Pegelo ya Lekgotla la Kabinete ya la bo 22 Phatwe 2016

Kabinete e tshwere kopano ya yona ya Lekgotla go simolola ka la bo 16 go fitlha ka la bo 19 Phatwe 2016 kwa Sefako Makgatho Presidential Guesthouse mo Pretoria.

Lekgotla la Kabinete le tshwaile kgato ya lobaka lwa halofo fa esale kantoro eno ya Botsamaisi jwa Puso ya Botlhano e le mo tsamaisong.

Lekgotla la Kabinete le akgotse maAforika Borwa mo go tshwareng ditlhopho tse di renang kagiso.

Kopano ya Lekgotla e tsere karolo go latela dikgato tse di ka ga ikonomi tse di tsweletseng tse di tlhagisitsweng ke mabaka a a farologaneng a a ka fa gare ga naga le a a kwa ntle ga naga, mmogo le a a ka ga matshosetsi a a tsweletseng a boipuso jwa rona mo maemong a dikoloto.

Lekgotla le neile Kabinete tšhono ya go ipatla e ipatlisise jaaka setlhopha mo go tsenyeng tirisong lenaanetiro la Puso le go tlamela ka dithuto tse di botlhokwa tebang le tsenngotirisong e e botlhokwa ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP), leo le netefaletsang Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) 2014-2019.

Ditshweetso tse di totobetseng di tserwe tebang le go isa kwa godimo maano a a tlhamaletseng ao a tla tsenngwang tirisong jaaka MTSF 2014-2019 mmogo le Leano la Dintlharobongwe. Maano ano a tlhoka maphata otlhe, a a akaretsang puso, mekgatlho ya baagi, ya dikgwebo le ya badiri, go duba thankga mme ba dire mmogo go netefatsa gore mmogo re tsweletsa pele Aforika Borwa mo tlhabololong ya loago lwa leruri mmogo le mo maemong a kgolo ya ikonomi.

Maano a dikonokono a setse a rebotswe go tsenyeletsa tsenngotirisong mo dingwageng di le tlhano tse di tlang, e leng seo se kgontshang puso go lepalepanya Letlhomeso la yona la Ditshenyegelo tsa Pakagare (MTEF) le ditsenngotirisong tsa  Leano la Dintlharobongwe.

Lekgotla la Kabinete le tsepamisitse mogopolo mo dikarolong di le thataro tse di botlhokwa:

1. Sa ntlha, go buisanetswe ditshekatsheko tsa ikonomikgolo ya lefatshe le ya fa gae mmogo le ditshitshinyo tsa tshobokanyo ya ikonomi le matlole mo ngwageng yo o tlang le e mengwe e e tlang. Seno se kgontshitse Kabinete go samagana le kgolo ya yone ya ikonomi mmogo le ditshwetso tsa yone tsa matlole mo maemong a ikonomi ya lefatshe ka bophara.

1.1. Go santse go solofetswe fa ikonomi ya lefatshe e tla itharabologelwa, fela e seng go le kalo jaaka go ne go lebeletswe, ka ntlha ya fa go ikgogela morago ga Britain go nnile le kgato eo e sa jeseng diwelang mo kgolong ya ikonomi ya lefatshe. Naga ya Sub-Saharan Africa e santse e tlhatlhoba mabaka a go gwetlha maemo a ikonomikgolo jaaka diikonomi tsa yone tse dikgolo di itharabologelwa mo thulaganyong ya dithoto tse di kwa tlase.
1.2. Matshosetsi a mangwe a akaretsa matshosetsi a a leng teng mo ditsamaisong tsa dibanka tsa Yuropa; tshomarelo ya matlole mo mebarakeng e e golang; matshosetsi a dipolotiki tsa tikologo eo, matshosetsi a maemo a bosa mmogo le a boitekanelo.
1.3. MTEF e somarela dipoelo tsa loago mo tikologong ya ikonomi e e bokoa. Puso e santse e eme sejaro go fitlhelela dipeelo tsa yone tsa matlole a pakagare mme e bile e tla tsaya dikgato tse dingwe gape go fitlhelela seno go sa kgathalesege gore go tlhokagala eng.
1.4. Maikano a kamoso a puso a tla ikaega ka dintšhwafatso tse di ikaegileng ka puso e e mosola, mmogo le mo go nneng le seabe ga makala a poraefete.

