Fetola dintlha tsa mong kgotsa motsholatetla

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go fetola dintlha tsa mong kgotsa motsholatetla

Diphetogo tsotlhe tsa dintlha tsa mong kgotsa motsholatetla wa serori di tshwanetse go tlhalosediwa bothati jo bo maleba jwa kwadiso mo matsatsing a le 21 morago ga phetolo eo ka go dirisa foromo ya NCP (Kitsiso ya phetolo ya aterese kgotsa dintlha tsa mong kgotsa setheo).

Fa o rekisa serori sa gago o tshwanetse go itsise bothati jwa kwadiso mo foromong ya NCO (Kitsiso ya phetolo ya mong/Thekiso ya serori) mme mong o mošwa o tshwanetse go kwadisa sejanaga ka maina a gagwe.

Tsela ya go fetola dintlha tsa mong kgotsa motsholatetla

  1. Etela bothati jwa kwadiso jo bo gaufi nao.
  2. Fa o fetola aterese ya gago o tshwanetse go tla le tse di latelang:
    • Khopi ya lekwaloitshupo la gago fa o le moagi wa Aforikaborwa. Fa o le moagi wa boditšhaba, o tshwanetse go tla le ID le khopi ya yona e e kannweng e e rebotsweng ke naga e o tswang kwa go yona mmogo le tetla ya gago ya bonno jwa nakwana.
    • Bosupi jwa aterese ya poso le ya bonno jaaka akhaonto ya motlakase. Fa akhaonto ya motlakase e se mo leineng la gago, mong wa akhaonto o tshwanetse go kwala afidafiti a ikana gore o nna kwa atereseng eo mme akhaonto ya motlakase e tshwanetse go mametlelelwa mo afidafiting.
  3. Fa o le moagi wa Aforikaborwa, o tshwanetse go tlatsa le go romela foromo ya NCP fela. Fa o le moagi wa boditšhaba, o tshwanetse go tlatsa diforomo tsa NCP le ANR (Kitsiso malebana le Nomoro ya Kwadiso ya Pharakano).
  4. Fa o rekisa serori:
    • Morekisi o tshwanetse go tlatsa foromo ya NCO mme a e ise kwa bothating jwa kwadiso.
    • Morekisi o tshwanetse go neela moreki setifikheiti sa kwadiso.
    • Moreki o tshwanetse go tlatsa foromo ya RLV (Kopo ya kwadiso le thebolo ya laesense ya serori) mme a e ise.
    • Moreki o tshwanetse go isa setifikheiti sa kwadiso ya serori, fa serori se ne se kwadisitswe mo Aforikaborwa.
    • Setefikheiti sa tekanyetso ya bokete fa serori seo se fetotswe.
  5. Moreki o tshwanetse go isa diforomo kwa bothating jwa kwadiso mo matsatsing a le 21 a theko ya serori seo, mmogo le foromo ya kwadiso e a e tsereng go morekisi le setifikheiti sa sešweng sa tshiamelotsela (ke maikarabelo a moreki go netefatsa gore serori seo se siametse tsela).
  6. Fa serori se kwadisitswe ka fa tlase ga setlamo, o tshwanetse go isa setifikheiti sa go fetolwa ga leina jaaka se rebolwa go ya ka Companies Act (Molao wa Ditlamo) le setatamente sa motheo kgotsa setifikheiti sa phetolo ya leina se se rebotsweng go ya ka Close Corporations Act (Molao wa Dikoporasikopelo).
  7. Bothati jwa kwadiso bo tla sekaseka kopo ya gago mme o tla duela ditlhotlhwa tse di beilweng ke porofense ya gago. Bothati jwa kwadiso bo ka lopa bopaki jwa tshwanelo ya kwadiso jaaka motsholatetla wa serori se se maleba, sk. tshupatefo, tumalano ya thekiso, jj.
  8. O gakololwa gore o leletse bothati jwa kwadiso jo bo gaufi nao go botsa gore a ba amogela kgotsa ba tlhoka ditlankana tse dingwe jaaka bopaki.

Nako ya tiragatso

Kopo e diragadiwa ka lona letsatsi leo.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala. Le fa go le jalo, o tla duedisiwa madi a kwadiso ya serori le laesense.

Diforomo tse di tladiwang

  • NCP (Kitsiso ya phetolo ya dintlha)
  • RLV (Kopo ya kwadiso le thebolo ya laesense) 
  • NCO (Kitsiso ya phetolo ya mong/Thekiso ya serori)
  • Notice in respect of traffic register number (ANR)

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa dikwadiso (registering authority) kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis.

O ka golagana le mang

 

Share this page