Kopo ya go ikwadisetsa kalafi ya temothuo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

 

Ka ga go kwadisa moriana wa temothuo

Go rekantle, go tlhagisa kgotsa go rekisa moriana wa temothuo mo Aforikaborwa o tshwanetse go kwadisa le Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947.

O ka kwadisa fela fa o le moagi wa Aforikaborwa kgotsa motho wa semolao yo o nang le kantorong e e kwadisitsweng mo Aforikaborwa.

Fa moriana wa temothuo o o batlang go o kwadisa o setse o kwadisitswe ke motho yo mongwe, o tshwanetse go bona tetla go tswa go motho yoo pele o o kwadisa.

O tshwanetse go tsenya moriana oo mo setshoding se se phepa se se tswalegang. Ga o a letlelewa go dirisa gape setshodi morago ga go dirisa moriana. Fa e le moriana wa temothuo wa seedi, o tshwanetse go netefatsa gore setshodi seo ga se tsholole moriana fa o o tshela. Setshodi sa gago se tshwanetse go ikobela Maemo a Bosetšhaba a Aforikaborwa a 10229.

Setshodi sa gago se tshwanetse go nna le:

  • letshwaokananyo
  • nomorokwadiso. Fa o sena nomorokwadiso, o tshwanetse go e kwala jaana “Reg. No. …. Act No.36 of 1947”
  • betšhe e botlhole jwa moriana wa gago o welang mo go yona
  • mofuta wa go tlhangwa ga moriana wa temothuo le lebaka la kwadiso ya ona
  • nomoro ya betšhe e moriana o tswang mo go sona le letlha la go dirwa ga betšhe eo
  • bokete jwa moriana
  • leina le aterese ya motho yo go ka golaganwang nae
  • nomorokwadiso ya setlamo fa se le teng

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Sitlholola foromo ya Kopo ya kwadiso ya moriana wa temothuo ka fa tlase ga diforomo tse di tladiwang mme o e tlatse
  2. Dira dikhopi tse tharo mme o di posetse go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria, 0001 kgotsa o di ise ka seatla go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Agriculture Place, 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
  3. Kgomaretsa khopi e le nngwe ya dipatlisiso tse di tshegetsang (sk. tshedimosetso ya botlhole, tshedimosetso ya bokgoni, tshedimosetso ya masaledi le dintlha tsa moriana o.) Leba agricultural remedies registration procedure policy document (setlanakana sa pholisi ya tsamaiso ya kwadiso ya meriana ya temothuo), dikaedi tsa tshekatsheko ya botlhole jwa dibolaya diji, residue trial data requirements document (setlankana sa ditlhokego tsa tshedimosetso ya masaledi) le guidelines on equivalence of agricultural remedies (dikaedi tsa tekano ya meriana ya temothuo) go bona tshedimosetso ka botlalo mabapi le ditlhokego
  4. Duela madi a kwadiso a a beilweng.
  5. Fa o posa kopo ya gago, o tshwanetse go duela madi a a tlhokegang ka otara ya poso go Mokaedikakaretso wa Temothuo. Fa o isa kopo ya gago ka seatla, o ka duela tlhotlhwa e e beilweng ka seatla
  6. Fa o batla go rekantle moriana, o tshwanetse go akaretsa ditlankana tse di latelang:
    • bogoregelo 
    • seelo sa mothamo 
    • tsamaiso ya teko 
    • lefelo la diteko 
    • ditswaki tse di utlwalang thata 
    • palo e e tshwanetseng go rekwantle.

Nako ya tiragatso

Dikgwedi tse tharo go ya go tse thataro

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Application for the registration of an Agricultural Remedy (Kopo ya go kwadisa Moriana wa Temothuo)

O ka golagana le mang

 

Directorate Agriculture Inputs Control

Tel: 012 319 7103/7847
E-mail address: AICHelpdesk@daff.gov.za
Physical address: 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address:  Department of Agriculture, Land Reform and Rural Development, Private Bag X343, Pretoria 0001

 

Share this page