Polelo ya kopano ya Kabinete ya Laboraro, 25 Mopitlwe 2026, le kopano E e Kgethegileng ya Kabinete ya Laboraro 1 Moranang 2026.

A.    Dintlha tse di mo Tikologong 
1.    Ikonomi
1.1.    SARS e kokoantse letseno le le boitshegang la R2 trilione  
1.1.1.    Kabinete e akgotse SARS ka fa tlase ga Mokhomišenara Edward Kieswetter ka ntlha ya go kokoanya letseno lotlhe le le fa godingwana fela ga R2 trilione, e leng phitlhelelo ya rekoto e e fitlheletsweng mo pakeng e e bonako go gaisa fa e sale ka go kokoanngwa ga letseno lotlhe la R1 trilione. 
1.1.2.    Kokoanyo e e tokafetseng ya lekgetho e tokafatsa bokgoni le tsepamo mo ditšheleteng ka go fokotsa go ikaega ga puso mo dikolotong le go dira go oketsa sebaka sa ditšhelete go tlamela matlole a tekanyetsokabo.
1.1.3.    Naga e itumelela maungo a tokafalo ya go obamelwa ga lekgetho le dinonofo tsa tsamaiso ya SARS tse e leng dipoelo tsa go dira ka natla le boineelo, le tswelelopele e e dirilweng mo tiragatsong ya dikatlenegiso tsa Khomišene ya Nugent. 
1.1.4.    Kokoanyo ya letseno lotlhe ya R2 trilione gape ke sesupo sa kgolo ya ikonomi, mo lebakeng leno e tshegeditswe ke tiragatso ya lephata la meepo mo ikonoming, le le salang go nna mokwatla wa ikonomi ya Aforikaborwa.
1.1.5.    Phitlhelelo eno e emela kgolo e e botlhokwa ya ikonomi fa e bapisiwa le kokoanyo ya letseno la R114 bilione ka 1994/95 le paka e SARS e e tsereng go fitlhelela kokoanyo e e setseng ya R1 trilione (2018), le dingwaga di le 8 fela go fitlhelela kokoanyo ya letseno la R2 trilione.

1.2.    Khonferense ya Borataro ya Dipeeletso ya Aforikaborwa e tlhomamisa naga jaaka lefelo le le itlhophelwang la dipeeletso
1.2.1.     Naga e ne ya amogela Khonferense ya borataro ya Dipeeletso ya Aforikaborwa (SAIC) e e atlegileng ka tsela e e gakgamatsang ka 31 Mopitlwe 2026 kwa Johannesburg mme baemedi ba ba fetang 1000 go tswa kwa dinageng di le 50 ba tsere karolo mo Samiting
1.2.2.    Khonferense ya bo6 ya Dipeeletso ya Aforikaborwa e tshwaya sediko sa bobedi sa letsholo la dipeeletso le mo go lona puso e lebeletseng go ngoka dipeeletso tsa boleng jwa R2 trilione mo dingwageng tse tlhano tse di tlang. 
1.2.3.    Ditsholofetso tsa dipeeletso tsa boleng jwa R898 bilione tse di akaretsang diporojeke tse 81 go ralala diporofense tsotlhe di le robongwe (9) e nnile sesupo sa botlhokwa sa go ikanngwa ga Aforikaborwa jaaka lefelo la dipeeletso 
1.2.4.    Go solofetswe gore maitlamo a dipeeletso a tlhame ditiro tsa leruri di feta 230,000 go tshegetsa maitlamo a puso a kgolo e e akaretsang botlhe le go tlhama ditiro 
1.2.5.    Fa e sa le e tlhongwa ka 2018, SAIC e kokoantse ka katlego R1.56 trilione ya maitlamo a dipeeletso, mme seo se fetile seelo sa ntlha se se neng se beilwe ke Kantoro ya Moporesidente sa R628 bilione. Go tswa mo maitlamong a dipeeletso a R1.56 trilione, go konoseditswe diporojeke tse 137 tsa R400 bilione, fa go sa ntse go tsweletswe ka diporojeke tse 84 tsa boleng jwa R417 bilione ga jaana.

1.3    Kgolo e e Tswelelang ya GDP e supa ikonomi e e tswelelang go gola ka tsepamo
1.3.1    Kabinete e akgotse dikotara tse tlhano tse di latelanang tsa kgolo ya ikonomi e e sa kgaotseng, e e bakileng koketsego ya ngwaga le ngwaga ya GDP ya 1.1% ka 2025 jaaka e golotswe ke StatsSA. Kgolo eno gape e ne ya tshegediwa ke koketsego ya GDP ya 0.4% mo kotareng ya bofelo ya 2025.
1.3.2    Tiragatso e e nonofileng go gaisa ya ikonomi fa e sale ka 2022, e ne e tsamaisiwa thata ke maphata a botlhokwa a ditirelo a matlole, ditirelo tsa ditsha le dikago le tsa kgwebo, kgwebisano, dijo le bonno le ditirelo tsa setho, tse di neng tsa tshegediwa gape ke kakgelo e e siameng go tswa mo temothuong le mo ditirelong tsa puso ka kakaretso.

1.4    Tlamelo ya sekoloto ya Banka ya Boditšhabatšhaba ya Kagosešwa le Tlhabololo go tokafatsa tlhabololo ya mafaratlhatlha a botlhokwa
1.4.1    Kabinete e amogetse go tlhomiwa ga Sediriswa sa Netefaletso ya Sekoloto (CGV) ke Banka ya Boditšhabatšhaba ya Kagosešwa le Tlhabololo sa boleng jwa $350 milione (e e ka nnang R5.6 bilione).
1.4.2    Sediriswa sa Netefaletso ya Sekoloto kwa tshimologong se tlaa lebelela go atolosa mafaratlhatlha a motlakase a naga mme mo isagong se tlaa atolosiwa go akaretsa diporojeke tsa mafaratlhatlha a metsi, dithulaganyo tsa tsamaiso ya dithoto, thuto le boitekanelo.

1.5    Aforikaborwa e amogela Golofo ya LIV ka katlego mo kontinenteng ya Aforika 
1.5.1    Kabinete e itumeletse gore Aforikaborwa e boetse e bontshitse bokgoni jwa yona jaaka lefelo la ditiragalo tsa maemo a a kwa godimo ka go amogela Golofo ya LIV ka katlego - ya ntlha mo kontinenteng ya Aforika - kwa Johannesburg, e e neng e na le batshameki ba maemo a a kwa godimo ba boditšhabatšhaba mmogo le batshameki ba ba itshupileng ba Aforikaborwa. 
1.5.2    Batho ba feta 100 000 ba ne ba tsenetse tiragalo eno ya mabono, e e tlhagisitseng dipoelo tse di bonalang tsa ikonomi le loago, go akarediwa le koketsego ya bojanala. Go naya sekai, bangwe ba baeng ba ba neng ba tsenetse tiragalo eno ba ne ba atolosa malatsi a bone gore ba bone ditlamelo tsa methalethale tsa bojanala mo nageng, go akarediwa mafelo a go bona diphologolo tsa naga, dikgaolo tsa lebopo, mafelo a a a tlhagisang mofine, le ditoropokgolo.  
1.5.3    Ditiragalo tse dingwe tsa Golofo ya LIV di rulaganyeditswe 2027 le 2028 mme go na le kgonagalo ya gore di ka tswelela go fitlha ka 2029 le 2030. Go setse go buletswe thekiso ya dithekete tsa golofo ya LIV ya SA ya 2027.

1.6    Go Fokotsa Kami ya Ntwa ya US – Iseraele – Iran mo Aforikaborwa 
1.6.1    Kabinete e ikamantse le Moporesidente Cyril Ramaphosa go ikuela gore go bewe marumo fatshe ka gangwe fela mo Ntweng ya US – Iseraele – Iran e amileng kgaolo ya Botlhabagare le lefatshe lotlhe ka tsela e e maswe. 
1.6.2    Kabinete e ntse e sedimosediwa ka go nna teng ga tlamelo ya leokwane la selegae go go amiwang ke ntwa e e tswelelang, mme e ne ya tlhomamisediwa gore tsamaiso ya leokwane ya Aforikaborwa e sa ntse e na le tlamelo e e lekaneng ga jaana. Kabinete e itsisitswe gore ikaego ya Aforikaborwa kwa Botlhabagare e fela mo tlamelong ya ditlhagiswa tse di fetotsweng.
1.6.3    Moporesidente o tlhomile Setlhophatiro sa Ditona se se nang le Ditona tsa Diminerale le Metswedi ya Peteroliamo (modulasetilo), Matlole, Dipalangwa, Kgwebisano, Indaseteri & Kgaisano, Dikamano tsa Boditšhabatšhaba & Tirisanommogo, Temothuo, Motlakase le Maatla, Jalo ya Dikgwa, Bodirelatlhapi & Tikologo, le Kantoro ya Moporesidente go gokaganya tsibogo ya puso ka tsela e e akaretsang go fokotsa kami mo ditshenyegelong tsa go tshela, lookwane le go nna teng ga dijo.
1.6.4    Jaaka tsereganyo ya ka bonako, Setlhophatiro se atlenegisitse gore go fokodiwe lekgetho la lookwane ga jaana go fokotsa kami ya dikoketso tsa ditlhotlhwa tsa lookwane tse di simolotseng go dira ka Laboraro, 1 Moranang 2026.
1.6.5    Re rata go netefaletsa maAforikaborwa gore tlamelo ya lookwane mo nageng e ntse e tlhomame mme diteišene tse di senang lookwane ga jaana ke ka ntlha ya kgoreletsego ya dithulaganyo ka ntlha ya ba ba rekileng ka ntlha ya letshogo le go phaka lookwane. maAforikaborwa a rotloediwa gore a seke a reka ka letshogo le go ikokoanyetsa lookwane.  

1.7    Go rebolelwa laesense ga Banka ya Poso go netefatsa gore baagi ba kgona go fitlhelela ditirelo tsa matlole tse di tlhotlhwatlase  
1.7.1    Kabinete e amogela go rebolelwa laesense semmuso ga Banka ya Poso jaaka Motlamedi wa Ditirelo tsa Ditšhelete (FSP) ke Bothati jwa Maitsholo jwa Lephata la Ditšhelete (FSCA), e leng se se maatlafatsang tiro e e tswelelang ya go baya Banka ya Poso mo maemong a a tsweletsegang a go nna banka ya kgwebo ya puso. 
1.7.2    Ka laesense eno, Banka ya Poso e tlaa kgona go atolosa ditirelo tsa yona tsa matlole go tsweletsa pele go akaretsa botlhe mo go tsa matlole le go tlamela baagi ba ba ntseng ba sa akarediwe mo go tsa matlole ka ditirelo tsa matlole tse di tlhotlhwatlase.
1.7.3    Kabinete e akgotse tswelelopele e e dirilweng mo go maatlafatseng bokgoni jwa Banka ya Poso jaaka setheo sa banka sa puso.

1.8    Ditiro tsa phaloso kwa Moepong wa Diminerale wa Ekapa 
1.8.1    Kabinete e amogetse tshedimosetso e ntšhwa ka ga letsholo la phaloso ya ditopo tsa badiri ba ba tlhano ba moepo ba ba ntseng ba gaeletswe ka fa tlase ga lefatshe fa e sale go fologela ga seretse kwa Moepong wa Diminerale wa Ekapa. 
1.8.2    Ditopo tsotlhe tse tlhano di ntsheditswe fa ntle mme Kabinete e romela matshediso a yona go bamalapa, badirammogo le baratiwa ba baswi. 
1.8.3    Lefapha la Diminerale le Metswedi ya Peteroliamo le simolotse ka dipatlisiso tse di tletseng tsa tiragalo eno gore go tsewe dikgato kgatlhanong le ba ba nang le maikarabelo a botlhaswa, fa ba le teng.

2.    Ditokafatso tsa Tirelosetšhaba 
2.1    Phetolo ya Ditirelo tsa Kgwebisano ya Ditoropokgolo go tokafatsa ditirelo tsa botlhokwa mo Ditoropokgolong tse robedi 
2.1.1    Kabinete e amogela go tlhomiwa ga Phetolo ya Ditirelo tsa Kgwebisano ya Ditoropokgolo - letsholo le legolo la Operation Vulindlela – le le diretsweng go thusa makgotlatoropo a le robedi a ditoropokgolo tsa naga go busetsa le go maatlafatsa thebolo ya motlakase, metsi le metsi a a leswe, le ditirelo tsa matlakala. 
2.1.2    Jaaka karolo ya lenaneo, Letlole la Bosetšhaba le tlaa aba R54 bilione ya thotloetso e e ikaegileng ka tiragatso mo dingwageng tse thataro tse di latelang, go tlamela ka matlole a a beetsweng makgotlatoropo a ditoropokgolo tse di bontshang tokafalo e e ka lekanyediwang mo thebolong ya ditirelo tsa botlhokwa. 
2.1.3    Go nna le tshiamelo ya dithotloetso, ditoropokgolo di tshwanetse go fitlhelela dintlha tsa tiragatso tse di tlhagisitsweng mo Maanong a tsona a Tiro a Tokafatso ya Tiragatso mo ditirelong tsa botlhokwa tsa kgwebisano - metsi, motlakase le ditirelo tsa matlakala.

2.2    Molao wa Taolo ya Ditšhelete tsa Setšhaba wa 2024 – 2025 dipoelo tsa boruni  
2.2.1    Kabinete e buisane ka Pegelokakaretso ya Mafapha a Bosetšhaba le a Diporofense, Ditheo tsa Puso le Makgotlapeomolao ka Moruni-Kakaretso wa Aforikaborwa ya Dipoelo tsa Boruni jwa PFMA tsa 2024 - 25.
2.2.2    Pegelo e bontsha tokafalo e se kae mo dipegelong tse di se nang matshwenyego mme di se na diphitlhelelo, tse di itsegeng thata jaaka boruni jo bo phepa, tse di oketsegileng go tswa go 142 ka 2023-24 go ya go 151 ka 2024-25 fa ditshenyegelo tse di seng mo molaong le tse di botlhaswa di fokotsegile fa di bapisiwa le ngwaga o o fetileng. Ditshenyegelo tse di senang mosola le tse di botlhaswa di fokotsegile thata go tswa go R3.54 bilione ka 2023–24 go ya go R1.42 bilione ka 2024–25.
2.2.3    Kabinete e tshwenyegile ka palo ya ditheo le mafapha a e saleng a eme mo Boruning jo bo se nang Matshwenyego ka karolo ya diphitlhelelo le go tlhoka go tsenngwa tirisong ga Maano a Tiro a go siamisa diphitlhelelo. Sekai, fa e sale ka pegelo ya 2023-24, go rarabolotswe fela diphoso di le 38 tse di bokao mme go thibetswe kgotsa go busediwa ditatlhegelo tsa matlole tse di sa reng sepe tsa R1.38 bilione. 
2.2.4    Ditokololo tsa Kabinete di tlaa ela tlhoko ka botlhaga go tsenngwa tirisong ga maano a dikgato a go samagana le diphitlhelelo tsa boruni, le dikgato tsa tshegetso tsa Moruni-Kakaretso tsa go lere maikarabelo, ditaolo tse di maatla tsa ka fa gare le dikgato tsa thibelo tse di leng botlhokwa mo pusong e e siameng le tokafatso ya ditirelo.

3    Ntwa Kgatlhanong le Bosenyi 
3.1    Ntwa kgatlhanong le bosenyi e maatlafaditswe ka go romelwa ga SANDF go tshegetsa SAPS 
3.1.1    Kabinete e amogetse go romelwa ga ditokololo tse 2 200 tsa SANDF tse di tlaa dirisanang le SAPS mo ntweng kgatlhanong le go epa go go seng mo molaong le digongwana kwa Kapabotlhaba, Foreisetata, Gauteng, Bokonebophirima le Kapabophirima.
3.1.2    SANDF e tlaa dira go atisa maatla mme e dire ka melawana le dipeelo tsa go nna le seabe. Go phatlhaladiwa ga SANDF kwa mafelong ao go gaufi le go wediwa. 
3.2    Ngwaoboswa le dingwao tsa rona di tshwanetse go tlotliwa ke botlhe, segolobogolo baeng ba rona 
3.3    Kabinete e tlhagisitse go tenwa ke se gotweng ke go tlhomiwa ga moagi wa Nigeria jaaka kwa Toropong ya KuGompo, kwa Kapabotlhaba mme ya tlhalosa gore seo ke metlae fela ya mantlwane e e seng le mo molaong. 
3.4    Kabinete e netefaditse gore go tlhongwa, go lemogwa, le go dira ga popegotheo nngwe le nngwe ya boeteledipele jwa setso go laolwa ka botlalo ke Molao wa Boeteledipele jwa Setso le jwa BaKhoi-San, o o tlamelang ka ditsamaiso tse di tlhamaletseng le tse di sa buisanelweng tsa go nna semolao le go lemogwa mogelwa.
3.5    Kabinete e lemogile kopo ya maitshwarelo go tswa Ntloboemeding ya Nigeria mo ntlheng eno mme ya laela DIRCO go tswelela go buisana le Ntloboemedi ka ga maitsholo a a sa amogelesegeng a maNigeria mo Aforikaborwa a e keteng ga se a baeti. 
3.6    Go tshwenya thata gore dingongorego tsa nnete ka ga morero ono di feletse ka ditiro tsa tirisodikgoka le bosenyi. Kabinete e gakolola baagi gore tshwanelo ya go ipelaetsa e na le maikarabelo, e tshwanetse go diragadiwa ka kagiso le mo molaong.

4    Go Tsweletsa Ditshwanelo tsa Botho 
4.1    Go busetsa seriti ka go busetsa lefatshe 
4.1.1    Jaaka karolo ya go busetsa seriti sa botho, Moporesidente Cyril Ramaphosa o buseditse diheketara di le 17 000 tsa lefatshe le le ungwetseng bajaboswa ba ka nna 2 000 ba baagi ba St Paul, Ngunjini, Ndzimankulu/Vierkant le lelapa la ga Lawrence kwa KwaZulu-Natal. 
4.1.2    Motlatsamoporesidente, Paul Mashatile o buseditse diheketara di feta 627 tsa lefatshe le dikwalo tsa go nna beng go Mokgatlho wa Dithoto tse di Tlhakanetsweng wa Schulk Marhiqa mme seo se ungwetse  malapa a le 18 le baamogelatshiamelo ba le 86 mo Lekgotlatoropong la Selegae la Govan Mbeki, Mpumalanga.
4.1.3    Go tloga ka Mopitlwe 2025, go ne go rarabolotswe palogotlhe ya ditleleimi tsa lefatshe tse 83,205 di ne di setse di rarabolotswe, mme seno sa felela ka gore diheketara di le dimilione di le 3.9 tsa lefatshe di busediwe baagi le batho ba ba amogilweng dithoto fa e sale ka 1995. Puso e beeleditse R58 bilione mo thekong ya lefatshe, dithuso le tuelo ya ditšhelete go tshegetsa baamogelatshiamelo ba le 376,976 naga ka bophara. Go feta foo, palogotlhe ya diheketara di le dimilione di le 5.3 e e setse e buseditswe fa e sale ka 1995, mme puso e maatlafaditse tshegetso ya morago ga pusetso, e tokafaditse go kgona ga dipolase le go atolosa phitlhelelo ya mebaraka.

4.2    Seriti le ditshwanelo tsa Bakhoi-San di netefaditswe gape 
4.2.1    Kabinete e amogetse go bolokwa sešwa ga masaledi a batlapele ba le 63 baKhoi & baSan kwa Monyumenteng wa Kinderlê, kwa Steinkopf, kwa Porofenseng ya Kapabokone. Masalela ano ke setlhopha se sennye sa diketekete tsa masalela a batho ba segae ba ba neng ba tlosiwa e se ka fa molaong mo bofelong jwa ngwagakgolo wa bo19 le mo tshimologong ya ngwagakgolo wa bo20 go ya kwa dimusiamong kwa Yuropa.
4.2.2    Go bolokwa sešwa ke karolo ya go busetsa ditshwanelo le seriti sa botho sa batho ba baKhoi le baSan le segopotso sa go tlhoka seriti ga tsamaiso ya bokoloniale le Tlhaolele e e neng e tshwara maAforika e seng jaaka batho kgotsa jaaka dibopiwa tse di tshwanetsweng ke go sotlwa le go dirisediwa go itlosa bodutu. Go bolokwa sešwa ke maitlamo a puso a go tlotla bao ba ntshitseng matshelo a bona setlhabelo mo dikgaratlhong le mo ntweng ya kgololesego.
4.2.3    Go bolokwa sešwa go welana le ntlhakgolo e nngwe ya go tsenngwa ga maina a setso a baKhoi le baSan mo tsamaisong ya Lefapha la Merero ya Selegae, e leng kgato ya botlhokwa ya go busetsa seriti sa setho. Ke la ntlha mo hisetoring ya Aforikaborwa, ditifikeiti tsa matsalo, di-ID tse di semate (Smart IDs) le makwalo a mosepele jaanong a kgona go lemoga semmuso le go rekota maina a setso a baKhoi-San morago ga go tlhabololwa ga ditsamaiso tsa IT kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.


B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.    Lekwalo la Mabudusatsela le le Baakantsweng la Boagi, Bofudugedi le Tshireletso ya Batshabi (CIRP)
1.1    Kabinete e amogetse Lekwalo la Mabudusatsela le le Baakantsweng la CIRP, gore le tsenngwe tirisong. Pholisi e tlhagisa tlhabololo ya botlhokwa ya letlhomeso la bofaladi le boagi la Aforikaborwa. Morago ga kamogelo ya ntlha ya Kabinete ka Moranang 2024, Lefapha la Merero ya Selegae le phasaladitse Lekwalotlhomo la Lekwalo la Mabudusatsela le le Baakantsweng ka 12 Sedimonthole 2025 go akaretsa ditlapele tsa Pusotshwaraganelo ya Bosetšhaba. 
1.2    Maikaelelo a Lekwalo la Mabudusatsela ke go kopanya Molao wa Boagi jwa Aforikaborwa, Molao wa Bofudugedi, le Molao wa Batshabi go nna molao o le mongwe go tlosa dikganetsano tse di teng tsa semolao. Ditokafatso tse di botlhokwa di akaretsa go akarediwa ga dikatlenegiso go tswa mo pegelong ya Operation Vulindlela ka ga diphetogo tsa pholisi ya divisa; tlhaloso e e oketsegileng le dintlha go matlafatsa tsenyotirisong ya dipholisi tsa bofudugedi le boagi, le go tota diphetogo tsa dijithale.
1.3    Maikaelelo a Lekwalo la Mabudusatsela le le baakantsweng ke go netefatsa gore go nna le molebo o o tlhaloganyegang, wa sešweng wa boagi, bofudugedi le tshireletso ya batshabi. Le tshegetsa tlhabololo ya bosetšhaba le maitlhomo a tshireletsego ya bosetšhaba go akarediwa le ntlhatheo ya Naga ya Ntlha e e Babalesegileng, e e rotloetsang batshabi go batla tshireletso kwa nageng ya ntlha e ba e fitlhelelang mme e e tsewa e babalesegile.
1.4    Lekwalo la Mabudusatsela le dira tlamelo ya gore mafapha a a maleba a puso a tlhome kgwebisano, tiro le diporofešene tse di beetsweng fela maAforikaborwa go diragatsa karolo 22 ya molaotheo. Go tlhomiwa ke mafapha a a maleba go tshwanetse ga akanyetsa tshwanelo ya bakopa botshabelo go batla tiro gore ba kgone go itshedisa le go tsweletsa seriti sa bone.

2.    Pegelo ya patlisiso ka ga kami ya phetogo ya tlelaemete mo bathong ba ba nang le bogole 
2.1    Kabinete e amogetse Pegelo ya Patlisiso ka ga Kami ya Phetogo ya Tlelaemete mo Bathong ba ba nang le Bogole le phasalatso ya yona.
2.2    Maikaelelo a Pegelo ke go netefatsa gore dikgato tsotlhe tsa tlelaemete, ditogamaano tsa phokotso le tlwaelo di akaretsa batho ba ba nang le bogole. 
2.3    Thutopatlisiso e supa diphatlha tse di botlhokwa mo dikgatong tsa go sireletsa batho ba ba nang le bogole ka nako ya ditiragalo tsa masetlapelo . 
2.4    Dikatlenegiso tsa botlhokwa di akaretsa go tsenya tirisong phetogo ya tlelaemete le ditsibogo tsa taolo ya matlhotlhapelo; go netefatsa gore batho botlhe ba ba nang le bogole ba kgona go fitlhelela ditsela tsa tsiboso ya go sa le gale; go tlamela ka tlhaeletsano e e fitlhelesegang le e e maleba ya go tsibogela matlhotlhapelo; go baya basadi le basetsana ba ba nang le bogole mmogo le bagodi ba ba nang le bogole kwa pele mo thulaganyong ya phetogo ya tlelaemete; go oketsa botsayakarolo jwa batho ba ba nang le bogole mo tlhabololong ya pholisi ya phetogo ya tlelaemete le mo ditiregong tsa go tsenya tirisong; le go maatlafatsa go akarediwa ga batho ba ba nang le bogole mo go tlhamiweng le go tsenngwa tirisong ga pholisi ya phetogo ya tlelaemete mo maemong a selegae.

3.    Pegelo ka ga tiragatso ya tsereganyo ya bosetšhaba mo Lekgotlatoropong la Selegae la Ditsobotla 
3.1    Kabinete e sedimoseditswe ka tswelelopele malebana le go tsenngwa tirisong ga tsereganyo ya bosetšhaba kwa Lekgotlatoropong la Selegae la Ditsobotla. Kabinete e tlhomamisitse go thapiwa ga moemedi wa Kabinete, le Dipeelo tsa Tiro tse di amogetsweng tsa tsereganyo ya bosetšhaba. 
3.2    Tswelelopele mo tsereganyong e akaretsa:
3.2.1    Go dira gore go thapiwa ga Ratoropo le Mmusakgotla go dirwe go ya ka molao le go dira gore dikomiti tsa Karolo 79/80 di nne mo molaong  go konoseditswe, fa go ntse go tlhatlhobiwa semolao gore a go thapiwa ga Motsamaisi wa Lekgotlatoropo go ne go le mo molaong.
3.2.2    Go amogelwa ga Leano la Pusetso ya Matlole ke Tona ya Matlole mme go ntse go dirwa kwa Lekgotleng.
3.2.3     Mo godimo ga moo, go netefatsa tsweletso mo tlamelong ya ditirelo tsa motheo, go dirilwe tumelano ya maemo a tirelo ya metsi le kgeleloleswe le Lekgotlatoropo la Kgaolo la Ngaka Modiri Molema, mme leano la kgwebo le le amanang le lone le konoseditswe. Jaaka karolo ya tsereganyo ya taolo ya matlhotlhapelo go latela matlhotlhapelo a a itemogetsweng magareng ga Ngwanaitseele 2024 le Tlhakole 2025, go agilwe diyuniti tsa matlo a nakwana (TRU) tse 95 mo go tse di rulagantsweng tse 239.
3.2.4    COGTA ya Bosetšhaba e konoseditse tshekatsheko ya mafaratlhatlha a ICT a mmasepala go tshegetsa go tsosolosa mafaratlhatlha le thebolo ya ditirelo. Lefapha la jalo ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo le thapile motlamedi wa ditirelo go thusa mo tlhabololong ya Leano le le Kopantsweng la Taolo ya Matlakala, fa Lefapha la Ditiro tsa Setšhaba la Porofense le rebotse dilori tse pedi go tshegetsa go tlosiwa ga matlakala kwa mafelong a a supilweng a go latlhelwa matlakala a a seng ka fa molaong.
3.3    Dipuisano magareng ga lekgotlatoropo le Eskom di mo legatong le le kwa pejana malebana le go konosetsa tumelano e e ikaeletseng go samagana le dikgwetlho tsa tlamelo ya motlakase. Mafapha a setlhopha sa JCPS a tswelela go tlamela ka tshegetso ka ditsereganyo tsa matlhale, thibelo ya bosenyi, go sekisa le taolo ya tshireletsego. Ditona tsa Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le Ditšhelete di tswelela go tlamela ka tshegetso ya togamaano le ya tiro magareng ga puso mo tsereganyong.

4.    Lekwalotlhomo la Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo ya Maemelafofane (NADP) 
4.1    Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga lekwalotlhomo la NADP gore setšhaba se tshwaele. NADP ke letlhomeso la bosetšhaba la dithulaganyo le le tlhamilweng ke Lefapha la Dipalangwa go kaela tlhabololo e e gokagantsweng, katoloso le tsweletsego ya pakatelele ya mafaratlhatlha a boemelafofane jwa Aforikaborwa. Le tlamela ka molebo wa togamaano, o o mo tsamaisong ka bophara wa thulaganyo ya mafaratlhatlha a boemelafofane, go netefatsa go lepalepana le ditlapele tsa tlhabololo ya dipalangwa tsa bosetšhaba, ikonomi le dibaka.  
4.2    NADP e tlaa netefatsa gore go rulaganngwa tlhabololo ya boemelafofane , e e tlhotlhelediwang ke tlhokego mme e kopantswe, go thibela katoloso e e sa rulaganang, mme e ntse e oketsa dipoelo tsa loago le ikonomi go tswa mo mafaratlhatlheng a diphofo. 
4.3    Morago ga moo, NADP e tlaa tlhama kgokagano e e kopantsweng, ya togamaano ya maemelafofane go godisa kgolo ya ikonomi, dithulaganyo, bojanala le go tlhama ditiro. E tlaa kaela le go tshegetsa thulaganyo ya kgokagano ka kakaretso le tlhabololo ya maemelafofane a a farologaneng a a kopantsweng malebana e tiriso e e anameng ya sebaka le lefatshe. Ditokololo tsa setšhaba di rotloediwa go romela ditshwaelo tse di kwadilweng ka ga leano le le phasaladitsweng mo www.transport.gov.za.

5.    Lekwalotlhomo la Leanolegolo la Bosetšhaba la Diporo (NRMP) 
5.1    Kabinete e atlenegisitse go phasaladiwa ga lekwalotlhomo la NRMP gore setšhaba se tshwaele. NRMP ke leano la togamaano la pakatelele le le dirwang go kaela tsosoloso, katoloso le go ntšhwafadiwa ga tsamaiso ya diporo ya Aforikaborwa. 
5.2    Leanolegolo le fetolela Pholisi ya Bosetšhaba ya Diporo, e e amogetsweng ke Kabinete ka 2022, go nna leano le le dirisegang, la peeletso le la tsenyotirisong ka dikgato la diterena tsa dithoto le tsa bapagami mo dingwagasomeng tse di tlang. Maikaelelo a yone ke go tlhama tsamaiso e e tlhotlhwatlase, e e gaisanang ka go kopanya diterena tsa bapagami, dithoto, le tsa mafonfonyane/tsa lebelo le le kwa godimo, mme e ntse e rotloetsa botsayakarolo jwa lephata la poraefete.
5.3    Tsamaiso ya diporo ya Aforikaborwa e itemogetse dingwaga tse dintsi tsa go tlhoka dipeeletso, tiragatso e e fokotsegang, bogodu, tshenyo le go tlhoka nonofo ga tiro, go go bakileng pitlagano mo ditseleng, ditshenyegelo tse di kwa godimo tsa dithulaganyo, le go fokotsega ga kgaisano ya ikonomi. NRMP e tsibogela dikgwetlho tseno ka go baya diporo/diterena jaaka mooko wa tsamaiso ya dipalangwa tsa bosetšhaba, go tshegetsa kgolo ya ikonomi, go tlhola ditiro le maikaelelo a tlelaemete.

6.    Pholisitlhomo ya Tlhabololo le Tsosoloso ya Ikonomi ya Metsesetoropo le Metsemagae 
6.1    Kabinete e amogetse phasalatso ya Pholisitlhomo ya Tlhabololo le Tsosoloso ya Ikonomi ya Metsesetoropo le Metsemagae gore setšhaba se tshwaele. Pholisi e diretswe go fetola ikonomi ya selegae go tswa mo mafelong a a tlhotlhelediwang ke tiriso go nna ditikologo tse di tlhagisang, tse di matlhagatlhaga ka go di akaretsa mo ikonoming e e tlwaelegileng. Maikaelelo a yone ke go tsweletsa bogwebi jo bo tsweletsegang, go tlhama ditiro, le go fokotsa lehuma ka tshegetso e e rileng le e e gokagantsweng. 
6.2    Pholisi e tlhomilwe mo dikarolong di le mmalwa tsa botlhokwa, e leng (i) tlhabololo ya bagwebi ba ba tsweletsegang mo metsesetoropong le mo metsemagaeng; (ii) go kaela tlhabololo ya molebo wa thulaganyo ya tikologo o o gokagantsweng sentle le o o kopanetsweng; (iii) go oketsa phitlhelelo ya ditšhono tsa ikonomi le tsa mebaraka; le (iv) go fokotsa mekgweleo ya taolo e e kgoreletsang kgolo ya ikonomi ya metsesetoropo le ya metsemalegae.

7.    Pholisitlhomo ya Aforikaborwa ya Botlhale jwa Maitirelo (AI)  
7.1    Kabinete e amogetse phasalatso ya pholisitlhomo ya AI ya Aforikaborwa gore setšhaba se tshwaele. Maikaelelo a pholisi ya AI ke go netefatsa gore ditshiamelo le matshosetsi a a tlisiwang ke AI di abiwa ka go lekana go ralala setšhaba le ditshika. Maikaelelo a Pholisi ya AI ke go maatlafatsa bokgoni jwa Puso jwa go laola le go amogela AI ka maikarabelo, fa e ntse e rotloetsa boitshimololedi jwa selegae, go tshegetsa go tlhamiwa ga ditiro le go tokafatsa phitlhelelo ya dikgono tsa AI.
7.2    Pholisi e theilwe mo dipilareng tse thataro tsa botlhokwa tse maikaelelo a tsone e leng go rotloetsa tlhabololo e e maikarabelo le tiriso ya AI ka maitsholo a a siameng. Dipilara tseno tsa botlhokwa ke (i) tlhabololo ya bokgoni le ditalente, (ii) go dirisiwa ga AI malebana le kgolo e e akaretsang le go tlhama ditiro, (iii) puso e e nang le maikarabelo, (iv) tiriso ya AI ka maitsholo a a siameng le ka go akaretsa, (v) tshomarelo ya setso le kopanyo ya boditšhabatšhaba, le (vi) go tsenngwa tirisong go go ikaegileng ka batho. Pholisi e lemoga gore go tshwanetse ga amogelwa molebo wa go tsenngwa ka dikgato, ka gonne tiriso ya AI le diporofaele tsa matshosetsi di farologana go ralala maphata.

8.    Togamaano ya Bosetšhaba ya Bogwebi (NES) le Leano la Tsenyotirisong 
8.1    Kabinete e amogetse NES le Leano la yona la Tsenyotirisong. Maikaelelo a togamaano ke go maatlafatsa Dikgwebopotlana (di-MSME) le go samagana le botlhokatiro jwa bašwa. E theilwe mo dipilareng di le tlhano: (i) Go tokafatsa thuto ya kgwebo le tlhabololo ya dikgono, (ii) Go tlhofofatsa thefosanyo ya thekenoloji le boitshimololedi, (iii) Go tokafatsa phitlhelelo ya matlole le mebaraka, (iv) tokafatso ya taolo, le (v) Go tsweletsa temogo le go dirisana mmogo. Go latela tirego e e tseneletseng ya ditherisano le setšhaba, NES e tlhagisa dikgato tsa go tsweletsa mokgwatlwaelo wa bogwebi mo Aforikaborwa ka go tlamela ka tikologo e e kgontshang tiro ya bogwebi, le thulaganyo ya tikologo e e tshegetsang e mo go yona di-MSME di ka atlegang ka tsela e e tsweletsegang.
8.2    NES e tlaa nna sediriswa sa go bulela bokgoni jwa MSME, go tsamaisa kgolo ya GDP, go tlhama ditiro le go netefatsa tlhabololo ya ikonomi e e akaretsang botlhe. Mo godimo ga moo, leano leno le ikaelela go gokaganya thulaganyo ya tikologo ya tlhabololo ya kgwebo mo nageng, go akarediwa le dikatlenegiso tsa gore kgwebo e tsenngwe mo dikharikhulamong tsa mafapha a Thuto ya Motheo le Thuto e Kgolwane jaaka tlhopho ya tiro e e ka dirisegang.

9.    Letlhomeso la Pholisi ya Ditirelo tsa Tshegetso ya Dikgwebo le Tlhabololo ya Kgwebo ( IBDS ) 
9.1    Kabinete e amogetse Letlhomeso la Pholisi ya IBDS gore le tsenngwe tirisong. Letlhomeso la pholisi le tlamela ka phetolo ya taolo ya tikologo ya dikgwebopotlana ka go tlhalosa sentle dikarolo tsa baamegi ba ba farologaneng le go tsweletsa tshegetso e e gokagantsweng le e e kopantsweng . 
9.2    Letlhomeso la Pholisi ya IBDS ke karolo ya botlhokwa ya Leanolegolo la Bosetšhaba le le Kopantsweng la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, le le dirang jaaka letlhomeso le le kaelang bannaleseabe botlhe ba ba amegang mo go potlakiseng kgolo ya di-MSME ka mananeo a a ka lekanngwang, ditlhagiswa le ditirelo. 
9.3    Maikaelelo a botlhokwa a akaretsa go tokafatsa boleng le maemo a ditirelo tsa tlhabololo ya dikgwebo, go netefatsa phitlhelelo e e botoka ya tshegetso ya di-MSME, bogolosegolo kwa metsesetoropong le kwa metsemagaeng, le go rotloetsa boitshimololedi le bogwebi. Go feta moo, letlhomeso le baya dikgwebopotlana jaaka batsamaisi ba botlhokwa ba go tlhamiwa ga ditiro le kgolo e e akaretsang botlhe, go tsamaelana le Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba.

C.    Melaotlhomo
1.    Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Thibelo ya go Tlosiwa mo Lefatsheng le go Nna mo Lefatsheng go se ka fa Molaong (PIE) 
1.1.    Kabinete e amogetse phasalatso ya Molaotlhomo o o Baakantsweng wa PIE mo Kaseteng ya Puso gore setšhaba se tshwaele. 
1.2.    Maikaelelo a Molaotlhomo ke go baakanya Molao wa PIE wa 1998 go lwantsha go ipaya mo lefatsheng go go seng mo molaong, go sireletsa beng ba dithoto, le go thibela ditiro tsa digongwana tse di rulagantsweng tsa mafatshe. 
1.3.    Ditshitshinyo tsa botlhokwa di akaretsa go dira gore go tlhotlheletsa go ipaya mo lefatsheng e nne bosenyi, go atolosa ditlhokego tse di lebelelwang ke dikgotlatshekelo fa di ntsha ditaelo, le go maatlafatsa melawana malebana le bonno jo bongwe. Gape dipaakanyo di lebeletse go samagana le go se tlhape go go mo Molaong wa ga jaana, go go bakang ketsaetsego malebana le ditlhaloso le ditlhokego tse di tshwanetseng go fitlhelelwa gore motho a ntshiwe mo bonnong semolao, go sa kgathalesege maikaelelo kgotsa maemo a batho ba ba nnang mo bonnong e se mo molaong.

2.    Molaotlhomo wa Bosetšhaba wa Tlhabololo ya Ikonomi le Lekgotla la Badiri (NEDLAC) 
2.1.    Kabinete e amogetse go neelwa ga Molaotlhomo wa NEDLAC kwa Palamenteng go diragadiwa go ya pele. Molaotlhomo wa nakwana o tlaa phimola Molao wa NEDLAC (Molao wa bo35) wa 1994 le go tshitshinya go lepalepanngwa ga dithulaganyo tsa setheo sa NEDLAC le diphetogo mo thulaganyong ya semolao ya molaotheo e e diragetseng fa e sale ka 1994. 
2.2.    Molaotlhomo wa nakwana gape o dira tlamelo ya gore Tona e dire melawana ka ga melelwane ya kamogelo le botokololo ka tirego e e akaretsang ditherisano le ditlhagiso tsa setšhaba, go dira gore tsamaiso e nne mo pepeneneng. Molaotlhomo o tlaa matlafatsa botsayakarolo jwa baagi mo NEDLAC le go e maatlafatsa jaaka setheo se se mo bogareng sa dipuisano tsa loago se maikaelelo a sona e leng go rotloetsa kgolo ya ikonomi, go tlhola ditiro, go akaretsa botlhe mo loagong le tekatekano mo loagong. 

3.    Molaotlhomo o o Baakantsweng wa 2026 wa Melaokakaretso (O o Kgatlhanong le go Tlhatswiwa ga Tšhelete le go Lwantsha go Tlamela Borukhutlhi ka Matlole) 
3.1.    Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo ono kwa Palamenteng. Molaotlhomo wa nakwana wa 2026 o agelela mo diphetolelong tsa pele tsa Molaotlhomo wa Tlhabololo wa Melaokakaretsong (e e Kgatlhanong le go Tlhatswiwa ga Tšhelete le go Lwantsha go Tlamela Borukhutlhi ka Matlole) mme fa e sale ka nako eo, Lefapha la Matlotlo la Bosetšhaba le atolositse ditshitshinyo go akaretsa dikgato tse dingwe tse di amanang le go maatlafatsa letlhomeso la semolao la go lwantsha go tlhatswiwa ga tšhelete le go tlamela  borukhutlhi ka matlole. 
3.2.    Molaotlhomo o baakanya Melao ya ga jaana e leng (i) Molao wa Tikwatikwe ya Botseka jwa Ditšhelete, wa 2001 (Molao wa bo38 wa 2001); (ii) Molao wa Mekgatlho e e sa Direng Dipoelo, wa 1997 (Molao wa bo71 wa 1997); (iii) Molao wa Taolo ya Thoto ya Terasete, 1988 (Molao wa bo57 wa 1988); (iv) Molao wa Ditlamo, 2008 (Molao wa bo71 wa 2008) le (v) Molao wa Taolo ya Lephata la Ditšhelete, 2017( Molao wa bo9 wa 2017).
3.3.    Maikaelelo a dipaakanyo tseno ke go maatlafatsa tsamaiso ya Aforikaborwa ya go ema Kgatlhanong le go Tlhatswa Tšhelete le go Lwantsha go Tlamela Borukhutlhi ka Matlole pele ga Tshekatsheko e e latelang ya Setlhophatiro sa Matlole (FATF) sa naga, e e rulaganyeditsweng go simolola mo bogareng jwa 2026 le go konosediwa ka Diphalane 2027.

4.    Molaotlhomo wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng, 2026 
4.1.    Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa nakwana wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng (Molaotlhomo wa Tshireletso ya Batlalei) gore setšhaba se tshwaele. Molaotlhomo ke karolo ya ditlhabololo tsa peomolao tse maikaelelo a tsone e leng go maatlafatsa tshireletso ya batho tlaleang disenyi ka dipaakanyo tsa Molao o o leng teng wa Ditshenolo tse di Sireleditsweng (Molao wa bo26 wa 2000). O tsibogela gape dikatlenegiso go tswa mo Pegelong ya Khomišene ya go Gapiwa ga Puso e e neng ya ikuela gore go nne le tshireletso e e botoka ya batlhami ba dipholisi le batlalei. 
4.2.    Molaotlhomo o na le ditshitshinyo tsa go dira gore go ipusolosetsa go tsewe e le bosenyi le go tlamela batlalei ka tshegetso ya tlhaloganyo le loago, ya semolao le ya matlole. Molaotlhomo o tlaa atolosa tlhaloso ya “motlalei” go akaretsa borakonteraka, bagakolodi, le ditokololo tsa setšhaba mme o tlaa tlhoma ditsamaiso tse di tlhamaletseng tsa go senola mo sephiring.

5.    Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Ditlhaeletsano tsa Eleketeroniki (ECA), 2026 
5.1.    Kabinete e amogetse go neelwa ga Molaotlhomo wa ECA kwa Palamenteng. Maikaelelo a Molaotlhomo ono ke go baakanya Molao wa   Ditlhaeletsano tsa Eleketeroniki wa 2005. Maikaelelo a dipaakanyo tse di tshitshintsweng ke go oketsa maemo a kgaisano mo lephateng la ditlhaeletsano ka megala le go isa ditlhwotlhwa kwa tlase. Maikaelelo a dipaakanyo tsa Molao wa Ditlhaeletsano tsa Eleketeroniki gape ke go tlhama tikologo e e kgontshang dipeeletso go lebeletswe thata go fokotsa dikgoreletsi tsa taolo tsa go tsena go tokafatsa kgaisano mme gape le go letla Bothati jo bo Ikemetseng jwa Ditlhaeletsano jwa Aforikaborwa go kgona go obega go laola lephata leno.

6.    Molaotlhomo wa Maitsholo a Ditheo tsa Ditšhelete (COFI) 
6.1.    Kabinete e amogetse go neelwa ga Molaotlhomo wa COFI, wa 2025 kwa palamenteng. Maikaelelo a Molaotlhomo ke go tlhama letlhomeso le le lengwe, le le akaretsang la go laola maitsholo a mo mebarakeng a ditheo tsotlhe tsa ditšhelete. Seno ke karolo ya maikaelelo a a anameng a puso a go fetola molawana wa matlole go ya kwa sekaong sa Twin Peaks. Sekao sa Twin Peaks ke tsamaiso ya taolo e e kgaoganyang tlhokomelo ya matlole go nna dikarolo tse pedi tsa bothati jo bo farologaneng: Bothati jwa Kelotlhoko malebana le pabalesego le tsepamo, le Bothati jwa Maitsholo a Lephata la Ditšhelete malebana le maitsholo mo mebarakeng le tshireletso ya badirisi. Tsamaiso e tlhama lephata le le "sireletsegileng" le le dirang mo dikgatlhegelong tsa badirisi botlhe.
6.2.    Molaotlhomo o tlaa netefatsa tshwaro e e siameng ya badirisi, go tokafatsa diphetogo, le go rotloetsa tsepamo. Gape o tshegetsa diphetogo ya lephata la ditšhelete mme  tlhoka gore ditheo tsa ditšhelete di nne le dipholisi go obamela Molawana o o kaelang Lephata la Ditšhelete. Gape, Molaotlhomo o tshegetsa tlhabololo ya mebaraka le kgaisano ka go kgontsha molebo o o farologaneng wa go rebola dilaesense go rotloetsa go tsena ga batshameki ba bantšhwa, go tshwana le thekenoloji ya ditšhelete.

D.    Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go ikaegile ka go tlhomamisiwa ga borutegi le dikgololo tse di maleba tsa tshireletso.

1.    Rre Bareng B. Mthimkulu jaaka Mokwaledi wa Tshireletso mo Lefapheng la Tshireletso. 
2.    Mme Nomfundo Clementine Tshabalala jaaka Mokaedikakaretso kwa Lefapheng la Jalo ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo (katoloso ya konteraka). 
3.    Rre Xolile Adviser Brukwe jaaka Motlatsa-Mokaedikakaretso: Ditirelo tsa Tshegetso ya Ditheo kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Loago. 
4.    Rre Sibusiso Attwell Makhanya jaaka Mokhuduthamaga wa Setheo sa Botsamaisi jwa Kgokelo ya Metsi jwa Phongola-Umzimkulu. 
5.    Mme Lucia Lungelwa Sigasana jaaka Motsamaisikhuduthamaga wa Kgaolo: Kgaolo ya Kapabophirima mo Setheong sa Tshireletso ya Loago sa Aforikaborwa.

6.    Go thapiwa ga Bakaedi mo botong ya Setlamo sa Maemelafofane sa Aforikaborwa
i.    Rre Irvin Phenyane (Modulasetilo);
ii.    Mme Eunice Xoliswa Daku (Motlatsa-Modulasetilo);
iii.    Ms Keitumetse Stella Mahlangu
iv.    Rre Surendra Sooklal 
v.    Rre Kurt Frayne Parker
vi.    Mme Ulandi Exner;
vii.    Rre Patric Roy Mnisi; le
viii.    Rre Theunis Chamberlain

7.    Ditokololo tsa Bothati jwa Phaka ya Moraga ya iSimangaliso 
i.    Mme Memory Thulile Sosibo (Modulasetulo mme o thapiwa gape);
ii.    Rre Bongani Mzwakhe Mhlongo (o thapiwa gape);
iii.    Mme Nombuso Mlambo (o thapiwa gape);
iv.    Rre Sifiso Mdluli;
v.    Ng.Kailen Padayachee
vi.    Mme Jacolette Adam;
vii.    Mme Hazel Thulisile Xulu;
viii.    Mme Zamekile Coreen Zama; le
ix.    Rre Boy Daniel Ngobeni (o thapiwa gape).

E.     Ditiragalo tse di Tlang

1.    Kgwedi ya Kgololesego 
1.1    Aforikaborwa e keteka Kgwedi ya Kgololesego ka Moranang 2026 ka maikutlo a a ntšhwafetseng a boipelo jwa bosetšhaba, go tshwaya dingwaga tse 32 fa e sale phetogo ya hisetori go tswa mo pusong ya tlhaolele e e gatelelang go ya kwa pusong ya temokerasi e e ikemetseng. 
1.2    Digopotso tsa monongwaga di na le bokao jo bo kgethegileng jaaka re keteka Segopotso sa bo30 sa Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforikaborwa, sekwalwa sa diphetogo se se re kaetseng mo leetong la rona la temokerasi la go aga setšhaba se se ikaegileng ka tshiamiso le tekatekano.
1.3    Kgwedi ya Kgololesego e neela moagi mongwe le mongwe tšhono ya go tsweletsa ditshwanelo le maikarabelo a a kwadilweng mo Molaotheong wa rona ka go rotloetsa kopano e kgolwane ya loago le diphetogo tse di  tswelelang mo setšhabeng sa rona.

2.    Tsaya karolo mme o ikwadisetse go tlhopha: Ikwadisetse go Tlhopha
2.1.1    Khomišene e e ikemetseng ya Ditlhopho e tlhomile Lamatlhatso, 20 le Sontaga, 21 Seetebosigo 2026 jaaka mafelo a beke a semmuso a ikwadiso ya batlhophi.
2.1.2    Kabinete e rotloetsa maAforikaborwa a a nang le tshiamelo ya go tlhopha go ikwadisetsa go tlhopha mo ditlhophong tse di tlang tsa dipusoselegae.
2.1.3    O na le tshiamelo ya go tlhopha fa o le moagi wa Aforikaborwa wa go tloga ka dingwaga tse 18 mme o na le bukana e tala ya lekwaloitshupo e e nang le khoutu, karata ya boitshupo e e semate, kgotsa setifikeiti sa boitshupo sa nakwana. 
2.1.4    Batlhophi ba ba nang le tshiamelo gape ba ka ikwadisa kgotsa ba ntšhwafatsa dintlha tsa bona ka phothale ya semmuso ya seranyane ya IEC – https://registertovote.elections.org.za e e ka fitlhelelwang bosigo le motshegare (24/7). 
2.1.5    Baagi ba gakololwa go nna ba ntshitse matlho dinameng mme ba tile go tobetsa digokedi tse di belaetsang kgotsa go etela diwebosaete tsa maaka tse di itirang jaaka e kete ke tsa Khomišene ya Ditlhopho ya Aforikaborwa.

3.    Samiti ya Bosetšhaba ya Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae 
3.1    Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, ka tirisanommogo le SALGA le Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA), le tlaa bitsa Samiti ya Bosetšhaba ya LED kwa Hoteleng ya Birchwood le Tikatikwe ya Dikhonferense kwa Johannesburg ka di15 le di16 tsa Moranang 2026. Samiti ya Bosetšhaba ya LED e tlaa dira jaaka polatefomo e e tsamaisiwang ke ditharabololo go fetola Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae go tsamaelana le Lekwalotlhomo le lentšhwa la Mabudusatsela la Pusoselegae ka fa tlase ga moono wa “Kagosešwa ya Diikonomi tsa Selegae: Leano la Tirisanommogo la Kgolo ya Dikgwebopotlana le go Nolofatsa go Gweba” 
3.2    Samiti eno e tlaa bewa lefoko ke Motlotlegi Moporesidente Ramaphosa mme e tlaa tsenelwa ke boeteledipele go ralala maphata a mararo a puso, SALGA, di-SOE le di-DFI, le lephata la poraefete, baeteledipele ba setso (magosi), le baamegi ba ba farologaneng. 
3.3    Samiti e tlaa tlosa LED go tswa mo go nneng maikaelelo a pholisi go ya mo tiragatsong e e dirisegang e e maatlafatsang bokgoni jwa ditheo tsa selegae, e e samaganang le go tlhoka tekatekano mo dibakeng, e e kopanyang maphata a puso le a poraefete mo ditsamaising tsa kgolo ya selegae, le go tlamela ka tikologo ya taolo e e kgontshang dipeeletso le tlhabololo ya MSME.

F.    Melaetsa
1.    Matshediso
Kabinete e rometse matshediso go ditsala le masika a ga 

  • Molweladitshwanelo kgatlhanong le tlhaolele le Tonakgolo le Tona ya maloba ya Tshireletso, Mosiuoa Lekota, yo o neng a neela botshelo jwa gagwe go kgaratlhela Aforikaborwa o o senang bosemorafe, o o sa tlhaoleng go ya ka bong le wa demokerasi.
  • Nicholas “Fink” Haysom, mmueledi yo o itsegeng wa ditshwanelo tsa botho yo o neng a dira jaaka Mogakolodi yo Mogolo wa Semolao wa  ga Moporesidente Nelson Mandela mme moragonyana a nna Moemedi yo o Kgethegileng wa Mokwaledikakaretso wa Ditšhabakopano mo ditirong tse di farologaneng. 
  • Mmegadikgang wa moitseanape, mokwadi yo o tlotlegang le moikanngwa yo o boineelo wa kgaratlho, Terry Bell, yo o nnileng le seabe se se seriti le se se mosola mo ntweng kgatlhanong le tlhaolele, a dirisa lentswe la gagwe le mokwalo wa gagwe go senola go tlhoka tekatekano le go tsweletsa pele maikaelelo a diphetogo tsa demokerasi mo Aforikaborwa.

2.    Dikakgolo
Kabinete e akgotse le go eleletsa masego:

  • Moporofesara Nyaweleni Tshifularo le setlhopha sa gagwe sa kalafi ka ntlha ya go kgaoganya mawelana a a tshwaraganeng ka katlego mo karong e e botswerere kwa Sepetlele sa Mankweng kwa magaeng a Limpopo. Karo eno ya boitseanape e netefatsa gape bokgoni jwa dipetlele tsa Aforikaborwa go akaretsa le tse di kwa metsemagaeng, go dira ditsamaiso tse di marara tsa kalafi jaaka naga e ipaakanyetsa go tsenya tirisong Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo.
  • Ngaka Keamogetswe Ramonaheng, Tlhogo ya Fisika ya Kalafi le Radiobayoloji kwa Mafaratlhatlheng a Patlisiso ka Kalafi ya Nyutlelia (NuMeRI), jaaka a amogetse Sekgele se se tlotlegang sa Saul Hertz kwa Khonkereseng ya Lefatshe ya bo8 ya Ditheranosetiki ka ntlha ya kakgelo ya gagwe mo go tsa theranosetiki, e leng lephata le le tlhagelelang le le kopanyang go tlhatlhoba ka ditshwantsho le kalafi ya kankere ya radionutlilaete go tokafatsa dipoelo tsa kalafi ya kankere.
  • Moporofesara Prinola Govenden go tswa kwa Yunibesithi, ya Johannesburg yo o abetsweng Bodulasetulo jo bo tlotlegang jwa UNESCO: Go Akaretsa Setso le Tekatekano mo Bobegakgannyeng jwa Dijithale mo Aforika (2026-2030), morago ga tirego e e tletseng kgaisano ya lefatshe lotlhe moo go rometsweng dikopo tse 135 kwa kantorokgolong ya UNESCO kwa Paris, kwa Fora.
  • Kutlwano Peta, moithuti wa Dipoloma ya Morago ga Dikerii mo Disaenseng tsa Diakhaonto, yo o neng a tlhophiwa ka 2025 jaaka mongwe wa batsayakarolo ba le 16 fela mo badirakopong ba ba fetang 1 800 lefatshe ka bophara ba Lenaneo la Lefatshe Lotlhe la Talente (GTP) la Setheo sa Babalatlotlo ba ba Kwadisitsweng (ISCA) kwa Singapore. Kutlwano, yo e tlaa nnang karolo ya kantoro ya Moruni-Kakaretso wa Aforikaborwa mo bogautshwaneng, e ne e le ene fela motsayakarolo yo o emetseng Aforika.
  • Motabogi wa sekgala se seleele wa Aforikaborwa, Adriaan Wildschutt, yo o dirileng dikgakgamatso tsa hisetori fa a gapa lebelo la Halofo ya Marathone la New York City, ka jalo e nna moAforikaborwa wa ntlha go fenya lebelo le le kwa godimo la lefatshe la halofo ya marathone.
  • Majoro Mogenerale Carl Moatshe yo o thapilweng go tsaya taolo ya Sesole sa Diphofo sa Aforikaborwa go tloga ka 01 Moranang 2026, mme gape a tlaa tlhatlhosiwa go nna Molefetenente Mogenerale. O tlhatlhama Moeteledipele wa Sesole sa Diphofo yo o tswang mo tirong, Molefetenente Mogenerale Wiseman Simo Mbambo, yo nako ya gagwe ya tiro e nnileng le boeteledipele jo bo ikanyegang le go direla setšhaba. 
  • Mme Lytania Johnson ka ntlha ya go thapiwa go nna Mokhuduthamaga wa Banka ya First National, morago ga dingwaga tse 25 a le mo setheong seno, mme gape o tlaa etelela pele yuniti e ntšhwa ya banka ya kgwebisano le dikgwebo. 
  • Mme Valdene Reddy, ka ntlha ya go thapiwa go nna CEO wa Johannesburg Stock Exchange le mosadi wa ntlha wa montsho go nna mo maemong a a ntseng jalo.
  • Springbok Sevens – diBlitzbokke tsa rona tse di rategang - ka ntlha ya go nna ditshimega tsa World Sevens Series ba 2025/26, le ka go fenya sekgele sa bosimega jwa New York Sevens.
  • Lekgotlatoropo la Greater Tzaneen kwa Mopani, Limpopo, ka ntlha ya go bidiwa lekgotlatoropo le le phepa go gaisa mo Aforikaborwa kwa Dikgeleng tsa Bosetšhaba tsa Taolo ya Matlakala tse di neng di tshwerwe ke Lefapha la Jalo ya Dikgwa, Bodirelatlhapi le Tikologo.
  • Boemelafofane jwa Boditšhabatšhaba jwa Motsekapa ka ntlha ya go lemogwa jaaka Boemelafofane jo bo Gaisang mo Aforika ngwaga wa bo11 ka tatelano kwa moletlong wa Dikgele tsa Boemelafofane jwa Lefatshe tsa Skytrax tsa 2026 tse di neng di tshwerwe kwa London, kwa United Kingdom. Boemelafofane jwa Boditšhabatšhaba jwa OR Tambo bo bone maemo a bobedi, fa Boemelafofane jwa Boditšhabatšhaba jwa King Shaka kwa Durban bo nnile mo maemong a bone mme gape bo tlhagisitswe magareng ga maemelafofane a a kwa godimo a kgaolo mo Aforika. 
  • Go thapiwa ga Aforikaborwa mo Setlhopheng sa Tiro sa Ditlhaeletsano sa Kopano ya bo70 ya Khomišene e e ka ga Maemo a Basadi, e e biditsweng ka fa tlase ga Ditšhabakopano. Go thapiwa gono go tlhomamisa boeteledipele jwa Aforikaborwa mo go tsweletseng tlhaeletsano ya togamaano malebana le tekatekano ya bong le maatlafatso ya basadi. 
  • Mogaka wa Mmino, Ngaka Abdul İbrahim fa a rola tiro a le dingwaga di le 91. Mogale wa kgaratlho ya kgololesego yo o neng a dirisa mmino go anela kgang ya Aforikaborwa o ka nako eo e neng e le bosemorafe. MaAforikaborwa a go kolota tebogo.

3.    Maitsholo a boikarabelo mo Mafelong ano a beke a Paseka 
3.1    Kabinete e eleletsa maAforikaborwa otlhe mafelo a beke a matelele a Paseka a a babalesegileng le a a itumedisang. Eno ke nako e ka yone maAforikaborwa a mantsi a tsayang maeto go ralala naga go etela bamasika, ditsala gongwe ba tsamaela mabaka a sedumedi. Seno gantsi se baka koketsego ya pharakano mo ditseleng tsa rona. 
3.2    Kabinete e ikuela go mongwe le mongwe go nna maikarabelo fa a kgweetsa – netefatsa gore sejanaga sa gago se siametse tsela pele o kgweetsa mme mongwe le mongwe yo o mo koloing, go akaretsa le bana, o tshwanetse go bofa lebanta la gagwe la pabalesego.
3.3    Re amogela baeng mo nageng ya rona le go netefaletsa maAforikaborwa le baeng ka go tshwana gore go lwantsha bosenyi e sa ntse e le nngwe ya ditlapele tsa puso ya Aforikaborwa, mme ka tiro ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa, re na le tswelelopele e e tsepameng mo ntweng kgatlhanong le bosenyi. Naga ya rona e tswelela go dira sengwe le sengwe se e ka se kgonang go netefatsa pabalesego ya botlhe ba ba etelang mabopo a rona. 
3.4    Mafelo a a tumileng a bojanala a newa tshireletso e e oketsegileng. Jaaka Mafelo a beke a Paseka a ntse a atamela, Bothati jwa Taolo ya Melelwane (BMA) bo ipaakanyeditse go netefatsa motsamao o o nonofileng, o o sireletsegileng le o o edileng wa batho le dithoto go ralala mafelo otlhe a bogorogelo a le 71 a Aforikaborwa  mo pakeng eno. 
3.5    Ka ntlha ya seemo sa FMD, Kabinete e ikuela gore motsamao wa diphologolo o dirwe ka maikarabelo go thibela go anama ga bolwetse jono go ya pele. Re tlhaloganya tlhokego e e oketsegileng ya go sutisa diphologolo go tsibogela ditlhokego tsa go jewa ga nama, fela re tshwanetse go obamela diphorothokholo tsa FMD.                    

E rebotswe mo boemong jwa Kabinete ke:
Tona mo Kantorong ya Moporesidente, Mme Khumbudzo Ntshavheni
Dipotsiso: 
Golagana le: Mme Nomonde Mnukwa, Mokaedikakaretso wa Namaotshwere
Sele: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore