A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1 Ditshitshinyo tse di Itumedisang tsa Maemo a Ikonomi
1.1.1 Kabinete e itumeletse ditshitshinyo tse di itumedisang tsa maemo a ikonomi e leng tshedimosetso e e gololotsweng ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA).
1.1.2 Ka la bo 03 Lwetse 2024 StatsSA e gololotse dipholo tsa pegelo e e reng Letseno la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) tsa ka ga nageng le oketsegile ka phesente e le 0.4 mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2024. Kgolo eno e tlhodilwe ke go tlhabologa ga lephata la tlhagisodikuno le le ntseng le gola ngwaga ka ngwaga ka phesente e le kanaka 1.7.
1.1.3 Kgolo e e nnileng teng mo lephateng la tlhagisodikuno e tlhotlheleditswe ke makala a le matlhano mo go a le lesome mo ditheong tsa dijo le dino, tsa lesenke le tshipi, tsa lesenke le le sa rusing, ditlhagisiwa tse di dirilweng ka lesenke mmogo le mo lephateng la metšhini mo e leng ona maphata a ditlhagisiwa di rekisitsweng ka bontsi.
1.1.4 Go tsosolodiwa ga lephata la tlhagisodikuno ke ntlha e e botlhokwa thata e e tla tlisang katlego mo go direng gore naga ya Aforika Borwa e boele e tume gape ka diintaseteri.
1.1.5 Mo godimo ga seno, Phetogotlhotlhwa ya Madi a Dikadimo (CPI) mo metseseteropong yotlhe e bontshitse go fetoga ga maemo a ditlhwatlhwa mo ikonoming mo ngwageng ka kgwedi ya Phatwe 2024 kwelotlase jaaka e ne e eme mo diphesenteng di le 4.4, e leng seo se bontshang phokotsego go tloga mo go diphesente di le 4.6 ka Phukwi 2024. Go Fetoga ga Maemo a Ditlhwatlhwa mo Ikonoming a a amang dilwana tse di rekisiwang e ne e le diphesente di le 4.4 mme di fokotsegile go tloga mo diphesenteng di le 4.6 ka Phukwi 2024, mme go nnile fela jalo le ka go fetoga ga maemo a ditlhwatlhwa mo ikonoming mo e neng e le diphesente di le 4.5 e leng seo se bontshang phokotsego ya go tloga mo diphesenteng di le 4.7 ka phukwi 2024. Fa e sale go tloga ka Mopitlwe 2024 maemo a ntse a tokafala ka go latelana sentle.
1.2 Go tsosolosiwa ga ditlamo tsa puso (di-SOC)
1.2.1 Kabinete e neseditse pula kgatelopele e e ntseng e gola ka iketlo mo go tsosoloseng ditlamo tsa puso mmogo le mo go tokafatseng tsamaiso ya ditlamo tseno jaaka di tla re tswela mosola mo letsholong la go tsosolosa diintaseteri tsa naga ya Aforika Borwa.
1.2.2 Mo ntlheng eno, go matshwanedi gape le go tlhalosa gore setlamo sa Denel se phasaladitse gore se kgonne go dira merokotso ya madi a le dimilione di le R390 mo ngwageng wa matlole wa 2023/24 mme madi ano ga a ise mo go ona go ntshiwe dinamane tsa dikoloto mmogo le lekgetho, mme gape le ditiragalo tsa tiriso e e botlhaswa ya matlole di fokotsegile ka diphesente di le 98. PRASA le yona e ntsha ga tshwene mo go busetseng sekeng diterene tsa banamedi mo mafelo a le 31 mo go a le 40 a setseng a boetse go dira semmuso, mme e bile gape le Leano la go Tsosolosa Kgwebo la Eskom le lona le tswelela go tlhagisa dipoelo tse di itumedisang, mo ditiragalo tsa kgapetsakgapetsa tsa motlakase o o tshabetseng ruri di setseng di na le matsatsi a feta a le 175 di emisitswe fa e sale ga jaana re le mo letsatsing la bo 18 Lwetse 2024.
2. Go Lwantshana le Botlhokotsebei le Bokhukhuntshwane
2.1 Operation Shanela
2.1.1 Kabinete e itumeletse kgatelopele e e diriwang ka letsholo la Operation Shanela mo go fieleng botlhokotsebe. Go tloga ka labo 2 go fitlha ka la bo 8 Lwetse2024 mapodi a tshwere babelaelwa ba le 13 691 ba ba latofadiwang ka melato e megolo e e jaaka ya polao, petelelo, go tshwarwa ba tshotse ditlhobolo tse di seng mo molaong mmogo le go kgothosa dikgwebo. Fa e sale letsholo leno le thankgololwa ka Motsheganong mo ngwageng yo o fetileng wa 2023, go setse go tshwerwe palo ya babelaelwa ba le 850 375 mmogo le go thopiwa ga ditlhobolo di le 824 le go thopiwa ga matlhatlhedi a ditlhobolo a le 17 282. Mo godimo ga ditiragalo tseno, go thopilwe gape le diritibatsi tse di ka dirang dimilione di le R13 kwa Boemelafofaneng jwa Difofane tsa go Tsaya Maeto a go ya kwa Dinageng tsa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo mo dikgweding di le pedi tse di fetileng, mme le megala ya koporo e e thopilweng kwa lefelong la dikgerekgere le le gaufi le Durban e boleng jwa yona bo ka dirang dimilione di le R20 mo go nnileng le mmelaelwa yo a tshwerweng.
2.1.2 Ka go dirisana ga ditlhopha tsa maphata a a farologaneng a go lwantshana le bosenyi, mapodisi a tshwanelwa ke go tsepamisa mogopolo mo go utuloleng ka mmidi ditiragalo tsa bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng tse di setseng di aname naga ka bophara. Mo dibekeng di le pedi tse di fetileng, go golegilwe batho ba le 14 mo diporofenseng tse di farologaneng ba ba amangwang le bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng.
