Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 13 Motsheganong 2015

1. Dintlha tse di Botlhokwa mo Tikologong

1.1. Moporesitente Jacob Zuma o tla etelela pele mekete ya Letsatsi la BoAforika ka fa tlase ga moono “Re Aforika – re bula mejako ya thuto le setso go tswa kwa Kapa go leba kwa Cairo” ka la bo 24 Motsheganong 2015 kwa khamphaseng ya Mamelodi ya Yunibesiti ya Pretoria.

Ka mowa wa Letsatsi la BoAforika, Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa, bogolosegolo bašwa, go dirisana mmogo mo go gagamatseng seabe sa bona mo mererong ya naga ya borona.

Kgwedi ya BoAforika ke serala sa go rotloetsa tshwaragano magareng ga merafe ya Aforika mmogo le bana ba borona ba Aforika ba ga jaanong ba nnang mo Aforika Borwa. Tshwaragano ya kontinente e itshamile ka manaane a Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) go fitlhelela ponelopele ya yona jaaka go tlhagisitswe mo Lenaneong la Merero la 2063. Kontinente, e elediwa ke baagi ba yona, e tla lwela Aforika e e tshwaraganeng, e e humileng ebile e rena kagiso.

Letsatsi la BoAforika gape le tlhagisetsa maAforika Borwa tšhono ya go ikgolaganya sešwa mmogo le go ikanya sešwa mo go tshegetseng ditsereganyo tsotlhe tsa puso mo go tlhagiseng Aforika e e botoka le lefatshe le le botoka.

Moono wa Kgwedi ya BoAforika “Re Aforika” ke maikano ebile gape ke polelwana ya go ketekiwa ka boikgantsho e e rutang go akaretsana go tswa mo batsayakarolong le mo banneng le seabe botlhe. Gape ke pitso e e tshwanetseng go tseelwa dikgato ke batho ka bong le ka ditlhopha go tswa kwa dikhutlhong tse di farologaneng go ikamanya le kgato eno e e totileng phetogo.

1.2. Kabinete e amogetse Operation Fiela\Reclaim 2015, e leng kgato ya maphatakgalemo a le mantsi a ditheo tse di farologaneng tsa puso go netefatsa kobamelo e e lolameng ya melao le melawanataolo e e farologaneng e e laolang setšhaba sa borona.

Kgato eno e ikaelela go samagana le matsapa a bosenyi a a jaaka dibetsa tse di seng mo molaong, dithudi tsa diritibatsi, mesako ya bogwebi ka mmele mmogo le ditiragalo tse dingwe gape tsa tlolo ya molao.

Kabinete e gatelela gape gore kgato eno ga e a tota batswantle, fela e totile bosenyi ka fa gare ga naga ya rona jaaka bo utolotswe ke melokoloko ya dipuisano le baagi. Go fitlha mo ntlheng eno, Kabinete e ganetsa ka mafoko a a bogale ditshwaelo tsa gore kgato eno e totile batswantle.

Jaaka naga e e ikgantshang mo lefatsheng ka go nna le Molaotheo o o gaisang ebile o na le kgololesego e ntsi mo go ona, re tlhomilwe matlho fa go tla mo dintlheng tsa ditshwanelo tsa botho, ka ntlha ya seo, ga re kitla re letlelela kgato e e tla nnang kgatlhanong le ditshwanelo tsa botho tsa motho mongwe le mongwe kgotsa tsa ditlhopha.

Kabinete e itumelela kgatelopele e e dirilweng ke Operation Fiela, eo fa e sale e tlhomiwa e tlhagisitseng dikgolego di le dintsi ka ntlha ya diphuruphutso tse di farologaneng mo mafelong a a amegang mo bosenying go ralala naga. Kabinete e amogetse ditsibogelo tsa baagi bao ba dirisanang mmogo le batlhankedi ba molao mo go netefatseng gore batho botlhe ba babalesegile ebile ba ikutlwa gape ba babalesegile mo nageng.

