Puo ka Moporosetinte Jacob Zuma kwa Kokoanotheomolaong ya Bosetšhaba Mabapi le Tirisodikgoka e e Runtseng kwa KwaZulu-Natal e e Totileng Batswantle

Mmusakgotla yo a Tlotlegang,
Motlatsammusakgotla yo a Tlotlegang,
Motlatsamoporesitente yo a Tlotlegang,
Maloko a a Tlotlegang,
MaAforika Borwa ka nna,

Mo bekeng e e fetileng re itemogetse ditiragalo tse di tshosang tse di sa amogelesegeng tsa tirisodikgoka mo go batswantle mo dikarolong tse di rileng tsa kwa KwaZulu-Natal, mme seo se setse se gasagane le kwa dikarolong tse di rileng tsa kwa Gauteng. Ditiragalo tse di bapang le tseno di iponagaditse kwa Soweto ka Ferikgong.

Ga go tsielego kgotsa tšhakgalo epe e e ka amogelesegang gobo e tlhotlhile tirisodikgoka mo go batswantle mmogo le mo go tseelweng dithoto mo mabentleleng a bone.

Re kgalema ka bogale ditiragalo tseno tsa tirisodikgoka. Ditiragalo tseno tsa tirisodikgoka di kgatlhanong le dikano tsotlhe tse Aforika Borwa e di emelang, bogolosegolo tlotlo ya botshelo jwa motho, ditshwanelo tsa batho, seriti sa batho mmogo le Botho.
Naga ya rona ga e inyalanye ka gope le go se kgotlhelane go go jaaka tlhaolele go ya ka mmala, tlhaolele go ya ka lotso, tlhaolele go ya ka dikamano mmogo le tlhaolele mo basading.

Re atolosetsa matshediso a rona kwa malapeng otlhe a a latlhegetsweng ke ba bo bone mmogo le go lakaletsa ba ba leng mo diphatseng tse di bolelo gore ba itharabologelwe ka bonako.

Re ipiletsa gore go nne le kagiso, tirisodikgoka e fedisiwe mme go nne le taolo. Ga go a tshwanelwa gore go letlelelwe bosenyi gore bo itshamaganye le ditletlebo tsa baagi go fetlha merusu le dikgaruru.

Matsapa kgotsa mathata ape a a amang baagi ba Aforika Borwa a tlhoka go nnelwa fa fatshe mme a buisanelwe ka kagiso.

Mapodisi a laetswe gore a semelele go sireletsa batswantle le baagi ba naga mmogo le go golega bao ba utswang le bao ba fetlhang tirisodikgoka.

Re ikuela mo baaging go thusana le mapodisi ka go ba neela tshedimosetso ka ditiragalo tseno tse di diragetseng kwa Gauteng le kwa KwaZulu-Natal gore batlhotlheletsi ba tsone ba atlholwe semolao.

Re leboga baeteledipele botlhe ba sedumedi, mekgatlho e e seng ya puso mmogo le batsayakarolo ba bangwe bao ba abelanang ka tshegetso ya setho mo bao ba latlhegetsweng ke magae a bona.

Fa re ntse re tsweletse go kgalema ka bogale ditlhaselo tseno tse re itemogetseng tsone, e bile re utlwa botlhoko ka dintlha tsa tse dingwe tse di tlhagisitsweng ke maAforika Borwa a a amegileng, re boeletsa kgang ya rona ya gore maAforika Borwa ka bontsi ga a na tlhaolele go ya ka lotso. Fa ba ne ba na le yone, re ne re ka se nne le palo e e kwa godimo jaana ya batswantle bao ba amogetsweng ka diatla tsoopedi mo ditšhabeng tsa borona go ralala naga, kwa diteropong, kwa diteropokgolong le kwa metseng ya kwa magaeng.
Go na le dintlha tse di gwetlhang tsa ikonomi ya loago tse di tlhagisitsweng tseo ga jaanong go samaganweng le tsone.

Tsone di akaretsa dingongorego ka ga batswantle ba ba tseneng mo nageng ntle le molaotetla e bile ba sena makwalo, koketsego ya palo ya mabentlele kgotsa dikgwebopotlana tse di tserweng ke batswantle mmogo le gore kakanyo ya gore batswantle ba dira le go tlhotlheletse bosenyi.

Re batla go gatelela gore le fa go na le batswantle ba bangwe bao ba golegilweng ka ntlha ya dikgetse tse di farologaneng tsa bosenyi, ke tatlhetso e bile go fosagetse gore batswantle botlhe ba amega mo bosenying jo bo diragalang mo nageng.

Mo godimo ga seo, ga se batswantle botlhe ba ba leng fano ka tsela e e seng mo molaong.

Ba bantsi ba fano ka tsela e e leng mo molaong e bile ba na le seabe mo tlhabololong ya ikonomi le ya loago ya naga eno. Ba bantsi ba tla fano ka bokgoni jo bo sa tlalang jo bo re thusang go tlhabolola ikonomi e bile ba amogelesegile go ka nna mo nageng ya rona.

Ba bangwe ba tlile mo Aforika Borwa e le bafaladi kwa dinageng tsa bobona ka ntlha ya dikgogakgogano le dikhuduego, ka tsela eo go kileng ga diragala fa maAforika Borwa ba ne ba tshaba mo nageng eno mme ba ya go nna kwa dinageng tse dingwe mo kontinenteng mmogo le tse di leng kwa ntle ga yona.

Re ne re tshotswe sentle, ka tlotlo e bile re tlotliwa ke bana ba borona mo kontinenteng yotlhe. Ga re kitla re lebala tlhokomelo le tshwaraganelo ya bone.

Tshegetso ya dinaga tse di Etileng Pele kwa Borweng jwa Aforika mmogo le ya Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika e ne e le botlhokwa thata mo go fitlheleleng kgololesego le temokerasi e re e tšhotlhang gompieno.

Mo ntlheng eno, Puso e tla tswelela go tshameka karolo ya yone mmogo le go fitlhelela maikarabelo le maitlamo a rona jaaka maloko a Mokgatlhokitlano wa Aforika le a Dinagakopano.

Bafaladi le bao ba ngwaegileng go tswa kwa dinageng tsa bobona ba tla abelwa tshegetso go ya ka molao le thulaganyo ya boditšhabatšhaba, ka tshegetso ya Barongwabagolo ba Dinagakopano Mabapi le batswantle.

Re ikuela mo bathong ba borona go tshegetsa le go sireletsa batswantle mmogo le bao ba ngwaegileng go tswa kwa dinageng tsa bobona.

Mo bokhutlhong jwa beke ke rometse Tona ya Mapodisi, ya Setheo sa Tshireletso ya Puso mmogo le ya Lefapha la Merero ya Selegae go dirisanammogo le puso ya porofense ya KwaZulu-Natal go efoga dikhuduego le go dira gore maemo a boele sekeng. Ba dirile go tlala seatla mme fela matsapa ano a tlhoka tsereganyo e e matlhagatlhaga e e tlhokomelwang ya pakatelele.

Ka jalo ke laetse Setlhopha sa Toka, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso go samagana le dintlha tseno ka botlalo, ba patilwe ke Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago, ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri le ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana.

Setlhopha sa Tshireletso mmogo le mafapha a ikonomi a setse a simolotse go samagana le dintlha tseno, morago ga go latela ditiragalo tsa kwa Soweto ka Ferikgong.

Jaanong ke ba laetse gore ba dire ka bonako le go ikamaganya le ditšhaba tse di amegileng, mekgatlho e e emetseng batswantle, dikgwebo, mekgatlho e e seng ya puso mmogo le batsayakarolo ba bangwe go samagana le dingongorego tse di tlhagisitsweng ke matlhakore ka bobedi.

Maitlhomo ke go efoga ditiragalo tsa mothale o mo nakong e e tlang ka go tokafatsa botsalano le go tshela mmogo ka kagiso magareng ga baagi le bana ba bangwe ba borona ba mo kontinenteng, mmogo le batswantle ba bangwe.

Gape re tla senka tirisanommogo le tshegetso go tswa kwa boambasatareng ba ba amegileng ba batswantle ba ba leng mo Aforika Borwa. Tona ya Lefapha la Merero ya Selegae o kopane le Ditlhogo tsa Boambasatara ba Aforika mo bekeng e e fetileng.

Tona ya Lefapha la Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba le ene o tla isa dipuisano tseno kwa pele fa le ene a tla bo a buisana le Ditlhogo tsa Boambasatara ba Aforika ka moso ka la bo 17 Moranang.

Re ikuela le mo go maloko a palamente go dirisana mmoogo le rona, mo dikemeding tsa bona, mo go tokafatseng tirisanommogo le mo go tlotlomatseng kagisano magareng ga batho ba borona le batswantle.

Dikgato le tsona di tsenngwatirisong go tokafatsa ditaolo le go laola semolao thologelo ya bofaladi ka fa nageng.

Mo ntlheng eno, Puso e gatela pele mo go tlhomeng Setheo sa Botsamaisi jwa Melelwane, e leng seo se tla laolang tikologo ya melelwane mmogo le dikarolo tsa go tsena ka fa nageng.

Bokgoni jwa Lefapha la Merero ya Selegae bo ntse bo tokafadiwa go bo kgontsha go laola dintlha tsa thologelo ya bofaladi ka fa nageng bogolosegolo kwa melelwaneng.

Mo ntlheng eno, Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) se tla romela masole a le 350 kwa Lefapheng la Merero ya Selegae, go dira jaaka batlhankedi ba taolo ya thologelo ya bofaladi ka fa nageng kwa melelwaneng.

Mo godimo ga seo, SANDF e setse e rometse masole kwa dintshing tsa melelwane ya diporofense di le supa go thibela ditiragalo tsa bosenyi jwa kwa melelwaneng mmogo le go tshela melelwane go se mo molaong.

MaAforika Borwa ka nna,

Re ikuela mo go lona lotlhe go isa matshwafo kwa tlase le go obamela taolo.

Re ikuela gape le mo go bao ba dirisang mafaratlhatlha a tlhaeletsano go kgaotsa go gasagantsha bogale jwa dikhuduego mo Facebook, twitter le mo diraleng tse dingwe.
Re na le maikarabelo a go tsholetsa go nna seoposengwe, kagisano le botsalano jo bo siameng ka fa nageng.

Batswantle ba re thusa go tlisa lefelo le le nang le merafe e e farologaneng mme re amogela go nneng teng ga bone. Re batla gape go bona koketsego ya dipalopalo tsa bajanala go tswa kwa dinageng tsa mo kontinenteng mmogo le go abelana ditšhono tse dintsi tsa dikgwebo jaaka karolo ya go rotloetsa tlhabololo ya ikonomi e e tswelediwang mo kontinenteng.
Mokete o o tlang wa Kgwedi ya Aforika ka Motsheganong o re tlhagisetsa tšhono ya go rotloetsa gape boitshupo jwa rona jwa boAforika le go tsalana botoka le bana ba borona go tswa mo kontinenteng.

Re lebile ka leitlho le le ntšhotšho mekete ya Letsatsi la Aforika mo porofenseng nngwe le nngwe ka la bo 25 Motsheganong.

Bakaulengwe, ka boikobo re ikuela mo go botlhe gore le wetse matshwafo. Ditlhaselo tsa Tlhaolele go ya ka lotso ga di letlelelwe leeseng mo nageng ya borona. Mo nakong ya fa re ne re lwela kgololesego re bone tshegetso go tswa mo dinageng di le dintsi. Batho ba dinaga tseo ga baake ba re tebela kana gona go re tshwara makgwakgwa.

Re amogetse dingongorego tsa gore batswantle ba bangwe ga ba na makwalotetla a a maleba go ka nna fano mo Aforika Borwa.

Mo godimo ga ngongorego eno, baagi ka rona gape ba ngongoregela ditiragalo tsa bosenyi tseo di diriwang ke batswantle ba bangwe mme ba ba rwesa molato wa gore gape ba ba tseela dikgwebo le ditšhono tsa diphatlhatiro.

Puso e reeditse dingongorego tseno tsotlhe mme e tla di baakanya. Fela re ipoa sebedi mo kemong ya rona gore ga go maikatlapelo ape a a ka dirang gore dikhuduego tseno di nne le mmoko. Ga re rotloetse maitshwaro a a jaaka ano le dipopego tsa one otlhe.

Jaaka Puso, re tsaya dikgato tse di tlhokegang go tokafatsa tshireletsego le phitlhelelo mo melelwaneng yotlhe ya naga ya rona go netefatsa gore ga go motswantle ope yo a tlang ka fa nageng ya rona ka tsela e e seng ka fa molaong. Re rometse gape le maloko a mangwe a SANDF kwa melelwaneng ya rona gore a thusane le Lefapha la Merero ya Selegae mo go rarabololeng ntlha eno.

Maloko a a Tlotlegang,

Tla re direng mmogo go neela batswantle botlhe bao ba amilweng ke dikhuduego tseno tshegetso.

Lokwalo lwa Ditshwanelo tsa Kgololesego le tlhalosa gore go tla rena kagiso le botsalano. Maikarabelo a rona ke go rotloetsa lefa leno la kagisano le go le atolosa.

Gape re gatelela maikarabelo a rona a go nna le seabe mo go ageng Aforika e e botoka mmogo le lefatshe le le botoka.

Tla re dirisaneng mmogo go dira naga ya rona gore e nne lefelo le le botoka mo go botlhe bao ba nnang mo go lone.

Ke a leboga.

Share this page

Similar categories to explore