Puo ka Moporesidente Cyril Ramaphosa Malebana le Ditiragalo tsa Tirisodikgoka le Tshenyo ya Dithoto

MaAforika Borwa a gaetsho,

Ke bua le lona phirimane eno ka pelo e e elelang kgodu e khibidu.

Mo matsatsing le masigong a le mmalwa a a fetileng, go nnile le ditiragalo tsa tirisodikgoka ya mo phatlalatseng ya mofuta o o iseng o bonwe fa e sale temokerasi ya rona e simolola.

Go thubilwe le go senngwa dithoto. 

Mabenkele a utsweditswe.

Baagi ba ba obamelang molao ba tshoseditswe.

Badiri ba tshogile gore ba ka nna ba palelwa ke go boela tirong.

Batho ba tlhokafetse. 

Mo nakong eno, go na le malapa a le mmalwa mo nageng ya rona a a mo kutlobotlhokong.

Ke bua ka malapa a gaabo Nkosikhona Chiza, Ndumiso Shezi, Khaya Mkhize, Zethembe Ndwandwe, Lindani Bhengu le Lindokuhle Gumede kwa Gauteng.

Ke bua ka malapa a gaabo Bhekani Ndlovu, Themba Mthembu, Aphiwe Gama le Cebo Dlamini kwa KwaZulu-Natal.

Le fa re itse gore tirisodikgoka eno le tshenyo ya dithoto di tlisa pusetsomorago e e seng kanaka sepe mo ditseleng tseo batho ba iphedisang ka tsona le mo dikgwebong, go tlhokafala ga batho gone ke poelomorago e e digaisang tsotlhe.

Re le setšhaba, re baya malapa ano mo dithapelong.

MaAforika Borwa a le mantsi mo motsotsong ono a bala ditshenyegelo mo ditseleng tseo ba iphedisang ka tsona le mo dithotong tsa bona, mo mabenkeleng le mo dikgwebong tsa bona, mo pabalesegong le mo tshireletsegong ya bona.

MaAforika Borwa a mangwe a le mantsi a a etsaetsega e bile a tshogile.

Dikarolo di le dintsi tsa naga di mo matlhomoleng a matsatsi le masigo a le mmalwa a tirisodikgoka ya mo phatlalatseng, tshenyo ya dithoto le go utswa ga mofuta o o iseng o bonwe fa e sale temokerasi ya rona e simolola.

Go simolotswe ka go fisiwa ga dilori kwa Mooi River kwa KwaZulu-Natal mo Lamatlhatsong o o fetileng mme ga latelwa ke go tswalwa ga ditsela mo dikarolong tse di kwa bokone jwa porofense le go utswa mo mabenkeleng kwa Ethekwini le Pietermaritzburg. 

Mo matsatsing a mabedi a a fetileng, Gauteng e itemogetse go tswalwa ga ditsela, go utswa, tshenyo ya dithoto le go fisiwa ga dilori.

Ka ntlha ya tiro ya ditheo tsa rona tse di disang kobamelo ya molao go tshwerwe babelaelwa ba le 166 kwa KwaZulu-Natal mme babelaelwa ba le 323 ba tshwerwe kwa Gauteng malebana le ditiragalo tseno.

Le fa go ntse go le jalo, tirisodikgoka e ntse e tsweletse mo mafelong a le mantsi.

Bangwe ba tsere dikgato tseno jaaka ditshupetso tsa sepolotiki.

Ee nnete ke gore tirisodikgoka eno e ka tswa e fetlhilwe ke dikgoeletso le ditiragalo tsa sepolotiki, mo bangwe ba bontshang tšhakgalo ya bona le go tenega.

Kwa tshimologong ya dikhuduego tseno, go ka ne go ne go le bangwe ba ba neng ba batla go feretlha tirisodikgoka le tlhakatlhakano go ya ka semorafe. Re a itse gore bontsi jwa batho ba rona ba ganne go tlhotlhelediwa ka tsela eno.

Mme jaanong se re se itemogelang ga jaana ke ditiragalo tse di tswileng mo tseleng tsa bosenyi, moo digongwana tsa magodu di tlhotlheletsang tlhakatlhakano e le go baya phori matlhong fela go fitlha bogodu le tshenyo e ba e dirang.

Ga go sepe se se ka emelelang tirisodikgoka le tshenyo tse re di boneng mo dikarolong tsa KwaZulu-Natal le Gauteng, le fa e le dingongorego dipe kana maitlhomo ape fela a sepolotiki.

