President Jacob Zuma: Release of Marikana report

Thebolo ka ga Moporesitente Jacob Zuma ya Pegelo ya Dipatlisiso tsa Khomišene ya Boatlhodi mabapi le ditiragalo tsa kwa Moepong wa Marikana kwa Rustenburg, go tswa kwa Union Buildings, Pretoria

MaAforika Borwa ka nna,

Ka la bo 26 Phatwe 2012 ke ne ka tlhoma Khomišene ya Dipatlisiso go sekaseka merero e e mo dikgatlhegelong tsa baagi, tsa bosetšhaba le tsa boditšhaba e e neng e bakilwe ke ditiragalo tsa masetlapelo kwa Moepong wa Lonmin kwa Marikana, Rustenburg kwa porofenseng ya Bokone Bophirima, ka la bo 11 go fitlha ka la bo 16 Phatwe 2012.

Batho ba ka nna 44 ba tlhokafetse fa bontsi ba gobetse.

Monnasetilo wa Khomišene e e ne e le Moatlhodi yo o Rotseng Tiro Ian Farlam, a thusiwa ke Boatefokheiti PD Hemraj SC le BR Tokota SC. Ke rata go ba leboga ka tiro e e manontlhotlho le tsela e e nonofileng e ba tsamaisitseng Khomišene e ka yona.

Ke leboga gape ba malapa a batho ba ba tlhokafetseng, ba ka tswa ba tlhokafetse pele ga la bo 16 Phatwe 2012 kgotsa ka letsatsi leo, ka tirisanommogo e ba nnileng le yone le Khomišene le fa tota ba ne ba le mo kutlobotlhokong le matshwenyegong a magolo ka ntlha ya go latlhegelwa ke ba ba ba ratang.

Dipelo tsa rona di na gape le malapa a batho ba ba neng ba bolawa morago ga la bo 16 Phatwe 2012 ba dintsho tsa bona di sa akarediwang mo tirong ya dipatlisiso tse.

Re leboga gape le dipaki, ditlhopha tsa semolao le badiri ba ba gobetseng. Seabe sa bone botlhe se netefaditse gore Khomišene e a atlega.

Khomišene e ne e neetswe maikarabelo a go dira dipatlisiso le go neela diphitlhelelo le dikatlenegiso mabapi le maitsholo a Lonmin Plc, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Mokgatlo wa Badiri ba Meepo le Dikonteraka (AMCU), Mokgatlo wa Bosetšhaba wa Badirameepong (NUM), Lefapha la Metswedi ya Diminerale (DMR) le mafapha a mangwe a puso, mmogo le batho ka nosi le ditlhopha.

Diphitlhelelo le dikatlenegiso tse di kwa setlhoeng di ka sosobanngwa jaana:

1. DIPHITLHELELO 

DIPHITLHELELO KGATLHANONG LE LONMIN 

Khomišene e fitlhetse gore mo letlhakoreng le lengwe Lonmin ga e a dira maiteko a a lekaneng go rarabolola dikgotlhang magareng ga yona le badiri ba ba nnileng le seabe mo ditshupetsong tsa go ngala ditiro e e neng e se mo molaong le magareng ga badiri ba ba neng ba ngadile ditiro le ba ba neng ba sa batle go nna le seabe mo  ditshupetsong tsa go ngala ditiro.

Gape ga e a tsibogela ka tshwanelo matshosetsi le go runya ga tirisodikgoka.

Lonmin gape e reteletswe ke go tsenya tirisong mekgwatshireletso e e lekaneng go netefatsa pabalesego ya badiri ba yona. 

Lonmin e gateletse gape gore badiri ba yona ba ba neng ba sa tsenela ditshupetsong tsa go ngala ditiro ba tle tirong le fa tota e ne e itse gore ga e mo maemong a go ka ba sireletsa kgatlhanong le ditlhaselo tsa ba ba tsenetseng ditshupetsong tsa go ngala ditiro.

Khomišene e ne gape ya nyatsa maikemisetso a Lonmin mabapi le go tsenyatirisong maano a Loago le merero ya Badiri.

DIPHITLHELELGO KGATLHANONG LE AMCU

Khomišene e fitlhetse gore batlhankedi ba AMCU ga ba dirisa taolo e e nonofileng mo ditokololong le batshegetsing ba AMCU go netefatsa gore maitsholo a bona ke a semolao le gore ga ba tsenye matshelo a ba bangwe mo kotsing.

Ba ne ba opela dipina tse di kgotlhang maikutlo le go dira ditshwaelo tse di fetlhang tšhakgalo, mme se se ne sa etegetsa maemo a a neng a setse a tswile mo taolong.

Khomišene e amogetse gape gore Moporesitente wa AMCU, Rre Joseph Mathunjwa, o lekile ka bojotlhe pele ga dithuntsho, go pateletsa badiri ba ba ngadileng ditiro go baya dibetsa tsa bona fa fatshe mme ba fologe thabana.

DIPHITLHELELO KGATLHANONG LE NUM

NUM ga e a leka ka bojotlhe go rarabolola mathata magareng ga ona le badiri ba ba ngadileng ditiro.

NUM e ne ya eletsa ka mafosi Badiri ba ba Gwayang Matlapa gore ga go kgonege gore go ka nna le ditherisano le Lonmin pele paka ya tumalano ya dituelo ya dingwaga di le pedi e konosela.

Mokgatlo ga o a dira gape le maiteko a go ka pateletsa le go kgontsha Lonmin go bua le badiri. 

NUM e reteletswe gape le ke go diragatsa taolo e e nonofileng mo ditokololong tsa yona go netefatsa gore maitsholo a tsona a mo molaong e bile ga a tsenye matshelo a ba bangwe mo kotsing.

E rotloeditse le go thusa badiri ba ba neng ba se mo ditshupetsong tsa go ngala ditiro go ya kwa dišafoteng mo maemong a a neng a le kotsi tota mo ba neng ba ka bolawa kgotsa go gobadiwa ke badiri ba ba neng ba ngadile ditiro e bile ba tlhometse.

DIPHITLHELELO KGATLHANONG LE BADIRI BA BA NGADILENG DITIRO

Badiri ba ba ngadileng ditiro ka bongwe le ditlhotshwana tse dinnye tsa badiri ba tlhotlheleditse maemo a kgotlhang le go tsogelana kgatlhanong mme se se ne sa baka, ka tsela nngwe, dintsho tsa batlhankedi ba tshireletso ba Lonmin le badiri ba ba sa ngalang ditiro, le go tsenya matshelo a badiri ba ba sa ngalang ditiro ba ba neng ba sa gobala mo kotsing.

DIPHITLHELELO MALEBANA LE RRE CYRIL RAMAPHOSA

Mmueledi wa Batho ba ba Gobetseng le ba ba Tshwerweng o tlhagisitse magatwe a gore Rre Cyril Ramaphosa ke ena modi wa dipolao tsa kwa Marikana le gore o tshwanetse go rwesiwa maikarabelo a dintsho tsa badirameepong ba le 34.

Khomišene e fitlhetse gore go ka se twe Rre Ramaphosa ke ena modi wa dipolao tseo, le gore ditatofatso kgatlhanong nae di a leketle.

DIPHITLHELELO MALEBANA LE TONA NATHI MTHWETHWA

Mmueledi wa Batho ba ba Gobetseng le ba ba Tshwerweng o tlhagisitse magatwe a gore Rre Mthethwa ke ena modi wa dintsho tsa kwa Marikana le gore o tshwanetse go rwesiwa maikarabelo a dintsho tsa badirameepong ba le 34.

Khomišene e fitlhetse gore Khuduthamaga ga e a nna le seabe sepe mo tshwetsong ya sepodisi ya go dirisa dikgato tsa tlhaselo ka la bo 16 Phatwe 2012, fa badiri ba ba ngadileng tiro ba ne ba sa beye dibetsa tsa bona fa fatshe, e leng se se bakileng dintsho tsa batho ba le 34.

DIPHITLHELELO MALEBANA LE TONA SHABANGU 

Mmueledi wa Batho ba ba Gobetseng le ba ba Tshwerweng o tlhagisitse gore Tona Shabangu o tshwanetse go sekisiwa ka ditatofatso tsa bonweenwee le tsa go bua maaka o tsere maikano. 

Ga go diphitlhelelo tse di dirilweng kgatlhanong le Tona Shabangu.

DIPHITLHELELO KGATLHANONG LE SEPODISI

Malebana le tiragalo e e setlhogo ya 16 Phatwe 2012, Khomišene e fitlhetse gore Sepodisi se thadile leanotiro le le neng le akaretsa go dikaganyetsa setlhopha se sennye sa bangaladitiro, ba ba neng ba tla bo ba le kwa thabaneng mo mosong. 

Leano le, le ne le akaretsa go dikaganyetsa bangaladitiro ka legora le le tlhabang, le go ba neela kgoro ya go tswa e ba neng ba tla tshwanelwa ke go tlogela dibetsa tsa bona fa tswa ka yona.

Kgato e e ne e le maleba fela go ka diragadiwa mo mosong fa go na le palo e e kwa tlase ya bangaladitiro. Sepodisi se dirile gape le maiteko a go buisana le bangaladitiro.

Boemong jwa leano la go dikaganyetsa, go ne ga diragadiwa leano la dikgato tsa tlhaselo, le le neng le na le makoa a le mmalwa. 

Leano la dikgato tsa tlhaselo le ne la tsenngwa tirisong nako e ka nna ka bo 15:40 mo letsatsing leo, mme seo sa tlhola dintsho tsa bangaladitiro kwa lefelotiragalong la ntlha le kwa lefelotiragalong la bobedi.

Khomišene e fitlhetse gore leano la sepodisi le ne le sa tshwanela go bo le diragaditswe ka la bo 16 Phatwe ka ntlha ya makoa a leano leo.

Khomišene e fitlhetse gore go ne go ka se kgonege go tseela bangaladitiro dibetsa le go ba phatlhalatsa ntle le tshololo ya madi, mo thapameng ya la bo 16 Phatwe.

Sepodisi se ne se tshwanetse go bo se letile go fitlha letsatsi le le latelang mme la diragatsa leano la kwa tshimologong la go dikaganyetsa, le le neng le se kotsi ka gope.

Khomišene e fitlhetse gape gore tshwetso ya gore bangaladitiro ba tla ntshiwa mo thabaneng ka pateletso ke sepodisi ka la bo 16 Phatwe fa ba ne ba ka se ithaope go baya dibetsa tsa bona fa fatshe, ga e a tsewa ke balaodi ba tlhaselo kwa lefelong leo. 

Tshwetso eo e tserwe ke Molefetenentekakaretso Mbombo, yo e leng Mokhomišenara wa Sepodisi kwa Bokone Bophirima, mme e ne ya gatelelwa ke boeteledipele jwa SAPS kwa kopanong e e kgethegileng ya Foramo ya Bolaodi ba Bosetšhaba.

Khomišene e fitlhetse gape gore tiragalo e e ne e tshwanetse ya bo e emisitswe morago ga thuntsho kwa lefelotiragalong la ntlha le gore go ne go se na taelo le taolo epe kwa lefelotiragalong la bobedi.

Khomišene ga e a kgotsofadiwa gape le ke maitsholo a bolaodi jwa sepodisi ka nako ya dipatlisiso.

Boeteledipele ba sepodisi ga bo a bolelela Khomišene, kwa tshimologong, ntlha ya gore leano la ntlha le ne le ka se tsenngwe tirisong mo letlheng la ntlha le gore le ne la tlogelelwa fela.

Godimo ga moo, boeteledipele ba sepodisi ga bo a bolelela Khomišene gore tshwetso ya go tswelela ka leano la dikgato tsa tlhaselo, fa bangalatiro ba sa ithaope go baya dibetsa tsa bona fa fatshe le go phatlhalala, e ne ya tsewa kwa kopannong ya Foramo ya Bolaodi ba Bosetšhaba ka la bo 15 Phatwe. Go na le go tlhagisa ntlha e, ba ne ba bolelela Khomišene fa tshwetso e tserwe ka la bo 16 Phatwe, morago ga gore maemo a senyegele pele.

Khomišene e supile gape go se kgotsofale mabapi le gore go nnile le tiego ya sebaka se e ka nnang sa ura pele bangalatiro ba ba gobetseng kwa lefelotiragalong la ntlha ba bilediwa ba thuso ya potlako, e bile e gatelela gore bonnye mongalatiro a le mongwe a ka bo a phologile fa a ka bo a alafilwe ka nako.

2. DIKATLENEGISO 

Khomišene e atlenegisa gore go retelelwa ga Lonmin ke go obamela maikarabelo a yona a go aga matlo ka fa tlase ga Maano a Loago le a Tiro go tshwanetse ga itsisiwe Lefapha la Metswedi ya Diminerale, mme lona le tseye dikgato tsa go netefatsa gore Lonmin e diragatsa maikarabelo a.

Khomišene e atlenegisitse gore go tlhomiwe Setlhopha sa Baitseanape, se se nang le:

  • Batlhankedi ba bagolo ba Lephata la Semolao la SAPS;
  • Batlhankedi ba bagolo ba ba nang le maitemogelo mo go tsa Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong;

Le

  • Baitseanape ba ba ikemetseng ba Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong, ba selegae le ba boditšhaba, ba ba nang le maitemogelo a go laola matšhwititšhwiti a a tlhometseng ka dibetsa tse di bogale le dithunya, jaaka go diragala mo seemong sa Aforika Borwa. 

Setlhopha se, gareng ga tse dingwe, se tshwanetse go:

  • Sekaseka le go tlhabolola melawana yotlhe ya Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong;
  • Sekaseka ditiragatso tse di gaisang mo lefatsheng le mekgwa e e leng teng e e ka dirisiwang ntle le go dirisa dibetsa tsa dithunya tse di thunyang di sa kgaotse, fa mekgwa ya Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong e sa lekana.

Mo maemong a Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong, ditshwetso tsa tiragatso di tshwanetse go tsewa ke motlhankedi yo o nang le taolo mo mapodising otlhe, yo o nang le katiso e e maleba ya sešweng, dinonofo le maitemogelo a bopodisi jwa taolo ya matšhwititšhwiti mo ditshupetsong. 

Ditlhaeletsano tsotlhe ka radio di tshwanetse go gatisiwa mme dikgatiso tseo di bolokiwe.

Maano a Bopodisi jwa Taolo ya Matšhwititšhwiti mo Ditshupetsong a tshwanetse go supa ditsela tsa tlhaeletsano tse ditokololo tsa SAPS di tla di dirisang go golagana magareng ga bona.

Go tshwanetse ga tlhongwa le go tsenngwa tirisong tsamaiso ya tlhaeletsano mo ditiragalong tse dikgolo go akaretsa maano a mangwe kwa tsamaiso ya radio e e leng teng e ka se kgoneng go tlamela ka tlhaeletsano e e lekaneng.

SAPS e tshwanetse go sekaseka nonofo ya katiso ya ditokololo tsa yona tse di dirisang didirisiwa tse di kgethegileng jaaka dikanono tsa metsi le didirisiwa tsa dibidio.

Bommalefetlhwana botlhe ba SAPS ba tshwanetse go tsenngwa dikhemera tsa bidio tse di dirang sentle.

Mo ditiragalong tse mo go tsona go nang le kgonagalo e kgolo ya tiriso ya maatla, leano le tshwanetse go akaretsa tlamelo ka thuso ya potlako e e lekaneng mme e le bonako go thusa ba ba gobetseng.

Khomišene e gateletse gape gore mapodisi otlhe a tshwanetse go newa katiso ya thuso ya potlako ya motheo.

Go tshwanetse ga nna le tsamaiso e e tlhamaletseng e e tlhalosang gore ditokololo tsa SAPS tse di nang le katiso ya thuso ya potlako, tse di leng kwa lefelong la tiragalo kwa go tlhokegang thuso ya potlako, ba tshwanetse go e diragatsa.

Batlhankedi ba baitseanape ba dithunya ba tshwanetse go newa katiso e nngwe ya dinonofo tsa thuso ya potlako tse di tlhokegang go samagana le dintho tsa dithunya.

Khomišene e tlaleletsa ka gore dikatlenegiso tsa Khomišene ya Bosetšhaba ya Togamaano (NPC), tsa gore SAPS e dirwe ya tsamaiso ya seporofešanale go tswa mo tsamaisong ya sesole, go tshwanetse go tsenngwe tirisong ka bonako.

Mabapi le maikarabelo, mo tiragatso ya sepodisi le ditlamorago tsa yona di bakileng ditlamorago tse di sa wetseng, mme go tlhokega dipatlisiso tse di tseneletseng, Tona le Mokhomišenara wa Bosetšhaba ba tshwanetse go ela tlhoko fa ba neela puo mo phatlhalatseng kgotsa ba buisana le ditokololo tsa SAPS. Ga ba a tshwanela go bua sepe se se tsamaisanang le go ‘tswalela’ kgotsa go nyemisa mooko ditokololo tse di itseng ka ga dikgato tse di fosagetseng, go ka bua ka tsona.

Ditaelo tse di leng teng di tshwanetse go nna le tlhokego ya boruni jo bo tletseng le kgatiso e e lekaneng ya ditiro tsa sepodisi.

SAPS le ditokololo tsa yona ba tshwanetse go amogela gore ba na le maikarabelo go baagi le go bua nnete gonne ba dirisa maatla boemong jwa maAforika Borwa otlhe, Khomišene e buile jalo.

Go thapa le go tlamela ka metswedithuso e mengwe kwa Bolaoding bo bo Ikemetseng ba Dipatlisiso tsa Sepodisi (IDP) go tshwanetse ga tlhabololwa go netefatsa gore setheo se se kgona go dira tiro ya sona ka nonofo.

KAELO YA DITLHOTLHOMISO TSE DINGWE GO YA KA KAROLO YA BO 24(1) YA MOLAO WA BOTHATI JWA BOSEKISI JWA BOSETŠHABA (NPA)

Khomišene e atlenegisa gore go dirwe dipatlisiso tse di tletseng ka fa tlase ga Bolaodi jwa Bosekisi jwa Setšhaba kwa Bokone Bophirima, ka maikaelelo a go netefatsa maikarabelo a bosenyi mo ditokololong tsotlhe tsa SAPS tse di nnileng le seabe mo ditiragalong tsa lefelotiragalo la ntlha le la bobedi.

Go dira dipatlisiso tse, go tshwanetse ga tlhophiwa setlhopha se se eteletsweng pele ke Moatefokheiti wa Puso yo Mogolo, mmogo le baitseanape ba ba ikemetseng mo go ageng gape mafelo a ditiragalo tsa bosenyi, moitseanape wa dithunya le batlhankedi ba forensiki le Babatlisisi ba Bagolo ba kwa IPID, le baitseanape ba bangwe ba ba ka nnang maleba.

KAELO YA TSHEKISO

Khomišene e atlenegisa gape gore dipolao le ditlhaselo tsotlhe tse di diragetseng magareng ga la bo 11 le la bo 15 Phatwe di fetisediwe go Bolaodi jwa Bosekisi jwa Setšhaba, go tswelela ka dipatlisiso le go tlhola gore a go na le botlhokwa jwa go ka dira ditshekiso.

Khomišene e tlhalositse gore tlwaelo ya ga jaana mo Aforika Borwa ya go tsamaya ka dibetsa tse di bogale le dithunya le tirisodikgoka e e nyalanang natso le mo ditshupetsong tsa thebolelo ya ditirelo e tlhoka gore go gagamadiwe melao e e iletsang maitsholo a.

E tlhalositse gore badiri ba kwa Lonmin ba bonala sentle mo dibidiong le mo ditshwantshong ba tshotse dibetsa tse di kotsi kwa dikopanong tsa setšhaba kgotsa le kwa mafelong a setšhaba.

Khomišene ka jalo e ikuetse gore ditlolomolao tse dingwe di batlisisiwe, go ya ka Molao wa Taolo ya Dikgobokano le Molao wa go Tshola Dibetsa tse di Kotsi. 

DIKGATO TSE DI TSHWANETSENG GO TSEWA KE MOPORESITENTE

Ditona tse di amegang di tla sekaseka pegelo ya Khomišene mme di nkitsise ka go tsenngwa tirisong ga dikatlenegiso tsa yona.

Khomišene e atlenegisitse gape gore go dirwe dipatlisiso mabapi le gore a Mokhomišenara wa Bosetšhaba wa Sepodisi mmogo le Mokhomišenara wa Sepodisi wa Bokone Bophirima ba siametse go nna mo dikantorong tseo, go ya ka Karolo 9 ya Molao wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa .

Ke kwaletse Mokhomišenara wa Bosetšhaba go mo itsise ka dikatlenegiso tse di ka ga gagwe.

Tona ya Sepodisi o tla itsise Mokhomišenara wa mo malobeng wa Sepodisi wa Bokone Bophirima ka merero e e mo amang.

Dintlha tse dingwe malebana le merero e, di tla rebolwa mo tsamaong ya nako.

MaAforika Borwa ka nna,

Ke tlhagisitse dintlhakgolo tsa Pegelo e boleele jwa yona e leng ditsebe di feta 600.

Ke laetse gore pegelo e e tletseng e phasaladiwe mo Kuranteng ya Puso mmono le mo webosaeteng ya Kantoro ya Moporesitente le ya Mokgwa wa Puso wa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS) gore baagi ba e fitlhelele.

Bagaetsho,

Tiragalo ya kwa Marikana e nnile matlhotlhapelo a a tsitsibanyang mmele a a senang bonno mo temokerasing ya rona, mo baagi botlhe ba nang le tshwanelo ya go dira ditshupetso le badiri ba nang le tshwanelo ya go ngala tiro ka kagiso mme ba buisanele maemo a tiro le bathapi ka kagiso.

Malapa a tseetswe batlamedi ka tsela e e utlwisang botlhoko mme kutlobotlhoko le tshotlego di wetse malapa le ba masika.

Setšhaba sotlhe sa Aforika Borwa se ne se gagametse. Lefatshe le lona le lone le ne le gagametse ka ntlha ya fa go se ope yo a neng a solofela tiragalo ya mothale o go ka diragala mo Aforika Borwa yo o gololosegileng wa temokerasi. 

Jaaka naga, re tshwanetse go ithuta sengwe go tswa mo tiragalong ya matlhotlhapelo e. Re tshwanetse go e dirisa go aga setšhaba se se tshwaraganeng, se rena kagiso e bile e le seoposengwe.

Tirisodikgoka ga e na bonno mo temokerasing ya rona e re dirileng ka natla go e fitlhelela le go e aga.

Ke a lo leboga.

Share this page

Similar categories to explore