A. Merero ya ga Jaanong
1. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
1.1. Maemo a Boporesitente a Aforika Borwa mo Mokgatlhong wa Dinaga di le Masomeamabedi (G20)
1.1.1. Maemo a Boporesitente a Aforika Borwa mo Mokgatlhong wa G20 a ragogile ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Tshwaragana, Go Lekalekana le Go Tlhokomelana”, mme go setse go garetswe ka katlego Kopano ya Ntlha ya Ditona tsa Dinaga tsa G20 tsa Merero ya Botsalano le Dinaga tsa Boditšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Johannesburg go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole 2025, mmogo Kopano e nngwe gape ya Ntlha ya Ditona tsa Dinaga tsa G20 tsa Merero ya Matlole le Ditlhogo tsa Ditheo tsa Dibanka tse Kgolo tsa Dinaga tseo mme kopano eo e santse e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 27 Tlhakole 2025.
1.1.2. Kopano ya ntlha ya Ditona tsa G20 tsa Merero ya Boditšhabatšhaba mo dinageng tsa bobona e neile ditona tseno tšhono ya go itshekatsheka mabapi le dikgwetlho tsa sepolotiki tsa mo dikgaolong tsa bona mme go ne ga buisanelwa ditsela tseo ba ka iponelang ditharabololo tsa dikgwetlho tseno. Kopano eno e eme nokeng ditshitshinyo tsa naga ya Aforika Borwa tse di ka ga go tlhokomela maemo a sepolotiki mo dikgaolong tsa bona, mmogo le go ema nokeng le dintlha tse naga ya Aforika Borwa e di beileng kwa setlhoeng go samagana le tsona mo maemong a yona a Boporesitente jwa G20, mmogo le go totobatsa ntlha ya gore Kopano ya G20 e botlhokwa mo go maswe fa go tla mo go direng gore ikonomi ya lefatshe ka bophara e dirisane mmogo.
1.1.3. Mo godimo ga kopano eo, naga ya Aforika Borwa e kgonne go tshwara gape le Dikopano tse di latelang tsa Tiro:
1.1.3.1. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Thuto (e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Tlhakole 2025). Maitlhomo a yona e ne e le go abelana ka tshedimosetso le go dira gore go dumelanwe ka ditharabololo mo dikarolong di le tharo tse di botlhokwa tsa Setlhopha sa Tiro eno, mme tsona ke: (a) Karolo e e Botlhokwa ya 1: Go Nna le Thuto ya Bana ba Bannye e e Boleng: go dira gore dikolo tsa bomapimpana di nne le seabe mo go tlhabololeng boleng jwa thuto ya bana ba bannye; (b) Karolo e e Botlhokwa ya 1: Go Nna le Makwalothuto a a Rebolwang ka fa Nageng a a Amegelwang jaaka a Mangwe mo Lefatsheng ka Bophara; mme (c) Karolo e e Botlhokwa ya 3: e ka ga Go Tlhatlhelela Barutabana gore ba Nne le Kitso e e Tsepameng gore ba kgone go mekamekana le diphetogo tse di nnang teng mo lefatsheng.
1.1.3.2. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Go Matlafatsa Basadi (e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 18 Tlhakole 2025). Bao ba neng ba tsenetse kopano ya setlhopha seno ba eme nokeng dintlha tse di botlhokwa tseo naga ya Aforika Borwa e batlang go di diragatsa mme dintlha tseno di tsamaisana gape le tseo dinaga tsa bobona di samaganeng le tsona mo mererong ya basadi mme di tsamaisana gape le matsholo le dintlha tse di botlhokwa tsoeo Boporesitente jwa naga ya Brazil bo ipeetseng tsona.
1.1.3.3. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Didirisiwa tsa Thekenoloji mo Ikonoming (e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 17 go fitlha ka la bo 19 Tlhakole 2025). Maitlhomo a yona e ne e le go abelana ka tshedimosetso le go dira gore go dumelanwe ka ditharabololo mo dikarolong tse di botlhokwa tsa Setlhopha sa Tiro eno. Dikarolo di le nne tsa teng ke tsona tseno: (a) Go gokelela batho botlhe mo mafaratlhatlheng a thekenoloji gore a tswele setšhaba mosola; (b) Go tsenye le go fetola mafaratlhatlha a thekenoloji a setšhaba; (c) Tirisanommogo mo go itshimololeleng didirisiwa tsa thekenoloji: go kgontsha gore bokgoni jwa go itshimololela dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo mo lephateng leno bo atlege; mmogo le (d) Go dira gore batho botlhe, ka go lekalekana, ba fitlhelele dithekenoloji tsa maemo a a kwa godimo tse di dirang ditiro tse di diriwang ke batho.
1.1.3.4. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Go Tlhola Ditiro (e tshwaretswe kwa Gqeberha go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole 2025). Mo Kopanong ya Tiro eno go tšhotlhilwe kgang ya kgolo ya ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona, go tlholela bašwa ditiro, go dira gore batho ba bong jo bo sa tshwaneng ba thapiwe ka go lekalekana, go fedisa setlwaedi sa megolo ya batho ba ba dirang tiro e e tshwanang mme ba sa gole mogolo o o lekalekanang mmogo le seabe se thekenoloji e tla nnang le sona mo ditirong tsa mo isagong.
1.1.3.5. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Setso (e tshwerwe ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 21 Tlhakole 2025). Dintlha tse di botlhokwa tsa Setlhopha seno sa Tiro, tseo bao ba neng ba tsenetse kopano ya setlhopha seno ba di emeng nokeng, ke tse di latelang (a) Karolo e e Botlhokwa ya 1: Go dira bonnete jwa gore tshwetso e e tserweng ya Ngwaobošwa jwa Setso e Tlhokomela Ditshwanelo tsa Batho; (b) Karolo e e Botlhokwa ya 2: Go Golaganya Dipholisi tsa Merero ya Setso mo maanong a go samagana le ikonomi ya go thusa setšhaba e leng se se tla dirang bonnete jwa gore go nna le tlhabololo e e tsenyeletsang tlhabololo ya Ditshwanelo tsa batho botlhe; (c) Karolo e e Botlhokwa ya 3: Go sola mosola Dithekenoloji tsa Segompieno mo go Sireletseng le mo go Tsoletseng Setso le mo go direng gore go nne le Diikonomi tse di Tsetsepetseng; mmogo le (d) Karolo e e Botlhokwa ya 4: Ka fao Setso le Maemo a Loapi di Golaganang ka Gone: mo go Samaganeng le ka fao Lefatshe le Tsibogelang ka Gona dintlha tseno.
