A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1. Mafaratlhatlha a Bosetšhaba a Diporo
1.1.1. Kabinete e amogetse kitsiso ya Motsamaisi wa Mafaratlhatlha a Diporo tsa Transnet (karolo ya Transnet) ya Ditlamo tse dintšhwa tsa Tsamaiso ya Diterena (di-TOC). Tlhabololo e kgolo eno mo Togamaanong ya Tsamaiso ya Dithoto le tsenyotirisong ya Pholisi ya Diporo ya Aforika Borwa, e bontsha phitlhelelo e e bonalang mo tsweletsong ya diphetogo tse di supilweng tsa dikago tse di leng botlhokwa mo go buleleng kgolo ya ikonomi.
1.1.2. Gore lephata la boraro le fitlhelele mafaratlhatlha a diporo go tla tokafatsa tiriso ya mafaratlhatlha mme ka go rialo go oketsa nonofo ya diporo; go fokotsa ditshenyegelo tsa diyuniti tsa mafaratlhatlha ka go akaretsa badirisi ba bangwe; go oketsa letseno le le tla akgelang mo dipeeletsong tsa tlhokomelo le ntšhwafatso ya mafaratlhatlha; le go fokotsa ditshenyegelo tsa kwa ntle tsa thomelo ya dithoto le go tokafatsa kgaisano ya mo diporong.
1.1.3. Dikabo tsa ntlha, mo palogotlheng ya ditsela tse 41 le dikarolo tse thataro (6), di eme jaana:
(a) Karolo ya Bokone: Bannaleseabe ba bantšhwa ba le barataro, ditsela tse 15 tsa go rwala malatlha le khoroumu.
(b) Karolo ya Tshipi: mogaisani a le mongwe yo montšhwa, tsela e le nngwe ya go rwala tshipi.
(c) Karolo ya Kapa Corridor: bagaisani ba le babedi ba bantšhwa, ditsela tse pedi tsa go rwala mankanisi.
(d) Karolo ya Bokonebotlhaba: bagaisani ba le barataro ba bantšhwa, ditsela tse somethataro tsa go rwala malatlha, khoroumu, mankanisi, leokwane, ditshodi.
(e) Karolo ya Bogare: mogaisani a le mongwe yo montšhwa, ditsela tse pedi tsa go rwala malatlha, ditshodi (mankanisi).
(f) Karolo ya Ditshodi: bagaisani ba le bane ba bantšhwa, ditsela tse tlhano tsa go rwala ditshodi, malatlha, sukiri.
1.1.4 Motsamaisi wa Mafaratlhatlha a Diporo a Transnet (TRIM) o fopholetsa gore Ditlamo tse Dintšhwa tsa Tiro ya Diterena (di-TOC) di tla rwala ditone tse dingwe gape di le dimilione tse 20 tsa dithoto ka ngwaga go tloga mo ngwageng wa ditšhelete wa 2026/27. Seno se tla tlaleletsa mo ditekanyetsong tse di bonelwang pele tsa Diporo tse di tsamaisang Dithoto tsa Transnet (TFR) le akgela mo maikaelelong a Puso a go oketsa dithoto tse di tsamaisiwang ka seporo go ya go ditone tse 250m ka ngwaga ka 2029.
1.1.5 Tlhabololo eno gape ke karolo ya tswelelopele e Transnet e e dirang go ya kwa go nneng kgwebo e e nonofileng le e e tsibogang.
1.2 Dipeeletso tse Dintšhwa tsa Meepo
1.2.1 Kabinete e amogetse go bulwa ga porojeke ya Qala Shallows ke West Wits Mining Ltd kwa Beisineng ya Witwatersrand ka peeletso ya dimilione tse $90. Ono ke moepo wa ntlha o montšhwa wa gauta o o epang ka fa tlase ga lefatshe mo Aforika Borwa mo dingwageng tse 15. Peeletso eno e bontsha gore go na le tshepo e e ntšhwafetseng mo kgonagalong ya diporojeke tse dintšhwa tsa gauta mme e tlhomamisa gape gore Aforika Borwa ke naga e e itlhophelwang malebana le dipeeletso tsa meepo. Tlhagiso e rulaganyeditswe go simolola ka 2026, mme ikonomi ya Aforika Borwa e tla bona tlhosetso e kgolo mo ditirong tse dintšhwa, kgodiso ya dikgono, le tlhabololo ya ikonomi.
