Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 29 Moranang 2015

1. Ditlhaselo tsa sešweng go batswantle

1.1. Kabinete e amogetse kagiso le maemo a a ritibetseng a a simolotseng go rena mo mafelong a a neng a amilwe ke ditlhaselo tsa sešweng go batswantle. Kabinete e akgotse mafapha a a dirileng ka Tikwatikwe ya Bosetšhaba ya Tshwaraganelotiro go fedisa ditiragalo tse tsa tirisodikgoka kwa KwaZulu-Natal le kwa Gauteng.

1.2. Kabinete e akgotse baeteledipele ba diporofense le ba bommasepala ba mafelo a a amegileng mo go tlameleng ka thuso le go eteleleng pele tiragalo ya go busediwa ga batswantle kwa mafelong ao.

1.3. Mo bekeng e e fetileng, Moporesitente Jacob Zuma o ne a bitsa dikopano tsa bannaleseabe le baemedi ba kgwebo, mekgatlo ya sedumedi, badiri, mekgatlo ya baagi le ya batswantle. Dipuisano di ne di tsamaisiwa ka thulaganyo go thusa go tsweletsa tiragalo e. Bannaleseabe botlhe ba ne ba le mowa o le mongwe wa go kgala ka mafoko a a bogale ditlhaselo tse le go ineela go dirisana le puso mo go boneng tharabololo ya leruri.

1.4. Komiti ya Ditona tsa fa Gae (IMC) e e ka ga Khudugoe e sa tswang go tlhongwa e dira ka natla go bona tharabololo ya leruri ya dintlha tse di tlhagisitsweng ke baagi le batswantle.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e ne ya anegelwa ka ga Kwadiso ya Dithoto tse di sa Suteng tsa Puso ya Bosetšhaba. Lephata la Ditirelo tsa Kwadiso ya Dithoto tse di sa Suteng le tlhomilwe ka la bo 1 Moranang 2015. Lephata le le tla laolwa mo teng ga Setheo sa Kgwebisano ya Taolo ya Dithoto mme le tla ela tlhoko dithoto tse di sa suteng tsa Puso. Le tla dira jaaka motswedi o o esi wa dithoto tse di sa suteng tsa Puso, le go tlamela ka kelotlhoko, taolo le tshekatsheko ya Kwadiso ya Dithoto tse di sa Suteng tsa Puso.

2.2. Kabinete e amogetse go tlhagiswa ga Seralwa sa Pholisi ya Tsamaiso ya Setso ya go Rupisiwa go bona ditshwaelo go tswa mo baaging. Pholisi e e ikaelela go sireletsa, go rotloetsa le go laola go rupisiwa ka go tshitshinya meono le maemo a a amogelegang le go tlamela ka ditheo kwa maemong a bosetšhaba le a porofense. E tla netefatsa gore go rupisiwa go diragala mo maemong a a nang le taolo.

Se ke karolo ya dikgato tse puso e di tsayang go gatelela ditsamaiso tse di amogelegang tsa setso le go busetsa maemo a a amogelegang a maikarabelo a e neng e ntse e le karolo ya tiragalo e go tswa kwa ga lowe.

2.3. Kabinete e amogetse Thulaganyo ya Mafelobonno a Batho ya Mmasepala wa Nelson Mandela Bay e e tla dirisang Setheo sa Tlhabololo ya Matlo jaaka setheo se se tla tsenyang tirisong.

2.4. Kabinete e amogetse go tshwarelwa ga Kopano ya Ngwaga le Ngwaga ya Lefatshe ka Tshedimosetso ya Dilaeborari ya Tshwaragano ya Boditšhaba ya Mekgatlo ya Dilaeborari le Ditheo, kwa Motsekapa go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 21 Phatwe ka fa tlase ga morero o “Dilaeborari tse di Maatlametlo: Phitlhelelo, Tlhabololo le Phetolo”.

2.5. Kabinete e amogetse go alwa ga Tumelano ya Fedisa Kgwebisano e e seng Molaong ya Ditlhagiswa tsa Motsoko.
Se ke go ya ka Tumalano ya Letlhomeso la Taolo ya Motsoko ya Mokgatlo wa Boitekanelo wa Lefatshe jaaka e kannwe ka Moranang 2005. Tumelano e e tla thusa dinaga go tsaya kgato ya boditšhaba kgatlhanong le kgwebisano e e seng molaong ya ditlhagiswa tsa motsoko segolo kwa dinageng tse di saenileng Tumelano e.

3. Maemo a kabinete mo mererong ya jaanong

3.1. Kabinete e tshidisitse ba malapa a batho ba ba tlhokafetseng go sa le gale mo dikotsing tsa dipalangwa tsa botlhe tse di akaretsang go thulana ga dibese di le pedi kwa Johannesburg mo bekeng e e fetileng le go thulana ga diterena mo bekeng e kwa Seteišeneng sa Denver kwa borwa jwa Johannesburg. Kabinete e na le tsholofelo e e tletseng gore ditlhotlhomiso ka mafapha a a maleba di tla tlhomamisa gore dikotsi tse di bakilwe ke eng le go netefatsa gore dikotsi tsa mothale o ga di ne di diragala gape.

3.2. Kabinete mmogo le Moporesitente Zuma e romela matshidiso go lelapa, ditsala le lefatshe la kgwele ya dinao ka kakaretso ka go tlhokafala ga motshameki wa maloba wa Bafana Bafana e leng John “Shoes” Moshoeu yo o bolokilweng ka Mosupologo, 27 Moranang 2015. O tla nna a gopolwa jaaka motshameki wa kgwele ya dinao yo o neng a na le talente yo o nnileng le seabe se segolo mo phenyong ya rona ya Sejana sa Dinaga tsa Aforika ka 1996.

3.3. Kabinete mmogo le Moporesitente Zuma e romela matshidiso go Puso le batho ba Rephaboliki ya Temokerasi ya Federale ya Nepal, morago ga thoromo e e boitshegang ya lefatshe ka Lamatlhatso, 25 Moranang 2015, e e laoditseng diketekete tsa matshelo a batho. Kabinete e akgola mekgatlo ya Aforika Borwa e e seng ya puso e e setseng e rometse batho go ya go thusa kwa Nepal.

3.4. Kabinete e rometse matshidiso go lelapa la ga Moborikadiri-Generala Bita yo o tlhokafetseng a le dingwaga di le 75 kwa Tanzania. Moborikadiri-Generala Bita o dirile jaaka Mokwaledikhuduthamaga wa Komiti ya Kgololo ya Mokgatlo wa Kitlano ya Aforika (OAU) wa maloba. E nnile moamogedi wa Sekgele sa Semphato sa OR Tambo ka Gauta, e leng tlotlo e e kwa godimo go gaisa e Aforika Borwa a e neelang batswantle.

4. Ditiragalo tse di tlang

4.1. Moporesitente Zuma o tla tsenela Keteko ya bo70 ya Phenyo ya Ntwakgolo ya Lefatshe (Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe kwa Red Square kwa Moscow ka la bo 9 Motsheganong 2015. O tla tshwara gape le Kopano ya sebedi le Moporesitente wa Russia, Vladimir Putin.

Leeto le le tla tiisa dikamano tsa ga jaana tsa sebedi le Federeišene ya Russia go tswelela go godisa tirisanommogo mo makaleng a le mmalwa.

4.2. Mo ketekong ya Letsatsi la Badiri (1 Motsheganong 2015), Kabinete e ikuela go badiri botlhe go momagana go bopa ikonomi ya Aforika Borwa le go nna le seabe mo kontinenteng le mo lefatsheng.

Fa e sale ka 1994, puso e rotloeditse ditshwanelo tsa badiri mme se se bakile gore badiri ba tswelwe mosola mo go tlhongweng ga dipoelo tsa tshireletso ya badiri le loago.

4.3. Mafapha a puso a tla tlhagisa ditekanyetsokabo tsa mafapha kwa Palamenteng magareng ga 5 le 21 Motsheganong go supa ditiragalokgolo tsa ona mo ngwageng o wa ditšhelete.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go latela ditekanyetsokabo tse mo mefuteng e e farologaneng ya bobegakgang go tlhaloganya botoka fa Ditona di tla bo di ala maano a Lenaanetiro la Puso (PoA).

4.4. Lefapha la Bojanala le setheo sa Bojanala sa Aforika Borwa di tla tshwara INDABA 2015 go tloga ka la bo 9 go fitlha ka la bo 11 Motsheganong kwa Inkosi Albert Luthuli International Convention Centre kwa Durban.

Tiragalo e ya Aforika ke serala se se botlhokwa sa go rotloetsa ditlhagiswa tsa Bojanala go mebaraka ya boditšhaba. E tshegetsa gape le ponelopele ya Togamaano ya Lekala ya Bojanala la Bosetšhaba go godisa ketelo ya boditšhaba go fitlha go dimilione di le 15 ka 2020 le go tlhola ditiro tse dišwa di le 225 000.

4.5. Kabinete e amogela Samiti ya Aforika ka ga Bong ya bo5, e leng ya ntlha go tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika. Samiti e e tshwaretsweng kwa Cape Town International Convention Centre. Samiti e ke serala sa ditlhopha le mekgatlo go ralala maemo otlhe a ditlhotlhomiso tsa saense go samagana le dintlha tse di tshwanang tsa bong. Samiti e e tshwerweng ke Lekgotla la Ditlhotlhomiso tsa Disaense tsa Setho e matlafatsa leano la ditlhotlhomiso la Aforika gore saense, thekenoloji, mafaratlhatlha, matlolle, bokgonio le tshedimosetso di kgone go tshegetsa botoka tlhabololo ya kontinente e.

4.6. Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tla keteka Beke ya Bophepa jwa Kgeleloleswe go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 15 Motsheganong ka fa tlase ga morero “Ga se fela ka go folaša”.

Beke e e thankgolotsweng la ntlha kwa Foramong ya Lefatshe ya WASH e e neng e tshwaretswe kwa Dakar, Senegal ka 2004, e ikaelela go tlisa tsiboso ka ga botlhokwa jwa kgeleloleswe le go rotloetsa tiriso e e gaisang ya kgeleloleswe.

Fa e sale ka 1994 puso e dirile go le gontsi mo tlamelong ka metsi le kgeleloleswe. Fa e sale ka Lwetse 2013, Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le fedisitse tiriso ya dikgamelo di le 14 386 go ralala naga. Puso e tswelela mo boineelong jwa yona jwa go samagana le tshalelomorago ya phediso ya tsamaiso ya dikgamelo mo baaging ba rona.

5. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

5.1 Precious Matsotso – Konteraka e e ntšhwafaditsweng ya dingwaga di le tlhano ya Mokaedikakaretso (DG): Lefapha la Boitekanelo.

5.2 Rre Thabane Zulu – Katoloso ya Konteraka ka dikgwedi di le 12, e e ka ntšhwafadiwang: Mokaedikakaretso: Lefapha la Mafelobonno a Batho.

5.3 Ditokololo tse e seng tsa khuduthamaga tsa Boto ya Bojanala ya Aforika Borwa:
a) Rre Vincent Zwelibanzi Mntambo (o thapilwe gape);
b) Rre Graham Ian Wood (o thapilwe gape);
c) Ngaka Ayanda Ntsaluba (o thapilwe gape);
d) Mme Charlotte Mary Chichi Machichana Maponya;
e) Rre Oregan Percival Mark Hoskins;
f) Ngaka Tanya Ethel Abrahamse;
g) Ngaka Iraj Abedian;
h) Mme Monhla Wilma Hlahla;
i) Mme Michelle Julie Constant;
j) Mme Judy Valerie Nwokedi;
k) Rre Aloysius Thebeetsile Ikalafeng (o thapilwe gape);
l) Rre Colin Geoffrey Bell;
m) Mme Amor Malan;
n) Mme Mmaditonki Setwaba

Lekgotla la Aforika Borwa la Diporofešene tsa Disaense tsa Tlhago:
a) Ngaka Gerda Botha (o thapilwe gape);
b) Ngaka Stephanus Esias Terblanche;
c) Moporofesara K A Nephawe;
d) Rre Neale Lance Baartjes;
e) Moporofesara George Johannes Bredenkamp;
f) Moporofesara Robin Michael Crewe;
g) Moporofesara Brian Kevin Reilly (o thapilwe gape);
h) Ngaka Juanita van Heerden;
i) Ngaka Jacqueline Suzanne Galpin;
j) Ngaka Roelof Coetzer;
k) Ngaka Irvy Gledhill;
l)  Rre Khangwelo Desmond Musetsho;
m) Ngaka Monde Mayekiso;
n) Rre Fhatuwani Leonard Ramagwede;
o) Ngaka Phethiwe Matutu;
p) Ngaka Philia Rixongile Vukea;
q) Moporofesara Mairam Gulumian;
r) Rre Poobalan Troy Govender;
s) Ngaka Wendy Ngoma;
t) Mme Thulisile Njapa Mashanda; le
u) Mme Matuloe Pertunia Masemola.

Dipotsiso: Mme Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139

Share this page

Similar categories to explore