2. Sa bobedi, Lekgotla la Kabinete le buisane gape le ka go tsenyatirisong Leano la Dintlharobongwe go godisa ikonomi ya Aforika Borwa leo le sa bolong go begwa ke Moporesitente Jacob Zuma mo Puong ya gagwe ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Tlhakole 2015.

2.1. Tsepamisomogopolo e ne e lotane manaane le diporojeke tse di botlhokwa go tsenyeletsa tsenngotirisong ya Leano la Dintlharobongwe mo pakeng e e tlang ya matlole. Seno se dirile gore go tsenngwe tirisong diporojeke tse di botlhokwa tsa maemo a a kwa godimo mo pakeng e e tlang ya matlole le go ya go ile e leng seo mailthomo a sone e leng go nna le seabe se segologadi sa botlhokwa mo ikonoming ka go akolola dikgoro tse di botlhokwa.
2.2. Kabinete e tsere tshweetso e e nang le togamaano go seketsa tsenngotirisong e e  gagametseng ya Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP) go akaretsa:

  • Gore Lefapha la Dikgwebo tsa Puso le ba Matlotlo a Naga ba tla sobokanya ditheko tsa diterene go nna mo setheong se le sengwe (sa Transnet) go netefatsa fa go nna le tolamo le kobamelomelao mo ditlhokweng tsa lefelo leno.
  • Go konosetsa ditshekatsheko tsa merokotso ya matlole mo dikgwebong go thatafatsa maemo a ditlhokwa gore go fitlhelelwe boleng jo bogolo ka madi go thuthusa kgolo e nngwe e e akaretsang botlhe.
  • Mokgwa wa dipalopalo tsa ditheko o o tlhamilweng ke ba Bankakgolo ya Aforika Borwa, ba Matlotlo a Naga, ba Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) le Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA) ba tla nopola le go kgwathisa mekgwa e e sa dumelelwang ya tsamaiso ya matlole.
  • Go tsenya tirisong diphetogo tsa melao go kgontsha go tsenya tirisong 30% e e beetsweng thoko (Molaotlhomo wa Ditheko o montšhwa o o tlhagisitsweng ke ba Matlotlo a Naga) ka Mopitlwe 2017 le go bulela bokgoni jwa Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Dikgolo (di-SMME), dikoporasi mmogo le dikgwebokgolo tsa kwa makeišeneng le kwa metseselegaeng.
  • Go tsenya tirisong Melawanataolo ya Dikgatlhegelo tsa Ditheko kwa bokhutlhong jwa Phatwe 2016 e le kgato ya nakwana go samagana le ditsereganyo tseno tsa phetakapejana.

2.3. Puso e tla tswelela go tsepamisa mogopolo mo makaleng a a ikaegileng ka badiredi, go akaretsa tlhokagalo ya mekgwa e e farologaneng ya go tshegetsa kgato e kgolo ya go tlhola ditiro, e e jaaka go dirisa manaane a rona a merokotso, gareng ga e mengwe: kemabentlele a a botlhokwa a diaparo, masela, letlalo mmogo le ditlhako; tlhagiso ya dijo mmogo le ditirelo tsa dithulaganyo tsa dikgwebo.
2.4. Ditsereganyo tse di atlegileng tsa Ikonomi ya kwa Mawatleng di tla atolosa diporojeke go atolosa bojanala jwa kwa losing lwa lewatle le kwa mawatleng mo go tlhagiseng ditiro tse dintsi.
2.5. Go rarabolola dikgwetlho tsa motlakase mo nageng, Lefapha la Eneji le tla konosetsa Leano la Metswako ya Motlakase mmogo le Leano la Metswako ya Didirisiwa tsa Motlakase kwa bokhutlhong jwa 2016 go tlhagisa netefaletso mo ditlhwatlhweng tsa motlakase le mo dipeeletsong tsa motlakase wa jenereitara.
2.6. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng ka ga Dipeeletso, eo modulasetilo wa yona e leng Moporesitente Jacob Zuma e tla tsamaisa diporojeke tse di botlhokwa di le 40 go ralala puso. Diporojeke tseno di le 40 di akaretsa tlhagiso ya dijo le diphaka tsa temothuo, motlakase le mafaratlhatlha, tlhagisodikuno le diporojeke tsa ditirelo. Diporojeke tseno di tlhophilwe go ya ka seabe se segolo seo di nang le sone mo ikonoming seo se lepalepantsweng le Leano la Dintlharobongwe; kgonagalo ya gore go simololwe mo dingwageng di le pedi tse di tlang; le go kgontsha go ngokela dipeeletso tse dingwe mmogo le dipoelo tsa baagi.
2.7. Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) le tla konosetsa togamaano e e mabapi le tlhagiso ya dithekenoloji tse di tlhagisitsweng fa gae kwa bokhutlhong jwa 2016. Mo godimo ga seo, Lefapha la Saense le Thekenoloji mmogo le ba Matlotlo a Naga ba tla kgoboketsa matlole a mangwe go tlamela le go godisa Letloletlamelo la Lekala la Boitshimololedi ka go dirisa Paki ya Ditshegetso tsa Dikgaisano tsa Ikonomi.
2.8. Kwa setlhoeng go tswelela go nna tshomarelo ya metsi le phokotso ya tatlhegelo ya metsi. Ka Lwetse 2016, ditumelano di tla konosediwa le dimasepala tse di nang le tatlhegelo e ntsi ya metsi, go tsamaisa dithomelo tsa badiredi, mme thulaganyo e e lolameng ya tlamelo ka matlole e tla konosediwa.
2.9. Mo go potlakiseng tsenngotirisong ya Togamaano ya Kgolaganyo ya Aforika Borwa go golaganya dikolo, maokelo le dikantoro tsa puso, Pholisi ya Thekenoloji ya  Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT) e tla konosediwa le go atlenegisiwa. Lefelo la Tharabololo ya Matsapa a Porotebente le tla tlhongwelwa go potlakisa tsenngotirisong.

3. Sa boraro, Komitikgolo ya Botsamais (MANCO) jwa Khomišene ya Moporesitente ya Bogokaganyi jwa Mafaratlhatlha (PICC) e tlhagiseditse Lekgotla pegelo ya maemo a  a kwa godimo ka ga go tsenya tirisong lenaane la tlhabololo ya mafaratlhatlha a bosetšhaba mmogo le maano a a tsepameng a tsenngotirisong ya mafaratlhatlha mo dingwageng tse di tlang di le tlhano le go feta. Tiro ya PICC e lepalepanngwe le ya Leano la Dintlharobongwe.

4. Sa bone, pegelo e e sebokantsweng e e ka ga kgatelopele tebang le tsenngotirisong ya MTSF 2014-2019 e ne ya tlhagisiwa, mme yona e ne e tobane thata le ditshekatsheko tsa dintlha tse di botlhokwa tsa MTSF 2014-2019 gore go tokafadiwa tsenngotirisong mo ngwageng yo o tlang wa matlole.
4.1. Le fa go dumelwa gore tiro e dirilwe go fitlhela ga jaana mo Leanong la Dintlharobongwe, go ne ga dumelwa gape le gore tsenngotirisong e e potlakileng e a tlhokagala go godisa kgolo ya ikonomi.
4.2. Leanotiro le tla tlhongwa le go tsenngwa tirisong go netefatsa fa go nna le ditshenyegolo tse dikgolo tsa matlole mo dipaakanyong tsa mafaratlhatlha a masepala mmogo le go netefatsa fa go nna le tolamo e e maleba ya botsamaisi jwa matlole go netefatsa fa dithoto tsa rona tsa mafaratlhatlha di nna lobaka lo lo leele.
4.3. Kabinete e sweditse ka go simolola thulaganyo ya bosetšhaba go lebana le dipuisano tsa Tumelano ya Loago magareng ga lephata la badiri, kgwebo le la puso go thuthusa kgolo ya ikonomi le go samagana le tatlhegelo ya ditiro.

5. Sa botlhano, tolamiso e e tsamaisanang le MTEF go bapisana le Leano la Dintlharobongwe, Matlotlo a Naga mmogo le Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro ba tlhagisitse ditshtshinyo tsa bone ka ga tiro e ba e dirileng mo ngwageng yo o fetileng go lepalepanya tekanyetsokabo ya naga le NDP mmogo le MTSF 2014-2019.

5.1. Puso e nopotse mmetela wa ditlapele tseo tekanyetsokabo e tla diragadiwang mo go tsone mo pakeng ya 2017/18 e leng seo se tsepamisang mogopolo mo go tlhokomeleng ditshenyegelo tseo di dirisediwang mo mafaratlhatlheng, go matlafatsa tshegetso tebang le tlhabololo ya bokgoni mmogo le go somarela maemo a nnete mo ditshenyegelong tseo di lebisiwang kwa bahumaneging.
5.2. Tiro e e tlhomameng le go nopola mekgwa e e lolameng le eo e seketsang mo pakeng e e setseng ya MTEF e tla tswelela.

6. Sa borataro, Lekgotla gape le buisane le ka kgatelopele e e dirilweng mmogo le kgato e e latelang mo go tsosoloseng ditlamo tsa puso (di-SOC) fa e sale go tloga ka Lekgotla la Kabinete le le neng le tshwerwe ka Tlhakole 2015. Seno se tsamaisana le karolo e e botlhokwa e e tshamekiwang ke di-SOC mophetolothefosanong e e potlakileng ya ikonomi ya loago e e tlhalositsweng mo lenaaneng le Botsamaisi jwa Puso ya Botlhano.

6.1. Go tsenngwa tirisong ga lenaane la tlhomamo go gatetse pele ka dikgato tse di faroganeng. Go matlafatsa boeteledipele go diragatsa togamaano ya go diphetogo e tswelela go nna se se kwa setlhoeng.
6.2. Eskom e setse e tlhomamisitswe ka ditiragatso tsa yona ka bobedi tse di tokafaditsweng tsa tsamaiso le tsa matlole.
6.3. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e tla tswelela go tlhokomela ditsereganyo tse di maleba tsa di-SOC di le 13.
6.4. Lekgotla le beile kwa setlhoeng thulaganyo ya go konosetsa Mokgwatiriso wa Beng ba Dišere, eo e tla eletsang ntšhwafatso ya letlhomeso la molao tebang le di-SOC ka Ngwanaitseele 2016.
6.5. Tiro gape e tla simolola mo go tlhameng Lekgotla la Dikgokaganyo tsa Moporesitente la di-SOC leo le tla neelang Moporesitente Zuma dikeletso mo go tseyeng ditshweetso tsa togamaano mmogo le ditsereganyo go tlhama di-SOC tseo di tshamekang karolo ya phetolothefosano mo pusong e e tlhabologang e e nang le bokgoni.

Ditshweetso le maano go tswa kwa Kabineteng ya Lekgotla di tla gagamatsa tsenngotirisong ya lenaanetiro la puso le go nna motlotlo gore Aforika Borwa e mo mmileng wa kgolo ya ikonomi le tlhabololo ya loago ya leruri.

7. Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng

7.1 Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke go tlhokafala ga Tona ya mo malobeng ya Lefapha la Metshameko le Boitapoloso la Aforika Borwa Moruti Arnold Makhenkesi Stofile.Jaaka Mogale wa dipolotiki, o nnile le seabe mo maphateng a puso, mo makaleng a a farologaneng a diporofense, bosetšhaba le a bodittšhabašhaba.

7.2 Moporesitente Jacob Zuma o tsibositse gore Moruti Stofile o tla bolokwa Phitlho ya Semmuso e e Itlhophileng go latela Kgaolo ya bo 2 ya Pholisi ya Dintsho tsa Semmuso tsa Badiredipuso le ba Diporofense.

Jaaka re lebisa matshediso kwa moeteledipeleng ono wa naga ya rona, mokete wa semmuso wa segopotso sa Moruti Stofile o tshwerwe gompieno ka ura ya bo 11 mo mosong kwa Abbotsford Christian Centre kwa East London. Moporesitente Zuma o laetse gore folaga ya naga e fofisetswe kwa tlase mo mafelong otlhe a nang le difolaga tsa naga mo nageng ya Rephaboliki ya Aforika Borwa ka letsatsi la phitlho

7.3 Moswi Moruti Stofile o tla bolokwa kwa tirelong ya dintsho e e tla tshwarelwang kwa Yunibesiti ya Fort Hare moo e neng e le Mookami teng, ka Labone wa la bo 25 Phatwe 2016 kwa Alice, mo Porofenseng ya Kapa Botlhaba. Moporesitente Zuma o tla neelana ka thero ya botshelo jwa Moswi Moruti Stofile kwa phitlhong.

Re lebisa matshediso a rona kwa lelapeng le ditsaleng tsa gagwe mo matlhokong ano.

Robala ka kagiso rre Stofile.

Dipotsiso:
Donald Liphoko
Dintlhakgokagano: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore