Puo Ya Ga Moporesitente Cyril Ramaphosa E E Ka Ga Moletlo Wa Go Tlhoma Mo Setulong Moporesitente Wa Naga Union Buildings, Tshwane
Magosi a a leng teng, Dikgosi le Dikgosigadi,
Batlotlegi ba ba leng teng, Ditlhogo tsa Dinaga le Ditlhogo tsa Mebuso,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Thabo Mbeki le Mme Mbeki,
Moporesitente wa mo malobeng Rre Kgalema Motlanthe le Mme Motlanthe,
Ditlhogo tsotlhe tsa mo malobeng tsa Dinaga le tsa Mebuso,
Baemedi ba ba Itlhophileng ba dinaga tse ba di emetseng le bao ba emetseng mekgatlho ya boditšhabatšhaba,
Mmusakgotla wa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba (NA),
Modulasetulo wa Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP),
Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo wa Naga ya Rephaboliki ya Aforika Borwa,
Ditonakgolo, Bakhuduthamaga (di-MEC) le Dimeyara,
Maloko a Palamente,
Baeteledipele ba makoko a dipolotiki,
Baruti ba dikereke le dingaka tsa setso,
Diambasatara le Barongwa ba Dintlo tsa Botseta,
Bagale ba kgaratlho ya rona,
Baeng ba ba tlotlegang,
MaAforika Borwa a gaetsho,
Gompieno re kgobokane fano fa tlase ga moriti wa legodimo le legolo ka fa teng ga moagong wa puso wa Union Buildings, go iponela ka a rona matlho fa pele ga maAforika Borwa le baeng ba ba tlotlegang go tswa kwa dinageng ka mefuta mo kontinenteng ya rona e re e ratang le go tswa kwa mafatsheng a mangwe a a kgakala, botlhokwa jwa thulaganyo ya temokerasi.
Gompieno, ka go farologana ga rona, re kokoane fano go bontsha boikano jwa rona jwa gore naga eno ke ya yo mongwe le yo mongwe yo a nnang mo go yona, jaaka eno e le polelo e e tlhagang mo Lokwalotumelanong lwa Kgololesego ya Ditshwanelo lo lo sa bolong go kwalwa dingwaga di feta di le 70 tse di fetileng.
Re kokoane fano re le bana ba mpa go tswa mo diporofenseng tsa rona tsotlhe di le robongwe tse fa di tshwaragane di dirang naga ya Aforika Borwa, re itomile sesino gore ditiro tsa rona ke tsona tse di tla fodisang matlhoko a re fetileng mo go ona mo nakong e e fetileng, mmogo le go fedisa go se lekane re se meno ga batho batho ba naga ya rona le tshokolo e ba tobaneng le yona ga jaana.
Re ikuela mo baaging botlhe gore ba itse gore ga go dikgogakgogano kgotsa go se dumelane go go tla dirang gore re ngale tiro eno e re samaganeng le yona e e re tlhokang gore re ipope ngatananngwe re le setšhaba se se gololesegileng, se se ipapisitseng le phimolakeledi ka molao, se se lekalekanang le se se atlegileng
Mo letsatsing leno re phethagatsa thato ya baagi ba naga eno ka go tsaya boikano.
Re ineela boineelo jwa rona mo go direleng ka botswapelo Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, o o ikaegileng ka ponelopele le metheo ya Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo.
Jaaka re le baeteledipele ba setšhaba seno se se farologaneng, re na le maikarabelo a a botlhokwa a go dira gore baagi ba Aforika Borwa e nne seaoposengwe.
Re totobatsa gore hisetori e re rwesitse mo magetleng maikarabelo a go fetola naga ya rona gore e se tlhole e nna eo setšhaba se mo go sona batho ba sa nyatseng ba bangwe ka ntlha ya gore ke ba morafe ofe kgotsa bong bofe.
Re totobatsa maikemisetso a go dira gore re nne le setšhaba se batho ba sona ba lekalekanang le se mo go sona ba tlhokomelanang.
Re totobatsa maikano a rona a go aga ikonomi e e golang le e e tshwaraganetsweng ke botlhe e e tla tlholelang batho botlhe ditiro le ditsela sa go iphedisa.