1.1.4. Dikopano tse di latelang ke tsa Ditlhopha tsa Tiro tsa G20 mmogo le tsa Ditlhopha tsa go Phetagatsa Tiro mme tsona di tla tshwarwa go tloga gompieno go fitlha Mopitlwe 2025 o konosela:
1.1.4.1. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya go Fetola Metswedi ya Motlakase: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Tlhakole 2025.
1.1.4.2. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Temothuo: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 4 Mopitlwe 2025.
1.1.4.3. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya go Lwantshana le Bogodu: e tla tshwarelwa kwa Motsekapa go tloga ka la bo 3 go fitlha ka la bo 5 Mopitlwe 2025.
1.1.4.4. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Bojanala: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka la bo 5 Mopitlwe 2025.
1.1.4.5. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya go Fokotsa Dikotsi tse di Tlhodiwang ke Masetlapelo: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka la bo 5 Mopitlwe 2025.
1.1.4.6. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa go Phetagatsa Tiro e e ka ga Merero ya go Dira gore Naga e se Tlhaele Dijo: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka la bo 5 Mopitlwe 2025.
1.1.4.7. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Kgwebisano le Dipeeletso: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Mopitlwe 2025.
1.1.4.8. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa go Phetagatsa Tiro e e ka ga Merero ya go Kgolo ya Ikonomi e e Tswelang Botlhe Mosola, go Tlhola Diintaseteri, go Tlhola Ditiro le go Fokotsa go se lekalekane ga setšhaba: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ka la bo 17 Mopitlwe 2025.
1.1.4.9. Kopano ya bobedi ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Maokelo: e tla tshwarelwa kwa Durban go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
1.1.4.10. Kopano ya ntlha ya Setlhopha sa Tiro e e ka ga Merero ya Tlhokomelo ya Tikologo le ya Maemo a Loapi: e tla tshwarwa ka mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 26 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2025.
1.1.5. Tshedimosetso ka botlalo ka ga go tshwarelwa ga dikopano tse di farologaneng tsa G20 ka fa nageng ya Aforika Borwa mmogo le eo e leng ka ga tseo di tšhotlhilweng mo dikopanong tseo o ka tsena mo webesaeteng ya: www.g20.org KGOTSA mo go ya: www.g20.org.za
1.2. Dipuisano tsa Sepolotiki Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le Mokgatlho wa Dinaga tsa Yuropa (EU)
1.2.1. Kabinete e itumeletse kemonokeng ya EU mo maemong a naga ya Aforika Borwa e a okameng mo dipolotiking tsa lefatshe mmogo le mo dintlheng tse di botlhokwa tsa Boporesitenteng jwa G20 morago ga gore Aforika Borwa le EU di tshware Dikopano tsa Ditona tse di ka ga Dipuisano tsa Dipolotiki ka la bo 19 Tlhakole 2025 tse di neng di tshwaretswe kwa Motsekapa.
1.2.2. Kopano eno e neile EU le Aforika Borwa tšhono ya go gatelela dintlha tseo ba dumelanang ka tsona mo go emeng nokeng ntlha ya gore dinaga ka go farologana ga tsona di nne le seabe mo ditshwetsong tsa lefatshe, mo kagisong e e ikaegileng ka melawana ya boditšhabatšhaba, mmogo le mo botlhokweng jwa Lekwalo la Ditshwanelo lwa Dinagakopano (UN). Makoko ano ka bobedi a dumelane gape le ka gore go na le tlhokego e kgolo thata ya gore Lekgotla la Merero ya Pabalesego la Dinagakopano (UNSC) le fetolwe, mo go dumelwaneng gore tlhokagalo eno e tshwanetswe go diragadiwa ka bonako gore lekgotla leno le kgone go emela dinaga tsotlhe, le nne le ditokololo tsotlhe tsa dinaga tse di farologaneng, merero ya lona e se nne bofitlha, le dire ka botswapelo e bile gape le nne le maikarabelo.
1.2.3. EU le Aforika Borwa ba boisane gape le ka tirisanommogo ya bona mo mererong ya tirisanommogo mo mererong ya dipolotiki le mo dikopanong tsa dikgaolo tsa tsona, segolobogolo mo matsapeng a ba a dirang mmogo mo go tsholetseng ditshwanelo tsa batho le mo go tliseng tlhabololo e e tsepameng mmogo le mo go samaganeng le maemo a legodimo a a fetogetseng ruri. Go sekasekilwe gape le ditšhono tsa go godisa tirisanommogo mo go ditirelong tse di botlhokwa tse di sa feleng, go tsenyeletsa le mo go tlameleng ka dirašhwa tse di iseng di apeiwe tse di botlhokwa, mo maitlhomo e leng go tswelela go godisa dikgaisano tse bobedi bo samaganeng le tsona, mo go direng gore ikonomi e se kgwetlhe mmogo le go direng matsapa a go fedisa kuelelo ya mesi.
1.2.4. Kopano eno e sotswe mosola gape jaaka kopano ya go ipaakanyetsa kopano e e tlang ya EU le Aforika Borwa mme yona e tla tshwarwa ka la bo 13 Mopitlwe 2025 mme yona e tla tshwarelwa ka fa nageng ya Aforika Borwa. Mo kopanong eno go tla atlhaatlhwa dintlha tse di jaaka go fetola botsalano fa go tla mo mererong ya ikonomi, go fetola metswedi ya motlakase go dirisa e e sa phuaganyeng lefatshe, merero ya pabalesego le tshireletsego, tirisanommogo mo mererong ya dipolotiki tsa lefatshe le mo go nneng le botlhokwa jo bo tla nnelang ruri.
1.2.5. Mo kopanong go tlhalositswe gape le gore go botlhokwa go tshwara Kopano ya Ngwaga wa 2025 ya Ditona tsa Dinaga tsa EU le Dinaga tsa Aforika.
1.3. Lekgotla la Tshireletsego le Kagiso (PSC) la Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) le la Tshwetso ya Lekgotla la Tshireletsego la Dinagakopano (UNSC) mo ntlheng ya seo se diragalang kwa karolong ya botlhaba jwa naga ya Democratic Republic of Congo (DRC)
1.3.1. Kabinete e itumeletse mmogo le go ema nokeng AU PSC mmogo le Tshwetso ya UNSC mabapi le maemo a kwa botlhaba jwa DRC.
1.3.2. AU PSC e itumeletse tshwetso e e tserweng ke Mokgatlho wa Dinaga tsa Botlhaba jwa Aforika (EAC) mmogo le Mokgatlho wa Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) mo go dumelanweng ka lefoko la gore ntwa e e tsweletseng e emisiwe ka ponyo ya leitlho, go se kgorelediwe ga mebila e e dirisediwang go isa thuso kwa bathong ba ba leng mo tlalelong, mmogo le go koba masole otlhe a a sa lalediwang kwa botlhaba jwa DRC, go tlotliwa ga melelwane ya naga ya DRC mmogo le go nna le seabe ga maphata otlhe a mebuso le ao e seng a mebuso mo dipuisanong tsa sepolotiki ka go latela thulaganyo ya Dipuisano tsa go Tlisa Kagiso ya Luanda-Nairobi.
1.3.3. Tshwetso ya UNSC e laela makoko otlhe (a puso le ao e seng a puso) kwa botlhaba jwa DRC go fedisa ka ponyo ya leitlho ntwa e e tsweletseng koo ntle le go duelela kgomo epe, jaaka baeteledipele ba EAC le ba SADC ba dirile boikuelo jono.
1.3.4. Tshwetso eno e laela gape le gore masole a digongwana tsa menolopuso a M23 a tswe mo dikarolong tsa botlhaba jwa DRC tseo a di thopileng mmogo le go laela Masole a Naga ya Rwanda go ikgogela morago mo go thuseng masole ano a M23 mmogo le go tswa ka ponyo ya leitlho mo lefatsheng la Congo “ntle le go duelela kgomo epe”.
1.3.5. Kabinete e rometse molaetsa wa go eletsa pholo ya ka bonako go masole otlhe a le 10 a a buseditsweng ka fa nageng a a gobetseng, mme ga jaanong ba alafelwa mo maokelong a naga ya bobona ya Aforika Borwa.
1.4. Kopanokgothakgothe ya AU e e ka ga go Fedisa Tirisodikgoka e e Tlhasetseng Basadi le Basetsanyana (AU-CEVAWG)
1.4.1. Kabinete e itumeletse dikgato tsa AU tsa go amogela AU-CEVAWG, e leng sedirisiwa sa molao seo maitlhomo a sona e leng go fedisa tirisodikgoka mo basading le mo basetsaneng mo kontinenteng ya Aforika.
1.4.2. Gore AU-CEVAWG e tsenngwe tirisong ke ka ntlha ya tshwetso e e saleng e tsewa mo nakong e e fetileng moo Ditlhogo tsa Dinaga tsa AU ka Tlhakole 2023 di neng tsa dumelana ka ntlha eno kwa Kopanong ya AU.
1.4.3. Maitlhomo a kopanokgothakgothe eno ke go tla ka leano la go tsamaisa tiro le le nang le dintlha tsotlhe mmogo le tsa melao e e gapeletsang go obamelwa e leng tsela ya go thibela le go fedisa mefuta yotlhe ya tirisodikgoka mo basading le mo basetsanyaneng ba kontinente yotlhe ya Aforika. Seno se tla diriwa ka go samagana le setlhodisegolo sa mefuta ya tirisodikgoka eno, go naya ditheo tsa molao maatla, mmogo le go tsholetsa setlwaedi sa gore batho ba tlotle ditshwanelo tsa batho ba bangwe, tsa batho ba bong jo bongwe mmogo le seriti sa basadi le basetsanyana.
1.4.4. Seno se tla dira gape le bonnete jwa gore ditheo tsa mebuso di dirisa dikgato tse di tshwanang mo go lwantshaneng le tirisodikgokga mo basading le mo basetsanyaneng.
2. Ikonomi
2.1. Go Fetolwa ga Letlha la go Tshwara Kopano ya Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga
2.1.1. Kabinete e batla go totobatsa ntlha ya gore go fetolwa ga letlha la go tshwara kopano ya Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga go tloga mo go la bo 19 Tlhakole 2024 gore e tla tshwarwa ka la bo 12 Mopitlwe 2024 ke ka ntlha ya Kabinete mo ntlheng ya go tšhotlha kgang ya gore e tswe jang mo go rarabololeng dikgwetlho tsa tlamelo ka matlole mo nageng e matlole a yona a seng mantsi go le kalo.
2.1.2. Kabinete e netefaletsa maAforika Borwa gore dipuisano magareng ga ditokololo tsa Kabinete mabapi le Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2025 di tsweletse mme go buisanelwa gore ke mokgwa ofe o o gaisang o o ka dirisiwang go tlamela naga ya rona ka matlole mmogo le go netefatsa gore tekanyetsokabo eno e bontsha seo re batlang go se fitlhelela rotlhe re le maAforika Borwa.
2.1.3. Tiragalo eno ya go fetola letlha la kopano eno, le fa e le lantlha seno se diragala fa e sale mo hisetoring ya naga ya Aforika Borwa, ga se selo se e leng gore mo lefatsheng ka bophara ga se diragale, e bile ke sengwe seo Molao wa Taolo ya Tiriso ya Madi a Puso (PFMA) wa ngwaga wa 1999 (Molao wa bo 1 wa 1999) o se letlelelang.
2.2. Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng (QLFS)
2.2.1. Kabinete e itumeletse palo e e yang kwa godimo ya batho ba ba thapilweng mme seno se tla morago ga gore diaplopalo tsa batho ba ba senang ditiro e fokotsege ka tlhomagano, mme seno ke palo e e kwa tlase thata fa e sale kotara ya boraro ya ngwaga wa 2023.
2.2.2. Dipalopalo tsa batho ba ba senang ditiro di fokotsegile ka diphesente di le 31.9 mo kotareng ya bone ya 2024 mme e fokotsegile go tloga mo diphesenteng di le 32.1 mo kotareng e e fetileng. Palo ya batho ba ba nang le ditiro e oketsegile ka 132 000 mme ga jaanong palo yotlhe e eme mo go dimilione di le 17.1 fa ka fa letlhakoreng le lengwe palo ya batho ba ba senang ditiro e fokotsegile ka ba le 20 000 go fitlha go ba le dimilione di le robedi mo kotareng yona eo.
2.2.3. Palo ya ditiro mo kotareng eno e tlhatlogile mo diintasetering di le 10 tseo Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) se dirileng dipatlisiso mo go tsone, mme tsona di tsenyeletsa le tsa matlole (mo go tlhodilweng ditiro di le 232 000), mme tsona di latelwa ke tsa tlhagiso ya dikuno (mo go tlhodilweng ditiro di le 41 000), go latele ditiro tsa go thusa mo malapeng (mo go tlhodilweng ditiro di le 18 000) mmogo le dipalangwa (mo go tlhodilweng ditiro di le 232 000).
2.2.4. Kabinete e totobaditse maikemisetso a puso a go tlhola ditiro mo leitlho le le ntšhotšho le tsepamisitsweng mo go thapiweng ga bašwa. Ka ntlha ya Letsholo la Maditshegetso a go Tlholela Bašwa Ditiro la Moporesitente, ditiro di ka nna dimilione di le 2.2 di setse di tlholetswe bašwa.
2.3. Kgwebisano le Dipeeletso Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya China
2.3.1. Kabinete e itumeletse katlego e e nnileng teng mo dipuisanong magareng ga Monnasetulo wa Lekgotla la Naga ya China le le Samaganang le Merero ya Kgwebisano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (CCPIT) Rre Ren Hongbin le Motlatsamoporesitente Paul Mashatile mo go neng go atlhaatlhiwa ditsela tse di botoka tsa go gwebisana le go beeletsa magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya China.
2.3.2. Leeto leno le latela leeto la bobedi Leeto la Moporesitente go Etela ka Mabaka a Tiro Naga ya China leo le neng le tserwe ke Moporesitente Cyril Ramaphosa ka Lwetse 2024. Leeto leno le samagana segolobogolo le dipoelo tsa dipuisano tsa dikgwebo tse di neng di tlhomilwe kwa pele ke kantoro ya Moporesitente, go tsenyeletsa le Foramo ya Moporesitente ya Dikgwebo tsa Naga ya Aforika Borwa le China, kopano magareng ga Moporesitente le Baeteledipele ba le 20 ba maemo a a kwa godimo mo dipeeletsong tsa naga ya China, mmogo le Kopano ya Beng ba Dikgwebo e e tshwaretsweng kwa Shenzhen eo go tsepamisitsweng mogopolo mo go yona e e ka ga dipeeletso tse di botlhokwa mo nageng ya China tse di dirang gore go nne le thekenokji le mafelo a oitlhamedi.
2.3.3. Naga ya Aforika Borwa e ngoketse dikgwebo tsa naga ya China go tsenela dikopano tse di farologaneng tsa merero ya dikgwebo tse di mabapi le Kopano ya G20 e e tshwarelwang ka fa nageng monongwaga fa ka fa letlhakoreng le lengwe CCPIT yona e laleditse naga ya Aforika Borwa go tsenela Kopano ya Boraro ya Dipontsho tsa Ditlhagisiwa tsa Naga ya China tse di Rekisediwang Dinaga tsa Boditšhabatšhaba e e tla tshwarelwang kwa Beijing ka Phukwi 2025.
2.3.4. Botsalano magareng ga naga ya Aforika Borwa le China bo gagamaditswe gape le ke go goroga ga setlhopha sa ntlha sa bajanala go tswa kwa nageng ya China ba ba nebg ba dirisa Sekema se se ntšhwa sa Balaodi ba ba Tshepagalang ba Ditirelo tsa Bojanala (TTOS). Sekema seno sa TTOS se letlelela dikgwebo tsa balaodi ba ba tlhotlhomisitsweng gore ba ka dira dikopo mo legatong la setlhopha sa bajanala ba le kwa nageng ya China le ya India ba dirisa mafaratlhatlha a a tshepagalang a thekenoloji mme ba iponele dikarabo tsa dikopo tsa bona mo nakonyaneng e khutshwane e e sa tseyeng diura di le kalo.
3. Boitekanelo
3.1. Bolwetse jwa Leruo (HFMD)
3.1.1. Kabinete e itumeletse lepotlapotla le ditheo tsa molao le kgonneng go thibela go anama ga bolwetse jwa leruo bo bo runtseng kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal le ya Kapa Botlhaba, jaaka bo iponagatsa ka masole a a jaaka go tswa diso tse di botlhoko le go rurua diatla. Bolwetse jono ga bo tshwane le jo bo amang diphologolo gonne bona ga bo bolaye batho.
3.1.2. Go dipalo di le mmalwanyana tsa balwetse ba ba gatelegileng thata ka ntlha ya bolwetse jono mme bona ba fitlhetswe mo dikolong tse di potlana le mo dikolong tsa bo mapimpana di le mmalwa mo diporofenseng di le pedi tseno.
3.1.3. Bagokgo ba dikolo go ikuelwa mo go bona go dira bonnete jwa gore letsatsi le lengwe le le lengwe mo dikolong tsa bona ba lekola barutwana gore ga go na ba ba nang le matshwao a bolwetse jono.
3.2. Malwetse a Dijo
3.2.1. Letlha la bofelo la go kwadisa mabetlele otlhe a di-spaza le a a rekisang dijo mo dimasepaleng tseo a direlang mo go tsona ke Labotlhano wa la bo 28 Tlhakole 2025. Mabentlele otlhe a di-spaza a a sa kwadisiwang ebile a sa latele maemo a boitekanelo a tlile go tswalelwa.
3.2.2. Puso e tsentse tirisong dikgato tseno ka Ngwanaitseele 2024 jaaka e ne e le karolo ya go leka go dira gore mabentlele a di-spaza a latele molao gore go tle go thibelwe dipalo tsa bana ba ba neng ba tlhokafala mo go sa tlhokagaleng ka ntlha ya fa ba rekiseditswe dijo tse di nang le botlhole tse di ka tswang di rothetswe ke botlhole jono gona kwa mabentleleng ano. Ditlhopha tsa maphata a a farologaneng di tsweletse go sekaseka maemo go ralala le naga go dira bonnete jwa gore barekisi botlhe ba dijo ba latela molao le go obamela maemo a boitekanelo le a pabalesego.
3.2.3. Kabinete e ikuela mo bareking, batsading le mo bagodising ba bana gore ba reke dijo mo mabentleleng a a nang le dilaesense tsa gore ba rekise dijo mmogo le go ela tlhoko melao ya dijo tse di femelesegileng. Go ikuelwa le mo baaging go itlwaetsa go latela mekgwa e e siameng ya go tlhokomela dijo go tshwana le go tlhapa diatla tsa bona ka metsi le sesepa pele ba ka dira dijo kgotsa ba di ja.
4. Merero ya Tlhokomelo ya Baagi
4.1. Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa (SASSA)
4.2. Nako e e neng e beilwe ya gore batho ba ba golang madi a tlhokomelo ya setšhaba a puso ba tle go tlise Dikarata tsa kgale tsa Gauta tsa SASSA mme ba tle go tsaya tse dintšhwa tse Dintsho e fetotswe gore jaanong e nne ka la bo 20 Mopitlwe 2025.
4.3. Batho ba le 716 900 ba ba amogelang megolo eno ba kgonne go fetola dikarata tsa bona go dirisa tsa ga jaanong tse dintsho tsa Postbank, mme le mafelo a go ka latiwang dikarata tseno kwa go ona a okeditswe go ralala le naga ka bophara gore go kgonwe go fokotsa dilaene le go thusa gore motho yo mongwe le yo mongwe yo a amogelang megolo eno a kgone go latelela karata eno gaufi le mo a nnang teng. Postbank e okeditse gape le palo ya badiredi ba lebentlele ba ba thusang ka ditirelo tsa go thusa ba ba latlhegetsweng ke dikarata tsa bona mme palo eno e okeditswe go tloga go badiredi ba le babedi go fitlha go ba le batlhano, mme seno se ya ka gore lebentlele leo le tlhoka thuso ya badiredi ba le ba kae.
4.4. Bao ba amogelang madi ano ba rotloediwa go leba kwa lebentleleng lengwe le lengwe le le gaufi le bona la Checkers, Shoprite, Pick n Pay, Usave, kgotsa Boxer go ya go dira dikarata tsa bona tse dintsho tsa Postbank teng. Go tlhokagala lekwaloitshupo la semmuso la Aforika Borwa kgotsa la nakwana. Dijanaga tsa dikantoro tsa Postbank le tsona di tla iponagatsa mo mafelong a a leng kwa metseselegaeng e e kgakala le mabentlele go thusa batho ba ba amogelang megolo eno. Mo godimo ga seo, Postbank e tla dirisana gape le Setlamo sa mabentlele a Spar, mme sona se tla abelana ka ditirelo tseno mo mabentleleng a sona a le 200 go ralala le naga ka bophara.
4.5. Kabinete e ikuela mo bathong botlhe ba ba amogelang megolo eno go gakologelwa gore Dikarata tsa Mmala wa Gauta tsa SASSA di ka se tlhole di dira fa la bo 20 Mopitlwe 2025 o goroga mme e bile gape batho botlhe ba ba iseng ba dire dikarata tse dintšhwa ba tla tshwanela ke go leba kwa dikantorong tsa Postbank go ya go gola megolo ya bona teng.
5. Go Lwantshana le Botlhokotsebe
5.1. Kabinete e amogetse pegelo ya Dipalopalo tsa Dikgetse tsa Botlhokotsebe e e bontshang gore dikgetse mo dikarolong tse di farologaneng tsa botlhokotsebe di fokotsegile mo nageng ka bophara. Kotara ya boraro ya ngwaga wa matlle wa 2024/25, e bontsha gore dipalopalo tsa dikgetse tsa dipolao e fokotsegile ka diphesente d le 9.8, dipalopalo tsa dikgetse tsa dipetelelo di fokotsegile ka diphesente di le 3.3, mme dipalopalo tsa dikgetse tsa maiteko a petelelo di fokotsegile ka diphesente di le 3.2. Go nnile gape le phokotsego mo botlhokotsebeng jwa go amogiwa ga dijanaga ka dikgoka mmogo le tsa go kgothisiwa.
5.2. Le fa dipalopalo tsotlhe tsa botlhokotsebe di tsweletse go nna mo maemong a a kwa godimo a a sa amogelesegeng, diphokotsego tse di leng teng tseno di bontsha gore maiteko a Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) a na le mosola.
5.3. Twantsho ya botlhokotsebe ke maikarabelo a a leng mo diatleng tsa mapodisi, baagi le lephata la dikgwebo. Kabinete e ikuela mo maAforika Borweng otlhe go nna le seabe mo go lwantshaneng le ditiragalo tsa botlhokotsebe ka go begela seteišene sa sepodisi se se gaufi le bona ka tiragalo nngwe le nngwe fela ya botlhokotsebe e e diragalang fa pele ga matlho a bona kgotsa ka go letsetsa Mogala wa go Lwantshana le Ditiro tsa Bosenyi mo go: 08600 10111.
6. Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC
6.1. Kabinete e ikuetse mo babegakgang ba ka fa nageng ya Aforika Borwa go romela maina a bona mo go tseneleng dikgaisano tsa Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC tsa ngwaga wa 2025. Letlha la bofelo la go tsenela dikgaisano tseno ke la bo 28 Tlhakole 2025.
6.2. Babegakgang botlhe ba ba batlang go tsenela dikgaisano tseno ba ka bona tshedimosetso ka botlamo mo webesaeteng ya www.gcis.gov.za. Mmegakgang yo mongwe le yo mongwe yo a tla fenyang maemo a ntlha mo dikgaisanong o tla thopa madi a a kanaka didolara tsa Amerika di le 2500 mme ba ba fentseng maemo a a tlang fa morago ga maemo a ntlha bona ba tla thopa madi a a kanaka didolara tsa Amerika di le 1000. Bafenyi ba maemo a ntlha ba tla abelwa disetifikeiti tsa go fenya mo matsatsing a gaufi le go tshwarwa ga Kopano ya Ditlhogo tsa Dinaga le Mebuso ya SADC ka Phatwe 2025.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Dikgato tsa go Busetsa Motlakase le go Supoga mo Dinaleng tsa Phage ya Motlakase o o Tshabetseng Ruri
1.1. Kabinete e amogetse le go leboga go bewa mo dinakong ka dikgato tse Eskom e di tsereng go busetsa motlakase sekeng go latela gore go itemogelwe matsapa mo diteišeneng di le mmalwa tsa motlakase mo kwa bofelong go feleditsweng go buseditswe tirong ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri mo maitlhomo e neng e le go sireletsa diyuniti tsa tlamelo ya motlakase tsa ka fa nageng.
1.2. Ditiragalo tseno tse di sa tlwaelegang le tse di sa tsamaisaneng tse di diragetseng ka la bo 22 Tlhakole 2025 di dirile gore motlakase o o neng o bolokilwe o fele ka bonako. Tsona di tsenyeletsa go kgaoga ga motlakase mo Seteišeneng sa Motlakase sa Majuba, go tima ga dipompo tsa metsi a a rurufatsang mogote wa dijenereitara tsa motlakase kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Camden mmogo le go tima ga yuniti ya motlakase kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Medupi.
1.3. Kabinete e leboga ka fao batlhankedi ba setegeniki ba Eskom ba rarabolotseng bothata jono ka bonako ka gone mo go busetseng dimekawate tsa motlakase di le 4 800 mo go buseditsweng tirisong diyuniti di le nne mo go di le tlhano tse di neng di timile kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Majuba fa diyuniti di le pedi mo go di le nne tse di neng di timile kwa Seteišeneng sa Motlakase sa Camden le tsona di buseditswe tirisong fa ura ya borobedi bosigo jwa la bo 23 Tlhakole 2025 e goroga.
1.4. Mo go tsenyeng tirisong leano la go tsosolosa motlakase, setheo seno sa motlakase se bonela kwa pele gore seno se tla dira gore ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri di fokotsege. Go samaganwe le matsapa a go bokeletsa motlakase wa tlaleletso, segolo mo go rekeng disele, gore go kgonwe go samagana le go ritibatsa maemo a motlakase mo matsatsing a a tlang.
1.5. Le fa go na le matsapa ano, go na le kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tokafatseng maemo a tlhagiso ya motlakase mmogo le mo go tlhokomeleng tlamelo e e tshepagalang ya motlakase. Fa e sale go tloga ka la bo 1 Moranang 2024 go fitlha ka la bo 20 Tlhakole 2025 go ntse go sena ditiragalo tsa motlakase o o tshabetseng ruri sebaka sa matsatsi a le 323, fa go bapisiwa le matsatsi a le 32 mo pakeng yona eno mo ngwageng wa 2023. Mo pakeng eno motlakase o ne o ntse o le teng sebaka se se ka lekanang diphesente di le 99 fa go bapisiwa le sebaka sa diphesente di le 9.8 tsa mo ngwageng wa 2023.
1.6. Kabinete e nopotse gore motlakase o o leng mo tseleng wa dimekawate di le 1 600 go oketsa o re nang le ona o tla golaganngwa le Yuniti ya bo 6 ya Seteišeneng sa Motlakase sa Kusile ka la bo 9 Mopitlwe 2025 mmogo le Yuniti e nngwe gape ya bo 4 fa Mopitlwe 2025 o garelwa mme seno se tla oketsa motlakase wa naga ya rona.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leano la Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP) Go Tloga ka Ngwaga wa 2024 go Fitlha ka wa 2029
1.1. Kabinete e neseditse pula leano la MTDP la ngwaga wa 2024-2029, mme lona le tlhagisa dintlha tse di botlhokwa mo tsamaisong ya Puso ya Bosupa. MTDP e agelela mo godimo ga Leano la Tlhabololo la Naga, Polelwana ya Maitlhomo ya Puso e e Tshwaraganetsweng ya Naga (GNU), mmogo le mo godimo ga ditumelano tse go dumelanweng ka tsona mo kopanong ya Cabinet Lekgotla e e tshwerweng go tloga ka la bo 29 go fitlha ka la bo 30 Ferikgong 2025.
1.2. Mo godimo ga seno, MTDP e tsenyeletsa gape le dintlha di le tharo tse di botlhokwa thata mo togomaanong e Moporesitente Ramaphosa a buileng ka yona mo Puong ya Gagwe ya Pulo ya Palamente ka la bo 18 Phukwi 2024. Leano leno le ema nokeng matsholo a puso gore a tle a direle setšhaba sotlhe mo nageng mme e leng seo se tla dirang gore maikaelelo a GNU a kgone go diragadiwa. Maitlhomo a lona, gare ga tse dingwe, ke go aga kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, go fokotsa botlhokatiro, tshokolo mmogo le ditlhwatlhwa tse di tsweletseng go tlhatloga tsa dilwana tse setšhaba se iphedisang ka tsona mmogo le go go dira bonnete jwa gore re aga puso e e nang le bokgoni, e e tlisang tlhabologonang e bile e na le seriti.
2. Leano la go Tsamaisa Tiro ya Ditlhaeletsano la Bosetšhaba (NCSF) – 2024-2029
2.1. Kabinete e neseditse pula NCSF gore e ka tsenngwa tirisong mo maphateng otlhe a puso. NSCF ke karolo ya tiro e e tsweletseng ya go godisa dithulaganyo tsa ditlhaeletsano mo pusong ka bophara, mo go emeng nokeng dikgato tsa go tsenya tirisong MTDP 2024-2029 jaaka go tlhalositswe mo Pholising e e ka ga Ditlhaeletsano tsa Puso, e e neseditsweng pula ke Kabinete mo ngwageng wa 2018, mme ga jaanong e santse e sekasekiwa sešwa.
2.2. NCSF e tsibogela megopolo e e reng ditlhaeletsano tsa puso di tshwanetse go bua ka lefoko le le esi, lefoko la puso le tshwanetse go tshepagala mo setšhabeng mme le babeeletsi ba tshwanetse ba nne le tshepo mo nageng, lefoko la puso le tshwanetse go dira gore setšhaba se tshwaragane mme se ipope seoposengwe mmogo le go dira gore baagi ba nne le seabe mo mererong ya naga ka go dira matsapa a gpre go rotloediwe maAforika Borwa go dirisa tshedimosetso go fetola matshelo a bona mmogo le go sola mosola ditšhono tsa go thusa setšhaba tse di thusang gore re nne le naga e e tlhabologileng.
3. Go Tsenya Tirisong Semolao ga Melao ya Kgwebisano le Basadi le Bašwa ka go Dirisa Letsholo le le Sutisang Dikgoreletsi mo Kgwebisanong ya Dinaga tsa Aforika (AfCFTA)
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisa kwa Palamenteng AfCFTA ya Melao ya Kgwebisano le Basadi le Bašwa gore e tsenngwe tirisong semolao.
3.2. Maitlhomo a melao eno ke go oketsa seabe se basadi le bašwa ba nang le sona mo kgwebisanong fa go tla mo letsholong la AfCFTA, mme ebile melao eno e ranola dintlha tse di rileng tse di jaaka go thusa basadi le bašwa ba ba leng mo dikgwebong gore ba kgone go tsaya karolo ya bona ka botlalo mo dimarakeng. Melao eno e leka go tsenyeletsa gape le boleng le boitlhamedi jwa basadi le bašwa mo dikgwebong tsa go reka le go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle, mmogo le go rotloediwa go gwebisana le dikgwebo tsa mo kgaolong ya rona le mo kontinenteng ya rona.
3.3. Melao eno gape e tlhagisa le mekgwa e e tshwanetsweng go dirisiwa go gatoga setlwaedi sa go tlhaolola ba bangwe, mekgwa ya go tsholetsa tekatekano le go akaretsana e leng dilo tse di tla dirang bonnete jwa gore basadi le bašwa le bona ba unngwelwe mo ditšhonong tsa go gwebisana. E mengwe ya melao e e botlhokwa e tsenyeletsa ya go fedisa dikgoreletsi tsa go duelela lekgetho tse di nang di dira gore basadi le bašwa ba retelelwe ke go tsenela dikgwebo tseno, go tlhotlheletsa gore ba nne le seabe fa go tla mo go kwaleng dipholisi tsa dikgwebo tseno, mmogo le go fetola maemo a bona gore ba se tlhole ba ketefalelwa ke go adimiwa matlole ke ditheo tsa matlole.
3.4. Melao eno go solofetswe gore e tla ema basadi le bašwa nokeng mo lephateng la kgwebisano gore ba kgone go iponela ditšhono tse di tlang le letsholo la AfCFTA e leng se se tla ba bulelang dikgoro gore ba kgone go nna le seabe mo dikgwebong tse di gwebisanang magare ga dinaga tsa kontinente ya Aforika.
4. Go Tsenya Tirisong Semolao ga Melao ya Pholisi ya Dikgaisano tsa Dikgwebo mo Letsholong la AfCFTA
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tlisa kwa Palamenteng Melao ya Pholisi ya Dikgaisano tsa Dikgwebo mo Letsholong la AfCFTA gore e tsenngwe tirisong semolao. Melao eno dinaga tsa AU di dumelane ka yona gore e netefatse gore dikgaisano tsa dikgwebo mo kontinenteng di tswela mosola kgwebisano, di tswela mosola kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola, di tswela mosola go bulwa ga diintaseteri mmogo le go dira gore ikonomi e se nne bodipa.
4.2. Melao eno e tsepamisitse megopolo mo go thibeleng dikgato tse di dirang gore dikgwebo tse dingwe di se kgone go gaisanela dimaraka mme e dira seno ka go tla ka leano la go tsamaisa tiro le le tla tlhagisang dikakanyo tsa gore go ka rarabololwa jang mathata a a jaaka bothata jwa go nna le dikgwebo tse dintsi tse di tshwanang, go dirisa maatla botlhaswa ga dikgwebo tse dingwe mmogo le mathata a mangwe a mantsi a a tsamaisanang le dikgaisanelo tsa dimaraka.
4.3. AU e a dumela gore ka ntlha ya go se nne le dipholisi tse di samaganang le mathata a dikgaisanelo tsa mebaraka kwa bofelong seno se feletsa se dirile gore go nne le ditiragalo tse di thibelang kgaisanelo ya dimaraka tse di jaaka digongwana tsa borukhutlhi mmogo le tsa go ithera ga dikgwebo go rekisa ditlhagisiwa ka ditlhwatlhwa tse di boitshegang e leng ditiragalo tse di bontshang gore dikgwebo tseno di dirisa maemo a bona mo dimarakeng ka tsela e e seng mo molaong.
4.4. Melao eno e tla dirisiwa mo ditiragalong tsotlhe tsa ikonomi tse di itshetlegileng ka mebaraka ya AfCFTA mme e tla sala morago ditiragalo tse di dirang gore go se nne le dikgaisanelo tsa dimaraka, mmogo le tsona ditiragalo tsa borukhutlhi tse di diragalang mo mebarakeng ya boditšhabatšhaba le mo dikgwebong tse di kgabaganyang melelwane jaaka go se melao e e gagametseng e e laolang dikgwebo tseno, mmogo le go samagana le ditiragalo tsa go gaisanela mebaraka tse di tlhodilweng ke dikgwebo tse dikgolo tse dikgwebo tsa teng di sa tlhageng ka fa kontinenteng.
5. Dipoelo tsa Aforika Borwa Morago ga Gore e Nne le Seabe mo Dingangisanong tsa Kopanikgothakgothe ya bo 79 ya UN (UNGA 79)
5.1. Kabinete e sekasekile le go nesetsa pula pegelo ya dipoelo tsa UNGA 79 ka molaetsamogolo yo o reng: “Ga go ope yo re mo tlogelang kwa morago: re tsaya dikgato mmogo ka maitlhomo a go godisa go rena ga kagiso, tlhabololo e e tsepameng le go nna le seriti ga batho ba re tshelang le bona gompieno le ba ba tla tshelang mo lefatsheng leno mo isagong”.
5.2. Maitlhomo a Aforika Borwa mo go tseyeng karolo mo Kopanong ya UN e e ka ga isago ke go tsepamisa mogopolo mo tšhonong ya go dira gore lefatshe ka bophara le dumelane ka selo se le sengwe mmogo le mo go direng kgatelopele mo dintlheng tse di botlhokwa tse di jaaka Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri mmogo le mo dinageng tsa Aforika, mo go direng gore kopano eno e tsepamise mogopolo mo dikgatong tsa lefatshe tsa go ema nokeng maitlhomo a go tlhabolola kontinente.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Moporofesara John Lamola o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa sebaka sa dingwaga di le pedi.
2. Moporofesara Busani Ngcaweni o thapilwe go nna Mokaedikakaretso (DG) mo Lefapheng la Sekolo sa Naga sa Katiso le Tlhatlhelelo ya Badiredipuso (NSG) (konteraka ya gagwe ya tiro e atolositswe ka dingwaga di le tlhano).
3. Rre Lindelwa Simphiwe Hamilton o thapilwe go nna DG mo Lefapheng la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (dtic).
4. Rre Tebogo Seokolo o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso (DDG) mo Lephateng la Merero ya Aforika ka fa Lefapheng la Dikamano le Tirisano le Dinaga tsa Boditšhaba (DIRCO).
5. Mme Angela Sizakele Magangoe o thapilwe go nna DDG mo Lephateng la Merero ya Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Setšhaba ka fa Lefapheng la Thuso ya Baagi (DSD).
6. Mme Thandeka Gloria Ngcobo o thapilwe go nna Motlhankedimogolo wa Matlole wa DSD.
7. Batlhankedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Nakwana ya Setheo sa Puso sa Merero ya Tlhokomelo ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le tsa Thekenoloji:
(i) Mme Sedzani Mudau (Monnasetulo);
(ii) Rre Willie Vukela (Moemedi wa Lefapha la Tirelopuso le Tsamaiso);
(iii) Rre Willie Mathebula (Moemedi wa Lefapha la Matlotlo a Naga);
(iv) Moatefokate Johannes Collen Weapond; mmogo le
(v) Rre Omega Shelembe (Lefapha la Ditlhaeletsano le Thekenoloji ya Dijithale).
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho
1.1. Naga ya Aforika Borwa ka Mopitlwe e tla keteka Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka molaetsamogolo yo o reng: “Go oketsa dikgato tsa go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona e leng selo se se ikaegileng ka ditshwanelo tsa batho”. Segopotso se segolo sa Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho se jadilwe ke Matlhotlhapelo a kwa Sharpeville a a diragetseng ka la bo 21 Mopitlwe 1960, fa mapodisi a puso ya tlhaolele a neng a thuntsha batho ba ba neng ba le mo mogwantong o o neng o sena mmudubudu mme ba bolaya batho ba le 69.
1.2. Masaledi a dipholisi tse di sa siamang tsa puso ya tlhaolele a santse a iponagatsa le mo dinakong tsa segompieno mme a dirile gore batho ba bantsi ba tswelele go nna mo tshokolong le go tlhoka ditiro. Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, yo e leng ona yo huparetseng metheo ya go aga setšhaba se se gololesegileng se se dumelang mo temokerasing, o ema nokeng dikgato tsotlhe tsa go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona ka go dirolola ditiragalo tsa mo nakong e e fetileng.
1.3. Molao wa go Amogiwa ga Lefatshe wa ngwaga wa 2024 o o saenilweng go nna molao wa semmuso mo malobanyaneng (Molao wa bo 13 wa 2024) o tlhagisa dikgato tse di latelang molaotheo tsa dithulaganyo tsa molao tse di nayang puso maatla a go fetola lefa le le hutsafatsang la mo nakong e e fetileng la go amogiwa ga mafatshe le go tlhodiwa ga tshokolo mme e dira jalo gore puso e kgone go baakanya bothata jono gore setšhaba se kgone go tshwana gore baagi ba bantsi le bona ba kgone go sola mosola ditšhono tsa go iphedisa, tsa go iponela ditirelo tse di botlhokwa le go iponela lefatshe.
1.4. Mokete wa naga wa go keteka Letsatsi la Ditshwanelo tsa Botho ka la bo 21 Mopitlwe 2025 o tla tshwarelwa kwa Constitution Hill mo teropong ya Johannesburg, e leng lefelo le mo go lona go fitlhelwang Kgotlatshekelo ya Molaotheo ya Aforika Borwa mo go lona.
2. Kopano ya Ditheo tsa Motlakase tsa Aforika
2.1. Mo nageng ya Aforika Borwa go tla tshwanrelwa Kopano ya Ngwaga wa 2025 ya Ditheo tsa Motlakase tsa Aforika go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 6 Mopitlwe 2025 kwa Cape Town International Convention Centre. Kopano eno ke e kgolo thata mo kontinenteng jaaka e dira gore baeteledipele ba intaseteri eno ba kopane le go tlhagisa ditharabololong tse dintšhwa tsa maemo a a kwa godimo mo lekaleng leno
2.2. Kopano eno e tshwarwa mo nakong e naga ya Aforika Borwa e lekang go dira gore lephata la yona la motlakase le gole ka iketlo jaaka naga e samagane le go dira gore e nne le tlamelo ya motlakase mo isagong. Mo ngwageng yo o fetileng puso e phasaladitse Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Taolo ya Motlakase wa ngwaga wa 2024 (Molao wa bo 38 wa 2024) mo go kwalolotsweng dikarolo tse di tla dirang gore go nne le kgaisanelo ya dimaraka tsa motlakase le go dira gore lekala la motlakase le nne le motlakase o o sa feleng o o tla kgonang go mekamekana le ditlhokwa tsa motlakase tsa setšhaba sa rona tse di tswelelang go anama.
2.3. Mo go direng gore mo isagong re kgone go nna le motlakase, go samaganwe le diporojeke tse di tla tlhagisang dikikawate di le 11 tsa motlakase mme go solofetswe gore di tla simololwa go agiwa mo dingwageng di le tharo tse di tlang. Ka Sedimonthole 2024, go ne ga phasaladiwa maina a ditlamo di le robedi tse di fentseng tse di neng di gaisanela dithendara mo Kopong ya Bosupa ya Dithendara tsa Letsholong la Dithendara tsa Ditlamo tse di Ikemetseng tsa Tlhagiso ya Motlakase o o Ntšhwafaditsweng mo go itsisitsweng gore dikonteraka tsotlhe tseno fa di kopane di tla tlhagisang motlakase o o kanaka dimekawate di le 1 760.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
• Tona Nomakhosazana Meth jaaka a tlhophilwe go nna Monnasetulo wa Tikwatikwe ya Tsamaiso ya Merero ya Ditiro le Badiri mo Kgaolong ya Aforika.
• Mme Lerato Mataboge go latela kgagamatso e e diragetseng ya gore a tlhophiwe go nna Mokomišenara wa Mafaratlhatlha le Motlakase wa AU.
• Mme Tyla Laura Seethal, yo a tumileng ka leina la Tyla, yo e leng seopedi sa naga ya Aforika Borwa yo e leng seopedi sa ntlha se se opelang se le esi sa Ngwana wa Mmala wa Sebilo yo pina ya gagwe e e bediwang “Water” e reeditsweng gantsintsi go feta sebaka sa bilione mo mafaratlhatlheng a go gasa mmino a Spotify.
• Rre Wouter Kellerman, moAforika Borwa yo a tumileng ka mmino wa dilediiwa tsa melotsana mmogo le Mme Eru Matsumoto mmogo le Mme Chandrika Tandon jaaka ba fentse Kabo ya Grammy ka alebamo ya Triveni.
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
• Mme Suthukazi Arosi (yo a neng a na le dingwaga di le 64), yo a kileng a fenya dikabo ka go opela, go ikwalela mmino le go tshameka mo metshamekong ya ditshwantsho. O ne a tumile mo Aforika ka lentswe la gagwe le le bogale mmogo le ka tiro e e tswileng diatla mo a diragaditseng mo metshamekong ya ditshwantsho tse di farologaneng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485