A. Dintlha tse go Buiwang ka Tsona mo Dikganyeng
1. Go Gagamatsa Dikgato tsa go Tsetsipisa Maemo a Ikonomi
1.1. Dipholo tsa Kotara ya Ntlha tsa Tsamaiso ya Setheo sa Dirori tsa Diterene tse di Rwalang Dithoto tsa Transnet (TFR)
1.1.1. Mo Kotareng ya ntlha ya ngwaga wa matlole wa 2026/27, TFR e rekotile diphesente di le 4,4% tse di supang tokafatso ya maemo a tsamaiso ya setheo, ngwaga le ngwaga. TFR fa kotara e garela e ne e setse e konoseditse dithane di le dimilione di le 42,0 mme di kwa godingwana mo go tsa ngwaga yo o fetileng tse di neng di le mo go dimilione di le 40,2.
1.1.2. Go botlhokwa go tseela tlhogong ntlha eno go nne TFR e kgonne go fitlhelela maemo ano le fa ba ne ba setisiwa ke dikgato tse di tsentsweng tirisong tsa gore sebaka sa matsatsi a mangwe gape a le 11 se tlile go dirisiwa go kgaoletsa tiro ya Maphata a a Dirang ka Tshipi gore go tle go samaganwe le tiro ya go baakanya le go ntšhwafatsa dilo tseo di ka tswang di robegile. Ka go se letle seno go ba sitisa, ba TFR ba kgonne go tsamaisa dithane tse dintsi, mme seno se kgonne go tokafatsa maemo ka tsela e e bonagalang mo tsamaisong ya tiro ya yona le mo go direng gore tiro ya yona e phetagadiwe ka tsela e e tswileng diatla.
1.2. Peeletso mo Lekaleng la Dijanaga
1.2.1. Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi mafoko a setlamo sa dijanaga sa Toyota South Africa Motors' a gore se tlile go beeletsa matlole a le kanaka dibilione di le R10.4 kwa femeng ya bona ya Prospecton e e leng kwa eThekwini gore e kgone go betla sejanaga sa bona sa kokomane ya borobongwe sa Hilux. Dipeeletso tsa mothale ono ke tsona tse di gagamatsang lekala la go betla dijanaga, di thusa go dira gore ditiro di ka nna 27 000 mo lephateng le le tlamelang setlamo seno ka dilwana le ditirelo di tswelele go nna teng, mmogo le go dira gore ditiro tse dingwe gape di feta di le 4 300 mo mafelong a go aga dijanaga di tswelele go nna teng – fano re bua ka bona badiredi ba ba direlang feme ya Toyota ya Prospecton.
1.2.2. Matlole ano a a boitshegang ano, mmogo le dikgato tsa sešweng tse di tserweng ke setlamo sa Chery Group tsa go reka le go tsosolosa feme e mo malobeng e neng e le ya setlamo sa Nissan mo lefelong la Rosslyn, mo porofenseng ya Gauteng. Setlamo sa Chery Group se setse se ntshitse le tsiboso ya gore mo lefelong leno se tlile go betla dijanaga tsa Chery, Jaecoo, le tsa Jetour.
1.2.3. Dijanaga tsa ntlha go lebeletswe gore di tla simolola go agiwa fa gare ga ngwaga wa 2027, mme mo tsamaong ya nako tiro eno e tla tswelela go gola go lebeletswe gore kwa bofelong mo ngwageng lefelo leno le feletse le kgona go betla dijanaga di le 15 000.
1.2.4. Go rekeng lefelo leno ga setlamo sa Chery Group go thusitse go dira gore batho ba le 692 ba ba leng mo lephateng la tlhagiso ya dikuno ba se felelwe ke ditiro e bile go akangwa gore palo eno fa e feletse e ka fitlha go palogotlhe ya ditiro di ka nna 3 000 ya bao ba direlang setlamo ka bosona le ba ba leng mo lephateng le le tlamelang setlamo seno ka dilwana le ditirelo gore di tswelele go nna teng mo maphateng otlhe a go rwala dithoto, a boenjenere, a tlamelo ka dithoto le ditirelo le a kemonokeng ya setlamo.
1.2.5. Ditiragalo tsa mothale ono tsa go dira boineelo jwa nako e telele ka fa nageng di gagamatsa maemo a naga ya Aforika Borwa a go nna motlhagisi le morekisi yo a nang le dithata mo kgaolong ya rona.
1.3. Dipholo tsa IMF tsa go Sekaseka Maemo a Ikonomi ya Naga ya Aforika Borwa di Bontsha Kgolo
1.3.1. Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi dipholo tse di tsamaisanang le dinako tsa go sekaseka maemo a ikonomi, tse di fetotseng le go isa kwa godimo maemo a naga ya Aforika Borwa mo mererong ya Dipalopalo tsa Tlhagiso ya Dikuno tsa ka fa Nageng (GDP) tse di reng maemo a no a tlile go gola ka phesente e le 1.1%. Kabinete e nopotse gore phetogo eno ya maemo a a namatshang pelo e bontsha gore maemo a ikonomi ya ka fa nageng a bontsha maemo a a tsetsepelang a ikonomi e e tswelelang go bontsha bogatlhamelamasisi.
1.3.2. Fa ka fa letlhakoreng le lengwe go tlhatloga ga maemo a ikonomi a naga ya Aforika Borwa go namatsha pelo, ka fa go le lengwe go bontsha tshepo e e leng teng mo dikgatong tsa go tsosolosa maemo a ikonomi ya naga le fa maemo a kgolo ya lefatshe ona a ntse a goga boima e bile gape go na le dikgogakgogano mo mererong ya sepolotiki sa mafatshe le dintwa tse di leng teng mo dinageng tsa kwa Middle East.
1.4. Go Tsenya Tirisong ga Kgato ya bo II ya Sekema sa Bathapi ba ba Tshepagalang sa Dijithale (TES)
1.4.1. Kabinete e amogetse ka diatla tsoopedi dikgato tsa go thankgolola semmuso TES gore e sale morago dikopo tsa di-visa tsa bathapi ba e leng ba boammaruri mme seno se tshwanetswe go diriwa ka tshwanelo ntle le go baya naga mo kotsing kgotsa go ikgatolosa melao e e laolang merero ya bofaladi. Bathapi ba ba nang le matshwanedi ba tshwanetse go itshupa gore ba na le dipeeletso tse dikgolo tse ba tlang ka tsona ka fa nageng, ba tlile go thapa lantlha le ka bontsi baagi ba naga ya Aforika Borwa mmogo le bao ba neetsweng tetla ya go ka nna maAforika Borwa, ba tlile go beeletsa mo go tlhatlheleleng baagi ba ka fa nageng ka bokgoni, e bile gape ba tlile go dira gore dikgwebo tsa bona di samagane le makala a a botlhokwa a ikonomi ka fa nageng..
1.4.2. Sedirisiwa seno sa go dira dikopo sa kgato ya bobedi sa TES se se bediwang "Home Affairs @ home" ke karolo ya leano le legolo la puso la go tsenya tirisong didirisiwa tsa thekenoloji. Mo tsamaong ya nako go tlile go fitlha motsi oo sedirisiwa seno se tlileng go nna karolo ya didirisiwa tse di tlhokagalang tsotlhe tse di tlhokagalang tsa Didirisiwa tsa Thekenoloji tsa Thulaganyo ya go Tsena le go Tswa ka fa Nageng (ETA).
1.4.3. Bathapi botlhe ba ba nang le matshwanedi ba lalediwa go sola mosola sedirisiwa seno mme ba romele Maitlhomo a go Dira Dikopo (EoI) magareng ga la bo 20 Phukwi le la bo 04 Lwetse 2026.
2. Go Aga Maemo a Ikonomi mo Dinageng tsa Kgaolo a a Nang le Maatla
2.1. Naga ya Aforika Borwa e eme ka Dintsetsekwane e Letetse go Tshwara Samiti ya SADC
2.1.1. Kabinete e solofeditswe gore naga ya Aforika Borwa e malala a laotswe go ka tshwara ka katlego Samiti ya bo 46 e e Tlwaelegileng ya Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Mebuso ya Dinaga tsa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go simolola ka la bo 16 gp fitlha ka la bo 17 Phatwe 2026 kwa Tikwatikweng e go tshwarelwang Ditiragalo tse Dikgolo tsa Maemo a Boditšhaba e e kwa Durban.
2.1.2. Jaaka e le karolo ya go ipaakanyetsa ditiragalo tsa Samiti ya SADC, naga ya Aforika Borwa e tla bo e tshwere Beke ya Diintaseteri tsa SADC ya ngwaga wa 2026 go simolola ka la bo 27 go fitlha ka la bo 31 Phukwi 2026, kwa Tikwatikweng e go tshwarelwang Ditiragalo tse Dikgolo tsa Maemo a Boditšhaba e e kwa Durban mo porofenseng ya KwaZulu-Natal. Samiti eno e tla bo e tsenetswe ke badiri ba dipholisi, baeteledipele ba dikgwebo, babeeletsi, barutegi, badiradipatlisiso mmogo le batlhankedi ba ditheo tsa matlole a go thusa go tlhabolola maemo go tswa mo kgaolong yotlhe le kwa mafelong a mangwe e leng seo se tla thusang go godisa tlhabololo ya diintaseteri.
2.1.3. Beke ya Diintaseteri tsa SADC e ema nokeng Leano la Mosupatsela la Diintaseteri tsa SADC (2015–2063), leo le itsetsepetseng ka dipilara di le tharo: go tlhoma diintaseteri, go dira ka botswapelo le go golaganya kgaolo.
2.1.4. Mogopolo wa monongwaga o tsenyeletsa wa go tlhabolola mosola wa tirisanommogo mo lephateng la temothuo, melemo, dilo tse di dirisiwang ke bareki mmogo le go abelana dithata tsa go unngwelwa mo dimeneraleng tse di botlhokwa mo lefatsheng, mmogo le mo tlhabololong ya mafaratlhatlha mo lephateng la maokwane, dipalangwa, dipalangwa tse di rwalang dithoto mmogo le mo lephateng la didiririswa tsa thekenoloji ya tshedimosetso le ditlhaeletsano (ICT).
2.2. Go Fokotsa Dituediso tsa go Gwebisana ga Dinaga tsa SADC
2.2.1. Kabinete e akgotse Bankakgolo ya Naga ya Aforika Borwa jaaka e atolositse tiro ya sedirisiwa sa Dituediso tse di leng mo Dinakong tsa Matlole a Dinaga tsa SADC (SADC-RTGS) mo se letleletseng gore le ledi la naga ya Angola le le bediwang Kwanza gore le lona le letleletswe go dirisiwa go dira dituelelo mme lona le mo maemong a bobedi le tla fa morago ga ledi la naga ya Aforika Borwa la Ranta.
2.2.2. Maitlhomo a SADC-RTGS ke go fokotsa dituediso fa batho ba dinaga tse di farologaneng ba gwebisana mo kgaolong ya rona mme seno se diriwa ka go sola mosola Bankakgolo ya naga ya Aforika Borwa gore e nne yona e e rulaganya tsamaiso ya tiriso ya madi a a dirisiwang mo kgaolong mme yona e tla dira seno mo legatong la dibankakgolo tsa dinaga tsa SADC.
2.2.3. Go akarediwa ga ledi la naga ya Angola la Kwanza jaaka ledi le le lona le letleletsweng go ka dirisiwa mo dituedisong tsa sedirisiwa sa SADC-RTGS go bontsha gore re fitlheletse dilo tse dikgolo mo go godiseng maemo a ikonomi ya kgaolo ka go fokotsa madi a dituediso tsa go gwebisana.
2.3. Khomišene ya Dinaga ka Bobedi e bong ya Aforika Borwa le ya Namibia (BNC)
2.3.1. `Kabinete e amogetse go konosediwa ka katlego ga BNC e e neng e tshwaretswe kwa Pretoria ka la bo 17 Phukwi 2026 e badulasetilo ba yona e neng e le Motlotlegi Ngaka Netumbo Nandi-Ndaitwah, yo e leng Moporesitente wa Naga ya Namibia mmogo le Motlotlegi Cyril Ramaphosa yo e leng Moporesitente wa Naga.
2.3.2. BNC eno e totobaditse ka fao naga ya Aforika Borwa le ya Namibia di nang le tirisanommogo e e tseneletseng ka teng mo makaleng a a botlhokwa. Se se botlhokwa le go gaisa ke maikano a go dirisanammogo mo mererong ya go senka le go dirisa dirašhwa tsa tlhago e leng seo se tlileng go ema nokeng dikgato tsa tlhabololo ya maemo a ikonomi mo dinageng ka bobedi.
2.3.3. Bobedi jwa Baporesitente bano ba ne ba nesetsa pula dikgato tsa go saenela ditumelano di le supa tsa tirisano ya dinaga ka bobedi mmogo le ditokomane tse dingwe tse di mabapi le go thusana.
2.4. Ditolara di le Dimilione di le 13 Mabapi le go Samagana le go Thibela gore Bolwetse jwa Ebola bo Aname mo Kontinenteng ya Aforika
2.4.1. Kabinete e amogetse dikgato tse di tserweng ke Banka ya Merero ya go Thusa go Tlhabolola Aforika (AfDB) tsa go ntsha madi a le kanaka ditolara di le dimilione di le 13 go thusa mo mererong ya tshoganyetso ka go thusa mo maitekong a go thibela go anama ga bolwetse jwa Ebola kwa nageng ya Democratic Republic of Congo (DRC), ya Uganda, mmogo le ya South Sudan gore di kgone go phetagatsa matsholo a merero ya tshoganyetso mo dinageng, go thibela gore bolwetse jono bo aname mmogo le go fokotsa dipalopalo tsa batho ba ba tlhokafalang le ba ba bobolang mo mafelong a a amegileng le a a humanegileng.
2.4.2. Tlamelo eno ya matlole e tla morago ga gore Moporesitente Cyril Ramaphosa a dire boikuelo mo maemong a gagwe jaaka Moeteledipele wa Merero ya go Thibela le go Lwantshana le Maroborobo, go Ipaakanyetsa ona le go a Tsibogela (PPPR) mo Mokgatlhong o o Tshwaraganetsweng wa Dinaga tsa Kontinente ya Aforika (AU), o o diretsweng gore o kgone go dira gore Aforika e tshwaragane ka bogolo, e kgone go tswa thuso ka bonako mo ditšhabeng tsa yona mmogo le go oketsa dipalopalo tsa dipeeletso mo ditheong tse di gogwang kwa pele ke kontinente ya Aforika tse di samaganang le merero ya go itlhamela didirisiwa tsa kalafi.
3. Ga go Monate o o Gaisang wa go Boela Gae, Baagi ba Aforika Borwa ba ba Busediwang ka fa Nageng Dikgoro di Butswe
3.1. Kabinete e utlwetse gore baagi ba Aforika Borwa ba basweu ba ba neng ba ikubula ba re bona ga ba sa batla sepe le Aforika Borwa mme ba tlile go fudugela kwa Amerika ba bua maaka a matala ba re ka fa nageng batho basweu ba bolawa jaaka ditshenekegi ga twe naga eo e ganne go ba rebolela di-Visa.
3.2. Kabinete e santse e boeletsa mafoko a yona gore go sa kgathalesege gore baagi ba Aforika Borwa ba dumela mo mogopolong ofe wa sepolotiki dikgoro di tla tswelela go nna di ba buletse ka fa nageng mme ga ba tlhoke go nna le letshogo kgotsa go akanya gore ba tlile go otlhaiwa ka mokgwa wa sepolotiki le go gatelelwa semolao go ya ka melao ya naga.
3.3. Kabinete e amogetse gore naga ya Aforika Borwa e santse e tobane le dikgwetlho di le dintsi mo mererong ya setšhaba le ya ikonomi mme tsona di tobile baagi botlhe ba ba nnang mo nageng ya Aforika Borwa, go sa kgathalesege gore ke ba morafe ofe kgotsa bong bofe. Dikgwetlho tseno gore di kgone go rarabololwa di tlhoka go tshwaraganelwa ke (ke botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa) le go okaretsa le puso, makoko a dipolotiki, mekgatlho ya badiri, dikgwebo, mekgatlho ya baagi mmogo le baagi ka bobona ba naga ya Aforika Borwa. Matsapa a a diriwang ke botlhe a tshwanetse go tseela tlhogong lefa le le santseng le rena le ka motsi ono le le tlhodilweng ke molao wa puso ya tlhaolele mmogo le botlhokwa jwa go phosolola diphoso tse di jabeditseng ba bangwe mo nakong e e fetileng.
3.4. Kabinete e ikuela go botlhe ba ba nnang ka fa nageng ya Aforika Borwa gore ba tswelela go tšhwela ka mathe ditiragalo tsa bao ba lekang go re busetsa kwa morago mo diphetogong tse re setseng re di dirile tsa semorafe mme ba itome sesino go fitlhelela dipoelo tsa go nna setšhaba sa naga ya Aforika Borwa se se tshwaraganeng, se se sa tlhaoleng batho go ya ka gore ke ba morafe ofe e bile se atlegile mo botshelong.
4. Nako ya Mariga a Ngwaga wa 2026 ya Dikolo tsa Bogwera
4.1. Kabinete e tshwenyegile thata ka ntlha ya ditiragalo tse di tsweletseng tsa bašwa ba ba latlhegelwang ke matshelo a bona le go itemogela tse dingwe tsa dikgobalo tse di sa jeseng diwelang tse di rekotilweng mo Pakeng ya Ngwaga wa 2026 ya Sekolo sa Mariga sa Bogwera.
4.2. Kabinete e rometse molaetsa wa yona wa go lela mmogo le ba malapa a basimane ba le 47 ba ba neng ba ile bogwera ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona mmogo le malapa a bao ba nnileng le dikgobalo tse di masisi le bao ba santseng ba itharabologelwa kwa maokelong mme e ba eletsa pholo ya ka bonako.
4.3. Kabinete e lebogile gape le ka fao ba ditheo tsa molao ba tsibogetseng ka bonako ditiragalo tseno mo go direng bonnete jwa gore batho botlhe ba ba itlhokomolositseng melao ya merero ya dikolo tsa bogwera ba digama ba sa ditlhapela. Go fitlha ga jaanong ke dikgetse di ka nna di le 161 tse di amanang le ditiragalo tsa botlhokotsebe tse di butsweng, mme go setse go tshwerwe batho ba le 41. Mo godimo ga seno, dikolo di le 42 tsa bogwerwa tse di sa lateleng molao di tswaletswe, e bile go pholositswe le matshelo a basimane ba bogwera ba le 181 mme ba le 93 ba mo diphateng tse di bolelo kwa maokelong.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga lekwalo la go kganna dijanaga go tloga mo go ya dingwaga di le tlhano (5) go ya mo go ya dingwaga di le lesome (10)
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga lekwalo la go kganna dijanaga la Khoutu ya A, ya A1, ya B mmogo le ya EB go tloga mo pakeng ya sebaka sa dingwaga di le tlhano (5) gore jaanong e nne ya sebaka sa dingwaga di le lesome (10). Paka eno ya dingwaga di le lesome e tla unngwela fela bakganni bao ba kgannang dijanaga tse di bofefo. Tse dikgolo tse di dirisediwang mabaka a dikgwebo mmogo le dijanaga tse di rwalang baagi tsona di tla tswelela go felelwa ke nako morago ga sebaka sa dingwaga di le pedi kgotsa di le tlhano gore di ntšhwafadiwe fa Phomete ya Badiri ba ba Dirang Tiro ya go Kganna le yona e tla tswelela go tlhoka go tsosolodiwa morago ga paka e nngwe le e nngwe ya dingwaga di le pedi.
1.2. Diphetogo tseno di tsamaisana le seo se diriwang mo lefatsheng ka bophara, se tla imolola ditheo tsa tsamaiso gore di kgone go dira tiro e e tswileng diatla, go tla fokotsa ditiragalo tsa gangwe le gape tsa go tsosolosa ditokomane tsa go kganna e bile di tla fokotsa le boima jwa go abelana ka ditirelo jo ditheo tsa makwalo a go kganna di ntseng di bo rwele.
1.3. Go tsenya tirisong paka eno e e atolositsweng go tlile go tlhoka gore go diriwe diphetogo mo molaong. Bakganni ba dijanaga go ikuelwa mo go bona gore ba tswelele go tsosolosa makwalo a bona a go kganna go ya ka dipaka tse di ntseng di le teng go fitlha molao o montšhwa ono o tsenngwa tirisong.
2. Pholisi e e ka ga Ditlhwatlhwa tsa Motlakase tse di Kwalolotsweng Sešwa
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Pholisi e e ka ga Ditlhwatlhwa tsa Motlakase tse di Kwalolotsweng Sešwa gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga yona. Diphetogo tseno di baya mo dinakong Pholisi e e ka ga Ditlhwatlhwa tsa Motlakase ya ngwaga wa 2008 gore e kgone go tsenyeletsa ditlhabologo tse di dirilweng mo intasetering ya tlamelo ya motlakase, go tsenyeletsa gape le diphetogo tse di dirilweng le mo mebarakeng ya motlakase tse di dirilweng golatela gore go tlhatlhamololwe ga ditirelo tsa setheo sa Eskom le go tsenyeng tirisong Molao wa ngwaga wa 2024 wa Melawanataolo e e Kwalolotsweng Sešwa ya Motlakase.
2.2. Pholisi eno e gagamatsa leano la go tsamaisa tiro ya melawanataolo e e laolang ditlhwatlhwa tsa motlakase, makgetho le dituediso, mmogo le go abelana ka makgetho a a senang lehunelo ka go tlhatlhamolola sentlhaga sa makgetho a a neng a le teng mo lephateng la go fetlha motlakase, la go o tsamaisa, la go abelana ka ona le la go o rekisa, mme seno se dira gore go nne le dithulaganyo tsa melawanataolo tse di golaganeng mo ditlhwatlhweng tsa motlakase mo maphateng a a farologaneng a metlakase magareng ga bafetlhi ba motlakase, bagwebi ka motlakase, Setlamo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tsamaiso ya Motlakase (NTCSA), mmogo le ditheo tse di abelanang ka motlakase. Se sengwe gape ke gore pholisi eno e tlhoma leano la go tsamaisa tiro leo mosola wa lona o tlileng go kgontshiwa le go laolwa ke Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Taolo ya Melao ya Merero ya Motlakase (NERSA).
2.3. Pholisi eno e ema nokeng dikgato tsa go tsenya tirisong makgetho a a sa jeng madi a le mantsi a ebile a tlileng go kgona go thusa malapa a a dirisang motlakase le dikgwebo tse di gwebang mo makaleng a a botlhokwa.
3. Sekwala se se Iseng se Butswe sa Maemo a go Fetola Maraka wa Lekala la Motlakase
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwala se se Iseng se Butswe sa Maemo a go Fetola Maraka wa Lekala la Motlakase gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga sona. Sekwalwa seno se na le leano la go phetagatsa tiro le le tla thusang go kaela diphetogo tse naga ya Aforika Borwa e tla di dirang go tswa mo setheong se mo malobeng se neng se le fela mo diatleng tsa puso go dira gore jaanong go nne le maraka o batlamedi botlhe ba motlakase ba letleletsweng go nna le seabe mo go ona, e leng seo se tsamaisanang le Molao wa ngwaga wa 2024 wa Melawanataolo e e Kwalolotsweng Sešwa ya Motlakase mmogo le Leanotiro la go Tseela Merero ya Motlakase Dikgato.
3.2. Diphetogo tse di tshitshintsweng maitlhomo a tsona ke go tokafatsa tshomarelo ya motlakase le go tshepagala ga motlakase ka go dira gore go se tlhole go itshepelwa mo motsweding o le mongwe fela o o tlhagisang motlakase mme go letlelelwe gore botlhe ba ba matshwanedi le bona ba kgone go nna le seabe mo kgwebisanong ya go fetlha motlakase le go o rekisa. Maitlhomo a mangwe gape a diphetogo tseno ke go ngokela dipeeletso mo phetlhong ya motlakase, tsamaisong ya motlakase le mo mafaratlhatlheng a go abelana ka ona, e leng seo se tlileng go thusa gore go tlhodiwe ditiro le ekonomi e gole, mmogo le go fokotsa ditlhwatlhwa tsa motlakase mo tsamaong ya nako.
4. Leano la Naga le le Kwalolotsweng Sešwa la Merero ya Pabalesego me Mebileng (NRSS) la go Simolola ka Ngwaga wa 2026 go Fitlha ka wa 2030
4.1. Kabinete e neseditse pula NRSS 2026–2030,e leng leano le le tsentsweng tirisong ka maitlhomo a go fokotsa dikotsi tsa dijanaga mo mebileng mmogo le go itepatepanya le Letsholo la Dinagakopano la Paka ya Dingwaga di le Lesome tsa go Tsaya Dikgato Kgatlhanong le Merero ya Pabalesego me Mebileng mmogo le go tsamaisana gape le Leano la Tlhabololo ya Naga.
4.2. Go kwalola sešwa leano leno go tlhotlhilwe ke dikgwetlho tse re tobaneng le tsona ga jaana, tse di tsenyeletsang le dikgato tse di bokowa tsa go netefatsa gore melao ya tsela e a obamelwa, ditiragalo tsa go duelela dituelelo tsa letsogwana le kobong mmogo le dikgato tse di phuagantsweng tsa go latela molao mo maphateng otlhe a puso.
4.3. NRSS e e kwalolotsweng sešwa e tlisa diphetogo tse dikgolo tse di tlileng go ikaega mo matsholong a didirisiwa tsa thekenoloji go laola phetagatso ya molao wa mo tseleng, dikgato tsa go se tlhole go itshokelwa ditiragalo tsa go duelela letsogo le kobong, didirisiwa tse di laolwang ke thekenoloji mmogo le go gagamatsa tsamaiso le taolo ya puso. Yona e thusa gore re fitlhelele dipeelo tse re beetsweng tsona mo lefatsheng tseo gape e leng dipeelo tsa Tsamaiso ya Bosupa ya Puso eo maitlhomo a yona e leng go fokotsa dikotsi mo mebileng ka diphesente di le 45 fa ngwaga wa 2029 o goroga.
5. Sekwalwa se iseng se Butswe sa Leano la go Phetagatsa Tiro ya go Abelana ka Ditirelo tsa Metsi le tsa kgeleloleswe
5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Sekwalwa se iseng se Butswe sa Leano la go Phetagatsa Tiro ya go Abelana ka Ditirelo tsa Metsi le tsa kgeleloleswe gore baagi ba ntshe maikutlo a bona mo pakeng ya matsatsi a le 60.
5.2. Leano leno le le sekasekilweng le tlhoma dipeelo tsa lekala, le tsibogela dikgwetlho mmogo le ditlhabololo tse di supogang e bile gape le lepalepanya lekala leno le dintlha tse di botlhokwa tse naga e batlang go di fitlhelela mmogo le seo se diriwang mo lefatsheng ka bophara. Le tsepamisa mogopolo mo go lwantshaneng le maemo a phetogo ya loapi, go golaganya ditikwatikwe, go tlhokomela tiriso ya matlole, go thiba makoa a a iponagatsang mo mafelotulong a kwa diteropong le a kwa metseselegaeng, go fetogela mo tirisong ya thekenoloji mmogo le go logela lekala maano a a tokafetseng le go phetagatsa tiro ya lona.
5.3. Maitlhomo a leano leno ke go tokafatsa maemo a tsamaiso ya lekala, go tokafatsa dikgato tsa go loga maano le go phetagatsa thomo ya lekala, mmogo le go ema nokeng dikgato tsa go abelana ka ditirelo tsa metsi le kgeleloleswe tse di sa phutlhameng, tse di ikanyegang le tse di abelanwang ka tsona ka go tshwana le ka go lekalekana mo bathong botlhe ba ba leng ka fa nageng ya Aforika Borwa.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tsa Mebasepala wa Ngwaga wa 2026
1.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go romela kwa Palamenteng Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditheo tsa Mebasepala wa Ngwaga wa 2026. Molaotlhomo ono yo gantsi ba o bitsang “Molaotlhomo wa Merero ya Kopanelo”, maitlhomo a ona ke go rebola leano le le tlhamaletseng la merero ya melao ya go tlhoma mebuso e e kopanetsweng mmogo le go tsenyeletsa le dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa go tila dikgwetlho tse di atleng di nne teng tse di tlhodiwang ke go tlhoma mebuso ya kopanelo me mebusong ya mebasepala.
1.2. Kabinete e ne kwa tshimologong ya nesetsa pula dikgato tsa gore Molaotlhomo ono o phasaladiwe gore baagi ba ntshe se se mo mafatlheng a bona ka ga ona mme ka nako eo e ne e le kwa tshimologong ya ngwaga wa 2024. Go latela gore go phetagadiwe matsholo a a tseneletseng a go batla maikutlo a setšhaba mmogo le go fefa molao ono ka matsetseleko, jaanong Molaotlhomo ono o romelwa kwa Palamenteng gore e tle e o sekaseke. Ditshitshinyo tse di dirilweng maitlhomo a tsona ke go tlhoma mebuso e e kopanetsweng e e sa tekatekeng le e e rwalang maikarabelo, go fokotsa ditiragalo tsa sepolotiki tsa go fetlha magweregwere mmogo le go ema nokeng ditirelo tse di sa sitisiweng gore di lebe kwa setšhabeng.
2. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditlhopho wa Ngwaga wa 2026
2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditlhopho wa Ngwaga wa 2026. Molaotlhomo ono o fetola Molao wa Khomišene ya Merero ya Ditlhopho wa ngwaga wa 1996; Molao wa Ditlhopho wa 1998 mmogo le mo legatong la Mebuso ya Selegae: Molao wa Ditlhopho tsa bo Masepala wa ngwaga wa 2000, mme seno ke go dira dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa Ditlhopho tsa Mebuso ya Bomasepala tsa ngwaga wa 2026. Maitlhomo a dikarolo tse di kwalolotsweng sešwa tseno ke go dira bonnete jwa gore go nne le tepatepanyo e bile le leano la go tsamaisa tiro ya melao ya ditlhopho le gagamadiwe, go gagamadiwe tsamaiso le taolo ya ditlhopho mmogo le go ema nokeng ditiragalo tsa go nna le ditlhopho tse di senang selabe, tse di sa sekamelang mo letlhakoreng lepe le tse di tlotlegang.
3. Molaotlhomo o o Kgatlhanong le go Loga Lemena, go Fetlha Merusu le go Tlhotlheletsa Ditiragalo tsa Botlhokotsebe wa Ngwaga wa 2026
3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kgatlhanong le go Loga Lemena, go Fetlha Merusu le go Tlhotlheletsa Ditiragalo tsa Botlhokotsebe wa Ngwaga wa 2026. Molaotlhomo ono o phimola Molao wa go Ema Kgatlhanong le go Kokoanela go Gwanta wa 1956, mme o fetola ka fao leano la go phetagatsa tiro le dirang ka gona mme o dira gore le kgone go otlhaya batho ba ba logang lemena, ba ba fetlhang merusu kgotsa ba ba tlhotlheletsang ditiragalo tsa botlhokotsebe. O phimola dikarolo tsotlhe tse di sa tsamaisaneng le molaotlhomo mme e kobolola dikarolo tse dingwe gore di tsamaisane le molaotlhomo, fa ka fa letlhakoreng le lengwe gape o neelang puso maatla a go kgona go samagana le maitsholo a a tlhotlheletsang kgotsa a a kaelang gore molao o robiwe jang mo go direng ditiragalo tsa botlhokotsebe.
4. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe ya Meepo wa Ngwaga wa 2026
4.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe ya Meepo wa Ngwaga wa 2026 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go gagamatsa melao ya leano la go phetagatsa tiro gore le kgone go mekamekana le ditiragalo tsa batho ba ba epang mo meepong go se mo molaong le ditiragalo tsa mothale ono tse di tswelelang go baya mo kotsing matshelo a baagi, go sitisa kgolo ya ikonomi mmogo le go sitisa naga gore e kgone go somarela diminerale tsa yona. Molaotlhomo ono o tshitshinya gore go diriwe diphetogo mo dikarolong tse dingwe tsa Molao wa Dithulaganyo tsa go Lwantshana le Botlhokotsebe wa bo 51 wa ngwaga wa 1977; mo Molaong wa Ditaemane wa ngwaga wa 1986; mo Molaong wa Tlhagiso ya Didirisiwa tsa Dimenerale le tsa Maokwane wa ngwaga wa 2002; mmogo le mo Molaong wa Dimetale tse di Botlhokwa wa ngwaga wa 2005. Diphetogo tse di dirilweng di tsenyeletsa tsa dikgato tsa go dira gore e nne tlolo ya molao go dira ditiro tsa go epa mo meepong go se mo molaong mmogo le ditiragalo tse dingwe tsa mothale oo.
5. Molaotlhomo wa Melawanataolo ya Ditheo tse di sa Direng Letseno wa Ngwaga wa 2026
5.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Melawanataolo ya Ditheo tse di sa Direng Letseno wa Ngwaga wa 2026 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Maitlhomo a molaotljhomo ono ke go dira gore leano la go tsamaisa tiro ya ditheo tse di sa direng letseno le fetolwe mme le tsamaisane le maano a sešweng mme seno se tshwanetswe go diriwa ka go ntsha tirisong Molao wa Taolo ya Dithoto tsa Ditheo tse di sa Direng Letseno. Maitlhomo ke go gagamatsa dithata tsa go rwala maikarabelo le go latela melao, go okeletsa Kantoro ya Molaodi wa Kgotlatshekelo e Kgolo maatla a go itshunya nko mo mererong ya ditheo tseno mmogo le go oketsa tshireletso eo bajalefa ba dithoto tsa ditheo tseno ba nang le yona.
6. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiro tsa Badiredi ba Ditheo tsa Molao wa Ngwaga wa 2026
6.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasaladiwa ga Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditiro tsa Badiredi ba Ditheo tsa Molao wa Ngwaga wa 2026 gore baagi ba ntshe maikutlo a bona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go lepalepanya ditheo tsa tsamaiso ya lekala la ditiro tsa molao fa ka fa letlhakoreng le lengwe o gwetlha gore go nne le diphetogo. O tlisa gape le phetogo mo setheong sa Sekgwama sa Matlole a Ditlamo tsa Badiredi ba tsa Molao go dira gore matlole a se dirisiwe botlhaswa le go sireletsa matlole a setšhaba. Molaotlhomo ono o tshitshinya gape le diphetogo tse dingwe mo dikarolong tsa Molao wa Badiredi ba Ditheo tsa Molao go thusa badiredi ba ditheo tsa molao gore ba tlhatlhelelwe le go fefa bokgoni jwa bona, go fokotsa ditshitiso tse di dirang gore ba se kgone go tsena mo ditirong tsa go dira ka molao, go thusa ka dikgato tsa go fitlhelela phimolakeledi mmogo le go thusa go rarabolola dikgwetlho tsa boammaruri tse di supogileng fa go lekwa go tsenngwa tirisong Molao ono.
7. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe ya Merero ya Matlole wa Ngwaga wa 2026
7.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao Yotlhe ya Merero ya Matlole wa Ngwaga wa 2026. Molaotlhomo ono o dira ditshitshinyo tsa gore go diriwe diphetogo mo Molaong wa Taolo ya Lekala la Matlole wa ngwaga wa 2017 (Molao wa bo 9 wa 2017), mmogo le mo Molaong wa Dithendara tsa Puso wa ngwaga wa 2024 (Molao wa bo 28 wa 2024).
7.2. Molaotlhomo ono o dira ditshitshinyo tsa gore go kwalwe kgaolo e ntšhwa mo Molaong wa Taolo ya Lekala la Matlole gore e kgone go ema nokeng diphetogo tse di diragalang ka fa nageng tseo maitlhomo a tsona e leng go gagamatsa taolo le tsamaiso ya dikgato tsa semmuso tse go ipapisiwang le tsona. E tshitshinya gape le gore go diriwe diphetogo mo karolong ya bo 68 ya Molao wa Dithendara tsa Puso gore o kgone go tsamaisana le diphetogo tse di tsweletseng go phetagadiwa tseo maitlhomo a tsona e leng go ema nokeng maano a go tsamaisa tiro ya go laola matlole le dithendara tsa naga ya Aforika Borwa, go okeletsa maatla dikgato tsa go disa maemo mmogo le go dira gore melawanataolo e tlhamalale mo go seng ope yo a ka reng o ne a sa itse ka yona.
D. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Dikgato tsa puso tsa go dira bonnete jwa gore go na le metsi a a sa tlhaeleng a metsi a a monate go nwewa ke botlhe ba ba leng ka fa nageng ya Aforika Borwa
1.1 Kabinete e amogetse dikgato tsa go gololwa ga Leano la Naga la go Tseela Metsi Dikgato leo le tlhagisang dikgato tseo di logetsweng maano a go netefatsa gore ga go na tlhaelo ya metsi a a monate a a nwewang ke botlhe ka fa nageng ya Aforika Borwa fa ka fa letlhakoreng le lengwe go samaganwa le moodi wa bothata jwa tlamelo ya metsi ka fa nageng. Leano leno le dirilwe ke Komiti ya Naga ya go Samagana le Mathata a Metsi eo monnasetulo wa yona e leng Moporesitente Cyril Ramaphosa mmogo le go tlhabiwa botlhale le ke maphata otlhe a mararo a puso go tsenyeletsa le Mokgatlho wa Mebuso ya Mebasepala ya Aforika Borwa (SALGA).
1.2 Kabinete e akgotsa tiragalo ya go thankgolola Letsholo la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa go Isa Metsi kwa Setšhabeng, mme lona le thankgolotswe ka Letsatsi la Boditšhabatšhaba la go Keteka Botsalo jwa ga Nelson Mandela ka la bo 18 Phukwi, mmogo le go bulela matsholo a mangwe gape a dikema di le 67 tsa metsi a a tswang mo metsweding e e farologaneng e e tsenyeletsang a a borilweng le mo mafelong a bodutelo jwa metsi e leng maitlhomo a go oketsa metswedi ya metsi a a siametseng go ka nwewa mo mafelong a kwa metseselegaeng a gantsi a sa fitlheleleng ditirelo mo diporofenseng tsa Gauteng, KwaZulu-Natal le Kapa Botlhaba. Dikema tseno tse di 67 tsa metsi a a tswang ka fa teng ga mpa ya lefatshe go solofetswe gore di tlile go unngwela batho ba ka nna 125 986 mo diporofenseng tsotlhe di le tharo, mme go na le maano a mangwe gape a go lebeletsweng gore a tla tsenngwa tirisong mo kgweding ya Diphalane 2026 le ya Moranang 2027.
1.3 Diporojeke tseno ke tsa kgato ya ntlha ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe tse di welang mo Letsholong la Naga la go Potlakisa Dikgato tsa go Isa Metsi kwa Setšhabeng, mme lona le tswe;letse go phetagadiwa ke Diboto tsa Merero ya Metsi go ya ka Molao wa Ditirelo tsa Metsi. Madi a feta dimilione tsa diranta di le 200 a setse a tsentshitswe mo Kgatong ya Ntlha ya letsholo leno, mme ona a tshwanetswe go dirisediwa tiro ya go bora metsi, go tlhoma mafaratlhatlha a metsi a a tswang mo metsweding le mo didibeng, go sireletsa metswedi, go beeletsa metsi a pula mmogo le go tsosolosa mafaratlhatlha otlhe a a ntseng a le teng e leng seo se tlileng go oketsa metswedi ya metsi a a nwegang a a seng kotsi mo matshelong.
1.4 Jaaka e le karolo ya letsholo le legolo la go beeletsa mo mafaratlhatlheng a setšhaba, mo tshimologong ya monongwaga puso e ne ya abelana ka dibilione tsa diranta di le 156 go dirisediwa merero ya mafaratlhatlha a metsi le kgeleloleswe mo dingwageng di le tharo tse di tlang. Dipeeletso tseno di tlile go ema nokeng kgodiso le tlhokomelo ya mafaratlhatlha a metsi, ya tokafatsa tshepagalo ya tlamelo ya metsi, mmogo le go rarabolola mathata a metsi le kgeleloleswe a a amang baagi mo metseng.
2. Peodinakong Mabapi le Dikgato tsa go Tsenya Tirisong Thulaganyo e e Feletseng ya go Samagana le Merero ya Bofaladi ka fa Nageng ya Aforika Borwa
2.1 Kabinete e beilwe mo dinakong mabapi le dikgato tsa go tsenya tirisong thulaganyo e e feletseng ya go samagana le merero ya bofaladi ka fa nageng ya Aforika Borwa e leng seo se tla netefatsang gore ditiragalo tsa bofaladi di phetagadiwa go ya ka dintlha di le botlhano tsa leano le Moporesitente Cyril Ramaphosa a boileng ka lona mme tsona ke tse di latelang:
2.1.1 Go tloga ka la bo 23 Phukwi 2026, go runtse ditiragalo di le 205 tse di amanang le tlolo ya molao wa merero ya bofaladi le melao e mengwe ya mothale oo mme ditiragalo tseno go begilwe ka tsona le go bulelwa dikgetse, tsona di tlhatlogile go tloga mo go di le 103 tse go neng ga begiwa ka tsona mo bekeng ya ntlha ya kgwedi ya Phukwi 2026.
2.1.2 Palogotlhe ya batho ba ba tshwerweng e setse e fitlha mo bathong ba le 354, mme ba bantsi ba batho ba ba tshwerweng ke ba kwa porofenseng ya Foreisetata mo go tshwerweng batho ba le 174, mme mo go bona, ba le 107 ba setse ba iponagaditse kwa kgotlatshekelo.
2.1.3 Go tloga ka la bo 1 Moranang go fitlha ka letsatsi la bofelo la Seetebosigo mo ngwageng wa 2026, dikgotlatshekelo di konoseditse melato e le 28 736 e e samaganeng le melato ya go se obamele melao ya bofaladi mme bontsi jwa dikatlholo ke go busediwa gae bao ba bonweng molato.
2.1.4 Go tloga ka la bo 14 Seetebosigo go fitlha ka la bo 24 Phukwi 2026, batho ba ba senang ditokomane tse di maleba ba le 68 327 dinaga tsa bobona di ne tsa ba busetsa gae mme di na tsa thusiwa ke ditheo tsa molao tse di neng di dirisana mmogo mo matsholong ano. Mo go bona ba le 68 327, ba ba dirang diphesente di le 81 ke baagi ba ba tswang kwa nageng ya Malawi, ba ba dirang diphesente di le 16 ke baagi ba ba tswang kwa nageng ya Zimbabwe mme ba ba dirang diphesente di le 3 ke baagi ba ba tswang kwa nageng ya Mozambique.
2.1.5 Kwa mafelong a boemelafofane jwa difofane tse di lebang le go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba la OR Tambo, Lanseria, King Shaka le la Cape Town go setse go ipaakanyediwa go tsenya tirisong Sedirisiwa sa Thekenoloji sa go Amogela Baeng (“ETA”) mmogo le go tlhabolola Sedirisiwa sa go Tlhabolola Taolo ya Metsamao.
2.2 Lefelo la go Busetsa Gae Batho ba ba Senang Ditokomane tse di mo Molaong le le kwa Musina jaanong le tlile go ngotlwa palo e le letleletsweng go ka e amogela go tloga mo bathong ba le 20 000 gore jaanong le tla amogela batho ba le 1 500.
3. Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 26 ya Khomišene ya Merero ya Ditiro le Tekatekano (CEE)
3.1 Kabinete e amogetse le go tsibogela Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya CEE ya ngwaga wa matlole wa 2025/26. Maitlhomo a pegelo eno ke go rekota diphetogo tse di setseng di dirilwe mo maphateng a ditiro mmogo le go bona gore ke bo mang ba ba ikobelang Molao wa Tekatekano ya Badiri.
3.2 Pegelo ya Ngwaga le Ngwaga ya bo 26 ya CEE e nopola ditiragalo tse di tsweletseng tsa go se lekalekane mo mafelong a ditiro, mo sebakwasegolo se se tlholang go se lekalekane gono e leng bosemorafe le go se tshware batho ba bong jo bo sa tshwaneng ka go lekalekana mo maemong a batlhankedi ba bagolo mo makaleng a poraefete.
3.3 Basweu le ba morafe wa maIndiya ba tswelela go nna bona ba bantsi go gaisa mo maemong a a kwa godimo a balaodi ba ditheo tsa poraefete, basweu ba dira diphesente di le 57.1 fa maIndiya a dira diphesente di le 12.2. Mo maemong a balaodi ba bagolo basweu ba dira diphesente di le 44.1 fa maIndiya ba dira diphesente di le 12.5. Bana ba thari e ntsho mmogo le bana ba kokoma ya masarwa bona ba tswelela go nna bantsi mo maemong a a kwa tlase a a sa reng sepe, fa ka fa letlhakoreng le lengwe batho ba ba tshelang ka bogolofadi palo ya bona e le e e kwa tlase le go gaisa mo dipalong tsa badiri, ba dira phesente e le 1.3 ya diphesente tsotlhe tsa badiri.
3.4 Pegelo eno e nopola gape le tlhatlogo ya dipalo tsa bana ba mmala wa sebilo mo ditirong tse di tlhokang gore ba bo ba na le maemo a a rileng a dithuto, mo diphatlheng tsa mo maemong a a fa gare a bolaodi, a badiri ba setegeniki ba ba nang le bokgoni mmogo le maemo a a kwa tlase a bolaodi, mme bona ba dira diphesente di le 52.0, mme e bile gape e nopola gore palo ya badiri ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mo maemong otlhe a ditiro palo ya bona fa e kopane yotlhe e dira diphesente di le 3.1 mme seno se a gakgamatsa e bile se tlisa matshwenyego segolobogolo mo diphatlhatirong tse di sa tlhokeng batho ba ba nang le bokgoni go le kalo le mo diphatlhatirong tsa balaodi ba maemo a a kwa tlase gonne go na le kgonagalo ya gore se se dirilweng seno Molao wa Ditirelo tsa Badiri ga o se letlelele gonne ona o laela gore bathapi pele ba thapa moagi yo e seng wa naga ya Aforika Borwa ba tshwanetse ba bo ba dirile sengwe le sengwe go leka go batla motho yo o maleba mme ba boile ka ngobo e sa fotlhwa jaaka ba paletswe ke go mo bona pele ba ka thapa motho yo e seng wa Aforika Borwa.
3.5 Puso e tlile go tswelela go dirisa dipoelo tseno go tlhoma maemo leitlho gore a a fetoga, go nna le tekatekano mmogo le go nna le seabe mo go tlhabeng botlhale gore seemo seo se ka fetolwa jang gore se siamisiwe mo makaleng otlhe a merero ya ditiro.
4. Botlhokwa jo Laesense ya Marang a Kgaso bo Nang le Bona mo Mafaratlhatlheng a Thekenoloji
4.1 Kabinete e nopotse botlhokwa jo laesense ya marang a kgaso bo nang le bona mo mafaratlhatlheng a thekenoloji a go golagana mo nageng ya Aforika Borwa. Go rebolwa ga dilaesense tsa marang a kgaso a a batliwang ka patla le jase go dirile gore batho ka bontsi ba kgone go fitlhelela ditirelo tsa ditlhaeletsano le kgaso, ga dira gore ditirelo tsa marangrang di dire ka botswapelo mmogo le go thusa go ema nokeng dipeeletso tse di diriwang mo lekaleng la mafaratlhatlha a thekenoloji.
4.2 Kabinete e tshwenngwa ke gore ditlamo tsa taolo ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano ga ba ise ba phetagatse maikarabelo a bona a go tlamela baagi ka ditirelo tse di tsamaisanang le tlamelo ya marang ano. Puso e tlhomile letlha la bofelo la gore ditheo tsa puso di le 21 878 e tshwanetse e re fa ngwaga wa 2029 o goroga di bo di gokeletswe mo marang ano, mme ditheo tseno di tsenyeletsa dikolo di le 16 139, maokelo a le 4 232, dilaeborari di le 570 mmogo le dikgotla di le 937. Fa e sale ka Moranang 2026 ditlamo tse di abelanang ka ditirelo tsa kgolagano ya ditlhaeletsano di ne di setse di kgonne go golaganya fela ditheo tsa puso di le 5 295 mo go phetagatseng maikarabelo a tsona a go direla setšhaba.
E. Bao ba Thapilweng mo Ditirong
Batho botlhe bao ba thapilweng mo ditirong makwalo a bona a dithuto a tshwanetswe go sekasekwa go ribolola boammaruri jwa ona mmogo le go dira dikgato tse dingwe tsa go tlhotlhomisa fa go se bokhukhuntshwane bope ka beng ba ona.
1. Rre Nkosikhona Sydney Mbatha o thapilwe jaaka Mokhuduthamamogolo wa Setheo sa Matlole a Thuso ya Kgodiso ya Dikgwebopotlana.
2. Mme Vangile Petronella Nene o thapilwe jaaka Motlatsamokaedi yo Mogolo wa Ditirelo tsa Seporofešenale mo Lefapheng la Mafaratlhatlha a Setšhaba.
3. Mme Beryl Ferguson o thapilwe jaaka Monnasetulo wa Boto ya Diphaka tsa Naga ya Aforika Borwa.
4. Go Thapiwa ga Batlhankedi ba e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Bakaedi ba Koporasi ya Merero ya Dipeeletso tsa Dithoto tsa Puso (PIC) Soc. Limited
(a) Rre Seiso Joel Mohai – Motlatsatona wa Lefapha la Togamaano, Tekolo le Tshekatsheko mme o eme mo maemong a Monnasetulo
(b) Mme Patience N.Z. Nqeto
(c) Mme Lebogang R. Mokgabudi
(d) Moatefokate Gatlelane Ouma Rasethaba
(e) Mme Vivien McMenamin
(f) Mme Bajabulile Swazi Tshabalala
(g) Rre Itani Mafune
(h) Mme Moipone Ramoipone- o emetse Lefapha la Matlotlo
Maitlhomo a go thapiwa ga batho bano ke go rarabolola dikgwetlho tsa ga jaanong tse puso e tobaneng le tsona. Tona ya Matlole mmogo le go tseela tlhogong maikutlo a Kabinete e tla tswelela go nna yona e e gogang kwa pele diphetogo mo go PIC fela jaaka Khomišene ya Moatlhodi Mpati e tshwaetse.
5. Go Thapiwa ga Boto ya Khansele ya Didirisiwa tsa Thekenoloji tse di Dirisediwang Merero ya Meepo (MINTEK)
a. Ngaka Thibedi Ramontja (Monnasetulo) (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape);
b. Mme Azwindini Thomani (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape);
c. Ngaka Takalani Madzivhandila (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape);
d. Rre Luvuyo Keyise;
e. Ngaka Faranna Boodrham;
f. Ngaka Palesa Ramashala;
g. Mme Lerato Hilda Dikgole;
h. Ngaka Sandile Ncanana;
i. Mme Nondumiso Ngonyama; mmogo le
j. Ngaka Avela Majavu (reappointment);
k. Rre Kagiso Menoe (o emetse Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Maokwane).
F. Meletlo le Dikhonferense
1. Meletlo e e tla Tshwarwang
1.1 Mokete wa Ngwaga wa 2026 wa go Bontsha Bokgoni jwa Difofane tsa Sesole sa Aforika
1.1.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwarela ka fa nageng Mokete wa bo 13 wa Ngwaga wa 2026 wa go Bontsha Bokgoni jwa Difofane tsa Sesole sa Aforika o o tla ketekiwang ka molaetsamogolo yo o reng, “Tsela ya Aforika ya go Itshireletsa le go Dirisana Mmogo mo Mererong ya Difofane”, mme ona o tla tshwarelwa kwa Boemelafofaneng jwa Sesole jwa kwa Waterkloof, kwa Tshwane, go simolola ka la bo 16 go fitlha ka la bo 20 Lwetse 2026.
1.1.2 Mokete ono go lebeletswe gore o tlile go ngokela batho bao ba dirang dipontsho ba ka feta ba le 300 go tswa mo lefatsheng ka bophara, batlhankedi ba tiro eno e tobaneng le bona ba ba tswang kwa dinageng di feta di le 50 mmogo le bagwebi ba feta ba le 30 000 ba tla bo ba jetse naga nala. Mo moketeng ono go tla rebolwa le diphetogo tse di setseng di dirilwe mo makaleng a difofane le a sesole fa ka fa letlhakoreng le lengwe go tla bo go rotloediwa tirisanommogo, kgwebisano le dipeeletso magareng ga dinaga tsa boditšhaba.
1.2 Semphosiamo sa Ngwaga wa 2026 sa Naga ya Aforika Borwa sa Tshomarelo ya Tlhabololo ya Mafaratlhatlha
1.2.1 Kabinete e nopotse gore naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Semphosiamo sa Ngwaga wa 2026 sa Naga ya Aforika Borwa sa Tshomarelo ya Tlhabololo ya Mafaratlhatlha (SIDSSA) go tloga ka ;a bo 23 go fitlha ka la bo 25 Phatwe 2026. Go solofetswe gore mokete ono o tla tsenelwa ke batho ba le 700.
1.2.2 Semphosiamo se tla tsenelwa ke babeeletsi, ditheo tsa matlole, bakwadi ba dipholisi, botlhogoputswa, mmogo le balekani ba bangwe ba naga ya Aforika Borwa ba ba botlhokwa mo mogopolong wa go beeletsa mo mafaratlhatlheng mmogo le go bontsha kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go phetagatseng Leano la Mafaratlhatlha a Naga la ngwaga wa 2050 le le neseditsweng pula ke Kabinete.
1.2.3 Mo moketeng wa SIDSSA 2026 go tla rebolwa diporojeke di le robedi tse di botlhokwa tse di kwa setlhoeng tse di nopotsweng mo Kgatong ya Bobedi ya Dithendara e e ka ga go rulaganya diporojeke le go bokeletsa kemonokeng ya setegeniki, go tla gololwa kgatiso ya boraro ya Buka ya Diporojeke tsa Dikonteraka. Go tla gololwa tshedimosetso e e tla bayang mo dinakong setšhaba ka ga Maano a Diporojeke tse di Golaganeng (di-SIP), go tla phasaladiwa dipholisi tse di botlhokwa le melawanataolo e e setseng e tlhabolotswe, mmogo le go nopola badirisanimmogo ba ba botlhokwa mo mafaratlhatlheng ao maitlhomo a ona e leng go baya Aforika Borwa mo maemong a a e dirang gore e nne yona e e di gogang kwa pele mo kagong ya mafaratlhatlha le mo tlamelong ya matlole mo kontinenteng ya Aforika.
1.3 Kgwedi ya Basadi: Segopotso sa Ngwaga wa bo 70 sa Mogwanto wa Basadi wa Ngwaga wa 1956
1.3.1 Ka la bo 09 Phatwe 2026, naga ya Aforika Borwa e tla keteka Segopotso sa Ngwaga wa bo 70 sa Mogwanto wa Basadi wa Ngwaga wa 1956, e leng mogwanto yo o neng o tsenetswe ke basadi ba feta 20 000 ba ba neng ba gwantela kwa Union Buildings go ema kgatlhanong le Molao wa go Rwala Makwaloitshupo le Molao wa Mafelo a Bodulo a kwa Metseseteropong. Segopotso seno se tla ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Basadi ba ba Tlhatlheletsweng ba Dira Setšhaba se se Tlhatlheletsweng.”
1.3.2 Kabinete e santse e boeletsa gore bogatlhamelamasisi jo bo dirilweng ke basadi ba 1956 ke bona jo bo dirileng gore basadi ba tsewe tsia mo mererong yotlhe ya Palamente, mo pusong, mo makaleng a poraefete le mo setšhabeng, go dirile gore ba tshwarwe ka tekatekano fela ka ba bong jo bongwe le go dira gore go nne le ditshwanelo tse di mo molaotheong mo temokerasing ya Aforika Borwa. Fa re akgola bogaka jwa basadi, Kabinete e totobaditse boikano jo bo senang bana ba phefo jwa puso jwa go sireletsa. Go tlotlomatsa, le go godisa ditshwanelo tsa basadi mmogo le go gagamatsa tiro ya go fedisa Ditiragalo tsa Tirisodikgoka le Polao ya Basadi (GBVF), go fedisa setlwaedi sa go tswalela basadi kwa ntle mo mererong ya ikonomi, mmogo le go dira gore botlhe ba fitlhelele ditšhono ka go lekalekana.
1.3.3 Kabinete e gateletse gore segopotso sa monongwaga ke segakolodi se se botlhokwa thata mo go fitlheleleng Dipeelo tse Dikgolo tsa Kgololesego, se tlhotlhelediwa le ke molaetsamogolo yo o mogote yo o reng: "Go tlotla ditiragalo tsa mo malobeng ka go phetagatsa isago e e benyang.” Mo Kgweding eno yotlhe ya Basadi puso e tla goga kwa pele dikopano tse maitlhomo a tsona e leng go supa tlotlo go seabe seo basadi ba nnileng le sona mo go gololeng setšhaba fa ka fa letlhakoreng le lengwe e tla totobatsa seabe se ba nang le sona se se botlhokwa gompieno.
2 Dikhonferense tse di Setseng di Tshwerwe
2.1 Moletlo wa bo 26 wa Khonferense le Dipontsho tsa Diterene tsa Aforika
2.1.1 Naga ya Aforika Borwa e ne e tshwere Moletlo wa bo 26 wa Khonferense le Dipontsho tsa Diterene tsa Aforika go tloga ka la bo 7 go fitlha ka la bo 8 Phukwi 2026 mme moletlo ono o ne o tshwaretswe kwa Johannesburg.
2.1.2 Khonferense eno e nopotse kgatelopele e e dirilweng mo go tsosoloseng ditirelo tsa ditirene tse di rwalang banamedi, mo maeto otlhe a ngwaga a pegileng banamedi ba feta dimilione di le 100 fa kgwedi ya Mopitlwe 2026 e ne e garela mme diterene di le 35 mo gare ga diterene tsotlhe tsa ka fa nageng di le 40 di ne di setse di simolotse di boetse tirong. Puso e santse e eme ka lefoko la yona gore e tlile go tsosolosa lephata la diterene tse di babalesegileng, tse di tshepagalang le tse di sa jeleng banamedi madi a le mantsi. Mme e lebeletse go oketsa palo ya banamedi mo ngwageng gore e re fa ngwaga wa 2030 o goroga ya bo e kgona go nametsa banamedi ba ka fitlha go dimilione di le 600 ka ngwaga.
3 Ditsiboso
3.1 Go Kwadisa Manyalo a Setso a a Nang le Matshwanedi
3.1.1 Kabinete e ja segakolodi baagi botlhe gore letlha la bo 31 Phatwe 2026 ke letlha la bofelo la go kwadisa manyalo a setso a a nang le matshwanedi go latela paka e e itlhophileng ya go kwadisa e e buletsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae.
3.1.2 Paka e e itlhophileng ya go kwadisa e buletswe ka la bo 1 Lwetse 2024 mme e tla tswalelwa ka la bo 31 Phatwe 2026, mme e ne e buletswe go thusa baagi ba ba nyalaneng ka lenyalo la setso le le neng le sa kwadisiwa mo pakeng e lenyalo leo le neng le tshwanetswe go kwadisiwa ka yona gore ba kgone go tla go a kwadisa semolao ka tshwanelo. Manyalo ano a tsenyeletsa le ao banyadi ba nyalaneng ka ona pele Molao wa go Kwadisa Manyalo a Setso o ka tsenngwa tirisong ka Ngwanaitseele 2000, mmogo le a mangwe a manyalo a banyadi ba nyalaneng ka ona morago ga molao ono mme le ona a sa kgonwa go kwadisiwa ka tshwanelo go ya ka nako eo e neng e ntshitswe.
3.1.3 Kabinete e ikuela mo baaging ba ba santseng ba tlhoka tshedimosetso ka botlalo ka ga kwadiso ya manyalo ano kgotsa tshedimosetso e e ka ga ditokomane tse di tlhokagalang go leba kwa dikantorong tse ba nnang gaufi le tsona tsa Lefapha la Merero ya Selegae.
3.2 Letlha la Bofelo la Matsatsi a Bokhutlho jwa Beke a go Ikwadisetsa Ditlhopho
3.2.1 Kabinete e ikuetse mo go botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tsenela ditlhopho go sola mosola letlha la bofelo la matsatsi a bokhutlho jwa beke a go ikwadisetsa ditlhopho, mme lona ke la bo 1 le la bo 2 Phatwe 2026, mme ba ka leba kwa mafelong a go ikwadisa gore ba ikwadisetse go nna le seabe mo Ditlhophong tsa Mebuso ya Bomasepala. Botlhe ba ba nang le matshwanedi ba rotloediwa go sola mosola tšhono eno ya bofelofelo mme ba ye go ikwadisa kgotsa ba ye go fetola tshedimosetso ya bona. Mafelo otlhe a go tla tshwarelwang ditlhopho mo go ona go ralala le naga a yla tlhola a butswe go tloga ka ura ya borobedi mo mosong go fitlha ka ura ya botlhano maitseboa. Batho ba ba nang le matshwanedi ba ka kgona gape go ikwadisa ka bobona kgotsa go fetola tshedimosetso ya bona nako nngwe le nngwe mo webesaeteng ya merero ya go kwadisa batlhophi ya semmuso ya IEC e e dirang bosigo le motshegare, beke yotlhe, mo go, https://registertovote.elections.org.za.
3.2.2 Kabinete e ikuela mo go baagi botlhe ba naga ya Aforika Borwa, segolobogolo bašwa mmogo le batho ba e tla bong e le lantlha ba tsenela ditlhopho, go sola mosola tshwanelo e ba nang le yona temokerasi ya gore ba dire tlhopho ya bona. Temokerasi ya rona e ikaegile ka thato ya baagi, mme ka jalo tlhopho ya gago e botlhokwa mo go maswe mo go direng gore naga e atlege mo go nneng le temokerasi e e dirang sentle. Ka go phetagatsa tshwanelo e re nang le yona ya go tlhopha le go dira bonnete jwa gore batho botlhe ba tla nna le isago e e botoka re leboga le go tlotlomatsa dingwaga di sena palo tsa go ikentsha setlhabelo le go kgaratlhela kgololesego e re nang le yona mo motsing ono.
G. Melaetsa
1. Melaetsa ya matshediso
Kabinete e rometse melaetsa ya matshediso kwa go ba lelapa le ditsala tsa ba ba latelang:
• Motshameki wa fa gare wa setlhopha sa Bafana Bafana le sa Mamelodi Sundowns e bong Jayden Adams (Grootman), yo a neng a tlisa boitumelo mo setšhabeng fa a ne a kgoma kgwele ya dinao go tsenyeletsa le mo Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA sa Ngwaga wa 2026.
• Motshameki wa maloba yo a neng a tshamekela Setlhopha sa Motshameko wa Rakabi sa Aforika Borwa sa Batshameki ba Dingwaga tse di ka fa Tlase ga di le 18 e bong Luqobo Makwedini, e leng lekau le le neng le diragatsa bontle tota yo a neng a tlisa boitumelo setšhabeng ka ntlha ya go dira ka natla ga gagwe mo lebaleng fa a ne a tshameka.
• Mogaka wa go diragatsa mo metshamekong ya diterama mo thelebišeneng e bong Seputla Sebogodi yo a tlogelang lefa le lentle tota la go nna yo mongwe wa baagi ba Aforika Borwa ba ba nang le bokgoni jo bontsi e bile e le badiragatsi ba ba tlotlegang, yo a nang le sebaka sa dingwagasome di le dintsinyana a ntse a diragatsa mo thelebišeneng le mo diraleng.
• Molwelakgololesego wa moganka e bong Shantavothie “Shanthie” Naidoo Tweedie yo go ikentsha setlhabelo ga gagwe le go ikotla sehuba go thusitseng mo go direng gore ntwa ya Aforika Borwa ya go lwela kgololesego e kgone go fenyega. Jaaka molwelakgololesego o ne a tsamaya a kopana le dikgwetlho tsa go golegwa, go tsenyeletsa le go tswalelwa kwa kgolegelong a le esi, e leng seo se neng se letleletswe ke Molao wa go Otlhaya ba ba Menolang Puso mmogo le go ilediwa go nna le seabe mo ditiragalong tsa sepolotiki. O ne gape a tshabela kwa United Kingdom go tloga ka ngwaga wa 1972 go fitlha ka wa 1991.
• Bettina Wyngaard, moagi wa Aforika Borwa yo a neng a dira ka molao yo a feleditseng e le mokwadi wa dibuka yo gape e neng e le molwelakgololesego, yo a neng a tumile ka go kwala dibuka tsa padi ka puo ya Afrikaans yo e bile gape a neng a lwela ditshwanelo tsa basadi.
2. Melaetsa ya go akgola
Kabinete e romela melaetsa ya go akgola le go eletsa masego go:
• Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa jaaka se dirile naga motlotlo le go tsholetsa folaga ya naga kwa godimo kwa metshamekong ya Commonwealth e e neng e tshwaretswe kwa Glasgow. Go fitlha ga jaana naga ya Aforika Borwa e setse e kgonne go bokeletsa dimetale di le 22: e merataro ke ya gauta, e me robedi ke ya selefera, mme e mengwe gape e le robedi ke ya poronse.
Dimetale tsa gauta
• Pieter Coetze – mo lebelong la banna la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 200.
• Pieter Coetze - mo lebelong la banna la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 50.
• Pieter Coetze - mo lebelong la banna la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 100.
• Nathan Hendrick - mo lebelong la banna la go thuma ka mokgwa o mongwe le o mongwe o mothumi a itlhopelang ona sebaka sa dimitara di le 100 mme lona le bediwa S13.
• Lara van Niekerk - mo lebelong la basadi la go thuma o patlame ka dikgara sebaka sa dimitara di le 50.
• Christian Sadie – mo lebelong la banna la go thuma ka mokgwa o mongwe le o mongwe o mothumi a itlhopelang ona sebaka sa dimitara di le 50 mme lona le bediwa S7.
Dimetale tsa selefera
• Erin Gallagher - mo lebelong la basadi la go thuma okare o serurubele sebaka sa dimitara di le 50.
• Aimee Canny - mo lebelong la basadi la go thuma o patlame ka dikgara sebaka sa dimitara di le 100.
• Michael Houlie - mo lebelong la banna la go thuma o patlame ka dikgara sebaka sa dimitara di le 50.
• Nathan Hendricks - mo lebelong la banna la go thuma ka mokgwa o mongwe le o mongwe o mothumi a itlhopelang ona sebaka sa dimitara di le 50 mme lona le bediwa S13.
• Danika Vyncke - mo lebelong la basadi la go thuma ka mokgwa o mongwe le o mongwe o mothumi a itlhopelang ona sebaka sa dimitara di le 50 mme lona le bediwa S13.
• Aimee Canny - mo lebelong la basadi la go thuma ka mokgwa o kete o bina o le esi sebaka sa dimitara di le 200.
• Pieter Coetzé, Michael Houlie, Erin Gallagher, Aimee Canny - mo lebelong la basadi le banna la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100).
• Kaylene Corbett – mo lebelong la basadi la go thuma o patlame ka dikgara sebaka sa dimitara di le 200.
Dimetale tsa poronse
• Erin Gallagher - mo lebelong la basadi la go thuma okare o serurubele sebaka sa dimitara di le 100.
• Ruard van Renen - mo lebelong la banna la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 50.
• Ruard van Renen – mo lebelong la banna la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 100.
• Olivia Nel - mo lebelong la basadi la go thuma o kaname ka mokokotlo sebaka sa dimitara di le 100.
• Aimee Canny, Rebecca Meder, Erin Gallagher, Olivia Nel - mo lebelong la basadi la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100).
• Pieter Coetze, Guy Brooks, Ruard van Renen, Chad le Clos - mo lebelong la banna la go thuma ka mokgwa o mongwe le o mongwe o mothumi a itlhopelang ona la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100).
• Pieter Coetzé, Michael Houlie, Chad le Clos, Ruard van Renen – mo lebelong la banna la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100). Chad Le Clos e nnile ene monna wa moatlelete yo a tswileng ka dimetale tse dintsi go gaisa mo hisetoring ya metshameko ya Commonwealth Games jaaka a tshwere rekoto ya dimetale di le 21 morago ga gore a thuse naga ya Aforika Borwa gore e kgone go fenya metale wa poronse mo lebelong la banna la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100).
• Olivia Nel, Aimee Canny, Erin Gallagher, Rebeca Meder – mo lebelong la basadi la go neeletsana dikotana la sebaka sa dimitara di le 100 tse di tabogiwang ke batho ba le nne (4x100).
• Setlhopha sa di-Springbok jaaka se fentse metshameko ya bona yotlhe e le meraro ya Baganka ba Lefatshe le go fenya maemo a a kwa mankalankaleng ka dino mo lokong.
• Setlhopha sa Batshameki ba Bannye sa di-Springbok jaaka se fentse Metshameko ya Baganka ba Lefatshe ba Metshameko ya Rakabi ya ba ba leng ka fa tlase ga dingwaga di le 20 e e neng e tshamekelwa kwa Tbilisi, kwa Georgia.
• Dricus Du Plessis jaaka a rapaladitse Kamaru Usman mo motshamekong o mogolo wa Ultimate Fighting Championship (UFC) o o neng o tshamekelwa kwa Teropong ya Oklahoma.
• Bayanda Walaza jaaka a diragaditse bontle tota mo metshamekong yae TIPOS P-T-S Meeting kwa Slovakia, mo a fentseng lebelo la banna la bokgakala jwa dimitara di le 100 ka disekone di le 9.89 mme ke ene moagi wa Aforika Borwa wa bone go ka taboga lebelo leno ka disekone tse di ka fa tlase ga di le 9.90.
• Setlhopha sa naga ya Aforika Borwa sa basadi sa motshameko wa kgwele ya dinao, Banyana Banyana, jaaka se gaisanela Sejana sa Dinaga tsa Aforika sa Metshameko ya Basadi ya Kgwele ya Dinao mme metshameko eno e tshamekela kwa nageng ya Morocco mme re ba eletsa tsotlhe tse di molemo mo motshamekong wa bona wa bobedi fa ba tla bo ba tshameka kgatlhanong le naga ya Ivory Coast ka la bo 31 Phukwi 2026.
• Yunibesiti ya Witwatersrand (Wits) jaaka e balelwa mo maemong a a di gogang kwa pele mo kontinenteng ya Aforika, mme seno ke go ya ka Setheo sa go Bala Maemo a Diyunibesiti Lefatshe ka Bophara (CWUR). Tiragalo eno e baya gape Wits mo maemong a diyunibesiti tse di dirang phesente e le nngwe tse di leng mo maemong a a leng kwa godimo lefatshe ka bophara, jaaka e le mo maemong a bo 200 mo gare ga diyunibesiti di le 21 000 tseo di sekasekilweng ke setheo seno lefatshe ka bophara.
• Yunibesiti ya Motsekapa (UCT), jaaka e balelwa mo maemong a bo 102 mo lefatsheng ka bophara mo dipholong tsa ngwaga wa 2026 tsa Times Higher Education Sustainability Impact Rankings, mmogo le go fitlhelela maemo a le robongwe a maemo a a leng kwa godimo mo maemong a le 100 go ralala le Dipeelo tsa Kgodiso ya Tlhabololo (di-SDG) tsa Mokgatlho wa Dinagakopano (UN).
• Mosimanyana wa dingwaga di le 12 e bong Lubanzi Dube, jaaka e le moagi wa ntlha wa Aforika Borwa wa ngwana wa mmala wa sebilo go ka fenya Sekgele se se Tlotlegang sa Ngwaga wa 2026 sa go Thusa Baganka ba Lefatshe go Itshimololela Ditharabololo se se neng se tshwaretswe kwa nageng ya Switzerland. Jaaka a ne a gaisana le batho ba le 400 ba le bona ba itlhametseng ditharabololo tsa bona lefatshe ka bophara, Lubanzi o ne a fenya ka kakanyo e a itlhametseng yona, e e bediwang SolEase, e maitlhomo a yona e leng go samagana le malwetse a maoto. Seo a itlhametseng sona ga sa baya naga ya Aforika Borwa fela mo mepeng, mme se rotloeditse bašwa ba Aforika go sala morago merero ya saense, thekenoloji le boitlhamedi jwa dikgwebo.
• Setlhopha sa Aforika Borwa jaaka fitlheletse maemo a bone mo Metshamekong ya Lefatshe ya Digatlhamelamasisis tsa go Peleta e e neng e tshamekelwa kwa Shanghai, kwa nageng ya China, mo morutwana wa Mophato wa bo 7, e bong Mbulelo Tolom, re boneng a fitlhelela maemo a borataro mo a neng a gaisana le barutwana ba ba tsenang mo mephatong e e kwa godimo ga wa gagwe.
Tshedimosetso ka botlalo:
Lefapha la Puso la Merero ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)
Ikgolaganye le: Mme Nomonde Mnukwa, Motlhankedimogolo wa Setheo wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485

