Kopo ya go ntšhwafatsa kgotsa go phimola ikwadiso ya kalafi ya temothuo

Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang

 

 

Ka ga ntšhwafatso ya Moriana wa Temothuo

O tshwanetse go dira kopo ya go ntšhwafatsa kgotsa go phimola moriana wa gago wa temothuo morago ga dingwaga dingwe le dingwe di le tharo. Kopo ya gago e tshwanetse go kwadiswa le Mokwadisi wa Molao 36 wa 1947 kwa Lefapheng la Temothuo pele ga 31 Mopitlwe wa ngwaga wa bofelo o paka ya kwadiso e felelwang ke nako mo go yona.

Fa moriana wa temothuo o o batlang go o ntšhwafatsa o setse o kwadisitswe ke motho yo mongwe, o ka bona tetla go tswa mo mothong yoo pele o ntšhwafatsa.

O tshwanetse go tsenya moriana oo mo setshoding se se phepa se se tswalegang. Ga o a letlelewa go dirisa gape setshodi morago ga go dirisa moriana. Fa e le moriana wa temothuo wa seedi, o tshwanetse go netefatsa gore setshodi seo ga se tsholole moriana fa o o tshela. Setshodi sa gago se tshwanetse go ikobela Maemo a Bosetšhaba a Aforikaborwa a 10229.

Kantoro ya Kwadiso e romela makwalo a ntšhwafatso le diforomo tsa kopo go botlhe ba ba kwadisitseng mo pakeng ya dingwaga tse tharo.

Se o tshwanetseng go se dira

  1. Mokwadisi wa Molao 36 o tla golagana nao le go go romelela foromo.
  2. Ntšhwafatso:
    • Tlatsa foromo ya kopo (Foromo A) ka seraro mme o e gatise o dirisa ditlhakakgolo fela. 
    • Isa foromo go Mokwadisi. 
    • Letlha la bofelo la ntšhwafatso ke 30 Seetebosigo. 
  3. Phimolo:
    • Tlatsa foromo B ka seraro mme o e gatise o dirisa ditlhakakgolo fela. 
    • Isa setifikheiti sa tota sa kwadiso. 
  4. Dintlha tsa modirakopo:
    • Tlatsa foromo C ya ntšhwafatso ya kwadiso go fetola rekoto ya mokwadisi ya dintlha tsa tlhaeletsano, sekao, aterese, nomoro ya mogala, le motho yo go ka golaganwang nae. 
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng.
    • Kgomaretsa khopi e le nngwe ya ditlhotlhomiso tse di tshegetsang
    • Duela tlhotlhwa e e beilweng ya kwadiso.
  5. Fa e le gore o tla posa kopo ya gago, o tshwanetse wa duela tlhotlhwa e e beilweng ka otara ya poso go Mokaedikakaretso wa Temothuo. Fa o e is aka seatla, o tla duela tlhotlhwa eo ka madi a a seatleng. 
  6. Romela foromo go mokwadisi
  7. Dira dikhopi tse tharo tsa foromo mme o di posetse go: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Private Bag X343, Pretoria, 0001 kgotsa o di ise ka seatla kwa: The Registrar: Act No. 36 of 1947, Agriculture Place, 20 Steve Biko Street, Arcadia Pretoria.

Nako ya tiragatso

Kopo e tla diragadiwa fela morago ga go amogela kopo e e tletseng ya ntšhwafatso e na le Foromo A ka seraro, Foromo B le C ka sebedi  le tlhotlhwa e e beilweng ya kwadiso ya kumo nngwe le nngwe. 

Tuelo ke bokae

Dituediso tsa 2024/25

Diforomo tse di tladiwang

Kantoro ya Kwadiso e romela makwalo a ntšhwafatso le diforomo tsa kopo go botlhe ba ba kwadisitseng mo pakeng ya dingwaga tse tharo.

O ka golagana le mang

 

Directorate Agriculture Inputs Control

Tel: 012 319 7103/7847
E-mail address: AICHelpdesk@daff.gov.za
Physical address: 20 Steve Biko Street, Arcadia, Pretoria
Postal address:  Department of Agriculture, Land Reform and Rural Development, Private Bag X343, Pretoria 0001

 

Share this page