Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 24 Motsheganong 2025

A.    Merero ya ga jaana

1.    Ikonomi 

1.1    Kgato ya boII ya Operation Vulindlela 

1.1.1    Ka 7 Motsheganong 2025, Moporesitente Cyril Ramaphosa o thankgolotse Kgato II ya Operation Vulindlela (Kgato II ya OV), e leng lenaneo la puso le le tlisang diphetogo tse maitlhomo a tsona e leng go kgontsha kgolo e e akaretsang ya ikonomi e e tlholang ditiro. 
1.1.2    Kgato II ya OV e tla netefatsa go konosediwa ga diphetogo tse di simolotseng mo pakeng tsa tsamaiso ya bo6 mo makaleng a motlakase, metsi, mafaratlhatlha, megala ya ditlhaeletsano, le go tlisa dintlhatsepamo tse dišwa mo tsamaisong ya dipusoselegae go tokafatsa thebolo ya ditirelo tsa motheo, le thulaganyo ya mafelo.  

1.2    Semphato sa Puso le Kgwebo 

1.2.1    Kabinete e amogetse dipoelo tsa kopano ya tshekatsheko ya tswelopele ya maiteko a Semphato sa Puso le Kgwebo. Semphato se se lebile go tshegetsa diphetogo tsa botlhokwa le maiteko a botlhokwa a a kobileng kgolo ya ikonomi le go tlholwa ga ditiro.  
1.2.2    Tswelopele e e setseng e dirilwe e akaretsa go letlhomeso la bosetšhaba la phasalatso ya motlakase, tokafatso ya tiragatso ya Transnet, thebolelo ya divisa tsa mosepele ka mokgwa wa ileketeroniki. 
1.2.3    Lenanetiro le le kwa setlhoeng la dikgato tse di latelang le mametleletswe, mme ditlhopha tse di kopaneng di tswelela go ela tlhoko tswelopele le go rarabolola dikgobelelano e bile di tla tshwarwa morago ga dibeke dingwe le dingwe di le thataro.

1.3    Letsholo la Ditshwaelo ka ga Letlole la Phetogo 

1.3.1    Kabinete e etse tlhoko kgatlhegelo mo Letloleng la Phetogo mme e rotloetsa Maaforika Borwa go nna le seabe mo tiragalong ya ditherisano jaaka e begilwe ke Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le Kgaisano. 
1.3.2    Tsenyotirisong ya Letlole la Phetogo e tla tsweletsa boineelo ba rona bo bo mo molaotheong ba go siamisa ikonomi le diphetogo jaaka karolo ya go dirolola dipholisi tse di sokameng tsa motsi wa tlhaolele. 
1.3.3    Ditshwaelo di ka romelwa go DTIC mme dintlha tsa tlhaeletsano di ka fitlhelwa mo webosaeteng ya bona, www.dtic.gov.za.

1.4    Dipalopalo tsa Kwatara tsa Badiri

1.4.1    Kabinete e etse tlhoko Dipalopalo tsa Kwatara tsa Badiri tsa Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa (Stats SA), tse di bontshang gore botlhokatiro bo tlhatlogetse go 32.9 mo kwatareng ya ntlha ya 2025 go tswa go 31.9 mo kwatareng ya bofelo ya ngogola. 
1.4.2    Tse tlhano tsa diintaseteri tse 10 tse di etsweng tlhoko ke Stats SA di rekotile koketsego ya bathapiwa, segolo mo makaleng a dipalangwa le matlole, le fa go le jalo, ditiro di le dintsi di latlhegile mo makaleng a kgwebisano le kago.  
1.4.3    Kabinete e tswelela go ikemisetsa go kgweetsa kgolo ya ikonomi e e tlholang ditiro.

1.5    Aforika Borwa: Setšhaba se se Boipelo 

1.5.1    Aforika Borwa e tlhageletse e le naga ya bo7 go gaisa mo lefatsheng e batho ba ratang go e etela go ya ka Dikabo tsa Bojanala tsa Wanderlust Reader tsa 2024 mme e abetswe gauta mo setlhopheng sa merero ya dikgwa le tlhago. 
1.5.2    Aforika Borwa e amogetse gape sekgele se se kwa godimo sa setšhaba se se botsalano mo Remitly’s Big 5 Personality Test, e leng se se supang bothito le kamogelo e Maaforika Borwa a nang nayo, mme Toropokgolo ya Cape Town e ne ya nna mo maemong a bo5 a toropokgolo e batho ba ratang go ka e etela mo lefatsheng.

2.    Tsa boditšhaba

2.1    Leeto la tiro kwa Côte d’Ivoire

2.1.1    Kabinete e amogetse Leeto la Tiro la ga Moporesitente kwa Côte d’Ivoire le le neng le tsamaisana le Africa CEO Forum ya bo12 ka 12 le 13 Motsheganong 2025, go tiisa dikamano tsa sebedi tse di leng teng magareng ga dinaga tsoopedi. Moporesitente Ramaphosa o ne a nna le kopano ya sebedi le Motlotlegi Rre Alassane Ouattara, Moporesitente wa Côte d’Ivoire go buisana ka ga merero e e amang dinaga ka bobedi mme bobedi ba ne ba ineela go matlafatsa dikamano tsa sebedi le go oketsa kgwebisano fa gare ga dinaga tse pedi tse.

