A. Merero ya ga Jaanong
1. Merero ya Ikonomi
1.1. Maano a go fetola seemo sa Eskom a simolola go re tswela mosola
1.1.1. Kabinete e itumedisitswe ke kgatelopele e e tsweletseng go nna teng mo mererong ya matlole le ya tsamaiso ya tiro ya setheo sa Eskom mo dikgweding di le thataro tsa ntlha tse di konosetseng ka Lwetse 2025. Setheo sa Eskom se rekotile merokotso e e kanaka dibilione di le R24.3 fa go sena go gogiwa matlole a lekgetho, e leng matlole a a fetang a mo ngwageng yo o fetileng wa 2024 mo pakeng yona eno ka diphesente tse di kanaka 37%.
1.1.2. Mo go yona paka eo Eskom e kgonne go tlamela setšhaba ka motlakase mme e nnile fela le matsatsi a le mane a ditiragalo tsa go tshaba ga motlakase. Tlamelo ya motlakase e tlhatlogile go fitlha go diphesente di le 96 mo ngwageng wa matlole wa 2024/25, mme maemo ano mo ngwageng a tlhatlogile g fitlha go diphesente di le 98% go fitlha ka ona motsi ono.
1.1.3. Ka fao Eskom e dirang tiro ya yona ka teng go bontsha ka fao leano la go tsosolosa kgwebo ya Eskom le le simolotsweng le le ka fa tlase ga letsholo la go fetola ditheo la Operation Vulindlela le dirang bontle ka gone, e bontsha ka fao batlhankedi ba botsamaisi ba Eskom ba itseng tiro ya bona ka teng mmogo le boto e e ba emeng nokeng, e bile gape e bontsha le ka fao Tona ya Merero ya Metlakase le Maokwane e tsepamisitseng mogopolo ka teng mo tirong ya setheo seno.
1.2. Maemo a ikonomi ya naga ya Aforika Borwa kgolo ya ona a santse e le e e namatshang pelo jaaka re bona kgolo mo Letsenong la Ditlhagisiwa tsa Dikuno (GDP) tsa ka fa nageng mmogo le mo dipalopalong tsa batho ba ba iponelang ditiro
1.2.1. Kabinete e itumedisitswe ke kgolo e e namatshang pelo ya maemo a ikonomi ya naga mo Kotareng ya Boraro jaaka ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) ba rebotse dipalopalo tsa GDP. GDP e tlhatlogile ka diphesente di le 0.5% mo pakeng ya go simolola ka Phukwi go fitlha ka Lwetse 2025, mme seno ke kotara ya bone e e bontshang kgolo ka tatelano, mme kgolo eno e tlhotlhelediwa ke tlhagiso e e ntshitseng ga tshwene mo lephateng la meepo, la temothuo mmogo le mo lephateng la tlamelo ka ditirelo, mmogo le seabe se maphata a matlole, ditirelo tsa tsamaiso ya ditheo tsa puso mmogo le tsa tlhagisodikuno a nnileng le sone.
1.2.2. Kgolo eno ya GDP mo Kotareng ya Boraro ya ngwaga wa 2025 e diragetse mmogo le tlhatlogo ya dipalopalo tsa batho ba ba thapilweng mo re boneng palo eno e tlatloga ka diphatlha tsa ditiro di le 248 000, mmogo le phokotsego ya dipalopalo tsa batho ba ba senang ditiro ka dipalopalo tsa batho ba le 360 000 jaaka go tlhalositswe mo Dipatlisiso tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Dipalopalo tsa Badiri.
1.2.3. Mo godimo ga tseno tsotlhe, Letsholo la Tirelo ya go Thapiwa ga Bašwa (YES), le le nayang bašwa ditšhono tsa go ka nna le seabe mo ikonoming ya naga, jaanong le fitlheletse maitlhomo ao e neng e ipeetse ona a go tlholela bašwa ba le 200 000 ditiro. Go fitlha ga jaanong, letsholo leno le batletse bašwa ba maAforika Borwa ba le 202 558 ditiro tsa go bokeletsa maitemogelo a a manontlhotlho sebaka sa dikgwedi di le 12 mme e bile gape letsholo leno le enngwe nokeng ke dikoporasi tseo di dirisanang le lona di le 1 900.
1.2.4. Se sengwe gape se se botlhokwa ke gore, ba Setheo sa Matlole sa Boditšhabatšhaba (IMF) fa ba dira dipalopalo tsa bona ba bonela kwa pele gore naga ya Aforika Borwa e tla itemogela kgolo ya maemo a ikonomi ka 1.3% mo ngwageng wa 2025 mmogo le ka 1.4% ka ngwaga wa 2026, mme seno se bontsha tlhatlogo ya kgolo eno fa go bapisiwa le ponelopele e go neng go builwe ka yona mo nakong e e fetileng e yona e neng e bonela kwa pele kgolo ya ikonomi ka 1.1% le ka 1.2%, ka go latelana.
2. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
2.1. Naga ya Aforika Borwa e dirisa maemo a yona a boporesidente jwa G20 go laela baeteledipele mo lefatsheng go tsepamisa megopolo ya bona mo go direng gore kontinente ya Aforika mmogo le Dinaga tse di mo Karolong e e kwa Borwa jwa Lefatshe di tlhabololwe
2.1.1. Kabinete e ema ka lefoko le le esi le la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa fa a ne a leboga setšhaba sa Aforika Borwa ka seabe se ba nnileng le sona mo nakong ya fa re ne re le mo setulong sa Boporesitene jwa G20 mo maemong ano a fitlhileng kwa bokhutlhong fa go sena go garelwa Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20 mo malobanyaneng.
2.1.2. Fa re ne re okame maemo a Boporesitente jwa G20 naga ya Aforika Borwa kwa setlhioeng e ne e eme ka le le reng tlhabololo ya Kontinente ya Aforika e bewe mo megopolong ya baeteledipele ba dinaga tsa G20 le go dira gore go nne le ditumelano tsa mmatota tsa gore ke dikgato dife tse di tla tsewang go phetagatsa seno gore re kgone go rarabolola dikgwetlho tse naga ya Aforika Borwa e tobaneng le tsona mmogo le kontinente ya Aforika le Dinaga tse di mo Karolong e e kwa Borwa jwa Lefatshe. Go bona tshedimosetso ka botlalo etela webesaete ya G20 mo go www.g20.org.za
2.1.3. Kabinete e tsibogetse ditiragalo tsa sešweng tsa naga ya Amerika tsa go iletsa naga ya Aforika Borwa gore e nne le seabe mo kopanong ya Baromiwa ba Dinaga tsa G20 mmogo le dipuo tsa yona tsa gore e batla go ganetsa naga ya Aforika Borwa, eo e leng e nngwe ya dinaga tsa ntlha tse di neng di le teng fa G20 e simolola, gore e se tlhole e tsenela dikopano tse dingwe tsotlhe tsa G20 tse di tla tshwarwang mo ngwageng wa 2026.
2.1.4. Le fa ditiragalo tsa mothale ono di swabisa nko go feta molomo, jaaka naga ya Aforika Borwa e le e nngwe ya dinaga tsa ntlha tse di neng di le teng fa G20 e simolola, maitlhomo a naga ya Aforika Borwa mo mererong ya G20 le tirisanommogo le bao re sa ba gapeletseng go dirisana mmogo le bona a tla tswelela ntle le go sitisiwa ke sepe. G20 ya ngwaga wa 2020 e bontshitse gore fa re le dinaga re ipopile seoposengwe e bile re dirisana re na le maatla go le kanakang, mme Kabinete e itse sentle gore go ipopa seoposengwe le dinaga tse dingwe tsotlhe mmogo le go dirisana mmogo ke sona se se tlileng go re thusa mo lefatsheng gore batho botlhe mo lefatsheng ba kgone go abelana ka go lekana khumo le katlego ya lefatshe.
2.2. Baeteledipele ba Dinaga tsa India-Brazil-Aforika Borwa (IBSA) ba tswelela go di goga kwa pele mo mererong ya go tlhabolola Dinaga tse di mo Karolong e e kwa Borwa jwa Lefatshe
2.2.1. Kabinete e neseditse pula kopano e e tshwerweng ka katlego ke Baeteledipele ba Dinaga tsa India-Brazil-Aforika Borwa e e tshwerweng ka nako eo go neng go tshwerwe Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20. Mo kopanong eo, naga ya Aforika Borwa e dirile boikuelo jwa gore go tsosolosiwe tirisanommogo magareng ga Dinaga tse di mo Karolong e e kwa Borwa jwa Lefatshe gore botlhe ba nne le seabe mo kgolong ya ikonomi, go okediwe dikgato tsa go tlisa tlhabololo e e tsepameng mmogo le go potlakisa dikgatho tsa go fetola ditheo tsa lefatshe tsa tsamaiso ya puso.
2.2.2. Dinaga tsa India-Brazil-Aforika Borwa di setse di ikategeditse go ka kgona go phetagatsa dintlha tse di botlhokwa mo kgaolong e e kwa borwa jwa lefatshe, go tsenyeletsa ntlha e e ka ga go tlhatlosa matlole a go lwantshana le maemo a loapi, go gagamatsa dikgato tsa go thiba tlala gore go se nne le tlhokego ya dijo mmogo le go oka set tsa lefatshehaba gore se se welwe ke malwetse, go ema nokeng dikgato tsa go ruta bana ba santse ba le bannye mmogo le go bokeletsa dipeeletso tse di tla thusang go fokotsa dikotsi tse di ka nnang teng fa go na le masetlapelo.
2.3. Kopano ya Bone ya Khomišene e e Tshwaraganetsweng ke Dinaga ka Bobedi (BNC) magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Mozambique e tsepamisitse mogopolo mo go potlakiseng dikgato tsa go tsenya tirisong ditshwetso tsa BNC
2.3.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a goga kwa pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa ba ba neng ba romilwe go tsenela Kopano ya Bone ya BNC e e neng e tshwaretswe kwa Maputo, Mozambique.
2.3.2. Mo kopanong eno ya bone go fitlheletswe tumelano ya gore ditshweetso di le 99 tse di tserweng di tshwanetswe go phetagadiwa ka dinako tse di rilweng mo maphateng a a tsenyeletsang a tirisanommogo mo mererong ya ikonomi le tlhabologo, tirisanommogo mo mererong ya botipolomate, mo mererong ya pabalesego le tshireletsego, mmogo le mo mererong ya go thusana le setšhaba.
2.3.3. Moporesitente Ramaphosa mmogo le Moporesitente Chapo ba laetse Ditona tsa dinaga tsa bona ka bobedi go dira bonnete jwa gore go nna le kgatelopele e e bonagalang fa go tla mo go phetagatseng ditshwetso tse di tserweng kwa Kopanong ya Bone ya BNC. Kgatelopele e e tla dirwang mo go phetagatseng ditshwetso tse di tserweng e tla tsenngwa mo pegelong ya Kopano ya Botlhano ya BNC e e tla tshwarelwang ka fa nageng ya Aforika Borwa.
2.3.4. Baporesitente ka bobedi e bile gape ka la bo 03 Sedimonthole 2025 ba ne ba iponagatsa mo pulong ya semmuso ya Lefelo le le Tshwaraganetsweng la Mafaratlhatlha a Setlamo sa Sasol a go Tlhatlhoba Manokonoko a Haeterojene le a Khabone le le fitlhelwang kwa teropong ya Inhassoro, kwa porofenseng ya Inhambane.
3. Tshireletsego le pabalesego
3.1. Go fenya ntwa ya go lwantshana le botlhokotsebe jaaka dipatlisiso tsa dipalopalo di bontsha fa go na le phokotsego e e nnang teng mo mefuteng ka go farologana ya botlhokotsebe
3.1.1. Kabinete e itumedisitswe ke pegelo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e e ka ga dipalopalo tse di fokotsegang tsa botlhokotsebe mo mefuteng ka go farologana ya ditiragalo tsa botlhokotsebe tse di begilweng mo kotareng ya ntlha le ya bobedi ya ngwaga wa matlole wa 2025.
3.1.2. Dipalopalo tse di ka ga ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo diragetseng go tloga ka Moranang go fitlha ka Lwetse2025 di bontsha ka fao go nnileng le phokotsego e kgolo ka teng mo ditiragalong tsa botlhokotsebe jo go nang le tirisodikgoka mo go bona, mo re bonang dipalopalo tsa dipolao di fokotsegileng thata. Dikgetse tsa dipolao di fokotsegile ka diphesente di le 6.5% mo kotareng ya ntlha mme tsa fokotsega gape ka 11.5% mo kotareng ya bobedi.
3.1.3. Kabinete e akgotse ditheo tsa molao jaaka di tsweletse go dira ka natla go lwantshana le botlhokotsebe e bile e ikuetse go baagi mo setšhabeng go thusa go lwantshana le botlhokotsebe.
A. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Leano le le tla tsenngwang tirisong go godisa kgolo ya ikonomi le go dira gore kgolo eo e tshwaraganelwe ke botlhe
1.1 Kabinete e neseditse pula leano le le tla tsenngwang tirisong go godisa ikonomi le go dira gore e tshwaraganelwe ke botlhe go ya ka dintlha tse di botlhokwa mo Tsamaisong ya Puso ya Bosupa tse di leng mo teng ga Leano la go Tlisa Tlhabologo mo Pakeng e Khutshwanyana ya Tsamaiso.
1.2 Maitlhomo a leano leno ke go rulaganya le go tsepamisa mogopolo mo go phetagatseng dikarolo tse di beilweng kwa setlhoeng mo tlhabololong ya ikonomi tse di rulagantsweng ka matsholo a a farologaneng a mantsi.
1.3 Dipinagare tse dikgolo tsa leano leno ke:
1.3.1 Go fetola maemo a ikonomi gore re kgone go baakanya meedi ya ona
1.3.2 Go fetola ditheo tsa puso gore di tle di kgone go dira gore puso e kgone go abelana ka seo e tshwanetseng go abelana ka sona
1.3.3 Go fetola dipholisi tsa diintaseteri gore di tle di kgone go tsepamisa megopolo mo dikarolong tse dingwe tse dintšhwa tsa kgolo ya ikonomi
1.4 Go phetagatsa tiro ka go tsepamisa mogopolo mo go potlakiseng phetagatso ya tiro eno go tla naya leano leno mafolofolo a letsholo la go fetola ditheo le le leng ka fa teng ga Operation Vulindlela.
2. Leano le le tla Latelwang ke Naga ya Aforika Borwa la Dimenerale tse di Botlhokwa (CMS)
2.1 Kabinete e neseditse pula Leano le le tla Latelwang la Dimenerale tse di Botlhokwa tsa naga, le le tlhagisang mekgwa e e farologaneng e e ka solwang mosola go bona khumo ka dimenerale tseno jaaka gare ga tse dingwe tse dintse di dirisiwa mo didirisiweng tsa thekenoloji ka bontsi, di dirisiwa mo didirisiweng tsa lephata la sesole, mo lephateng la maokelo, mo lephateng la didirisiwa tsa thekenoloji tse di rekisediwang baagi mmogo le mo dijanageng tse di tsamayang ka motlakase.
2.2 Leano leno le tsepamisitse mogopolo mo dipinagareng di le thataro tse di botlhokwa, e leng: (i) go sobokanya le go atlhaatlha maemo a saense e e buang ka thulaganyo ya mafelo, (ii) go oketsa boleng le go tlhagisa ditlhagisiwa tsa ka fa nageng, (iii) go dira dipatlisiso, go tlisa tlhabologo le go tla ka dikakanyo tse dintšhwa, (iv) go boloka le go somarela mafaratlhatlha le metlakase, (v) didirisiwa tsa lephata la matlole mmogo le (vi) go dira gore go itepatepanngwe le melawanataolo.
2.3 Go tsenngweng tirisong ga Leano la Dimenerale tse di Botlhokwa go tla nna le seabe se segolo mo kgolong ya ikonomi le mo go tlholeng ditiro.
3. Sekwalwa se Iseng se Butswe se se Kwalolotsweng Sešwa sa Masupatsela se se Buang ka go Bona Ditshwanelo tsa go Nna Moagi, Mofaladi le Tlhokomelo ya Batho ba ba Tshabetseng ka fa Nageng (CIRP)
3.1 Kabinete e neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe se se Kwalolotsweng Sešwa sa Masupatsela se se Buang ka go Bona Ditshwanelo tsa go Nna Moagi, Mofaladi le Tlhokomelo ya Batho ba ba Tshabetseng ka fa Nageng gore baagi ba dire ditshwaelo ka ga sona.
3.2 Dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno di gagamatsa Sekwalwa sa Masupatsela sa CIRP se se neseditsweng pula ke Kabinete ya ngwaga wa 2024, mo go fetotsweng dintlha tse di rileng tse di tsamaisanang le pholisi mmogo le go tlamela ka tshedimosetso e e tseneletseng e e ka ga ditshitshinyo tse di leng ka fa teng ga sekwalwa sa ntlhantlha.
3.3 Dintlha tse di botlhokwa tse di gagamaditsweng di tsenyeletsa go golaganya ditshitshinyo tsa pegelo ya letsholo la Operation Vulindlela tse di buang ka phetolo ya pholisi e e buang ka di-visa; mmogo le go tlhagisa tshedimosetso ya tlaleletso e e tlhamaletseng go gagamatsa dikgato tsa go phetagatsa dipholisi tse di ka ga bofaladi le tsa fa batho ba batla go nna baagi ba ka fa nageng.
3.4 Sekwalwa sa Masupatsela se se kwalolotsweng sešwa seno maitlhomo a sona ke go rulaganya ka tolamo dithulaganyo tsa go kopa go nna moagi wa k fa nageng, go kopa go fudugela ka fa nageng le go kopa go tshabela ka fa nageng go dira gore di rulaganngwe ka mokgwa o o tla kgontshang naga gore e gole, e se itsenye mo mathateng a go ka tlhaselwa bonolo mmogo le go gatelela ntlha e e reng motho mang le mang yo a tshabang kwa nageng eo a leng mo go yona o tshwanetse go tshabela kwa nageng ya ntlha e e femelesegileng e e mo gaufi le kwa nageng eo a tshabang kwa go yona.
4. Pegelo e e Buang ka Kgatelopele e e Diriwang Ngwaga le Ngwaga ya Leano la Tlhabololo mo Pakeng ya Dikgwedi di le Tharo (MTDP)
4.1 Kabinete e amogetse le go sekaseka pegelo Dipegelo tsa Tiro e e Dirilweng mo Kotareng ya Bobedi ya Ngwaga fa go tla mo go phetagatseng Leano la Tlhabololo mo Pakeng e e fa Gare (MTDP) go tloga ka ngwaga wa 2024 go fitlha ka wa 2029 go tloga ka kgwedi ya Moranang go fitlha ka ya Lwetse 2025.
4.2 Pegelo eno e abelana ka tshedimosetso ka botlalo mabapi le ka fao mafapha a puso a tsamaisitseng tiro ya ona ka teng mo pakeng ya dikgwedi di le thataro tse di fetileng, mme e nopola dikarolo tse a atlegileng mo go tsona, mmogo le tseo kabo ya ditirelo e santseng e goga dinao teng kgotsa mo go nang le dikgwetlho teng. Kabinete e atlhaatlhile dipoelo tseno mme e gateletse gore go botlhokwa gore go tswelelwe go tsepamisiwe megopolo mo go phetagatseng dithomo tsa ona.
4.3 Tshedimosetso e e tseneletseng ka botlalo mabapi le ntlha eno e tla tle e rebolwe ke Tona ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro, mmogo le monnasetulo mmogo wa Ditlhopha tsa Kabinete.
5. Leano la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa Tlhokomelo ya Bana (NSAAC)
5.1 Kabinete e neseditse pula Leano la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa Tlhokomelo ya Bana, e leng leano le maitlhomo a lona e leng go potlakisa dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa fa go tla mo tlhokomelong le mo kgodisong ya bana botlhe mo nageng ya Aforika Borwa mmogo le bašwa ba mebele ya bona e ipaakanyetsang go nna bagodi.
5.2 maitlhomo a leano leno ke go tsepamisa mogopolo mo go tswaleleng sekgala se se leng teng fa go tla mo mererong ya go dira gore bana botlhe ba nne le dijo ka go lekalekana; go rotloetsa ngwana yo mongwe le yo mongwe go ithuta dipuo; go tlhokomela bana botlhe mmogo le bašwa ba mebele ya bona e ipaakanyetsang go nna bagodi ka go ntsha diritibatsi mo nageng; go tlhatlhoba bana ba santse ba le bannye gore go kgonwe go nopolwa ba ba nang le mathata a go utlwa le a go bona gore ba tlhatlhobiwe ba santse ba le bannye mmogo le go bopa lenaneo la setheo sa merero ya boitshupo ya bašwa.
5.3 Maitlhomo a leano leno ke go dira gore go nne le tirisanommogo le gore botlhe ba nne le maikarabelo e leng selo se se tla dirang bonnete jwa gore ngwana yo mongwe le yo mongwe o neelwa tšhono ya go dira bontle mo botshelong. Baagi ba ka tsena mo webesaeteng ya www.dsd.gov.za fa ba batla go buisa leano leno.
6. Kopano ya Botlhano ya Leano la Naga la go Tseela Dikgato Merero ya Bana (NPAC) la go tloga ka ngwaga wa 2025 go fitlha ka wa 2030
6.1 Kabinete e neseditse pula Kopano ya Botlhano ya Leano la Naga la go Tseela Dikgato Merero ya Bana la go tloga ka ngwaga wa 2025 go fitlha ka wa 2030 le le tla dirang bonnenete jwa gore Leano la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa Tlhokomelo ya Bana le phetagadiwa ka tshwanelo. Leno ke leano la go tsamaisa tiro le le tla samaganang le dikgato tsa go phetagatsa ditshwanelo tsa bana, ditlhokwa tsa bona le boitekanelo jwa bona ka fa nageng. Leano leno le tsamaisana le maano a go tsamaisa tiro a ditheo tsa lefatshe, segolobogolo la Kopano e Kgolo ya Naga ya Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) le le buang ka Ditshwanelo tsa Bana mmogo le molao wa lefatshe, go tsenyeletsa le Molaotheo le Molao wa Bana wa Ngwaga wa 2005.
6.2 Go agelela mo godimo ga seo re atlegileng mo go sona go tloga fa e sale ka ngwaga wa 1996, Kopano eno ya Botlhano ya Leano la Naga la go Tseela Dikgato Merero ya Bana e re neela lenaneo la dikgato tseo re tla di latelang go sireletsa bana le go tsholetsa ditshwanelo tsa bona, go nopola dikgwetlho tse di a tleng di nne teng mmogo le go totobatsa maitlhomo a puso fa go tla mo go ageleng baagi ba naga ba ba leng mo maemong a a tlhobaetsang isago e e nonofileng.
6.3 Dikarolo tse di botlhokwa tse go tshwanetsweng go lepalepanngwa le tsona di tsenyeletsa tse di ka ga go matlafatsa ngwana yo mongwe le yo mongwe ka go mo tsaya jaaka ngwana yo a nang le ditshwanelo, yo e leng moagi yo a nang le lefoko; go gagamatsa dithulaganyo le tirisanommogo go dira bonnete jwa gore go nna le kgolo mo dikarolong tsotlhe tsa kgodiso ya ngwana; mmogo le go tsepamisa mogopolo mo dintlheng tse di botlhokwa tse di kgontshang go fetola maemo a boitekanelo, thuto, pabalesego le tlhokomelo ya setšhaba.
6.4 Leano la Naga la go Tseela Dikgato Merero ya Bana le bontsha tirisanommogo magareng ga puso le badirisanimmogo ba yona mo go netefatseng gore bana botlhe ba tsewa tsia, ba a tlhatlhelelwa le go kgontshiwa go atlega mo botshelong.
7. Letsholo le le ka ga go Tseela Dikgato Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Basadi (GBVF)
7.1 Kabinete e neseditse pula Letsholo le le feletseng le le ka ga go Tseela Dikgato Ditiragalo tsa go Bogisa le go Bolaya Basadi, go tsenyeletsa le leano la go tsamaisa tiro mmogo le go rulaganya ditheo tse di maleba go golaganya setšhaba sotlhe gore se kgone go samagana le bothata jono.
7.2 Letsholo le le feletseng le le ka ga go Tseela Dikgato Ditiragalo tseno le tsepamisitse mogopolo mo go phetagatseng dintlha di le tlhano tse di botlhokwa tse di latelang:
a. Go thibela ditiragalo tseno le go tsosolosa kutlwano mo setšhabeng: Go simololwa ka go dira gore tirisodikgoka e se tlhole e nna selo se se amogelesegang mo setšhabeng mmogo le go rarabolola ditiragalo tse di fetlhang mathata ano. Go tla tsewa dikgato tse dintsi go buisana le banna le basimane mo dipuisanong tse maitlhomo a tsona e leng go thibela go anama ga bothata jono gore re kgone go ntsha setlwaedi se se sa siamang sa banna ba ba bonang go le matshwanedi go utlwisa batho ba bangwe botlhoko.
b. Go gagamatsa dikgato tsa sepodisi tsa go sireletsa setšhaba, go se babalela, le go se phimolakeledi: Maitlhomo ke go gagamatsa ditheo tsa twantsho ya bosenyi gore batswasetlhabelo ba sirelediwe le gore ba bone phimolakeledi. Go okediwa ga mafelo a a tshwarang sentle batswasetlhabelo mmogo le dikantoro tse di dirang fela ka merero a GBV mo diteišeneng tsa SAPS ke karolo ya maiteko ano.
c. Kemonokeng ya batswasetlhabelo le batho ba ba sutlhileng mo dinaleng tsa phage: Maitlhomo ke go abelana ka ditirelo tsa maemo a a kwa godimo ka go lekalekana mo lephateng la phimolakeledi, boitekanelo le mo lephateng la thuto. Kgatelelo e mo go direng gore go nne le tshwaraganelo ya ditirelo tse di thusang go tsosolosa seriti sa batswasetlhabelo gore ba kgone go fola ka bonako mo maikutlong le gore ba kgone go tlhatlhelelwa, e leng seo se tla dirang gore batswasetlhabelo ba kgone go amogela ditirelo tse di feletseng tse ba di tlhokang ntle le go nyenyefadiwa kgotsa go diegisa go ba tlamela ka tsona.
d. Ditlhaeletsano le maphata a a nang le seabe mmogo le go tshwaraganela tiro: Go tsepamisitswe maitlhomo mo go fetoleng maitsholo a setšhaba sotlhe ka go dirisa ka tolamo melaetsa e e nang le bopaki. Maitlhomo ke go samagana le maitsholo a a tlisang mathata mo setšhabeng, go rotloetsa setlwaedi sa gore batho ba bong jotlhe ba a lekalekana, mmogo le go dira gore setšhaba se ipope seoposengwe go nna le seabe mo go fediseng ditiragalo tsa GBVF.
e. Go rulaganya ditheo: Go dira gore mo lephateng lotlhe la tirelo ya setšhaba go tsenngwe tirisong dikgato tse di gagametseng tsa tsaiamso ya puso le go rwala maikarabelo. Go dira boikuelo jwa gore go tsewe dikgato tse di gagametseng, tse di tsamaisiwang ka tolamo le tse di ikaegileng ka go goga kwa pele seabe se ditheo di tshwanetseng go nna le sona mo go phetagatseng dithomo, go disa maemo a phetagatso eo mmogo le go rwesa ba ba maleba maikarabelo.
7.3 Batswasetlhabelo ba ditiragalo tsa tirisodikgoka ba rotloediwa go sola mosola ditirelo tsa Tikwatikwe ya Megala ya go Lwantshana le Ditiragalo tsa go Bogisa Basadi le Basetsana mme ba bege gone melato ya go bogisiwa gore ba kgone go bona thuso ka go letsetsa 0800 428 428.
8. Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Pholisi ya Naga ya go Bulela Ditšhono tsa Ditiro tsa Saense (NOSP)
8.1 Kabinete e neseditse pula Sekwalwa se Iseng se Butswe se se ka ga Pholisi ya Naga ya go Bulela Ditšhono tsa Ditiro tsa Saense, e leng leano la go tsamaisa tiro le le tshitshinngwang gore naga e le sale morago mo mererong ya go Bulela Ditšhono tsa Ditiro tsa Saense. Fa go buiwa ka go Bulela Ditšhono tsa Ditiro tsa Saense go buiwa ka setlwaedi sa go phasaletsa setšhaba mmogo le batlhankedi ba ditheo tsotlhe tsa saense dipatlisiso tsa merero ya saense, tshedimosetso mmogo le dithulaganyo tse di dirilweng mo lephateng leo.
8.2 Maitlhomo a pholisi eno ke go dira gore go se tlhole go nna le tshedimosetso e e samelwang, go nne le tirisanommogo le ditiro tsa boitshimololedi mo dipatlisisong tsa saense, fa ka fa letlhakoreng le lengwe go samaganwe le go phetagatsa dintlha tse di botlhokwa tsa naga mmogo le go dira gore seo se diriwang se tsamaisane le seo se setseng se diriwa mo lefatsheng ka bophara.
8.3 Maitlhomomagolo ke go oketsa metela o o leng teng wa dipatlisiso tse di dirilweng gore ke eng se se fitlheletsweng, go oketsa dikgatiso tsa teng, tshedimosetso ya teng mmogo le didirisiwa tse di ka dirisiwang mo dipatlisisong, mo bakwading ba dipholisi, mo baithuting mmogo le mo setšhabeng.
8.4 Pholisi eno e tshitshinya gore go nne le tirisanommogo mo dipatlisisong, ka fa teng ga naga le mo ditheong tsa saense tse di leng kwa ntle ga naga, e bile gape le mo go rotloetseng gore go nne le tirisanommogo mo lefatsheng fa go tla mo go abelaneng ka tshedimosetso.
8.5 Ka go rotloetsa gore tshedimosetso e se samelwe le go dira gore batho botlhe ba kgone go e fitlhelela, Pholisi ya Naga ya go Bulela Ditšhono tsa Ditiro tsa Saense e e tla bong e neseditswe pula e tla baya naga ya Aforika Borwa mo maemong a a botlhokwa thata mo mererong ya saense le mo go tlhotlheletseng setšhaba gore se tle ka megopolo ya go itshimololela dilo.
9. Pegelo mabapi le Tiro ya Letsholo la Dipatlisiso le Tlhabololo (R&D) ka Merokotso ya Lekgetho ya ngwaga wa matlole wa 2022/2023
9.1 Kabinete e neseditse pula Pegelo mabapi le Tiro ya Letsholo la Dipatlisiso le Tlhabololo ka Merokotso ya Lekgetho ya ngwaga wa matlole wa 2022/2023 gore e isiwe kwa Palamenteng go sekasekiwa teng.
9.2 Go ya ka Kgaolo ya bo 11D ya Molao wa Lekgetho wa ngwaga wa 1962 Puso e abelana ka merokotso ya lekgetho la Letsholo la Dipatlisiso le Tlhabololo go rotloetsa lephata la poraefete gore le rebole matsholo a dipatlisiso le tlhabololo. Merokotso eno e balwa kwa diphesente di le 150% tsa lekgetho le le gogilweng mo matsholong a a neseditsweng pula a go phetagatsa tiro eo, mme seno se dira gore letsholo leno e nne la a mangwe mo lefatsheng a a wetsang pelo fa go tla mo merokotsong ya letsholo la lekgetho la go dira dipatlisiso le tlhabololo.
9.3 Mo ngwageng wa matlole wa 2022/23, letsholo leno le ne la amogela dikopo di le 188 go tswa kwa ditlamong di le 77 tse matlole a tsona tsotlhe fa a kopantswe a go bolotsa dipatlisiso le tlhabololo a neng a balelwa go bilione le halofo ya diranta. Bontsi jwa dikopo tseno bo ne bo tswa mo ditlamong tse dikgolo tse ka ngwaga di dirang madi a a fetang dimilione di le lekgolo.
9.4 Bontsi jwa dikopo tse di dirilweng ke diporojeke tseno bo ne bo tswa kwa porofenseng ya Gauteng, go latele ya Kapa Bophirima mmogo le ya Kwa-Zulu Natal.
10. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Melawanataolo e e Tsamaelanang le Ditheo tsa Mafelo a go Dira Dipatlisiso a ka fa Nageng (di-NRF) mmogo le Melawanataolo e e ka ga Nopolo ya Ditheo tsa Dipatlisiso
10.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa ka maitlhomo a go bokeletsa maikutlo a setšhaba mabapi le Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Melawanataolo e e Tsamaelanang le Ditheo tsa Mafelo a go Dira Dipatlisiso a ka fa Nageng mmogo le Melawanataolo e e ka ga Nopolo ya Ditheo tsa Dipatlisiso.
10.2 Melawanataolo eno e tlamelana ka leano la go tsamaisa tiro le le tshwanetsweng go latelwa go nopola ditheo tsa dipatlisiso tse di nang le matshwanedi a go ka tlamelwa ka matlole, go golaganngwa le dintlha tse di botlhokwa ka fa nageng, go abelana ka tshedimosetso mmogo le go disa maemo ka tolamo.
10.3 Maitlhomo a leano la go tsamaisa tiro leno ke go nopola ditheo tse di dirang dipatlisiso tse di tla unngwelang setšhaba, se se nang le mafaratlhatlha a a tshwanetseng, batlhankedi ba ba maleba, kitso e e maleba mmogo le ditirelo tse di tlhatlosang Maemo a Boitlhamedi a Naga, go ema nokeng Mogopolo wa naga wa go dira dipatlisiso, mmogo le go konosetsa maikarabelo a a Setheo sa Dipatlisiso sa Naga.
10.4 Maitlhomo a melawanataolo e e tshitshintsweng eno ke go gagamatsa botsamaiso jwa puso le go dira bonnete jwa gore ditheo tsa dipatlisiso di nna le seabe se botlhokwa mo go tlhotlheletseng boitlhamedi le mo go emeng nokeng maitlhomo a naga ya Aforika Borwa a go tlisa tlhabologo.
B. Melaotlhomo
1. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Digase wa Ngwaga wa 2025
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Digase wa Ngwaga wa 2025 go sekasekiwa. Maitlhomo a Molaotlhomo yono ke go tsena mo legatong la Molao wa Digase wa Ngwaga wa 2001mme o tsenye tirisong molao yo montšhwa yo mo go ona go nang le didirisiwa tsa thekenoloji tse di dirisiwang mo go rwaleng digase le mo go bolokeng digase tse mo malobeng di neng di se teng.
1.2. Molaotlhomo yono o samagana gape le dikgwetlho tse go itemogetsweng tsona mo go tsenyeng tirisong molao yo o leng teng ga jaanong e leng selo se se tla dirang gore naga ya Aforika Borwa e kgone go samagana botoka le metswedi ya yona ya digase mmogo le mafaratlhatlha a teng go ya ka maemo a a amogelesegileng mo lefatsheng le go ya ka seo se leng botlhokwa ka fa nageng.
1.3. Molaotlhomo yono o matlafatsa Setheo sa Naga sa Taolo ya Metlakase ya Aforika Borwa gore se kgone go disa le go laola kabelano ya metlakase, se kgone go laola sefalana se go ikwadisetswang beng ba thekiso ya metlakase mo go sona gore se kgone go rebola dipaka tse di matshwanedi tsa makwalo a dilaesense tsa metlakase.
1.4. Maitlhomo a mangwe gape a Molaotlhomo ono ke go tla ka ditsela tse di ka matlafatsang thulaganyo eno ka go dira gore go nne le dikarolo tse di botlhokwa tse di dirisediwang go loga maano a go tla ka mafelo a mantšhwa a a ka dirisediwang digase mo go ona, segolobogolo mafelo a go tsamaisa digase le a go tlatwang digase mo go ona a e tla nnang ona seikokotlelo sa merero ya go reka digase kwa dinageng tse dingwe le a go rwalwang mmetela ya digase mo go ona go dira bonnete jwa gore ka fa nageng go se tsoge go tlhaetse digase.
2. Molaotlhomo wa Naga wa Merero ya Batlhankedi ba ba Dirang Ditiro tsa Saense (NSP) wa ngwaga wa 2025
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Naga wa Merero ya Batlhankedi ba ba Dirang Ditiro tsa Saense (NSP) wa ngwaga wa 2025 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go dira gore Molao wa Merero ya Batlhankedi ba ba Dirang Ditiro tsa Saense wa ngwaga wa 2003 o tsamaisane le dinako le go tsena mo legatong la molao ono jaaka molao yo o laolang batlhankedi ba ka fa nageng ba ba dirang tiro ya merero ya saense ya tlhago.
2.2. Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo ono se tla ka leano la go tsamaisa tiro le le tsamaisanang le dinako la semolao le le mabapi le ditiragalo tsa go ikwadisa, tsa melawanataolo, tsa maitseo a a amogelesegileng mmogo le gore batlhankedi ba ba dirang tiro ya merero ya saense ya tlhago ba letleletswe go fitlha kae ka tiro ya bona jaaka maitlhomo e le go dira gore lephata leno le laolwe go ya ka dinako tsa segompieno, gore le tsamaisane le ditsela tsa segompieno tsa go dira tiro ya merero ya disaense le go tsamaisana le maemo a a amogelesegileng a boditšhabatšhaba.
C. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go thapiwa ga batho mo diphatlhatirong tse di latelang:
1.1 Rre Nkhumeleni Victor Vele o thapilwe jaaka Mokaedi yo Mogolo (DG) wa Lefapha la Bojanala (nako ya konteraka ya gagwe e atolositswe).
1.2 Rre Mbulelo Service Tshangana o thapilwe jaaka Mokaedi yo Mogolo wa Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA) (nako ya konteraka ya gagwe e atolositswe).
1.3 Mme Mammetse Masemola o thapilwe jaaka Tlhogo ya Merero ya Mafaratlhatlha a Setšhaba sa Naga ya Aforika Borwa mo Lefapheng la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba.
1.4 Rre Riaan Botha o thapilwe jaaka Motlatsamokaedi yo Mogolo mo Lephateng la Tlhokomelo ya Mafelo a Tirelo a Lefapha la Ditiro tsa Puso le Mafaratlhatlha a Setšhaba.
2. Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang:
2.1 Rre Themba Ngubeni o thapilwe jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Setheo sa Taolo ya Mafelo a go Bokeletsa Metsi sa Mzimvubu Tsitsikama.
2.2 Rre Nkhetheleni Norman Ngidi o thapilwe jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo wa Boto ya Ditshwantsho tsa Difilimi le Makwalokgatiso (FPB).
2.3 Rre Makgatho Mello o thapilwe jaaka Motlhokomedi yo Mogolo wa Setheo sa Puso sa Merero ya Tlhokomelo ya Didirisiwa tsa Tshedimosetso le tsa Thekenoloji (SITA).
2.4 Kabinete e dumelane le ditshwetso tsa go thapa batho ba ba latelang mo Diphatlhatirong tsa Boto:
B. Mokaedi wa Boto ya Eskom.
(i) Mme Thandeka Zondi-Mthembu
C. Boto ya Setheo sa Dikgerekgere tsa Naga tsa Tiriso ya Diradio:
(ii) Mme Thuli Mokgele; le
(iii) Moatefokate Matefo Joyce Majodina.
D. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga ba Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Pabalesego ya kwa Mawatleng (SAMSA):
(i) Moatefokate Vusumzi Sihawu (Monnasetulo),
(ii) Rre Mervyn Burton (Motlatsamonnasetulo),
(iii) Ngaka Owen Peter Muller Horwood,
(iv) Rre Sandile Keswa,
(v) Ngaka Natalie Skeepers, mmogo le
(vi) Moatefokate Nosipho Sobekwa.
E. Batlhankedi ba Boto ya Setheo sa Matlole a a Botlhokwa a Merero ya Diporojeke tsa Metlakase (CEF):
(i) Moatefokate Lindelwa Nobantu Nziba,
(ii) Rre Niel Jansen, mmogo le
(iii) Rre Persely Msingathi Madokwe.
F. Batlhankedi ba ba thapetsweng ditir tsa letsatsi le letsatsi mmogo le bao ba thapilweng nakwana ba Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Taolo ya Merero ya Metlakase (NERSA):
(i) Mme Ria Govender (Motlatsamonnasetulo),
(ii) Rre Willibrod Majola, mmogo le
(iii) Mme Nomfundo Maseti.
G. Batlhankedi ba Lekgotla la go Sekegela Tsebe Dikgetse tse di ka ga Dikgogakgogano tsa Ditlamo:
(i) Moatlhodi Mohammed Navsa,
(ii) Moatlhodi Kathleen Satchwell,
(iii) Moatlhodi Robert Nugent,
(iv) Moatlhodi Boissie Henry Mbha, mmogo le
(v) Moatlhodi Visvanathan Ponnan.
H. Batlhankedi ba Lekgotla la Naga ya Aforika Borwa la Merero ya go Putla Lefaufau:
(i) Moatefokate Luthando Simphiwe Mkumatela (Monnasetulo),
(ii) Ngaka Maria Ria Nonyana-Mokabane (Motlatsamonnasetulo yo gape e leng moemedi wa dtic);
(iii) Moatefokate Icho Kealotswe-Matlou
(iv) Rre Shafique Amid Dean Allie;
(v) Rre Kebeditswe Medupe;
(vi) Rre Sydney Linden Petzer;
(vii) Rre Vincent Molawa Ngoetjana;
(viii) Ngaka Reshma Mathura;
(ix) Rre Nhlanhla Michael Mabaso;
(x) Rre Itumeleng Makola (Moemedi wa Lefapha la Saense, Thekenoloji le Boitlhamedi (DSTI));
(xi) Ngaka Sarisha Harrylal;
(xii) Mme Yolanda Nxumalo;
(xiii) Rre Flenk Mnisi (Moemedi wa Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Didirisiwa tsa Thekenoloji (DCDT))
(xiv) Mokolonele Tamara Thomas-Herwels (Moemedi wa Lefapha la Sesole (DoD)); mmogo le
(xv) Rre Levers Mabaso (Moemedi wa Lefapha la Dipalangwa (DOT)).
I. Batlhankedi a Boto ya Merero ya Dinaga:
(i) Mme Lusanda Nomasongo Netshitenzhe (Monnasetulo);
(ii) Mme Precious Hlengiwe Makoe (Motlatsamonnasetulo);
(iii) Moatefokate Anthonie Michael Viviers;
(iv) Rre Pierre-Jeanne Alexander Gerber; mmogo le
(v) Rre Tsietsi Hamilton Madonsela.
J. Batlhankedi ba Boto ya Metsi ya Amatola:
(i) Ngaka Gaster Sharpley (Monnasetulo),
(ii) Mme Litha Charlotte Geza (Motlatsamonnasetulo),
(iii) Mme Noxolo Phoebe Abraham,
(iv) Rre Mxolisi Sibam,
(v) Mme Siphumezile Thuthuka Songelwa,
(vi) Rre Simnikiwe Xawuka,
(vii) Mme Nomfundo Princess Douw-Jack,
(viii) Rre Bhekuyise Henry Makedama,
(ix) Mme Nondumiso Pumela Ngonyama,
(x) Mme Sinovuyo Ngumbela, mmogo le
(xi) Rre Trevor Balzer.
K. Batlhankedi ba Boto ya Sentech:
(i) Rre Themba Phiri (Monnasetulo - o garela paka ya gagwe e e setseng mo katorong eo)
(ii) Ngaka Silvia Sathekge,
(iii) Ngaka Lebogang Mphahlele-Ntsasa
L. Boto ya Dikeletso ya Setheo sa go Duelela Dikgobalo tsa Badiri:
(i) Monnasetulo Dinao Lerutla (Monnasetulo)
(ii) Mme Unathi Nosipho Mdledle-Mkize
(iii) Rre Ernest Thabo Thipa
(iv) Mme Nolitha Pietersen
(v) Mme Milly Ruiters
(vi) Rre Thembinkosi Mkalipi
(vii) Rre Mohamed Carrim
(viii) Mme Leevendree Pillay
(ix) Rre Jan Mahlangu
(x) Mme Mulalo Murudi
(xi) Mme Mamokete Roseline Mokoena Hadebe
(xii) Mme Frieda Monyane Mudau
(xiii) Mme Masedi Lonkokile
(xiv) Rre Duncan Luvuno
(xv) Rre Janek Wilimiec
(xvi) Rre Fani Xaba
(xvii) Mme Tertia Ndlovu
(xviii) Ngaka Nothando Moyo
(xix) Mme Kresantha Pillay
(xx) Rre Sudeshan Pillay
(xxi) Ngaka Tshepo Moses Sebibe, le
(xxii) Rre Kevin Cowley.
M. Go thapiwa ga Bannaditilo mmogo le Ditlhogo tse di Rweleng Maikarabelo a Ditheo tsa Bothati jwa Lekala la Thuto le Katiso (di-SETA)
i. Moporofesara Puffy Soundy (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Temothuo - Agri SETA)
ii. Ngaka Ntombana Sekgaphane (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Dibanka – Bank SETA)
iii. Mme Karabo Mhlongo-Mbele (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Setso, Botswerere, Bojanala, Botlhabakgobe le Metshameko – CATHS SETA)
iv. Mme Tsakani Beatrice Nkambule (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Intaseteri ya Dikhemikhale - CHIETA)
v. Ngaka Olwethu Siphuka (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Thuto, Katiso le Dikgato tsa Tlhatlhelelo – ETDP SETA)
vi. Mme Morwesi Ramonyai Thonga (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Metlakase le Metsi – EW SETA)
vii. Ngaka Dala Prittish (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Ditirelo tsa Matlole le Dithulaganyo tsa Tsamaiso ya Matlole - FASSET)
viii. Rre Siyabulela Ngcukana (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Intaseteri ya go Dira Dijo le Dino – FoodBev SETA)
ix. Mme Theresa Otto (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya go Dira le go Tlhotlha Faebara - FP&M SETA)
x. Ngaka Nomsa Mnisi (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Boitekanelo le Tlhokomelo ya Setšaba – HWSETA)
xi. Mme Refilwe Matenche (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Diinšorense - InSETA)
xii. Moporofesara Hoosen Rasool (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Tlhagisodikuno, Boenjenere le Ditirelo tsa Mothale oo - MERSETA)
xiii. Mme Emma Mphahlele (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Didirisiwa tsa Thekenoloji tse di Dirisiwang mo Bobegakganyeg, Tshedimosetsong le mo Ditlhaeletsanong – MICT SETA)
xiv. Ngaka Nomusa Zethu Qunta (Setheo se se Rebolang Makwalothuto a a Neelang Tetla ya go Tsena mo Kgwebong ya Meepo - MQA)
xv. Ngaka Kenneth Maimela (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Bodiredipuso - PSETA)
xvi. Rre Chris Setlhako (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Pabalesego le Tshireletsego - SASSETA)
xvii. Rre Themba Dlamini (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Dipalangwa - TETA), mmogo le
xviii. Rre Thulani Tshefutha (Lekala la Thuto le Katiso mo Mererong ya Dikgwebo tse Dikgolo tsa Dithoto le tsa Mabentlele – W&RSETA)
D. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Go tsenngwa tirisong diporojeke tsa kago ya madulo tse pedi tse dikgolo mo porofenseng ya Gauteng
1.1. Kabinete e nopotse kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go tsenngwa tirisong diporojeke tsa kago ya madulo tse pedi tse dikgolo mo porofenseng ya Gauteng, tseo maitlhomo a tsona e leng go agela malapa a le 68 000 madulo kwa Lufhereng (mo Masepaleng wa Teropokgolo ya Johannesburg) mmogo le kwa Mooikloof (mo Masepaleng wa Teropokgolo ya Tshwane).
1.2. Madulo a Lufhereng ga a tsewe fela jaaka mafelo a bodulo, mme a tsewa gape jaaka a a tlhotlheletsang gore baagi e nne seoposengwe jaaka mo go ona go na le mafelo a botlhabakgobe le a boiketlo go tsenyeletsa le dikolo, dikolo tsa bomapimpana, maokelo, dikereke, mafelo a boitapoloso, mafelo a magolo a go sa agiwang sepe mo go ona, mafelo a dikgwebo le a mabentlele mmogo le mafelo a go ikentsha bodutu mo go ona. Lefelo le Legolo la Madulo la Mooikloof go solofetswe gore le tla aga madulo a ka nna 50 000.
1.3. Go solofetswe gore diporojeke tseno di tla tlhola ditiro tse dintsi thata fa mafelo ano a agiwa mmogo le fa diporojeke tseno di setse di fedile go agiwa, fa ka fa letlhakoreng le lengwe di tla tlhotlheletsa gore go bulwe dikgwebopotlana le go godisa maemo a ikonomi a dikgaolo tseo, e leng dilo tse di botlhokwa thata mo nageng eo maemo a yona a ikonomi a santseng a lwantshana le seelo se se kwa godimo sa dipalopalo tsa batho ba ba tlhokang ditiro le bao ba sa lekalekaneng ka go itsholela.
2. Pegelo ya Ditshupetso tsa Merero ya Boitlhamedi le ya Saense mmogo le ya Thekenoloji mo Aforika Borwa ya Ngwaga wa 2025
2.1. Kabinete e nopotse dipoelo tse di rebotsweng ke Pegelo ya Ditshupetso tsa Merero ya Boitlhamedi le ya Saense mmogo le ya Thekenoloji mo Aforika Borwa ya Ngwaga wa 2025 mmogo le dintlha tse dingwe tsa yona tse di botlhokwa tseo e di umakileng. Pefelo eno e bontsha gore le fa naga ya Aforika Borwa e setse e kgonne go aga motheo yo o tsetsepetseng wa dithulaganyo tsa naga tsa saense le tsa boitlhamedi, dithulaganyo tseno di santse di gasagane mo maphateng a puso, a ditheo tsa thuto e kgolwane, mo diintasetering mmogo le mo mekgatlhong ya baagi.
2.2. Go gasagana gono, mmogo le ditiragalo tsa go se tlamelwe ka matlole a a lekaneng, di dira gore go nne bokete gore naga e kgone go fetola dipatlisiso tse e di dirileng gore e nne didirisiwa tse di ka rekisiwang kgotsa gore e nne dilo tse di ka dirisiwang go thusa setšhaba.
2.3. Pegelo eno e ikuela gore go gagamadiwe tirisanommogo e e leng teng magareng ga puso, ditheo tsa thuto e kgolwane, diintaseteri mmogo le mekgatlho ya setšbana gore go tle go kgonwe go ngokela dipeeletso tse di tsamaisanang le thulaganyo e e rileng mo lephateng la Saense, Thekenoloji le la Boitlhamedi (STI), ka dikgato tse di rileng tse di tla kgontshang go tsenngwa tirisong dipholo tse di rebotsweng ke dipatlisiso gore di feletse di fetoletswe go nna dilo tse di kgonang go dira letseno le go tswela setšhaba mosola, e leng se gape se tla dirang gore naga ya Aforika Borwa e kgone go ikemela mo go gaisaneng le dinaga tse dingwe mo lefatsheng.
3. Go ema sejaro ga Ditheo tsa Thuto tse di Rutang Bana ba ba Konoseditseng Dithuto tsa Bona tsa Sekolo
3.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka dikgato tsa go ema sejaro ga Ditheo tsa Thuto tse di Rutang Bana ba ba Konoseditseng Dithuto tsa Bona tsa Sekolo (PSET) mo ngwageng wa dithuto wa 2026. Dikopo tsa go ya sekolong mo ditheong tse dikgolwane mo ngwageng wa 2026 di buletswe ka pele go gaisa mo ngwageng yo o fetileng jaaka di sa bolo go bulelwa ka Lwetse 2025 le go tswalelwa ka la bo 15 Ngwanaitseele 2025.
3.2. Jaanong dikgato tsa go sekaseka tshedimosetso ya baithuti di golaganngwe le tshedimosetso e e leng teng mo Lefapheng la Merero ya Selegae, mo Setheong sa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) mmogo le mo Setheong sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa (SASSA) go dira gore go nne bonolo go sekaseka letseno le lelapa le nang le lona le go sekaseka fa e le gore badiradikopo ke maAforika Borwa a nnete kgotsa jang. Go gagamatsa dikgato tsa go thibela bokhukhuntshwane, go tsentswe tirisong gape le dikgato tsa go dira gore badiradikopo ba dirise menwana ya bona mmogo le go iponagatsa ka sebele.
3.3. Mo godimo ga seno, Sekema sa Naga sa Merero ya go Duelela Dithuto tsa Baithuti (NSFAS) se tlile go thapa batlhankedi ba ba tlileng go direla kantoro ya sona go ya go ile ba ba tla bong ba na le dikantoro mo teng ga setheo se sengwe le se sengwe sa thuto fa go bolodiwa letsholo la go ikwadisa ba ba tla thusanang le setheo mmogo le baithuti ka go rarabolola dikgwetlho tsa go duelela dithuto tsa baithuti.
3.4. Go tla tlhomikwa le setlhopha sa tharabololo ya mathata a a tleng a nne teng mme mo go sona go tla nna le baemedi ba Lefapha la Ditheo tse Dikgolwane tsa Thuto le Katiso, baemedi ba NSFAS, ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le mekgatlho ya baithuti. Setlhopha seno se tla kopana beke e nngwe le e nngwe go sekaseka dikgwetlho tse go kopanwang le tsona le go tla ka ditharabololo mo di tlhokagalang.
3.5. Mo godimo ga seno, NSFAS e fetotse ditsela tse e ikgolaganyang ka tsona le badirisi ba ditirelo tsa yona ka go netefatsa gore baithuti ba kgone go bona tshedimosetso mo inthaneteng ka bonako, ka megala le ka sebele.
4. Tshomarelo ya Sekema sa Naga sa Merero ya go Duelela Dithuto tsa Baithuti (NSFAS)
4.1 Kabinete e amogetse le go sekaseka pegelo e e ka ga seemo sa dithuso tsa matlole a go isa baithuti sekolong mmogo le go somarelwa ga NSFAS. Kabinete e a dumela gore go na le dikgwetlho mo tsamaisong ya setheo tse di nyenyefaditseng go tshepagala ga setheo mo matlhong a setšhaba mme e dumelane le dikgato tsa go tsenya tirisong dikgato tse di potlakileng tsa go dira gore maemo a digele, mmogo le go gagamatsa dikgato tsa thulaganyo ya ICT, mmogo le go fetola dikgato tsa go abelana ka matlole.
4.2 Kabinete e itumeletse gape le kgatelopele e e dirilweng mo go buisaneng le bannaleseabe ba ba botlhokwa ba lekala leno mo maphateng otlhe a puso, mo ditheong tsa thuto e kgolwane, mo mekgatlhong ya baithuti mmogo le mo mekgatlhong ya badiri. Go dumelanwe ka gore ditsela tse dintšhwa tsa go tlamela ka matlole sekema seno di tshwanetswe go konosediwa mo ngwageng yo o tlang wa 2026 fa o simolola, go lebeletswe segolobogolo tlamelo e go tla itshegetswang ka yona go ya go ile, go dira gore kemonokeng ya baithuti ba ba tsenang kwa diyunibesiti le kwa di-TVET e se tshwane, mmogo le go tlhabolola mekgwa ya go dira dikopo gore e se sokodisi, mmogo le go tokafatsa dikgato tsa abelwa matlole le tsa go dira boikuelo. Kabinete e nopotse dipholisi di le dintsinyana le ditheo tse go ka kopiwang thuso mo go tsona tse go santsweng go atlhaatlhiwa tlhokagalo ya tsona go ka thusa mme e totobaditse gore thuso ya matlole go botlhokwa gore e tswe mo ditheong tsa puso gore e kgone go dira gore batho botlhe ba fitlhelele ditheo tsa thuto e kgolwane le katiso ka go lekalekana.
5. Leano la Kgodiso ya Tirisanommogo mo Mererong ya Bojanala (TGPP) la go Tloga ka Ngwaga wa 2025 go Fitlha ka wa 2030: Go dira gore go nne le kgolo e botlhe ba nang le seabe mo go yona le go tlhola ditiro
5.1. Kabinete e tsibositswe ka Leano la Kgodiso ya Tirisanommogo mo Mererong ya Bojanala la go Tloga ka Ngwaga wa 2025 go Fitlha ka wa 2030, le le tlhomileng leano la go tsamaisa tiro ya go potlakisa kgolo ya ikonomi e botlhe ba nang le seabe mo go yona, le e e sa phutlhameng mo lephateng la bojanala mo pakeng ya dingwageng di le tlhano. Leano leno le sola mosola tirisanommogo e e leng teng magareng ga lephata la puso, la poraefete mmogo le mo setšhabeng gore go kgonwe go tlhatlosa dipalo tsa bajanala ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle le ba ba leng ka fa nageng, go oketsa mafelo a bojanala, go tlhola ditiro, go dira gore lephata la bojanala le tsetsepele le go dira bonnete jwa gore setšhaba se a unngwelwa.
5.2. Kabinete e nopotse gore leano leno le tlhagisa maitlhomo a a botlhokwa a le matlhano, matsholo a le marataro a a botlhokwa mmogo le leano le le mabapi le go dikgato tse di tla tsenngwang tirisong le le nang le Matshwao a a Botlhokwa a a tla Latelwang a a Bontshang Phetagatso ya Tiro (di-KPI), mme tseno tsotlhe di enngwe nokeng ke dipeeletso tse di tla phetagadiwang kgato ka kgato mmogo le metswedi e le mentsi e e farologaneng ya tlamelo ka matlole.
5.3. Kabinete e nopotse gape le gore kgolo mo lephateng la bojanala e setse e fetile dipalopalo tseo go neng go ipeetswe tsona gore e tla re ka ngwaga wa 2030 ga fitlhelelwa dipalopalo tseo, di fetile gape le dipalopalo tse go neng go solofetswe gore di tla fitlhelelwa mo dingwageng tsa pele go ka wa bolwetse jo bo neng bo aparetse lefatshe, go tlhomilwe ditiro (tseo di thapileng bontsi bašwa le basadi), go fetotswe ka fao go bonwang mafelo a metseselegae mo mererong ya bojanala, mafaratlhatlha a tlhabolotswe e bile gape go tsenyeleditswe le dikgato tse di tsamaisanang le go somarela tlhago gore go se fetlhiwe maemo a a sa iketlang a phetogo ya loapi.
3.2. Khonferense ya bo 13 ya Lefatshe e e ka ga Babegadikgang ba Dikgang tse di ka ga Merero ya Saense (WCSJ)
3.2.1. Kabinete e nopotse le go itumelela kopano e e tsamaileng sentle ya Khonferense ya bo 13 ya Lefatshe e e ka ga Babegadikgang ba Dikgang tse di ka ga Merero ya Saense, e e neng e tshwaretswe kwa Pretoria go tloga ka la bo 01 go fitlha ka la bo 05 Sedimonthole 2025. Khonferense eno e ne e tshwerwe ke ba Lefapha la Saense, Thekenoloji le Boitshimololedi (DSTI) mmogo le ba Lekgotla la Dipatlisiso tsa Merero ya Saense le ya Diintaseteri (CSIR), mme seno se nopotse botlhokwa jwa babegadikgang ba dikgang tse di ka ga merero ya saense mo go samaganeng le go tlhoka tekatekano mo lefatsheng le mo go direng gore setšhaba se nne le tshepo mo mererong ya saense.
3.2.2. Khonferense eno i nnile le dipoelo tse di seng kana ka sepe, go tsenyeletsa maikano a go atolosa bobegakgang jo bo nang le maitseo, go oketsa dipalo tsa babegakgang bano mo kgaolong ya rona, go tla ka didirisiwa tsa thekenoloji tse dintšhwa mmogo le go tlhotlheletsa gore mo mererong ya saense go nne teng le baeteledipele ba kontinente ya Aforika.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Kgwedi ya Poelano
1.1. Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Poelano kgwedi yotlhe ya Sedimonthole, mo go tla tshwarwang mokete wa Letsatsi la Poelano ka la bo 16 Sedimonthole 2025 mme ona o tla ketekelwa kwa Musiamong wa Ncome o o leng kwa Nquthu, mo porofenseng ya KwaZulu-Natal.
1.2. Molaetsa wa go keteka wa monongwaga ke o o reng: “Re Simolotse re na le Hisetori e e Tshwanang jaanong re na le Bokamoso jo bo Tshwanang mme seno ke ka ntlha ya go Itlhamela le go Bula Ditsela tse Dintšhwa”, mme fa e le Letsatsi la Poelano la ngwaga wa 2025 lona le tla keketiwa ka molaetsa yo mogolo yo o reng: “Re Netefaletsa Kokomane ya Kamoso gore go na le Poelano mo Setšhabeng sa Rona”.
1.3. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go agelela mo godimo ga tseo re setseng re atlegile mo go tsona mo dingwageng di le masome a mararo a demokerasi ka go ruta bašwa, go ema nokeng dikgwebo tsa ka fa nageng mmogo le go buisana le go bolelana nnete e e senang bana ba phefo e leng seo se tla dirang gore re tlhaloganyane le go nna le maikemisetso a a tshwanang.
1.4. Kgwedi ya Poelano ke segopotso sa gore kgololesego le temokerasi e re ipelang ka yona gompieno ga di a itlela fela, di nnile teng ka ntlha ya hisetori ya naga ya Aforika Borwa e e tlhamuketseng ka go tshwara batho ba bangwe makgwakgwa le go tshwara setšhaba ka go se lekalekane, le fa go le jalo isago ya naga eno e mo diatleng tsa go tshwaraganela maitlhomo a go oka dintho tsa mo malobeng, go ipopa seoposengwe le go itlhamela ditšhono mmogo.
F. Melaetsa
1. Go laela setšhaba go ntsha matlho dinameng jaaka go le maemo a bosa a a bogale
1.1. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go ntsha matlho dinameng jaaka go le maemo a bosa a a bogale, go tsenyeletsa dipula tse di maatla, magadima le difako mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng. Tshedimosetso e e ikanyegang ya maemo a bosa e teng mo webesaeteng ya Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya Maemo a Loapi ya: www.weathersa.co.za
2. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
i. Mokomišenara wa Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) wa maloba e bong Rre Oupa Magashula, yo a neng a le mo setulong sa go bokeletsa matlole a lekgetho ka nako eo mo ngwageng wa 2008 go neng go le boima ka ntlha ya go phutlhama ga ikonomi ya lefatshe. Ka dinako tsa gagwe pele e ka nna Mokomišenara, Rre Magashula o ne a dira jaaka motlhankedi wa mokgatlho wa badiri pele a ka ya kwa lekaleng la dikoporasi mo kwa bofelong a feleditseng e le motlhankedi wa lephata la tirelo ya puso.
ii. Moatlhodi Leonora van den Heever, mosadi wa ntlha mo nageng ya Aforika Borwa go ka okama maemo a moatlhodi. Go thapiweng ga gagwe go buletse dikgoro basadi mo lephateng la molao e bile ke segopotso sa ka fao dikgotlatshekelo di dirang tiro e e tswileng diatla ka teng.
iii. Rre Sunny Singh, yo mongwe wa balwelakgololesego ba ba neng ba dira tiro ya bona ka boineelo, yo a neng a atlholetswe dingwaga di le 10 kwa kgolegelong ya Robben Island. O nnile le seabe se segolo mo go tlhatlheleleng bašwa mmogo le go nna le seabe se segolo mo go fetoleng seemo sa naga ya Aforika Borwa sa merero ya dipolotiki fa temokerasi e ne e simolola.
iv. Rre Dennis Pather, mobegi wa dikgang yo a tlotlegang, mokwadi yo gape e kileng ya nna morulaganyi wa makwalodikgang a le mmalwanyana go akaretsa le lekwalodikgang la Daily News. Seabe se a nnileng le sona mo go fetoleng lephata la bobegakgang ka fa nageng ya Aforika Borwa se tla nna se gopolwa ka matsatsi otlhe.
v. Ngaka Jennifer Glennie, yo e neng e le molweladitshwanelo tsa setšhaba yo a nnileng le seabe se segolo mo go direng gore batho botlhe ba fitlhelele thuto ka go lekalekana le mo go fetoleng setšhaba. O nnile gape le seabe se segolo mo go tsenyeng seatla mo go fetoleng le mo go matlafatseng dipholisi tsa thuto e kgolwane mmogo le mo tsamaisong ya puso ka fa nageng mo maemong a gagwe a go nna Tokololo ya Lekgotla la Thuto e Kgolwane (CHE), Tokololo ya Lekgotla le Boto ya Mokgatlho wa go Tlisa Diphetogo wa Yunibesiti ya Aforika Borwa (UNISA) mmogo le mo go nneng Tokololo ya Lekgotla la Yunibesiti ya Sol Plaatje.
vi. Rre Franklin Abraham Sonn, yo e neng e le morutabana, motipolomate e bile gape e le rakgwebo yo a nnileng le seabe se segolo mo go tliseng phetogo ka fa nageng go tsweng mo motsing wa tlhaolele go tseneng mo motsing wa temokerasi. Ke ene moambasatara wa naga ya Aforika Borwa go emela naga kwa nageng ya Amerika mo pusong ya temokerasi, mo a diretseng naga go tloga ka ngwaga wa 1995 go fitlha ka wa 1999.
3. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
i. Setlhopha sa di-Springbok jaaka se fentse motshameko kgatlhanong le setlhopha sa naga ya Ireland mo metshamekong ya ngwaga wa 2025 ya Quilter Nations Series le go tswelela go nna mofenyi mo metshamekong yotlhe eo. Setlhopha sa di-Springbok se fentse gape le metshameko ya ngwaga wa 2025 ya Castle Lager Outgoing Tour Test mo se fentseng ka dino di le 73 go lefela kgatlhanong le setlhopha sa Wales mo metshameko ya teng e neng e tshamekelwa kwa Cardiff, mme se tsweletse go fenya metshameko eno lekgetlo le lengwe gape ka tatelano monongwaga.
ii. Setlhopha sa di-Protea jaaka se dirile metlholo ka go fenya mo metshamekong ya bona ya ntlha kwa nageng ya India mo dingwageng di le 25. Go fenya ga naga ya Aforika Borwa mo metshamekong eno go gagamaditse maemo a naga mo Metshamekong ya Lefatshe ya Bafenyi ba Metshameko ya Ngwaga wa 2025 ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete (ICC) – ka dipholo di le 27, mo e dirileng gore ga jaanong setlhopha se se neng se sireletsa sekgele se iphitlhele se le mo maemong a bobedi.
iii. Barutwana ba Materiki ba ngwaga wa 2025 jaaka ba garetse ditlhatlhobo tsa bona tsa makgaolakgang ka katlego. Kabinete e akgotse Lefapha la Thuto ya Motheo jaaka le dirile ka natla go netefatsa gore dithulaganyo tsotlhe tsa ditlhatlhobo di tsamaya ka thelelo. Tiro ya go tshwaya dipampiri tsa ditlhatlhobo e simolotse mo ditikwatikweng tsotlhe tse go tshwaelwang kwa go tsona tse di hupileng batho ba ba tla bong ba tshwaya naga ka bophara ba le 52 000.
iv. Lekgotla la Dipatlisiso tsa Merero ya Saense le ya Diintaseteri (CSIR) jaaka le keteka dingwaga di le 80 ka la bo 05 Diphalane 2025. E setse e le sebaka sa dingwaga di le masome a le robedi lekgotla leno le ntse le di goga kwa pele mo mererong ya saense le ya go tla ka didirisiwa tsa boitlhamedi tsa thekenoloji, le rebola dilaesense tsa didirisiwa tse di dirilweng ka fa nageng le tsa kwa dinageng tsa kwa ntle tsa thekenoloji mmogo le go tla ka ditharabololo tse di gagamatsang dikgato tsa go dira gore re nne le puso e e dirang ka botswapelo. Tseno di tsenyeletsa didirisiwa tsa go thusa go hema tse di pholositseng matshelo a batho mo nakong ya fa go ne go na le leroborobo la COVID-19, makwalo a go bontsha gore motho o tlhabetse moento wa go lwantshana le leroborobo la COVID-19 a a neng a kgontsha batho gore ba kgone go letlelelwa go tsaya maeto go ya kwa dinageng tse dingwe mmogo le dikarata tsa makwaloitshupo a lekgotla leno le a dirileng mmogo le Lefapha la Merero ya Selegae, mme tseno ke tse dingwe tsa di le dintsi tsa dilo tse lekgotla leno le di dirileng fa e sale le nna teng.
v. Go tlhophiwa lekgetlo le lengwe gape ga naga ya Aforika Borwa mo Lekgotleng la Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Dikepe le Mawatle (IMO) e leng seo se tla tswalelang phatlha e e nang le dingwaga di le nne e bulegile fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2021. Go tlhophiwa lekgetlo le lengwe gape ga naga ya Aforika Borwa go diragetse kwa kopanong ya bo 34 ya IMO e e neng e tshwaretswe kwa London ka la bo 28 Ngwanaitseele 2025, r lrng seo se bayang naga ya Aforika Borwa mo maemong a bo C go tloga mo ngwageng wa 2026 go fitlha go wa 2027. Maemo ano a okama ke dinaga tse mo go tsona di nang le dikepe le mawatle kgotsa mekgwa ya go putla mawatle, mme seno se dira gore go nne le palo e e lekalekanang ya mafelo otlhe a magolo mo lefatsheng. Naga ya Aforika Borwa e tla sola mosola maemo ano go emelela maemo a kontinente ya Aforika mo mererong ya lefatshe ya dikepe le mawatle.
vi. Setlhopha sa Metshameko sa Orlando Pirates jaaka se fentse Sejana sa Ngwaga wa 2025 sa Carling Black Label. Ditlhopha tsa ka fa nageng ke tsona tse di naya setlhopha sa Naga sa Bafana Bafana mafolofolo jaaka e le batshameki bano ba ba emelang setlhopha seno sa Aforika Borwa mo Metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa Ngwaga wa 2026.
4. Go tsaya tsia pabalesego, seno ke maikarabelo a rona rotlhe mo matsatsing ano a mekete ya bokhutlho jwa ngwaga
4.1. Kabinete e eletsa maAforika Borwa otlhe matsatsi a a monate a mekete ya bokhutlho jwa ngwaga a a tletseng lerato, kagiso le pabalesego a a tla bong a ketekiwa le ba malapa le bao re ba ratang mme e bile go elediwa bao ba tla bong ba ya dikerekeng Keresemose e e segofetseng. Kabinete e santse e gatelela gore batho mo mebileng ba ntshe matlho dinameng ba ipabalele, mo metseng, mo mafelong a boitapoloso jwa baagi le mo meketeng e megolo e e tla bong e tshwerwe mo pakeng eno ya meletlo.
4.2. Lefapha la Dipalangwa (DoT) le tsentse tirisong leano le lentšhwa la go ipabalela mo pakeng ya mekete ya bokhutlho jwa ngwaga go boloka matshelo a bakganni, badirisi ba dipalangwa tse di rwalang baagi mmogo le batsamayakadinao. Go tla romelwa mapodisi a pharakano a naga a a dirang mo mebileng a le 800 go disa mebila, mme ba tla bo ba tshegeditswe ke ditheo tse dingwe tsa sepodisi, mme ba tla bo ba disitse gore mo pakeng yotlhe ya mekete ya bofelo jwa ngwaga batho ba obamela melao ya tsela le go ipabalela. Go tla romelwa gape le mapodisi a mangwe a a sa tswang go konosetsa dithuto tsa bona tsa sepodisi a le 558 go netefatsa gore a tlisa pabalesego mo pakeng eno ya khunulogo.
4.3. Badirisi ba mebila go ikuelwa mo go bona go obamela melao ya tsela, go dirisana le mapodisi fa ba paregile ditsela le go tlogela mekgwa e e sa amogelesegeng go tsenyeletsa ya go kganna ba itshietse, ba nwele kgotsa ba gogile diritibatsi tse di ritibatsang tlhaloganyo, go kganna ka lebelo le le kwa godimo le go dirisa megala ya seatla fa ba kganna.
4.4. Batsadi le bagodisi ba bana go ikuelwa mo go bona go tlhokomela bana le go dira gore ba se gobale le go se welwe ke dikotsi. Fa le dirisa dijanaga go tsaya maeto, netefatsa gore bana ba bofilwe mapanta mo sejanageng, mme fa le le mo mafelo a go nyeumang ka batho, netefatsa gore o ela bana tlhoko ka leitlho le le ntšhotšho gose ba se wele mo kotsing kgotsa ba se timele kgotsa ba se utswiwe.
4.5. Baagi ba elediwa gape le gore ba itlhokomele gore ba se tseelwe ditsabona ka go tshwarisiwa pala, ba gantsi ba dirisang monyetla wa matsatsi a mekete ya bofelo jwa ngwaga go tshwarisa pala batho ba ba lemogeng gore ba a akediwa. Begela sepodisi ka gangwe kgotsa kwa go motlhankedi wa molao yo a leng fa gaufi fa o bona mongwe a dira boferefere fa pele ga matlho a gago.
4.6. Kabinete e gakolola batho botlhe gore pabalesego ke maikarabelo a rona rotlhe. Tla rotlhe re dirisaneng sentle mo mebileng gore re efoge dikotsi tsa mo tseleng, dikgobalo le dipolaano mo pakeng eno ya meletlo.
Kabinete e eletsa setšhaba sotlhe matsatsi a meletlo a a tletseng boitumelo le ngwaga yo mošwa.
Dipotsolotso:
Rre Sathasivan (Terry) Vandayar – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere)
Mogala: 082 444 9092

