Naga ya Aforika Borwa e mo khutsafalong go latela gore Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Rre David Mabuza a tlhokafale
• Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Rre David Mabuza o tlhokafetse a na le dingwaga di le 64, ka Labone wa la bo, 03 Phukwi 2025, morago ga gore a bobole sebakanyana se se khutshwanyana.
• Kabinete e romela matshediso a yona go tswa kwa boteng jwa pelo kwa ba lelapa le ditsala tsa Motlatsamoporesitente wa mo malobeng Rre David Mabuza.
• Rre David Mabuza o diretse naga ya Aforika Borwa mo maemong a Motlatsamoporesitente go tloga ka ngwaga wa 2018 go fitlha ka wa 2023.
• Rre David Mabuza o tla gopolwa ka seabe se a nnileng le sona mo go lwantshaneng le puso ya tlhaolele, mmogo le ka go nna moeteledipele yo e nnileng sekai mo go rateng naga ya gaabo.
• O ineetse botshelo jwa gagwe jotlhe mo go direleng setšhaba mme jaaka a se tlhole a le teng mo botshelong o tla gopolwa ka go tlhoka boikgogomoso, ka go direla setšhaba le ka boineelo jwa gagwe mo megopolong ya molaotheo wa temokerasi.
• Botshelo jwa gagwe jotlhe mo tirong ya sepolotiki, o ne a lwela go tlisa phapang e e tla nnelang ruri mo matshelong a a tshelwang ke batho.
Moporesitente Cyril Ramaphosa o laetse gore Motlatsamoporesitente wa mo malobeng wa naga ya Aforika Borwa a direlwe Phitlho ya Semmuso ya Maemo a Bobedi go Supa Tlotlo
• Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tla felegetsa Motlatsamoporesitente wa mo malobeng ka ditirelo tsa tsamaiso ya phitlho, mme phitlho e tla tshwarelwa kwa porofenseng ya Mpumalanga.
• Moporesitente Ramaphosa o laetse gore Paka ya Matsatsi a go Roula ga Setšhaba e tla simolola ka tshokologo ya Mosupologo wa la bo 07 Phukwi 2025, mme difolaga tsa naga di tshwanetswe go fofisediwa kwa tlase naga ka bophara go fitlha bosigo ka Lamatlhatso wa la bo 12 Phukwi 2025.
• Motlatsamoporesitente Mabuza o diretse setšhaba sa porofense ya Mpumalanga jaaka Tonakgolo go tloga ka ngwaga wa 2009 go fitlha ka wa 2018, mme pele ga foo o ne a okame maemo a a farologaneng jaaka Tokololo ya Khuduthamaga mo Pusong ya Porofense ya Mpumalanga.
• O bontshitse boeteledipele jwa gagwe mmogo le bokgoni jwa gagwe jwa go bokanya setšhaba fa a ne a samagane le Tiro ya Boeteledipele jwa Puso mo Tsamaisong ya Palamente, mmogo le mo maemong a a neng a a okame a go etelela kwa pele Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Merero ya Aids.
• Motlatsamoporesitente Mabuza o ne ka gale mo dikopanong tsa lefatshe a diragatsa thomo ya Aforika Borwa mmogo le go dira botsalano le badirisanimmogo ba ba dirisanang le naga ya Aforika Borwa.
Rre David Mabuza o diretse naga ya rona ka botswapelo
• E ne e le moeteledipele yo kwa tshimologong ya tiro ya gagwe ya sepolotiki a neng a lwela ditshwanelo tsa batho, mme mo maemong a gagwe a Motlatsamoporesitente o ne a etelela kwa pele setšhaba sa rona le go retolola dipuisano magareng ga naga ya Aforika Borwa le bomorwarre ba yona mo kontinenteng mmogo le mo lefatsheng ka bophara.
• O ne a eteletse naga ya rona kwa pele ka lerato e bile o nnile le seabe se segolo mo go direng gore serodumo sa naga ya Aforika Borwa se rene le go feta mo lefatsheng.
• Re leboga boineelo jwa gagwe jo bo tseneletseng mo go gololeng setšhaba mmogo le mo go thuseng gore re nne le puso e e tshwaraganetsweng, e e atlegileng le eo mo go yona go renang temokerasi.
• Motlatsamoporesitente e ne e le motho yo a rategang ebile o ne a na le lerato la batho le tlhokomelo mo go batho botlhe ba a kileng a kopana le bona.
Rre David Mabuza o nnile le seabe se segolo mo go direng gore re feletse re itharabologetswe kgololesego ya rona le mo go direng gore re feletse re na le molaotheo wa temokerasi
• Rre David Mabuza o belegwe ka ngwaga wa 1960 kwa Phola gaufi le Hazyview kwa porofenseng ya Mpumalanga mme e ne e le ngwana wa mosimane wa boraro mo go ba le batlhano.
• E ne e le morutabana wa serutwa sa dipalo mme o simolotse tiro ya sepolotiki go lwantshana le puso ya tlhaolele e santse e le mošwa ka dingwaga tsa bo ma 1980 mo mokgatlhong wa sepolotiki wa baithuti wa Azanian Students Organisation (Azaso), mme mo tsamaong ya nako o ne a ikamanya le mokgatlho wa Congress Movement, o o neng o eteletswe kwa pele ke ANC.
• Rre Mabuza ke yo mongwe wa batho ba ntlha mo temokerasing ya naga ya rona ba ba tshamikileng karolo e e botlhokwa thata e bile o nnile le seabe se segolo mo go tliseng tshepo mo pusong e e tseneng morago ga puso ya tlhaolele.
• E rile morago ga ditlhopho tsa ntlha tsa puso ya temokerasi ka ngwaga wa 1994, ya nna o mongwe wa bao ba neng ba romelwa kwa ditheong tsa puso go ya go thusa go diragatsa dithomo tsa Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo, loo monongwaga re ketekang Segopotso sa Ngwaga wa bo 70 wa sona.
• E ne e le moeteledipele yo a tlotlegang yo a tlileng ka kitso le maitemogelo a mantsi a a tseneletseng ao a itemogetseng one mo tirong ya gagwe mo pusong.
• O nnile le seabe se segolo mo nageng le mo kontinenteng jaaka motsereganyi.
• Mo thomong ya gagwe ya fa go boloditswe leeto la Baromiwa ba Naga ya Aforika Borwa ba Letsholo le le Itlhophileng go leba kwa Nageng ya Borwa jwa Sudan, o ne a ema ka lefoko le le reng makoko a dipolotiki mo nageng ya Sudan a tshwanetse go dumelana ka go saena Tumelano ya Tsosolosa ya Phetolo ya Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga.
• O nnile le seabe se segolo mo go fatlhoseng le mo go tlhatlheleleng magosi gore a kgone go tlisa tlhabologo mo porofenseng ya Mpumalanga.
Tla re ketekeng botshelo jwa ga Rre David Mabuza mmogo le go ikanya gore re tla gata mo motlhaleng wa gagwe
• Rre David Mabuza e ne e le morata naga yaabo e bile gape e le molweladitshwanelo yo a neng a ineetse mo go direleng maAforika Borwa.
• Rre David Mabuza ke yo mongwe yo a balelwang mo go bao ba tshwereng ka dinaka puso ya tlhaolele e e neng e sa tseye tsia ditshwanelo tsa batho mme maAforika Borwa otlhe a tshwanetse go mo rolela hutshe ka seabe se a nnileng le sona mo go gololeng naga ya rona.
• Go re latlhegeleng ga gagwe ke modumo wa tshipi o o tshwanetseng go gwetlha bašwa go ipatla ba ipatlisise mme ba sikare joko eo ene mmogo le dithaka tsa gagwe ba ntseng ba e sikere gore e nne bona jaanong ba ba tla tshwarang ka dinaka ntwa ya go lwela kgodiso ya ikonomi, e e tla tswelang batho botlhe molemo.
• O tsere tshwetso ya gore ene o tla nna botshelo jwa gagwe jotlhe kwa metseselegaeng e e leng kwa botengteng jwa naga ya Aforika Borwa, mme tshwetso eno o e tsere a sa okaoke jaaka a ne a itse e bile a tlhaloganya sentle gore mafelo ano ke ona a a tlhokang thuso go gaisa.
• O sotse mosola bokgoni jwa gagwe jwa go kopanya batho ka go bo dirisa go thusa go thankgolola semmuso Kopano ya Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Merero ya Aids ka Tshwaragano le Makala a Poraefete, e leng selo se se tlisitseng diphetogo mo seabeng seo lephata la kgwebo le nang le sone ka fa nageng mo go tsibogeleng bolwetse jwa Mogare wa Lebolelateng (HIV) le Bolwetse jwa Lehuba (TB).
• Ka sengwe le sengwe seo re se dirang re ka gata mo motlhaleng wa lefa leo Rre David Mabuza mmogo le ba bangwe botlhe ba re tlogeletseng lona ka go dira bonnete jwa gore re nna le setšhaba se se sa tseeng letlhakore le se se direlang botlhe ka go lekana.
• Ka go tshwaraganela tiro mmogo, re ka kgona go godisa naga ya Aforika Borwa go dira gore re e inole mo dikgwetlhong di le tharo tseo di e aparetseng tsa botlhokatiro, lehuma le tsa go se lekalekane.
• Re tshwanetse go tswelela go lwela go dira gore re nne le naga e e tswelang botlhe molemo, re godise kgolo ka go sola mosola meetlo ya temokerasi, kgololesego le tekatekano jaaka re lwela go nna le Aforika Borwa yo o botoka mmogo le lefatshe le le botoka.