1.3 Maatlafatso ya basadi mo go tsa ikonomi
1.1.3 Kabinete e amogetse tirisanommogo ya togamaano ya puso le ditheo tsa poraefete magareng ga Lefapha la Basadi, Bašwa le Batho ba ba nang le Bogole (DWYPD) le Standard Bank South Africa. Tirisanommogo e tla tsweletsa maatlafatso ya basadi mme e akaretsa peeletso ya dimilione tse US$10 go ya kwa Letloleng la Tlhotlheletso la Basadi ba Aforika.
1.1.4 Letlole la Tlhotlheletso la Basadi ba Aforika le tla tshegetsa Batsamaisi ba Letlole ba basadi ba ba nang le dikgwebo mo Aforika ka maikaelelo a go samagana le sekgala sa tlamelo ya matlole sa dibilione tsa didolara tsa Amerika di le 42 se se itemogelwang ke bagwebi ba basadi mo kontinenteng ya Aforika,
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Go amogela Sejana sa Lefatshe sa Kherikhete sa ICC sa 2027
1.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso malebana le tshwetso ya Lekgotla la Boditšhabatšhaba la Kherikhete (ICC) ya go neela Aforika Borwa ditshwanelo tsa go amogela Sejana sa Lefatshe sa Kherikhete sa 2027. Se ke tlhomamiso e nngwe ya maemo a boditšhabatšhaba a Aforika Borwa jaaka naga e e amogelang baeng le legae la metshameko le boitumediso.
1.2. Aforika Borwa e na le hisetori e e phatshimang ya go amogela ditiragalo tsa metshameko ya lefatshe tse di atlegileng – mme e amogetse sejana sa lefatshe sa kgwele ya dinao sa ntlha go tshwarelwa mo Aforika ka 2010 le Sejana sa Lefatshe sa Kherikhete ka 2001. Ditiragalo tseno tsa metshameko ya lefatshe di thankgolotse diporojeke tse dikgolo tsa tlhabololo ya mafaratlhatlha mo nageng.
1.3. Fela jalo, go baakanyetsa Sejana sa Lefatshe sa Kherikhete sa ICC sa 2027 go tla akgela mo tlhabololong ya ikonomi ya naga ka go tlhabololwa ga mafaratlhatlha le kgolo ya Bojanala.
2. Maiteko a Aforika Borwa a go batla go Amogela Kgaisano ya Formula One Grand Prix kwa Kyalami go simolola ka 2027
2.1. Kabinete e amogetse kopo ya go gaisanela go Amogela Kgaisano ya Formula One Grand Prix kwa Kyalami sebaka sa dingwaga tse tharo (3) go simolola ka 2027.
2.2. Kgaisano e tshegediwa ka botlalo ka matlole ke lephata la poraefete la Aforika Borwa le le ikanyegang mme fa e ka atlega e tla akgela mo go tlhamiweng ga ditiro le mo tlhabololong ya ikonomi.
2.3. Go neelwa tšhono ya gore Aforika Borwa e gaisanele go amogela kgaisano e e tumileng ya Formula One Grand Prix ke netefatso ya gore Aforika Borwa ke modiragatsi wa botlhokwa mo lefatsheng mme e bile ke netefatso ya go nna le tshepo mo nageng.
3. Letlhomeso la Pholisi ya Ditirelo tsa Kgodiso le Tlhabololo ya Dikgwebo (IBDS )
3.1. Kabinete e amogetse phasalatso ya Letlhomeso la Pholisi ya IBDS gore setšhaba se dire ditshwaelo. Seno se eteletswe pele ke Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana go tlamela ka phetolo ya taolo ya tikologo ya dikgwebopotlana ka go tlhalosa sentle ditiro tsa baamegi ba ba farologaneng le go tsweletsa maiteko a a golaganeng.
