a tsamaisiwa ka tshwanelo gore a kgone go ba tlamela ka megolo, go ba tlhatlheleka ka kitso le bokgoni mmogo le ka ditsela tse di tla dirang gore ba thapiwe mo meberekong e e nang le paka e telele ya go iponela tiro, segolobogolo mo bathong ba bomme le mo bašweng.
Go dira bonnete jwa gore ga go ope yo re mo tlogelang kwa morago, re samagane le go tsenya tirisong ditshwetso tse di tlileng go dira gore re kgone go tsenya magora a go dira gore go nne le dipalo tse re batlang go di bona mo bathong ba ba thapilweng ba ba tshelang ka bogolofadi mme mo ditheong tsa Tirelo ya Setšhaba ba tshwanetse go dira diphesente di le 7 fa ngwaga wa 2030 o goroga, mmogo le go dira gore e nne segapeletsa gore diphesente tseno di le 7 di nne teng le mo dithendareng tsotlhe tsa puso le tsa ditheo tsa tirelo ya setšhaba.
Go di feta tsotlhe, ikonomi e e nang le maatla ke e e ikokotletseng ka setšhaba sa yona se se rutegileng, se se nang le kitso le bokgoni. Jaanong re tsepamisitse mogopolo mo go tlhomeng motheo yo o tsetsepetseng wa go isa bana sekolong ba santse ba le ba bannye.
Re samagane le go oketsa dipalo tsa bana ba ba tshwanetseng go bo ba tsena dikolo tsa bomapimpana (ECD) mme re dira seno ka go kwadisa ka bontsi dikolo tsa bomapimpana ka letsholo la go kwadisa la Bana Pele mmogo le ka go oketsa matlole a go thusa barutwana ba dikolo tsa bomapimpana. Ka go dira gore Mophato wa R e nne segapeletsa sa gore ngwana yo mongwe le yo mongwe a o dire, re tla dira gore bana botlhe ba nne le motheo o o semeletseng go ka simolola matshelo a bona.
Re samagane le dikgato tsa go baakanya ditheo tsa thuto ya motheo, re tsepamisitse mogopolo mo dikolong tsa bomapimpana, mo go ithuteng go buisa le go kwala mmogo le mo go ithuteng go bala dipalo, mmogo le mo go ithuteng go dirisa puo ya kwa lapeng le go dirisa dipuo di le pedi mo dithutong tsa bona.
Re akgola Barutwana ba Materiki ba ngwaga wa 2025, ba diphesente di le 88 tsa bona di falotseng.
Fa e sale naga ya rona e nna teng palo eno ya barutwana ba ba falotseng ke la ntlha re nna le yona ka fa nageng, mme seno se bontsha bobedi matsapa a barutwana ba a dirileng mmogo le dikgato tse re di tsereng go dira gore maemo a go ruta le go ithuta kwa dikolong e nne a a edileng.
Jaaka re samagana le dipalo tse di kwa godimo tsa barutwana ba ba falotseng materiki, re tshwanetse gape re samagane le bothata jwa barutwana ba ba tlogelang sekolo ka bontsi mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng. Barutwana ba le bantsi ba tshwanetse go nna le matshwanedi a gore ba kgone go kwala ditlhatlhobo tsa bona tsa materiki mmogo le go itlhophela go rutiwa mo dirutweng tse di jaaka tsa dipalo le tsa disaense, e leng selo se se tlileng go ba kgontsha gore ba tswele pele mo botshelong.
Go kgontsha bašwa gompieno gore ba kgone go fetola setšhaba sa rona le gore ba kgone go dira bonnete jwa gore isago ya rona ga e tekateke, re samagane le go dira bonnete jwa gore re tlhatlhela setšhaba ka bokgoni jo bontšhwa jo bo tla tsenang mo ditlhakong tsa jwa kgale.
Re samagane le go kgaotsa dithulaganyo tsa kgale tsa go tlhatlhelela setšhaba ka bokgoni mme re samagane le gore mo legatong la jona go phetagadiwe tlhatlhelelo ya kitso le bokgoni e e tsamaisanang le gore ka nako e batho ba ithutang ba boele ba isiwe le kwa mafelong a tiro gore ba ye go bokeletsa le maitemogelo a go dira tiro ya seo ba ithutelang sona.
Re tlile go fetola le go fokotsa dipalo tse dintsintsi tsa Ditheo tsa Thuto le Tlhatlhelelo ka Bokgoni (di-SETA) ka maitlhomo a go tokafatsa tsamaiso ya tsona, go gagamatsa seabe se di nang le sona mo diintasetering tsa tsona, go tokafatsa maemo a boleng a tlhatlhelelo e di abelanang ka yona mmogo le go lepalepanya ka tolamo tlhatlhelelo ya bokgoni gore e kgone go tsamaisana le kitso le bokgoni tseo di tlhokagalang mo ikonoming ya naga ya rona.
Seno se raya gore re tshwanetse re tokafatse dikholeje tsa Katiso le Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET) gore e nne tsona mafelo a ntlha a go katisetsa batho go ipaakanyetsa go tseno mo tirong le go tlhatlhelelwa ka kitso ya tiro ya diatla.
Go ema nokeng ditiragalo tsa go bokeletsa maitemogelo mo mafelong a kwa tirong, re tlile go oketsa matlole a tlhatlhelelo ka bokgoni a bathapi ba a unngwelang, mme seno se tla thusa gore seno se busetsa ditiragalo tseno mo maemong a tsona a ntlha a go ema mo maemong a diphesente di le 40.
Re tlile gape le go fetola Letlole la Naga la Tlamelo ka Bokgoni gore le dire ka matlhagatlhaga, le samagane le go fitlhelela dipeelo tse e di beetsweng tse di tlhomaganeng le go ema nokeng bašwa ba ba senang ditiro gore ba kgone go iponela maitemogelo kwa mafelong a ditiro mmogo le go iponela ditiro, go sola mosola dilo tse re atlegileng thata mo go tsona, tse di jaaka go tlhatlosa dipalopalo tsa go oketsa dipalopalo tsa ditiro, ka go di dirisa go fitlhelela dilo tse dingwe gape tse re tla atlegang mo go tsona.
Diphetogo tseno di tla dira bonnete jwa gore matsholo a a farologaneng mo pusong a bulela ditšhono tse dingwe gape tse dintsi go na le gore go felele jalo.
Gore re kgone go tsaya bašwa botlhe ba ba falotseng materiki, re tlile go atolosa ditšhono tse di tla kgontshang bašwa go ithutelapele mo ditheong tsa thuto e e kgolo.
Ke laetse Tona ya Matlole mmogo le ya Ditheo tsa Thuto e Kgolwane go kwala lekwalotshitshinyo la gore ke eng se ba tlileng go se dira mo go oketseng palo ya diyunibesiti le ya dikholeje tsa di-TVET tse di tla rutang dithuto tse di rileng tse di itlhophileng.
E nngwe ya dikgwetlho tse dikgolo mo lephateng la naga ya rona la dikolo tsa dithuto tse dikgolwane ke go tlhaela ga mafelo a borobalo. Ke laetse Tona ya Ditheo tsa Thuto e Kgolwane go rarabolola bothata jono, go dirisana le ditheo tsa merero ya matlole gore ba ka dirisana jang le puso go tla ka ditsela tse dintšhwa tsa go thusa puso gore e kgone go tlamela baithuti ka madulo.
Gore naga ya Aforika Borwa e nne naga e e nang le maatla e tshwanetse go ikokotlela ka ditšhaba tsa yona tse le tsona di nang le maatla, mme e bile gape ditšhaba tse di nang le maatla ke tseo di itseng go itlhokomelela bana ba tsona.
Palo e e ka dirang halofo ya bana botlhe ka fa nageng ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano ba bopame, seno se ba baya mo kotsing e kgolo ya go ka fetelwa ke malwetse mmogo le go dira gore ba palelwe ke go ithuta sentle le go gola ka tshwanelo. Selo sa mothale ono se kotsi thata mo baneng le mo malapeng a bona e bile se na le seabe se se sa itumediseng mo setšhabeng sa rona sotlhe.
Monongwaga re tlile go samagana le dikgato tsa go fedisa go bopama ga bana fa ngwaga wa 2030 o goroga mmogo le go lwantshana le go se je dijo tse di nang le dikotla ka tshwanelo ga bana, e leng se se tsamaisanang le Leano la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa Tlhokomelo ya Bana.
Re tlile go simolola ka go tsepamisa mogopolo mo letsholong la matsatsi a ntlha a le 1 000 a go tlhokomela matshelo a bana.
Ka go sola mosola matsholo a re setseng re ntse re na le ona a a jaaka la Madi a Puso a go Thusa go Godisa Bana, re tla kgona go phethagatsa dikgatharabololo tse re batlang go di fitlhelela gore re kgone go thusa basadi ba ba leng mo mmeleng mmogo le masea a a belegwang ba na le mebele e mennye gore ba kgone go neelwa diagamebele le dikotla tse mebele ya bona e di tlhokang.
Jono ke bothata jo bogolo jo bo tlhokang go disiwa ka leitlho le le ntšhotšho le go tlamelwa ka dilo tse di tlhokagalang. Puo ya Pholisi ya Maano a go Rulaganyetsa Tiriso ya Matlole mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTBPS) e tla tlamelana ka matlole a a tlhamaletseng a a tla tlhokagalang gore re kgone go phetagatsa tiro eno.
Seabe sa phiri ke gore se sengwe sa dilo tse di gakatsang go bopama ga bana ke go itshiela go feta selekano ga notagi, jaka seno se na le bokgoni jwa go ka ama kgolo ya bana fa bomme ba bona ba itshiela ba santse ba le mo mmeleng.
Go itshiela go feta selekano go feletsa go dira gore batho ba feletse ba lwa, ba bakile gore go nne le dikotsi mmogo le go dira ditiragalo tsa botlhokotsebe.