2.2     G-20

2.2.1    Aforika Borwa e tswelela go nna moamogela-baeng wa metseletsele ya dikopano tsa maemo a a kwa godimo tsa G20 go baakanyetsa Samiti ya G20 ka Ngwanaitseele 2025 ka fa tlase ga setlhogo: “Momagano, Tekatekano le Tswelelo.” Go setse go nnile le dikopano tse di latelang mo kgweding ya Motsheganong: 
2.2.1.1    Khonferense ya G20 ya Kakaretso ya Matlole le Matlafatso ya Basadi ka 6 go fitlha ka 9 Motsheganong 2025 kwa Bokone Bophirima e e neng e batla go tlhotlheletsa pholisi ya G20 ka go tlhagisa Letlhomeso la Dikaedi go Akaretsa Dintlhakgolo tsa Basadi, go netefatsa gore matlafatso ya basadi ka matlole e tswelela go nna botlhokwa mo ditheong tsa lefatshe le diphetogo tsa ikonomi. 
2.2.1.2    Tiragalo ya Setlhophatiro sa Setso sa Bobedi sa G20 e e neng e tshwerwe ka 5 le 6 Motsheganong 2025 kwa Gauteng se buisane ka go bopa dipholisi tsa setso tsa lefatshe tse di akaretsang kamano le loago le ikonomi. E ne e tsepame mo dintlhakgolong tsa Lenaneo la 2063, Diphitlhelelo tsa Kgolo e e Tswelelang tsa UN le go sireletsa ngwaoboswa jaaka tshwanelo ya botho. 
2.2.1.3    Kopano ya Boraro ya Setlhophatiro sa Boitekanelo, e e neng e tshwerwe ka mafaratlhatlha a inthanete ka 8 le 9 Motsheganong 2025, e ne lebile bathapiwa ba boitekanelo, e leng motheo wa ditsamaiso tsa boitekanelo go fitlhelela kakaretso ya boitekanelo go botlhe, tshireletso ya boitekanelo, tekano, le kgolo e e akaretsang. 
2.2.1.4    Kopano ya Setlhophatiro sa Bojanala ya Bobedi e e neng e tshwerwe go tloga ka 11 go fitlha ka 13 Motsheganong 2025 kwa KwaZulu-Natal e buisane ka ga dintlhakgolo tsa bojanala tsa G20 go tsweletsa kgolo ya bojanala le popo ya Leanotiro la Bojanala la G20.  
2.2.1.5    Kopano ya Bobedi wa Letsholotiro 1: Kgolo ya Ikonomi e e Akaretsang, Bointaseteri, Ditiro, Phokotso ya go se Lekalekane e ne e tshwerwe ka mafaratlhatlha a inthanete go tloga ka 14 go fitlha ka 15 Motsheganong 2025.

2.3    Tshekatsheko ya botshabi ya US

2.3.1    Tshwetso ya United States ya go neela setlhopha sa Maaforikanere a Aforika Borwa maemo a botshabi e tlhoka kitso, ka ntlha ya fa ba sa tshwanelwe ke tlhaloso ya batshabi jaaka e tlhagelela mo teng ga Tumalano ya Batshabi ya 1951 le Tsamaiso ya yona ya 1967. 
2.3.2    Kabinete e tswelela go gatelela gore magatwe a kgethololo ga a na motheo e bile ga a fitlhelele seelo sa tshotlo se se tlhokegang go ya ka melao ya botshabi ya selegae le boditšhaba. 
2.3.3    Godimo ga moo, dipalopalo tsa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa tsa bosenyi bo bo amanang le dipolase ga di tshegetse ditatofatso tsa bosenyi ba tirisodikgoka kgotsa polao e e lebantsweng balemi ka kakaretso kgotsa setlhopha sa mmala ofe fela. 
2.3.4    Kabinete e ganetsa dipuo tsa puso ya Amerika mme e tswelela go bulegela ditherisano tse di mosola go abelana tlhaloganyo e e botoka tebang le merero e.

2.4    Kgogelomorago ya SANDF go tswa kwa botlhaba ba DRC 

2.4.1    Kabinete e ne ya bewa mo dinakong tebang le go gogelwa morago ga Matsholotshireletso a Bosetšhaba a Aforika Borwa (SANDF) go tswa kwa botlhaba ba Democratic Republic of Congo (DRC), go latela go kgaolwa ga Morero wa Dinagatlhabololo tsa Borwa ba Aforika kwa Democratic Republic of Congo (SAMIDRC). Tshwetso e e latela dipuisano tsa sedipolomate tse di tseneletseng le maiteko AU/SADC/EAC go rotloetsa tharabololo e e buisanelwang magareng batho ba Congo. 
2.4.2    Kabinete e akgola boineelo bo bo supilweng ke maloko a SANDF a a dirileng ka tlotlo, boipelo le boineelo go rotloetsa Morero wa AU wa go didimatsa ditlhobolo ka fa tlase ga maemo a a gwetlhang.

