Tetla ya nakwana kgotsa e e kgethegileng ya sejanaga

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga tetla ya nakwana kgotsa e e kgethegileng ya sejanaga

Tetla ya nakwana ya sejanaga e tlhomame matsatsi a le 21 fela mme e dirisetswa sejanaga se se kwadisitsweng, se se nang le laesense mme se siametse tsela.

Tetla ya nakwana e dirisiwa mo mabakeng a a latelang:

  • Go romela sejanaga kwa go mong wa sona mo teng ga Rephaboliki ya rona,
  • Go romela sejanaga ke morekisi wa dijanaga kgotsa kwa go morekisi wa dijanaga mo teng ga Rephaboliki, kgotsa
  • Mabaka a kwadiso le a thebolo ya laesense

Go ka rebolwa tetla e le nngwe fela ya sejanaga sengwe le sengwe sa mong.

Tetla e e kgethegileng ya sejanaga e tlhomame matsatsi a le mararo fela.

Tetla e e kgethegileng ya sejanaga e dirisiwa mo mabakeng a a latelang:

  • Go tlhatlhoba sejanaga sa go nna jalo;
  • Go ya kgotsa go boa kwa lefelong le le mo teng ga Rephaboliki kwa dipaakanyo di tla dirwang teng kgotsa kwa di dirilweng teng mo sejanageng sa go nna jalo;
  • Go fitlhelela motlhatlhobi wa dijanaga kgotsa sediriswa sa tekanyetso ya boima; kgotsa
  • Go amoga mong sejanaga sa go nna jalo jaaka go tlhalositswe mo molawaneng wa 69.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore sejanaga se se nang le tetla e e kgethegileng se ka se rwale dithoto kgotsa bapalami. Ga go na tekanyetso ya palo ya ditetla tse di ka rebolwang mo go mong mongwe le mongwe.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikele kwa bothating jo bo gaufi jwa kwadiso o tshotse tse di latelang:
    • Khopi ya lekwaloitshupo la gago
    • tlhwatlhwatuelo e e beilweng.
  2. Tlatsa foromo ya Tetla ya Nakwana/E e kgethegileng (TSP1).

Nako ya tiragatso

Kopo e sekasekwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Ikgolaganye le kantoro ya gago ya selegae e e rebolang dilaesense go bona tlhwatlhwa.

Diforomo tse di tladiwang

Kopo ya foromo ya Tetla ya Nakwana/E e kgethegileng (TSP1) e e leng teng mo bothating jwa kwadiso kgotsa webosaete ya eNaTIS.

O ka golagana le mang

Share this page