A. Dintlha tse di mo Tikologong
1. Pabalesego le Tshireletso
1.1. Dijo tse di tlholang malwetse le go tlhokafala ga batho
1.1.1. Kabinete e begetswe ka go lwala le go tlhokafala ga batho ka ntlha ya dijo mo mafelong a a farologaneng ka fa nageng, moo bana ba tlhokafetseng setlhogo gammogo le go amogelwa kwa sepetlele ga ba le mmalwa kwa Gauteng, Mpumalanga, Kapa Botlhaba, KwaZulu-Natal le Foreisetata.
1.1.2. Moporesidente o tla ema Setšhaba ka lefoko malebana le ditsereganyo tse di tsewang ke puso go samagana le seemo seno.
1.1.3. Go sa le jalo, Lefapha la Boitekanelo le tlhoseditse Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang (NICD) go latedisa le go batlisisa motswedi wa botlhole mo dijong le go dira dikatlenegiso.
1.1.4. Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Magosi, ka tshegetso ya Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le Komiti ya Ditona ya Tsamaiso ya Matlhotlhapelo, di kasetile Melawanatlhomo ya Ikonomi ya Metsesetoropo ka maikaelelo a go rulaganya makgotlatoropo go tlhakanela lenaane le go tsiboga mmogo malebana le ikonomi ya selegae e e akaretsang le go fedisa ditiro tse di seng mo molaong tsa dikgwebo mo metsesetoropong.
1.1.5. Kabinete e romela matshediso kwa go bamalapa, ditsala le barutwana ba ba neng ba tsena sekolo le bana botlhe ba ba tlhokafetseng ka ntlha ya dijo tseno mme e eleletsa pholo mo go botlhe ba ba sa ntseng ba okiwa.
1.2. Ntwa Kgatlhanong le Bosenyi
1.2.1. Kabinete e kgadile polao e e setlhogo ya Nkosikazi Thenjiwe Eunice “Nogcinile” Mtirara kwa Mqhekezweni Great Place kwa Kapa Botlhaba mme e romela matshediso kwa kgotleng ya segosi yoo Dlomo le Bogosi jotlhe jwa MaThembu. Ba tiragatso ya molao ba tla netefatsa gore ba ba dirileng seno ba tla tshwarwa.
1.2.2. Gape kabinete e kgadile go betelelwa ga bana ba le batlhano ba gape ba kgothositsweng ka dithunya kwa karolong ya Mqhekezweni.
1.2.3. Setlhopha sa NATJOINTS se kaetswe go akofa go khutlisa seelo se se tlhatlogang sa bosenyi jo bo akaretsang dipolao kwa Kapa Botlhaba le go netefatsa gore batlolamolao le baeteledipele ba seno ba a tshwarwa.
1.2.4. Kabinete e akgotse tiragalo ya botseka e e eteletsweng pele ke NATJOINTS (ntwa kgatlhanong le ditiragalo tse di seng mo molaong tsa go utswa dimenerale le letsholo la vala-mgodi) e e lebisitseng kwa go tshwarweng ga magodu a dimenerale a feta 1 000 kwa šafoteng ya moepo o o phuagantsweng kwa Orkney kwa Bokone Bophirima fa e sale ka mafelo a beke a 2 Ngwanaitseele 2024.
1.2.5. Kabinete e amogetse maiteko a a tswelelang a go maatlafatsa bokgoni jwa mapodisi ka go romelwa ga batlhankedi ba sepodisi ba feta 2 800 ba ba sa tswang go katisiwa go ralala diteišene tse di farologaneng tsa mapodisi. Bakatisiwa ba tlalaletso ba sepodisi ba le 2 000 ba tla aloga ka Sedimonthole 2024 mme ba tla bo ba siametse go ka romelwa go dira ka paka ya meletlo.
1.2.6. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshwaragana le mapodisi mo ntweng kgatlhanong le bosenyi ka go bega ditiragalo tsa bosenyi mo mogaleng wa 08600 10111 mmogo le Mogala o o Kgethegileng wa go Bega Ditiragalo tsa Go Gapa Madi ka Dikgoka wa 0800 911 011 malebana le bosenyi jo bo amanang le go gapa madi ka dikgoka.
2. Merero ya Boditšhabatšhaba
2.1. Palelo: Boporesidente jwa Aforika Borwa jwa Setlhopha sa ba ba Masomamabedi (Group of Twenty (G20))
2.1.1. Palelo ya gore Aforika Borwa a tseye Boporesidente jwa G20 go tloga ka 1 Sedimonthole 2024 go fitlha ka 30 Ngwanaitseele 2025 ka fa tlase ga moono wa: “Kemommogo,Tekatekano le Tsweletsego”, e simologile.
2.1.2. Go tla tshwarwa Samiti ya Baeteledipele kwa Johannesburg, kwa Gauteng mme IMC e dira le Diporofense tse dingwe go amogela dikopano tsa Ditona le Ditlhophatiro. Re tla tlhoma lenaneo la Aforika Borwa la G20 ka 1 Sedimonthole 2024.
2.1.3. Aforika Borwa o tla tsaya karolo kwa Samiting e e tlang ya G20 ka 18 le 19 Ngwanaitseele, kwa Rio de Janeiro, Brazil.
2.2. Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi (KBB)
2.2.1. Kabinete e amogetse go faeliwa ga Segopotso kwa KBB e leng se se bontshang ka moo Puso ya Iseraele e tlotseng Tumelano ya Dipolao tsa Semorafe ka gona ka tshotlakako le dipolao tsa Mapalesetina a a nnang kwa Gaza.
2.2.2. Lekwalo la segopotso le le nang le ditsebe tse di fetang 1300 - le le tshegediwang ke bosupi le dimametlelelo - le na le bosupi jwa dikgato tsa Iseraele tsa dipolao tsa semorafe, le go retelelwa ga yone go thibela tlhotlheletso ya dipola tsa semorafe le go atlhola ba ba tlhotlheletsang le go diragatsa ditiragatso tsa dipolo tsa semorafe.
2.2.3. Go faelwa ga segopotso go diragala ka nako e Iseraele e okeditseng dipolao tsa baagi ba Gaza mme e ikaeletse go tsweletsa dikgato tseo tsa tshenyo kwa Lebanone. Segopotso ke kgakololo go baagi ba lefatshe lotlhe malebana le setlhogo se se diragaditsweng kgatlhanong le batho ba Palesetina le tlhokego ya kemommogo go emisa matlhotlhapelo ano. Go faela gono go latela tshwetso ya Ditšhabakopano ya go kgala dikgato tsa puso ya Iseraele kgatlhanong le baagi ba Palesetina.
2.3. Go Tsweletsa Demokerasi ya Lefatshe
2.3.1. Kabinete e akgola dipuso le baagi ba Rephaboliki ya Botswana, Mozambiki le Amerika (US) ka go konosetsa ditlhopho tsa bona tsa fa gautshwane.
2.3.2. Kabinete e akgola selekane sa Umbrella for Democratic Change kwa Botswana ka katlego ya sona ka fa tlase ga boeteledipele jwa Moporesidente yo o Tlhophilweng, Duma Boko mme e amogetse go tlhamiwa ga dithulaganyo tsa kgabaganyo magareng ga tsamaiso e e tswang gammogo le tsamaiso e e tsenang ya Moporesidente yo o Tlhophilweng, Boko.
2.3.3. Kabinete e akgola Moporesidente yo o Tlhophilweng, Daniel Chapo le lekoko la gagwe, FRELIMO, ka ntlha ya phenyo ya lone go latela ditlhopho tsa hisetori tsa naga tse di nnileng dingwaga di le 32 morago ga go saeniwa ga Tumelanokakaretso ya Kagiso, e e khutlisitseng ntwa ya bana ba mpa mme ya itsise demokerasi ya makokomantsi kwa Mozambiki. Tirisodikgoka e e tsweletseng ya morago ga ditlhopho e a tshwenya mme maphata otlhe a a amegileng a tshwanetse go dirisa ditsela tsotlhe tsa semolao tse di gone tsa go tlhagisa dingongorego gore go rarabololwe dingongorego tsa one tsa ditlhopho mme go tswelelwe go agelela mo motheong wa kagiso o o beilweng mo Tumelanong ya Maputo ya Kagiso le Poelano ya Setšhaba.
2.3.4. Kabinete e akgola gape Moporesidente yo o Tlhophilweng, Donald Trump, go latela ditlhopho tsa Amerika tse di neng di tshwerwe ka 5 Ngwanaitseele 2024. Aforika Borwa e ikaelela go dira sentle le Moporesidente yo o Tlhophilweng, Trump, mo dingwageng di le 12 tse di latelang fa Moporesidente Cyril Ramaphosa a okama Boporesidente jwa G20 ka 1 Sedimonthole 2024.
3 Merero ya Kgwebisano
3.1 Dipoelo tsa Ketelo ya Mmuso le go tsaya karolo kwa Foramong ya Tirisanommogo ya China-Aforika (FOCAC)
3.1.1 Kabinete e amogetse pegelo ka ga dipoelo tsa Ketelo ya Mmuso go ya kwa Rephaboliking ya Batho ya China le kopano ya FOCAC e e neng e tshwerwe fa gautshwane kwa Beijing, China go tloga 2 go ya 5 Lwetse 2024. Kabinete e etse tlhoko dipoelo tse di latelang tsa Aforika Borwa:
3.1.2 Tumelano ya go fetola sebopego sa kgwebisano go nna ya ditlhagiswa tse di tlhagisitsweng mme di okeditswe boleng, bogolo segolo tumelano ya go refosana lenaane la ditlhagiswa tse 100 tse di okeditsweng boleng go tswa mo Aforika Borwa tse China e tla akanyang ka go di romela teng.
3.1.3 Go tlaleletsa foo, Aforika Borwa e nnile le tumelano ya tirisano mo meleng ya boleng e le meraro le China mme yone e amana le go fokotsa khabone, go fetolela mo seranyaneng, dipalangwa le dithulaganyo tsa tsamaisothoto. Tirisanommogo e tla tlhagola tsela ya go tsweletsa dipeeletso mo dikoloing tsa motlakase, go tlhagisa dibeterii, polokelo ya motlakase o o ntšhwafadiwang, gammogo le Dikgaolo tse di Kgethegileng tse di supilweng tsa Ikonomi le Dikgaolo tsa Tlhabololo ya Madirelo.
3.1.4 Babeeletsi ba botlhokwa ba Machaena kwa Shenzhen le Beijing ba bontshitse kgatlhego ya go atolosa dipeeletso tsa bone gongwe go dira dipeeletso tsa go simolola ditlamo tse dintšhwa mo Aforika Borwa.
3.1.5 Ka nako ya Foramo ya Kgwebo, go saenilwe Dimemorantamo tsa Tirisanommogo (di-MoU) di le thataro ka maikaelelo a go tsweletsa tirisanommogo magareng ga ditheo tsa China le ditlamo tsa Aforika Borwa le Ditheo tsa Matlole a Tlhabololo go maatlafatsa tirisanommogo go tsweletsa tlhabololo ya madirelo mo Aforika Borwa, go tsweletsa ditirisanommogo tsa thekenoloji le go tsweletsa go fedisa khabone mo maphateng a botlhokwa le mela ya boleng mo Aforika Borwa le go tsweletsa dipeeletso mo lephateng la motlakase o o ntšhwafadiwang.
3.1.6 Ditumelano tseno tse di saenilweng kwa magatong a puso le a lephata la poraefete di tla akgela mo go akofiseng dipeeletso tse di tsweletsang diphetogo tsa talafatso le khabone e e kwa tlase le go tsweletsa boitshimololedi mo ditiragatsong tsa madirelo le go ngokela dipeeletso mo Dikgaolong tse di Kgethegileng tsa Ikonomi le Diphaka tsa madirelo.
4 Ikonomi
4.1 Polelo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Pakagare (MTBS)
4.1.1 Kabinete e amogela MTBPS ya 2024, e e thusang tiragatso ya maitlamo a Puso ya Kopano ya Bosetšhaba go tsweletsa kgolo ya ikonomi ka bonako, ka go akaretsa le ka tsela e e tsweletsegang, le go dira gore go nne le tshiamo le tekatekano mo baaging ka go lwantsha lehuma, go tlhoka tekatekano le botlhokatiro.
4.1.2 Tsepamo ya matlole a setšhaba ka tsamaiso e e botswerere ya ditshenyegelo tsa puso le dikoloto e netefatsa gore naga ya rona e ka tlhosetsa kgolo ya ikonomi mme e ntse e netefatsa gore ba ba mo matshosetsing mo gare ga rona ba tswelela go tshegediwa ka mananeo a rona a thuso ya loago.
4.1.3 Kabinete e tshegetsa dipilara tse nne tsa go tsholetsa ikonomi ka tsepamo ya makeroikonomi, go tsenyatirisong diphetogo tsa popegotheo, go aga bokgoni jwa puso le go oketsa dipeeletso mo mafaratlhatlheng a setšhaba. Naga eno e mo tseleng ya go tlosiwa mo lenaaneng le le setlha la Financial Action Task Force (FATF), morago ga go konosetsa dilwana tsa dikgato tse 16 go tswa mo go tse 22 tse di supilweng pele ga tlhatlhobosešwa ya FATF ka 2025.
4.1.4 MTBPS ke karolo ya sediko sa tekanyetsokabo ya setšhaba sa rona e e maikarabelo e e letlang gore go nne le thulaganyo ya ditšhelete ya pakagare go ya go pakatelele. Gape e letla gore MaAforika Borwa a rwese mafapha le ditheo tsa puso maikarabelo malebana le tiriso ya matlole mme e neela babeeletsi netefaletso ya ntlha ya ikonomi ya naga.
4.2 Bajanala
4.2.1 Go tlhomiwa ga Letsholo la Selemo la Bojanala la naga le rotloetsa MaAforika Borwa le baeng go tswa mo lefatsheng go etela matlotlo a bojanala a a iphitlhileng a naga a a fitlhelwang go ralala diporofense tsa rona tsotlhe ka borobongwe.
4.2.2 Letsholo la Gimme Summer la Sho’t Left le tla dira diporofaele tsa ditlamelo tsa bojanala jwa selegae go kgontsha MaAforika Borwa ka bontsi go itumelela, go etela le go itemogela mafelo a dikgogedi tsa bojanala a a iphitlhileng.
4.2.3 Go maatlafatsa lephata la bojanala, Kabinete e amogetse go kasetiwa ga Sekema sa Motsamaisi yo o Ikanyegang wa Maeto (TTOS), se se rulaganyang tirego ya dikopo tsa visa tsa ditlhopha tse dikgolo tsa baeti go tswa China le India.
4.2.4 Maitshimololedi a samagana le tlhaelo ya bokgoni gongwe diatla kwa dikantorong tsa boditšhaba mme a ikaeletse go ngokela bajanala ba bantsi go tswa kwa China le India, ba ba dirang 1.8% le 3.9% ya baeng botlhe ba boditšhabatšhaba mo Aforika Borwa ka tatelano eo.
4.2.5 Ditlamo tsa maeto tse di nang le kgatlhego di ka fitlhelela tsamaiso ka go etela https://touroperator.dha.gov.za:8443 gongwe go fitlhelela photale ka benara ya TTOS mo www.dha.gov.za.
4.2.6 Mo godimo ga moo, Tsamaiso ya eVisa ya naga e atoloseditswe kwa dinageng tse 34 go letla bajanala ba dinaga tseo go dira dikopo tsa visa tsa go tla Aforika Borwa mo maranyaneng kwa ntle ga go tlhoka go etela embasi gongwe kantoro ya boemedi.
5 Merero ya Metsi
5.1 Dikgato tsa nakwana tsa go tlamela Hammanskraal ka metsi a go nwa
5.1.1 Kabinete e amogetse tswelelopele e e dirilweng ke Lefapha la Metsi le Kgelelo ya Leswe go tlamela Toropokgolo ya Tshwane ka metsi a a nowang go e kgontsha go tlamela batho ba Hammanskraal ka metsi a a nowang nakwana.
5.1.2 Mathata a a tswelelang pele a tlamelo ya metsi a a itemogelwang ke Hammanskraal le mafelo a a mabapi a tswelela go ama matshelo a batho, go akarediwa tlamelo ya ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo kwa ditlamelong tsa selegae di tshwana le Sepetlele sa Jubilee.
5.1.3 Ga jaana Toropokgolo ya Tshwane e tsenya tirisong porojeke ya R278milione go baakanya tlamelo e e sa direng ga jaana ya Rooiwal Wastewater Treatment Works (WWTW).
5.1.4 Go solofetswe gore go oketsa bokgoni jwa Roiwal WWTW go tla ja R2 bilione. Kabinete e boleletswe gore Toropokgolo ya Tshwane e tla tshwanela go tlamela porojeke eno ka matlole go tswa mo lotsenong, dikadimo gongwe dikabelo tsa yone tsa Kabo ya Tlhabololo ya Manno a Metsesetoropo go tswa kwa Lefapheng la Manno a Batho.
5.1.5 Ka 2023, Lefapha la Metsi le Kgelelo ya Leswe le laetse Magalies Water go tsereganya ka potlako go ya ka Molao wa Ditirelo tsa Metsi, wa 1997 (Molao wa bo 108 wa 1997), le go thadisa le go tlhoma polante e ntšhwa ya phepafatso ya metsi kwa Ditirelong tsa yona tsa Phepofatso ya Metsi kwa Klipdrift, gaufi le Hammanskraal. Seno se tla thusa go fokotsa dikgwetlho tsa metsi le go tlamela ka ditharabololo tsa pakatelele. Polante eno ya tlaleletso ya phepafatso ya metsi e tla tlamela diraseboa tse di rileng ka metsi mo thulaganyong ya phatlalatso ya metsi ya Toropokgolo go oketsa tlamelo ya metsi a a phepa a a nowang go ya kwa Hammanskraal.
5.1.6 Puso e kopa batho ba Hammanskraal le mafelo a a mabapi go nama ba beile pelo fa tiro eno e sa ntse e tsweletse. Go solofetswe fa legato la ntlha le tla bo le konoseditswe ka 15 Ngwanaitseele 2024. Seno se tla kgontsha Toropokgolo ya Tshwane go tlamela mafelo a mangwe a Hammanskraal ka metsi a a phepa.
5.2 Dikoloto tsa makgotlatoropo kwa dibotong tsa metsi
5.2.1 Kabinete e amogetse pegelo ka dikoloto tse di tswelelang pele tsa makgotlatoropo kwa dibotong tsa metsi, tse di golang mme e bile di ka se ke tsa tsweletsega, moo go go neng go kolotiwa palogotlhe ya R23 bilione ka 31 Phatwe 2024. Sekoloto se tshosetsa go ikgona ga ditšhelete ga diboto tsa metsi gammogo le lephata lotlhe la metsi. Tona ya Metsi le Kgelelo ya Leswe, Pemmy Majodina o ne fa gautshwane a kopane le makgotlatoropo a le mmalwa a a amegang mme o amogetse maitlamo a go duela go tswa kwa bontsing jwa makgotlatoropo a a sa dueleng.
5.2.2 Kabinete e ne e kile ya amogela go tlhamiwa ga Komiti ya Ditona (IMC) go samagana le ntlha ya makgotlatoropo. Gape IMC e tla dira gore dikgato tsa go samagana le dituelo tsa dikoloto tsa makgotlatoropo go ya kwa dibotong tsa metsi e nne setlapele, bogolosegolo go lebeletswe tse di lebaganweng ke kgonagalo ya botšhoni.
5.3 Ditekanyetso tsa tiriso ya Metsi mo Gauteng
5.3.1 Kabinete e ne ya itsisewe ka ditekanyetso tsa tiriso ya metsi tsa legato 1 tse di dirisiwang kwa Gauteng ka ntlha ya tlhoko e e golang ya metsi ka antlha ya tiriso e e kwa godimo e e bakwang ke go gola ga baagi, dikgokaganyo tse di seng mo molaong, go dutla le tiriso e e botlhaswa ya metsi.
5.3.2 Tiriso e e magareng ya Gauteng ke dilitara tse 279 ka motho ka letsatsi fa go bapisiwa le palogare ya boditšhabatšhaba ya dilitara tse 173 ka motho ka letsatsi. Le fa makgotlatoropomagolo a Gauteng a na le ditekanyetso tsa metsi tsa legato 1, ga go na tiragatso e e kalo ya molao ono mo makgotlatoropong.
5.3.3 Tona ya Metsi le Kgelelo ya Leswe le Tonakgolo ya Gauteng ba kopile makgotlatoropo go diragatsa legato 2 la ditekanyetso tsa metsi le le tla anang le tefiso fa badirisi ba sa obamele ditekanyetso tse di beilweng.
5.4 Go tlhamiwa ga Komiti ya Bosetšhaba ya Dipharagobe tsa Metsi
5.4.1 Kabinete e tshegeditse tshwetso ya Moporesidente ya go oketsa tiro e e eteletsweng pele ga jaana ke Motlatsamoporesidente ka go dira merero ya metsi go nna dipharagobe le go tlhama komiti ya bosetšhaba ya dipharagobe tsa metsi e e tla tlhamang thulaganyo ya dikgato tsa metsi le go batla baitseanape ba metsi gore ba tsereganye mo dikgwetlhong tsa metsi tse di anameng mo nageng mo legatong la Pusoselegae.
6 Tsa Loago
6.1 Go saeniwa ga Molaotlhomo wa Paakanyo wa Tlhalano go Nna Molao
6.1.1 Kabinete e amogetse go rebolwa ga ngata ya ntlha ya ditifikeiti tse 33 tsa manyalo a Semoseleme ke Lefapha la Merero ya Selegae go latela go saeniwa ga Molaotlhomo wa Paakanyo wa Tlhalano go nna molao ka Motsheganong monongwaga, ke Moporesidente Ramaphosa. Molaotlhomo o baakantse Molao wa Tlhalano, wa 1979 (Molao wa bo70 wa 1979) go lemoga manyalo a Semoseleme le go sireletsa dikgatlhegelo tsa basadi le bana ba Mamoseleme fa manyalo ao a tlhatlhamololwa.
6.1.2 Diphetogo tseno tse di sa bolong go fetelwa ke nako di bontsha maitlamo a naga ya rona go netefatsa gore ditshwanelo tsa basadi le bana ba Mamoseleme tsa tekatekano, seriti, phitlhelelo ya bosiamisi gammogo le dikgatlhegelo tse di gaisang tsa ngwaga, jaaka di kwadilwe mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996, di a diragadiwa.
6.1.3 Gape di diragatsa kutlwano ya loago, kagosetšhaba le boitshupo jo bo tlhakanetsweng jwa setšhaba gammogo le go tlotla ditso le ditumelo tse di farologaneng.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Ditshwetso tsa Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 23 Diphalane 2024
1.1. Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026
1.1.1. Kabinete e amogetse go tlhamiwa ga Komiti ya Ditona e e tla okamang dithulaganyo tsa Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026/27.
1.1.2. Jaaka ditlhopho tse di fetileng tsa pusoselegae di ne di tshwerwe ka 1 Ngwanaitseele 2021, ditlhopha tse di latelang tsa makgotlatoropo di tla tshwarwa magareng ga 2 Ngwanaitseele 2026 le 1 Tlhakole 2027. IMC e tla etelelwa pele ke Tona ya Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso mme e dirwa ke mafapha a le mmalwa a a botlhokwa mo go netefatseng gore go nna le ditlhopho tse di atlegileng.
1.1.3. Gape Kabinete e akantse le go amogela fomula ya go swetsa ka palo ya balekgotla go ya ka Kgaolo 20 (1) (a) ya Molao wa Popego ya Makgotlatoropo.
1.1.4. Ditlhopho tsa Makgotlatoropo tsa 2026 e tla bo e le ditlhopho tsa borataro fa e sale ka kgorogo ya temokeradi ka 1994. IMC e tla dira le IEC gammogo le maphata a mangwe a a maleba go netefatsa gore tirego e e lebisang kwa ditlhophong tsa pusoselegae e tsamaya ka thelelo le ka kagiso.
2. Molaotlhomo
2.1. Molaotlhomo wa Paakanyo wa Letlhomeso la Dikamano tsa go Kgabaganya Puso wa 2024
2.1.1. Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga Molaotlhomo wa Letlhomeso la Dikamano tsa go Kgabaganya Puso wa, 2024 gore setšhaba se tshwaele. Molaotlhomo o ikaeletse go dira dipaakanyo mo Molaong wa Letlhomeso la Dikamano tsa go Kgabaganya Puso (Molao wa bo13 wa 2005), go netefatsa gore magato a a farologaneng a puso a dira ka tsela e e gokaganeng.
2.1.2. Dipaakanyo di tla baakanya dikarolo dingwe tsa Molao tsa bogologolo mme di tla netefatsa gore magato a mararo a puso a dira mmogo go tokafatsa tlamelo ya ditirelo go fitlhelela ditlhokego tsa batho.
2.1.3. Kgaolo 3 ya Molaotheo e tlhoka gore magato otlhe a puso a dirisane mmogo ka go ikanyana le ka boikanyego ka, gareng ga tse dingwe, go diragatsa botsalano le go thusana le go tshegetsana. Mo ntlheng eno, Molaotlhomo wa Letlhomeso la Dikamano tsa go Kgabaganya Puso o tla gokaganya tsenyotirisong ya dipholisi le melao ya puso, go akarediwa puso e e kopaneng, tlamelo e e bokgoni ya ditirelo, le peoleitlho le tsenyotirisong ya dipholisi. Diphetogo tseno tsa molao gape di tla tshegetsa Sekao sa Tlhabololo ya Dikgaolo se maikaelelo a sona e leng go tokafatsa le go maatlafatsa tsamaiso ya dikamano tsa go kgabaganya puso.
3. Ditshwetso tsa Kabinete tsa kopano e e tshwerweng ka di6 tsa Ngwanaitseele 2024
3.1. Letsholo la Malatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo kgatlhanong le Tirisodikgoka e e ikaegileng ka Bong (GBV)
3.1.1. Kabinete e amogetse molebo wa kakanyo mo Letsholon la Malatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo kgatlhanong le GBV la 2024 ka fa tlase ga moono wa: “dingwaga tse 30 tsa Tsweletso ya Tiragatso e e Tlhakanetsweng ya go Khutlisa Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi le Bana”, o o gatelelang botlhokwa jwa molebo wa setšhaba sotlhe mo go lwantsheng GBVF le botlhokwa jwa maikarabelo a maphatamantsi.
3.1.2. Monongwaga ke segopotso sa bo26 sa go tsaya karolo ga Aforika Borwa mo Letsholong la Malatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo jwa go Emisa Tirisodikgoka kgatlhanong le Basadi le Bana, le le tla tlhomiwang ka 25 Ngwanaitseele 2024 kwa Setediamo sa Royal Bafokeng kwa Bokone Bophirima.
3.1.3. Seno se tshegetsa letsholo la lefatshe lotlhe le le diragalang go tloga ka 25 Ngwanaitseele (Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Phediso ya Tirisodikgoka kgatlhanong le Basadi ) go fitlha ka 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Botho). Letsholo la monongwaga le tswelela go samagana le modi wa GBVF fa le ntse le tsweletsa bonna jo bo isameng le tekatekano ya bong, gammogo le go direla basadi le bana ditšhono tsa ikonomi.
3.1.4. Le fa go atlhotswe badiramolato ba GBVF ba feta 1 000 magareng ga 1 Moranang le 31 Lwetse 2024, jaaka setšhaba go sa ntse go le gontsi go re tshwanetseng go go dira jaaka setšhaba go fedisa leroborobo leno mo loagong.
3.2. Kgwedi ya Temoso ya Ditshwanelo tsa Bogolo (DRAM) 2024
3.2.1. Kabinete e amogetse kakanyo ya moono wa DRAM 2024 le Letsatsi la Bosetšhaba la Batho ba ba nang le Bogole, le le simologang ka 3 Ngwanaitseele go ya 3 Sedimonthole. Moono wa monongwaga ke: “Re keteka Dingwaga tse 30 tsa Demokerasi; re tlhama setšhaba se se akaretsang bogole”.
3.2.2. Moono o gatelela botlhokwa jwa go lemosa botlhe ka dikgwetlho tse batho ba ba nang le bogole ba lebanang natso, go tsweletsa le go sireletsa seriti sa bone le go lemoga ditshwanelo tsa bone jaaka di le mo Molaotheong.
3.2.3. Go rarabolola dikgoreletsi tse di gona tse di amang batho ba ba nang le bogole go akaretsa go netefatsa gore ba nna le ditikologo tse di nang le ditlamelo, tse di tsweletsegang e bile di babalesegile, le go lemoga gore ga se bogole jotlhe jo bo bonalang. Ditiragalo tsa kgwedi yotlhe di tla oketsa temogo le go bontsha tswelelopele e e dirilweng ke naga go netefatsa gore ditshwanelo tsa batho ba ba tshelang ka bogole di sireletsegile.
3.2.4. Puso e ikuela mo baaging botlhe go dira mmogo jaaka balekane go aga isago e e tsweletsang e bile e akaretsa bogole.
3.3. Pholisi ya Thibelo le Kalafi ya Malwetse a Tiriso ya Diritibatsi
3.3.1. Kabinete e amogetse Pholisi ya Thibelo le Kalafi ya Malwetse a Tiriso ya Diritibatsi, e e ikaeletseng go tlamela ka letlhomeso la tsibogo e e akaretsang go samagana le dikgwetlho tse di amanang le tiriso e e botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi e baagi ba lebaneng nayo.
3.3.2. Pholisi e tshegetsa ditsereganyo tse di gona di tshwana le Thulaganyokgolo ya Bosetšhaba ya Diritibatsi e e diragaditsweng magareng ga 2013 le 2017, mme e tsibogela ditlhaelo tse di supilweng mo Molaong wa Thibelo le Kalafi ya Tiriso e e Botlhaswa ya Diritibatsi wa 2008 (Molao wa bo700 wa 2008).
3.3.3. Pholisi e tshitshinya mananeo a thibelo a a mo baaging a a samaganang le dikgwetlho tse dikgolo tsa tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi. E tshegediwa ke dipilara tse tharo: Pilara ya phokotso ya tlhoko - e maikaelelo a yone e leng go thibela go simologa ga tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi gongwe go tshwakgoga; Pilara ya go fokotsa tlamelo - e maikaelelo a yona e leng go fokotsa phitlhelesego, le Pilara ya go fokotsa kutlwisobotlhoko - e e akaretsang kalafi ya malwetse a tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi le ditiro tse di amanang natso. Go totilwe go fokotsa tshenyo e e bakwang ke tiriso e e botlhaswa ya diritibatsi mo bathong le mo setšhabeng. Seno se ka fitlhelela ka thibelo, tsereganyo ya go sa le gale, kalafi le dikgato tse dingwe tse di amanang le tseo, ditirelo tsa tlhokomelo ya morago ga kalafi le pusetso mo loagong.
3.3.4. Pholisi e phatlaladitswe mo webosaeteng ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago: www.dsd.gov.za.
4. Tshedimosetso kwa Kabineteng
4.1. Seemo sa Meepo mo Aforika Borwa
4.1.1. Kabinete e itsisitswe ka Seemo sa Indaseteri ya Meepo, go ya ka patlisiso e e dirilweng ke Mintek.
4.1.2. Pegelo e neela tshedimosetso e e akaretsang le e e mo dinakong ka ga ditiragalo tsa ga jaana mo mebarakeng ya dikuno, tlhagiso ya diminerale mo Aforika Borwa, kakgelo ya indaseteri ya meepo mo ntshodikunong ya naga, dipeeletso le go thamiwa ga ditiro.
4.1.3. Pegelo e dira jaaka tlamelo ya botlhokwa ya go supa dikgoreletsi tsa tlhabololo mo lephateng la meepo, e leng moakgedi wa botlhokwa mo kgolong ya ikonomi ya Aforika Borwa.
4.1.4. Pegelo ya Seemo sa Indaseteri ya Meepo e tla kgontsa lephata la meepo la naga go ipaya sentle le go dirisa tšhono ya kgolo ya tlhoko ya dikuno ka go tlamela tshedimosetso ka ga dikuno tse di farologaneng.
4.2. Pegelo ya Legato IV la Maitshimololedi a Moporesidente a Go Direla Bašwa Ditiro mo lephateng la thuto ya motheo le le bidiwang Maitshimololedi a Thuto ya Motheo a go Tlhama Ditiro (BEEI)
4.2.1. Kabinete e amogetse pegelo ya diphitlhelelo tsa BEEI, tsereganyo e kgolo ya ditiro tsa setšhaba e e totileng bašwa ba ba sa direng ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga 18 le 35. Gape tsereganyo e lebeletse go samagana le seelo se se kwa godimo sa botlhokatiro jwa bašwa mo Aforika Borwa.
4.2.2. Fa e sale e tlhongwa ka Sedimonthole 2020, BEEI e tlhamile ditšhono tsa tiro di ka nna 1.1 milione tsa bašwa ba ba nang le dingwaga tse di magareng ga 18 le 35. Gape lenaneo elno le thusitse naga go lebagana le dikgwetlho tsa masetlapelo a a bakilweng ke leroborobo la COVID-19, jaaka karolo ya lenaneo la puso ka bophara la go busetsa ikonomi.
4.2.3. BEEI e rometse bašwa ba le 240 342 kwa dikolong jaaka bathusi ba thuto le bathusikakaretso kwa dikolong. Bathusi ba amogela tlhatswadiatla ya R4 000 ka kgwedi. Kabinete e dumetse tshitshinyo ya Lefapha la Thuto ya Motheo ya gore go tswelelwe ka Lenaneo la Thuto ya Motheo la go Thapiwa ga Bašwa mo ngwageng wa ditšhelete wa 2024/25.
5. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go ikaegile ka go tlhomamisiwa ga makwalo a borutegi le kgololo e e maleba ya tshireletso.
1. Rre Neville Matjie jaaka CEO ya Brand South Africa
2. Go thapiwa ga Mme Khetha-okuhle Vincentia Rantao jaaka mokaedi yo e seng wa khuduthamaga mo Botong ya Land Bank.
3. Go thapiwa ga Lekgotlataolo la CCMA
(a) Ng September Cornelia Carol (Modulasetilo yo o Ikemetseng)
(b) Mme Riefdah Ajam (Mekgatlho ya Badiri)
(c) Rre Solly Phetoe
(d) Rre Wiseman Dinwa;
(e) Rre Sifiso Lukhele (Mokgatlho wa Dikgwebo);
(f) Rre Kaizer Moyane;
(g) Mme Siobhan Leyden;
(h) Mme Unathi Ramabulana (Moemedi wa puso);
(i) Mme Ntsoaki Mamashela; le
(j) Rre Lucky Charles Mohalaba
6. DITIRAGALO TSE DI TLANG
6.1. Letsholo la Malatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo
6.1.1. Letsholo la Malatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo jwa go Emisa Tirisodikgoka kgatlhanong le Basadi le Bana, le tla tlhomiwa ka 25 Ngwanaitseele 2024 kwa Setediamo sa Royal Bafokeng kwa Bokone Bophirima ka fa tlase ga moono wa: “dingwaga tse 30 tsa Tsweletso ya Tiragatso e e Tlhakanetsweng ya go Khutlisa Tirisodikgoka Kgatlhanong le Basadi le Bana”.
6.2. Palamente ya Aforika Yotlhe
6.2.1. Kopano ya Bone ya Tlwaelo ya Palamente ya Borataro ya PAP, e leng kgotlapeomolao ya kontinente ya baemedi go tswa kwa dipusong tsotlhe tsa Aforika, e diragala go tloga ka 4 go ya 15 Ngwanaitseele 2024.
6.2.2. Mo dikopanong tseno, go tla tlhagisiwa dipegelo tsa dipuisano go tswa kwa dikomiting tse di farologaneng mme go tla dirwa dikatlenegiso tse di yang kwa Samiting ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Aforika malebana le dipholisi le melao e e nyalaneng ya kontinente.
6.2.3. GCIS e tla tlhokomela tsenyotirisong ya dithulaganyo tsa tlhaeletsano le ditlhopha, mme go tla neelwa Kabinete dipegelo tsa peoleitlho kgwedi le kgwedi jaaka karolo ya pegelo ya Merero ya ga Jaana.
7. Melaetsa
7.1. Dikakgolo
Kabinete e eletsa go akgola le go eleletsa masego:
• Tona ya Boditšhaba ya Ghana, Shirley Ayorkor Botchwey ka go thapiwa ga gagwe fa gautshwane jaaka Mokwaledikakaretso wa Kgweranoditšhaba. Mme Botchwey o tla simolola boeteledipele jwa gagwe jwa dingwaga tse nne jwa mokgatlho wa dinaga tse 56 ka 1 Moranang 2025.
• setlhopha sa baithuti ba batlhano ba Aforika Borwa ba ba alogileng ka didikirii tsa Masetara ya Maritime Affairs go tswa kwa Yunibesithi ya World Maritime kwa Sweden. Dithuto tsa bone di dueletswe ke Bothati jwa Thuto le Katiso ya Dipalangwa, e leng bothati bongwe jwa thuto le katiso ya lephata jo bo romilweng go bebofatsa le go gokaganya tlhabololo le katiso ya dikgono.
• Banyana Banyana, Setlhopha sa Bosetšhaba sa Aforika Borwa sa Basadi sa Kgwele ya Dinao ka go fitlhelela makgaolakgang a Bosimega jwa Basadi jwa COSAFA. Setlhopha sa rona sa bosetšhaba se latlhegetswe kgatlhanong le Zambia.
• Bathumi ba Aforika Borwa Chad Le Clos ka go gapa gauta mo 200m ya banna ya go thuma jaaka serurubele le Pieter Coetzee ka go gapa gauta mo 100m le 200m ya banna ya go thumela kwa morago le selefera mo 50m ya go thumela kwa morago kwa Sejaneng sa Lefatshe sa 2024 sa World Aquatics Swimming kwa Singapore.
7.2. Matshediso
Kabinete e rometse matshediso go balelapa le ditsala tsa ga:
• Mop. Noel Chabani Manganyi (84), yo e neng e le morutegi yo o kgethegileng, saekholojisiti le modiredi setšhaba.
Dipotsiso: Mme Nomonde Mnukwa – Sebueledi sa Puso sa Namaotshwere
Selula: 083 653 7485