3.    Puso

3.1    Kaedi ya Phetogo ya Dijithale ya Puso ya Aforika Borwa 

3.1.1    Kabinete e amogetse go thankgololwa ga Kaedi ya Phetogo ya Dijithale ya Puso ya Aforika Borwa e e leng karolo ya maano a puso a go tokafatsa thebolo ya ditirelo le go itlhaganedisa kgolo ya ikonomi ka dipeeletso mo itlhamelong ya dijithale. 
3.1.2    Kaedi e, e e leng karolo ya Kgato II ya OV, e tlhagisa tsela e e tlhamaletseng ya go tokafatsa thebolelo ya ditirelo tsa Puso ka peeletso mo mafaratlhatlheng a dijithale a botlhe.

4.    Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso 

4.1    Khomišene ya Boatlhodi ya Dipatlisiso go batlisisa dikgetse tsa TRC 

4.1.1    Kabinete e amogetse go tlhongwa ga Khomišene ya Boatlhodi ya Dipatlisiso go sekaseka gore a go nnile le maiteko a go thibela go batlisisiwa kgotsa go sekisiwa ga dikgetse tsa bosenyi tsa motsi wa tlhaolele tse di rometsweng ke Khomišene ya Nnete le Poelano (TRC) go Bothati ba Bosetšhaba ba Botšhotšhisi (NPA). Go tlhongwa ga Khomišene e ya Dipatlisiso ke ditlamorago tsa dipuisano tsa tharabololo mo kopong ya kgotlatshekelo e e tlisitsweng ke ba malapa a batswasetlhabelo ba bosenyi ba motsi wa tlhaolele.  
4.1.2    Ka Khomišene e, Moporesitente Ramaphosa o na le tsholofelo ya gore dintlha tsa boammaaruri di tla tlhomamisiwa mme kgang e tla konosediwa.

4.2    Bosenyi 

4.2.1    Kabinete e akgola ditiro tsa SAPS tse di neng di lebisitswe kwa go thibeleng le go lwantsha bosenyi bo bo amanang le GBVF e leng se se bakileng go tshwarwa ga babelaelwa ba petelelo ba le 224 le babelaelwa ba le batlhano ba maiteko a petelelo. Gareng ga ba ba tshwereng ka ditatofatso tsa petelelo go tloga ka 5 Motsheganong – 11 Motsheganong 2025, go mokatisi wa SAPS, Kgosi go tswa kwa KwaZulu Natal le mosimane wa dingwaga tse 15 kwa Mpumalanga.  
4.2.2    Godimo ga moo, babelaelwa ba le 148 ba ne ba tshwarelwa maiteko a polao, babelaelwa ba le 256 ba tshwaretse go gweba ka diritibatsi, babelaelwa ba le 2841 ba tshwaretswe go fitlhelwa ba tshotse diritibatsi mme go ne ga bonwa dikoloi di le 86 tse di neng di tserwe ka dikgoka le tse di utswitsweng. Godimo ga moo, dithuthupi di le 74 tse di dirisiwang segolo mo meepong e e seng molaong le dikgothoso tsa dirori tse di tsamaisang tšhelete di ne tsa tsewa ke sepodisi sa Bokone Bophirima. SAPS e tswelela go gagamatsa matsholo a yona a go tlosa ditlhobolo tse di seng mo molaong go netefatsa pabalesego ya mafelo. Beke nngwe le nngwe, SAPS e amoga ditlhobolo di feta 100 go ralala naga.

4.3    Ntwa Kgatlhanong le GBVF

4.3.1    Kabinete e etse tlhoko tshwetso ya Bothati ba Botšhotšhisi ba Bosetšhaba (NPA) go ikuela kgatlhanong le go se bonwe molato ga ga Timothy Omotoso le balatofadiwa-nae ba babedi kwa Kgotlatshekelokgolo ya Karolo ya Kapa Botlhaba kwa Gqeberha. 
4.3.2    Kabinete a amogetse lenaneo la matsatsi a le 90 la kgagamatso kgatlhanong le GBVF ka Setlhopha sa JCPS. Se ke tsereganyo ya pakakhutshwane e maitlhomo a yona e leng go kgontsha tsenyotirisong ya Leano la Togamaano la Bosetšhaba tebang le GBVF. Leano le le supa dintlhatsepamo di le 19 le dipoelo tse di rileng e bile di direga tse di tshwanetseng go tsenngwa tirisong mo matsatsing a le 90 ka maikaelelo a go faposa le go fokotsa koketsego ya GBVF mo nageng. 
4.3.3    NatJoints e tlhomile Komiti ya Botlhokwa e e nang le ditlhophatiro di le robedi tse di tsepameng. Komiti e e botlhokwa e e supile ditsereganyo tsa potlako tse di diregang di le thataro tse di tshwanetseng go tsenngwa tirisong mo matsatsing a le 90, tse di akaretsang: 
(a)    Thibelo: go tsepama mo thutong le tsibosong ya phetogo ya maitsholo go Maaforika Borwa otlhe. 
(b)    Tiragatso, tlhokomelo le tshegetso tse di tshwanetseng go netefatsa matlafatso ya tsamaiso ya bosiamisi jwa bosenyi gore batlolamolao ba rwesiwe maikarabelo.
(c)    Go baakanya Letlhomeso la Molao le Taolo gore re kgone go fitlhelela dipoelo tse di botoka mo tsamaisong e. 
(d)    Taolo e e gagametseng e bile e nonofile ya Datha le Tshedimosetso go maatlafatsa nonofo ya Tsamaiso ya Bosiamisi e e Golaganeng. 
(e)    Tlhaeletsano, ditirisanommogo le matsholo a baagi go netefatsa gore puso, mekgatlo ya setšhaba le baagi ba dira mmogo go bona dipoelo tse di botoka kgatlhanong le leroborobo la GBVF, le 
(f)    Go dirisiwa ka botlhale ga metswedithuso, ya matlole le badiri go netefatsa gore re rulagana botoka jaaka setšhaba go lwantsha leroborobo la GBVF.  