Re ineela gape mo tirong ya go ntšhwafatsa temokerasi le go fetola maemo a setšhaba le a ikonomi gore e tle go se nne le ope yo re mo tlogelang kwa morago.
Kajalo, jaaka re tla bo re tsena mo pakeng e nngwe mo setšhabeng sa rona, bogatlhamelamasisi jwa temokerasi ya rona le jona bo a lekelelwa mme jaaka setšhaba se boletse gore sona se ipatlela kagiso le temokerasi go na le merusu, ditsela tse di sa tsamaisaneng le temokerasi le tseo di seng mo molaotheong.
Matšhwititšhwiti a maAforika Borwa, ka bontsi le go farologana ga bona, ba tsere karolo mo ditlhophong ka go dira thato ya bona, maitlhomo e le go tlhagisa mo pepeneneng dingongorego tsa bona mmogo le seo ba batlang go se bona se diragala.
Re amogetse dipholo tsa ditlhopho le go ikokobeletsa tsona e bile re santse re re baagi ba ntshitse lefoko. Thato ya bona e tla diragadiwa ntle le go komakoma kgotsa go senya nako.
Batlhophi ba naga ya Aforika Borwa ga go lekoko lepe la dipolotiki leo ba le tlhophileng gore e nne lona le le busang naga le le esi.
Ka go dira jalo ba re reile ba re re tshwanetse go dorosana mmogo gore re rarabolole matsapa a ba leng mo go ona mmogo le mo go direng gore ba kgone go fitlhelela diphisegelo tsa bona.
Ba bontshitse ditebogo tsa bona ka ga kgatelopele e e dirilweng mo dikarolong tse di ntsi tse di amang matshelo a bona mo dingwageng di le 30 tse di fetileng tsa temokerasi.
E bile ga ba dikadike mo go re supetseng foo re ba swabisitseng le foo ba sa kgotsofalelang matsapa a re a dirileng mo dikarolong tse dingwe tse re sa dirang sentle.
Baagi ba batla ikonomi e e fetogileng, e e golang le eo botlhe ba nang le seabe mo go yona e e tlholelang dimilione tsa batho ba ba tlhokang ditiro mmogo le go tlholela baitlhamedikgwebo botlhe ka fa nageng ditšhono, go sa kgathalesege gore ke basadi kgotsa banna, bašwa kgotsa batho ba bagolo.
Go tlhamaletse gore ke eng se batho ba se tlhokang.
Ba batla go nna le Aforika Borwa yo temokerasi ya Molaotheo wa yona e tla dirang gore batho botlhe ba ikutlwe naga eno e le legae mo go bona le mo ba tla fiwang tshireletsego ke dikgotlatshekelo tsa rona.
Ba batla naga e botlhe ba tla kgonang go gola mo go yona gore ba tswe mo tshokolong eo ba belegetsweng mo go yona, e malapa a bona a tla ba tlhokomelang ka lerato, ba enngwe nokeng ke puso e e nang le lerato mme ba patilwe gape le ke matsholo a a matlafatsang thato ya bona le go ba tiisa mooko gore ba kgone go dira ka thata.
Ka ditlhopho tse ba di dirileng ba bontshitse gore bona ba ipatlela fela dilo tse di botlhokwa mo matshelong a bona gore ba kgone go tshela monate, ka boitumelo, ba sena malwetse e bile ba bolokesegile.
Ditlhopho tsa bona di re raya di re ba ipatlela dijo tse di lekaneng gore ba se bolawe ke tlala. Ba ipatlela metsi a go nwewa. Ba ipatlela motlakase o o sa tureng e seng o o phelang o tshabetse ruri.
Ba ipatlela dintlo tse di nang le seriti, e seng tse di maruru le tse di nelang.
Ba batla go nna le ditsela tse di tlhokomelwang sentle mmogo le mabone a a berekang sentle a mo mebileng.
Baagi ba naga ya Aforika Borwa ga ba kope seatla le letsogo mme ba ikopela gore fa ba lwala ba tshwanetse go tlhokomelwa le go alafiwa, ba ikopela gore bana ba bona ba se lomelediwe go ya sekolong, ba ikopela gore bagodi ba tlhokomelwe mmogo le go ikopela gore batho botlhe ba ba senang ditiro ba tlholelwe ditiro.