2.2 Go busetsa seriti sa mapodisi
2.2.1. Ka ntlha ya go dirisana ga ditlhopha tsa maphata a a farologaneng a go lwantshana le bosenyi, mapodisi a tshwere babelaelwa ba le 14 kwa porofenseng ya Mpumalanga ba ba latofadiwang ka bogodu le bonweenwee jaaka ba ntsha makwalo a baithuti ba go kganna mmogo le makwalo a go kganna a a seng mo molaong, mme gape le mapodisi a mo ditseleng a le 11 le ona a tshwaretswe go tsaya pipamolomo mo bakganning ba dijanaga mo Tselafefong ya N1 kwa porofenseng ya Limpopo.
2.2.2 Mapodisi a le mararo a mo nakong eo a neng a se mo tirong mmogo le motho yo mongwe a le mongwe ba tshwerwe kwa Durban, kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mme ba latofadiwa ka go batla mong wa kgwebo pipamolomo ya madi a a kanaka R100 000 gore ba mo busetse dithoto tsa kgwebo ya gagwe tse ba di thopileng, mme go nnile gape le mapodisi a mangwe a le mane a le ona a ikisitseng kwa mapodising a SAPS go ipobola mabapi le ona molato ono.
2.2.3 Se sengwe gape ke gore, go nnile le balatofadiwa ba bangwe gape ba le robedi ba ba tshwerweng jaaka ba latofadiwa ka gore ba amega mo ditiragalong tsa bogodu le bonweenwee mo mererong ya thendara ya madi a a kanaka dimilione di le R850 mo masepaleng wa Teropo ya Motsekapa, kwa porofenseng ya Kapa Bophirima.
3. Lephata la Thuto
3.1 Kabinete e ikuetse mo baithuting botlhe ba ba finyeletseng go ka tsweletsa dithuto tsa bona kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto le katiso mmogo le bao ba tsenang sekolo mo ditheong tseno go dira boikuelo jwa go thusiwa ka matlole a dibasari le a dikadimo a Sekema sa Naga sa go Thusa Baithuti ba Ditheo tsa Thuto e Kgolwane ka Matlole a go ya Sekolong (NSFAS) fa dikopo di bulelwa. Dikopo tse di tlhatlhelwang ka inthanete go ya sekolong mo ngwageng wa dithuto wa 2025 di tla bulelwa ka la bo 20 Lwetse 2024.
Go dira dikopo, baithuti ba ba fisegelang go tsweletsa dithuto tsa bona mmogo le bao ba ntseng ba le mo sekolong go tsweletsa dithuto tsa bona mo ditheong tse kgolwane ba ka etela webesaete ya my.nsfas.org.za.
3.2 Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Thuto ya Motheo (BELA)
3.2.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa ga Moporesitente Ramaphosa, tsa go saena Molaotlhomo wa BELA gore e nne molao, mme eno ke kgato e e seng kana ka sepe mo go fetoleng le mo go tlhabololeng thulaganyo ya thuto ya motheo. Molao yono yo o botlhokwa thata o laolela Mekgatlho e e Laolang Tsamaiso ya Dikolo (di-SGB) go tsaya tsiya dipuo tse baagi ba di buang go dira bonnete jwa gore thuto e nna sebetsa se botlhe ba ka se dirisang.
3.2.2 Mo go matlafatseng dikolo tsa bomapimpana, Molao wa BELA o laolela gore Mophato wa R ke segapeletsa gore ngwana yo mongwe le yo mongwe fa a simolola sekolo a bo a fetile mo mophatong ono. O rwesa gape le batsadi maikarabelo a go dira bonnete jwa gore ba isa bana dikolong go dira mophato ono gonne go se dire jalo ke tlolo ya molao.
3.2.3 Kabinete e itumedisitswe gape le ke tshwetso ya ga Moporesitente Ramaphosa ya go letlelela gore go buisanwe ka dintlha di le pedi tse di ka ga dikgato tsa go amogela barutwana mo dikolong mmogo le tse di ka ga tiriso ya dipuo, jaaka seno e le karolo ya go dira gore re nne le setšhaba se se ipopileng seoposengwe.
4. Boitekanelo
4.1 Bolwetse jwa Mpox
4.1.1 Go thibela go anama ga bolwetse jwa Mpox, baagi botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa ba rotloediwa go se tseye melemo go bo thibela. Ba rotloediwa go tlhapa diatla gangwe le gape ka metsi a sesepa kgotsa ba tsikitletse diatla ka sebolayaditwatsi.
4.1.2 Le fa tota kgonagalo ya gore bolwetse jwa bo ka gasagana ka fa nageng e le kwa tlase thata, fela go oketsega ga palo ya batho ba ba nang le bolwetse jono ke selo se re tshwanetse go se disa jaaka palo e e totobaditsweng ya batho ba ba nang le bolwetse jono fa e sale bo runya ka Motsheganong 2024 ka fa nageng ya Aforika Borwa e le batho ba le 25.
4.2 Bolwetse jwa Dibokwana ka fa Mpeng – kwa Tikologong ya Mopani kwa Porofenseng ya Limpopo
4.2.1 Kabinete e tsibositswe ka Bolwetse jwa Dibokwana ka fa Mpeng jo bo runtseng kwa Masepaleng wa Tzaneen wa Tikologo ya Mopani kwa porofenseng ya Limpopo mo go fitlhetsweng gore bana ba sekolo ba le 150 ba na le bolwetse jono.
4.2.2 Puso ya Porofense ya Limpopo e ne ya tlhoma Setlhophatiro sa Porofense mme go setse go samaganwe le dikgato tsa go thibela metsi a a tshwaetsegileng a a nang le bolwetse jono, go tsamaisa tiro ya go samagana le go runya ga bolwetse jono mmogo le go tlhatlhoba boleng jwa metsi a a nwewang mo mafelong a a amegileng.
4.2.3 Bolwetse jwa Dibokwana ka fa Mpeng bo tlhodiwa ke metsi a a tshwaetsegileng. Kabinete e ikuela mo baaging go dira bonnete jwa gore ba se letlelele bana go thumela mo metsing a a ntseng jalo kgotsa go tshamekela mo go ona le go tshameka ka ona.
4.2.4 Batsadi ga ba tshwanela go senyetsa nako bana ba bona ba ba belaelang ba ka tswa ba wetswe ke leru leno mme ba ba sianisetse kwa mafelong a kokelo a a gaufi le mo ba nnang teng.
4.3 Go Runya ga Bolwetse jwa Diphologolo jwa Tlhako le Molomo kwa Tikologong ya Sarah Baartman, kwa Porofenseng ya Kapa Botlhaba
4.3.1 Kabinete e ikuetse mo baruing botlhe go se tlhole ba tsamaisa leruo la bona ka ntlha ya go runya ga bolwetse jwa diphologolo jwa tlhako le molomo mo masepaleng wa Kouga mmogo le wa Koukamma kwa Tikologong ya Sarah Baartman, kwa Porofenseng ya Kapa Botlhaba.
4.3.2 Go tsena le go tswa ga leruo mo mafelong a a amegileng ano go tla tswelelwa go bewa leitlho go ya ka Dikgato tsa go Tlhoma Mafelo a go Runtseng Malwetse mo go Ona Leitlho le le Ntšhotšho gore re kgone go thibela go anama ga bolwetse jono mo mafelong a a senang bona.
4.3.3 Kabinete e gopotsa maAforika Borwa gore fa ba tlhoka go tsaya kgotsa go isa leruo go tswa kwa lefelong le le rileng go ya kwa lo le le rileng ba tlhoka Phomete ya go Rwala Leruo e e diriwang kwa kantorong ya Ngaka ya Diphologolo e e leng kwa lefelong le phologolo e tsewang mo go lona.
5. Go Tsamaisiwa ga Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU)
5.1 Kabinete e neseditse pula tshwetso ya ga Moporesitente Ramaphosa ya go fedisa dikgogakgogano mo maphateng a puso mo mererong eo makoko a GNU a tsayang gore e botlhokwa thata mo go bona.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
(i) Go Phasaladiwa ga Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Dithulaganyo tse di tla Latelwang mo go phimoleng megala ya tshoganyetso ya 10177, 10111 le ya 107 gore baagi ba dire ditshwaelo.
(a) Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Dithulaganyo tse di tla Latelwang mo go phimoleng megala ya tshoganyetso ya 10177, 10111 le ya 107 gore baagi ba dire ditshwaelo.
(b) Kabinete e sekegela tsebe dikgato tse go samaganweng natso tsa go dira gore dinomoro tsa tshoganyetso tsa naga ya Aforika Borwa di sosobanngwe ka fa tlase ga nomoro e le nngwe fela e e khutshwanyana gore batho ba se tlhole ba sokodisiwa ke go gakologelwa mefuta e e farologaneng ya dinomoro tsa tshoganyetso.
(ii) Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga go Tlhabolola le go Tlhatlhosiwa ga Lephata la Bojanala ka fa Nageng ya Aforika Borwa
(a) Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga go Tlhabolola le go Tlhatlhosiwa ga Lephata la Bojanala ka fa Nageng ya Aforika Borwa gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga sona. Maitlhomo a pholisi eno ke go tlhatlosa seabe se bojanala bo nang le sona mo ikonoming ya ka fa nageng ya Aforika Borwa ka bophara ka go tlhatlosa palo ya batho ba ba jelang naga eno nala.
(b) Ka ngwaga wa 2023, Kabinete e ne ya nesetsa pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa sa Bofelo sa Tetlelelo ya Tiragatso ya go Ntshetsapele Bojanala ka fa Nageng ya Aforika Borwa gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga sona mme ditshwaelo tsa bona di ne tsa tsenyelediwa mo pholising eno. Sekwalwa sa Masupatsela seno jaanong e tla nna sona se se bontshang leano le le utlwanetsweng la go tsamaisa tiro ya le dikgato tse di tshwanetsweng go latelwa go tlhabolola le go tlhatlhosa lephata la bojanala la Aforika Borwa.
(c) Pholisi eno e tla tlhotlheletsa batho go itshimololela dikgwebo mo lephateng la bojanala le go dira bonnete jwa gore lephata leno le oketsa seabe sa lona mo go tlholeng ditiro. Ditshitshinyo mo pholising eno di samagana gape le go lepalepanya pholisi ya bojanala le pholisi ya puso ya ga jaanong, mmogo le go gagamatsa bopelokgale jwa lephata leno gore le kgone go mekamekana le mathata a lephata leno.
(iii) Pholisi ya Tlamelo ka Matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo (di-SMME) mmogo le Dikoporasi
(a) Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Pholisi ya Tlamelo ka Matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo mmogo le Dikoporasi. Maitlhomo a pholisi eno ke go fedisa dikgwetlho tse di thibelang tlamelo ka matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo mmogo le Dikoporasi. Dikgato tseno gape di tla dira gore go nne bonolo go fetola dikgwebo gore e se tlhole e nna dikgwebo tse di sa kwadisiwang semmuso mme di simolole go nna dikgwebo tse di kwadisitsweng semmuso mmogo le go dira gore di kgone go gola go tloga mo legatong la go nna dikgwebopotlana gore di nne dikgwebo tse dikgolwane.
(b) Pholisi eno e laela gore go nne le ditheo tse di tla tlamelang dikgwebo ka matlole tse di tla thusang bašwa, basadi le batho ba ba nang le bogolofadi. Pholisi eno ke karolo ya dikgato tse dingwe tsa go tla ka tditharabololo tsa go ema nokeng dikgwebopotlana, mme tsona di tsenyeletsa le dikgato tsa Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro ya go Golaganya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le lona le neseditsweng pula ke Kabinete ka ngwaga wa 2022.
(c) Puso e beile kwa setlhoeng dikgato tsa go ema nokeng Tlamelo ka Matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo mmogo le Dikoporasi gonna mefuta eno ya dikgwebo ke yona e e tlholang ditiro ka bontsi le go naya batho ba bantsi dithono gore ba kgone go iphedisa.
(d) Go tsenngweng tirisong ga pholisi eno go tla fedisa tshalelo morago e e leng teng mo mererong ya Tlamelo ka Matlole ya Dikgwebopotlana, tse di mo Magareng le tse Dikgolo mmogo le Dikoporasi mmogo le go kgontsha ikonomi go gola, e leng ntlha e e botlhokwa thata mo pusong e e busang.
(iv) Leano la Naga le le ka ga Bojanala jwa go ya Lefaufaung mmogo le go Tsenya Leano leo Tirisong Magareng ga Ngwaga wa 2023 go Fitlha ka wa 2033
(a) Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Leano la Naga le le ka ga Bojanala jwa go ya Lefaufaung mmogo le go Tsenya Leano leo Tirisong gore setšhaba se dire ditshwaelo.
(b) Maitlhomo a leano leno ke go dira gore naga ya Aforika Borwa e ithulaganye sentle gore e kgone go nna mmamoratwa lefatshe ka bophara fa go tla mo mererong ya leano la naga le le ka ga bojanala jwa go ya lefaufaung, mme seno se tla godisa kgolo ya ikonomi le go oketsa palo ya ditiro mo lephateng la bojanala. Naga ya Aforika Borwa ke yona naga ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika go ka nna le Leano la Naga le le ka ga Bojanala jwa go ya Lefaufau, mme seno se tla godisa maphata a a farologaneng a mefutafuta ya bojanala ka fa nageng.
(c) Leano leno le samagana le dintlha di le mmalwanyana, mme tsona ke go tlhoma mafaratlhatlha a setšhaba, go godisa Bojanala jwa go ya Lefaufaung, go tshwarisana tiro eno mmogo le ditheo tsa puso le tsa poraefete, go dira gore botlhe ba nne le seabe mo go direng gore bojanala bo atlege le mo go tliseng diphetogo.
(d) Naga ya Aforika Borwa e ipela ka mafelo a le mantsinyana a a itlhophileng a a dirang gore a tshwane a le esi mo Bojanaleng jwa go ya Lefaufaung. Tsona di tsenyeletsa go nna le lefaufau le le phepa le le iseng le kgotlhelwe fa o le lebile fa go le bosigo mmogo le maemo a bosa a a sa tshwenyeng.
(f) Lefapha la Bojanala le tla dirisana le Lefapha la Saense le Boitshimololedi go tla ka Leano la Naga la Bojanala jwa go ya Lefaufaung kwa meketeng ya Letsatsi la Bojanala kwa porofenseng ya Kapa Bokone ka la bo 27 Lwetse 2024, koo mafaratlhatlha a porojeke ya Diarei tsa Dikhilomitara tsa Disekwere a leng gone.
(v) Leano la go Fetola Tiro ya Dimsepala e e sa Kgotsofatseng
(a) Kabinete e amogetse Monnasetulo, ditokololo mmogo le melawana e e tshwanetsweng go latelwa ya Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e tla tsenyang tirsong matsholo a go samagana le fetola tiro e e sa kgotsofatseng e e diriwang ke dimasepala.
(b) Mitlhomomagolo a IMC ke go disa dikgato tsa go tsenya tirisong ditiragalo tsotlhe tse di farologaneng tse di tshwanetsweng go diriwa go rarabolola tiro e e sa kgotsofatseng ya dimasepala ka go tla ka ditharabololo tse di farologaneng mo makaleng a a rileng a a latelang
i. Go dira gore tsamaiso ya dimasepala e nne ya seporofešenale;
ii. Go dira gore batho ba rwesiwe maikarabelo, go disiwe maemo a tsamaiso mme go tseelwe dikgato batho ba ba sa direng tiro ka tshwanelo;
iii. Go dira gore go nne le merero ya tsamaiso ya puso e e lolameng, maemo a a edileng a tsamaiso ya sepolotiki le a tsamiso ya ditheo tsa dimasepala;
iv. Go dira gore go nne le tlhokomelo ya matlole mme le dipholo tsa boruni le tsona di tokafale;
v. Go abelana ka ditirelo le tlhokomelo ya mafaratlhatlha;
vi. Tlhabololo ya maemo a ikonomi mo dimasepaleng le go tlhabolola dikgato tsa go loga maano a mafelo a baagi ba tshwanetseng go nna mo go ona; mmogo
vii. Go dirisana le mmuso le mebuso e mengwe.
(c) IMC e tla samagana thata le ditharabololo tse di tla tswang thuso segolobogolo dimasepala tse di leng mo tlalelong.
(d) Kabinete e laetse gape gore mafapha a puso mmogo le ditheo tsa setšhaba ba tshwanetse go tswalela dikoloto tsa bona ka bonako tse ba di kolotang dimasepala mme Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le laetswe gore le dire bonnete jwa gore taelo eno e a latelwa.
(vi) Dikoloto tse di saletseng morago tsa dimasepala mo ditheong tsa metsi
(a) Kabinete e tsibositswe ka dikoloto tse di tswelelang go golela kwa pele tse di tlo feletsang di sa tlhole di kgona go laolega tse di di kolotang ditheo tsa metsi, mme dikoloto tseno jaanong di setse di dira gore tsamaiso ya Setheo se Segolo sa Metsi a Vaal e nne e e sa itumediseng jaaka se kolotiwa dibilione di le R9.9 fa Setheo sa Metsi sa Magalies sona fa Phukwi wa ngwaga wa 2024 a ne a ya bokhutlhong sone se ne se kolotiwa dimilione di le R930 mme go na le kgonagalo ya gore ditheo tseno di tla iphitlhela di feletswe ke madi a go dira tiro ya tsona.
(b) Dikoloto tse di kolotiwang ditheo tsa metsi di ka feletsa di dira gore ditheo tseno di se tlhole di kgona go tlamela setšhba metsi, mmogo le tsona ditšhaba tse di nnang mo dimasepaleng tse tsona di senang molato tse di ntseng di duelela dikoloto tsa tsona tsa metsi.
(d) Kabinete e neseditse puladikgato tsa gore go tlhomiwe IMC gore e kgone go samagana le diphetogo tse di tlhokagalang mo dimasepaleng. IMC e tla samagana gape le go rarabolola dituelelo tsa dikoloto tsa dimasepala gore di duelele ditheo tsa metsi, bogolosegolo ditheo tse di tlogang di phutlhama go ise go ye kae.
C. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Magosi a Merafe ya maKhoi le maSan wa Ngwaga wa 2024
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Pallamenteng Molaotlhomo wa Magosi a Merafe ya maKhoi le maSan wa Ngwaga wa 2024. Molaotlhomo ono o tsibogela katlholo e e ntshitsweng ke Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e ntshitseng taolo ya kgotlatshekelo e e rileng Molao wa Magosi a Merafe ya go tloga ka ya maKhoi go fitlha ka ya maSan wa Ngwaga wa 2019 (Molao wa bo 3 wa 2019) ga o mo molaong gonne Palamente ga e a o tsamaisa go latela dikgato tse di maleba tsa go laletsa baagi go ntsha maikutlo a bona ka molao oo.
1.2. Molaotlhomo ono o tla naya Palamente tšhono ya gore e gone go obamela katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Molao wa Magosi a Merafe ya go tloga ka ya maKhoi go fitlha ka ya maSan wa ngwaga wa 2019 o tsene mo legatong la Molao wa go Laola le go Tsamaisa Merero ya Magosi wa ngwaga wa 2003 (Molao wa bo 41 wa 2003).
D. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Dipoelo tsa Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya China le go Tsaya Karolo mo Foramong ya Tirisano ya Dinaga tsa Aforika le tsa China (FOCAC)
1.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka seo se diragetseng mo leetong la mo malobeng la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya China le go Tsaya Karolo mo Foramong ya Tirisano ya Dinaga tsa Aforika le tsa China e e neng e tshwaretswe kwa teropong ya Beijing, kwa nageng ya China go tloga ka la bo 2 go fitlha ka la bo 6 Lwetse 2024. Kabinete e nopotse dintlha tse di latelang ka naga ya Aforika Borwa:
1.1.1. Tumelano ya gore go fetolwe maemo a go gwebisana gore go gwebisanwe ka ditlhagisiwa tse di nang le boleng thata mo mererong ya tlhagisodikuno, segolobogolo mo ntlheng ya go dumelana gore go rekisanediwe ditlhagisiwa di le 100 tse di nang le boleng mo nageng ya Aforika Borwa tse di tla rekisediwang naga ya China.
1.1.2. Mo godimo ga seno, naga ya Aforika Borwa e kgonne go dira gore naga ya China e dirisane le yona mo maphateng a kgwebo a le mararo a a amanang le go fedisa go kuelela ga mesi e e kgotlhelang tikologo, go dira gore naga e itshetlege ka didirisiwa tsa thekenoloji mmogo le mo lephateng la dipalangwa le dijanaga tse di rwalang dithoto. Tirisanommogo eno e tla dira gore go nne bonolo go oketsa ngokelo ya dipeeletso mo dikgwebong tsa go betla dijanaga tse di tsamayang ka motlakase, go oketsa dikgwebo tse di dirang dibeteri, dikgwebo tse di dirang mafelo a polokelo ya motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, mmogo le mo go ageng mafelo a mangwe a Dizoune tse di Itlhophileng tsa Ikonomi mmogo le Mafelo a go Agiwang Diintaseteri mo go Ona.
1.1.3. Ditlamo tse Dikgolo tsa Dipeeletso kwa teropong ya Shenzhen mmogo le ya Beijing bobedi bo tlhalositse gore bo na le phisegelo ya go atolosa dipeeletso tsa bona kgotsa go tla ka dipeeletso tse dintšhwa ka fa nageng ya Aforika Borwa.
1.1.4. Dimemorantamo tsa Ditumelano (di-MoU) di saenilwe mo leetong leno mme maitlhomo a tsona ke go gagamatsa tirisano magareng ga naga ya China le ya Aforika Borwa.
1.1.5 Mo di-MoU tseno go akarediwa le MoU o o botlhokwa thata o o ka ga Bolwetse jwa Leruo jwa Tlhako le Molomo o o thibelang gore go rwalwa ga kgomo go thibelwe fela go isiwa kwa mafelong a a wetsweng ke bolwetse jwa tlhako le molomo e seng go thibelwa gore e se tlhole e tsena ka gotlhelele mo nageng eo. MoU ono o simolotse go tsenngwa tirisong ka nako ya Tsamaiso ya Puso ya Borataro.
2. Pegelo e e Mabapi le Kgatelopele e e Setseng e Dirilwe mo go Busetseng ka fa Nageng Masaledi a Balwelatokologo ba ba Tlhokafaletseng kwa Nageng ya Zambia le ya Zimbabwe
2.1. Kabinete e beilwe mo dinakong kagore dithulaganyo tsa go busetsa ka fa nageng masaledi a balwelatokologo ba naga ya Aforika Borwa ba ba tlhokafaletseng kwa nageng ya Zambia le ya Zimbabwedi di ntse di tsamaya kae. Mo masaleding ano a a tshwanetsweng go busediwa ka fa nageng ya Aforika Borwa go na gape le a molwelatokologo yo a totlegang thata e bong Moatefokate Duma Nokwe, Mama Florence Mophosho le Basil February.
2.2. Tiragalo eno ya go busetseng ka fa nageng masaledi a balwelatokologo go tswa kwa nageng ya Zambia le ya Zimbabwe ke karolo ya Porojeke ya Letsholo la Ngwaoboswa mo Ditiragalong tsa go Ema Kgatlhanong le Tlhaolele le tsa Kgaratlhelo ya Kgololesego (RLHR). RLHR ke porojeke naga e e ka ga go ikgopotsa ko re tswang mme maitlhomo a yona e go tlotla, go keteka, go ruta, go tsholetsa, go somarela le go paka tsela e telele e e neng e tletse diteko e maAforika Borwa ba fetileng mo go yona.
2.4. Mokete wa go Keteka go Busediweng Gae ga Masaledi a Bagale ba Rona o tla tshwarelwa kwa Boemelafofaneng jwa Sesole jwa Waterkloof ka la bo 27 Lwetse 2024 fa masaledi ano a tla bo a gorosiwa ka fa nageng ya rona ya Aforika Borwa.
3. Go Potlakisiwa ga Dikgato tsa go Tsenya Tirisong Pusetso ya Dinaga
3.1. Kabinete e amogetse le go sekaseka Pegelo ya se se Setseng se Dirilwe mo go Potlakiseng go Fetola Beng ba Lefatshe ka fa nageng. Letsholo la go Potlakisiwa ga Phetolo ya Beng ba Lefatshe ke go tsibogela ditshitshinyo tse di amogetsweng tsa Phanele ya go Eletsa Moporesitente e e ka ga Merero ya Kabosešwa ya Naga le ya Temothuo e e neileng Kabinete ka ngwaga wa 2019 Pegelo ya Ditshitshinyo tsa yona mo ntlheng eno.
3.2. Matsholo a a farologaneng a go fetola beng ba lefatshe le ona a tswelela go tsenngwa tirisong mme dipegelo tse di ka ga tswelopele e di a dirileng e na ya begelwa Kabinete ka ditsela tse di latelang:
i. Ka go dirisa dikarolo tsa Molao wa go Fetola Mafelo a a Rileng a Metsemagae wa ngwaga wa 1998, (Molao wa bo 94 wa 1998), palogotlhe ya diheketara di le 630 000 di buseditswe beng ba tsona;
ii. Puso e abelane ka masimo le meraka ya puso e e ka dirang bontsi jwa diheketara di le 659 602;
iii. E rile fa Mopitlwe wa 2024 o garela, ditopotuelo tsa mafatshe di le 83 205 di ne di setse di dueletswe;
iv. Diheketara di le dimilione di le 2 895 935 tsa mafatshe di setse di rekilwe ka madi a a kanaka dibilione di le R26.4.
v. Dituelelo tsa bao ba amogilweng mafatshe tse di setseng di duetswe di dira dibilione di le R26.
vi. Ke malapa a le dimilione di le 2 376 976 a a setseng a unngwetswe ke letsholo la pusetso ya mafatshe.
vii. Khomišene ya Pusetso ya Ditshwanelo tsa Mafatshe e ikaeletse go garela ditopotuelo tsa mafatshe di le 339 fa ngwaga wa matlole wa 2024/2025 o garela.
4. Leano la go Tswalela Nakwana Letamo la Metsi a a Tswang kwa Nageng ya Lesotho ka Maitlhomo a go le Baakanya
4.1. Kabinete e tsopoletswe ka dikgato tsa Leano la go Tswalela Nakwana Letamo la Metsi a a Tswang kwa Nageng ya Lesotho ka Maitlhomo a go le Baakanya go tloga ka la bo 1 Diphalane 2024 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2025.
4.2. Tiro eno ya go baakanya letamo leno e botlhokwa thata fa re batla go tswelela go nna le mafaratlhatlha a metsi mo sebakeng sa dingwaga di le 20 go ya go di le 30 tse di tlang mme fa re sa dire jalo re ka iphitlhela re se tlhole re na le metsi a a fepelang Noka ya Vaal, e e nayang setlamo sa Rand Water metsi a se a rekisetsang dimasepala tsotlhe tsa porofense ya Gauteng.
4.3. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le setse le dirile dipatlisiso ka botlalo gore go tla nna le dikgwetlho tsa mofuta mang fa tiro eno ya go baakanya letamo leno e tsweletse, mo go lekotsweng le matamo a le 14 a a fepiwang ka metsi ke letamo leno. Dipatlisiso di ribolotse gore go tla nna le dikgwetlho tse dinnye gonne bontsi jwa matamo ano metsi mo go ona a santse a tletse.
4.4. Kabinete e nopotse gore go na le matsapa a tlhaelo ya metsi mo dikarolong tse dingwe tsa dimasepala tsa Gauteng le Foreistata mme matsapa ano ga a amane ka gope le go tswalelwa ga letamo leno, mme e bile gape Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le eme nokeng dimasepala go buisana le batlamedi ba metsi ka ntlha eno ya go tswalelwa ga letamo leno.
4.5. Kabinete e nopotse gape le gore kwa Gauteng kgoreletso ya metsi e tlhodiwa gape le ke palo e e golelang ka bonako ya baagi, go se tlhokomele le go se tsosolose meago le dithoto, go se diragatse melao ya masepala mmogo le go diegisa kgato ya bobedi ya dikgato tsa Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho. Le fa go le jalo, go garelwa ga kgato ya bobedi ya dikgato tsa Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho e tla tswa porofense thuso fa go ka nna le thuso ka metsi a a tlhokagalang, fa go ka dirisiwa thekenoloji e ntšhwa ya go somarela metsi le go tlhokomela mafaratlhatlha a metsi ka tshwanelo.
4.6. Kabinete e nopotse gore Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tshwere dikopano di le dintsinyana tsa go ipaakanyetsa go tima metsi fa e sale ka Tlhakole 2022 mo go dirilweng dithulaganyo tsa gore porofense ya Foreistata e kgone go fepelwa metsi ke Noka ya Liebenbergsvlei go thibela gore tlamelo ya ditirelo e se phutlhame fa go ntse go samaganwe le go baakala letamo leno. Le fa go le jalo, go santse go na le dikgwetlho tsa go salela morago ga dimasepala mo go tlhabololeng mafaratlhatlha a tsona. Kabinete e nopotse gore Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tla tswelela go ela maemo tlhoko mme fa go tlhokagalang le tla tsenya seatla go ema nokeng dimasepala tseno.
5. Go Laola Metsi mo Porofenseng ya Gauteng
5.1. Kabinete e tsibositswe ka dikgato tsa go tsenya tirisong Kgato ya Ntlha ya go Laola Metsi mo Porofenseng ya Gauteng. Seno ke ka ntlha ya gore Rand Water e e dirise metsi a mantsi mo Nokeng ya Vaal.
5.2. Metsi a tswelela go tlhokagala ka bontsi mo porofenseng ya Gauteng ka ntlha ya palo e e golelang ka bonako le e e golang ka bontsi ya baagi ba porofense eno, palo e e oketsegang ya batho ba ba sa dueleleng metsi mo dimasepaleng tsa porofense, mmogo le batho ba ba itsenyetsang metsi go se mo molaong le ba ba itsenyetsang metsi a mokabelo, le go se tlhokomelwe ga mafaratlhatlha a metsi go go dirang gore go nne le dipeipi tse di dutlang tse di senyang metsi a mantsi a a ka dirang diphesente di le 33 mo dimasepaleng tsotlhe tsa Gauteng.
5.3. Ga jaana tiriso ya metsi a Rand Water e a rekisetsang dimasepala e kwa godimo thata mo e leng gaufi le go feta ya metsi a setlamo seno se kgonang go a tlhatswa le go abelana ka ona a a beilweng kwa matamong a polokelo ya metsi.
5.4. Go thibela gore dimasepala tsa Gauteng di se welwe ke leru, di tshwanetse go diragatsa dikgato tsa go fokotsa metsi a a dutlang mo dipeiping tsa bona mmogo le go gapeletsa gore baagi ba sonage metsi.
5.5. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe, Rand Water mmogo le dimasepala tsa porofense ya Gauteng ba dirisana le Setlhopha sa Metswedi ya Metsi sa 2020 sa Banka e e Thusang Dipuso tsa Dinaga mo Lefatsheng gore ba diragatse matsholo a magolo a go lemosa baagi ka seemo sa metsi, mme ba tla dirisana le mekgatlho ya baagi le baeteledipele ba dikgwebo.
E. Ba Ba Thapilweng
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
(a) Rre Captain Rufus Lekala o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Aforika Borwa sa Pabalesego ya kwa Mawatleng (SAMSA) sebaka sa dingwaga di le tlhano.
(b) Rre Luvuyo Xola Ntoyi o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Boto ya Kgaolo e Kgolo ya Metsi a Vaal sebaka sa dingwaga di le tlhano.
(c) Rre Gift Zowa o thapilwe go nna CEO wa Setheo sa Broadband Infraco sebaka sa dingwaga di le tlhano.
F. Ditiragalo tse di Tlang
1. Letsatsi la Ngwaoboswa
1.1. Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o tla ema setšhaba ka lefoko ka Letsatsi la Ngwaoboswa la semmuso la naga ya rona ka Labobedi wa la bo 24 Lwetse 2024 kwa Lebaleng la Metshameko la kwa Ficksburg kwa porofenseng ya Foreistata, le le tla ketekiwang ka molaetsamogolo yo o reng: “Re keteka matshelo a bagale ba rona ba banna le ba basadi ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba lwela kgololesego”.
1.2. Fa re keteka Letsatsi la Ngwaoboswa, re tlotla bagale ba rona ba banna le ba basadi ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba lwela kgololesego e re nang le yona ga jaana, segolo thata bagale bao ba neng ba gapeletsega go tshabela kwa dinageng tsa kwa ntle ka ntlha ya puso ya tlhaolele mme ba feletsa ba tlhokafaletse kwa dinageng disele.
1.3. Go tla tshwarwa Mokete wa go Busediwa Gae ka la bo 27 Lwetse 2024 fa Bagale ba le mmalwa masaledi a bona a tla bong a latiwa kwa Zambia le Zimbabwe le go busediwa ka fa nageng ya Aforika Borwa jaaka seno e le karolo ya Porojeke ya go Busetsa Gae Masaledi a Bagale ba ba Tlhokafaletseng kwa Dinageng tsa Botshabelo.
1.4 Jaaka e le karolo ya go keteka Kgwedi ya Ngwaboswa, puso e tla tshwara Metseletsele e e Farologaneng ya Metshameko ya Setso e e tla tshamekiwang go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 29 Lwetse 2024 kwa porofenseng ya Foreistata mo go tla bong go phadisanwa ka go tshameka metshameko ya setso, go opela mebino ya setso, go binela mebino ya setso, go apaya dijo tsa setso le go betla dibetlwa tsa setso.
2. Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba (PSM)
2.1. Jaaka re tswelela go keteka Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba, mo bekeng eno puso e tsepamisitse mogopolo wa yona mo ditirong tse di diriwang ke batlhankedi ba setšhaba se gorogelang mo diatleng tsa bona fa se batla thuso ba ba direlang setšhaba sa bona ka botswapelo le ka boipelo. Mo go yona beke eo re phasaladitse gape le tshedimosetso ka ditheo tsa naga tsa Thusong Service Centre tse di thusang setšhaba gore se kgone go fitlhelela tshedimosetso le ditirelo.
3. Beke ya go Lemosa Setšhaba ka Batho ba ba Nang le Bosusu
3.1. Naga ya Aforika Borwa e tla keteka le ditšhaba tsa boditšhabatšhaba beke la lefatshe ya go keteka setšhaba sa batho ba ba nang le bosusu go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 29 Lwetse 2024 ka molaetsamogolo yo o reng: “Ikwadise le Wena o Lwele Ditshwanelo tsa Batho ba ba Dirisang Puo ya Diatla”.
4. Samiti ya Brazil, Russia, India, China le Aforika Borwa (BRICS)
4.1. Mo go ipaakanyetseng Samiti e e tlang ya BRICS 2024 e e tla tshwarelwang kwa nageng ya Russia go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Diphalane 2024, naga ya Aforika Borwa e tla tsaya karolo mo dikopanong di le dintsinyana tsa go ipaakanyetsa kopano eno gore e kgone go latlhela tlhwarelogong mo dintlheng tse di botlhokwa mo lefatsheng le go dira gore mo mokgatlhong ono go samaganwe le dikgatlhegelo tse botlhe ba di fisegelang.
5. Khonferense ya Lefatshe e e ka ga go Busa Dithuto le Didirisiwa tsa Thekenoloji
5.1. Lefapha la Botsamaisi jwa Puso le Ditirelo tsa Puso, ka go dirisana mmogo le Sekolo sa Dithuto tsa Tsamaisopuso sa Yunibesiti ya Witwatersrand e tla re go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 4 Diphalane 2024 ga tshwarwa Khonferense ya Lefatshe ya bo 17 e e ka ga go Busa Dithuto le Didirisiwa tsa Thekenoloji (ICEGOV) ka molaetsamogolo yo o reng: “Botshepegi le Maitsholo a a Siameng a go Busa ke Seo re se Batlang mo Lefatsheng la Rona”.
G. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
• Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa mo metshamekong ya Diatleletiki ya Batshameki ba ba Nang le Bogolofadi jaaka ba dirile bontle thata kwa Metshamekong ya kwa Paris ka go fenya dimetale di le thataro.
• Simoné Kruger jaaka a fentse metale wa gauta mo motshamekong wa go konopa sekotlolwana sa discuss F38 mo metshamekong ya Diatleletiki ya Batshameki ba ba Nang le Bogolofadi.
• Mokganni wa digategate Nicolas Pieter du Preez jaaka a fentse metale wa poronse mo Metshamekong ya Mabelo a Digategate tse di Kganniwang Mokganni a Kaname mo Setulong wa Mabelo a Banna wa H1 mo metshamekong ya Diatleletiki ya Batshameki ba ba Nang le Bogolofadi e e neng e tshamekelwa kwa Paris.
• Donald Ramphadi mmogo le Lucas Sithole jaaka ba fentse dimetale tsa poronse mo motshamekong wa tenese o o tshamekiwang ke ditlhopha di le pedi tsa batshameki ba le babedi ba batho ba ba kgannang ditiloteti mo metshamekong ya Diatleletiki ya Batshameki ba ba Nang le Bogolofadi e e neng e tshamekelwa kwa Paris.
• Bagale ba Lefatshe ba Motshameko wa Rakabi e bong Setlhopha sa Naga ya Rona sa di-Springboks jaaka ba fentse kgatlhanong le Setlhopha sa Naga ya New Zealand mo Metshamekong ya Baganka ba Motshameko wa Rakabi. Setlhopha sa di-Springboks le ka motsi ono ga se ise se tle se fenngwe mo Metshamekong eno ya Baganka ba Motshameko wa Rakabi mme motshameko o o tla latelang se tla bo se tshameka le setlhopha sa naga ya Argentina.
• Seopedi sa naga ya Aforika Borwa Tyla jaaka a dirile dikgakgamatso go nna moAforika Borwa wa ntlha go ka fenya Dikabo tsa Dibidio le tsa Mmino tsa MTV
• Setlhopha se se Emetseng Naga ya Aforika Borwa mo Khonferenseng ya Lefatshe ya go Epolola Bokgoni ya Ngwaga wa 2024 e e neng e tshwaretswe kwa nageng ya France jaaka se bontshitse lefatshe gore setšhaba sa rona se phuthetse bokgoni le talente e kanakang.
• Kabinete e akgotse lefelo la Douglas Weir le le kwa porofenseng ya Kapa Bokone jaaka le neilwe tlotla ke Khomišene ya Lefatshe ya Merero e e ka ga go Nosetsa le go Monyolosa Metsi ya gore ke Lefelo la Ngwaoboswa mo Mererong e e ka ga go Nosetsa le go Monyolosa Metsi. Seno ke la ntlha se diragala gor mafelo a naga ya Aforika Borwa a neelwe kabo ya tlotla ya gore ke mafelo a a dirang bontle mo mererong e e ka ga go nosetsa le go monyolosa metsi. Lefelo leno le le nang le dingwaga di le 140 le ntse le tlhokometswe ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe mme ke karolo ya mafaratlhatlha a a botlhokwa thata mo Mokgatlhong wa Badirisi ba Metsi a Lefelo le le kwa Tlase la Orange Vaal, jaaka le tlamela ka metsi a go nosetsa bogolo jwa naga jo bo kanaka diheketara di le 8,1113 .
• Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa fa a akgola Motlotlegi Moporesitente Abdelmadjid Tebboune jaaka a tlhophilwe lekgetlho le lengwe gape go nna Moporesitente wa naga ya People’s Democratic Republic of Algeria. Kabinete e fisegela go simolola go dirisana le puso le baagi ba naga ya Algeria mo go godiseng le mo go gagamatseng tirisanommogo.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
• Rre Pravin Gordhan, yo a neng a tshwara ka dinaka ditiragalo tsa go goga puso ka nko, mme a lwela gore go se ikgatoloswe molao le tsamaiso e e lolameng ya ditheo tsa puso. Mo tirong ya gagwe o diretse setšhaba sebaka, o ne a okama dikantoro tse di farologaneng tsa botona mmogo le go nna mokomišenara wa Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS). Seabe se a nnileng le sona se tswetse ikonomi ya Aforika Borwa mosola, jaaka a ne a lwela gore diphiri di tswele mo pepeneneng, batho ba rwesiwe maikarabelo mmogo le go lwantshana le bonweenwee. E ne e le molwelakgololesego yo a neetseng botshelo jwa gagwe jotlhe gore naga ya rona e gololwe.
• Mme Regina Brookes, mme yo a lwantshitseng Molao wa Maitsholo a a sa Amogelesegeng wa Ngwaga wa 1950 jaaka a ne a phela a tshwenngwa ke mapodisi a puso ya tlhaolele gonne ka ntlha ya gore e ne e le mosadinyana wa lekgowa molao ono o ne o sa mo dumelele gore a nne le batho ba bantsho. Ka ngwaga wa 1955 o ne a dira kopo ya gore a fetolwe maemo a gagwe gore a tle a bediwa gore ke lekhalate mme a tle a kgone go nna mmogo le batho ba bantsho.
• Mokwadi yo a tlotlomadiwang, ramaboko yo gape e neng e le molwelatokologo, Rre James Matthews, yo gape e nnileng Moamogedi yo a Tlotlegang wa Kabo e e Tlotlegang ya Ikamanga. O amogetse kabo eno ka ngwaga wa 2004 ka tiro e ntle e a e dirileng ka go kwala dibuka tsa gagwe, tshusumetso e a nnileng le yona mo bobegakganyeng mmogo le boineelo jo a nnileng le jona mo go lweleng gore re nne le naga ya Aforika Borwa e e sa tlhaoleng batho go ya ka mmala.
• Seopedi se se itsegeng sa mmino wa Kwaito, Rre Sandile Ngwenya, yo a neng a tumile ka leina la Mapaputsi, yo a nnileng le seabe se segolo mo mminong wa kwaito.
• Badiragatsi mo metshamekong ya thelebišene e bong Darlington Michaels, Sello Motloung mmogo le Paul Lückhoff, ba ba godisitseng mananeo a boitapoloso a intaseteri ya difilimi tsa ka fa nageng.
• Rametlae yo a itsegeng, Rre Philani Mabanga, yo a neng a tumile thata ka leina la gagwe la metlae la ‘Mfundisi Ntshebe’, yo re neng re tlhola re kakaletse ka ditshego le go itapolosa ka mmino wa gagwe wa metlae.
Dipotsolotso:
Mme Nomonde Mnukwa
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485