B. Go baya Kabinete mo Dinakong 

1.    Tlamelo ka Metsi a a Phepa kwa Hammanskraal 

1.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga ditsereganyo tse di tla netefatsang go tlamelwa ga baagi ba Hammanskraal ka metsi a a phepa a a nowang. 
1.2.    Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe le thapile Magalies Water ka 2023 go aga Polante ya Tiro go samagana le dikgwetlho tsa tlamelo ya metsi mo tikologong ya Hammanskraal. 
1.3.    Polante e ya Tiro e agiwa ka dimmodule di le nne, mme mmodule wa ntlha o ne wa konosediwa ka Ngwanaitseele 2024 e bile o setse o simolotse go tlamela metsi kwa mafelong mangwe. 
1.4.    Leano ke go konosetsa dimmodule tse di setseng pele ga mafelo a Phatwe 2025, ka matlha a a farologaneng a konosetso pele ga moo.

2.    Ditsereganyo tsa go samagana le dikgwetlho tsa tlamelo ya metsi kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Emfuleni 

2.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga go tsenngwa tirisong ga tsereganyo ya Karolo 63 ya Molao wa Ditirelo tsa Metsi kwa Mmasepaleng wa Selegae wa Emfuleni. Go nnile le mathata a kelelo ya kgelelaleswe mo mafelong a baagi kwa Emfuleni mo nakong e telele. 
2.2.    Lefapha la Metsi le Kgelelaleswe le ikaelela go dirisa go feta R7 dibilione mo dingwageng tse supa tse di latelang go samagana le dikgwetlho tsa metsi kwa Emfuleni go akaretsa ditokafatso le ntšhwafatso ya ditiro tse di leng teng tsa go phepafadiwa ga metsi a kgelelaleswe.  
2.3.    Go dirilwe tswelopele e e bonalang go fitlha ga jaana, go akaretsa go thibololwa ga dipeipi tsa kgelelaleswe tse di neng di thibane, go tsenngwa ga dipeipi tsa kgelelaleswe tse di dišwa boemong ba tse di onetseng, ntšhwafatso ya diteišene tse di pompang le go thusa mmasepala ka dirori, dillori, diTLB le tshireletso ya mafaratlhatlha a ona a metsi le kgelelaleswe. 
2.4.    Tiro e e bakile phokotsego e kgolo ya kelelo ya leswe mo mafelong a Emfuleni gammogo le tokafatso mo maemong a kelelo go tswa kwa go phepafadiwang metsi a kgelelaleswe.

C.  Ditshwetso tsa Kabinete 

1.    Seralwa sa Pholisi ya Bosetšhaba ya Bopodisi (NPP) 

1.1.    Kabinete e neseditse pula seralwa sa Pholisi ya Bosetšhaba ya Bopodisi, e e tlhagisang maanomagolo a go samagana le makoa mo morerong wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) wa go lwantsha bosenyi. NPP e tla samagana le dikgwetlho tse di jaaka diteišene tsa sepodisi tse di sa lekanang, tlhaelo ya badiri le go netefatsa gore mafaratlhatlha a ikaegile ka meono le maemo a a maleba. 
1.2.    Ditshitshinyo tsa botlhokwa tsa pholisi di akaretsa go tlhola bopodisi ba porofešenale le boleng, go tlamela ka thebolelo ya ditirelo tsa sepodisi tse di nonofileng e bile di le mosola, go tokafatsa bomolao le tshepo magareng ga setšhaba le sepodisi, le go bopa boeteledipele bo bo tiileng e bile bo le maitsholomantle, taolo le bobusi mo teng ga SAPS.

2.    Pholisi e e Botlalo ya Diphofo tsa Selegae 

2.1.    Kabinete e neseditse pula gore seralwa sa Pholisi e e Botlalo ya Diphofo tsa Selegae se phasaladiweng go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba.  
2.2.    Pholisi e e rotloetsa tlhabololo ya intaseteri e e nonofileng e bile e dira sentle, e e ka gaisanang sentle mo tikologong e e fetogang ka bonako ya lefatshe. Pholisi e e tshitshinya mekgwa ya go tokafatsa pabalesego le tshireletso, ditirelo tsa tsamaiso ya diphofo, mafaratlhatlha a maemafofane le boleng ba ditirelo tsa diphofo, gareng ga tse dingwe  e ntse e nna le seabe mo kgolong ya ikonomi. 

3.    Toagamaano ya Diminerale tsa Botlhokwa ya Aforika Borwa 

3.1.    Kabinete e neseditse pula Togamaano ya Diminerale tsa Botlhokwa ya Aforika Borwa. Togamaano e e ikaelela go atolosa bokgoni ba naga mo mmarakeng wa lefatshe wa diminerale tsa botlhokwa, segolo tse di leng botlhokwa mo leanong la naga la phetolo ya maatla le tse naga e nang le seatla se se kwa godimo mo go tsona. Tsona di akaretsa diPGM, lithiamo, khobalete le dielemente tsa lefatshe tse di sa bonweng bonolo, tse di botlhokwa mo dithekenolojing tse di jaaka dirori tsa motlakase, motlakase o o ntšhwafatsegang le maiteko a mangwe a a sa kgotleleng tikologo.  
3.2.    Dipilara tsa botlhokwa tsa togamaano e di tsepile tshenko le tokafatso; peeletso; peo mo lefelong le le rileng, kgolaganyo ya melawana, go kgontsha boitlhamelo mo dithekenolojing tsa meepo; aga dinonofo tsa badiri; tokafatso ya mafaratlhatlha a dipalangwa le ditsamaiso, le go putsa peeletso. 
3.3.    Togamaano e e tswelela le go lemoga botlhokwa ba go dirisana le dinaga tse dingwe go tlhabolola bokgoni ba Aforika Borwa mo lekaleng la diminerale tsa botlhokwa.

D.    Melaotlhomo 

1.       Molaotlhomo wa Kakaretso (Lelapa) ya Melao wa 2025 

1.1.    Kabinete e neseditse pula go tlhagisiwa ga Molaotlhomo wa Kakaretso (Malapa) ya Melao wa 2025 kwa Palamenteng. Ditokafatso tse di ikaelela go matlafatsa bomolaotheo ba melao ya malapa le go tshitshinya diphetogo go Molao wa Tlhalo, 1979 (Molao 70 wa 1979), Molao wa Lelapa la Lenyalo, 1984 (Molao 84 wa 1984) le Molao wa Tsereganyo mo Mererong Mengwe ya Tlhalo, 1987 (Molao 24 wa 1987).  
1.2.    Molaotlhomo o batla go sireletsa ditswhwanelo tsa Molaotheo tsa maphata a a mo lenyalong le e seng la tlhakanelo ya dithoto, segolo ditshwanelo tsa basadi, tekatekano, phitlhelelego ya dikgotlatshekelo le ditshwanelo tsa bana.

2.    Molaotlhomo wa Thefosano ya Balatofadiwa ba Bosenyi fa gare ga dinaga 

2.1.    Kabinete e neseditse pula go romelwa ga Molaotlhomo wa Thefosano ya Balatofadiwa ba Bosenyi fa gare ga dinaga kwa Palamenteng go diragadiwa. 
2.2.    Molaotlhomo o  o ikaelela go tokafatsa Molao wa Thefosano ya Balatofadiwa ba Bosenyi fa gare ga Dinaga, 1962 (Molao 67 wa 1962), o o seng mo dinakong. Molao wa ga jaana ga o nyalane le Molaotheo wa Rephaboleki ya Aforika Borwa wa 1996, ditsamaiso tsa sešweng tsa thefosano ya balatofadiwa ba bosenyi fa gare ga dinaga, e bile ga o akaretse ditsamaiso tsotlhe tse di latelwang boditšhaba.  
2.3.    Molaotlhomo o o ikaelela go matlafatsa letlhomeso la semolao go kgontsha thefosano ya batho ba ba latofadiwang kgotsa ba atlhotsweng ka ntlha ya bosenyi go tla le go tswa mo Aforika Borwa, le dinaga disele le ditheo tsa boditšhaba. O tlhalosa seabe sa mmagiseterata mo ditsamaisong tsa thefosano ya balatofadiwa ba bosenyi le go tlamela ka go tshwarwa ga nakwana, go ineela ga motho yo o batliwang ke setheo sa boditšhaba go ya ka bosenyi ba boditšhaba jaaka polao ya batho ka mogoso, bosenyi ba dintwa le bosenyi kgatlhanong le botho.

3.    Molaotlhomo wa Tlhabololo wa Tirisano ya Boditšhaba mo Mererong ya Bosenyi, 2025 

3.1.    Kabinete e neseditse pula go romelwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Tirisano ya Boditšhaba mo Mererong ya Bosenyi. 
3.2.    Maikaelelo a Molaotlhomo o ke go tokafatsa Molao wa Tirisano ya Boditšhaba mo Mererong ya Bosenyi (Molao 75 wa 1996) go tokafatsa nonofo le tirego ya tirisanommogo ya boditšhaba ya semolao mo mererong ya bosenyi. 
3.3.    Molaotlhomo o o tla matlafatsa ditsamaiso le ditsela tsa tirisano ya boditšhaba mo mererong ya bosenyi, jaaka go kokoanya bopaki, le tiragatso ya katlholo, fa gare ga Aforika Borwa le dinaga tse dingwe. Molaotlhomo o o samagana gape le dintlha tsa molao tse di amanang le thefosano ya balatofadiwa ba bosenyi le go amoga le go fetisa dithoto tsa bosenyi.

4.    Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Metswedi ya Diminerale wa 2025 

4.1.    Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Metswedi ya Diminerale wa 2025 go ngoka ditshwaelo tsa baagi. 
4.2.    Molaotlhomo o o ikaelela go kgotsha tshepo ya babeeletsi ka go tlosa dikgoreletsi le go tlamela ka netefaletso ya taolo go ngoka le go tshola peeletso. 
4.3.    Molaotlhomo o o ikaelela go samagana le mekhino ya taolo, go golaganya ditsamaiso tsa dilaesense, go netefatsa phasalatso e e lekanang ya dipoelo tsa meepo, go rotloetsa tlhagiso ya selegae le diintaseteri tsa tlhagiso ka go netefatsa gore diminerale tse dintsi di fetolwa go nna dikumo tsa boleng bo bo kwa godimo mo Aforika Borwa. 
4.4.    Molaotlhomo o o tlhagisa paka ya dilaesense ya ditiro tsa meepo tsa go iphedisa le tse dinnye, e leng se se kgontshang kgolo ya ikonomi. Godimo ga moo, diphetogo tse di batla go matlafatsa mekgwataolo go lwantsha ditiro tse di seng molaong le go netefatsa dithibelo tse di bonalang le ditsela tsa kgatelelo tebang le go epa go go seng molaong.

E.    Go thapiwa 

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang. 

1.    Ngk Mlungisi Bhekizizwe Gabriel Cele jaaka Mokaedi-Kakaretso (DG) wa Lefapha la Saense, Thekenoloji le Boitlhamelo. 
2.    Ngk Sabelo Siyabonga Sandile Buthelezi jaaka DG wa Lefapha la Boitekanelo (koketso ya konteraka). 
3.    Rre Takalani Lucky Ramaru jaaka Motlatsa Mokaedi-Kakaretso: Merero ya Baagi le Dikamano tsa Botlhokwa kwa Lefapheng la Bokwaledi ba Merero ya Baagi ba Tirelo ya Sepodisi. 
4.    Rre Patrick Dlamini jaaka Motlhankedi Khuduthamaga (CEO) wa Koporasi ya Dipeeletso tsa Botlhe 
5.    Rre Mokgema Mongane jaaka CEO wa Setheo sa Taola ya Bodutelo sa Inkomati-Usuthu.
6.    Rre Ofentse Nthutang jaaka CEO wa Magalies Water.
7.    Go thapiwa go tlatsa diphatlha tsa bakaedi ba e seng ba khuduthamaga ba Boto ya Bankatlhabololo ya Borwa ba Aforika: 
(a)    Rre Malemolla David Makhura; le
(b)    Mme Lynette Milne.

F.       Ditiragalo 

1.    Dikhonferense tse di Tlang 

1.1    Go tshola Khonferense ya bo27 ya Sedika sa Aforika ya Mokgatlo wa Boditšhaba wa Sepodisi sa Bosenyi (INTERPOL) 

a)    Kabinete e neseditse pula gore SAPS e nne moamogelabaeng wa Khonferense ya bo27 ya Sedika sa Aforika ya INTERPOL go tloga ka 27 go fitlha ka 29 Phatwe 2025. 
b)    INTERPOL ga jaana e na le maloko a dinaga di le 196 mme go tsholwa ga Khonferense ya Sedika sa Aforika go tla thusa Aforika Borwa go bopa dikamano tsa tirisanommogo tse di tseneletseng le ditheo tse dingwe tsa tsenyotirisong ya molao mo kontinenteng.
c)    Go tshola khonferense e go neela Aforika Borwa tšhono ya go rerisana le dinaga tsa kontinente ya Aforika ka merero e e botlhokwa e e amanang le bosenyi. Ditherisano tse di na le bokgoni ba go tlhagisa tumalano ya tsibogo ya sedika tebang le koketsego ya matshosetsi a bosenyi le borukhutlhi bo bo rulagantsweng go ralala ditšhaba tsa Aforika. Batlhankedi-bagolwane ba ka nna 550 ba tsenyotirisong ya molao go tswa kwa dinageng tse 54 ba solofelwa go tsenela tiragalo e mme se se tla nna le seabe mo ditiragalong tsa ikonomi.

1.2    Go tshwarelwa ga Kopanokakaretso ya Ngwaga le Ngwaga (AGA) ya INTERPOL ya bo96 mo Aforika Borwa 

a)    Kabinete e neseditse pula go tshwarelwa ga INTERPOL AGA mo Aforika Borwa ka 2028 le go ya kwa pele.
b)    Go tshola INTERPOL AGA go neela Aforika Borwa tšhono ya go gatelela boeteledipele ba yona mo sedikeng le boditšhaba. Godimo ga moo, go nna moamogelabaeng wa AGA e tla nna kgato e kgolo mo go netefatseng boineelo ba Aforika Borwa ba tirisanommogo mo sedikeng le boditšhaba mo ntweng kgatlhanong le bosenyi. 
c)    Go tshola AGA ke bopaki ba boineelo ba naga mo go nneng setšhaba sa lefatshe lotlhe se se ineetseng go lwantsha mefuta yotlhe ya bosenyi.

1.3    Kemo ya Ipaakenyetso ya Simphosiamo ya Tlhabololo ya Mafaratlhatlha e e Tswelelang mo Aforika Borwa (SIDSSA) 2025  

a)    Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka ga kemo ya ipaakanyo ya go rulaganya SIDSSA, e leng samiti ya peeletso ya mafaratlhatlha e e kopanyang bannaleseabe ba ba farologaneng go akaretsa ditheo tsa matlole, badiri ba dipholisi le balekane ba bangwe ba botlhokwa go kgweetsa peeletso ya mafaratlhatlha ya Aforika Borwa. 
b)    SIDSSA 2025 e tla supa tswelopele e e dirilweng mo go tsenngweng tirisong ga Leano la Bosetšhaba la Mafaratlhatlha la 2050 le Kabinete e le neseditseng pula, go bega Diporojeke tse 12 tse di kwa Setlhoeng tsa Mafaratlhatlha le mefuta e mengwe ya diporojeke tsa mafaratlhatlha tse di botlhokwa. SIDSSA e tla tshwarwa ka 25 go fitlha ka 27 Motsheganong 2025. 

2.    Dikhonferense tse di setseng di tshwerwe

2.1    Khonferense ya Diporo ya Aforika 

2.1.1    Aforika Borwa e atlegile mo go amogeleng baeng ba Khonferense ya Diporo ya Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg ka 13 le 14 Motsheganong 2025, e e neng e kopantse balalediwa ba feta 5 000 go tswa mo kontinenteng ka bophara, go akaretsa badiri ba diporo, dipuso le babeeletsi mo lekaleng le. 
2.1.2    Kabinete e neseditse pula ditherisano tse di ka ga go tsholetsa lekala la kontinente la diporo, e le mooko wa dirori o o nonofileng go tsamaisa batho le dithoto, gammogo le go kgotsha kgolo ya ikonomi ka go tsamaisa dire tse di sa tlhotlhiwang le ditlhagiswa. 
2.1.3    Lekala la diporo la Aforika Borwa le a tlhabololwa ka diphetogo tse di solofelwang go oketsa nonofo, le kgaisano.

2.2    Khonferense ya Kgweranoditšhaba ya Sedika ya Ditlhogo tsa Ditheo tse di Lwantshang Bonweenwee 

2.2.1    Aforika Borwa o atlegile mo go tsholeng Khonferense ya Kgweranoditšhaba ya Sedika ya Ditlhogo tsa Ditheo tse di Lwantshang Bonweenwee ya bo15 kwa Cape Town fa gare ga 5 le 9 Motsheganong 2025. Khonferense e e ne e kopantse ditlhogo tsa ditheo tse di lwantshang bonweenwee go ralala dinaga tsa Kgweranoditšhaba tsa Aforika. 
2.2.2    Aforika Borwa e ne ya tlhophiwa jaaka monnasetilo wa Mokgatlo wa Ditlhogo tsa Ditheo tse di Lwantshang Bonweenwee tsa Kgweranoditšhaba ya Aforika mo pakeng ya 2025-2026. Go nna monnasetilo ga naga go tsamaisana le kemo ya yona ya go nna monnasetilo wa setlhophatiro sa bonweenwee sa G20.

3.    Digopotso

3.1    Kgwedi ya Aforika 

Aforika Borwa e ikamantse le kontinente yotlhe go keteka Kgwedi ya Aforika ka Motsheganong 2025 ka setlhoa e le Letsatsi la Aforika ka 25 Motsheganong 2025. Se se tlamela ka tšhono ya go rotloetsa maikemistso a Aforika yo o kopaneng le go rotloetsa dinaga tsa Aforika go dira mmogo go tokafatsa matshelo a batho ba rona go ya ka Lenaane la Kitlano ya Aforika la 2063 ka ga tswelopele ya ikonomi ya kontinente ya Aforika.

3.2    Kgwedi ya Tshireletso ya Bana 

a)    Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Tshireletso ya Bana ka Motsheganong ka fa tlase ga setlhogo: “Go dira mmogo go fedisa tirisodikgoka kgatlhanong le bana” jaaka karolo ya naga ya Matsatsi a le 365 a Letsholo la Tshireletso ya Bana. Kgwedi e e tla konosediwa ka Beke ya Tshireletso ya Bana go tloga ka 29 Motsheganong go fitlha 5 Seetebosigo 2025. 
b)    Maloko otlhe a setšhaba, batsadi, batlhokomedi le barutabana ba rotloediwa go bega mefuta yotlhe ya tshotlako, tirisodikgoka le bosetlhogo kgatlhanong le bana kwa seteišeneng sa sepodisi sa legae kgotsa ka go leletsa 08600 10111. Bana le bona ba rotloediwa go leletsa Mogala wa Bana mo go 0800 055 555.

3.3    Letsatsi la boditšhaba la Ngwana wa Mosimane

a)    Aforika Borwa e tla keteka Letsatsi la Boditšhaba la Ngwana wa Mosimane ka 16 Motsheganong 2025 ka fa tlase ga setlhogo: “Pholo le Boitekanelo ba Basimane” go tlhagisa kgolo ya basimane mo dikarolong tsa seemo, maikutlo, tlhaloganyo le loago. 
b)    Lefapha la Thuto ya Motheo le tla kopanya dikokomane tse tharo tsa banna go nna le puisano e e nonofileng ka fa tlase ga setlhogo: “Dikakapa, Makau le Basimane” go buisana ka ga ditogamaano tse di tla tshegetsang boitekanelo ba basimane le go dirisa metswedithuso ka botlhale go tlhola ditsereganyo tse di tswelelang.

4    Melaetsa 

1.    Matshidiso 

Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ba Malapa le ditsala tsa

  • Bokonstabole Cebekhulu Linda (24), Boipelo Senoge (24), Keamogetswe Buys (30) ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mo nokeng ya Hennops. Ditopo tsa bona di ne fitlhelwa mmogo le sa ga Jan Mzwane, modirikakaretso yo o neng a dira kwa Seteišeneng sa Sepodisi sa Lyttleton le sa motho yo mongwe yo go santseng go sa itsiwe gore ke mang. Re romela gape melaetsa ya matshidiso go ba lelapa la ga Jan Mzwane.  
  • Mmegakgang Aserie Ndlovu le molekane wa gagwe, Zodwa Mdluli ba ba bonweng morago ga letsholopatlo le le tseneletseng fa e sale ka Tlhakole.
  • Batho ba le robongwe ba ba tlhokafetseng kwa Empangeni, KwaZulu-Natal morago ga gore llori le serori sa bapalami di thulane, le go eleletsa ba ba gobetseng pholo ya ka bonako.
  • Elona Sombulula, motšhotšhisi yo mošwa wa Kgotlatshekelo ya Sedika yo o neng a dira kwa Kgotlatshekelo ya Mmagiseterata ya Ngcobo yo o neng a simolola go dira kwa NPA ka leneneo la ba ba ratang go ka nna batšhotšhisi ka 2022. O ne gape e le motšhotšhisi wa namaotshwere wa Kgotlatshekelo ya Kgaolo fa a ne a tlhokafala.

2.    Go akgaola 

Kabinete e romela melaetsa ya go akgola go:

  • Ramabelo yo o manontlhotlho Akani Simbine yo o fentseng 100m mo disekonteng tse 9:98 kwa Shanghai-Keqiao Diamond League kwa China. Simbine o tsweletsa rekoto ya gagwe ya go se fenngwe mo dimitareng tse 100 mo setlheng se.  
  • Akani Simbine o ne gape a kgontsha phenyo ya setlhopha sa banna sa 4x100m mmogo le Bayanda Walaza, Sinesipho Dambile le Bradley Nkoana. Ke bona setlhopha sa ntlha ya Aforika fa e sale, go fenya gauta kwa  World Relays kwa Guangzhou, China mme ba tlhomile nako e e bonako go gaisa mo lefatsheng monongwaga.
  • Setlhopha sa Aforika sa basadi sa 4x100 sa neeletsano - Shirley Nekhubuni, Miranda Coetzee, Precious Molepo, le Zeney Van Der Walt – ka go fenya boronse kwa World Relays kwa Guangzhou, China le go tlhoma rekoto e ntšhwa ya bosetšhaba.
  • Setlhopha sa Aforika sa banna sa 4x100 sa neeletsano - Zakithi Nene, Udeme Okon, Lythe Pillay, le Mthi Mthimkhulu – ka go fenya gauta kwa World Relays kwa Guangzhou, China le go tlhoma nako e e bonako go gaisa mo lefatsheng monongwaga.
  • Ka ditiragatso tse di manontlhotlho tse, ditlhopha tsa rona tsa bosetšhaba tsa neeletsano di fitlheletse go tsenela Bommampodi ba Diatleletiki tsa Lefatshe kwa Tokyo moragonyana mo go ona ngwaga o.
  • Blitzboks go fenya HSBC Sevens World Championship kwa Los Angeles.
  • Setlhopha sa Aforika Borwa sa U20 sa bosetšhaba sa banna ka go fitlhelela dikamakgaolakgang a thonamente ya Sejana sa Ditšhaba tsa Aforika sa U20 le go kgona go tsenela Sejana sa Lefatshe sa U20 se se tla tshwarwang ka Lwetse monongwaga.
  • Modiri wa difilimi Murena Emmanuel Netshitangani ka go fenya Sekgele sa maemo sa Filimi e e Gaisang mo Aforika kwa Moletlong wa Difilimi wa Lefatshe kwa Cannes, France ka filimi ya gagwe Lubunyu.
  • Kabinete e ikamantse le Moporesitente Cyril Ramaphosa ka go akgola Cardinal Robert Prevost ka go tlhophiwa go nna Mopapa Leo XIV, e le Mopapa wa bo267 wa Kereke ya Catholic.
  • Moipelaetsi le ramolao yo o itsegeng Duma Nokwe ka go abelwa thaetlele ya Silika (Mmueledi Mogolo) le fa a setse a re tlogetse, ke Moporesitente Cyril Ramaphosa go akgola tiro ya gagwe e e manontlhotlho le seabe sa gagwe mo setšhabeng sa rona.

Dipotso: 
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere 
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore