Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa

 Puo ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Moporesitente Cyril Ramaphosa, 6 Tlhakole 2025, Cape Town City Hall

Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA), Mme Thoko Didiza,
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP), Mme Refilwe Mtshweni-Tsipane,
Motlatsamoporesitente Shipokosa Paulus Mashatile,
Moatlhodimogolo, Mme Mandisa Maya mmogo le Moporesitente wa Baatlhodi,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Kgalema Motlanthe,
Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Rre David Mabuza,
Mmusakgotla wa mo malobeng wa NA, Mme Baleka Mbete,
Motlatsammusakgotla wa mo malobeng wa NA, Rre Lechesa Tsenoli,
Modulasetulo wa NCOP wa mo malobeng, Rre Amos Masondo,
Meyara wa City of Cape Town, Rre Geordin Hill-Lewis,
Tlhogo ya Maloko a Bodipolomate, Ditlhogo tsa Dikgaolo le Baeteledipele ba Ditheo tsa Diambasatara,
Maloko a Palamente,
MaAforika Borwa a gaetsho, 

Re kokoane gompieno naga ya rona e le mo kutlobotlhokong ya go latlhegelwa setlhogo ke matshelo a masole a le 14 a naga ya Aforika Borwa ao a neng a le kwa karolong ya botlhaba jwa naga ya Democratic Republic of the Congo (DRC) a thusa gore go rene kagiso mo nageng eo. 

Tla re obeng ditlhogo re bontsheng tlotlo go matshelo a masole a a latelang a a fetileng: 

•    Staff Sergeant William Eddie Cola 
•    Staff Sergeant Molahlehi Ishmael Molahlehi 
•    Staff Sergeant Shwahlane Theophilus Seepe 
•    Corporal Matome Justice Malesa 
•    Corporal Rinae Nemavhulani 
•    Lance Bombardier Itumeleng Macdonald Moreo 
•    Lance Corporal Tseke Moffat Molapo 
•    Lance Corporal Metse Stansly Raswiswi 
•    Rifleman Sebatane Richard Chokoe 
•    Rifleman Derrick Maluleke 
•    Rifleman Tshidiso Andries Mabele 
•    Rifleman Calvin Louis Moagi 
•    Rifleman Mokete Joseph Mobe 
•    Private Peter Jacobus Strydom. 

Masole ano a latlhegetswe ke matshelo a bona mmogo le masole a mangwe a dinaga tse dingwe tsa Karolo ya Borwa jwa Kontinente ya Aforika fa ba ne ba leka go sireletsa ditshwanelo tse di botlhokwa tsa baagi ba Congo gore le bona ba tshele mo go renang kagiso le tshireletsego. 

Ga ba latlhegelwa ke matshelo a bona ka ntlha ya gore ba ne ba lwela dilwana tsa go ikhumisa, ba lwela go thopa lefatshe kgotsa go thopa puso. 

Ba latlhegetswe ke matshelo a bona ka ntlha ya gore ba ne ba lwela gore dintwa tse di tsweletseng mo kontinenteng ya rona di fele. 

Re rolela hutshe digatlhamelamasisi tsa rona.

MaAforika Borwa a gaetsho, 

SoNA eno e tla morago ga dingwaga di le 70 fa e sale go amogelwa Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo mo mokgatlhong wa Congress of the People kwa Kliptown. 

Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo ke lona leo Molaotheo wa temokerasi ya rona o itshetlegileng ka lona. 

Ke lona le le kaelang ponelopele ya naga ya Aforika Borwa e e ka ga go tshwaragana, go fedisa tlhaolele ya semorafe, go fedisa tlhaolele ya bong, go dira gore go rene temokerasi le katlego. 

Ke lona le le tlhagisang ponelopele ya naga mo puso e tlhomilweng go ya ka thato ya batho, mo lefatshe le kgaoganngwang go ya ka batho bao ba dirang mo go lona, mo batho ba kgaoganang khumo ya lefatshe mo nageng ya bona le mo batho botlhe ba lekalekanang fa pele ga molao. 

Ke yona ponelopele eno e e tswelelang go re bonegela jaaka re samagane le go aga setšhaba seo rotlhe re se batlang. 

Ke bokao jwa mokgatlho wa Congress of the People jo bo tswelelang go re rotloetsa jaaka re samagane le go ipaakanyetsa Puisano le Setšhaba mo go ikuelwang mo go maAforika Borwa gore ba tle ka dikakanyo tse re ka di dirisang go tla ka ditsela tse dintšhwa tse re ka tsamaisang naga ya rona ka tsona. 

Re tshwanetse go tla ka ditsela tseno gona mo lefatsheng leno le le fetogetseng ruri. 

Ke lefatshe le mo go lona dinaga di phedisanang mmogo fa ka fa letlhakoreng le lengwe di gaisana, leo di dirisanang fa ka fa go le lengwe di gogagogana. 

Ke lefatshe le mo go lona go nang le dintsanantsana, mo dinaga tse di sa tlwaelegang le tsona di itshupang gore di ka nna le seabe se segolo mo mererong ya lefatshe.

Re bona dikgaisano di a gagamala fa go tla mo kgwebisanong, mo thekenolojing mmogo le mo ditheong tsa lefatshe tse di nang le tshusumetso. 

Go na le diphetogo tse dikgolo tse di setseng di simolotse go diragala mo lefatsheng tse di amang karolo nngwe le nngwe ya botshelo – e ka tswa e le kgalefo ya phetogo ya maemo a loapi kgotsa go tlhabologa ka lebelo ga Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho (AI), merusu mmogo le dintwa tsa go lwela lefatshe. 

Fa re leba dikgwetlho tseno, re kgona go bona gore jaanong go setse go nna le kgolo ya mogopolo wa go ipusa ka bonosi le go itlhokomela ka bonosi, e leng megopolo ya go inaganela ka bonosi mme e leng selo se se dirang gore mogopolo wa go ipopa ngatana o phuagane. 

Le ke lona lefatshe le rona, re leng naga e e santseng ikonomi ya yona iteka, re tshwanetseng jaanong go mekamekana le lona. 

Le fa go le jalo, ga re a nyema mooko. Ga re kitla re nyemisiwa mooko. 

Re setšhaba se se itseng go kakatlela. E bile ga re kitla re itetla gore go nne le motho yo a tshamekelang fa godimo ga tlhogo ya rona. 

Re tla tshwaragana ra ipopa seopo sengwe re le setšhaba se le sengwe. 

Fa go tla mo go ikemeleng ga naga ya rona le mo molaotheong wa temokerasi ya setšhaba sa rona, re tla ema ka lefoko le le esi mo go emeleleng dikgatlhegelo tseno. 

Ka go se ikgatolose meetlo ya rona, ka go bokeletsa dineo tsa rona le maatla a rona a a sa tshwaneng le a ba bangwe mmogo le go nna le mogopolo o o tshwanang, re ka fetola dikgwetlho tseno gore di re tswele molemo le go dira gore naga ya rona e gatele pele. 

Re le naga ya Aforika Borwa re ema ka le le reng go rene kagiso le bosiamisi, tekatekano mmogo le tshwaragano. Re ema ka le le reng ga re batle bosemorafe mme re batla temokerasi, re batla go nne le kutlwano le kutlwelanobotlhoko. Re ema ka le le reng basadi, batho ba ba tshelang ka bogolofadi le baagi ba LGBTQIA+ ba neelwe ditshwanelo tse di lekalekanang fela le tsa batho ba bangwe. Re ema ka le le reng batho ke go thusana, e seng le le reng motho ke go ipona gore o tswa jang mo botshelong. 

Ka jalo, mo maitseboeng ano tla re bueng ka setšhaba se re batlang go ipona re nna sona, e bile tla re bueng gape le ka tiro e re tshwanetseng go e dira gore re kgone go nna le setšhaba seno. 

Re batla go nna setšhaba se se tshwaraganeng le fa re na le ka fao re farologaneng ka gone. 

Mo dikgwetlhong tse dintsi tse re fetileng mo go tsona mo nakong e e fetileng, re ne ra dirisana mmogo gore re fitlhelele seo re neng re batla go se fitlhelela. 

Ka go dirisana re ne ra dira gore mo nageng ya rona go rene kagiso le temokerasi. 

Re ne ra fedisa puso ya tlhaolele, e leng puso e e leofileng go gaisa fa go tla mo ditiragalong tsa go gataka ditshwanelo tsa batho, jaaka e ne e ganela batho ka ditshwanelo tsa botho, jaaka e ba tseetse lefatshe la bona le ditsela tseo ba iphedisang ka tsona mo e bile e neng e batla go dira gore seriti sa bona se ponake. 

Ka go dirisana re kgonne go sutlha leroborobo le le setlhogo e bile re kgonne le go tsosolosa naga ya rona e e neng e phutlhamisitswe ke ditiragalo tsa go goga puso ka nko. 

Mmogo re kgonne go aga ditheo tse di manontlhotlho tse di emang nokeng temokerasi ya naga ya rona, tse di emelelang ditshwanelo tsa rona tse di botlhokwa le tse di tlotlomatsang botshelo jo bo senang manokonoko jwa maAforika Borwa. 

Re tlhomile tirisanommogo e e nang le mmoko magareng ga puso le dikgwebo, mekgatlho ya badiri, mekgatlho ya baagi mmogo le maphata a mangwe a badirisanimmogo mo mererong ya loago gore re kgone go tlisa kgolo le tlhabologo; tseno ke dithulaganyo tsa kaelo ya tirisanommogo tseo lefatshe lotlhe le ka ithutang mo go tsona. 

MaAforika Borwa a tswelela go dirisanammogo go mekamekana le dikgwetlho tse naga ya rona e tobaneng natso mmogo le go dira gore re nne le setšhaba se se re tswelang mosola rotlhe. 

Ka go latela dikeletso tsa batho ba naga ya rona tseo ba di eleditseng ka mokgwa wa go dira ditlhopho mo ngwageng yo o fetileng, re ne ra diragatsa dikeletso tsa bona mme ra tlhoma Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU) mme ra dira gore puo ya rona ya tirisanommogo e nne le boka. 

Re le makoko a dipolotiki, re beetse kwa thoko dilo tse re a tleng re se dumelane mo go tsona mme ra dumelana gore re tla dirisana mmogo gore maAforika Borwa a boelwe ke molemo wa tirisanommogo eno. 

Mo bekeng e e fetileng re amogetse Leano la go Rulaganyetsa Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP), mme lona le tlhagisa letsholo le le tlhamaletseng le le ikotlileng sehuba mo pakeng ya dingwaga di le tlhano tse di tlang. 

Dikgato tse di leng mo go MTDP di tla atolosa maano a naga ya rona a mararo a a botlhokwa: 

La ntlha, ke go godisa ikonomi le go tlhola ditiro; 

La bobedi, ke go fokotsa khumanego le go lwantshana le ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dilo tse batho ba iphedisang ka tsona; 

La boraro, ke ya go aga puso e e nang le bokgoni, e e nang le seriti e bile e tlisa tlhabologo. 

Ntlha e e botlhokwa thata ga jaana ke go godisa ikonomi gore re tle re kgone go tlhola ditiro, re fokotse khumanego le go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa otlhe. 

Gore re kgone go diragatsa tiro eno, re tlhoka go nna le puso e e direlang setšhaba sa yone. 

Re tlhoka go nna le puso e e nang le bokgoni e bile e dira ka botswapelo, e e latelang metheo ya tsamaiso ya puso e e dirang ka manontlhotlho. 
MaAforika Borwa a ipatlela Puso e e tshwarang batho botlhe ka seriti, ka boikobo le ka tlotlo. 

Puso e baeteledipele ba yona ba emeng sejaro go ka direla batho ba naga ya rona ka boineelo jo bo feletseng, e badiredipuso ba yona ba nang le maitseo a mantle thata, bokgoni jo bo boitshegang le makwalothuto a a tshwanetseng. 

Gore re kgone go fitlhelela seno, re samagane le go gagamatsa seabe sa Khomišene ya Tirelo ya Puso ka go thapa batho ba maemo a bona a leng botlhokwa mo go tsamaiseng merero ya Puso ya rona, maemo a a jaaka a Baeteledipele ba Ditheo tsa Puso (di-DG), Batlatsi ba Baeteledipele ba Ditheo tsa Puso (di-DDG), Batlhankedikhuduthamagabagolo (di-CEO) ba ditheo tse di tsamaisiwang ke puso (di-SOE), ditokololo mo dibotong tsa ditheo tsa puso mmogo le maemo a mangwe a magolo mo pusong. 

Re tla tsenya tirisong sekema sa go thapa baithuti ba ba alogileng kwa ditheong tse dikgolwane tsa thuto gore puso e tle e kgone go ngokela baithuti ba ba botlhale le ba ba dirang bontle mo dithutong tsa bona. 

Puso e e nang le bokgoni e tshwanetse go iponagatsa pele mo batho ba nnang gone le mo ba dirang gone. 

Mo diteropong le mo diteropong tse dikgolo di le dintsi mo nageng ka bophara, ditsela ga di tsosolosiwe, metsi le motlakase gantsi o fitlhele di timilwe, ditlakala ga di latiwe mme le metsi a a leswe o fitlhele a siana mo mebileng. 

Le lengwe la mabaka a a tlholang seno ke ka ntlha ya gore dimasepala di le dintsi ga di na bokgoni le didirisiwa tse di tlhokagalang go ka direla setšhaba ka tshwanelo. 

Dimasepala di le dintsi ga di beeletse merokotso e di e bonang mo badueladitirelong tse e tlamelanang ka tsona gore madi ao a beelwe go tlhokomela mafaratlhatlha a yone. 

Go simolola ngwaga yo, re tla thusana le dimasepala tsa naga ya rona go tlhoma ditheo tse di tla tsamaisiwang ka montlhotlho, tse di tla samaganang le merero ya ditirelo tsa metsi le motlakase fela mo dimasepaleng gore re tle re dire bonnete jwa gore go diriwa dipeeletso le tlhokomelo ya mafaratlhatlha ano e e lekaneng. 

Dikgwetlho tse dintsi mo dimasepaleng tsa rona di tlhodiwa ke ka fao dipuso tsa rona tsa dimasepala di rulagantsweng ka teng. 

Ka jalo re tla diragatsa dikgato tse di tseneletseng tsa go batla maikutlo a setšhaba a go kwala Sekwalwa sa Masupatsela se sentšhwa se se tsamaisanang le dinako se se buang ka tsamaiso ya Puso ya Masepala gore se re thuse go tla ka ditsela tsa segompieno tse di matshwanedi tsa go tlhoma le go tsamaisa mebuso ya dimasepala. 

Re tla sekaseka mokgwa o dimasepala di tlamelwang ka matlole ka ona, gonne bontsi jwa yona ga e na mokgwa o o tsepameng o o mosola wa go itirela letseno. 

Re tla tswelela go dirisana le magosi mo go diragatseng matsholo a dimasepala a go tlisa diphetogo. 

Re tla oketsa kemonokeng ya rona mo dimasepaleng tse di tlhokang thuso ya rona, re dirise seo re ithutileng sona mo Setlhopheng sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini. 

Kwa eThekwini re bona kgatelopele e e seng kana ka sepe, jaaka re samagane le go tsenya tirisong Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo, e leng lona le le dirang gore bannaleseabe botlhe ba ba botlhokwa mo pusong, mo kgwebong, mo mekgatlhong ya badiri le mo mekgatlhong ya baagi ba dirisane mmogo. 

Jaaka re samagane le go fetola tsamaiso ya tirelopuso mmogo le go aga Puso e e nang le bokgoni, re tla dira seno ka go tsenyeletsa thekenoloji gore e fetole ka fao puso e dirang tiro ya yona ka teng. 

Re tla beeletsa mo mafaratlhatlheng a thekenoloji go tlamela maAforika Borwa ka ditirelo tsa puso gongwe le gongwe koo ba tla bong ba le gone, ka nako nngwe le nngwe e ba di tlhokang ka yone mme go diragatsa seno re tla dirisa serala se se thankgolotsweng sešwa sa gov.za. 

Kwa boteng jwa phetogo eno ke go dira gore mo setšhabeng go dirisiwe mekgwa ya boitshupo ya thekenoloji. 

Dikgato tseno di tla fetola ka fao puso le baagi ba yona ba golaganang ka teng; mme di tla dira gore go nne le puso e le esi fela e setšhaba sotlhe se kgonang go ikgolaganya le yona bonolo ka go tobatobetsa fela. Re batla go nna le setšhaba se ikonomi ya sona e dirang bontle mo baagi botlhe ba sona ba unngwelwang. 

Gore re kgone go bokeletsa dipeeletso tseno tse di tla imenaganang, kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro, re tshwanetse go dira gore re godise kgolo ya ikonomi gore e nne kwa godimo ga kgolo ya diphesente di le tharo. 

Gore re kgone go fitlhelela maemo a a kwa godimo mo kgodisong ya ikonomi, re sugana le dipeeletso tsa bogolo jo bo boitshegang mo kagong ya mafaratlhatlha a mantšhwa, fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tsweletse go tlhokomela le go godisa mafaratlhatlha a re ntseng re na le ona. 

Re samagane le go tla ka ditsela tse dintšhwa tsa go tlamela ka matlole a merero ya mafaratlhatlha. 

Re tsweletse go buisana le ditheo tsa go thusa ka matlole tsa ka fa nageng le tsa boditšhabatšhaba mmogo le babeeletsi go re thusa go tla ka kemonokeng ya matlole a mafaratlhatlha a a kanaka dibiione di le lekgolo tsa diranta. 

Ga jaanong go thankgolotswe letsholo la dithendara go lekola gore letsholo la go dira dipeeletso le tsamaya kae. 

Seno se tsenyeletsa melawanataolo e e kwalolotsweng sešwa e e ka ga tirisanommogo ya puso le makala a poraefete ya go dika mmogo dikgwetlho tsa ka fa nageng, e leng selo se se tla bulelang maphata a poraefete go tla ka kitso ya ona le matlole a bona. 

Mo pakeng ya dingwaga di le tlhano tse di tlang puso e tla dirisa madi a feta dibilione tsa diranta di le 940 mo mafaratlhatlheng. 

Madi ano a tsenyeletsa dibilione di le 375 tsa diranta tse di tla dirisiwang ke di-SOE. 

Matlole ano a tla thusa mo go tsosoloseng ditsela le maborogo a naga ya rona, go thusa go aga matamo le metsero e e laolang tsamaiso ya metsi, go tsosolosa maemakepe le maemafofane a naga ya rona mmogo le go matlafatsa ikonomi ya naga ya rona. 

Ka go sola mosola Setheo sa Tlamelo ya Matlole a Mafaratlhatlha, diporojeke tse di farologaneng tsa matlole di le 12 tse di bitsang boknaka dibilione tsa diranta di le 38 di neseditswe pula mo ngwageng yo o fetileng. 

Tseno ke diporojeke tsa metsi le kgeleloleswe, diporojeke tsa dikago tsa madulo a baithuti ba ditheo tsa thuto e kgolwane, diporojeke tsa dipalangwa, diporojeke tsa merero ya maokelo mmogo le diporojeke tsa metlakase. 

Tiro ya go aga Leborogo la Mtentu e tsweletse. 

Leborogo leno le tla okama noka e e kgabolang fa gare ga Port Edward le Lusikisiki; mme le tla nna botelele jo bo kwa godimo go gaisa mo kontinenteng ya Aforika. 

Letamo la Polihlali le tla tlamelana ka metsi a a kanaka dikhubiki mitara di le 490 ka ngwaga ka metsi a a tswang kwa Dithabeng tsa Lesotho a a tshologelang mo Letamong la Metsi a Vaal, mme seno se tla tlamela diporofense di le dintsinyana ka fa nageng ka metsi sebaka sa dingwaga di le dintsi tse di tlang. 

Ka go dirisana le badirisani ba dinaga tsa boditšhabatšhaba, re samagane le go tsosolosa maemelakepe a ma potlana mmogo le go bulela ditšhono tsa go iphedisa mo baaging ba ba nnang gaufi le mawatle. 

Ka iketlo re samagane le go utolola dikgoreletsi gore re tle re kgone go nna le kgolo ya ikonomi ya boammaruri e e golelang ka bonako. 

Diphetogo mo ikonoming tse re samaganeng le go di tsenya tirisong ka letsholo la Operation Vulindlela di tlisitse matlhagatlhaga a a sa tlwaelegang le go dira gore ikonomi ya rona e tshepagale.

Re gatetse pele thata mo go tsosoloseng le mo go ageng sešwa diintaseteri tse dintsinyana tsa naga ya rona. 

Re itemogela dipoelo tse di itumedisang mo go tokafatseng maemo a go tsamaisa tiro ya diintaseteri tsa naga ya rona mmogo le mo ditšhonong tsa go beeletsa tse di ntseng di oketsega e bile babeeletsi ga ba di senyetse nako, mme seno ke sona se kwa bofelong se feletsang se tlhodile ditiro. 

Ka go dirisana le dikgwebo, mekgatlho ya badiri le badirisanimmogo mo mererong ya loago, re saletse jaanong ke gore re garele tiro eno. 

Mo ngwageng yo o tlang re tla simolola ka letsholo la bobedi la go tlisa diphetogo gore re kgone go golola kgolo e nngwe gape ya ikonomi e botlhe ba tla nnang le seabe mo go yona. 

Se se kwa setlhoeng ga jaana ke go dira gore Eskom, Transnet le di-SOE tse di botlhokwa mo ikonoming ya naga ya rona di dire ka botlalo. 

Re samagane le go fetola ditheo tseno gore di tle di kgone go abelana ka mafaratlhatlha a maemo a a kwa godimo mo lefatsheng fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tla dira gore go nne le kgaisano mo maphateng ano, e ka tswa e le mo lephateng la go fetlha motlakase, la go rwala dithoto ka diterene kgotsa mo lephateng la maemakepe. 

Re tswelela pele ka tiro ya go tlisa diphetogo tse di tlhokagalang mo ditheong tsa di-SOE go netefatsa gore di kgone go diragatsa thomo ya tsona mo go thuseng setšhaba le mo go godiseng ikonomi. Tiro eno e tsenyeletsa gape le e re samaganeng le yona ya go tsenya tirisong mekgwa e mentšhwa ya go gagamatsa tsamaiso ya puso le ya go disa ditheo tsa puso. 

Re tla netefatsa gore mafaratlhatlha a a botlhokwa a tswelela go laolwa ke puso gore a tle a kgone go tswela molemo setšhaba fa ka fa letlhakoreng le lengwe re tla tllhama ditsela tse dintšhwa tsa go ngokela dipeeletso gore re kgone go tokafatsa kabo ya ditirelo le go netefatsa gore matlole a puso a dirisediwa mo mererong ya go tlamela setšhaba ka ditirelo. 

Re samagane le thulaganyo ya go tlhoma Yuniti ya go Fetola di-SOE jaaka yuniti eno e le yona e e tla disang tiro eno a go buiwang ka yona. 

Dikgato tse re di tsentseng tirisong ka Leano la go Tseela Motlakase Dikgato di thusitse thata mo go fokotseng bogale jwa motlakase o o tshabetseng ruri, e bile re setse re na le matsatsi a feta a le 300 re sa itemogele motlakase o o tshabetseng ruri, fa e sale go tloga ka Mopitlwe 2024.

Le fa re bone ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri di diragala mo matsatsing a le mabedi a beke e e fetileng, seo e ne e le fela segakolodinyana sa go re gakolola gore dikgwetlho tsa go tlamela motlakase di santse di le teng, mme le fa go le jalo re tswelela go dira bontle. 

Jaanong re saletse ke gore re fedise bothata jwa motlakase o o tshabetseng ruri mme re tla dira seno ka go garela dithulaganyo tsa go fetola ditheo tsa motlakase go dira bonnete jwa gore ga re sa kitla re sokodisiwa ke motlakase go ya go ile. 

Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Motlakase, o o tsentshitsweng tirisong ka la bo 1 Ferikgong, o bontsha tshimologo ya dilo tse dintšhwa. 

Monongwaga re tla tsenya tirisong dithulaganyo tsa go dira gore go nne le ditheo tse di gaisanelang maraka wa motlakase. 

Mo tsamaong ya nako seno se tla kgontsha bafetlhi ba le bantsi ba ba farologaneng ba motlakase go re rekisetsa metlakase ya bona. 

Re tla laletsa makala a poraefete go rekisetsa setheo sa naga sa tsamaiso ya motlakase, motlakase wa bona, gore setheo seno se nne le metswako ya metlakase ya go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mo diyuniting tsa sona tsa tlamelo ya motlakase. 

Jaaka re samagane le go fetola thulaganyo ya naga ya motlakase, re tswelela go dirisana le ditheo tsa lefatshe tsa boditšhabatšhaba go leka go kgaotsa lebelo la phetogo ya maemo a loapi. 

Leano la naga ya rona la go Tsenngwa Tirisong ga Leano la Motlakase o o sa Kgotlheleng Tikologo le tswelela go gola. 

Matlole a feta ditolara tsa Amerika di le dibilione di le 13 ditheo tsa boditšhabatšhaba di ikanne gore di tla neelana ka ona mme le matlole a mangwe a mantsi le ona a tla beelediwa ke dikgwebo tsa poraefete tsa ka fa nageng. 

Re itomile sesino gore re tlile go fedisa mesi e e kuelelang e e kgotlhelang tikologo mme re tla dira seno ka lebelo le ka bogolo jo naga ya rona e ka bo kgonang. 

Re tsosolosa maemelakepe mmogo le maemelaterene a naga ya rona ka go sola mosola Leano la go Rulaganya Dijanaga tse di Rwalang Dithoto, mme re sola mosola madi a a tswang kwa ditlamong tsa poraefete go tsosolosa dipalangwa tseno gore di boele di nne mo maemong a a gaisang mo lefatsheng. 

Tiro ya Transnet jaanong e tsepame mme e tsweletse go tokafala. 

Re golotse Molaetsa o o buang ka Diporo ka Sedimonthole 2024, mme mo go ona re tlhalosa gore fa e sale di nna teng, jaanong e tla bo e le lantlha re letlelela diterene tsa ditlamo tsa poraefete go dirisa diporo tsa diterene tse di rwalang dithoto. 

Go bulela ditlamo tsa poraefete go dirisa diporo tseno go tla kgontsha ditlamo tsa diterene gore di kgone go oketsa boleng jwa dithoto tsa bona tse ba di tsamaisang ka ditierene, fa ka fa letlhakoreng le leng mafaratlhatlha a diporo tseno a tswelela go laolwa ke puso. 

Seno se tla dira bonnete jwa gore dirašwa tse di tswang mo nageng ya Aforika Borwa, dijanaga mmogo le dijo tse di kotutsweng le leruo di fitlhelela dimaraka tsa boditšhabatšhaba tse di rekisediwang dikuno tsa rona, mme seno se tla tlhola ditiro mmogo le go dira letseno le le tlhokagalang mo sekgwameng sa naga ya rona. 

Didirisiwa tse dintšhwa tse dikgolokgolo tsa go rwala dithoto mo maemelakepeng mmogo le didirisiwa tse dingwe tse di tlhokagalang di a rekiwa gore di tle di thuse go rwala le go folosa dithoto ka bonako mo dikepeng, mme seno se tla fokotsa nako e dikepe di e tsayang mo boemelakepeng di letetse go namediwa le go folosiwa ga dithoto mo dikepeng. 

Jaaka re tswelela ka mogopolo wa go tlisa diphetogo, e nngwe ya dintlha tse di botlhokwa ke go netefatsa gore ka fa nageng re na le metsi a a lekaneng le a re ka ikanyegang mo go ona gore a tla kgona go fepa naga yotlhe. 

Batho ba bantsi mo metseseteropong ya naga ya rona, mo diteropong le mo metseng e e kwa magaeng ga nnyane ga nnyane ba ntse ba itemogela tlhaelo ya metsi mme seno se tlhodiwa ke mafaratlhatlha a a sa direng sentle. 

Go boima go phela ntle le metsi e bile go boima gore ikonomi e ka kgona go gola ntle le metsi. 

Ka jalo re tla tsaya kgato morago ga kgato gore re rarabolole mathata a metsi, go kgontsha batho ba borona gore metsi a ba fitlhelele gongwe le gongwe ko ba nnang teng, e ka tswa e le kwa makeišeneng kgotsa kwa metseselegaeng. 

Re samagane le go dira dipeeletso tse di boitshegang mo metsweding ya metsi. Gongwe le gongwe ko re yang gone, batsofe ba rona ba lela ka gore ga ba na metsi. Ba re bolelela ka fao ba tlhokang metsi ka teng mo ba nnang gone. Ba kopa puso go ba tlamela ka metsi. Go jalo, re tla tsibogela kopo ya bona. Itseng gore metsi a tla le latelela koo le nnang gone. Ke a le solofetsa gore metsi ano a tlile go tlisiwa kwa go lona.

Go fitlha ga jaanong, Letloletlamelo la Mafaratlhatlha le setse le kgonne go bokeletsa dibilione di le 23 tsa diranta tse di tla dirisiwang mo diporojekeng di le supa tse dikgolo tsa mafaratlhatlha a metsi. 

Re fedisitse tiego e e neng e le teng mo diporojekeng tse dikgolo tsa mafaratlhatlha a metsi tse di jaaka Kgato ya Bobedi ya Porojeke ya Metsi a a Tshologang kwa Dithabeng tsa Lesotho mmogo le ya Letamo la uMkhomazi. 

Go samaganwe le tiro ya go ipaakanyetsa go aga Letamo la Ntabelanga mo nokeng ya uMzimvubu go oketsa tlamelo ya metsi a a fepelang malapa le a go nosetsa mo masimong mo porofenseng ya Kapa Botlhaba. 

Pele ngwaga yo o tlang o garela, re tla konosetsa tiro ya go tlhoma Setheo sa Naga sa Mafaratlhatlha a Metswedi ya Metsi gore re kgone go bulela diporojeke tse dintsi tsa metsi. 

Ka Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi, re tlile go kgona go tsenya tirisong thulaganyo ya go rebolela batlamedi ba ditirelo tsa metsi dilaesense mme foo batlamedi ba metsi ba sa itepatepanyeng le maemo a go tlamelana ka metsi a a boleng a a ka nwewang, batlamedi bao ba tla amogiwa dilaesense tsa bona. 

Jaaka e le karolo ya mogopolo wa rona wa go tlisa diphetogo, re tla tswelela go gagamatsa thulaganyo ya naga ya rona ya di-visa go dira gore go nne botlhofo gore batho ba ba nang le bokgoni ba kgone go beeletsa ka fa nageng mmogo le go dira gore re kgone go godisa lephata la bojanala. 

Monongwaga re tlile go thankgolola Thulaganyo ya go Dirisa Thekenoloji go Letlelela Batho go Tsaya Maeto mme yona e tla dira gore re nne le thulaganyo ya go dira dikopo e e bolokesegileng e bile kopo eo e tla diriwa ka mokgwa wa thekenoloji fela. 

Thulaganyo eno e tla dirisa Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho (AI) mmogo le dithekenoloji tsa go thusa go tlatsa kopo ka tshedimosetso e e setseng e le teng mo sefalaneng sa thekenoloji eo, mme seno se tla dira gore dikopo di tlatsiwe ka bonako jo bo kwa godimo fa go tla mo dikopong tsa di-visa tsa bajanala. 

Re setse re kgonne go garela dikopo tsa di-visa di ka dira 90% mme tsona ke dikopo di feta di le 300 000 tsa di-visa. 

Diphetogo tseno di romela molaetsa o o nang le maatla o o reng jaanong Aforika Borwa dilo tsotlhe di tsamaya ka thelelo mme e ipatlela dikgwebo le bajanala. 

Re batla setšhaba se mo go sona batho botlhe ba kgaoganang katlego le ditšhono. 

E setse e le sebaka sa dingwaga di le masomesome ikonomi ya naga ya rona e retelelwa ke go gola ka ntlha ya go itlhokomolosiwa ga batho ba le bantsi ba naga ya Aforika Borwa. 

Bana ba mmala wa sebilo ba ne ba timiwa lefatshe, matlole, bokgoni le ditšhono. 

Ikonomi ya naga ya rona e ne e tswaletswe gore e se nne le batho ba ba nang le bokgoni, mme ke sona seo re tshwanetseng go fetola ikonomi ya naga ya rona gore e kgone go bulela batho botlhe ditšhono. 

Ke ka ntlha ya seno mogopolo wa rona re o tsepamisitseng mo go matlafatseng bana ba mmala wa sebilo, basadi le batho ba ba tshelang ka bogolofadi gonne ba ne ba kgapetswe kwa kgakala ba sa letlelelwa go nna le seabe se se botlhokwa mo ikonoming ya naga ya bobona. 

Re tla beela kwa thoko matlole a go tlisa diphetogo a a kana ka dibilione tsa diranta di le 20 ngwaga yo mongwe le yo mongwe sebaka sa dingwaga di le tlhano tse di tlang, mme ona a tla tlamela merero ya go thusa batlhami le beng ba dikgwebopotlana ba bana ba mmala wa sebilo. 

Re tla potlakisa melawanataolo ya Molao wa Tsamaiso ya Dithendara mo Pusong go dira bonnete jwa gore dikgwebo tse beng ba tsona e leng basadi, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi le bona ba neelwa ditšhono tsa go neelwa dikonteraka tsa dithendara mo pusong fela jaaka batho ba bangwe. 

Re tlile go tswelela go katisa basadi ba ba itlhamelang dikgwebo gore ba tle ba kgone go tsenela dikgaisano tsa go gaisanela go fenya dithendara tsa puso. 

Ka Ngwanaitseele ngogola, re thankgolotse Letsholo la Naga la Tlamelo ka Matlole a go Tlhatlhelela ka Bokgoni Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi. 

Kwa tshimologong letsholo leno la diphetogo le tla matlafatsa batho ba feta 10 000 ba ba tshelang ka bogolofadi ka go dira gore ba katisiwe mo ba tla tlhatlhelelwang ka kitso le bokgoni, ka go ba tlamela ka madi a go tshegetsa dikgwebo tsa bona mmogo le ka go ba tlamela ka dithuso tse di itlhophileng tse ba di tlhokang. 

Tiro eno e tshwanetse go diriwa ke rona rotlhe re le dikgwebo, puso, mekgatlho ya badiri le mekgatlho ya baagi gore re kgone go thusa batho ba ba tshelang ka bogolofadi gore le bona ba nne le seabe se se botlhokwa mo ikonoming ya naga ya rona. 

Ka matsholo ano re tla bo re sa phimole fela molato o mogolo o o dirilweng mo hisetoring ya naga ya rona, re tla bo gape re tlhagisa bokgoni jwa ikonomi ya naga ya rona gore e kgone go gola ka tolamo. Re batla go nna le setšhaba se mo go sona batho botlhe ba nang le ditiro, se mo go sona motho mongwe le mongwe a kgonang go iphedisa le go diragatsa seo ba fisegelang go se dira mo lefatsheng. 

Setšhaba se mo go sona ditshwanelo tsa badiri di sireleditsweng le seo mafelo a bodirelo a tlhabolotsweng, setšhaba seo banna le basadi ba golang mogolo o o lekalekanang go ya ka ditiro tse ba di dirang. 

Re tshwanetse go netefatsa gore kgolo ya ikonomi e tlholela batho botlhe ditiro, segolo jang bašwa ba naga ya rona. 

Go atlega ga Letsholo la Maditshegetso a go Tlhola Ditiro la Moporesitente go bontsha ka fao matsholo a go tlholela setšhaba ditiro a kgonang go nna mosola ka teng mo go tlholeng ditiro tse di nang le boleng tse di unngwelang batho ka bontsi le mo go tlholeng ditiro tse di sa feleng. 

Letsholo la go tlhola ditiro le setse le tlhodile ditšhono tsa ditiro le tsa go iphedisa di ka nna dimilione di le 2.2 ka mekgwa e mentšhwa ya go tlamela batsayakarolo ka ditiro tsa maemo a a kwa godimo. 

Monongwaga Letlole la go Tlamelana ka Matlole a go Tlholela Baagi Ditiro le kgonne go tlhola ditiro di feta di le 80 000. 

Le eme nokeng bannaleseabe ba feta 12 000 gore ba kgone go tsenela ditiro tsa go itshimololela dikgwebo. 

Mo ngwageng yo o fetileng bašwa ba kgonne go iponela ditšhono tsa ditiro di le 235 000 ka go thusiwa ke Thulaganyo ya Naga ya Taolo ya Dithulaganyo tsa Ditiro, e leng thulaganyo e e itepatepanyang le serala sa SAYouth.mobi. 

Jaanong re tshwanetse go godisa matsholo ano a go itlhametsweng one gore a kgone go tlholela bašwa ditiro tse di ntsi go gaisa. 

Go tlhola ditiro, re tshwanetse re sole mosola bokgoni jwa rona jo bo sa tshwaneng le jwa batho ba bangwe mmogo le jo re iseng re simolole go bo sola mosola jwa go aga diintaseteri tsa mo nakong e e tlang - mme tsona ke tse di dirang ka go tlhagisa dilwana tsa go somarela tlhago, motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa, dijanaga tsa go tsamaya ka motlakse mmogo le tsa ikonomi e e ikaegileng mo thekenolojing. 

Monongwaga re tla garela pholisi ya diintaseteri e e kwadilweng ka botlalo e e tsamaisanang le dinako tsa segompieno e e tla kaelang dikgato tsa kgolo ya ikonomi. 

Re tla fitlhelela dipeelo tseno ka go tsepamisa mogopolo mo ditšhonong tse di ka ga go tlhagisa dikuno tsa ka fa nageng, go tlisa diphetogo, go dirisa thekenoloji le go fedisa kueletso ya mesi. 

Re samagane le go tsenya tirisong ka botlalo Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe, mme lona le tla phutlhamisa manokonoko a a kgoreletsang gore dinaga tsa kontinente di kgone go gwebisana. 

Jaaka naga ya rona e na le diintaseteri tse dintsi mo ikonoming ya Aforika, re setse re ntse re simolotse go ema malala a laotswe gore e nne rona ba re di gogang kwa pele fa maraka o montšhwa ono o o santseng o gola o simolola go bula. 

Re setse re simolotse go bokeletsa motlakase o o fetlhiwang ka letsatsi le o o fetlhiwang ka phefo gore naga ya rona e kgone go goga kwa pele dikgato tsa go tlhagisa motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le tlhagiso ya dilwana tsa go somarela tlhago. 

Fa re na le ntletsentletse ya motlakase o o sa bitseng go le kalo, o o fetlhiwang ka ditsela tse dintšhwa, re ka kgona go tlhagisa dikuno tse di ka gaisanang le tse dingwe gongwe le gongwe mo lefatsheng fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla tlhola makgolokgolo a diketekete tsa ditšhono tse dintšhwa tsa ditiro. 

Re somarela tlhago fa go tla mo go diriseng bogolo jwa mafatshe a Aforika Borwa a a humileng. 

Ka go ema nokeng balemirui ba naga ya rona, go tokafatsa dijanaga tse di rwalang dithoto mmogo le go tlamelwa ka ditlhagisiwa ke mafelo a a kwa metsemagae, mmogo le go bulela dimaraka tse dingwe tse dintšhwa tsa go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle, re ka kgona go godisa lekala la temothuo ka bogolo jo bo boitshegang. 

Re batla gore naga ya Aforika Borwa e di goge kwa pele fa go tla mo go rekiseng le mo go tlhagiseng patše le motekwane. 

Re tsosolosa lephata la intaseteri ya meepo, e leng lona le le gompieno e santseng e le selo se se botlhokwa mo go rona. 

Monongwaga re samagane le go tsenya tirisong dithulaganyo tse dintšhwa tse di tsamaisanang le dinako tsa segompieno tsa go rebolela batho ditshwanelo tsa go dira meepo, mme seno se tla bulela ditšhono tsa bao ba batlang go simolola meepo le go tlhagisa dikuno tsa meepo. 

Re tla tsenya tirisong pholisi mmogo le melawanatalo ya leano la go tsamaisa tiro ya go tlhokomela dirašwa tse di botlhokwa thata. 

Ka go tlhatswa le go apaya dirašwa tseno ka fa nageng ya Aforika Borwa, re ka sola mosola khumo e e tswang ka dinala e e leng ka fa tlase ga mpa ya lefatshe la rona gore batho ba naga ya rona ba kgone go unngwelwa. 

Mme se se nang le boleng jo bo kwa godimo go gaisa dirašwa tseno tsa naga ya rona ke baagi ba naga ya rona ya Aforika borwa ba ba farologaneng, ba ba matlhagatlhaga le ba ba nang le dineo tse di tletseng tse di farologaneng. 

Lekala la ditirelo jaanong ke lona le le kgolo thata mo ikonoming ya naga ya rona, go simolola ka ditirelo tsa matlole go ya go tsa borobasogo, bojanala mmogo le intaseteri e e santseng e gola ya boitlhamedi. 

Lekala la bojanala le ntse le golela ka bonako, jaaka mo ngwageng yo o fetileng naga ya rona e jetswe nala ke bajanala ba ka balelwa go dimilione di ka nna robongwe. 

Re tla godisa bojanala ka go fetola thulaganyo ya naga ya rona ya di-visa, ka go oketsa palo ya difofane go leba koo di tshwanetseng go leba gone, mmogo le ka go roromisa serodumo sa naga ya Aforika Borwa sa gore ke yona naga e e monate go gaisa mo lefatsheng e e ka jelwang nala.

Re bone gape le kgolo e e gagametseng mo ditirelong tsa thekenoloji mmogo le mo go rekeng ditirelo tsa kgwebo mo dikgwebong tse dingwe, e leng selo se se tlholetseng bašwa ditiro. 

Mo go emeng nokeng kgolo eno, re samagane le go beeletsa mo dikgatong tsa go tlhatlhelela batho ka bokgoni gore ba kgone go tlhagisa diintaseteri tsa mo nakong e e tlang. 

Letlole la go Thusa go Tshegetsa Ditiro le tlile ka mokgwa o montšhwa wa go duelela megolo ya bašwa ba ba thapiwang ba ba nang le bokgoni jo bo tlhokagalang ka fa nageng. 

Re atolosa kemonokeng ya rona mo dikgwebopotlaneng le mo dikgwebong tse dikgolonyana mmogo le mo dikgwebong tse batho ba ithekisetsang mo go tsona, jaaka dikgwebo tseno di tswelela go tlhagisa ditiro di le dimilionemilione go ralala le naga. 

Seno se raya gore go tshwanetswe go rulaganngwe matlole a a tla thusang dikgwebopotlana, go bulela matlole a go dirisanammogo a dikgwebo tse kgolo di a nayang dikgwebopotlana go di thusa go simolola dikgwebo ka maitlhomo a gore dikgwebo tse kgolo di nne le dišere mo dikgwebong tse di potlana, mmogo le go nna le melawanataolo e e laolang dikgwebo tsa batho ba ba ithekisetsa go na le go ba iletsa go ithekisetsa. 

Mo go ageng ikonomi e e renang ka boitshimololedi, Lefapha la Saense, Thekenoloji le Boitshimololedi le tla tlhoma Letlole la Merero ya Boitshimololedi gore le kgone go thusa dikgwebo tse di potlana tsa thekenoloji tse di tlhodilweng ke ditheo tsa ka fa nageng tsa thuto e kgolwane. 

Re ikuela mo dikgwebong go sola mosola serala sa SA Youth.mobi, se mo go sona bašwa ba ka nna dimilione di le 4.5 ba ikwadisitseng mo go sona gore batla ditiro. 

Re ikuela mo dikgwebong go ema nokeng Letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa (YES) mmogo le go oketsa ditšhono tsa go neela bašwa maitemogelo mo tsamaong ya ngwaga o re leng mo go ona. 

Re batla naga e mo go yona go sa tlholeng go na le badidi ba nta e e motopo. 

Dingwaga di le 30 fa e sale re tshegofadiwa ka temokerasi, re ntse re dirisana mmogo go fokotsa tshokolo. 

Gompieon diphesente di le 60% tsa madi a re a dirisang ka fa nageng ke a re a neelang ditheo tsa matsholo a go duela megolo e e tlhokomelang baagi, ditheo tsa matsholo a kalafo ya balwetse, ditheo tsa matsholo a thuto, ditheo tsa matsholo a go tlhokomela setšhaba, matsholo a go tlhatlhelela ditšhaba tsa rona ka bokgoni mmogo le matsholo a go duelela megolo ya badiredi ba puso. 

Batho ba feta dimilione di le 28 ba ba senang ditiro ba gola megolo ya puso ya go tlhokomela baagi. 

Barutwana ba feta dimilione di le 10.5 ba tsena dikolo tsa puso tse mo go tsona e seng segapeletsa gore ba duelele. 

Mo ngwageng yo o fetileng baithuti ba feta 900 000 ba ba tswang kwa malapeng a a humanegileng le kwa malapeng a batsadi ba dirang mme ba sa bone megolo e mentsi ba tlametswe ka matlole a go ba isa sekolong gore ba tsweletse dithuto tsa bona kwa diyunibesiting le kwa dikholejeng. 

Ka matsholo ano re fedisa tshokolo e e seng kana ka sepe. 

Re tla ka thuso e e tla thusang maAforika Borwa gore ba kgone go ikinola mo tshokolong e e ntseng e ba aparetse lelapa ka lelapa. 

Mme fa e le gore re batla go fedisa tshokolo re tshwanetse go dira go tlala seatla. 

Re tshwanetse go tiisa letsogo go dira bonnete jwa gore basadi ga ba sa tlhole ba mekamekana le dikgwetlho tsa gore ba tla fepa bana ba bona eng kgotsa ba tla ba rekela diaparo jang.

Jaaka puso e a tle e beeletse thata mo go emeng nokeng batho ba ba humanegileng le ba ba senang ditiro, matsholo ano a gasagane e bile ka dinako tse dingwe batho ba naga ya rona ga ba kgone go ka a fitlhelela. 

Jaanong re samagane le go aga thulaganyo e e tshwaraganeng e e tla thusang batho ba ba humanegileng le ba ba senang ditiro. 

Re samagane le go gagamatsa matsholo a a leng teng ga jaana, go tloga go a go batlana le ditiro go tsenyeletsa le a go thapiwa mo pusong mme ona ka bobedi a tla dira bonnete jwa gore a tlamela baagi ka ditsela tse ba ka di dirisang go ka ikinola mo tshokolong. 
Go na le go kokota mojako ka mojako ba batlana le thuso, baagi ba ba humanegileng ba tshwanetse go kgona go ya kwa lefelong le le esi fela mme ba neelwe dithuso tsotlhe tse ba di tlhokang. 

Mo go sireletseng kgatelopele e re setseng re e dirile fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994 mo karolong ya go godisa ditshwanelo tsa bana, mo nakong e e sa fediseng pelo re tlile go amogela Leano la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa Tlhokomelo ya Bana, mme lona le lebagane le dintlha di le 10 tse di botlhokwa tse di akaretsang go fokotsa tshokolo, go tlhokomela bana mmogo le go fepa bana. 

Megolo ya go Thusa Baagi ba ba sa Direng ba ba Leng mo Tlalelong ke kgato e e botlhokwa thata mo go fokotseng tshokolo e e iphileng maatla. 

Re tla dirisa mogolo ono go tsenya tirisong mefuta e mengwe ya go tlhola megolo e e tla nnelang ruri go thusa batho ba ba senang ditiro. 

Se se botlhokwa mo dikgatong tsa rona tsa go fedisa tshokolo le go godisa ikonomi ya naga ya rona ke go tlhatlhelela bašwa ba Aforika Borwa ka thuto e e seriti le e e leng botlhokwa. 

Re tota re le motlotlo mo go maswe ka dipholo tsa Barutwana ba Materiki ba Ngwaga wa 2024, jaaka ba fitlheletse dipholo tse di kwa godimo go gaisa tsa dingwaga tsotlhe tsa fa e sale naga ya rona e nna gone. 

Diphesente di le 87% tsa palo yotlhe ya barutwana ba ba kwadileng ditlhatlhobo ke ya ba ba falotseng. 

Fa e sale naga eno e nna teng, ke la ntlha halofo ya barutwana ba ba falotseng ba falola ka dipholo tse di ba letlang gore ba ka tsweletsa dithuto tsa bona kwa ditheong tsa thuto e kgolwane tse di nang le makwalothuto a Bachelors. 

Ga go sepe se se ka re nyemisang mooko ka tiro e ntle e barutwana bano ba e dirileng mmogo le kemonokeng e ba e neetsweng ke barutabana ba bona, batsadi mmogo le baagi mo setšhabeng. 

Maitlhomomagolo a rona ke go atolosa nako ya go tsena sekolo gore ngwana mongwe le mongwe a isiwe kwa dikolong tsa bomapimpana (di-ECD). 

Seno se tlile go kgonagala fa re ka dira gore dikolo tsa bomapimpana di kwadisiwe le go diriwa dikolo semmuso mmogo le go dira bonnete jwa gore di nna le mafelo a a obamelang molao, batlhankedi ba tsona ba a tlhatlhelelwa le go katisiwa mmogo le go tlamelwa ka didirisiwa tsotlhe tse ba di tlhokang tse di tla thusang gore ba kgone go ruta ka tlhomamo. 

Re tla tsepamisa mogopolo mo go direng bonnete jwa gore ngwana mongwe le mongwe o rutiwa go buisa le go tlhaloganya seo a se buisang mo Dikolong tse di Rutang Bana ba Dithuto tse di kwa Tlase mme seno se tla dira gore bana bano e nne dithunya fa ba tswelela ka dithuto tsa bona mo dingwageng tse di latelang. 

Go fitlhelela seno, re samagane le go tsenya tirisong dirutwa tsa go ruta barutwana teme-pedi e leng selo se se tla tlhabololang kitso ya go buisa le go kwala mmogo le ya dipalo mme re tla rebola maano a go ruta dirutwa, ra rebola dibuka tsa go katisa barutwana go buisa mmogo le go tla ka dithulaganyo tse dingwe tse di itshupileng gore di mosola. 

Sekema sa Dibasari sa Funza Lushaka se tla tswelela go isa sekolong barutwana ba ba batlang go ithutela go nna barutabana mo Dikolong tse di Rutang Bana ba Dithuto tse di kwa Tlase. 

Mo ngwageng yo o fetileng re saenile Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Thuto ya Motheo (BELA), mme ona o botlhokwa thata mo go direng bonnete jwa gore maAforika Borwa otlhe a kgona go fitlhelela thuto. 

Monongwaga Tona ya Thuto ya Motheo o tla tsenya tirisong pholisi ya naga, maitsholo le maemo mmogo le melawanataolo go matlafatsa bannaleseabe botlhe mo lephateng la thuto ya motheo gore ba kgone go ka diragatsa Molao ono. 

Mo go direng bonnete jwa gore ikonomi e nna le bokgoni jo e bo tlhokang, re oketsa dipalopalo tsa badiri ba ditiro tsa diatla ka go sola mosola dikholeje tsa Katiso le Thuto ya Ditiro tsa Diatla le tsa Setegenik (di-TVET). 

Eno ke karolo ya dikgato tse re ntseng re samagane le tsona mo mererong ya thuto le ya tlhatlhelelo ka bokgoni tse di golaganyang thuto le mafelo a ditiro go katisa baithuti. 

Jaaka re tsaya malebela mo dikgatong tse di itshupileng gore di a dira tse di dirisiwang ke dinaga tse dingwe, re le puso re ikuela mo makaleng a poraefere go naya baithuti ditšhono tsa ditiro tsa go tla go bokeletsa maitemogelo fa ba ntse ba tsweletse ka dithuto tsa bona. Re samagane le go tsenya tirisong Kgato ya Ntlha ya Thulaganyo ya go Duelelela Dituelelo Tsotlhe tsa Baithuti mo Ditheong tsa Thuto e Kgolwane gore re kgone go mekamekana le go thusa baithuti ba ba tswang kwa malapeng ao letseno la kwa malapeng a bona le sa ba kgontsheng go ka tlamelwa ka matlole a NSFAS.

Kgato eno e tla ema nokeng baithuti ba ka nna 10 000 mo ngwageng wa ntlha. 

Re batla setšhaba se se nang le ditirelo tse di boleng tsa tlhokomelo ya balwetse tse di tlhokomelang batho botlhe. 

Mo ngwageng ono re tla tswelela ka tiro ya go rulaganyetsa go tsenya tirisong Inšorense ya Naga ya go Thusa Baagi go Fitlhelela Ditirelo tsa Boitekanelo mo Maokelong Otlhe a ka fa Nageng (NHI). 

Dithulaganyo tseno di tsenyeletsa tsa go tlhoma kgato ya ntlha e e ka ga go nna le sefalanatshedimosetso se le sengwe fela sa khomphiutara sa tshedimosetso ya balwetse, dithulaganyo tsa go rulaganyetsa go tlhoma Komiti ya Baeletsi ya Ditona tsa ka fa nageng mo mererong ya metšhini ya kwa maokelong mmogo le tseo di unngwelwang ka tlhokomelo ya malwetse mmogo le mo mererong ya leano la go tsamaisa tiro ya go dirisa dingaka le maokelo a a leng mo molaong. 

NHI e tla fedisa ditiragalo tsa go tshwara balwetse ka go se tshwane jaaka e tla netefatsa gore balwetse botlhe ba alafiwa ka go tshwana. 

NHI e tla pholosa matshelo a batho ba le bantsi jaaka e tla abelana ka mmetela wa ditirelo tse di jaaka tlhokomelo ya baimana le ditirelo tsa pelegiso mmogo le ditirelo tsa go tlhokomela balwetse ba ba nang le Mogare wa Lebolela Teng (HIV) le Bolwetse jwa Lebolela Teng (AIDS), Bolwetse jwa Lehuba (TB) mmogo le go thusa bao ba nang le malwetse a a sa foleng a a jaaka bolwetse jwa pelo, kankere le bolwetse jwa tshukiri. 

Ntlha e kgolo go di gaisa mo go rona ke go gagamatsa thulaganyo ya maokelo mmogo le go tlhabolola ka fao a tlhokomelang balwetse ka teng. 

Karolo e e botlhokwa thata ya ntlha eno ke e e ka ga go ntšhwafatsa maokelo a kgale, go a tlhabolola le go a tlhokomela mmogo le go aga dipetlele le ditleliniki tse dintšhwa. 

Dipetlele tse dintsi ga jaanong di a agiwa kgotsa di a ntšhwafadiwa. Dipetlele tseno di tsenyeletsa le sa Limpopo Central Hospital mmogo le sa Siloam District Hospital kwa porofenseng ya Limpopo, Dihlabeng Regional Hospital kwa porofenseng ya Foreistata, Bambisana District Hospital mmogo le Zithulele District Hospital kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mmogo le Bophelong Psychiatric Hospital kwa porofenseng ya Bokone Bophirima. 

Tse dingwe diporojeke di mo maemong a a farologaneng a go thadiwa le a go agiwa. Tsona di tsenyeletsa tsa go tswalelwa ga dipetlele di le tharo tsa kgale mme mo legatong la tsona go agiwa tse dingwe tse dintšhwa, go agiwa ga dipetlele tse dintšhwa tsa tikologo di le tlhano, maokelo a le matlhano a mo metseng mmogo le sepetlele se sentšhwa sa malwetse a tlhaloganyo. 

Go dira gore balwetse ba se tlhole ba sulafadiwa ke go ya maokelong, re thulana ka tlhogo le kgang ya gore balwetse ba letele thuso sebaka, gore maokelo a nne a le phepa mmogo le maitsholo a a sa amogelesegeng a badiredi ba maokelo le ba dipetlele a ba tshwarang balwetse ka ona. 

Re itumelela kgatelopele e naga e e dirileng mo go direng gore HIV le AIDS di se tlhole di nna le matshosetsi a magolo mo setšhabeng. 

Fa Mopitlwe 2024 o ne o garela, batho ba le 96% ba ba tshelang ka HIV ba ne ba setse ba itse maemo a bona, ba le 76% ba bona ke ba ba tsayang melemo ya go thibela go tshwaetsana ka kokwanatlhoko ya lebolelateng mme ba le 94% ke bao ba tsayang melemo bao mogare ono o fokotsegileng bogale thata mo masoleng a bona a mmele. 

Mo go netefatseng gore re fitlhelela maitlhoma a rona a go fitlhelela diphesente di le 95-95-95 mo maemong otlhe, mo ngwageng ono re tla thankgolola letsholo la bogolo jo bo boitshegang la go batlana le batho ba bangwe gape ba le milione le dikete di le lekgolo bao ba sa tsayeng melemo.

Re tshwenyegile e le ruri ke tshwetso e puso ya Amerika e e tsereng ya go emisa dituelelo tsa matsholo a HIV le a TB a dinaga tsa Aforika sebaka sa matsatsi a le 90 gore e tla nna le seabe se se kanakang. Dituelelo tseno di duelela fela 17% tsa madi otlhe a naga ya rona e a duelelang mo mererong ya HIV. Re na le dingwaga e ntse e le rona re duelelang matsholo a HIV le a TB ka madi a rona. Re samagane le maano a a farologaneng a go rarabolola kgwetlho eno le go dira bonnete jwa gore go se kgaotswe ditirelo tse di botlhokwa.

Go samagana le tlhokego ya tekatekano, re tshwanetse go dirolola seo puso ya tlhaolele e se dirileng fa go tla mo thulaganyong ya madulo, jaaka diteropo tse dikgolo tsa naga ya rona di ne tsa sitelwa mme le batho ba naga ya rona ka bontsi ba ne ba gapelediwa go nnela kgakala le mafelo a ba dirang kwa go ona mmogo le mafelo a a nang le ditšhono. 

Re setse re kgonne go agela malapa a le dimilionemilione dintlo fa e sale go tloga ka ngwaga wa 1994, e leng selo se se dirileng gore malapa a a humanegileng a nne le dintllo tse di bolokesegileng mmogo le go tsosolosa seriti sa ona, mme le fa go le jalo, setlwaedi seno sa go agela batho dintlo kgakala le diteropo se tlhotlheleditse kgang eno ya go se lekalekane mmogo le ya go runya ga mafelo a baipei. 

Fa re gatela pele re tlile go agela batho dintlo ka fa gare ga diteropo le gaufi le mafelo a ba dirang mo go ona mmogo le gaufi le mo ba ka itshimololelang dikgwebo. 

Re samagane le go rulaganya sešwa matlole a go thusa go rekela batho ba rona dintlo mme re lebisa bontsi jwa matlole mo matsholong a a kgontshang batho go reka kgotsa go duelela marobalo mo mafelong a bona ba batlang go nna mo go ona. 

Re tlile go golola a mangwe a mafatshe a puso a a sa dirisiweng gore a dirisediwe go agela batho dintlo tse di sa bitseng madi a mantsi. 

Re dirisana mmogo le diporofense le diteropokgolo go tsaya meago e e utswitsweng mme meago eo e tla ntšhwafadiwa mme e dirisediwe go ka dirisiwa ke setšhaba. 

Mo mafelong a a rulagantsweng sentle, a a tsenyeditsweng ditirelo e bile a le gaufi le mafelo a a botlhokwa a dikgwebo, re tla abelana ka dijarata di le 300 000 tse di tsenyeditsweng ditirelo tsotlhe tse di tlhokagalang go bao ba nang le matshwanedi gore ba ikagele mo go tsona. 

Re tlile go fokotsa tshalelo morago e e leng teng ya go rebolwa ga makwalobopaki jwa madulo go baagi ba ba nnang mo dintlong tse ba di agetsweng ke puso, mme seno se tla dira gore jaanong malapa a bona e se tlhole e nna malapa fela mme e nne dithoto tse di botlhokwa tsa lelapa. 

Re tlile go sekaseka tiriso ya lefatshe, meago mmogo le melawanataolo e mengwe gore re kgone go bona gore go aga dintlo go tla ja bokae, mmogo le tsona diphaposi tsa borobalo tse di agilweng ka kwa morago ga ntlo ka fa jarateng. 

Seno se bontsha ka fao puso e fetolang mogopolo wa yona mo go tlameleng baagi ka dintlo, fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla dira gore diteropo tsa rona tse dikgolo e nne tsona tse di fetlhang kgolo ya ikonomi le tlhagiso ya ditšhono. 

Mo go direng gore diteropo tsa rona tse dikgolo di tswele mosola baagi, re tla tsosolosa mafelo a a saletseng a diterene tse di rwalang dithoto le tse di rwalang banamedi gore a dire ka botlalo. Ga jaanong go setse go tsosolositswe le go busediwa tirong diterene tsa banamedi le tsa dithoto di feta 80%. 

Setheo sa Diterene tsa Banamedi sa Aforika Borwa (PRASA) se tsentse tirisong diterene tsa segompieno di feta di le 200, mme tsona di agilwe ka fa nageng mme tsona e tla nna tse dingwe tsa dipalangwa tse di rwalang baagi tse di sa bitseng madi a le mantsi. 

Mo dingwageng tse di tlang di le tlhano, re tla busetsa sekeng thulaganyo ya go laola diterene ya PRASA gore re kgone go tsenya tirisong diterene tse dintšhwa tsotlhe mmogo le go netefaletsa banamedi gore ga go sepe se ba tshwanetseng go se boifa jaaka ba tla tsamaya ka diterene tse di babalesegileng, tse di sa ba jeng madi a mantsi le tse di tshwarang nako. 

Re batla go nna le setšhaba se batho botlhe mo go sona ba babalesegileng. 

Mapodisi a tswelela go dirisana le ditheo tse dingwe tsa molao go phuaganya ditiragalo tsa bosenyi jwa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala mmogo le go lwantshana le bosenyi jwa go utswa matlole le jwa tirisodikgoka. 

Ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) ba dirisana le mapodisi a diteropokgolo mmogo le baagi go lwantshana le bosenyi mo diporofenseng tse bosenyi bo tswileng mo taolong. 

Re gagamatsa letsholo la Operation Shanela, le le nnileng mosola mo go golegeng babelaelwa, mo go ribololeng ditlhobolo le dijanaga tse di utswitsweng. 

Re tshwanetse go thulana ka ditlhogo le bosenyi jwa dithunya jo bo setseng bo na le dingwaga di le masomesome bo ntse bo aparetse setšhaba sa rona. 
Ke kopile Tona ya Mapodisi mmogo le Mokomišenara wa Mapodisi a Naga go samagana le bosenyi jwa tiriso ya ditlhobolo mmogo le jwa tirisodikgoka, mme tiro eno e tsenyeletsa le ya go thibela gore go se tlhole go kgonagala gore motho a rekisetse magodu tlhobolo ya gagwe mmogo le go netefatsa gore ditlhobolo tse di dirisiwang di se mo molaong di ribololwe. 

Re a itse gore, go ya ka bopaki jo re bo boneng mo dinageng tsa boditšhabatšhaba mmogo le maitemogelo a re nang le ona a ka fa nageng, ke yona tsela e le esi fela e e mosola ya go fokotsa bosenyi jwa tirisodikgoka. 

Lephata la Matseka le tla atolosiwa ka batlhankedi ba le 4 000 ba ba tla thapiwang go tswa mo ditheong tsa ka fa nageng tsa bopodisi. 

Re samagane le go tsenya tirisong dithulaganyo tsa go disa setšhaba ka leitlho la thekenoloji, go dirisa thekenoloji go farologanya babelaelwa mmogo le go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji go dira tiro ya sepodisi gore go tliwe ka ditharabololo mo ditirelong tsa sepodisi tsa segompieno. 

Re bone ka fao thekenoloji e leng mosola ka teng mo go lwantshaneng le bosenyi. 

Ka go dirisa dithekenoloji tsa maemo a a kwa godimo tse di dirang ditiro tse di diriwang ke batho (AI), Setheo sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) se kgonne go thibela tshologo ya madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 95 a a ka bong a weleletse fela ka go duelela batho madi a pusetso ya lekgetho a ba sa tshwanelwang go a duelelwa, go busetsa mo sekgwameng sa lekgetho madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 20 mmogo le go phuaganya dikema tse di seng mo molaong tsa thekiso ya motsoko le tsa thekiso ya gauta. 

Re tsweletse go direla setšhaba gore re feletse re phuagantse tirisodikgoka e e diriwang mo basading. 

Re setse re phasaladitse semolao Molao wa Lekgotla la Naga le le Samaganang le Merero ya Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Batho ba Sesadi, mme molao ono o tlhoma setheo sa naga se se tla disang ditiragalo tsa go samagana le bothata jono. 

Re tla dira bonnete jwa gore lekgotla leno le dira ka botlalo e bile le na le batho ba ba tshwanetseng ba ba dirang mo go lona. 

Re tswelela go oketsa kemonokeng mo batswasetlhabelong ba ditiragalo tsa go bogisa basadi (GBV) 

Jaanong go ralala le naga go setse go na le Mafelo a Tlhokomelo ya Batswasetlhabelo ba Ditiragalo tsa go Bogisiwa ga Basadi a Thuthuzela a le 65. 

Mo ditikologong tsotlhe di le 52 tsa ka fa nageng, di le 44 di na le mafelo a batswasetlhabelo ba GBV ba ka tshabelang kwa go ona go bona thuso. 

Diteišene tsotlhe tsa sepodisi ka fa nageng di na le ditirelo tse di thobang batswasetlhabelo maikutlo, mme dikgotlatshekelo tse dingwe gape di le 16 tse di sekang melato ya thobalano di tla tlhomiwa mo pakeng e e tlang ya matlole. 

Re batla setšhaba se se ilang bonweenwee. 

Mo ngwageng yo o fetileng re ne ra tlhoma Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso go samagana le Dikgetse tsa Bonweenwee mme kantoro eno e tla nnela ruri mo Setheong sa Bosekisi jwa Naga, e tla dira ka botswapelo mo go direng dipatlisiso le mo go sekiseng ba ba amegang mo dikgetseng tse dikgolo tsa bonweenwee. 

Re tla dira bonnete jwa gore kantoro eno e thapelwa batlhankedi botlhe ba e ba tlhokang mmogo le go se kgorelediwe fa e leka go ka fitlhelela tshedimosetso e e tlhokagalang gore e kgone go sekisa ba ba amegang mo dikgetseng tsa ditiragalo tsa go goga puso ka nko gore re kgone go rwesa bao ba nnileng le seabe maikarabelo. 

Re samagane le go tlhoma laboratori ya maemo a a kwa godimo mo lefatsheng ya go dirisa thekenoloji go dira dipatlisiso tsa bosenyi gore e kgone go ema nokeng dipatlisiso tsa dikgetse tse di matswakabele tsa bonweenwee mmogo le tsa bosenyi jwa matlole mme go tla dirisiwa didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo mmogo le batlhankedi ba ba nang le kitso le bokgoni jo bo sa tlwaelegang.

Re tsweletse go nna le kgatelopele mo go go diragatseng ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene ya Dipatlisiso tsa Ditiragalo tsa go Goga Puso ka Nko, mmogo le go nna le kgatelopele mo go saeneng dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tsa melao ya palamente gore e nne melao. 

Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) mmogo le Yuniti ya Thopo ya Dithoto (AFU) di begile gore di setse di kgonne go busetsa madi a le kanaka dibilione tsa diranta di le 10 a a amegang mo melatong e e tsamaisanang le dikgetse tsa go goga puso ka nko. 

Monongwaga, Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le tla begela setšhaba ka dikgato tsa go sekaseka dithulaganyo tsa go lwantshana le bonweenwee tsa Lekgotla la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Lwantshana le Bonweenwee. Go solofetswe gore seno se tla rulaganya melao, se fedise maikarabelo a a tshwanang mo gare ga ditheo tse di farologaneng mmogo le mo go direng gore go nne le tirisanommogo e kgolo magareng ga ditheo tsa molao. 

Re tlile go garela tiro ya go kwala Leano la go Tsamaisa Tiro ya go Sireletsa Bao ba Phunyang Sephiri mo Ditiragalong tsa Bonweenwee mme e bile gape mo ngwageng ono wa matlole re tlile go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa go Sireletsa Bao ba Phunyang Sephiri mo Ditiragalong tsa Bonweenwee. 

Ka go kwala melao e mengwe gape mmogo le go tla ka dithulaganyo tse dingwe, monongwaga re tlile go gagamatsa dithulaganyo tsa naga ya Aforika Borwa gore re kgone go lwantshana le ditiragalo tsa go timetsa motlhala wa tšhelete ya bogodu mmogo le tsa go tlamela ka matlole ditiragalo tsa menolopuso. 

Mo go supogeng mo lenaaneng la Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole la go nna naga e e sa diseng madi a yona sentle fa go tla mo maemong a boditšhabatšhaba, re dirile kgatelopele e kgolo mo go samaganeng le makoa a a nopotsweng mo ditheong tsa molao tsa naga ya rona mo re kgonneng go rarabolola ka botlalo makoa a le 16 mo go a le 22. 

Re batla go nna le setšhaba se mo lefatsheng e seng morwalo. 

Ka go dirisana mmogo le dinaga tsa boditšhabatšhaba, re tswelela go atolosa ditshiamelo tsa baagi ba Aforika Borwa jaaka re lwela gore ditshiamelo tsa batho mo lefatsheng di atolosiwe. 

Re tlile go dira go tlala seatla gore re kgone go godisa tirisanmmogo ya rona le dinaga tse dingwe mo lefatsheng fa go tla mo mererong ya go gwebisana mme e bile re tla dirisa tšhono ya maemo a rona mo lefatsheng go dira gore ikonomi ya naga ya rona e nonofe le go feta. 

Dikarolo tse le jaanong di santseng di le botlhokwa mo pholising ya naga ya rona ya ka fao re tshwanetseng go dirisana le dinaga tsa kwa ntle ke tse di ka ga go baya kwa pele ditshwanelo tsa batho, kagiso le botsalano mmogo le go gagamatsa kgwebisano e e sa tseyeng letlhakore le go dira dipeeletso mo dinageng tse dingwe. 

Tseno ke tsona dikarolo tse maemo a naga ya rona a go okama maemo a boporesitente jwa G20 a ikaegileng ka tsona. 

Re itlhophetse go dirisa molaetsamogolo yo o reng “Go Tshwaragana, Go Lekalekana le Go Tlisa Tlhabololo e e Nonofileng” gore re tle re kgone go bontsha botlhokwa jwa gore re dirisane le go thusana re le dinaga tsa lefatshe. 

Jaanong ke lantlha, fa e sale G20 e nna teng, go tshwarelwa kopano ya yona mo kontinenteng ya Aforika mme seno se diragala morago ga gore Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika o amogelwe go nna tokololo ya G20. 

Seno se re naya tšhono ya gore re totobatse ka tlhamalalo diphisegelo tsa Aforika mmogo le tsa dinaga tsotlhe tse di leng mo karolong ya Borwa jwa Lefatshe gore di batla gore mogopolo wa Lefatshe mabapi le Tlhabololo e nne yo o ntseng jang.

Go okama setilo sa boporesitente jwa G20 ke tšhono e kgolo thata e Aforika Borwa e tshwanetseng go e dirisa go godisa dikgato tsa go dira gore go nne le kgolo e kgolo mo ikonoming ya lefatshe le mo go tliseng tlhabololo e e nonofileng. 

Aforika e tswelela go nna botlhokwa thata mo pholising ya naga ya rona ya ka fao re tla dirisanang le dinaga tsa kwa ntle ka teng. 

Re tswelela go ema nokeng tiro ya AU e e ka ga go dira gore mo kontinenteng go rene kagiso, go nne le tlhabologo mmogo le go golagana ga ikonomi ya dinaga tsa kontinente. 

Re itse sentle gore katlego ya naga ya rona mo isagong e tshwaragane le katlego ya kontinente. 

Gore Aforika e kgone go atlega, dintwa di tshwanetse go fela. 

Fa e sale re nna le temokerasi re ntse re samagane le go thusa dinaga di tshwana le Côte d’Ivoire, Burundi, South Sudan le Lesotho gore di se tlhole di nna le dintwa. 

Mo malobanyaneng re nnile le seabe mo letsholong la go tlisa kagiso la Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) fa re ne re rometswe kwa nageng ya Mozambique mme re kgonne go dira gore go digelwe matshwafo le go dira gore go se tlhole go nna le ntwa kwa porofenseng ya Cabo Delgado. 

Go romelwa ga masole a naga ya Aforika Borwa kwa botlhaba jwa DRC ka letsholo leno la go tlisa kagiso ke bopaki jwa gore re batla kagiso go le kanakang mo e nngwe ya dinaga tsa kontinente e e wetsweng ke leru la dintwa tse di ganang go fela, mme dintwa tseno di fetile ka dimilionemilione tsa matshelo a batho mmogo le go dira gore dimilionemilione tsa batho ba se tlhole ba nna le magae a bona.

Re ikuela mo maphateng otlhe go amogela maiteko a ga jaana a gore go rarabololwe dikgotlhang ntle le go dirisa dintwa, mme ona a tsenyeletsa le a go latela Thulaganyo e go dumelanweng ka yona ya Luanda. 

Re tlile go ya Kopanong ya Ditheo di le Pedi ebong sa SADC le sa Dinaga tsa Botlhaba jwa Kontinente e e rulaganyeditsweng go tshwarwa kwa nageng ya Tanzania mo bekeng eno, mme le teng koo re tla gatelela boikuelo jwa naga ya rona jwa gore re batla dintwa di fele mme baeteledipele ba boele ba nne mo fatshe ba buisane gore ke tharabololo ya mofuta mang e ba ka tlang ka yona e e sa gateleleng ba bangwe. 

Re dumela gore fa e sale re nna le kgololesego – kgololesego eo re e boneng ka ntlha ya thuso ya dinaga tsa boditšhabatšhaba tseo di neng di thusana le rona – le rona re na le maikarabelo a go thusa dinaga tse dingwe tseo di bogang mo diatleng tsa go tshwarwa makgwakgwa le go gatelelwa. 

Naga ya Aforika Borwa e tla tswelela go emelela baagi ba naga ya Palesetina, bao ba sa bolong go itshokela go kgariediwa ke sesole sa naga ya Iseraele mo nageng ya bona sebaka sa dingwaga di le masomesome, bao ga jaanong ba sotliwang tshotlo ya matlho ga di bonwe. 

Dikgato tse naga ya Aforika Borwa e di tsereng tsa go tlhatlhela kgetse kgatlhanong le naga ya Iseraele kwa Kgotlatshekelong ya Lefatshe di tsamaisana le maikarabelo a yona jaaka go solofetswe mo Ditumelanong tsa go Thibela Polao ya Batho Ekete ke Ditshenekegi. 

Fa go tla mo go itepatepanyeng le melao ya Lekwalo la Ditshwanelo la Dinagakopano (UN), mmogo le mo ntlheng ya gore dinaga tsotlhe tse e leng karolo ya mokgatlho ono di tshwanetse go rarabolola dikgogakgogano tsa bona ntle le go lwa, re le naga ya Aforika Borwa re tota re tshegetsa melao eno ka tsotlhe tse re nang le tsona. 

Re ema nokeng ntlha ya gore dinaga di tshwanetse go tlotla magora a dinaga tse dingwe le gore dinaga tsotlhe di tshwanetswe di tlogelwe gore di ikemele ka botsona. 

Re tswelela go tsaya karolo mo ntlheng ya go dira gore kwa nageng ya Ukraine go rene kagiso. 

Baromiwa ba naga ya Aforika Borwa ba nnile le seabe mo go kwaleng maano a a farologaneng a go tsamaisa tiro ya go dira gore go nne le dipuisano magareng ga dinaga tse di leng mo ntweng gore naga ya Ukraine kwa bofelong e feletse go rena kagiso mme maano ano a kwadilwe go ya ka Lekwalo la Ditshwanelo la UN mmogo le go ya ka melao ya ditheo tsa boditšhabatšhaba. 

Naga ya Aforika Borwa e tswelela go diragatsa mogopolo wa tirisanommogo le wa go tshwaragana ga dinaga tsa lefatshe mo ditheong tseo e leng karolo ya tsona e leng setheo sa UN, sa AU, Mokgatlho yo o sa Tseyeng Letlhakore mmogo le setlhopha sa dinaga tsa BRICS. 

Jaaka phologolo e go tweng motho e simolola go kopana le mathata a re leng mo go ona ga jaana, re dumela gore UN e e rulagantsweng sešwa le e e emelang dinaga tsotlhe e a tlhokagala mo mathateng a lefatshe le tobaneng le ona. 

Re tlile go tswelela go lwela gore go nne le diphetogo mo Lekgotleng la Merero ya Pabalesego la Dinagakopano (UNSC) gore le akaretse dinaga tse dingwe, le gore e nne lekgotla le le mosola le le kgonang go dira bonnete jwa gore le tlisa khutso le tshireletsego. 

Tiro e re samaganeng le yona mmogo le se naga ya rona e dumelang mo go sona ke selo se se tlhokang gore se tlhalosediwe bannaleseabe ba rona ba ba botlhokwa, segolo jang bao re gwebisanang le bona mmogo le dinaga tse dintsi le baeteledipele bao re kopanang le bona mo lefatsheng ka bophara. 

Jaaka ke batla gore lefatshe le tlhaloganye ditshwetso tse dintsi tse re di tsereng, segolo jang mo mererong e re batlang go e diragatsa mo maemong a rona a boporesitente jwa G20, ke tsere tshwetso ya gore ke tla roma baromiwa go tswa mo pusong mmogo le baeteledipele ba bangwe go tswa mo ditheong tse dingwe mo setšhabeng go leba kwa diteropong tse dikgolo tse di farologaneng ka fa kontinenteng le mo lefatsheng ka bophara go tlhalosa maemo a rona. 

Baromiwa bano ba tla kopana le batho ba ba botlhokwa ba ba nang le seabe mo dikarolong tse di farologaneng tse naga ya Aforika Borwa e nang le dikgatlhegelo mo go tsona. 

MaAforika Borwa a gaetsho, 

Dilo tsotlhe tse re buang ka tsona tseno ga go le e le nngwe ya tsona e e sa kgonagaleng. 

Re le maAforika Borwa re itse sentle ka fao tirisanommogo e leng botlhokwa ka teng, re itse dikgakgamatso tse re kgonang go di dira fa batho ba ba farologaneng, ba mebala e e farologaneng, ba ditso tse di farologaneng, ba dipuo tse di farologaneng, ba merafe e e farologaneng le ba ditumelo tse di farologaneng ba kopana go lwantsha selalome se se ba tlhasetseng.

Go tlhomiwa ga Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU) go re naya tšhono ya gore re bontshe lefatshe lekgetlo le lengwe gape gore fa re kopane re kgona go dira eng. 

Ke ikuela mo go maAforika Borwa otlhe, jaaka re le seopo sengwe le fa re farologane, go kopana mo kopanong ya Puisano le Setšhaba go tla go ntsha maikutlo a bona gore mo dingwageng di le 30 tse di tlang ke ponelopele efe e ba batlang naga ya rona gore e e latele. 

Kopano ya Puisano le Setšhaba ke kopano e motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go ntsha maikutlo a gagwe. 

E tshwanetse go nna kopano e e tlang ka ditharabololo tse di nang le mosola mo matshelong a batho. 

Kopano ya Puisano le Setšhaba e tshwanetse go totobatsa ntlha ya gore motho yo mongwe le yo mongwe wa rona o na le seabe mo go thuseng go dira gore re nne le setšhaba se re se batlang. 

Le fa re ka tswa re sa dumelane mo dintlheng di le dintsi, ntlha e le nngwe e e botlhokwa e rotlhe re dumelanang ka yona ke gore re tshwanetse go dira gore re nne le Aforika Borwa yo o botoka le go tokafatsa matshelo a batho ba naga ya rona. 

Ka jalo, jaaka re tla bo re tsena mo pakeng e ntšhwa mo lefatsheng le mo nageng ya rona, tla rotlhe re emeng ka la gore re tla tlhokomelana le go utlwelana botlhoko. 

Tla re bueng ka gore re motlotlo go le kanakang ka naga ya borona le ka dilo tsotlhe tse di siameng tse naga ya borona e di fitlheletseng. 

Tla re bueng ka mafolofolo a a dirileng gore re kgone go fitlhelela kgololesego a le ga jaanong a re kgarametsang gore re kgone go dira gore re nne le isago e e botoka. 

Ka mafolofolo ano, re tla dirisana mmogo gore paka eno e nne paka ya kgolo, kgatelopele le diphetogo. 

Re tla dirisana mmogo gore re kgone go nna le setšhaba se re se batlang. 

Re tla dirisana mmogo gore re kgone go nna le setšhaba se se mosola mo go rona rotlhe. 

Pula. 

#servideliveryza   #GovZAupdates

Issued by
More from

Share this page

Similar categories to explore