Puo le bobegakgang ka Tona ya Boitekanelo, Ngaka Zwelini Mkhize, mabapi le dipoelo tseo di ribolotsweng tsa diteko tsa moento

MaAforika Borwa a gaetsho,

Ka Mosupologo, 08 Tlhakole 2021, ke le Tona ya Boitekanelo, Nna Ngaka Zwelini Mkhize- ke ne ka loma tsebe Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e samaganeng le merero ya go entiwa e monnasetulo wa yona e leng Motlatsamoporesitente wa Rephaboliki ya Aforika Borwa, Motlotlegi Rre David Mabuza ka ga tshiamelo ya go ka dirisiwa ya moento wa setlamo sa AstraZeneca mo go lwantshaneng le mogare wa corona wa 501Y.V2, e leng one o o anameng go gaisa mo nageng ya Aforika Borwa. Godimo ga seno, go ne ga nna le kopano e nngwe gape ya go loma tsebe Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) moo IMC e rebotseng dipegelo tsa yona mabapi le moento yono. 

Puso ya naga ya Aforika Borwa e ikemiseditse go netefatsa gore re dirisa ditsela le dikgato tsotlhe tse di gaisang mo go sireletseng batho ba rona mo go tshwaetsegeng le mo go COVID-19. Aforika Borwa e na le dikgato tse di sa bolong go dirisiwa tse di mosola thata tse di tlhotlhomisang gore melemo yotlhe e mentšhwa e bolokesegile go ka dirisiwa, e bile re itumetse tota gore thulaganyo ya rona ya dipatlisiso e dira sentle, e seng fela mo go netefatseng gore seo re se dirang se na le boleng, gape le mo go gogeng kwa pele dipatlisiso tsa lefatshe tse di ka ga go ithuta go le gontsi ka mogare wa corona.

Borasaense ba naga ya Aforika Borwa mmogo le badiri ba yona ba dipatlisiso ga ba bolo go simolola ka dipatlisiso tsa tshiamelo ya go ka dirisiwa ya meento e e farologaneng mo ngwageng wa 2020. Ba ne ba tsepamisa mogopolo thata mo meentong e e tla kgonang go lwantshana le mogare wa 501Y.V2 fa ngwaga o o fetileng o ne o lebile go konosela le mo tshimologong ya Ferikgong 2021. Dipoelo tsa dipatlisiso tseno di rebotswe ka Labotlhano, 05 Tlhakole 2021 mme tsa phasaladiwa mo phatlalatseng ka Latshipi, 07 Tlhakole 2021. Ke ka ntlha ya tiro eno, e puso e beeleditseng mo go yona ka tolamo, mo go utolotsweng gore moento wa setlamo sa AstraZeneca ga o kgone go ka thibela mogare o o bogale nyana le o o bogale tota wa 501Y.V2. Dintlha tseno tse di ribolotsweng di tlhodile gore go tsewe dikgato tsotlhe tse di tlhokagalang gore re dirise moento o o siametseng go dirisiwa go gaisa e mengwe eo re nang le yona mo leanong la rona la meento.

Meento yotlhe e e leng teng e dirilwe go lebeletswe matshwao a mogare wa ntlhantlha wa SARS-COV-2 jaaka o aname lefatshe ka bophara. Thulaganyo ya puso ya go reka meento e dirilwe pele ga go ka lemogiwa gore go na le mogare wa 501Y.V2. Pele re ka nna le dipoelo tsa go tlhatlhoba tshiamelo ya go ka dirisiwa ga moento, Aforika Borwa e ne e sena go ka diegisa thulaganyo ya go reka meento ya ntlha e re e letetse go rebolwa ga dipoelo tsa dipatlisiso tsa go tlhatlhoba tshiamelo ya go ka dirisiwa ga moento ka seno se ne se tla dira gore naga e bewe kwa moselaseleng wa bao ba batlang go reka moento ka ntlha ya fa o tlhaela mo lefatsheng ka bophara.

Go na le ketsaetsego mo setšhabeng gore moento yo re sa tswang go o amogela wa setlamo sa AstraZeneca o gaufi le go felelwa ke nako (ka la bo 30 Moranang 2021). Moento yono ga o ise o felelwe ke nako. Godimo ga seno, jaaka re rulagantse kwa tshimologong, fa Lefapha la Boitekanelo le ka tsaya tshwetso ya go tswela pele ka letsholo la go enta batho ka moento wa setlamo sa AstraZeneca, meento eno e tla dirisiwa pele letsatsi leo e felelwang ke nako ka lona le ka goroga. Se sengwe gape ke gore, letlha le moento ono o felelwang ke nako ka lona ga le a bonwa ka lesego, le bonwe ka ntlha ya dithulaganyo tsa rona tse di matsetseleko tsa go tlhatlhoba boleng jwa ditlhagisiwa.

Ka ntlha ya dintlha tseo di ribolotsweng ke dipatlisiso tseno tsa tshiamelo ya go ka dirisiwa ya moento, Lefapha la Boitekanelo le tla tswelapele ka leano la kgato ya ntlha mme teng go tla dirisiwa moento wa setlamo sa Johnson & Johnson legatong la moento wa setlamo sa AstraZeneca. Moento wa setlamo sa Johnson & Johnson o itshupile gore o kgona go lwantshana le mogare o o runtseng sešweng jaana wa 501Y.V2 mme dikgato tsa go o tlhatlhoba ka fa nageng ya Aforika Borwa di simolotse. Go tlhabiwa ga moento yono go tla diriwa jaaka kgato ya go dira dipatlisiso e e tshwaraganetsweng mmogo ke Lekgotla la go Dira Dipatlisiso mo Lephateng la Kalafo le Lefapha la Boitekanelo la Naga mo matsholo ano a go entiwa a tla diragalang mo mafelong a go entiwa go ralala le naga. Kgato eno e tla ribolola tshedimosetso e e botlhokwa thata mo go ithuteng ka leroborobo leno mo bathong ba ba setseng ba entilweng, e bile gape e tla re thusa go nopola ka bonako dikgetse tse dintšhwa tsa ditshwaetsego fa di ka nna teng mo badireding ba boitekanelo.

Mo godimo ga seno, naga e rekile gape meento e mengwe mo setlamong sa Pfizer e le yona e tla dirisiwang mo kgatong ya ntlha ya go enta. Borasaense ba rona ba tsweletse go tlhatlhoba meento e mengwe fa le rona ka fa letlhakoreng le lengwe re tsweletse go buisana le batlhagisi ba bangwe ba meento. Dipuisano le ditlhatlhobo tsa rona le batlhagisi ba moento wa Sputnik -V di setse di ile magoletsa. Dipuisano le setlamo sa Sinopharm le tsona di tsweletse mo re santseng re sekaseka tuelelo eo naga ya China e e tlhokang. Re saenile Tumelano ya go se Ntshe Musi ka Sekhurumelo mme Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA) bo samagane le dithulaganyo tsa go dira tumelano eno go nna ya semmuso. Go tsweletse fela jalo le ka dipuisano tsa rona le ba setlamo sa  Moderna mme re tla tle re dira ditsiboso tse dingwe, jaaka e setse e le setlwaedi, fa re setse re le mo maemong a a re letlang go ka dira jalo.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, borasaense ba rona ba tla sekaseka kgang ya moento wa setlamo sa AstraZeneca mabapi le tiriso ya ona mo Aforika Borwa, mme go lebeletswe dikeletso tsa bona, o tla busediwa gae gore ba re naye moento o mongwe pele letsatsi la bofelo la gore o felelwe ke nako le fitlha. Ka go busetsa moento o o rekilweng wa setlamo sa AstraZeneca gore ba re naye o mongwe pele letlha la bofelo la gore o felelwe ke nako le goroga Lefapha la Boitekanelo le tla bo le ikgatosa kgang ya gore re iphitlhele e le tshenyo ya madi e e sa re tswelang mosola.

Go santse go le jalo, re rata go gopotsa baagi gore mekgwa e e mosola thata ya go thibela COVID-19, go fitlha motsi oo bontsi jwa baagi ba tlhabetsweng, e santse e le eo re e itseng ya go ikobela ditaolelo tsa boitekanelo tsa go tlhapa diatla ka sesepa kgotsa ka sebolayamegare se mo teng se nang le diphesente di le 70 tsa alkhohole, go apara dimaseke fa re le mo bathong le go katogana ka sekgala sa mitara le halofo.

E rebotswe ke: Kantoro ya Tona ya Boitekanelo
Motlhankedi wa Dithulaganyo tsa Bobegakgang (MLO): Ngaka Lwazi Manzi
Cell: 082 67 88979

Share this page

Similar categories to explore