Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 18 Tlhakole 2015

1. Go tsenngwa tirisong ga Manaane a a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogela Puo ya ga Moporesitente Jacob Zuma ya Maemo a Setšhaba, e e neileng maAforika Borwa tšhono ya go utlwa Lenaanetiro la puso. Puso e ikuela mo baameging botlhe go ralala naga go Dira Mmogo mo leanong la dintlharobongwe gore go tlhosediwe kgolo le go tlhama ditiro. Go netefatsa gore maAforika Borwa a tlhaloganya Lenaanetiro la puso botoka, go baakantswe matsholo a tlhaeletsano a morago ga Puo ya Maemo a Setšhaba go tlamela ka dintlha tse di malebana le dikitsiso tse di dirilweng ke Moporesitente. Tsona di akaretsa dikopano tsa Bobegakgang tsa Ditlhopha tsa Ditona tse di tshwerweng go simolola ka la bo 15 go fitlha ka la bo 24 Tlhakole 2015.

Go tlaleletsa foo, Puo ya Tekanyetsokabo ya 2015/16 e e rulaganyeditsweng la bo 25 Tlhakole 2015, e tla tlhagisa kabelo ya ditlamelo go ya kwa mananeong a a farologaneng a puso go ya jaaka Moporesitente a gateletse.

Kabinete e nyatsa maitsholo a a maswe le a a sa tshwaneleng palamente a Ditokololo dingwe tsa Palamente ka nako ya Pulo ya Palamente.
Go a swabisa gore baemedi bano ba ba tlhophilweng ke batho ba itlhophetse go nyatsa go intsha setlhabelo le kgaratlho e e nnileng teng gore re fitlhelele temokerasi ya rona e re e fufuletseng.

1.2 Kabinete e itsisitswe ka kgatelopele e e fitlheletsweng ka ikonomi ya mawatle ya Operation Phakisa. 'Lab' gongwe legato la go loga maano le diragetse kwa Durban ka Phukwi le Phatwe 2014 mme la lebisa kwa go tlhagisiweng ga 'maano a a laolegang' a a nang le dintlha tse di malebana le go godisa ikonomi ya mawatle. Jaanong Tiro eno e setse e le mo legatong la go tsenngwa tirisong, mme le akaretsang go lekola le go tsamaisa porojeke ya go tsenya tirisong. Go setse go tlhomilwe dikarolo tse di tla diragatsang mme gape go rulagantswe ditsela tsa go lekola le go akofisa.

Gape go nnile le kitsiso ya Operation Phakisa ya bobedi e e eteletsweng pele ke Lefapha la Boitekanelo, e e totileng Go fitlhelelwa ga Ditleliniki tse di Maleba le Tlhokomelo ya tsona go go tsweletseng ga jaana mme go tlhomilwe ke Moporesitente ka la bo 18 Ngwanaitseele 2014.

1.3 Kabinete e amogetse Togamaano ya Letlhomeso la Bosetšhaba la Ditshwanelo le Boitekanelo jwa Basima jwa Thobalano le Tsalo. Togamaano eno e totile tsweletso ya dipoelo tsa boitekanelo tse e leng gore mooko wa tsona ke boitekanelo jwa thobalano le tsalo jwa bašwa. Togamaano gape e tla netefatsa gore go nna le kgokaganyo e e tokafetseng, tsamaisano mmogo le tepatepano mo mananeong a puso, baagi mmogo le balekane ba tlhabololo ba ba setseng ba dira mo lephateng la boitekanelo jwa basima jwa thobalano le tsalo. Komiti ya Ditona ya Pholisi ya Baagi e tla okamela go tsenngwa tirisong, go lekolwa mmogo le go sekasekwa ga Togamaano eno.

1.4 Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pholisikakangwa ya Tlhabololo ya Bana Ba Bannye mo Kaseteng ya Puso. Seno ke karolo ya Lenaneo la Tiragatso le le Kopaneng la Aforika Borwa la Tlhabololo ya Bana Ba Bannye – Re gatela pele 2013-2016, le le amogetsweng ke Kabinete ka la bo 18 Lwetse 2013. Pholisi e tlamela ka letlhomeso la maikarabelo a puso a go tlamela ka tirelo e e akaretsang ya ditirelo tsa boleng tsa Tlhabololo ya Bana Ba Bannye tse di tla nnang teng gotlhe ka selekano se se lekaneng le bogaufi gore bana botlhe ba kgone go itumelela ditšhono tse di lekalekanang tsa go ka di fitlhelela.

Gape pholisi e itsise ditirelo di le mmalwa tse dintšhwa go tlatsa diphatlha tse di supilweng mo ditirelong tse di farologaneng tse di leng teng ga jaana, bogolo segolo mo matsatsing a ntlha a le 1 000 a botshelo jwa ngwana.

Gape Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Komiti ya Ditona tsa fa Gae (IMC), e e tla netefatsang mokgwa o o tsamaelanang e bile o gokagane. Modulasetilo wa yona e tla nna Tona ya Tlhabololo ya Loago.

1.5 Kabinete e amogetse go gololwa ga pegelokakangwa ya Ntlha ya Dinaga ya Paka ya Tumelano ya Ditšhabakopano (UN) ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole, gore batho ba tshwaele mo go yona mo sebakeng sa matsatsi a le 20. Pegelo e akaretsa paka ya Moranang 2012 - Mopitlwe 2013.

1.6 Kabinete e amogetse gore Aforika Borwa e nne le seabe mo Ngwageng wa Boditšhabatšhaba wa Dimmapa ka 2015 le 2016 ka go rulaganya ditiro kwa legatong la bosetšhaba ka maitlhomo a go oketsa seelo sa temogo le kitso ya dimmapa mo Aforika Borwa. Dimmapa di thusa gore go tlhaloganngwe mathata le dikgonagalo, go tshwana le tlamelo ya matlo, go tshola ditlamelo tsa tlhago gore di nnele ruri, go samagana le matshosetsi mmogo le go gokaganya mafaratlhatlha a dipalangwa a a mo dinakong e bile a akaretsa. Go tlhaloganya tshedimosetso ya sebaka mo lefatsheng go thusa ka maano le go tsaya ditshwetso malebana le ditlhabololo mo Aforika Borwa.

2. Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1 Kabinete e amogetse Kaelo ya go tsenngwa tirisong ga ditlhatlhobo tsa ditokololo tsa Ditirelo tsa Botsamaisibogolwane (SMS) tse di ikaegileng ka bokgoni, tse di rebotsweng go ya ka Kgaolo ya 4 karolo ya II (d) le Kgaolo ya 4 karolo ya VI ya Melawana ya Tirelosetšhaba, 2001.

Kaelo e e baakantsweng e tsweletsa go supiwa ga ditlhokego tsa tlhabololo tsa Ditokololo tsa SMS, e itsise tiriso ya ditiragatso tsa setegeniki mme gape e tlamela ka kaedi e e malebana le gore mafapha a ka dirisa jang dipoelo tsa ditlhatlhobo tsa bokgoni mmogo le dithulaganyo tse dingwe tsa go ngoka badiri le go ba tlhopha.

2.2 Kabinete e amogetse go tshwarwa ga Beke ya Bosetšhaba ya Imbiz go tloga ka la bo 7 go fitlha ka la bo 12 Moranang 2015 ka moono wa “Mmogo re isa Aforika Borwa pele”.
Beke eno e tla nna ya go etela ntlo le ntlo go dira ditshwantshiso tsa magae; diporojeke tsa go tsamaya mo metseng kgotsa go e etela; dipuisano le baamegi; go buisana le baagi; mmogo le go buisana le bobegakgang jwa kgwebo le jwa baagi. Seno se naya baeteledipele tšhono ya go buisana ka tlhamalalo le maAforika Borwa, go ikutlwela matshwenyego a baagi ka tlhamalalo mmogo le go lekola tswelelopele ya mananeo a puso.

3 Melaotlhomo

3.1 Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Tshireletso, Tsweletso, Tlhabololo le Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Kitso ya Tlhago mo Kaseteng ya Puso mmogo le thulaganyo ya patlomaikutlo mo setšhabeng. Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go gokaganya tshireletso ya Kitso ya Tlhago le go busetsa le go lemoga Kitso ya tlhago e e amanang le, gape e le ya baagi ba selegae mo Aforika Borwa. O gokaganya go siamisiwa ga ditshwanelo le ditshiamelo tse baagi ba tlholego le ba selegae ba di timilweng.

3.2 Gape Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Taolo ya Ditlhobolo wa 2015 mo kaseteng ya Puso gore batho ba tshwaele mo go ona. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Taolo ya Ditlhobolo wa 2000 mme o tsibogela Ponelopele ya Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba ka go leka go tokafatsa letlhomeso la molao le taolo le le tla laolang ditlhobolo. Taolo ya ditlhobolo ke ntlha ya botlhokwa ya tsamaiso ya puso ya go lwantsha bosenyi.

4 Maemo a Kabinete mo mererong ya jaanong

4.1 Kabinete e ikuela mo baaging le dipopegotheo tse di rulaganeng go dira le puso, ka fa tlase ga boeteledipele jwa Kantoro ya Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso, go netefatsa gore dikgwetlho tsa Kwa Malamulele kwa Limpopo di a rarabololwa. Kabinete e nyatsa go kgorelediwa ga dikolo ke ditlhopha dingwe jaaka tsela ya go tlhagisa dingongorego. Seno se tseetse bana tshwanelo ya bona ya thuto mme sa iletsa bangwe tshwanelo ya go ikwadisetsa ditlhatlhobo tsa tlaleletso tsa Mophato wa 12. Go tlhamiwa ga lekgotlatoropo kwa Malamulele go tshwanetse go nna mo molaong jaaka o beilwe ke Boto e e kgaoganyang Melelwane.

4.2 Kabinete e nyatsa ditlhaselo tsa batswakwa jaaka tiragatso ya bosenyi mme e boeletsa gore ditheo tsa tiragatso ya molao ga di kitla di oka oka go tsaya dikgato tse di maleba kgatlhanong le ope fela yo go ka fitlhelwang a susumetsa tirisodikgoka eo. Ga gona boima bope jwa ikonomi gongwe ngongorego epe e e ka dirang gore bosenyi jo bo amanang le ditlhaselo tseno bo amogelesege. Aforika Borwa e saenile Thulaganyokutlwanelo ya Geneva ya Bafudugedi mme e itlamile go sireletsa batswakwa botlhe mo nageng. Jaaka mosaeni wa Thulaganyokutlwanelo, le jaaka naga e e dumelang mo ditshwanelong tsa botho, re tla sireletsa ditshwanelo tsa botho tsa motheo tsa motho mongwe le mongwe yo a leng ka fa gare ga naga ya rona, go akarediwa le batswakwa.

4.3 Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Tumelano e e Tlhamang Thulaganyo ya Rasefe ya Nakwana ya BRICS le Tumelano e e ka ga Bankatlhabololo e Ntšhwa kwa Palamenteng gore e tlhomamisiwe. Thulaganyo ya Rasefe ya Nakwana e tlhamelwa go tsibogela kgatelelo ya nakwana ya dituelo tsa ditshalelomorago. Go feta moo, e tla dira jaaka tsiboso go thusa dinaga tsa BRICS go bonela pele dikgatelelo tse di ka nnang teng tsa madi mo pakakhutshwaneng, go tlamela tshegetsano mmogo le go tiisa letlole la ditšhelete la lefatshe.

4.4 Kabinete e lemoga go fetisiwa ga Modulasetilo wa karolo ya Aforika Borwa ya Lekgotlakgwebo la BRICS go tswa go Rre Patrice Motsepe go ya go Rre Brian Molefe. Rre Motsepe e ne e le modulasetilo yo a tlhomilweng semmuso wa dikarolo tseno di le pedi e leng karolo ya Aforika Borwa le Lekgotlakgwebo la BRICS lotlhe. Mo pakeng ya gagwe, Rre Motsepe o atlegile mo go tlhameng setheo seno sa botlhokwa jaaka karolo ya botlhokwa ya sethalo sa BRICS mme a dira jaaka modulasetilo ka matsetseleko. Kabinete e leboga Rre Motsepe ka tiro ya gagwe mme e eletsa Rre Molefe masego jaaka a tsaya marapo ano a botlhokwa.

4.5 Kabinete e akgola setlhopha sa Bosetšhaba sa Kerikhete ka ntlha ya tiragatso ya sona kwa Sejaneng sa Lefatshe sa Kerikhete mme e se eleletsa masego jaaka naga yotlhe e ba eme nokeng mo kgaisanong e e tsweletseng kwa Australia le New Zealand.

4.6 Kabinete e akgola moletsi wa folute Wouter Kellerman yo o gapileng Sekgele sa Grammy sa best new age album. Rre Kellerman o gatisitse Winds of Samsara le motlhami wa India, Ricky Kej, mme seo sa ba gapela sekgele sa tirisanommogo ya bona.

4.7 Kabinete e rata go leboga badirisi botlhe ba motlakase ka ntlha ya go tsibogela boikuelo jwa gore ba fokotse tiriso ya motlakase. Thulaganyo ya go samagana le dikgwetlho tsa motlakase e amogela tsibogo e e kwa godimo. Setlhophana se se diphatsa se se tlhamilweng ke Kabinete ka Sedimonthole 2014, mme se eteletswe pele ke Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa se netefatsa gore go akofisa go tsenngwa tirisong ga leano la dintlha tse tlhano go fetola seemo sa jaanong.

4.8 Kabinete e ikgolaganya le Moporesitente Zuma go romela matshediso go balelapa le ditsala tsa mogaka wa bokwadi wa Afrikaans, Moporofesara Andre P. Brink. O tla gakologelwa jaaka mongwe wa bakwadi ba botlhokwa ba Afrikaans yo o dirisitseng neo ya gagwe ya bokwadi go ema kgatlhanong le puso ya tlhaolele.

5 Ditiragalo tse di tlang

5.1 Kabinete e boeletsa boikuelo jwa ga Moporesitente Jacob Zuma jwa gore mekgatlho yotlhe kwa Lesotho e itshole ka tsela e e dirang gore go nne le seemo se se siametseng go ka tshwara ditlhopho tse di renang kagiso, di se bofitlha, di ikanyega, di gololesegile e bile di sa gobelele, mme di bontsha keletso ya batho.

Gape Kabinete e tlhagisa gore e ikanya tiro ya tsereganyo e e tswelelang pele ya Boelatlhoko jwa Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) kwa Lesotho ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Motlatsamoporesitente Ramaphosa. Jaaka karolo ya ditshwetso tsa Ditlhogo tsa Mebuso tsa Troika tsa SADC le Puso, Aforika Borwa e tla diragatsa seabe sa yona ka go etelela pele le go nna karolo ya Baelatlhoko ba Ditlhopho ba SADC kwa Nagabogosing ya Lesotho, malebana le ditlhopo tse di rulaganyeditsweng la bo 28 Tlhakole 2015.

5.2 Molaodimogolo wa Sesole sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa, Moporesitente Jacob Zuma e tla nna motlhankedimogolo kwa Moletlong wa Letsatsi la Matsholotshireletso ka fa tlase ga moono wa "Sesole se se manontlhotlho e bile se na le bokgoni sa maAforika Borwa" ka la bo 21 Tlhakole 2015 kwa Potchefstroom, Bokone Bophirima. Letsatsi la Matsholotshireletso le ketekwa ngwaga le ngwaga go tlotla banna le basadi ba ba aparang yunifomo ba ba direlang setšhaba ka botswapelo fa gae le kwa moseja.

5.3 Kabinete e rotloetsa bathapi botlhe gore ba ba obametseng Molao wa Tekatekano ya go Thapa (EE) go tsenela Dikgele tsa Tekatekano ya go Thapa ya 2015 pele ga letlha la go tswalela la bo 13 Mopitlwe 2015.

Tiragalo eno e e tshwarwang ke Khomišene ya Tekatekano ya go Thapa, e lemoga nopola ba ba diragaditseng maano a a netefatsang tekatekano le dipharologano tsa go thapa, a ntse a fedisa ditiragatso tsa go tlhaola go go gobelelang.

5.4 Tona ya Bojanala, Derek Hanekom o tla tlhagisa puo ya pulo kwa Kopanong ya Aforika e e diragalang kwa Tikwatikweng ya Dikopano ya Sandton go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 25 Tlhakole 2015, ka fa tlase ga moono wa: "Re tsweletsa Aforika Mmogo". Seno ke dipontsho tsa kgwebo tse di gaisang tsa Biro ya Dikopano ya Bosetšhaba ya Aforika Borwa, e e kopanyang babontshi ba Aforika le badirisi ba boditšhabatšhaba.

5.5 Kabinete e amogetse go tshwarwa ga Foramo ya Lefatshe ya Ikonomi (WEF) - Aforika mo Aforika Borwa, kwa Tikwatikweng ya Dikopano ya Boditšhabatšhaba ya Motsekapa (CTCC) go simolola ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Seetebosigo 2015. Moono e tla nna "Maloba le Gompieno:  Re akanya sešwa ka isago ya Aforika". WEF-Aforika ke foramo ya ikonomi e e totileng kgaolo e e tlamelang ka tšhono ya gore dikgwebo tsa selegae le tsa kgaolo le babeeletsi ba ba nang le kgatlhego mo kgaolong, ba refosanye le go sekaseka ditirisanommogo tse di ka nnang teng mo dipusong.

Kopano ya WEF-Aforika e tla tlamela Aforika Borwa ka tšhono ya tlaleletso go buisana le go ngoka baeteledipele ba Aforika, dikgwebo tsa boditšhabatšhaba le tsa kgaolo ka ditsereganyo tse di ka nnang teng go golaganya kgaolo le kgolo e e tokafetseng mo Aforika Borwa le mo kgaolong.

6 Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang go ikaegilwe ka go tlhomamisiwa ga makwalothuto le tse dingwe tse di tlhokegang:

6.1 Go atolosiwa ka dingwaga di le tharo ga konteraka ya ga Ngaka Mphathi Philemon Mjwara jaaka Mokaedikakaretso: Lefapha la Saense le Thekenoloji.

6.2 Rre Pule Godfrey Selepe jaaka Mokaedikakaretso wa Lefapha la Dipalangwa.

6.3 Moambasatara Nonceba Nancy Losi-Tutu jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Phorothokholo ya DIRCO

6.4 Lekgotla la Seemo sa Pegelo ya Ditšhelete:
a) Rre Suresh Kana (Modulasetilo, o thapilwe gape);
b) Mme Christine Ramon (o thapilwe gape);
c) Rre Johan Brink (o thapilwe gape);
d) Rre Garth Coppin (o thapilwe gape);
e) Rre Bruce Mackenzie (o thapilwe gape);
f) Rre Khaya Dludla (o thapilwe gape);
g) Rre Dumisani Manana (o thapilwe gape);
h) Mme Dawn Earp (o thapilwe gape);
i) Mme Naidene Ford-Hoon (o thapilwe gape);
j) Mme Kim Bromfield (o thapilwe gape);
k) Moatefokate Rory Wayne Voller;
l) Mme Matshepo Faith More;
m) Mme Anuradha Sing; le
n) Mme Tania Wimberley.

6.5 Rre Coceko Bambihlelo Johan Pakade jaaka Mokhuduthamagamogolo wa Terasetetlhabololo e e Ikemetseng.

Dipotsiso: Sebueledi sa Kabinete sa Namaotshwere Phumla Williams kwa 083 501 0139.

Share this page

Similar categories to explore