SETLHOPHA SA TLHABOLOLO YA MAKALA A IKONOMI, DITIRO LE MAFARATLHATLHAPUISANO LE BOBEGAKGANG

Ditona le Batlatsatona
Bakaedikakaretso
Ditokololo tsa Bobegakgang
Bagaetsho

Madume le amogetswe mo tsibosong ya bobegakgang ya Setlhopheng sa Tlhabololo ya Makala a Ikonomi, Ditiro le Mafaratlhatlha.

Aforika Borwa e amogetse Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba le Ponelopele ya 2030(NDP) go ka dira botshelo gore bo nne botoka mo baaging ba yone botlhe mo setšhabeng se se akaretsang botlhe. Re setse re na le sebaka sa go feta ngwaga re ntse re tsenyatirisong NDP; mmila o o lebisang kwa go potlakiseng kgolo ya ikonomi le go rarabolola dikgwetlhotharo tsa botlhokatiro, lehuma le tlhokotekatekano.

Le tla gakologelwa gore Moporesitente Jacob Zuma o tlhagisitse Leano la Dintlharobongwe, mo Puong ya gagwe ya Maomo a Setšhaba (SoNA) ka la bo 11 Tlhakole 2015, la go tlhotlhetsa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro. Moporesitente Zuma gape o tlhagisitse pegelo ya dikgatelopele ka ga Leano la Dintlharobongwe mo ditsibosopeonakong tsa gagwe ka ga SoNA ya Bogare jwa Ngwaga go Bobegakgang ka la bo 11 Phatwe 2015.

Leano la Dintlharobongwe, leo maitlhomomagolo a lona e leng matshwenyego a magolo a Setlhopha sa Ikonomi, le rulaganyeditswe go potlakisa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro, gareng ga dilo tse dingwe, go godisa ikonomi le go oketsa dipeeletso. Mefuta e meraro ya go tsereganya – batlhodi ba ditiro, a ba kgontshang le ditsereganyo tsa go fokotsa ditshenyegelo – tse di diretsweng go dirisana mmogo mo go godiseng ikonomi.

Ditlapele tse di botlhokwa tsa Leano la Dintlharobongwe ke go aga tirisanommogo le boitshokelano jo bo maatla le makala a poraefete.

Tsiboso ya bobegakgang eno e tlhalosa ka tsenelelo Pegelo ya Dikgatelopele ya Moporesitente ka go abelana ka tshedimosetso e ntsi e e tseneletseng le go abelana ka tšhono ya go buisanela tsenngotirisong ya ditsereganyo tsa ditlapele di le robongwe.

MAEMO A IKONOMI

Ikonomi ya lefatshe e tswelela go tobana le dikgwetlho tse di bokete. Ikonomi ya lefatshe e atologile ka 3.4% ka 2014. Bagwebisani le Aforika Borwa ba itemogetse kgolo ya ikonomi e e farologaneng. Dinagakopano tsa Yuropa di oketsegile ka 0.9% fa Japane e fokotsegile ka 0.1%. Le fa go le jalo, Dinaga tsa Bogare jwa kwa Tlase ga Aforika tsone di oketsegile ka 5% fa Dinagakopano tsa Amerika di oketsegile ka 2.4%. Ikonomi ya kwa Tšhaena yona e tswelela go fokotsa lebelo la kgolo ya ikonomi ka kgolo e e tlhokometsweng e e iketlileng mme e gakgamatsa ya 7.4%. Tlhwatlhwa ya dithoto tsa manyatshipi, malatlha, polatinamo le oli e santse e le kwa tlase ga tsa mo ngwageng wa 2008. Kwelotlase e kgolo ya boditšhabatšhaba ya tlhwatlhwa ya oli e tlisitse dipoelo mo Aforika Borwa mme e tlile go fokotsa kgolo ya ikonomi mo dinageng tsa Aforika tse di tlhagisang oli tseo di leng mafelo a a botlhokwa mo batlhagising ba dithomelontle ba Aforika Borwa.

Fa go lebelelwa ka kakaretso go santse go sena bonnete mo dipalong tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP) ka di santse di fokodiwa ke ba Letlole la Madi a Boditšhabatšhaba. Aforika Borwa e ka se itshamele mo kgolong ya ikonomi ya lefatshe e le esi go e thusa go godisa ikonomi ya ka fa nageng. Seemo sa ikonomi ya lefatshe se dirile gore bagwebi le bareki ba se nne le tshepo mo ikonoming ya fa gae.

