Pogelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 10 Sedimonthole 2014

Kwa tshimologong fela, Kabinete e rata go sedifatsa mogopolo o o fosagetseng wa gore Moporesitente Jacob Zuma o ganne go araba dipotso mo Palamenteng. Gape Kabinete e lemogile maiteko a Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa a go buisana le makoko a sepolotiki mo Kokoanopeomolaong ya Bosetšhaba go latela ditlhakatlhakano tsa fa gautshwane.

Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o tlhalosa gore Moporesitente o ikarabela mo Palamenteng. Moporesitente ga a bolo go nna a diragatsa seabe sa gagwe sa go ikarabela mo Palamenteng. O ntse a araba dipotso tse di kwadilweng le tsa molomo tse a di bodiwang ke ditokololo tsa Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba le Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP).

Moporesitente o ne a tsile go araba dipotso ka sebele mo Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba ka la bo 21 Phatwe 2014. Ka bomadimabe, Ditokololo tse di Tlotlegang di mo kgoreleditse a sa ntse a araba potso ya boraro ya di le thataro tse a neng a di boditswe. Ke Ditokololo tse di Tlotlegang, tse, ka ntlha ya maitsholo a tsona a a sa bontsheng tlotlo, di kgoreleditseng Moporesitente fa a ne a araba dipotso. Ditokololo tse di Tlotlegang tse di thibetseng Moporesitente go araba dipotso ka molomo kwa Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba ga ba na tshiamelo ya go fetola dintlha ka go re ba re Moporesitente ga a batle go araba dipotso tsa Ditokololo tse di Tlotlegang ka molomo. Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba e ne ya kgalemela Ditokololo tse di Tlotlegang tse di kgoreleditseng Moporesitente.

Go feta moo, Kabinete ga e itse ka ga Pampiritaelo epe e e mo Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba e e nang le lenane la gore Moporesitente o tshwanetse go araba dipotso ka molomo morago ga go kgorelediwa ga dikarabo tsa gagwe tsa molomo. Ka jalo, ga se nnete gore Moporesitente o ganne go araba dipotso mo Kokoanopeomolao ya Bosetšhaba.

Kabinete e sa ntse e tshwentswe ke ka moo kgaogo ya motlakase ya fa gautshwane e kgoreletsang matshelo a maAforika Borwa ka gona mmogo le ka moo e amang magae le dikgwebo go ralala naga ka gona. Kabinete e amogetse leano la dintlha di le tlhano la go samagana le dikgwetlho tsa motlakase tse di lebaneng naga.

Tlhokego ya bokgoni jo bo lekaneng go fitlhelela ditlhokego tsa naga tsa motlakase e sa ntse e le kgwetlho mme go dirwa maiteko otlhe go netefatsa gore re samagana le seemo seno se se tsitsipaneng sa motlakase. Go fitlhelela ditlhokego tsa isago tsa motlakase tsa naga, puso e diragatsa motswako wa maatla o o akaretsang maatla a magala, letsatsi, phefo, metsi, gase le nyutlilia. Mo isagong, bayomase, maatla a phefo, maatla a letsatsi le maatla a metsi a tla aba dikikawate di le 11.4 tsa maatla a a ntšhwafadiwang mo mafaratlhatlheng. Fa e sale ka 1994, go gokagantswe dintlo tse dingwe di le dimilione di le tlhano mo mafaratlhatlheng. Ka 2004, palo eno e tlhatlhogetse go dintlo di le dimilione di le 12. Seno se diragetse kwa ntle ga gore go agiwe diteišene tse dingwe tsa maatla. Koketsego eno ya dintlo e dirisitse mafaratlhatlha a a ntseng a le teng. Kabinete e amogetse leano la dintlha di le tlhano.

Gompieno Eskom e tla saena Mmemorantamo wa Ditumelano le Letlole la Togamaano ya Leokwane le Bothati jwa Maemelakepe jwa Transnet gore naga e nne le netefaletso ya tlamelo ya ka gale ya disele. Go tla totiwa go tokafatsa tlhokomelo ya togamaano le bokgoni jwa go dira go netefatsa gore seelo sa tlhagiso se okediwa go tswa go 72% ya ga jaana go ya kwa go 80% e e totilweng. Eskom e tla tlhagisa leano la yona le le nang le dintlha tsotlhe la ditšhelete go tsamaisa go nna teng ga matlole go feta ngwaga wa 2015. Leano leno le tla tlhagisiwa kwa IMC mo Sedimonthole 2014. Kgabagare puso e tla tlamela sekao sa matlole ka matlole.

Tlhagisomotlakase ka dikarolopedi (mokgwa wa go tlhagisa motlakase le go dirisa mogote ka bobedi, bogolosegolo tiriso ya phufudi e e saletseng mo tlhagisong ya motlakase fa go futhumatsiwa) e tla latedisiwa ka maitlhophelo a tlhagiso mmogo le madirelo a pampiri ya sukiri le a dipampiri go golaganya leswe la maatla go fitlha go dimmekawate di le 1 000. Go na le ditšhono tse di bonalang tsa thomeloteng ya gase. Go tla tlhomiwa lenaane la tlhagiso ya maatla le le ikemetseng la magala le le nang le bokgoni jwa tlhagiso ya dimmekawate di le 2 500 kwa bokhutlong jwa Ferikgong 2015 ka jalo, re ikuela mo baaging go thusa naga ya rona go fokotsa tlhokego ya maatla mme seo se kaya gore go timiwe motlakase fa o sa dirisiwe. Re tla namolega go se kae go tloga ka la bo 15 Sedimonthole 2014 fa madirelo a tla bo a tswalela kwa bokhutlhong jwa ngwaga. Go tlhomilwe phaposi ya setlhopha sa setegeniki ka gangwe fela go samagana le go tsenngwa tirisong ga leano la dintlha di le tlhano. Leano la dintlha di le tlhano le samagana le kgatelelo e e lebaneng tsamaiso ya rona ya motlakase.

Leano le akaretsa:
(I) ditsereganyo tse di tla dirwang ke Eskom mo pakeng ya matsatsi a le 30 a a latelang,
(II) go tsolotanya tšhono ya tlhagisommogo ka katoloso ya dikonteraka tsa jaanong le lephata la poraefete;
(III) go akofisa lenaane la go emisetsa disele ka gase go tlhotlha dipolante tsa maatla tsa disele;
(IV) go tlhoma lenaane la tlhagiso ya maatla le le ikemetseng la magala; le
(V) go samagana le tlhokego ka ditsereganyo tse di rileng mo magaeng, dikagong tsa setšhaba le tsa dikgwebo mmogo le mo makgotlatoropong ka go dirisa dithekenoloji tse dintšhwa tse di bolokang maatla.

Kabinete e tshwenyegile ka tiragatso ya dingwe tsa ditlamo tsa Mmuso (di-SoC), bogolosegolo Setlamo sa Diphofo sa Aforika Borwa (SAA), Tirelo ya Kantoroposo ya Aforika Borwa (SAPO) le Eskom. Di-SoC tseno tsa Mmuso di na le seabe sa botlhokwa sa tlhabololo mo ikonoming ya Aforika Borwa. Moporesitente o romile Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa go okamela go fetolwa ga ditlamo tseno di le tharo tsa mmuso, e leng sa SAA, SAPO le Eskom. Ka tirisanommogo le Dikantorotona tse di maleba, SAA e tla fudusiwa go tswa kwa Lefapheng la Dikgwebo tsa Setšhaba go ya kwa Matloleng a Setšhaba. Kantoro ya Moporesitente e tla ela tlhoko go tsenngwa tirisong ga maano a go fetolwa ga ditlamo tseno tse di botlhokwa tsa mmuso tse  e leng tsona di tsamaisang ikonomi.

1. Go tsenngwa tirisong ga Mananeo a Botlhokwa a Puso

1.1. Kabinete e amogela dipoelo tse di ntle tsa Leeto la Semmuso la Moporesitente kwa Rephaboliking ya Batho ya China go tloga ka la bo 4 go fitlha la bo 5 Sedimonthole 2014, e leng sesupo sa nnete sa dikamano tse di tiileng tsa sebedi, kgwebo le dipeeletso magareng ga Aforika Borwa le China.
Go ikuelwa mo dikgwebong tsa Aforika Borwa go dirisa ditšhono tse dintšhwa tsa ikonomi tse di tlhagisiwang ke botsalano jwa rona le China. Go amogelwa ga Letlhomeso la Tirisanommogo la Dingwaga di le 5-10 la China-Aforika Borwa beke e e fetileng go tiisa go tsenngwa tirisong ga ditumelano tsa go tloga ka go konosediwa ga Kgoeletso ya Beijing ka 2010 mme go atolosa Selekane se se akaretsang sa Togamaano.

1.2. Kabinete e akgola Lefapha la Thuto ya Motheo, mafapha a thuto a diporofense, bagokgo, barutabana le barutwana ka ntlha ya kgotlhelelo ya bona jaaka re konosetsa ngwaga o mongwe o o tlhanaselang wa dithuto .

Tona ya Thuto ya Motheo, Angie Motshekga o tla itsise dipoelo tsa ditlhatlhobo tsa Setifikeiti se Segolwane sa Bosetšhaba (NSC) tsa 2014 ka la bo 5 Ferikgong 2015 mme barutwana ba tla gololelwa dipholo ka la bo 6 Ferikgong 2015.

Kabinete e rotloetsa barutwana ba ba nnang le tshiamelo ya dithuto tse dikgolwane go batlisisa ditšhono tsotlhe tse di leng teng. Barutwana ba ba iseng ba amogelwe kwa ditheong tsa thuto e kgolwane ka nako ya thebolo ya dipholo tsa NSC ba tshwanetse go dirisa tirelo ya Tikwatikwe ya Ntlo ya Dithulaganyo tsa Dikopo (CACH) ka Ferikgong le Tlhakole 2015. Tirelo eno ya CACH e dira rejisetara ya barutwana ba ba fitlhelelang ditlhokegopotlana tsa go amogelwa kwa ditheong tsotlhe tsa Thuto le Katiso ya Morago ga Sekolo (PSET) mo Aforika Borwa. Gape tirelo e tlamela ka kgakololo ya tiro mme e thusa badiradikopo ka ditlhopho tse dingwe tse di ka nnang gona. Tirelo eno e ka fitlhelelwa ka tikwatikwe ya megala mo: 0800 356 635 gongwe ka SMS moo o romelang leina le nomoroitshupo mo go 49200.

1.3. Kabinete e amogela go gololwa ga Ditlhatlhobo tsa Bosetšhaba tsa Ngwaga le Ngwaga (ANA) tsa 2014 beke e e fetileng, tse di bontshang tlhatlhogo mo tiragatsong ya mephato yotlhe kwa ntle ga Mophato 9.

ANA e sa ntse e le sedirisiwa se se maatla sa go tlhatlhoba boitekanelo jwa tsamaiso ya rona ya thuto le mo go tlhokegang ditsereganyo tsa ka bonako jaaka go supilwe ka barutwana ba Mophato 9 mo dipalong.

1.4. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe, baagi le bobegakgang ka ntlha ya seabe sa bona mo letsholong la monongwaga la matsatsi a le 16 a go ema kgatlhanong ka fa tlase ga moono wa:  'Nkakaretse: Mmogo re itswetsa pele Aforika Borwa e e senang tirisodikgoka'.

Boikuelo go maAforika Borwa gore ba re 'Nkakaretse' bo ikaelela go netefatsa go leelefala ga selekane se se simolotsweng ka go fetolela kemokgatlhanong ya rona mo pakeng eno go nna dikgato tsa letsatsi le letsatsi go ralala ngwaga gore re kgone go fedisa mathata a tirisodikgoka kgatlhanong le basadi le bana.

1.5. Aforika Borwa o tla tshwaya Letsatsi la Bosetšhaba la Poelano ka la bo 16 Sedimonthole 2014 ka moono wa: ‘Kgolagano ya Loago, Poelano le Kopano ya Bosetšhaba mo Dingwageng di le 20 tsa Temokerasi' kwa Musiamong wa Ncome kwa Lekgotlatoropong la Kgaolo la Mzinyathi, KwaZulu-Natal.

1.6. Kabinete e romela malebo go maAforika Borwa otlhe le baagi ba boditšhabatšhaba ba ba gakologetsweng segopotso sa go tlhokafala ga Moporesitente wa naga wa ntlha yo a tlhophilweng setemokerasi, Nelson Mandela ka la bo 5 Sedimonthole 2014.

Re tshwanetse go tsweletsa boswa jwa ga Madiba ka go tsweletsa maitlamo a gagwe a a neng a sa tekateke a temokerasi, boineelo, poelano, go direla batho mmogo le go lwela gore botlhe ba nne le botshelo jo bo botoka. Ke ka ntlha ya dintlhatheo tseno le boineelo jwa go direla batho gore re bo re sa ntse re na le tshusumetso ya go ka nna setšhaba se se kopaneng se se humileng.

2. Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete

2.1. Kabinete e amogetse gore pegelo ya tiragatso ya 2013/14 ya lenaane la Tshiamelo ya Lekgetho la Patlisiso le Tlhabololo (R&D) e tlhagisiwe mo palamenteng.
Puso e rebola Tshiamelo ya Lekgetho ya R&D go ya ka Karolo ya 11D ya Molao wa Lekgetho la Lotseno wa 1962 go rotloetsa gore go nne le ditiragalo tsa R&D tsa lephata la poraefete. Aforika Borwa e rebola phokoletso ya 150% mo ditshenyegelong tsa tiro tse di rebotsweng mo ditirong tsa R&D mme e lemogwa jaaka naga e e rebolang tshiamelo e e ntsi go gaisa ya lekgetho mo ditirong tsa R&D.

Tshiamelong e e ntseng e le teng go tloga ka Ngwanaitseele 2006 e dirile gore ditlamo di le 810 di nne le seabe go simolola ka Tlhakole wa 2014. Go tloga ka 2005/06 go fitlha ka 2012/13 ditlamo di begile ditshenyegelo tse di fopholediwang go R44.1 bilione, mme Lefapha la Matlole a Bosetšhaba le fopholeditse gore go tsenngwe ditopotuelo tsa go feta R3,2 bilione ya diphokoletso tsa lekgetho la R&D go tswa go Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (Sars). Ka 2013/14 go bonwe Dikgwebopotlana (d-SME) tse di nang le letseno le le ka fa tlase ga R40 milione di le 44.2% di nna le seabe mo tshiamelong ya lekgetho la R&D.

2.2. Kabinete e itsisitswe ka tswelelopele ya porojeke ya MeerKAT, ditshiamelo tse di itemogetsweng ke baagi ba selegae le Aforika Borwa, le dipuisano tsa boditšhabatšhaba tse di tsweletseng malebana le go amogela porojeke ya Arei ya Sekwere Kilometara (SKA).

Go agiwa ga thelesekoupu ya MeerKAT - mosupatsela mmogo le SKA - e tsweletse sentle, mme go na le ditšhono tse di bonalang tsa indaseteri ya selegae ya Aforika Borwa. Aforika Borwa e eteletse pele ditlhabololo di le mmalwa tse di kwa godimo tsa thekenoloji, bogolo segolo mo mererong ya dikhomphiutara tsa tiragatso e e kwa godimo. Baagi ba selegae mo Kapa Bokone ba setse ba ungwetswe mo dilekaneng tse dintsi tsa peeletso ya loago.

Mo mererong ya boditšhabatšhaba, go buisanelwa le go konosetsa tumelano ya go nna baamogedi, sekao sa tlamelo ya matlole a SKA mmogo le pholisi ya theko. Go tsweletswe gape ka dipuisano tsa go tlhamiwa ga mokgatlho wa tumelano magareng ga dipuso.

Puso e amogetse setlhopha se se kopanetsweng sa tiro magareng ga Ditona tsa Saense le Thekenoloji le Thuto e Kgolwane le Katiso go supa bodiri jo bo tlhokegang mmogo le go netefatsa gore ditheo sa thuto le tse dingwe tsa dipatlisiso di lepalepane le ditlhabololo le ditlhokego tsa MeerKAT, SKA le diporojeke tse di tshwanang le tseo.

Gape kabinete e amogetse tirisanommogo magareng ga Ditona tsa Saense le Thekenoloji le Tlhabololo ya Dikgwebopotlana gore fa go ka nna le ditšhono tsa go maatlafatsa le go naya di-SME bokgoni malebana le kgonagalo e e ka nnang gona ya ikonomi.

2.3. Kabinete e amogetse gore Setheo sa Dipalopalo sa Aforika Borwa se dire dipatlomaikutlo tsa baamegi go baakanyetsa dipaakanyo tsa Molao wa Dipalopalo wa 1999, Molao wa bo 6 wa 1999.

Go botlhokwa gore go nne le patlomaikutlo magareng ga dikarolo tsa mmuso mmogo le dikarolo tse dingwe go gokaganya go simololwa ga metseletsele ya kokoanyo ya tshedimosetso e e tlhokegang malebana le Leano la Bosetšhaba la Tlhabololo (NDP).

2.4. Kabinete e begetswe ka go obamelwa ga Letlhomeso la Tshenolo ya Ditšhelete ke Ditokololo tsa Tirelo ya Botsamaisibogolwane (SMS), e e etsweng tlhoko ke Palamente.