Molaotheo wa naga ya rona o ema nokeng tshwanelo ya gore mongwe le mongwe a ka dira ditshupetso, ba ka bula mekgatlho le go ntsha se se mo mafatlheng a bona le go tsenela mokgatlho mongwe le mongwe wa mmamoratwa wa bona.

O naya mongwe le mongwe tshwanelo ya go babalesega ka go lekalekana go ya ka molao, mme o rwesa mongwe le mongwe maikarabelo a go tlotla le go tlotlomatsa ditshwanelo tsa batho ba bangwe.

Molaotheo wa rona ke seikokotlelo sa molao mo nageng ya rona.

Ke ona molao ono yo o disang gore batho ba se dirise botlhaswa maatla a ba a rwesitsweng, o sireletsa bahumanegi le ba ba ba ba sa kgoneng go ka itshireletsa, mme e bile o dira gore setšhaba sa rona se tshele sentle le gore ikonomi ya rona e gole.

Batswasetlhabelo ba ditiragalo tseno tsa dikgoka – badiri, bakganni ba diteroko, beng ba dikgwebo, batsadi le ba malapa a bao ba latlhegetsweng ke matshelo – ga go phoso epe e ba e dirileng.

Le fa tseno ditiragalo tseno tsa bogodu di bakwa ke tshokolo le lehuma, bahumanegi le batlhoki ke bona ba ba sotlegang go gaisa fa go na le tlhakatlhakano eno. 

Go utsweditswe mabenkele mme dikago di sentswe. 

Seno se raya gore balwetse ba palelwa ke go reka melemo kwa dikhemeseng, dijo ga di fitlhe kwa mabenkeleng mme e bile gape le baoki ba palelwa ke go ya ditirong. 

Letsholo la naga ya rona la go tlhabela meento le kgoreletsegile tota fela ka nako e le neng le simolola go itlhaganela. Seno se tlile go nna le ditlamorago tse di nnang sebaka tota mo bokgoning jwa rona jwa go busetsa tswelelopele nngwe e re neng re setse re e itemogela mo tsosolosong ya ikonomi ya rona.

Ditiragalo tseno di tla dira gore batho bangwe ba latlhegelwe ke matshelo ka ntlha ya fa di kgoreletsa tlamelo ya dijo, boitekanelo le tlhagiso ya dikuno.

Se tirisodikgoka, go thopa dithoto tsa mabentlele ka dikgoka le botlhokotsebe se di jalang ke tirisodikgoka e nngwe e e gagametseng le tlhakatlhakano. 

Seno se dira gore khumanego e tswe mo taolong, batho ba le bantsi ba felelwe ke ditiro mme le batho ba bangwe gape ba le bantsi ba ba senang molato ba latlhegelwe ke matshelo a bona.

Seno ga se se re leng sona jaaka batho.

Gangwe le gape, re itlhophetse tsela e e farologaneng, tsela ya kagiso le temokerasi.

Re itlhophetse go buisana le go dira ditshupetso go na le tirisodikgoka le tlhakatlhakano.

Mongwe le mongwe wa rona, go sa kgathalesege maemo gongwe seemo sa rona, o na le kgatlhego ya go tsweletsa le go diragatsa molao.

Ka jalo go botlhokwa thata gore re busetse tshisibalo le tsepamo mo dikarolong tsotlhe tsa naga ntle le tshenyo ya nako.

Go botlhokwa gore re thibele dintsho tse dingwe gongwe dikgobalo.

Go botlhokwa gore re sireletse dithoto le go boloka mafaratlhatlha a rona a loago le a ikonomi.

Ka jalo, re tla dirisa motswedi mongwe le mongwe yo re nang le ona le bokgoni bongwe le bongwe jo re nang le jona go busetsa maemo sekeng.

Mo maemong a me jaaka Molaodimogolo wa Masole a Aforika Borwa, gompieno ke rometse masole go ema nokeng tiro e Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e samaganeng le yona.

Popegotheo ya Bosetšhaba ya Tiro le Matlhale e e Kopanetsweng – e e itsegeng jaaka NatJOINTS – e okeditse batlhankedi ba ba disang kobamelomolao mo dikarolong tsotlhe tse di amegileng kwa KwaZulu-Natal le kwa Gauteng.

Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa e emisitse matsatsi a boikhutso a batlhankedi ba yona gore ba boele tirong gore palo ya mapodisi e okediwe go samagana le tiro eno.

NatJOINTS e enngwe nokeng ke Komiti ya Kgolagano ya Matlhale, e e nang le lephata la Matlhale a Bosenyi la SAPS, lephata la Matlhale a Sesole le la Tshireletso ya Mmuso.

Mo godimo ga dikgato tsa go gasaganya mapodisi gotlhe mmogo le tsa matlhale mo mafelong a a nang le ditiragalo tseno tsa bosenyi, re tla samagana le go potlakisa tiro ya go tšhotšhisiwa ga babelaelwa bao ba latofadiwang ka gore ba nnile le seatla mo ditiragalong tseno tse di nang le tirisodikgoka.

Lekgotla la Bosetšhaba la Tshireletso, le ke leng modulasetilo wa lona jaaka ke le Molaodimogolo wa Masole, le tla kopana gabedi ka letsatsi go gokaganya dikgato tseno tsotlhe go busetsa maemo sekeng. 

Nte ke tlhamalaleng: re tla tsaya dikgato go sireletsa motho mongwe le mongwe mo nageng eno kgatlhanong le matshosetsi ape a tirisodikgoka, go tshosediwa, bogodu le tsa go thopa dithoto tsa mabentlele ka dikgoka.

Ga re kitla re tshaba go tshwara le go tšhotšhisa bao ba nnileng le letsogo mo ditiragalong tseno mme re tla netefatsa gore ba di gama ba sa di tlhapela.

Re tla tla busetsa maemo sekeng le go dira gore batho ba digele matshwafo gore re kgone re simolole go tsosolosa naga ya rona le go dira gore batho ba le bantsi matshelo a bona a nne botoka.

Tsamao ya nako ga e ise e re lebatse matsatsi a mo malobeng a khutsafalo a re santseng re a gopola moo batho ba ba nang le megopolo e e maswe ba neng ba tlhotlheletsa tirisodikgoka mo baaging ba rona go leka go dira gore ba melanele dinaka. Re sa ntse re gopola ditiragalo tseno le gompieno.

Fela re gakologelwa gape gore fa re ne re ipaakanyetsa diphetogo tsa temokerasi – re ne ra kopana jaaka setšhaba go fedisa tirisodikgoka e e neng e aname mo baaging ba le bantsi.

Jaaka re lebagana le kgwetlho eno, re tshwanetse go gakologelwa ka moo – ka nako nngwe mo hisetoring ya rona, fa re ne re ipaakanyetsa diphetogo tsa temokerasi – re kopaneng jaaka setšhaba go fedisa tirisodikgoka e e neng e aname mo baaging ba le bantsi.

Re kopane – re le baeteledipele ba sedumedi, baeteledipele ba setso, mekgatlho ya badiri, dikgwebo, mekgatlho ya baagi, mekgatlho ya sepolotiki, mekgatlho eo e seng ya puso le e mengwe – go lere kagiso mo setšhabeng sa rona.

Jaanong re tlhoka go kopana gape, gore mongwe le mongwe wa rona a nne le seabe mo go busetseng maemo sekeng mo mafelong a a amilweng ke tirisodikgoka; gore mongwe le mongwe wa rona a eme nokeng molao le kagiso mo go rarabololeng dikgotlhang.

Mo thapameng eno, ditona le batlhankedibagolwane mo lephateng la ikonomi le la tshireletso ba kopane le Busines Unity South Africa go lebelela seemo le go leka go tla ka dikgatotharabololo tse di rulagantsweng. 

Re dumelane go dira mmogo go netefatsa pabalesego ya bakgweetsi ba rona, badiri ba dikhešiara, balwetsi le bareki. 

Re dumelane go abelana tshedimosetso le metswedi ya rona go netefatsa gore re busetsa sekeng dithulaganyo tsa botlhokwa tsa ditlamelo.

Re samagane le dithulaganyo tsa gore baeteledipele ba puso le baemedi ba setšhaba, jaaka karolo ya maikarabelo a bona, ba kopane le baeteledipele mo ditšhabeng tse di farologaneng go busetsa maemo sekeng.

Jaaka karolo ya dikgato tsa rona tsa go buisana le maphata otlhe a a botlhokwa a baagi, ke tla kopana le baeteledipele ba mekgatlho ya dipololotiki go buisana ka seemo sa ga jaana.

Go ikuelwa mo go rona – gongwe le gongwe kwa re ka neng re le gona – go theosa matshwafo, go itshwara, le go ema kgatlhanong le maiteko ape a go tlhosetsa tirisodikgoka, go baka ketsaetsego gongwe go tlhotlheletsa dikarogano.

Re ka ne re le baeteledipele ba mekgatlho ya sepolotiki, mekgatlho ya dithekisi, mekgatlho ya kgwebo gongwe ya badiri, re tlhoka go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go ritibatsa maemo.

Re tshwanetse go emisa go posa le go phasalatsa melaetsa e e tlhotlheletsang seemo sa ga jaana mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano, le go phatlhalatsa magatwe gongwe dipego tsa maaka tse di ka bakang tlhakatlhakano e nngwe.

Ga go ope yo o tshwanetseng go itseela molao mo matsogong.

Bogolo, re tshwanetse go dirisana le batho le baagi ba ba dirisanang le mapodisi go thibela go utswa mo mabenkeleng, le go dirisana le baagi ba bangwe mo setšhabeng ba ba lomileng mapodisi tsebe le go ba neela tshedimosetso ka ga ditiragalo tseno tsa bosenyi. 

Ke rata go leboga batlhankedi botlhe ba sepodisi le batlhankedibagolo ba bona gammogo le ditheo tse dingwe ka fao ba tsibogetseng ka teng ditiragalo tseno tsa tirisodikgoka le tsa thumolano, jaaka ba thusitse go tila tshololo ya madi le dipolaano.

Re eleletsa ditokololo tse nne tsa SAPS tse di gobetseng ka nako ya tirisodikgoka eno pholo ya ka bonako e leng: Mokonsetabole Sangweni, yo o thuntshitsweng le go gobala kwa Alexandra; badirammogo nae ba babedi, Sajene Maraheni le Moleftenente Kolonele Nefolovhodwe, ba ba ngatilweng ka ditena; le Mokonsetabole Seloane, yo o thuntsitsweng mme a gobala kwa Daveyton.

MaAforika Borwa a gaetsho,

Tirisodikgoka le ditshenyo tseno tse di runtseng, di diragala ka nako eo leroborobo leno le garaswanyang.

Go na le kotsi ya gore ditiragalo tseno di tla lebisa kwa goreng ditshwaetsego di oketsege thata, mme seo se baya matshelo a le mantsi mo kotsing mme gape se oketsa mokgweleo mo ditlamelong tsa rona tsa boitekanelo mmogo le badiri.

Go na le kotsi ya gore letsholo la rona la go tlhabela moento le tla kgoreletsega mo dikarolong dingwe ka nako eo re tlhokang gore re ka bo re atolosa bogolo jwa lona.

Ga re kitla re letlelela seno go diragala.

Ga re ne re letla gore seno se diragale.

Nako eno e re lemositse se re neng re ntse re se itse: gore seelo sa botlhokatiro, lehuma le go tlhoka tekatekano mo setšhabeng sa rona se tla re bakela matsapa.

Ke go ikaketsa go solofela gore mo nageng go tla rena kagiso ya boammaruri etswa re sa tlhole ditiro le go aga setšhaba se se nang le bosiamisi e bile se lekalekana seo mo go sona maAforika Borwa otlhe a ka nnang le seabe mo go sona e le go ithaopa ga bona le ka go lekalekana.

Ka jalo, re tshwanetse go itlama, e seng fela go nna le le kagiso, mme gape le gore go nne le ditšhono tse dintsi mo ikonoming go unngwela botlhe.

Ga jaana re tswa mo pakeng e e telele ya ketsaetsego le go tlhoka tswelelopele.

Re itemogetse ditlamorago tsa bosenyi le tshenyo ya mmuso, ditlamorago tse di maswe tsa tiriso e e botlhaswa ya dithata le go ikgatolosa maikarabelo.

Re simolotse ka dikgato tsa go fola, go aga sešwa le go tsosolosa naga.

Re samagane le go tsosolosa naga ya rona le go dira gore e gatele pele.

Re ka se ke ra letla batho ba se kae magareng ga rona go tshosetsa maiteko ano a rona ka bontsi.

Re tla sireletsa temokerasi ya rona ya molaotheo, gore re maatlafatse diphitlhelelo tsa rona.

Re tla kgala tirisodikgoka le tlhakatlhakano, gore re gatele pele.

Nte ke boeletse: re tsosolosa naga, ga re e phutlhamise.

Ga re ne re kgobega marapo jaaka maAforika Borwa, go tsweletsa tiro e e re emetseng.

Fela jaaka re kile ra kopana le dikgwetlho di le dintsi mo nakong e e fetileng, le jaanong re tobane le kgwetlho e e seng kanaka sepe mmogo le ditsholofetso tse di namagadi.

Tla re itlhopheleng kagiso le go tsosolosa naga ya rona.

Tla re emeng ka tsepamo mme re tsetsepele.

Mmogo re tla fenya ba ba lekang go phutlhamisa naga ya rona, ba ba batlang go busetsa morago diphitlhelelo tse re di boneng.

Re tla ema re le ngatana, re le seoposengwe go lwantshana le tirisodikgoka, re tshwaragane gore go rene kagiso le gore go rene molao.

Ame a kalo!
 

Share this page

Similar categories to explore