Kgato eno, e e gagamatsang ntwa kgatlhanong le bosenyi, gape e thusa go rotloetsa le go tlhola Aforika Borwa e e babalesegileng ebile e sireletsegile thata.

Komiti ya Ditona tsa fa Gae ka ga Bofaladi e tla nopolela bobegakgang mo bokhutlhong jono jwa beke go ba anela ka tiro yotlhe ya bona, go akaretsa le Operation Fiela.

2. Go Tsenngwatirisong ga Manaane a Puso a a Botlhokwa

2.1. Kabinete e amogetse Dipuo tsa Thebolo Tekanyetsokabo tsa mafapha a a farologaneng ebile e itumedisitse ke dipegelo tse di tseneletseng tse di tlhagisitsweng ke ditona ka ga kgatelopele e e dirilweng mo go tokafatseng matshelo a batho. Ditshobokanyo di tseneletse gape le mo maanong a mafapha a bona a a tlotlegang tebang le ngwaga o re leng mo go one wa matlole.

2.2. Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Moetapele Initiative ya Lefapha la Merero ya Selegae kwa kantorong ya lona ya kwa Edenvale ka la bo 12 Motsheganong 2015. Kgato eno e ikaelela go fetola tse dingwe tsa dikantoro go ka nna ‘dikantoro tsa mabonwa’ jaaka bokatisi jwa tiro e ntle. Seno se tla thusa kabo ya ditirelo tse di botlhokwa mo maAforika Borweng le go ba letla go fitlhelela ditirelo tsa puso bonolo.

2.3. Kabinete gape e amogetse moletlo wa boikaniso wa Dikabo tsa Bofaladi tsa Aforika Borwa e leng tse di tla tlotlang bafaladi ba ba diphatsa mo Aforika Borwa mmogo le maAforika Borwa a a dirang kwa dinageng tse dingwe tsa Aforika. Kabinete e ipiletsa mo baaging go tlhopha bao ba nang le Botho ebile ba ineetse mo go tlhabololeng kontinente ya Aforika ka go romela imeile mo go samigrantawards@dha.gov.za

Ditlhopho di tswalwa ka la bo 20 Motsheganong 2015 mme bafenyi ba tla itsesiwe ka Letsatsi la BoAforika (25 Motsheganong 2015). E nngwe ya dikarolo tse di itumedisang tsa dikabo tseno e tla tlhagisa setšhaba sa Aforika se se atlegileng mo go amogeleng batswantle le go nneng mmogo le bone ka kagiso.

2.4. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga dikantoro tse di latelelang batho tsa topotuelo ya naga go ralala naga go letlelela batho botlhe ba ba nang le matshwanedi go tsenya topotuelo ya naga. Seno ke mo godimo ga dikantoro di le 14 tsa topotuelo ya naga tse di gasaganeng mo diporofenseng tsotlhe.

Thulaganyo eno e dira karolo ya letsholokakaretso la ditlhaeletsano tsa bosetšhaba le le tsenyang tirisong Molao wa Tlhabololo ya Ditshwanelo tsa Pusetso ya Mafatshe wa 2014, o o saenetsweng go ka nna molao ke Moporesitente Zuma. Molao wa Tlhabololo ya Ditshwanelo tsa Pusetso ya Mafatshe o letlelela gore go nne le pusetso mafatshe kgotsa dipaakanyo tsa tekatekano mo bathing le mo ditšhabeng tseo di neng di tseetswe ditshwanelo tsa bone tsa mafatshe morago ga 19 Seetebosigo 1913.

MaAforika Borwa otlhe a a nang le matshwanedi bao ba fetilweng ke letlha la bofelo la bo 31 Sedimonthole 1998 la go tsenya ditopotuelo tsa mafatshe ba neilwe tšhono e e atolositsweng go fitlha ka la bo 30 Seetebosigo 2019 go dira jalo.

2.5. Kabinete e amogetse kopano ya Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale  mmogo le baemedi le banna le seabe ba intaseteri ya meepo mo go buisaneleng Pegelo ya Tshekatsheko ya Lokwalotumelano lwa Meepo lwa 2014. Pegelo eno e lekola kgatelopele e e dirilweng mo dikarolong tse di botlhokwadi le robongwe tsa Lokwalotumelano lwa Meepo.

Lokwalotumelano lwa Meepo lo tlhagisitswe ka maitlhomo a go kganna merero ya diphetogo mo lekaleng le le botlhokwa la ikonomi ya naga. Dikarolo tse di tshwanetseng go sekasekiwa di ikaelela go baakanya tlhokotekatekano ya mo malobeng ka bobedi mo go kgaoganeng khumo le bao mo nakong e e fetilweng ba neng ba ganetswa tšhono eo mmogo le tlhabololo ya badiredi le bengdithoto ba kwa meepong.

3. Ditshwetso tse di Botlhokwa tsa Kabinete

3.1. Kabinete e dumeletse gore go ka tshwarelwa kwano Kopano ya Lekgotla la Pabalesego ya Diporo tsa Diterene tsa Boditšhabatšhaba ya bo 25 e e tla tshwarwang ka la bo 04 go fitlha ka la bo 09 Diphalane 2015 kwa Sandton International Convention Centre, e e kwa Johannesburg. Kopano eno ya boditšhabatšhaba e kopanya badiredi ba ba manontlhotlho ba pabalesego ya diporo tsa diterene go tswa lefatsheng ka bophara gore ba tle go abelana tshedimosetso, maitemogelo, dintlha tseo ba ithutileng tsone le mokgwa o o botoka go gaisa wa go baakanya ba pabalesego ya diporo tsa diterene.

Go tshwarelwa kwano kopano eno go na le kgonagalo ya go ka ngokela dipeeletso tsa boditšhabatšhaba, e leng se se ka tlotlomatsang ikonomi le go potlakisa peeletso mo mafaratlhatlheng a puso. Seno se neelwa gape matla ke dipeeletso tsa mo malobeng tsa Aforika Borwa mo makaleng a diterene tse di rwalang dithoto le tse di rwalang batho, e leng se se dirileng gore naga e nne le kgogedi mo dipeeletsong.

3.2. Kabinete e dumeletse gore go tlisiwe kwa Palamenteng Lokwalotumelano lwa Dipalangwa tsa kwa Mawatleng tsa Aforika go ka baakanngwa. Seno ke tumelano ya boditšhabatšhaba e e neelang ribelo ya dipholisi, gore go kgone go tlotlomatswa kgolo le tlhabololo ya leruri ya dipalangwa tsa dithoto tsa Aforika. Gape e tla rotloetsa kgwebisano magareng ga dinaga tsa ka fa Aforika go elatlhoko kopanelo ya ikonomi le ya ikonomi ya loago mo kontinenteng.

3.3. Kabinete e dumeletse gore go tlisiwe kwa Palamenteng Tlhabololo mo Tumelanong ya Mokgatlho wa Disathalaete tsa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano tsa Boditšhabatšhaba (ITSO). ITSO ke mokgatlho wa mafapha a puso o o netefatsang fa Intelsat Ltd, e leng tirelo ya sathalaete, e abelana ka ditirelo tsa puso tsa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano – go akaretsa mantswe, tshedimosetso le ditshwantsho – mo lefatsheg ka bophara le mo magatong a a sa tlhaololeng.

Ditlhabololo tseno di sireletsa tolamo ya pakatelele ya Ngwaoboswa ya Makoko Otlhe, le go netefatsa gore go nna le tswelopele mo go abeleng kgaso lefatshe ka bophara. Paakanyo gape ke karolo ya ditlapele tsa Aforika Borwa tsa boditšhabatšhaba mo go nneng le seabe mo go ageng lefatshe le le botoka le mo tlhabololong ya Aforika.

4. Maemo a kabinete mo mererong ya jaanong

4.1. Kabinete e hutsafaditswe ke go tlhokafala ga Seaparankwe, Ngaka Ruth Segomotsi Mompati mme e lebisa matshediso a yona kwa go ba lelapa le ditsala tsa gagwe. Ngaka Mompati o ineetse botshelo jwa gagwe jotlhe mo go lweleng kgololesego mme o ne a samagana le matsholo a a farologaneng go akaretsa la hisetori la Mogwanto wa Basadi wa Phatwe 1956.

Ka 1954, o ne a nna tokololo ya African National Congress (ANC) mme a tlhophiwa mo Komitikhuduthamageng ya Bosetšhaba (NEC) ya Lekoko la Basadi ba ANC. O ne a ya botshabelo ka 1962 mo a neng a katisiwa mo sesoleng mme a nna mo kantorong ya mokwaledi le go nna tlhogo ya karolo ya basadi ya ANC kwa Tanzania.

Jaaka moeteledipele mogolo wa ANC kwa United Kingdom o ne a nna karolo ya baeteledipele ba ba simolotseng dipuisano le puso ya mo malobeng ya Aforika Borwa kwa Groote Schuur ka 1990. Ka Phatwe 1992, o ne a neela puo ya gagwe kwa Komiting e e Itlhophileng ya Dinagakopano (UN) e e neng e le kgatlhanong le Tlhaolele kwa New York mo ntlheng ya basadi. Letsatsi leo le ne la tlhagisiwa ke UN jaaka Letsatsi la Boditšabatšaba la Tshwaragano le Basadi mo Aforika Borwa.

Jaaka modiretitota wa batho, o nnile le karolo e e botlhokwa thata mo go tlhabololeng naga ya borona ka a dirile jaaka Tokololo ya Palamente, Moambasatara wa Aforika Borwa kwa Switzerland go simolola ka 1996 go fitlha ka 2000 le go nna Meyara wa Vryburg (Naledi) kwa Bokone Bophirima.

O ineetse botshelo jwa gagwe jotlhe mo go boneng kgololesego ya naga ya rona mmogo le go supa maikemisetso a a sa suteng mo go direleng batho.

4.2. Kabinete e hutsafaditswe ke go tlhokafala ga Moleftenente Mogenerale Bongani Isidore Mbatha mme e lebisa matshediso a yona kwa go ba lelapa le ditsala tsa gagwe.

Mogenerale Mbatha o nnile tokololo ya Umkhonto we Sizwe, letlhakore la sesole la ANC ka 1978 mme morago ga foo a dira mo maemong a a farologaneng, go akaretsa a tlhogo ya dithoto.

Ka 1994, Mogenerale Mbatha o ne a karediwa mo Sesoleng sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF) mo a neng a tsenela dikatiso tse di tseneletseng mo ditirelong tse di farologaneng.

O ne a namelela mo maemong a tirelo ya SANDF, a dira mo maemong a le mantsinyana go fitlha a namelela gape go ka nna mo maemong a Moleftenente Mogenerale wa Dithoto ka 2014, e leng maemo a a neng a le mo go ona go fitlha a latswa kika.

5. Ditiragalo tse di tlang

5.1. Moporesitente Zuma o tla tsenela moletlo wa go tlhoma Kgosi ya AmaXhosa, Motlotlegi Kgosi Mpendulo Calvin Sigcawu (Ah! Zwelonke) kwa Lefelong la Bogosi la Nqadu kwa Willowvale, Kapa Botlhaba ka la bo 15 Motsheganong 2015.

Kabinete e lebogisa Kgosi Sigcawu ka go tlhomiwa ga gagwe mo bogosing mme e itumelela go dirisana mmogo le Bogosi jwa AmaGcaleka  mo go ageng metseselegae e e thantseng, e e lekalekanang ebile e le ya leruri.

5.2. Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsenela Indaba ya Metswedi ya Kgelelaleswe e e tla tshwarwang ka la bo 15 Motsheganong 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Ga se fela ka go folaša”. Indaba eno e tla neelana gape ka tšhono ya gore baabi ba ditirelo tsa thekenoloji ya metswedi ya kgelelaleswe ba tlhagisi didirisiwa tsa bona.

5.3. Lefapha la Tlhabololo ya Loago, ka tirisanommogo le Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA), ba tla tlhagisa Beke ya Tshireletsego ya Bana kwa Lebaleng la Metshameko la Franklin kwa Kokstad, KwaZulu-Natal ka la bo 25 Motsheganong 2015 ka fa tlase ga moono o o reng: “Re dirisana mmogo go sireletsa bana”. Beke eno e tla konosediwa ka la bo 31 Motsheganong 2015 kwa Gauteng.

Letsholotemose leno le ikaelela go kgobokanya makala otlhe a setšhaba go nna le pelo le go sireletsa bana. Mo godimo ga fao, le ikemiseditse go lemosa bana le basadi ka ga tshireletso ya semolao e ngwana a nang le yona ka fa tlase ga Molaotheo, melao, dipholisi mmogo le didirisiwa tsa boditšhabatšhaba.

Kabinete e ikuela mo batsading le mo batlhokomeding ba semolao ba bana go baa kwa setlhoeng tshireletsego ya bana ba bona le go netefatsa gore ba tlhokomelwa ke bagodi ba ba nang le maikarabelo. Batsadi le batlhokomedi ba semolao ba bana ba rotloediwa go ruta bana ba bona ka go itlhokomela mo dikotsing tse di leng teng tse di ka ba tlhagelang, go akaretsa maitshwaro kgotsa ditiro tse sa amogelesegeng tsa bagodi. Ke maikarabelo a batsadi kgotsa batlhokomedi ba semolao ba bana go itse ka dinako tsotlhe gore bana ba bona ba ko kae lr go tsaya dikgato tse di utlwalang mo go thibeleng dikotsi go netefatsa fa ba sireletsegile ebile ba babalesegile.

5.4. Tona ya Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso, Ngaka Siyabonga Cwele, o tla tshwara Imbizo kwa Musiamong wa Nelson Mandela  kwa Qunu, Kapa Botlhaba go keteka Letsatsi la Lefatshe la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Tshedimosetso ya Setšhaba ka la bo 17 Motsheganong 2015. Moletlo ono o tshwaretswe go rotloetsa batho go dirisa thekenoloji ka bontsi go tokafatsa matshelo a bona.

Tona o tla tlhalosa ka botlalo seo puso e se dirang mo go diriseng thekenoloji mo go tokafatseng kabo ya ditirelo mo maAforika Borweng otlhe, bogolosegolo bao ba nnang kwa metseseleganeng. Imbizoe tshwarwa ka tirisanommogo le Puso ya Porofense ya Kapa Botlhaba, magosi mmogo le Foramo ya Ditlhaeletsano tsa Aforika Borwa. Ngwaga le ngwaga, ka la bo 17 Motsheganong go tshwaiwa segopotso sa go saeniwa ga Mokwalo wa Thelekeramo ya Boditšhabatšhaba mmogo le go tlhomiwa ga Mokgatlho wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano wa Boditšhabatšhaba.

Maitlhomo a moletlo ono ke go thusa go lemosa dikgonagalo tse di tlisiwang ke go dirisiwa ga inthanenete le didirisiwa tse dingwe tsa thekenoloji ya tshedimosetso le ditlhaeletsano mo ditšhabeng le mo ikonoming, mmogo le ditsela tsa go tswala sekgala se se re arogantseng sa dijithale.

6. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

6.1. Moatefokate Motlatjo Josephine Ralefatane jaaka Monnasetilo wa Boto ya ZADNA.
6.2. Ngaka Thomas Kwadwo Gyedu-Ababio jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Botsamaisi jwa Bongokametsi jwa Inkomati-Usuthu.
6.3. Ngaka GV Andrews jaaka Motlhankedimogolo wa Tiragatso kwa Lefapheng la Boitekanelo.
6.4. Rre NM Ratshoma jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa Lekala la Dipholisi tsa Ikonomi kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba.
6.5. Rre KG Sukdev jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Botsamaisi jwa Diphenšene tsa Badiredipuso.
6.6. Rre AD Mogajane jaaka Motlatsamokaedikakaretso wa Matlole a Puso kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams (Sebueledi sa Kabinete sa namaotshwere)
Mogala: 083 501 0139
 

Share this page

Similar categories to explore