Mo ditokololong di le 5 425 tsa SMS mo mafapheng a bosetšhaba tse di neng di tshwanetse go tlhagisa diforomo tsa ditshenolo tsa tsona tsa ditšhelete tsa ngwaga wa ditšhelete wa 2012/13, Khomišene ya Tirelosetšhaba (PSC) e amogetse di le 4 413 (81%) ka letlha la bofelo la 31 Motsheganong 2013.

Kabinete e gatelela gore go tshwanetse ga godisiwa mokgwa wa go se itshokele go sa obamele melao mo tirong ya letsatsi le letsatsi ya Mmuso.

2.5. Kabinete e itsisitswe ka dipoelo tsa boruni tsa 2013/14 tsa ditheo tse di obamelang Molao wa Botsamaisi jwa Matlole a Setšhaba (PFMA), wa 1999 (Molao wa 1 wa 1999) mmogo le seemo sa tlhagiso ya dipegelo tsa ngwaga le ngwaga le dikanego tsa ditšhelete.

Go nnile le tokafalo mo kobamelong ya ditheo malebana le go tlhagisa dipegelo tsa tsona tsa ngwaga le ngwaga tsa 2013/14  le dikanego tsa ditšhelete ka nako. Mo ngwageng o o sekasekwang, ditheo tse di obamelang PFMA di le 417 di ne di tshwanetse go tlhagisa dipegelo tsa tsona tsa ngwaga le ngwaga le dikanego tsa ditšhelete pele ga 30 Lwetse 2014. Palogotlhe ya ditheo di le 379 (91%) di fitlheletse nako e e beilweng mme seo ke tokafalo ya 7% go tswa go 353 ngogola.

Kabinete e amogetse gore batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo mmogo le bothati jwa palotlotlo ba tlhagisetse bothati jwa bona jwa khuduthamaga dikgato tsa paakanyo tse di tla tsewang go samagana le matshwenyego a a tlhagisitsweng mo dipegelong tsa bona tsa boruni.

Kabinete e tshegetsa tlhokego ya gore bothati jwa Khuduthamaga bo tlhokomele tswelelopele e e dirwang go samagana le matshwenyego a a tlhagisitsweng mo dipegelong tsa boruni le go amogela dipegelo kgapetsakgapeta malebana le seo.

2.6. VKabinete e amogetse dikgato di le mmalwa go tlhabolola thulaganyo ya bolaodi jwa Tsamaiso ya Ditheko (SCM). Tsona di akaretsa: (a) Ditlhokego tsa tiragatso ya SCM e e tshwanetseng go akarediwa mo ditumelanong tsa tiro tsa batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo go tloga ka la bo 1 Moranang 2015; (b) Batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo ba tshwanetse go sekaseka bokgoni jwa badiri ba SCM le go tsaya dikgato tsa tshiamiso fa go tlhokega; (c) Batlhankedi ba ba rwalang maikarabelo ba tshwanetse go begela bothati jwa khuduthamaga ka kotara malebana le tiragatso ya SCM mo mafapheng a bona, makgotlatoropo kgotsa ditheo.  
Gape Kabinete e amogetse gore Kantoro ya Motlhankedimogolo wa Ditheko e akofise diphetogo tsa SCM ka go ntšhwafatsa tiro mo Tirelosetšhabeng. Kantoro ya Motlhankedimogolo wa Ditheko e tsweleditse togamaano ya go nolofatsa, go kana le go dira gore ditheko di dirwe ka itiriso.
Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tla nna le patlomaikutlo le Sekolo sa Bosetšhaba sa Puso ka maitlhomo a go tlhama kharikhulamo ya katiso le go kanwa ga borutegi jwa porofešenale.

2.7. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Pegelo ya Paka ya Aforika (2002-2013) ya Tumelano ya Boditšhabatšhaba ya Ditšhabakopano (UN) kgatlhanong le Bosetlhogo le Tsholo e nngwe e e Setlhogo, e e Gatakakang Botho gongwe Kotlhao kwa Lekgotleng la Ditshwanelo tsa Botho la UN.

Go rulaganngwa le go tlhagisiwa ga pegelo eno go supa maitlamo a puso mo maitekong a lefatshe a go sireletsa le go tsweletsa ditshwanelo tsa botho. Aforika Borwa e obamela tumelano eno ka botlalo gonne e tsaya bosetlhogo jaaka bosenyi, mme dikgotlatshekelo jaanong di ka sekisetsa bosetlhogo go ya ka molao e seng molao wa tlwaelo.

Pegelo e naya Aforika Borwa tšhono ya go sekaseka gore a e a obamela gongwe ga e obamele maitlamo a boditšhabatšhaba. Ntwa kgatlhanong le bosetlhogo e lepalepana le setlapele sa botlhokwa sa Aforika Borwa sa go netefatsa gore baagi ba nna ba babalesegile e leng se se lepalepanang le NDP.

2.8. Kabinete e lemogile Lekwalotlhomo la Mabudusatsela la Sepodisi. Lekwalo la Mabudusatsela la Sepodisi la 2014 le tswa mo tshekatshekong ya Lekwalo la Mabudusatsela la Pabalesego le Tshireletsego la 1998. Tshekatsheko le sekasekile ka moo tiragatso le go tlhaloganngwa ga thibelo ya bosenyi go fetogileng ka gona mo Aforika Borwa morago ga 1994.

Lekwalo la mabudusatsela le tsibogela Ponelopele 2030 ya NDP ka go tlhagisa tlhokego ya letlhomeso la tirelo ya sepodisi ya porofešenale, e e nang le bokgoni, e le boikarabelo e bile e lebeletse baagi. Go tlaleletsa foo, go tlhokega gore tirelo ya sepodisi e dire ka tsela e e kopaneng mo tsamaisong ya bosiamisi jwa bosenyi mo tiragatsong ya thomo ya yona ya molaotheo.

2.9. Kabinete e amogetse gore Pholisitlhomo ya Bašwa ya 2014-2019 e tlhagisiwe gore baagi ba tshwaele mo go yona. Pholisitlhomo ke tswelelopele ya Pholisi ya ntlha ya Bašwa ya 2009-2014. Tlhabololo ya Bašwa ke mooko wa lenaane la tlhabololo la Aforika Borwa; NDP le lthomile bašwa leitlho ka maitlhomo a go nosetsa dipoelo tsa mafelo.

Pholisi ya 2014-2019 e netefatsa gore go fitlhelelwa dipoelo tsa bašwa. Go tsenngwa tirisong ga pholisi go tla tokafatsa bokgoni jwa bašwa go fetola ikonomi le baagi ka go samagana le ditlhokego tsa bona tsa tlhabololo e e akaretsang, bogolo segolo tse di kwa ntle ga loago, polotiki le ikonomi.

2.10. Gape Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pholisitlhomo ya Bosetšhaba ya Ditshwanelo tsa Bogole mo kaseteng ya Puso gore batho ba tshwaele mo go yona. Seno se direlwa go: ntšhwafatsa Lekwalo la Mabudusatsela le le ka ga Togamaano ya Bosetšhaba e e Kopaneng ya Ditshwanelo tsa Bogole, kopanya maitlamo a Tumelano ya UN ya Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole le ditlamelo tsa Leano la Kontinente la Tiragatso la Ngwagasome wa Aforika wa Batho ba ba nang le Bogole ka molao, pholisi le matlhomeso a Aforika Borwa mmogo le NDP ya 2030.

2.11. Kabinete e amogetse ponelopele e e tshitshintsweng ya Setheo sa Botsamaisi jwa Melelwane jwa Aforika Borwa jaaka motheo wa kgwebo le molao o o kgontshang jaaka tiro e e tswelelang pele.

Gape kabinete e amogetse gore go tlhomiwe setsha sa tekeletso mmogo le gore go tlhomiwe letlhomeso le le siameng la semolao.

Go tla dirisiwa mokgwa o o magato mabedi go tlhoma setheo:

  • Legato la Kgabaganyo (Ferikgong 2015-Sedimonthole 2016) – le tla dirisiwa go simolola go kwalwa ga molao le go fetisiwa ga ona mmogo le go dira gore maiteko a puso mo tikologong ya melelwane a bonale thata. Gape go tla nna le tsweletso ya maiteko a a tlhakanetsweng kwa mafelong a botseno ka fa tlase ga ditumelano tsa semmuso tsa maphatamantsi go maatlafatsa taolo ya tsamaiso ya Komitikgokaganyo ya Tiro ya Taolo ya Melelwane.
  • Legato la Setheo (Ferikgong 2017 le go feta) – le akaretsa go tsenngwa tirisong ga molao gore setheo se dire jaaka setheo sa setšhaba mo tikologong ya mafelo a botseno le go tlamela gore go nne le katoloso ya thomo le tiro ya sona go akaretsa tikologo ya melelwane ya phofo, lefatshe (Tlhokomelo ya Melelwane) le mawatle (Tlhokomelo ya Mabopo).

