Kopo ya tlhaolo e e kgethegileng malebana le dituelo tsa dilaesense kgotsa kgololo mo kwadisong

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga go dira kopo ya tlhaolo e e kgethegileng malebana le dituelo tsa dilaesense

Fa o na le serori se se sa direlwang go tsamaisa dithoto kgotsa batho mo ditseleng tsa botlhe (go ya ka MEC yo o maleba), serori sa gago se ka bewa mo setlhopheng se se kgethegileng mme wa se duele ditlhotlhwa tsa dilaesense.

Dikao tsa dirori tsa setlhopha se se kgethegileng ke didiriswa tse di tsamayang kgotsa dirori tse di diretsweng mabelo. Dirori tse tsa mabaka a a kgethegileng di akaretsa motšhini wa go epa metsi, motšhini wa kotulo,  serobi, ege, motšhini wa tlhaga, segotlhi, selekalekanyi, motšhini wa seporei, phesodi, mogoma, serori se se itiretsweng, se agilwe sešwa kgotsa se fetotswe go dirisediwa mabelo le/kgotsa dipontsho.

National Road Traffic Act (Molao wa Bosetšhaba wa Pharakano o go letla go kgweetsa dirori tse mo ditseleng tsa botlhe nako e khutshwane fela go:

  • ya lefeng la mong go ya go se tsaya, kgotsa
  • kgabaganya tsela ya botlhe go tloga kwa lefelong la mong go ya go le lengwe sekgala se se sa feteng kilomitara, kgotsa
  • tswelela go ya kgotsa go tswa kwa lefelong la paakanyo la serori sa mothale o.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Ikgolaganye le lefelo la diteko tsa laesense ya go kgweetsa le le gaufi nao le ditokomane tse di latelang:
    • lekwaloitshuo (ID) la gago
    • setifikheiti sa kwadiso sa serori
    • lekwalo la tetla go tswa go Biro ya Maemo ya Aforikaborwa (SABS).
  2. Tlatsa foromo ya ELF1 (Kopo ya ya Tlhaolo e e Kgethegileng ya Serori malebana le dituelelo tsa Dilaesense). Foromo e e bonwa kwa bothating jwa kwadiso.

Nako ya tiragatso

Go ka tsaya dibeke tse thataro.

Tuelo ke bokae

Tirelo e ke mahala.

Diforomo tse di tladiwang

Foromo ya ELF1 (Kopo ya ya Tlhaolo e e Kgethegileng ya Serori malebana le Dituelelo tsa Dilaesense)

Diforomo di bonwa kwa bothating jwa dikwadiso  kgotsa o ka di sitlholola mo webosaeteng ya eNaTis .

O ka golagana le mang

 

Share this page