Tsela ya go tlhala

O na le tetla ya go tlhala:

  • Fa o ka neela kgotlatshekelo bopaki jwa gore wena le molekane wa gago ga le sa kgona go nna mmogo ebile ga le kitla le kgona go rarabolola mathata a lona.
  • Fa molekane yo mongwe a na le bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa mo dinakong di le dintsi a phela a idibetse.

Ga o tlhoke tetla ya monna wa gago go ka tlhala. Fa molekane wa gago a sa batle go tlhala, o ka nna wa newa lekwalo la tlhalano kwa ntle ga tumelelo ya gagwe.

Mo maemong a a kgethegileng lenyalo la gago le ka phimolwa ka fa molaong. Phimolo ya lenyalo ka fa molaong e farologana le tlhalano ka gore ga e fedise fela lenyalo, e le phimola le mo direkotong ka gotlhelele.

Kgaogano ya semolao ga e yo mo Aforika Borwa le fa o sa tlhole o nna le monna wa gago mme le sa tlhalana. Go ya ka molao le santse le nyalane.

O ka tlhala fela kwa Kgotlatshekelo ya Mmagiseterata wa Kgaolo eo e nang le taolo mo kgaolong ya gago kgotsa kwa Kgotlatsekelokgolo.

Go simolola tsamaiso ya go tlhala o tlhoka go neelana ka makwalo a piletso ya tsheko. Sherifi ya kgotlhatshekelo o tshwanetse go isa ka namana makwalo a piletso ya tsheko ya tlhalano kwa go molatofadiwa.

Go na le mefuta e mebedi ya tlhalano, tlhalano ya go thibelwa le tlhalano e e sa thibelweng.

Tlhalano e e sa thibelweng e botoka go gaisa ebile e fokotsa ditshenyegelo tsa madi mo maphateng otlhe a a amegang. Yona e kgona go konosediwa mo sebakeng sa dibeke di le nne. Fa tlhalano e thibelwa e ka tsaya magareng ga dingwaga di le pedi go isa go di le tharo, fela bontsi jwa ditlhalano tse di thibelwang di digelwa pele di ka ya tshekong.

Lenyalo la semolao le lenyalo la setso a tlhoka go phatlhaladiwa ke kgotlatshekelo.

Ela tlhoko: Tlhalano e e itlhokomolositsweng e tshwana le tlhalano e e sa thibelweng. Seno se direga fa molekane wa gago a sa tsibogele makwalo otlhe a tlhalano ka gotlhelele.

  • Molekane wa gago o tla amogela makwalo a piletso a gore a iponagatse kwa kgotlatshekelo mmogo le letlha letlha leo a tshwanetseng go tsibogela ka lona.
  • Fa ba sa fetole, o ka dira kopo go Kgotlatshekelokgolo, go e tsenya mo lenaneong.
  • Kgotlatshekelo e tla go tseela tshwetso e bo e fedisa lenyalo la gago.

Ditlhalano tse o itirelang tsone

Ditlhalano tse o itirelang tsone di wediwa kwa ntle ga thuso ya mmueledi, mme ka jalo di tlhotlhwa e e kwa tlase. Go tlhalana ntle le thuso ya mmueledi go ka dirwa ka ditsela di le pedi:

  • Kgotlatshekelo ya mmagiseterata wa selegae e ka go neela diforomo tsotlhe tse di botlhokwa le go go bontsha tsela ya go  tlhala o sena kemedi ya semolao

Go itsamaisetsa tlhalano e ka nna nngwe ya ditsela tse di go siametseng fa:

  • tlhalano ya gago e le e e sa thibelweng;
  • tlhalano ya gago e senna matswakabele;
  • lenyalo la gago le na le nako e khutshwane;
  • go sena dithoto tse dintsi tse di tlhokang go aroganwa;
  • ga go na dikgogakgogano mabapi le bana; le/kgotsa
  • o ikemiseditse go dira tsamaiso yotlhe ka bowena.

Go bona tshedimotse ka botlalo ikgolaganye le Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo

Published Date

Share this page