3.2. Seno ke karolo ya Leanolegolo le le anameng la Bosetšhaba le le Kopaneng la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, le le dirang jaaka letlhomeso le le kaelang la batsayakarolo botlhe ba ba amegang mo go akofiseng kgolo ya Dikgwe tse di nnyennye, Dikgwebopotlana le tse di Magareng (di-MSME) ka mananeo a a kgonang go lekanyediwa, ditlhagiswa le ditirelo. Maikaelelo a magolo a akaretsa go tokafatsa boleng le maemo a ditirelo tsa tlhabololo ya dikgwebo, go netefatsa phitlhelelo e e botoka ya tshegetso ya di-MSME bogolosegolo kwa metsesetoropong le kwa metsesemagaeng, le go rotloetsa boitshimololedi le bogwebi.
3.3. Letlhomeso le baya tataiso le go kgodiso ke mooko wa tlhabololo ya di-MSME le tshegetso ya dikgwebopotlana. Ditheo tse di godisang dikgwebo di na le seabe se se botlhokwa mo go tlhokomeleng kgolo ya dikgwebo tse di sa ntseng di simolola ka go tlamela ka tshegetso e e rulagantsweng, didirisiwa le tikologo e e siametseng go netefatsa go tsweletsega pele.
4. Togamaano ya Aforika Borwa ya Go tsamaisiwa ga Dithoto ka Difofane
4.1. Kabinete e amogetse go phatlaladiwa ga lekwalotlhomo la Togamano ya Aforika Borwa ya Go tsamaisiwa ga Dithoto ka Difofane gore setšhaba se dire ditshwaelo.
4.2. Maikaelelo a togamaano ke go samagana le dikgwetlho tsa ga jaana di tshwana le dikgaolo tsa dithoto tse di makgaoganyane le dikgoreletsi tse di kwa godimo tsa go tsena le go tokafatsa kgaisano le dikgokagano tsa mafaratlhatlha le mebaraka e mengwe. Go tlaleletsa moo, togamaano e tla ungwela baromelantle, baromelateng le ditlamo tsa tsamaiso ya dithoto ka go rotloetsa kgolo ya ikonomi le go bebofatsa kgwebisano ya mo lefatsheng lotlhe ka neteweke e e golaganeng sentle ya go fofisa dithoto.
5. Tsereganyo ya Bosetšhaba kwa Lekgotlatoropokgolong la Selegae la Ditsobotla
5.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso e ntšhwa ka ga seemo sa Lekgotlatoropo la Selegae la Ditsobotla kwa Bokone Bophirima.
5.2. Go busetsa tsepamo kwa lekgotlatoropong, Kabinete e amogetse gore Ditsobotla e bewe ka fa tlase ga tsamaiso go ya ka karolo 139 (7) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996. Tsereganyo eno e dirwa go ya ka Molao wa Tsamaiso ya Matlole a Makgotlatoropo wa 2003.
5.3. Go tla tlhomiwa Leano la Pusetso mme le tlhokometswe ke Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le Lefapha la Matlotlo la Bosetšhaba. Mo godimo ga moo, Lefapha la Pusotshwaraganelo ya Tirisaommogo le Merero ya Setso le tla gokaganya dipopegotheo tsa Dikamano tsa Dipuso go bebofatsa ditiro tsa tsamaiso go thusa lekgotlatoropo go diragatsa thomo ya lona ya semolao. Gape Setlhopha sa Tiro sa Ditiro tse di Kopanetsweng se tla lebelela thata ditiro tsa bosenyi tse di aparetseng lekgotlatoropo la mmasepala.
C. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Setheo sa Thuto ya Boatlhodi sa Aforika Borwa (SAJEI)
1.1. Kabinete e atlenegisitse go romelwa ga Molaotlhomo wa SAJEI kwa Palamenteng go tsamaisiwa go ya pele. Maikaelelo magolo a Molaotlhomo ke go baakanya Molao wa ga jaana wa SAJEI wa 2008, go fitlhelela thulaganyosešwa e e tlhokegang ya sekao sa taolo ya Setheo.
1.2. Molao o tlhomile Setheo go tlamela batlhankedi ba boatlhodi ka thuto le katiso go rotloetsa go ikemela, go se tseye letlhakore le go dira sentle ga dikgotlatshekelo. Thulaganyosešwa e e lebeletsweng e akaretsa go thapiwa ga Modiri le go tlhalosiwa ga go thapiwa le go dira ga Mokaedi wa Setheo.
2. Molaotlhomo wa Thebolo ya Dilaesense tsa Kgwebo, 2025
2.1. Kabinete e sekasekile le go amogela phasalatso ya Molaotlhomo wa Thebolo ya Dilaesense tsa Dikgwebo gore setšhaba se tshwaele.
2.2. Maikaelelo a Molaotlhomo ono ke go baakanya Molao wa Kgwebo wa 1991, mme dipaakanyo di ikaeletse go tlhoma letlhomeso la sešweng le le nonofileng la thebolo ya dilaesense tsa dikgwebo le le rotloetsang kgolo ya ikonomi le nonofo ya taolo mme gape le sireletsa botsayakarolo jwa maAforika Borwa mo lephateng le le sa rulaganang.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Burton Vincent Cambell o thapilwe go nna Motlatsa-Mokaedikakaretso: Tlhabololo ya Boitapoloso le Tsweletso ya Metshameko kwa Lefapheng la Metshameko, Botsweretshi le Setso.
2. Mme Lorraine Naidoo o thapilwe go nna Mokhuduthamaga wa Botsamaisi jwa Tlamelo ya Dithoto mo Lefapheng la Ditiro tsa Setšhaba le Mafaratlhatlha.
3. Rre Dennis Mqadi o thapilwe go nna Mokhuduthamaga wa Bothati jwa Pabalesego ya Mawatle jwa Aforika Borwa
4. Rre Shonisani Munzhedzi (go atolositswe konteraka ya gagwe) o thapilwe go nna Mokhuduthamagamogolo wa Setheo sa Bosetšhaba sa Mefutafuta ya Ditshedi sa Aforika Borwa (SANBI).
5. Batsamaisikhuduthamaga ba Dikgaolo ba Setheo sa Tshireletso ya Loago sa Aforika Borwa
a. Mme Mmapula Constance Pheeha (Limpopo)
b. Mme Karabelo Ellie Mojanaga (Kapa Bokone)
c. Mm Nkele Ntlhe (Foreisetata)
6. Bakaedi ba e seng Bakhuduthamaga mo Botong ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Setšhaba (PIC) e e leng ya Puso:
a. Mme Dorothy Kobe;
b. Rre Stephen Boikanyo;
c. Mme Rethabile Nkosi;
d. Rre Mpumelelo Maseko;
e. Ngaka Mugwena Maluleke (Moemedi wa SADTU mme o thapiwa lekgetlo le lengwe gape);
f. Mme Lindiwe Motshwane (Moemedi wa SADTU);
g. Rre Matimba Shiburi (Moemedi wa PSA);
h. Mme Lerato Makwetla (Moemedi wa GEPF);
i. Mme Nosiphiwo Balfour (Moemedi wa GEPF); le
j. Mme Lindy Bodewig (Moemedi wa Lefapha la Matlotlo la Bosetšhaba).
7. Bakaedi ba e seng Bakhuduthamaga mo Botong ya Banka ya Tlhabololo ya Mafatshe le Temothuo (Land Bank):
a. Mop Johann Frederick Kirsten (o thapiwa lekgetlo le lengwe gape);
b. Mme Egashnee Pillay (o thapiwa lekgetlo le lengwe gape);
c. Rre Mabotha Arthur Moloto;
d. Mme Phumzile Hazel Maseko;
e. Mme Simthandile Ford;
f. Mme TF Matlala;
g. Rre Mcebisi Skwatsha; le
h. Mme Xikongomelo Maluleke.
8. Ditokololo tsa Boto ya Tlhagiso ya Aforika Borwa (Productivity SA):
a. Mme Zola Baba Tshefu (Modulasetilo);
b. Mme Beverly Jack (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
c. Rre Gilly Dlamini (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
d. Rre Godfrey M. Selematsela (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
e. Rre Thabo Mmoneri (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
f. Mme Sinah M.R. Mosehla (Moemedi wa DTIC); le
g. Mme Nolukholo F. N. Sigaba (Moemedi wa DEL).
E. Tshedimosetso ya Sešweng go Kabinete
1. Legato la Bobedi (2) la Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands
1.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso ya sešweng ya tswelelopele malebana le tsenyotirisong ya Legato 2 la Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands. Fa porojeke eno e konoseditswe e tla netefatsa go nna teng ga metsi kwa porofenseng ya Gauteng.
1.2. Thulaganyo ya go konosetsa porojeke e fopholediwa go nna kwa bokhutlong jwa 2029 mme go na le tswelelopele mo kagong ya Letamo la Polihali le Thanele ya Phetiso ya Polihali-Katse.
1.3. Go solofetswe gore go tla simololwa go tsenya metsi mo letamong ka 2028 go kgontsha Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe go letla Rand Water go simolola go goga metsi a mantsi go tswa mo Thulaganyong ya Noka ya Lekwa go tlamela makgotlatoropo a Gauteng ka 2028.
2. G20
2.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso e ntšhwa ka ga go baakanyetsa G20 mme e amogetse le go tlhomisa ga Setlhophatiro sa Baitseanape ba G20 ke Moporesitente Cyril Ramaphosa. Setlhophatiro sa Baitseanape ba G20 se tla sekaseka go tlhoka tekatekano ga khumo ya lefatshe le kami ya seo mo kgolong ya ikonomi, lehuma le tirisanommogo ya dinaga tse dintsi. Maitshimololedi ano a e leng a ntlha a mofuta ono mo G20 a lepalepana le maitlamo a Aforika Borwa a go dirisa Boporesitente jwa yona jwa G20 go samagana le dintlha tse di amang dinaga tse di nang le letseno le le kwa tlase, go tshwana le go tlhoka tekatekano go go golang le mekgweleo ya dikoloto tsa dipuso tse di kwa godimo. Setlhophatiro sa Baitseanape sa G20 se tla neela ka pegelo ya ntlha ka ga go tlhoka tekatekano ga mo lefatsheng go baeteledipele ba lefatshe kwa Samiting ya Baeteledipele ba G20 kwa Aforika Borwa ka Ngwanaitseele 2025.
2.2. Go setse go tsweletswe ka go bala malatsi a go ya kwa Samiting ya Baeteledipele ya G20; Aforika Borwa e tswelela go amogela le go gokaganya dikopano tsa paakanyo le kamogelo ya dikgoeletso tsa Ditlhophatiro le ditiro tse di farologaneng. Go tshwerwe dikopano tse di latelang tsa paakanyetso ya Samiti ya G20 mo dibekeng tse di mmalwa tse di fetileng:
2.2.1. Kopano ya Borataro ya Setlhopha sa Tiro sa Boitekanelo e e neng e tshwaretswe mo maranyaneng go tloga ka 1 – 2 Lwetse 2025 e e neng ya buisana ka ga go maatlafatsa ditsamaiso tsa boitekanelo tsa lefatshe le go ipaakanyetsa dikgwetlho tsa isago.
2.2.2. Kopano ya Setlhophatiro sa Boraro 2: Go nna teng ga Dijo, e e neng e tshwerwe go tloga ka 1 – 3 Lwetse 2025 kwa Egepeto go samagana le dipoelokgolo tsa Setlhophatiro sa Go nna teng ga Dijo ya G20 mme e buisane ka ga Pegelo ya Tona malebana le go nna teng ya dijo mo lefatsheng lotlhe, e go solofetsweng e tla amogelwa ka nako ya Kopano ya Ditona tsa G20 e e tla tshwarelwang mo Aforika Borwa ka 19 Lwetse 2025.
3. Kopano ya Ditona ya Lefatshe Lotlhe ya Dikgwebopotlana le tse di Magareng (di-SME)
3.1. Kabinete e amogetse pegelo ka ga kopano e e atlegileng ya Ditona tsa Lefatshe Lotlhe tsa di-SME e e neng e tshwerwe ka tirisanommogo le Tikwatikwe ya Kgwebisano ya Boditšhabatšhaba (ITC) le StartUp20 kwa Johannesburg ka di 21 go ya go di 24 Phukwi 2025. Kopano e dirile jaaka polatefomo ya botlhokwa ya go rotloetsa dilekane le go tlhoma lenanetema la tirisanommogo le le ikaeletseng go etleetsa Dikgwebopotlana le tse di Magareng (di-SME) go nna le isago e e tsweletsegang, e e akaretsang le e e atlegileng.
3.2. Dipuisano di ne di lebeletse meono ya botlhokwa e tshwana le go tokafatsa phitlhelelo ya matlole, go rotloetsa diphetogo tsa dijithale le go gokaganya go kgabaganyetseng kwa go talafatseng kgotsa go sireletsa tikologo mo lephateng la SME. Tiragalalo e ngokile batsayakarolo ba le 750 go tswa kwa dinageng tse 66 (Ditona le Batlatsatona ba le 52).
4. Dipoelo Tsa Samiti ya Ntlha ya Dipeeletso tsa Metsi mo Aforika e e neng e Tshwaretswe Kwa Motsekapa Go tloga ka di13 Go ya go di15 Phatwe 2025
4.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso e ntšhwa ka ga dipoelo tsa Samiti ya Ntlha ya Dipeeletso tsa Metsi mo Aforika e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka di13 go ya go di15 Phatwe 2025, e e butsweng semmuso ke Moporesitente Cyril Ramaphosa. E ne e tshwerwe ka tshegetso ya Samiti ya Kopano ya Aforika le Phanele ya Maemo a a kwa Godimo ya Dipeeletso tsa Metsi mo Aforika. Samiti e bontshitse diporojeke tse 80 tsa metsi le kgeleloleswe tse di nang le matlole a a tsepameng go tswa kwa dinageng tse 38, go akarediwa tse 36 go tswa Aforika Borwa. Poelo ya botlhokwa e nnile go thankgololwa ga Lekgotla la Global Outlook la Dipeeletso tsa Metsi, e leng maitshimololedi a Boswa a G20 a maikaelelo a ona e leng go tsholetsa dipeeletso tsa metsi mo dikamanong tsa lefatshe. Samiti e bone maitlamo a a fopholediwang go US$12 bilione, e leng tswelelopele e e bonalang mo go tswaleng sekgala sa dipeeletso tsa ngwaga le ngwaga mo metsing mo Aforika sa US$30 bilione.
4.2. Samiti e lepalepana thata le ditlapele tsa rona tsa bosetšhaba jaaka di tlhalositswe mo MTDP, NDP le Ponelopele ya Metsi ya AU mme dipoelo di tiisa ketapele ya Aforika Borwa mo go bopeng ntlha ya go nna teng ga metsi mo kontinenteng le tlhabololo ya mafaratlhatlha.
5. Kgwedi ya Tirelosetšhaba e e Kopanetsweng (IPSM)
5.1. Kabinete e amogetse tshedimosetso e ntšhwa ka ga tsenyotirisong ya lenaneo la puso ka bophara le la ngwaga otlhe la 2025 go ya go 2026 le le Lebeletseng Tirelosetšhaba e e Kopanetsweng, le le tla thankgololwang ka Lwetse 2025 jaaka polatefomo e e rulagantsweng ya go tsweletsa pele boporofešenale le go aga sešwa go ikanyega mo setšhabeng.
5.2. Lenaneo la Tirelosetšhaba e e Kopanetsweng le dira jaaka polatefomo ya go amogela le go bontsha botswerere jwa lephata la puso le go lemoga badiredipuso ba ba direlang setšhaba ka boipelo le botswapelo. E ketekwa ka fa tlase ga moono o o reng “Go dira gore Tirelosetšhaba e nne ya Boporofešenale go aga Go ikanyega le go Busetsa Go Dumela mo Pusong”.
5.3. Lenaneo le theilwe mo dipilareng di le tlhano tsa togamaano tse di akaretsang go bonala ga Khuduthamaga mo baaging, go tsiboga, boporofešenale le maitsholo a a siameng a badiredisetšhaba, go tshepana le go tsaya karolo ga baagi.
5.4. Gape Kabinete e tshegeditse go tlhongwa ga Foramo ya Dikamano mo teng ga Puso go gokaganya khalendara ya ngwaga le ngwaga ya ditiro ya IPSM le go rotloetsa tirisanommogo ya go ralala Puso.
F. Ditiragalo tse di Tlang
6. Ketelo ya Moporesitente kwa Porofenseng ya Bokone Bophirima
6.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa le Kabinete ba tla etela Porofense ya Bokone Bophirima ka Labotlhano, di12 Lwetse 2025 kwa Rustenburg. Leeto le ke karolo ya maitshimololedi a Moporesitente a go maatlafatsa tshegetso ya dipuso tsa diporofense le go tokafatsa kgokaganyo mo maitekong a go bulela kgolo ya ikonomi ya diporofense le go tokafatsa thebolo ya ditirelo. Seno ke ketelo ya botlhano (5) ya go nna jalo kwa Lekgotleng la Khuduthamaga la porofense.
7. Leeto la Peoleitlho la ga Motlatsamoporesitente Paul Mashatile kwa Kapa Bophirima
7.1. Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o tsaya leeto la peoleitlho kwa Porofenseng ya Kapa Bophirima go tloga ka di04 go fitlha ka di06 Lwetse 2025 kwa Kgaolong ya Overberg go bontsha maiteko a puso a go akofisa Lenaneo la Phetolo ya go nna beng ba Lefatshe. Motlatsamoporesitente gape o tla etelela pele letsholo la Ditoropokgolo le Ditoropo tse di Phepa kwa Motsesetoropong wa Zwelihle, mo Lekgotlatoropong la Selegae la Overstrand, e le karolo ya go rotloetsa tikologo e e phepa, e e itekanetseng le e e tsweletsegang ya ditoropo le metsemagae.
8. Samiti ya Tshekatsheko ya Diparole ya Aforika Borwa
8.1. Lefapha la Ditirelo tsa Kgopololo le tla amogela Samiti ya Tshekatsheko ya Diparole ya Aforika Borwa ka di22 le di 23 Lwetse 2025 kwa Pretoria.
8.2. Samiti e tla tshwarwa ka nako ya Beke ya Kgopololo, e e lebeletseng seabe sa lefapha mo go tsosoloseng le go kopanngwa gape ga batlolamolao mo setšhabeng. Samiti e tla kopanya baitseanape, dingaka le baamegi go buisana ka dikatlego, dikgwetlho le diphetogo tsa ga jaana mo tsamaisong ya parole.
9. Digopotso tsa Bosetšhaba
9.1. Go tla ketekwa ditiragalo tse di latelang mo kgweding ya Lwetse: Kgwedi ya Ngwaoboswa, Kgwedi ya Bojanala, Letsatsi la Segopotso la Bosetšhaba la SAPS le Kgwedi ya Tirelosetšhaba e e Kopantsweng,
9.2. Mo meletlong ya Kgwedi ya Ngwaoboswa, Aforika Borwa e lemoga le go keteka setso se se humileng, ngwaoboswa le dingwao tsa setšhaba sa rona sa methalethale. Moono wa ngwaga ono ke “Re akanya gape ka Ditheo tsa rona tsa Ngwaoboswa tsa Paka e Ntšhwa”. Go rulagantswe gore Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o tla etelela pele moletlo wa semmuso wa Letsatsi la Ngwaoboswa o o tla tshwarwang ka la di24 Lwetse 2025 kwa Lebaleng la Metshameko la Bridgton kwa Oudtshoorn, kwa Kapa Bophirima.
9.3. Kgwedi ya Bojanala e ketikiwa ka fa tlase ga moono wa: “Bojanala le Bojanala jo bo Tsweletsegang", o o ketekang setso se se humileng sa Aforika Borwa, ngwaoboswa, le maitemogelo a maeto. Kgwedi ya Bojanala e tlhagisa botlhokwa jwa indaseteri mo go maatlafatseng baagi le go tlhama ditiro. Gape e rotloetsa maAforika Borwa go tsaya maeto mo nageng ya rona le go lekeletsa tsotlhe tse naga ya rona e nang natso (#Sho’t Left).
9.4. Letsatsi la Segopotso la Bosetšhaba la SAPS le obamelwa ka Latshipi wa ntlha wa Lwetse ngwaga mongwe le mongwe moo setšhaba se gopolang banna le basadi ba Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa ba ba latlhegetsweng ke matshelo ba le mo tirong – e nna setlhabelo se segolo mo tirelong le tshireletsong ya baagi ba Aforika Borwa. Kabinete e ikuela go botlhe go tshegetsa mapodisi fa ba ntse ba tsweletse ka tiro e e boima ya go netefatsa gore re nna le Aforika Borwa o o babalesegileng e bile a se na bosenyi.
G. Melaetsa
1. Matshediso
Kabinete e lebisitse matshediso go ditsala le bamasika a
- Modulasetilo wa maloba wa NCOP le Ambasadara ya Kenya, Rre Mninwa Johannes Mahlangu yo o neng a itsege jaaka "MJ" le mongwe wa setlhopha ntlha sa mapalamente a a neng a tlhophilwe kwa Palamenteng ka 1994. E ne e le karolo ya setlhopha se se neng sa kwala molaotheo mme a tswelela go emela Aforika Borwa ka matsetseleko boditšhabatšhaba.
- Tshidi Madia, mmegadikgang le mogasi yo o itsegeng, yo o neng a eme jaaka sekao sa maitsholo a a siameng me a na le tlhotlheletso e e siameng. O akgotswe thata ka ntlha ya bobegadikgang jwa gagwe jo bo sa tseyeng letlhakore, boineelo jwa gagwe mo boammaaruring, go dira dilo ka tshiamo, go bega dikgang tse di nepagetseng le go rata naga ya gaabo.
- Modiragatsi yo o tumileng le mogaka wa boanedi wa Aforika Borwa Nandi Nyembe, yo o itsegeng ka lerato jaaka Mam’ Nandi, yoo dirileng sebaka se se fetang dingwagasome tse tlhano.
- Mogaka wa Jazz ‘Bra’ Stompie Manana yo terompeta ya gagwe e saleng e le moribo wa dipelo tsa batho ba Aforika Borwa go tswa kwa mebileng ya Sophiatown go ya kwa seraleng sa lefatshe mme a nna mongwe wa baletsi ba terompeta ba ba tlotlegang le batshameki ba flugelhorn.
- Molweladitshwanelo mo motsing wa tlhaolele le mogakolodi wa pele wa tshireletso ya bosetšhaba wa ga Nelson Mandela, Rre Neil de Beer yo o akgetseng thata mo hisetoring le mo dipolotiking tsa naga ya rona ka dikarolo tse di farologaneng tse a di diragaditseng mo ditheong di le mmalwa.
- Mogwebi le mothei wa letshwaokgwebo la bojalwa jo bo tumileng jo bo titietsweng ka tsela ya setso e bile e le jwa ntlha jo mong wa jona e leng montsho mo Aforika Borwa, Soweto Gold Beer, Rre Ndumiso Madlala.
2. Dikakgolo
Kabinete e rometse dikakgolo le dikeleletso masego go:
- Akani Simbine ka ntlha ya go bona maemo a bobedi mo lebelong la banna la 100m kwa Makgaolakgannyeng a Diamond League 2025 kwa Zurich.
- Jo-Ane du Plessis ka ntlha ya go fetsa mo maemong a boraro mo Tatlhelong ya Javelin ya Basadi kwa Makgaolakgannyeng a Diamond League 2025 kwa Zurich.
- Thriston Lawrence ka ntlha ya go fenya Tonamente ya Kolofo ya Omega European Masters kwa Switzerland la bobedi mo dingwageng tse nne.
- Basadi ba Springbok ka ntlha ya go fitlhelela legato la kotara ya makgaolakgang a Sejana sa Lefatshe sa Rakabi lekgetlo la ntlha mo hisitoring ya bona mme ba elelediwa masego fa ba lebana le Fora ka Latshipi, 7 Lwetse 2025.
- Scorpion kings ka ntlha ya go rekisa dithekete tsotlhe tsa konsarata ya “Betway Presents Scorpion kings live with friends” ka di29 Phatwe, e e robileng rekoto ka balatedi ba le 50 000.
Dipotsiso:
Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Selefounu: 083 653 7485