Aforika Borwa e tswelela go tobana le dikgoreletsi tse dikgolo tsa ikonomi. Le fa go le jalo, puso e etse maemo ka kelotlhoko a gore maemo a ikonomi a tla boela sekeng go gola bogolosegolo go ikaegilwe ka maemo a a tokafetseng thata a motlakase le ka matsapa a magolo a puso a go godisa maemo a dipeeletso.

Kabinete gape e itumeletse Pegelo ya Dikgaisano tsa Lefatshe ya Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe e e tlhagisang gore Aforika Borwa e nameletse ka maemo a le supa go fitlha mo maemong a bo 49 mo gare ga dinaga di le 140 mo Maemong a Dikgaisanong tsa Lefatshe.

Ka Phatwe 2015, Moporesitente Zuma o amogetse Pegelo ya Maemo a Basadi mo Aforika Borwa. Pegelo e tlhagisa tlhokego ya tsereganyo e e tlhamaletseng go tshegetsa matlafatso ya ikonomi mo basading go ralala naga, go simolola ka matsholo a Leano la Dintlharobongwe mmogo le a Operation Phakisa.

Pegelo e diragadiwa jaaka molatheo wa go rotloetsa matlafatso ya ikonomi ya loago mo basading le mo tekatekanong ya bong, mmogo le go atolosa ditshwanelo tsa bone tsa botho.

Puso e potlakisitse kimololo dipeeletso tsa makala a poraefete mo manaaneng a go aga mafaratlhatlha, makala a botlhagisi le a Ikonomi ya Mawatle ka fa tlase ga taolo ya Operation Phakisa.

Operation Phakisa ke tsela ya boitshimololedi e bile e le mosola mo go ranoleng maano a a tseneletseng mo dipoelong tse di tsepameng ka go dirisa kaboditirelo le tirisanommogo tse di ikemiseditseng. Ka go dirisa Operation Phakisa, puso e ikemiseditse go tsenyatirisong manane a kwa setlhoeng ka tsela e e botoka, bonako e bile e le mosola.

DITSIBOSOPEONAKONG KA GA KGATELOPELE YA TSENNGOTIRISONG YA LEANO LA DINTLHAROBONGWE

Puso e samagane le tlamelo e e ikanyegang ya motlakase go netefatsa fa go nna le motlakase o o lekaneng go tloga gompieno go ya go ile; e leng seo se tla letlang ikonomi go gola.

  • Ka la bo 30 Phatwe 2015, Moporesitente Zuma o butse semmuso o butse e nngwe ya diyuniti tse di tlhagisang motlakase tsa Seteišene sa Motlakase sa Medupi kwa Lephalale kwa Limpopo, mme e tlamela ka motlakase wa dimekawate di le 800.
  • Seteišene sa Motlakase sa Medupi se tla tsenya dimekawate di le 4 764 tsa motlakase mo go Eskom fa se konoseditswe go agiwa mmo e tla nna seteišene se se kgolo go gaisa sa motlakase o o tlhotlhiwang ka malatlha mo lefatsheng. Seteišene seno gape ke sa bone se se gwamisitsweng le go tsidifatswa sa merwalo ya motheo go ka agiwa mo dingwageng di le 20 ke Eskom, go latela diteišene tsa Kendal, Majuba le Matimba.Medupi Power Station will add 4 764 MW to Eskom’s grid once completed and will be the world’s largest coal-fired power station. This is also the fourth dry-cooled, baseload station to be built in 20 years by Eskom, after Kendal, Majuba and Matimba power stations.
  • Porojeke ya Kouga ya R2 bilione e e tlhomilweng e tla tlamela ka motlakase wa ntšhwafatso o o kgonang go ka tshumela malapa a le 50 000, e leng se se tla tlaleletsang mo motlakaseng o motšhwa o o tlisitsweng ke motlakase o o fetlhwang ke letsatsi le phefo o o akareditsweng mo motlakaseng wa naga. Motlakase o o tlamelwang ke Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase wa Diporojeke tsa Lenaane la Motlakase o o Ntšhwafadiwang (REIPPP) o tswelela gape go oketsega le go tlamela motlakase wa naga ka dimekawate di le 1 500. Matsapa a go tlhotlheletsa koketsego mo ditlhagisiweng tsa ka fa nageng tsa madutelo a Motlakase o o Ikaegileng ka Letsatsi (CSP) ka fa tlase ga REIPPP – jaaka kgato ya ntlha mo go seno – Lefapha la Saense le Thekenoloji (DST) le tlhodile bodutelo jwa diphaloto tsa motlakase o o fetlhwang ka letsatsi jwa dikhilowate di le 100 ka mobetlo yo o ikgetileng o o dirisang diheliostata (diannya letsatsi) go fedisa dikgwetlho.
  • Momalobanyaneng fano re konoseditse tiro ka ga thulaganyo ya go tlhopha motsenelidi wa dikgaisanelo tsa dithentara tsa Lenaane la Diporojeke tse Dinnnye tsa Lenaane Batlhagisi ba ba Ikemetseng ba Motlakase la (dimekawate di le 1 – 5), eo maitlhomo a yona e leng go thusa batlhagise ba bannye go iponela maitemogelo mo tlhabololong ya diporojeke le go kgoboketsa matlole a a tlhokegang mabapi le diporojeke tse di tshwanang le tseno
  • Sešweng jaana, malapa a le 21 284 a golagannwe le motlakase fa a le 2 761 a golaganngwe le thekenoloji ya motlakase o o sa fetlhiweng ka malatlha.
  •  Lefapha la Saense le Thekenoloji le konosetsa atlelase ya motlakase wa tsa tlhago e e tlhagisang motlakase o o leng teng o o ka tlhagisiwang ka go dirisiwa ga masaledi a dijalo tse di lemilweng/a dikgwa/a dikutu tse di segilweng mmogo le leswe la dijalo goralala naga. Maitlhomo a sedirisiwa seno sa tshwetso ya pholisi ya peeletso eno ke go tokafatsa tlamelo e e lekaneng ya motlakase le go oketsa maemo a phitlhelelo ya motlakase, mme e tla rebolwa pele ga bokhutlho jwa ngwaga ono wa matlole. Atlelase eno e neelana ka kakanyo ya bokgakala jwa metswedi ya mafaratlhatlha a motlakase o o tlhotlhiwang ka tsa tlhago mmogo le mafelo a a nang le phitlhelelo ya motlakase e e kwa tlase. Gape e abelana le ka bokgoni jwa ditiro tse di tla tlhagisiwang mo go kgobokanyeng le mo go fetoleleng dirwe tsa tlhago go ka nna motlakase.
  • Go agiwa ga Ditikwatikwe tsa Motlakase o o Tswakantsweng (di-IEC) di le pedi kwa Bushbuckridge le kwa Nkomazi kwa Mpumalanga go santse go logiwa maano ka ga tsone mme go tla konosediwa seno ka Mopitlwe 2016.
  • Palo e e kanaka badiredi ba le 30 ba leruri ba ka thapiwa ke IEC, go akaretsa le ba ba tla ba thusang ba nakwana. Badiredi botlhe ba nakwana le ba leruri ba ba thapiwang mo nakong ya go agiwa ba tla nna le tšhono ya go iponela katiso e e tla ba kgontshang gore ba thapege mo mmarakeng o mogolo wa ditiro.

Go nnile le kgatelopele mo go tsosoloseng temothuo, mo karolong ya tlhagiso ya dijo tse di boleng le mo pusetso ya mafatshe.

  • Leanotiro la Pholisi ya Temothuo le sekasekilwe go netefatsa fa le tla tlhotlheletsa ditiro le go tlhotlha kgolo ya ikonomi, ditiro, megolo ya kwa metseselegaeng, dipeeletso, dipoelo, diromelwantle mmogo le tlhabololo ya tikologo ya Aforika.
  • Tiro e tsweletse mo go tlhabololeng Diphaka tsa Temo (di-Agri-Park) di le 44 go ralala diporofense tsotlhe di le robongwe. E nngwe ya di-Agri-Park e setse e letetswe go ka thankgololwa kwa Bokone Bophirima. Maano a tlhagiso a setse a dirilwe mme a tsenngwa tirisong goralala naga go netefatsa fa go nna le tlhagiso e e oketsegileng mo dikarolong tse di tshegetsang di-Agri-Park. Lefapha la Saense le Thekenoloji le santse le tlhamuketse ka dipatlisiso tsa kgonagalo ka ga metswedi ya boitshimololedi mo go tsa temo tse di tla tshegetsang tlhabololo le phasalatso ya dithekenoloji tse di maleba tse di ka dirisiwang mo di-Agri-Park.
  • Palogotlhe ya batlhagise ba bannye ba le 12 221 e tshegeditswe ka dikeletso, katiso, tshegetso ya setegeniki le ka mafaratlhatlha go simolola ka Moranang go fitlha ka Seetebosigo 2015. Mo godimo ga seo, dipolasa tse dingwe gape di le 36 di tshegediwa ka fa tlase ga Lenaane la Tlhabololo le Pusetsosekeng.
  • Lefapha la Saense le Thekenoloji le santse le tlhamuketse ka go aga lefelo la go dutela korong go ka tshegetsang tlhagiso le thekiso ya dithekenoloji tse dintšhwa tsa bodutelo go ka thusa balemirui ba bantšhwa le ba bagolo. Go tla tlhagisiwa dikotulo di le tlhano tse dintšhwa ka 2020 go tshegetsa tlhagiso e e oketsegileng ya dijo tse di sa tlhaeleng. Lefapha la Saense le Thekenoloji gape le tshegetsa Porojeke ya Eucalyptus Genome, e leng dipatlisiso tsa fa gale ka ga tswakanyo ya dijini mo Aforika Borwa. Porojeke eno e tsepamisitse mogopolo mo go nopoleng mekgwa e e tlhokegang e e tshwanang e e atisang ditlhagisiwa le go letlelela thutelo e e lolameng. Porojeke eno e na le bokgoni jwa go oketsa dikgaisano mo diintasetering go ya ka dikarolo tsa namana le tsa dikhemikhale tsa lepolanka le ka tlhabololo ya thibelo ya malwetse go tshegetsa dikgwa, diintaseteri tsa dikgong le tsa pampiri, e lengseo se tla godisang ikonomi le go tlhola ditšhono tsa ditiro.
  • Togamaano ya go Tlhamasešwa ya mafelo a go sutlha sekgwa ya Kapa Bophirima e letleletswe go letlelela diheketara di le 22 000 tsa dikgwa tsa puso go ka dirisiwa ke dikgwebo tsa dikgwa. Dipoelo tsa seno di simolola ka go tlholwa ga ditiro, tlhabololo ya ikonomi ya fa gae le tokafatso ya tlamelo ya lepolanka mo nakong e e tlang.
  • Go ya ka dipatlisiso tsa LHA tse di kopilweng ke Lefapha la Temothuo, Jalo ya Dikgwa le Bodirelatlhapi mmogo le Koporasi e e Ikemetseng ya Tlhabololo ya Dikoporasi, go tlhamasešwa ga polantase ya Kapa Bophirima go tla tlhagisa badiredi ba le 350 ba leruri mo pakeng ya dingwaga di le tlhano. Palo eno e tla oketsega ka 1 500 fa polantase e setse e simolotse go dira ka botlalo.
  • Mo maitlhomong a go oketsa kgaisano mo makaleng a temothu ka dipatlisiso, tlhabololo le boitshimololedi, puso – mmogo le makala a poraefete – e beeleditse madi a a fetang R100 milione go tsenyatirisong manaane a boitshimololedi mo makaleng a batlhagising ba ditlhagisiwa tse di foreše, ba tsa temothuo ya ka fa tlase ga metsi, ba mobeine, ba monamune le ba jalo ya dikgwa.
  • Go oketsa palo ya lefatshe le le nosetswang, palogotlhe ya diheketara di le 74.6 e tsosolositswe mo kotareng ya ntlha ya ngwaga ono wa matlole mme dilaesense tse di ntshang tetla ya go dirisa metse di le tlhano di neetswe batho bao mo malobeng ba neng ba sena ditšhono tseno, bao ba fitlhang go dimilione di le 3.79 ka bontsi jwa tiriso ya metsi a go nosetsa a matla a m3. Balemirui ba bangwe ba ba tlhaelang didirisiwa ba ne ba tshegediwa go iponela tlhagiso ya metsi.
  • Ka la bo 30 Seetebosigo 2015, Khomišene ya Pusetso ya Ditshwanelo tsa Naga (CRLR) e ne e setse e konoseditse ditopotuelo di feta 78 138 tsa dinaga, e leng se se unngwetseng batho ba feta 1,9 milione ba ba tswang kwa malapeng a le 385 691 a a unngwetsweng go tswa mo kabelong ya diheketara di le 3 231 787 tsa naga e e bonweng ka go duelela  R18.7 bilione.  Khomišene ya Pusetso ya Ditshwanelo tsa Naga go fitlha jaanong e dueletse bajalefa ba bangwe madi a feta R9.1 bilione ba ba itlhophetseng go duelelwa ka madi boemong jwa go busetswa naga. Madi a mangwe a a kana ka R4.1 bilione e neetswe bajalefa ba ba itlhophetseng go busetswa naga boemong jwa go duelelwa ka madi.

Aforika Borwa e atisa dipoelo le go tlaleletsa ka boleng mo khumong ya rona ya dimenerale; e leng motlhodi wa ditor mo ikonoming ya rona.

  • Operation Phakisa kwa intasetering ya meepo e diretswe go bulela dipeeletso, go tlhabolola bokgoni jwa tlhagiso ya naga le go rotloetsa go nna le seabe mo dimeneraleng tse di botlhokwa tse di rekisiwang.
  • Maano a tsentshitswe tirong go leka go efoga tatlhegelo ya ditiro le go bona ditsela tse dingwe tebang le matshosetsi a tatlhegelo ya ditiro mo lekaleng la meepo. Bannaleseabe botlhe ba saenile maikano a semolao ka la bo 31 Phatwe 2015 gore ba tla boloka ditiro le go rwalolola boima jwa tatlhegelo ya ditiro mo intasetering eno.
  • Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le tlhagisitse tshegetso mo seleng ya leokwane la dipalopalo la dikhilowate di le 100 e e tswang mo polatinamong mmogo le gase ya tlhago e e tsentshitsweng kwa kantorong ya Kgotla ya Meepo kwa Johannesburg.
  • Dipuisano di mo tseleng go buisana le makala a puso le a poraefete go tlhotlheletsa kgolo ya dimaraka, kamogelo gosalegale ya thekenoloji le mafelo a botlhagisi mo Aforika Borwa.
  • Ka tirisanommogo ya puso le makala a poraefete, Lefapha la Saense le Thekenoloji le tsamaisitse ka tolamo diyuniti tsa disele tsa leokwane la haeterojene la dikhilowate di le 5 kwa dikolong di le tharo kwa kgaolong ya Cofimvaba kwa Kapa Botlhaba mmogo le dikhilowate tse dingwe gape di le 5 tsa diyuniti tsa disele tsa leokwane la haeterojene kwa tleliniking ya Windsor East, kwa Johannesburg mo Gauteng. Ntle le go abelana ka phitlhelelo ya motlakase mo go tshegetseng ditirelo tsa thuto le boitekanelo, thekenoloji e tlhoma metheo ya kgolo ya diintaseteri tse dintšhwa go ikaegilwe ka metswedi ya polatinamo ya Aforika Borwa.

Re atumela tsenngotirisong e e utlwalang ya Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri (IPAP) le le nang le mosola o mogolo.

  • Moporesitente mo tsenngongtirisong ya ditsibosopeonakong tsa Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya Bogare jwa Ngwaga o tlhalositse mo bobegakgannyeng gore go na le kgatelopele mo go tsennyeng tirisong IPAP, e leng e nngwe ya tseo di tlholang ditiro mo ikonoming.
  • Puso e tswela go tlhola tikologo e e edileng go ngokela dipeeletso tsa ka fa nageng le tsa kwa ntle ga naga. Seno se fitlhelesega ka go tlamela diintaseteri ka matlole go akaretsa go tshegetsa dikgwebo tse di ka tlholang le go tlhokomela ditiro go ya go ile.
  • Ka ntlha ya Lenaane la Thuso ya go Gaisana mo Tlhagisong, puso e letleletse gore go tlamelwe dikgwebo di le 161 ka matlole le ka dipeeletso tsa dikadimo tsa bokanaka R5.8 bilione ka ditiro di le 28 212 tse di tlhokometsweng go ya go ile.
  • Sekema sa Thusokamatlole mo Lekaleng la Dikoloi se letleletse go tlamela ka matlole dikgwebo di le 13 le go dira dipeeletso tsa dikadimo tsa R1.5 bilione.
  • Puso e ikemiseditse go fetola ikonomi ka go netefatsa fa ditlhopha tseo mo malobeng di neng di tingwa ditšhono di nna le seabe se se utlwalang mo ikonoming. Seno se dirile gore go kwadiwe Letlhomesotlhomo la Pholisi ya Boradiintaseteri ba Bathobatsho, leo le tlhagiseditsweng Setlhopha sa ESEID mmogo le Komiti ya Kabinete ka Phukwi 2015.
  • Kgatelopele e kgolo e tsweletse go diriwa mo go ngokeleng dipeeletso mo Dikgaolong tsa Tlhabololo Diintaseteri (di-IDZ). Go naya motlhala, mo go IDZ ya kwa Coega babeeletsi ba bangwe gape ba le 12 ba dipeeletso tsa boleng jo bo fetang R8 bilione ba amogetswe,babeeletsi ba bangwe gape ba le batlhano ba dipeeletso tsa boleng jo bo fetang R140 milione ba amogetswe kwa IDZ ya kwa East London mme IDZ ya kwa Richards Bay e amogetse babeeletsi ba bangwe gape ba le batlhano ba dipeeletso tsa boleng jo bo fetang R2.8 bilione.

Puso e diragatsa karolo ya yone mo go eleng tlhoko dikgogakgogano tsa kwa ditirong.

  • O tla elelwa gore Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o eteletsepele dipuisano magareng ga bagwebi le mekgatlho ya badiri go tlhola tirisanommogo e e lolameng.
  • Ditumelano mo ditlhalosong tsa tirisano ka ga dipuisano ka ga Mogolo o o Lekaneng wa Bosetšhaba o utlwanetswe kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Ikonomi le Ditiro.
  • Mekgwa e mengwe go ka fokotsa dikgogakgogano tsa kwa tirong di akaretsa Melaotumelano ya Maitsholo tabang le bao ba dirang ditshupetso, go notlelelwa kwa ntle ga lefelotirelo le tsereganyokakaretso ka ga Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo (CCMA).
  • MaAforika Borwa ka bontsi ke baagi ba ba ithatelang kagiso e bile a obamela melao. Re tshwanetse go kgaotsa ditiragalo tsotlhe tsa bosenyi le tsa dikgaruru mo nakong ya megwanto ya kwa diintasetering le ya ditshupetso tsa ditiro.
  • Ke batla go gatelela gore dipuisano tse di renang kagiso ke tsone feela tharabololo e ntle go gaisa go ka rarabolola mathata a dikgogakgogano.

Go bulwa bokgoni jwa dikoporasi tsa dikgwebopotlana, tsa mo magareng le tse dikgolwane (di-SMME), makeišene le dikgwebo tsa kwa metseselegaeng go ka nna bakganni ba ditiro mo ikonoming.

  • Bagwebi bao e seng ba semmuso ba le 620 mo diporofenseng tsotlhe di le robongwe ba katisitswe ka fa tlase ga porojeke e e lekelelwang ya Kemiso ya Dikgwebo tseo e seng tsa Semmuso ya Bosetšhaba ka tirisanommogo le Bothati jwa Katiso le Thuto mo Makaleng a Dikgwebo tse Dikgolo le tse Dikgologadi (W&RSETA). Katiso e tobane le boitshimoledikgwebong, go dira gore kgwebo ya gago e itsege, go tlhokomela bareki, botsamaisi jwa tsa matlole, bokgoni jwa go dira ditheko, kobamelo ya melawana le melao ya masepala, bophepa le pabalesego mo dijong, go paka dilo tse o di rekisang ka lenaneo le mafelo a go rekisetsa.
  • Dikgwebo le dikoporasi di le 489 di tshegeditswe ke matsholo a makala a tlhabololo ya metseselegae le a bojanala. Maraka wa ditlhagisiwa tse di foreše o agilwe kwa Masepaleng wa Kgaolo ya uThungulu kwa KwaZulu-Natal.
  • Go tshegetsa tlhagiso ya lekala la intaseteri e e matlhagatlhaga ya ikonomi ya tsa tlhago, Tikwatikwe ya Tlhabololo ya Diintaseteri tsa Tlhagiso ya tsa Tlhago e e tlhomilweng kwa Lekgotleng la Dipatlisiso tsa Diintaseteri le Saense ga jaanong e tshegetsa dikgwebopotlana le tse di mo magareng tsa thekenoloji e e kwa godimo.
  • Go tshegetsa tlhabololo ya bogaisani jwa diintaseteri tsa boitshimololedi tse di latelelang batho, tharabololo ya laboratori e e latelelang batho (mLab Southern Africa) e tlhomilwe kwa Bodutelong jwa Boitshimololedi mme jaanong e tshegetsa dikgwebo tsa boitshimololedi tse di latelelang batho di le 11 tse dinnye le di le tlhano tse di mo magareng.
  • Jaaka karolo ya go laola matlole mo di-SMME le mo dikoporasing, Lenaane la Tlhabololo ya Batlamedi ba Dikgwebo tsa Bathobatsho la Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tshegetsa dikgwebo di le 376 ka matlole a a ka fetang R95 million. Lone lo tshegeditse ka ditiro di le 10 399.
  • Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana (SEFA) se abile R344 milione mo di-SMME di le 24 711. Gape e abetse le dikgwebo tsa bašwa di le 5 305, di le 22 296 tsa bathobatsho, di le 21 940 tsa basadi, di le 22 620 tsa di-SMME le tsa dikoporasi mo porofense tse di beetsweng kwa setlhoeng. Go botlhokwa go elatlhoko gore 43% e ne e totile maka a a kwa setlhoeng – a a jaaka a dikago, a thekenoloji ya tshedimosetso le ditlhaeletsano(ICT), a meep, a botlhagisi, a temothuo le a bojanala – jaaka go tlhalosiwa mo Leanong le Lentšhwa la Kgolo ya Ikonomi le mo IPAP.
  • Go a rotloetsa gore 98% ya tshegetso e totile dikgwebo tseo e seng tsa semmuso. Seno se lepalepane le Leano la Dintlharobongwe le le tlhagisitsweng ke Moporesitente mo go SoNA ya 2015. Go botlhokwa go elatlhoko gore bontsi jwa madikadimo a SEFA ga di tlhoke maikano ape a go di duelela ka dithoto fa go retela.
  • Lethathama la Setheo sa Tlhabololo ya Dikgwebopotlana (SEDA) la bathuthusi ba le 48 le tshegetsa bareki ba le 2 236. Palogotlhe ya ditiro tsa leruri di le 535 e tlhagisitswe ke dikgwebopotlana tsa bothuthusi, bontsi bo tswa mo makaleng a temothuo le a dikago.

Kgatelopele gape e dirilwe mo mafelong a a gaisang go ka tsosolosa, tshegetso le go phasalatsa ikonomi. A ne a diretswe go tshegetsa ditsereganyo tse dingwe gape tsa ditlapele di le robongwe

Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano

  • Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso le simolotse ka thulaganyo ya go aba ditirelo tsa kgolaganyo ya porotebente mo dikarolong di le robedi mo diporofenseng tseo lenaane la Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo, Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) le lekelelwang mo go tsone, go akaretsa go thapiwa ga moabi wa ditirelo tsa kgokaga go golanya mafelo ao. Mo godimo ga seo,         go tlhagisiwa ga leano la go golaganya dikolo mo dikgaolong di le robedi tse di tlhophilweng go mo tseleng.
  • Dikolo di le 380 di gokeletswe ka ntlha ya Maikano a Ditirelo tsa Lefatshe ka Bophara tse di tsentsweng tirisong ka segapeletswa ke Bothati jwa Ditlhaeletsano jo bo Ikemetseng jwa Aforika Borwa (ICASA). Thulaganyo eno e tla akaretsa go bewa ka tolamo ga dikolo go ya ka bokgakala jwa tsone le mafaratlhatlha a a leng teng a kgokagano. Palogotlhe ya dikolo di le 1 938 di tsentshitswe mafelo a diphaposi tsa dikhomphiutha, mme a mangwe gape ke a baagi ba kwa metseselegaeng a le 131 a a tsenyeditsweng didirisiwa le ditirelo tsa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT). Go thankgololwa ga porotebente le di-ICT go tla thathabologisa tlhabololo ya ikonomi ya tikologo le go rotloetsa ditšhono tsa ikonomi mo bašweng.

Metsi le kgeleloleswe

  • Malapa a le 27 200 a iponetse metsi a a babalesegileng go ka nwewa mo malobeng. Diporojeke di le pedi tse di tlametsweng ka matlole ke Sekgwama Tikologo sa Mafaratlhatlha a Dithekokabontsi di konoseditswe kwa Masepaleng wa Selegae wa Masilonyana kwa Foreistata, mme kago ya mafaratlha a mangwe a le 15 a tlamelo kabontsi ya metsi a mo maemong a a farologaneng.
  • Kgato ya ntlha ya Porojeke ya Kgobokanyometsi ya Metsi a Letamo Dikwena la Mokolo le konoseditswe mme le obametse ditlhokwa tsotlhe tsa pakakhutshwe kwa lefelong la Waterberg. Seno se tla nna le seabe mo go fitlheleleng ditlhokwa tsa diteišene tsa motlakase tsa Medupi le Matimba.
  • Malapa a le 3 978 mo malobeng a iponetse didirisiwa tsa kgeleloleswe ka Sekgwama sa Mafaratlhatlha a ka fa Malapeng a Metseselegae mme dikgamelo di le 3 822 mo malapeng ao tlhomilweng semmuso a tsenetswe legatong ke ditirelo tsa kgeleloleswe.

Dipalangwa, diporo le ditsela

  • Mafaratlhatlha a dipalangwa a tshegetsa ditsereganyo tsa ditlapele tse dingwe di le robongwe e bile ke seletleledi se se botlhokwa mo kgodisong ya ikonomi.
  • Lenaane la Ntšhwafatso ya Dinamelwa tsa Thwalo ya Dithoto la Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa le mo tseleng, ka e nngwe ya diterene tse di agiwang kwa Brazil go ka tlisiwa ka la bo 30 Ngwanaitseele 2015.
  • Mo maitekong a go tlhokomela ditsela tsa diporofense, dikhilomitara di le 19.24 ditshetswe, dikhilomitara di le 62 di thibilwe, dikhilomitara di le 18 go dirilwe ditsela tsa mmu, dikhilomitara di le 821 di segilwe mme dikweremitara di le 227 628 tsa mesima ya ga tseleng e petšhitswe. Lethathama la Ditsela tsa Porofense le tlamelwa ka matlole ke Sekgwama sa Tlhokomelo ya Ditsela tsa Porofense (PRMG). Lenaneo la ditsela tseno le tlhagisitswe mo Karolong ya B5 ya Molao wa Kgaogano ya Lotseno: lenaneo la diporojeke tsa Mafaratlhatlha a Ditsela tsa Porofense le le tlamelwang ka madi ke PRMG.
  • Go agiwa ga maborogo a le mararo go mo maemong a a farologaneng kwa Mbombela, Bushbuckridge le kwa Nkomazi kwa Mpumalanga (foo go agiwang sešwa maboroggo a a sentsweng ke merwalela).
  • Thulaganyo ya Dipalangwa tse di Bonako tsa Dibese e tswelapele go dirisiwa mo diteropokgolong tse di farologaneng tsa Aforika Borwa:
    • Kwa Motsekapa, MyCiTi e rwala palo e e kanaka 42 522 ya batho go ka atumela palo e e totilweng ya ba le kanaka 50 000 ka letsatsi mo bekeng.
    • Rea Vaya kwa Johannesburg e rwala palo e e kanaka 33 670 ya batho go ka atumela palo e e totilweng ya ba le kanaka 40 000 ka letsatsi mo bekeng.
    • Mo Pretoria, A Re Yeng e rwala palo e e kanaka 3 000 ya batho go ka atumela palo e e totilweng ya ba le kanaka 10 000 ka letsatsi mo bekeng.
    • Go George e rwala palo e e kanaka 7 630 ya batho go ka atumela palo e e totilweng ya ba le kanaka 10 000 ka letsatsi mo bekeng. Dikago tsa yona di tswelela go atolosa kakaretso ya thulaganyo mo diteropokgolong tse di farologaneng go ya ka ditlhokwa tse di ntshitsweng le tlamelo ya matlole e e leng teng.
  • Dikago tsa yona di tswelela go atolosa kakaretso ya thulaganyo mo mafelong a a tlhagisitsweng mo godimo le mo diteropokgolong tse dingwe go ya ka ditlhokwa tse di ntshitsweng le tlamelo ya matlole e e leng teng.
  • Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Bosetšhaba tsa Aforika Borwa se simolotse ka tiro ya dikgato tsa motheo tsa go baakanya tsela ya Moloto.
  • Dipatlisiso tsa bokgoni jwa go aga feme ya diterene kwa Ekurhuleni di atlenegisitswe. Feme eno e tla tlhagisa mabakane a le 580 le go tlhagisa diphatlhatiro tse di maleba le tse di seng maleba di le 33 000.
  • Go tlhagisiwa ga pholisi dinamelwa tsa kwa dinaga disele tse di rwalang dithoto ka fa nageng go tshegetsa lenaane la Ikonomi ya Mawatle la Operation Phakisa go gaufi le go konosediwa.
  • Letlhomeso la tlhomo ya go nna le seabe ga lekala la poraefete mo makaleng a boemakepeng le boematereneng le kwadilwe mme le letile go ka konosediwa.

Ditsereganyo tsa Leano la Dintlharobongwe di diretswe go tlhabolola ikonomi ka dikgato mo pakateleleng. Tsereganyo nngwe le nngwe ya botlhokwa ga e diri ka esi fela ke karolo ya matsapa a bosetšhaba a a kopanetsweng. Ke letsholo la bosetšhaba le lo tobileng kwa kgolong e e akaretsang ya ikonomi. Matlafatso ya basadi mo ikonoming e botlhokwa gore Aforika Borwa e kgone go fitlhelela tlhabololo le kgolo ya nnete ya ikonomi Ditsereganyo tsa Leano la Dintlharobongwe di tla tlhagisa dipoelo mo dinakong tse di farologaneng mo pakeng ya jaanong, ya mo magareng le e e tlang.

Re a tshepa gore ditsereganyo tseno tsa ditlapele di tla thusa go godisa Ikonomi ya Aforika Borwa le go baakanya dikgwetlho tsa botlhokatiro, lehuma le tlhokotekatekano fa botlhe re ka dirisanammogo. Ikonomi ke maikarabelo a batho botlhe.

Mmogo tla re tsweletseng pele Aforika Borwa.

Ke a leboga

Share this page

Similar categories to explore