Go rarabolola bothata jono, re ikuela mo mebusong ya diporofense gore e gagamatse melawanataolo ya yona ya notagi ka go fokotsa seelo se se fetang selekano sa dinotagi tse ba nang le tsona mo diporofenseng tsa bona, ba fokotse diura tsa go letlelela mafelo a dinotagi go gweba mmogo le go fedisa ditiragalo tsa thekiso ya dinotagi ka mabotlolo a magolo.
Re le puso ya naga, re dirile ditshitshinyo tsa dikgato tse di ka tsewang go fokotsa tiriso e e fetang selekano ya dinotagi, tsona di tsenyeletsa le tse di mabapi le go tlhatlosa ditlhwatlhwa tsa dinotagi kgotsa go oketsa tuelo ya lekgetho la dithoto mmogo le go iletsa ka bontsi dipapatso tsa go bapatsa dinotagi, mme mo ntlheng eno re samagane le go batla maikutlo a beng ba dikgwebo tsa notagi le bao notagi e amang matshelo a bona.
Fa e sale e tsenngwa tirisong mo pakeng ya COVID-19, Mogolo wa go inola batho mo tshotlegong (SRD)o tswetse dimilionemilione tsa maAforika Borwa mosola ka go fokotsa tshokolo gore ba se bolawe ke tlala.
Mo go phetagatseng letsholo leno jaaka sebetsa sa go fetola matshelo a batho ba ba sa itsholelang mmogo le bao ba leng mo tlalelong, re tlile go tswelela go rebola megolo eno ya go thusa setšhaba.
Monongwaga re tlile go fetola megolo eno gore e kgone go thusa thata batho gore ba kgone go iphedisa ka yona, ba kgone go e dirisa go itlhatlhelela ka bokgoni, go iponela ditšhono tsa ditiro le go kgona go nna le seabe se se botlhokwa mo botshelo.
Re a itse gore madi a le mantsi a a duelelwang ke megolo ya go thusa setšhaba beng ba ona ba a dirisa go reka dijo le go duelela dipalangwa. Mo diteropong le mo diteropong tse dikgolo tsa ka fa nageng ya rona batho ba le bantsi ba nna kgakala le ditirelo le mafelo ao ba direlang mo go ona.
Re samagane le go rulaganya sešwa diteropo tsa naga ya rona tse dikgolo mmogo le go fokotsa dituediso tsa go ithekela ditlhokwa tse batho ba phelang ka tsona mo malapeng a badiri mme re dira sen ka go atolosa matsholo a go aga dintlo tse di rekegang mmogo le go tsosolosa diterene tsa banamedi.
Re tsenya tirisong mokgwa o mošwa wa ditirelo tsa dintlo, mo batho ba tlileng go thusiwa ka dithuso tsa go ithekela dintlo le tsa go kgona go renta mo mafelong ao a leng mosolo mo go bona.
Re tswa mo letsholong la go agela batho dintlo mme re simolola ka letsholo la go ba thusa gore ba kgone go ikagela, ba kgone go ithekela kgotsa ba kgone go renta.
Maabane lefelo la District Six le ne le fetsa ngwaga wa bo 60 e le Lefelo le go seleng ga tswa taelo ya gore le tlile go amogwa merafe e mengwe e e neng e nna mo go lona mme le tlile go Tlhomiwa gore le abelwe ke Batho ba Basweu fela.
Dimitara di le makgolo a le mmalwa go tloga mo re leng gone fa, baagi ba feta ba le 60 000 ba ne ba ntshiwa ka kgang mo ba neng ba nna gone mme ba latlhelwa kwa lefelong la Cape Flats.
Ditiragalo tsa go phuaganngwa ga District Six ke segopotso se se rothisang kgodu e khibidu se se re gopotsang gore re na le maikarabelo a go baakanya ditshenyegelo tse di dirilweng mo matshelong a batho ka ntlha ya ditiragalo tse di setlhogo tse di dirilweng mo nakong e e fetileng mme re age metse e e nang le botshelo e e ipopileng seopo sengwe.
Tlhatlhelo ya pusetso ya lefatshe e e saleng e tlhatlhelwa mo ngwageng wa 1998 e totobaditse tshwanelo ya molao eo baagi ba lefelo leo mmogo le ditlogolo le ditlogolwana tsa bona ba nang le yona ya go ka busediwa kwa lefatsheng la bona. Ditiragalo tseno tsa go busediwa mo lefatsheng la bona di tlhoka go enngwa nokeng ka ditaelo tsa kgotlatshekelo, ka maano a a tseneletseng mmogo le dipeeletso tsa puso mo setšhabeng.
Ke malapa a le mantsi a a setseng a feditswe go agiwa le a a neilweng beng ba ona ba go totobaditsweng boammaruri jwa bona. Jaaka tiro eno e abetswe matlole a le kanaka dimilione di le R500, re tlile go tswelela ka Kgato ya bo 4 ya letsholo leno la kago. Go busediwa sekeng ga District Six ke selo se rotlhe re batlang go se bona se phetagadiwa e bile ke maikarabelo a re tshwanetseng go a rwala mo magetleng a rona rotlhe.
Re samagane le go aga setšhaba se se tshelang ka boitekanelo.
Jaaka e le karolo ya go ithulaganyetsa Inšorense ya Tlhokomelo ya Boitekanelo jwa Setšhaba (NHI), re samagane le go beeletsa mo go ageng le mo go tlhabololeng mafelo a bookelo, go oketsa palo ya batlhankedi le go tokafatsa dithulaganyo tsa maikelo gore go se nne boima go fitlhelela ditirelo tsa kalafo tsa maemo a a kwa godimo.
Re tlile go phethagatsa dipeeletso tse dikgolo mo mafaratlhatlheng a maokelo, re tlile go simolola pele ka go aga le go tsosolosa dipetlele tsa dithuto tsa bongaka. Maloba fa ke ne ke etetse Sepetlele sa George Mukhari kwa Ga-Rankuwa, ke iponetse ka matlho a me maemo a a swabisang a meago le mafaratlhatlha a boitekanelo a a gogobang ka mpa.
Go simolola ka Sepetlele sa George Mukhari, re tlile go dirisana le ditheo tse di farologaneng tsa puso le tsa poraefete gore re kgone go nna le matlole a re ka a dirisang gore re kgone go aga le go tsosolosa maokelo a poraefete.
Re le naga, jaanong re ipona re setse re fitlheletse maemo a go nna naga e e sa tlholeng e na le bolwetse jwa AIDS.
Mo go dikeng Mogare wa Lebolelateng o o Koafatsang Masole a Mmele wa Motho (HIV), mo godimo ga matsholo a re ntseng re a phetagatsa ka fa nageng a go thibela le a kwa bofelong a tla feletsang a fedisitse bolwetse jono, re tlile go rebola letsholo le lengwe gape la ente ya Lenacapavir, e leng ente e e tlhabelwang gangwe mo dikgweding di le thataro mme yona go na le bopaki jwa gore e kgona go thibela tshwaetsano le tshwaetsego ya HIV.
Re saagane gape le go fedisa bolwetse jwa kankere ya molongwana wa popelo ka fa nageng ya rona ka go kopa setšhaba gore se dire bonnete jwa gore bana ba basetsanyana ba ba nang le dingwaga di le 9 go fitlha go di le 15 ba isiwe maokelong go tlhabelwa ente ya kankere ya molongwana wa popelo e bong ente ya HPV.
Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra tlhalosa fa ditiragalo tsa tirisodikgoka e e totileng batho ba bong jo bo rileng (GBV) e le jo bongwe jwa mathata a masetlapelo ka fa nageng.
Ka go baya bothata jono mo maemong ano, re kgona go rulaganya le go tsibogela ka tshwanelo bothata jono mmogo le go tsaya dikgato tse di mosola le go gaisa.
Mo go phetagatseng dikarolo tsa Leano la Naga la go Loga Maano mo Mererong ya go Lwantshana le go Bogisiwa le go Bolawa ga Basadi, re tlile go tshwarisana tiro eno le makala otlhe mo setšhabeng go phetagatsa matsholo a ditlhaeletsano le a go dira gore setšhaba se tshwaragane mo go thulaneng le mekgwa e e tswileng mo tseleng e e phuaganyang setšhaba sa rona.
Re tlile go tswelela go ema batho ba bomme nokeng mo mererong ya go matlafatsa basadi mo ikonoming mme re tla dira seno ka go ba tlhatlhelela ka kitso le bokgoni, go ba tlamela ka matlole le go ba baya kwa pele mo bathong ba ba tshwanetseng go amogela ditšhono mo dithendareng.
Re tlile go gagamatsa dikgato tsa go tsenya molao tirong ka go direla dipatlisiso ka bonako, go tlhabolola dithulaganyo tsa go tsamaisa dikgetse tsa melato, go oketsa palo ya dikgotlatshekelo tse go sekelwang melato ya thobalano mmogo le gore re kgone go tseela dikgato bao ba tlolang molao lekgetlo le lengwe gape.
Re tlile go oketsa palo ya mafelo a a thusanang le batswasetlhabelo, go dira bonnete jwa gore ba kgona go fitlhelela mafelo a ba ka itshubang mo go ona, mafelo a ba fitlhelelang ditirelo tsotlhe tse ba di tlhokang tsa thuso mo lefelong le le esi, go phetagatsa matsholo a a latelelang batho kwa mafelong a ba nnang mo go ona le kwa metseselegaeng mmogo le go dira bonnete jwa gore mo seteišeneng se sengwe le se sengwe sa sepodisi go na le kantoro ya batlhankedi ba ba dirang ka tsa go thoba maikutlo.
Batho ba ba tsenang ka fa nageng ka mekgwa e e seng mo molaong ba baya mo kotsing maemo a naga ya rona fa go tla mo pabalelong ya yona, fa go tla mo taolegong ya yona mmogo le fa go tla mo go direng gore ikonomi ya yona e tswelelepele.
Bothata jo re tlile go samagana le bona mme gape re tlile go netefatsa gore ditshwanelo tsotlhe tsa batho ba ba leng ka fa nageng di a tlotlomadiwa le go sirelediwa.
Monongwaga re tlile go tsaya dikgato tse dingwe gape go sireletsa melelwane ya naga ya rona.Re tla baya kwa setlhoeng matlole a go tlamela tiro ya go sireletsa melelwane ya naga ya rona, mme matlole ano e tla bo e le a go tsenya mafaratlhatlha, didirisiwa tsa thekenoloji mmogo le tsa go thapa batho ba bangwe gape.
Melelwane e e botlhokwa e tla tsosolodiwa ka go tshwaraganelwa ke ditheo tsa puso le tsa poraefete mme e bile gape go tla okediwa le Dithulaganyo tsa Didirisiwa tsa Thekenoloji tsa go Kgabaganya Melelwane gore di nne teng mo mafelong otlhe a boemelafofane jwa difofane tse di tswang le tse di yang kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba mmogo le mo molelwane e e leng ka fa nageng e e phelang e na le batho ba le bantsi ba ba kgabaganyang.
Re setse re ntse re simolotse ka go dirisa diteroune le thekenoloji ka bontsi mo melelwaneng ya rona.
Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Selegae mmogo le batlhankedi ba Lefapha la Merero ya Badiri ba tlile go dirisanammogo go lekola gore ga go moo go robiwang melao ya melelwane, ya badiri le e mengwe gape e mentsi.
Bathapi ba go ka fitlhelwang ba thapile batho ba ba senang makwalo a a leng mo molaong a a tlhokagalang ba tla di gama ba sa di tlhapela. Gore re kgone go gagamatsa dikgato tseno, monongwaga re tlile go thapa batlhankedi ba bangwe gape ba le 10 000 ba merero ya badiri.
Jaaka re tla bo re tlhamuketse ka ditharabololo tseno, re batla go gatelela ntlha ya gore melao ya naga ya rona e tshwanetswe go obamelwa ke batho botlhe.
Ga re kitla re letlelela gore go nne le batho ba ba dirisang dikgoka kgotsa dikgato dipe fela tse di seng mo molao kgatlhanong le batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle.
Ga go motho ope yo a tswang kwa nageng ya kwa ntle a le ka fa nageng ya rona yo a tshwanetseng go thibelwa kwa dikgorong tsa ditirelo tsa setšhaba, go akaretsa kwa dikgorong tsa dikolo le kwa dikgorong tsa maokelo.
Gore re kgone go aga Aforika Borwa e e nang le maatla, re tshwanetse go simolola ka go dira bonnete jwa gore re na le puso e e nang le maitseo, e e nang le bokgoni e bile e tlisa tlhabologo.
Puso e e nang le bokgoni e tshwanetse gore e gogwe kwa pele ke batlhankedi ba puso ba ba dirang ka boineelo le ba ba ratang nnete mme e bile gape ba na le bokgoni jo bo tlhokegang e bile gape ba na le lerato la go direla setšhaba.
Mo ngwageng yo o fetileng re neseditse pula melao e mentšhwa e e botlhokwa thata ya go dira gore tirelopuso e phetagadiwe ba manontlhotlho.
Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Lephata la Tirelopuso o tla sireletsa ditiro tse di botlhokwa gore batlhankedi ba dipolotiki ba se kgone go itirela boithatelo ka tsona e bile gape o tlile go netefatsa gore mo diphatlhatirong tseo mmogo le mo go bao ba tlhatlosiwang mo ditirong go okama maemo a tsamaiso ya ditheo go thapiwa batlhankedi ba ba nang le bokgoni le ba ba nang le makwalo a dithuto a a maleba.
E setse e le segapeletsa gore batlhankedi ba bagolo mo lephateng la tirelo ya setšhaba ba bewe leitlho le go tlhatlhoba ka fao batlhankedibagolwane ba puso ba iphedisang ka gona, mme mo ngwageng yo o fetileng go nnile le mafapha a le diphesente di le 93 a a konoseditseng dikgato tseno ka katlego.
Re samagane le go tlhoma rejisetara e le nngwe ditheo tsotlhe tsa puso ya batlhankedi ba puso ba ba kileng ba tseelwa dikgato tsa mo tirong tsa semolao tsa kgalemo ya badiredi. Seno se tla thusa go thibela gore batho ba ba tobaneng le dikgato tsa kgalemo kgotsa bao ba kileng ba tseeelwa dikgato tsa kgalemo ga fitlhelwa ba le molato gore ba se thapiwe mo maphateng a mangwe a puso.
Re samagane le go fetola maemo a go busa le go tsamaisa Dikgwebo tse Dikgolo tsa Puso (di-SOE) tse di jaaka setlamo sa Eskom, Transnet, Denel, Prasa le tse dingwe di le dintsinyana.
Seno se tsenyeletsa le dikgato tse di tlhamaletseng tsa gore batho ba thapiwa fa ba fitlheletse maemo a a ntseng jang e leng seo se tla dirang bonnete jwa gore baeteledipele ba ditheo tseno ba tshotse makwalo a dithuto le maitemogelo a a maleba.
Re tlile go tswelela go tsaya kgato ka kgato go dira gore re kgone go tla ka thulaganyo e le nngwe ya go laola di-SOE tsa naga ya rona gore re tle re kgone go ipeela maemo a a kwa godimo, re kgone go tokafatsa dithulaganyo tsa go busa ditheo tseno mmogo le go netefatsa gore di ritibatsa maemo a tsona a matlole gore di tle di kgone go phethagatsa thomo ya tsona.
Seno se tsenyeletsa dikgato tsa go ribela dikgato tsa go kwala Molaotlhomo wa Naga wa Ditlamo tsa Dikgwebo tsa Puso gore o tsamaelane le dikgato tseno.
Jaaka sebetsa sa go tlisa kgolo mo ikonoming, go dira gore kgolo eo e tshwaraganelwe ke botlhe le go tlamelana ka ditirelo tse di tswelang sešhaba mosola, re tlile go sola mosola dikgato tsa go dirisa thekenoloji go tlisa tlhabologo.
Monongwaga Lefapha la Merero ya Selegae le tlile go thankgolola Lekwaloitshupo la Batho la Sethekenoloji e leng selo se se tlileng go thusa maAforika Borwa otlhe gore ba kgone go dirisa ditirelo tsa thekenoloji ka mokgwa o o bolokesegileng.
Re tlile go dira gore makwaloitshupo a go kganna, makwalo a dipholo tsa go falola materiki mmogo le ditirelo tse di fitlhelwang kwa Kantorong ya Dithoto tsa Baagi a fetolwa go nna a sethekenoloji. Baagi ba tlile go kgona go bula dikgetse kwa mapodising ka inthanete mme e bile gape le bao ba batlang go bona fa e le gore ba na le matshwanedi a go tlhatlhela dikopo tsa megolo ya go thusa setšhaba mo Setheong sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa (SASSA) le bona ba tla kgona go itekola ka inthanete ba le gongwe le gongwe ko ba leng mme ba se kwa dikantorong tsa setheo seno.
Ditirelo tsotlhe tseno di tla fitlhelwa mo seraleng sa MyMzansi.
Mo nakong e e sa fediseng pelo, moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe o tla iphitlhela a setse a kgona go fitlhelela ditirelo tse dintsi tse a di tlhokang ntle le gore a gate kwa dikantorong dipe fela tsa puso kgotsa go tlatsa foromo ka pene le letsogo.
Mo ngwageng ono o le esi fela, re tlile go bona dibanka di le makgolokgolo di abelana ka ditirelo tsa go tlhatlhela dikopo tsa go ikwadisetsa Karata ya Lekaloitshupo le tsa makwalo a mosepele, seno se tlile go fokotsa mela e metelele le sebaka se batho ba se emang fa ba batla ditirelo tseno.
Re tlile go tshwarisana tiro eno mmogo le mekgatlho ya setšhaba go netefatsa gore baagi ba bolokesegile le ditshwanelo tsa bona di femelesegile mo diphetogong tseno tse di tla tlisiwang ke didirisiwa tsa thekenoloji.
Gore naga ya Aforika Borwa e kgone go nna le maatla, kontinente ya Aforika e tshwanetse go tshela ka kagiso e bile gape e tshwanetse go huma.
Mo go lweleng gore metheo ya Molaotheo wa rona e kgone go utlwagala mo lefatsheng; mo go direng gore ditlhokwa tsa naga ya rona di kgone go sekegelwa tsebe, re lwela gore re nne mo lefatsheng le le tlhokomelanang, le le nang le bosiamisi le le le tshwaraganetsweng ke botlhe.
Mo lefatsheng le gompieno le tukang malakabe leno, naga ya Aforika Borwa e santse e eme ka lefoko le e neng e eme ka lona mo maemong a e neng e a tsorame a Boporesitente jwa G20 le a a buang ka seo re ikokotletseng ka sona mo Tirisanommogong ya rona le Dinaga tsa kwa Ntle e bong: Go Tshwaragana, Go Lekalekana le Go Tlhokomelana.
Ka maemo a re leng mo go ona mo Mokgatlhotshwaraganelong wa Aforika (AU) mmogo le mo Mokgatlhong wa Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC), re samagane le go dira gore tirisanommogo mo dikgaolong e tsenelele, go rene kagiso mme e bile gape go nne le taolo.
Re sola mosola botsalano jwa naga ya rona le dinaga tsa boditšhabatšhaba gore re eme nokeng dilo tse di botlhokwa mo ikonoming ya ka fa nageng, go tsenyeletsa mo mererong ya tlhagiso ya dikuno, go oketsa dilo tse di nang le boleng mmogo le go oketsa palo ya ditlhagisiwa tse re di rekisetsang dinaga tsa kwa ntle.
Re tsentse seatla mo go phetagatseng Letsholong la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe (AfCFTA) e leng seo se tla sosomosang kgwebisana ya dinaga tsa kontinente ya Aforika, go dira gore go tlhomiwe diintaseteri mmogo le go tlhola ditiro.
Difeme tsa naga ya Aforika Borwa – dibanka, balemirui le batlhagisi ba dikuno – e tlo nna tsona tse di tlileng go di goga kwa pele fa go tla mo tlameleng ka dithoto le ditirelo maraka wa kontinente ya Aforika o o nang le batho ba le 1.4 bilione bao mo dingwageng di le 25 tse di tlang palo ya batho ba ba tla bong ba na le matshwanedi a go ka tsena mo ditiro e tlileng go menagana gabedi.
Re samagane le go aga botsalano jo le rona re tlo ungwelwang ka go lekana le dinaga tse dingwe tsotlhe fa go tla mo go lekalekanang le mo go tlotlaneng.
Mo lefatsheng leo dinaga tseo di nang le maatla a mantsi di dirisang maatla a tsona go gatelela dinaga tse di senang maatla a le mantsi, naga ya rona e eme ka lefoko la gore go tlogelwe dinaga go ipusa jaaka di batla. Go tshwanetse go nne fela jalo.
Re tlile go emelela boipuso jwa naga ya rona le go lwela dikgatlhegelo tsa naga ya rona, metheo ya rona le ditshwanelo tsa setšhaba sa rona.
Ga re okaoke fa re re re tlile go tswelela go tlotla ditshwanelo le boipuso jwa dinaga tse dingwe, mme le fa go le jalo go tshwanetswe go tlhaloganngwe gore ga go naga e e tla tlang e batla go re kgotlha ka monwana ka fa leitlhong.
Re tlile go gagamatsa tirisanommogo le dinaga tse dingwe tse di bonang dilo go tshwana le rona gore re tle re kgone go nna le lefoko le le utlwagalang mo go kgalemeng ditiragalo tse di tlhakatlhakanyang lefatshe.
Go tswa mo tirong e ntle e e dirilweng mo nakong ya fa re ne re tsorame maemo a Boporesitente jwa G20, eo botlhe ba dumelanang ka gore e tsamaile sentle tota, re tswelela ka go phetagatsa dintlha tse di botlhokwa mo Dinageng tse di mo Karolong e e kwa Borwa jwa Lefatshe.
Tsona di tsenyeletsa kgolo e e tshwaraganetsweng ke botlhe, go tswa mo dikolotong, go tseela maemo a phetogo ya loapi dikgato, go fetolwa ga tsamaiso ya ditheo tsa lefatshe mmogo le go tlamela ka ditshwanelo tsa go letlelelwa go bula meepo ya dimenerale tse di botlhokwa.
Ka go dirisa seo re ithutileng sona mo Komiting ya G20 ya Ditokololo tse di Itlhophileng mo Mererong ya Tlhokotekatekano mo Lefatsheng, re tshwaraganetse tiro eno le badirisanimmogo ba rona ba dinaga tsa boditšhabatšhaba gore re tle re kgone go bula Setlhopha sa Boditšhabatšhaba sa Baemedi ba ba Sekasekang Ditiragalo tsa Botlhokatekatekano.
Eno ke kemonokeng e kgolo mo dikgatong tsa lefatshe mo go ka fokotseng sekgala sa go se lekalekane ga batho ka fa gare ga naga le magareng ga dinaga ka go farologana. Re tswelela go go lwela gore dinaga di dirisane mmgo le gore go nne le ditirelo tsa go phutha setšaba.
Naga ya Aforika Borwa e santse e eme ka lefoko le le lengwe le le tlhamaletseng fa go tla mo go obameleng molao wa lefatshe, bosiamisi le ditshwanelo tsa batho.
Naga ya Aforika Borwa e tlile go tswelela go ema nokeng dikgato tse di mabapi le go thibela go runya ga dintwa mmogo le go phethagatsa matsholo a Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) le wa SADC a go tlisa kagiso. Re ipela ka seabe se masole a Aforika Borwa a nnileng le sona mo matsholong a go tlisa kagiso mo mafelong a le mantsi mo kontinenteng ya Aforika go tloga ka motsi wa fa e sale naga ya rona e bona temokerasi.
Re kopile UN go re letla go gogela kwa morago masole a naga ya rona mo letsholong la UN kwa nageng ya Democratic Republic of the Congo mme maitlhomo ke go bokanya masole a naga ya rona.
Ga re kitla re re go na le kgololesego mo lefatsheng go ntse go na le batho ba bangwe ba naga ya Palestine, Cuba, Sudan, Western Sahara le mafelo a mangwe ba ba santseng ba bogisiwa ke masole a dinaga tse dingwe, na gatelelwa le ba ba santseng ba aparetswe ke dintwa.
MaAforika Borwa a gaetsho,
Naga ya rona e fitlhile mo jaanong go nang le dilo tse dintsi tse di fetogang.
Jaanong re tswa mo nakong eo naga ya rona e neng e phutlhama mme jaanong re tsena mo nakong e dilo jaanong di boelang go tlhatlogela godimo.
Re dirile go tlala seatla go lobela dintshi ditlamorago tsa ditiragalo tsa go goga puso ka nko, tsa leroborobo la COVID-19, tsa mogwanto o o neng wa runya ka ngwaga wa 2021 mmogo le tsa merwalela e e neng e re aparetse mo malobanyaneng.
Jaanong re leba mo motsing o re simololang go nna le tsholofelo le go bona botshelo mo matshelong a batho botlhe bo simolola go nna botoka.
Kgatelopele e re nnileng le yona mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng e re tiisa maatla le go re rotloetsa. E re bontsha gore re ka fitlhelela dilo tse di boitshegang go le kanakang fa re ka dirisana mmogo. O motsotso ga se o re ka reng re dirile go ntse go lekane.
O motsotso ke o maAforika Borwa otlhe a tshwanetseng go nna le seabe mo go direng gore naga ya rona e gatele kwa godimo.
Mo ngwageng yo o fetileng naga ya rona e ne ya tsena mo dinakong tse dintšhwa tsa temokerasi, re ne ra thankgolola Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba mo kopanong e e neng ya kopanya maAforika Borwa go tswa mo dikarolong tse di farologaneng naga ka bophara ba ba neng ba buelela maphata otlhe a setšhaba.
Monongwaga Kopano ya Puisano le Setšhaba e tla tshwarwa naga ka bophara, mme e tla ya mo metseng e mengwe le e mengwe, mo dikolong tse dingwe le tse dingwe, mo diyunibesiting le mo dikholejeng mmogo le mo lefaphateng le lengwe le le lengwe la setšhaba sa ronae.
Dikopano tseno tsa puisano le setšhaba, tse di tla gogwang kwa pele ke Setlhopha sa Batlhankedi ba ba Itlhaotseng ba e leng maAforika Borwa a a nang le seriti bao ba tla bong ba gata mo motlhaleng wa Komiti ya Tsamaiso ya Tirelo, di tla neela baagi ba naga ya rona tšhono ya go ntsha se se mo mafatlheng a bona, diphisegelo tsa bona le maano a bona mabapi le bokamoso jo ba bo batlang.
Dikopano tseno tsa setšhaba kwa bofelong di tla feletsa ka go tshwarwa ga Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba mo dintlha tsotlhe tse go builweng ka tsona mo dikopanong tseno tsotlhe di tla atlhaatlhiwang mo kopanong eno gore go dumelanwe ka gore ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya go aga setšhaba se se botoka sa Aforika Borwa. Dipuisano tseno di tla re thusa gore re tle ka tumelano e kgolo ya setšhaba mmogo le go tla ka maano a mangwe a a tla tshwanelwang ke go tsenngwa mo Leano la Tlhabololo ya Naga le le tla latelang la ngwaga wa 2030.
Mo tumelanong eno ya setšhaba e re tla e fitlhelelang, ga re a tshwanela fela go tsepamisa mogopolo fela mo metheong ya Molaotheo wa naga ya rona, re tshwanetse go o tsepamisa gape le mo seabeng seo metshameko e nang le sona mo go direng gore setšhaba se ipope seoposengwe mmogo le mo lobebeng lwa ditso tsa naga ya rona tse di farologaneng.
Jaaka re ipela ka bao ba fitlheletseng maemo a a kwa godimo mo lefatsheng, re tshwanetse re itumelele gape le ka fao metshameko le mekete ya ditso e thusang go dira gore setšhaba se ipope seoposengwe.
Ka go dirisa maatla a bomme ba mogwanto wa 1956, a bašwa ba mogwanto wa 1976 mmogo le a Molaotheo wa naga ya Aforika Borwa wa 1996, fa re leba ngwaga wa 2026 ono e tshwanetse go nna ngwaga wa go tlisa diphetogo.
O ke ngwaga o re tshwanetseng go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne le maatla le go feta. Re tshwanetse go baakanya maemo a mebuso ya mebasepala. Re tshwanetse go lwantshana le botlhokotsebe, bogwenegwene mmogo le go dira gore setšhaba se boele se nne le tshepo mo ditheong tsa twantsho ya botlhokotsebe. Re tshwanetse go tlholela motho mang le mang yo e leng moAforika Borwa ditiro le ditsela tsa go iphedisa, mme e bile gape re tshwanetse go aga puso e e tswelang batho botlhe molemo.
Mo godimo ga tsotlhe tseno, re tshwanetse go dira bonnete jwa gore diphetogo tsotlhe tseno di fetola botshelo jwa moAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe.
Jaaka ikonomi e tswelela go gola, e tshwanetse go thusa gape le bao mo nakong e e fetileng ba phedileng sebaka sa dingwaga di le masomesome ba sa unngwelwe sepe mo go yona.
Ntwa ya rona ya go lwantshana le botlhokotsebe e tshwanetse e bonagale le mo makeišeneng le mo mafelong a baipei mmogo le mo mafelong a disabapo.
Dikolo tsa ka fa nageng ya rona mmogo le maokelo a teng ga ba tshwanela go tlhaola batho ba ba batlang ditirelo go ya ka gore batho bao ba tswa kwa kae le gore ga ba tswe kwa kae.
Ka go dira seno, re tla kgona go aga setšhaba se se nang le maatla, se se nonofileng le se se nang le baagi ba ba lekalekanang – mme seno ke setšhaba se se kgonang go ema se kukile mafatlha fa gare ga dinaga tse dingwe mo lefatsheng.
Ke boammaruri gore maemo a rona a tokafetse. Jaanong re tshwanetse go kakatlela re gate re gatoga.
Pula.