Baagi ba naga ya Aforika Borwa ba buile ka dinaga tse ba batlang go di dirisetsa temothuo, ka ga dikgwebo tse ba batlang go itlhamela tsona, ka ga dilo le ditlhagisiwa tse ba batlang go di aga le go di tlhagisa, mmogo le ka ga bokgoni jo ba batlang go tlhatlhelelwa ka bona.
Ba buile ka phisegelo e ba nang le yona ya gore ba tshele mo go femelesegileng mo magaeng a bona, mo mebileng ya bona, mo diteropong tsa bona, mo metseselegaeng ya bona mmogo le mo dipolaseng tsa bona.
Baagi ba otla tafole ka mabole ba re ga ba sa batla go utlwa sepe ka bogodu jwa go utswa madi a setšhaba le jwa go goga puso ka nko.
Go gaisa tseno tsotlhe, baagi ba naga ya Aforika Borwa ba re ga ba kitla ba itshokela dikgogakgogano tsa sepolotiki mo batho ba solanang ka sebona kgotsa makoko a dipolotiki a a rileng a sola a a rileng.
Ba batla gore re tsee tsia diphisegelo le ditlhokwa tsa bona mme ka jalo ba batla gore re tshwaragane re kgone go diragatsa dithomo tsa bona gore naga ya rona e kgone go gatelapele.
Gompieno ke ema fa pele ga lona ka boikobo ke re lefoko la lona le utlwagetse.
Jaaka Moporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, ke tla dirisana le mongwe le mongwe mmogo le go batla dikgakololo mo makokong otlhe a dipolotiki mmogo le makala otlhe a a batlang go thusana le rona mo go tleng ka ditharabololo tsa go rarabolola dikgwetlho tse naga ya rona e tobaneng le tsona jaaka re tsena mo dingwageng tse dingwe gape di le lesome tsa kgololesego.
Go setse go fetile dingwaga di le 30 fa e sale re furalela puso ya tlhaolele mme ra tsena mo setšhaba se se nang le temokerasi.
Re nnile le kgatelopele e e bonagalang mo go ageng setšhana se se itshetlegileng mo ditheong tse di nang le maatla tsa temokerasi mmogo le kgololesego ya batho botlhe.
Re agile ditheo tsa tirelo ya puso tse batshwarateu ba tsona ba fetogileng, ra aga dikgotlatshekelo tse di ikemetseng, thulaganyo ya tsamaiso ya ditlhopho e e gaisanang le tse dingwe, ikonomi e e tswakatswakaneng, ra aga bobegakgang jo bo mafolofolo le jo bo sa gatelelwang mmogo le go aga mekgatlho ya baagi e e gatlhamelang masisi.
Le fa tota go nnile le kgatelopele eno yotlhe, setšhaba sa rona se santse se sa lekalekane ebile se santse se le mo tlalelong. Go na le matsadi a a saletseng a a bosula mo tlhokomelong ya baagi a a nang le kgonagalo ya go kgotlhela kagiso ya rona e e itshekileng jaaka metsi a a nang le dikgwerekgwere.
Lefa leo re le tlogeletsweng ke puso ya tlhaolele la go kgaoganya batho ka gore ba bangwe ke ba mmala wa sebilo fa ba bangwe e le basweu, ba bangwe ke banna fa ba bangwe e le basadi, ba bangwe ke ba kwa makeišeneng fa ba bangwe e le ba kwa diteropong, ba bangwe ke ba kwa metsemagaeng fa ba bangwe e le ba kwa metseseteropong, ba bangwe ke bahumi fa ba bangwe e le bahumanegi, lefa leno le gompieno le santse le iponagatsa mo mafelong a re nnang mo go ona.
Mo go amangwe a mafelo sebopego seno se ka tswa se sa tlhole se bonagala thata go le kalo, fela ka bo madimabe ke gore ga se ise se nyelele.
Re ntse re le baagi ba naga e le nngwe re phela mo lefatsheng le le sa tshwaneng, re kgaoganngwe ke mabota a matelele ebile re katogane ka sekgala se segolo.
Re kgaogane go ya ka gore ba ba nang le ditiro ba nna kae mme ba ba senang ditiro ba nna kae; go ya ka gore ba ba ikgonang ba ba kgonang go ikagela le go itirela botshelo jwa bona gore e nne jo bo botoka ba nna kae mme ba ba senang ditlogo bona ba nna kae.
Mme ka ntlha ya seno, letsatsi la gompieno ga le tshwane le matsatsi a mangwe.
Ke letsatsi la go samagana le ditlamorago tse di sa jeseng diwelang mo setšhabeng sa rona.
Ke letsatsi le rotlhe re tshwanetseng go tsaya tshwetso ya gore a re gatela pele mmogo kgotsa re a itlogelela gore tsotlhe tse re di fitlheletseng di sale di phutlhama,
Fa maemo a eme jaana re tshwanetse re tsaye tshwetso ya go gatela pele; re fokotse pharologano e kgolo e e renang magareng ga maAforika Borwa mme re age setšhaba se batho botlhe ba lekalekanang mo go sona; re phethagatse seo Molaotheo wa rona o re romileng gore re se dire mmogo le go phethagatsa ponelopele ya Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo gore seno e nne boammaruri mo baaging botlhe.
Maemo a re leng mo go ona ano a tlhoka gore re ipete sebete le go etelelapele ka bogatlhamelamasisi.
A tlhoka gore re ipope seoposengwe gore re kgone go dira bonnete jwa gore setšhaba sa rona se tswelela go ipopa ngatana nngwe, se tshela ka kagiso, se a laolega, se nna le kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, ga se ipope go ya ka semorafe le go ya ka bong jo bo rileng.
Ka ditlhopho tse ba di dirileng, baagi ba Aforika Borwa ba beile mo pepeneneng seo ba se solofetseng go tswa mo go rona e leng gore baeteledipele ba naga ya rona ba tshwanetse go dirisana mmogo.
Ba laetse baeteledipele ba bona gore ba beele kwa thoko dikgopi tsa bona le go nyatsana, gore ba beele kwa thoko diphisegelo tsa bona tse di sa reng sepe, mme ba tshwaragane go direla setšhaba.
Re le baeteledipele, re le makoko a dipolotiki, re tshwanetse go tsibogela pilediwa e e re laelang gore re dirisane mmogo mo go godiseng ikonomi, mo go tlholeng ditiro tse di botoka, mo go direng gore ditšhaba tsa rona di babalesege mmogo le mo go direng gore puso e tswele batho botlhe molemo.
Go tswa mo maphateng otlhe a sepolotiki, boikuelo jono go setse go samaganwe le jone.
Jaaka rotlhe re tlhaloganya gore go ya ka dipholo ga go lekoko lepe le le neilweng maatla a go busa le le esi le go dira melao ya naga ka bolona, makoko ano a dumelane gore a tla jarisana boima jwa tiro, ba sole mosola bokgoni jo ba nang le jona gore bo tswele naga mosola le go dira gore batho ba bona ba tswele pele mo botshelong.
Bojotlhe jwa rona, re utlwane gore re tshwanetse go tlhoma puso e e tshwaraganetsweng mo re samaganeng le selo se le esi se se ka ga go tlisa phetogo e e botlhokwa e e tla nnelang ruri.
Go tlhomiwa ga puso e e tshwaraganetsweng ke selo se se botlhokwa thata. Ke selo se se bontshang tshimologo ya dilo tse dintšhwa.
Jaaka mo dingwageng di le 30 tse di fetileng baeteledipele ba nako eo ba ne ba kopanya ditlhogo ba tsenela puso e e tshwaraganetsweng ka maitlhomo a go samagana lego aga bokamoso jo bo tshwanang jwa go kopanya setšhaba, makoko a a leng teng mo pusong ya tshwaraganelo ya gompieno a dumelane gore a tla dirisanammogo go samagana le dintlha tse dikgolo ka fa nageng ya rona.
Makoko a ikanne gore a tla latela Dintlha tse go Ikemiseditsweng go Samagana Natso, mme ka go dira jalo makoko a ikanne gore a tla samagana ka bonako le go rulaganya ikonomi e e tswelang botlhe mosola le e kgolo ya yona e sa phutlhameng; go aga setšhaba se se ikaegileng ka bosiamisi ka mokgwa wa go samagana le tshokolo e le maitlhomo a go sireletsa ditshwanelo tsa badiri; go dira gore puso e tsetsepele mmogo le go aga puso e e nang le bokgoni.
Makoko a dirile boikano jwa go beeletsa mo maAforika Borweng ka go ba tlamela ka thuto e e boleng mmogo le ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo e e boleng; go samagana le bosenyi le bonweenwee; go gagamatsa kutlwano ya setšhaba le go aga setšhaba se se ipopileng ngatana nngwe; mmogo le go ikamanya le dipholisi tsa go tsalana le dinaga tsa boditšhaba tse di ka ga ditshwanelo tsa batho, go nna seopo se le sengwe mmogo le go dira gore go rene kagiso.
Re le maAforika Borwa yo mongwe le yo mongwe wa rona o tshwanetse go dira se a tshwanetseng go se dira gore re fitlhelele ntlha eno.
Re tla laletsa makoko otlhe, mekgatlho ya baagi, ya badiri, ya dikgwebo mmogo le e mengwe gape go tsenela Puisano ya Naga go atlhaatlha dikgwetlho tse dikgolo tse setšhaba sa rona se tobaneng le tsona.
Jaaka re kile ra dira seno mo hisetoring ya rona, re tla samagana le letsholo la go ema baagi nokeng gore re kgone go fitlhelela dintlha tse Leano la Tlhabololo la Naga le fisegelang go di fitlhelela.
Re le otho ka bongwe, ka losika, ka setšhaba le ka mekgatlho ya rona e mentsi, tla re diriseng maatla otlhe a rona a go diragatsa toro ya rona ya go aga Aforika Borwa yo o botoka gore e feletse e le selo se se tshelang.
Le fa re farologane, mo tshwaraganong ya rona re setšhaba se se boineelo jo bogolo fa go tla mo go seo re dumelang mo go sona.
Re ikopela gore setšhaba sa rona, mewa ya rona e tsosolosiwe, mmogo le go tsosolodiwa ga katlego ya rona.
Kgato eno e tlhoka gore re ipete sebete.
Re tshwanetse go ikotla sehuba mme re ntshe bogatlhamelamasisi.
Eno ke nako e ntšhwa e e re tlelang ka kgatelopele, diphetogo tsa batsholateu mmogo le diphetogo tse dikgolo tse di tlhokegang.
Re fela pelo gore diphetogo tseno di tla goroga neng.
Ga re a tshwanela go letlelela gore maiteko a go re tlhakatlhakanya kgotsa go kgoreletsa go fitlhelela se re se tlhokang a atlege, ga re a tshwanela go se tshepane kgotsa go belaelana kgotsa go tlhanogelana.
Batho ba ba batlang go re kgoreletsa, bao ba batlang go tlhola meruso, ga ba kitla ba atlega mo maitekong a bona gonne maAforika Borwa ga a je nkabo.
Batho ba ba ka tswang ba batla go tlola melao ya ditheo tsa rona ga ba kitla ba atlega, seno ke ka ntlha ya gore temokerasi ga e kitla e ntsiwa ka modi gonne e tla phela e ikageletse mo dipelong tsa batho ba naga ya rona.
Ga go sepe se se tla re kgoreletsang gore re direlele batho ba naga ya rona le go ba ema nokeng gore ba fitlhelela diphisegelo tsa bona.
Ono ke motsotso wa gore re gatele pele. Fa re ipopile seoposengwe, go gontsi go re ka go fitlhelelang ebile re ka kgna go dira go tlala seatla.
Jaanong ke nako ya go bokeletsa bokgoni jotlhe jo re nang le jona mmogo le go dirisa maatla a rona otlhe go samagana le thomo ya baagi ba naga ya Aforika Borwa.
Ga re a tshwanela go kailakalila,ga re a tshwanela go goga dinao go fitlha re bona gore re kgonne go tlholela batho ditiro; go fitlha lapa le lengwe le le lengwe le nna le seo ba se jang; go fitlha motho yo mongwe le yo mongwe yo a nnang kwa diterotswaneng, kwa diteropong tse dikgolo, kwa metseselegaeng le kwa dipolaseng a nna le ditirelo tse di botlhokwa tse ba di tlhokang go ba naya seriti.
Ga re a tshwanela go goga dinao go fitlha basadi botlhe ba naga ya Aforika Borwa ba gololesega mo tshokolong ka ntlha ya go mabaka a loago, a setso le a ikonomi a a dirang gore ba se kgone go tswela pele mo botshelong.
Ga re kitla re ikhutsa go fitlha re ntsha ditlhokotsebe le diritibatsi mo mebileng le mo metseng a re tswang kwa go yona; go fitlha banna ba kgaotsa go keteka basadi le bana; go fitlha batho bao ba utswetsang setšhaba ba digama ba sa di tlhapela.
Tota re tla bo re re re gogela eng dinao metse ya rona e tlhasetswe ke merwalela, melelo le lešekere.
Re le seoposengwe re tla samagana le matshosetsi a maemo a loapi a a fetogang ka lebelo a a fetogetseng ruri.
Re tla amogela maikarabelo a rona a go samagana le phetogo ya maemo a loapi ka tsela e e mafolofolo, ka bosiamisi le ka go tshwaraganela kgetse ya tsie.
Re dira seno gore batho ba ga jaana le ba mo nakong e e tlang e nne bona bajalefa la seno.
Re tla aga puso e e nang le bokgoni le e e nang le nnete.
Mmogo re tla sikara tiro eno mmogo gore re kgone go nna le lefatshe le le godisang tirisanommogo ka go se gatelele ba bangwe, le batho ba lona ba lekalekanang, le le nang le bosiamisi le leo le nang le kutlwelobotlhoko, lefatshe leo le dumelang mo go ipopeng ngatananngwe le ditshwanelo tsa batho botlhe mo lefatsheng ka bophara.
Re tla ipopa ngatananngwe le baagi ba kontinente ya rona e re e ratang gore re lwele gore go rene kagiso, go nne le taolo le go dira gore re godise tlhabologo.
Ka ntlha ya go agiwa ga ditsela, diporo, difeme le diteišene tsa motlakase Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe, kontinente ya Aforika e tla tsena mo kgatong e ntšhwa ya go dikgwebo tsa tlhagiso le tsa thekiso ya ditlhagisiwa.
Gompieno ke tsaya boikano jwa gore ke tla nna Moporesitente wa maAforika Borwa otlhe;
ke tla emelela Molaotheo wa rona le go sireletsa temokerasi ya rona; ke tla dirisana sentle le botlhe ba ba batlang gore batho botlhe ba nne le botshelo jo bo botoka; ke tla tlhokomela batho ba ba dikobodikhutshwane le ba ba leng mo tlalelong, mmogo le go ema nokeng botlhe ba ba tlhokang mmogo le go dira gore naga ya rona e gagamale, e kakatlele, e nne le baagi ba ba lekalekanang le ba ba tshwaraganeng.
Eno ke yona toro e moboki Sandile Dikeni a buang ka yona mo pokong ya gagwe e e bediwang ‘Love Poem for my Country’ mme yona e tsamaya jaana:
My country is for health and wealth
See the blue of the sea
And beneath the jewels of fish
Deep under the bowels of soil
Hear the golden voice of a miner’s praise for my country
My country is for unity
Feel the millions
See their passion
Their hands are joined together
And there is hope in their eyes.
Gompieno ke boammaruri re tota re tshwaragane ka diatla jaaka leboko le raya. Re ipopile seoposengwe. Tsholofelo e re nang le yona e a tshologa.
A Modimo a boloke naga ya Aforika Borwa le setšhaba sa yone.
Nkosi Sikelel’ iAfrika.
Morena boloka setjhaba sa heso.
God seën Suid-Afrika.
Mudzimu fhatutshedza Afurika.
Hosi katekisa Afrika.
Pula.