Maitemogelo a legato la kgabaganyo (go akarediwa tekeletso) a tla tshwaela botoka mo ditshitshinyong tsa makgaolakgang.

2.12. Kabinete e amogetse go fudusiwa ga seabe sa setheo se se eteletseng pele sa Komitikgokaganyo ya Tiro ya Taolo ya Melelwane go tswa kwa Sars go ya kwa Lefapheng la Merero ya Selegae .

2.13. Kabinete e itsisitswe ka ga dipholo tsa boruni jwa tekeletso jwa diphetogo mo sampoleng ya Difetereišene tsa Bosetšhaba tsa Metshameko. Seno se tlametse ka tshedimosetso e e ka ga gore mekgatlho ya metshameko mo Aforika Borwa e fetogile go le kana kang mo dingwagasomeng di le pedi tse di fetileng fa e sale go bewa diphitlhelo tsa diphetogo mo metshamekong. Dipholo di tla dirisiwa ke Lefapha la Metshameko le Boitapoloso go tlamela difetereišene tse di tlhokang tshegetso ya tsamaiso ka tshegetso e e totileng.

Maikaelelo a thutopatlisiso e ne e le go simolola letlhomesotlhomo la go sekaseka diphetogo mo dikarolong tse di farologaneng tsa tumelano ya diphetogo; seelo sa tiragatso, dipalopalo, phitlhelego, bokgoni; taolo, tekatekano ya thapo, mmogo le theko e e ikabang ka letlhakore.

Go ikaegilwe ka dithuto tsa thutopatlisiso ya ntlha ya tekeletso, legato la bobedi la boruni le ne la simolola ka Mopitlwe 2014. Tiro ya boruni jono e akaretsa dikarolo tsa metshameko yotlhe ya botlhokwa e le 16.

2.14 Kabinete e goeleditse Letsatsi la Bosetšhaba la Boitapoloso la ngwaga le ngwaga ka Labotlhano wa ntlha wa Diphalane ngwaga o mongwe le o mongwe.  Seno se tla tlamela maAforika Borwa otlhe ka tšhono ya go nna le seabe se se tlhaga ka go nna le seabe mo ditiragalong tsa boitapoloso tse di tla tokafatsang boitekanelo jwa bona.

Boagi jo bo itekanetseng e bile bo le tlhaga ke ntlha ya botlhokwa ya go fitlhelela NDP.

Go diragatsa bokgoni jwa boitapoloso ka botlalo, Letsatsi la Bosetšhaba la Boitapoloso le tlhoka kemommogo, ditiragalo tse ditlhakanetsweng mmogo le maiteko a a ralalang maphata. Mo morerong ono, Kabinete e amogetse go tlhamiwa ga Komititiragatso ya Bosetšhaba.

3. Melaotlhomo

3.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga lekwalo la bobedi la Molaotlhomo wa Taolo ya Lephata la Ditšhelete le go tlhagisiwa ga ona kwa Palamenteng mmogo le kgololo ya Letlhomesotlhomo la Pholisi ya tiragatso ya Mebaraka gore baagi ba tshwaele. Letlhomesotlhomo le tla kgontsha baagi go itse botoka fa ba tswaela mo Molaokakangweng.

3.1.1. Lekwalo la bobedi la Molaotlhomo wa Taolo ya Lephata la Ditšhelete, 2014 le latela ditshwaelo tse di amogetsweng mo lekwalong la ntlha le le amogetsweng ke Kabinete ka Sedimonthole 2013. Maitlhomo a Molaotlhomo ke go dira gore lephata la ditšhelete le babalesege ka go tsenya tirisong tsamaisotaolo e e bidiwang 'twin peaks', e e leng tsamaiso e e akaretseng le e e feletseng ya go laola lephata la ditšhelete, e baya modirisi pele le go sireletsa matlole a bona.

Mokgwa wa 'twin peaks' wa taolo ya ditšhelete o tshegetsa tsamaisotaolo e e akaretsang, e e nang le maikaelelo a le mabedi: (a) go maatlafatsa tsepamo ya ditšhelete le tshireletsego ya ditheo tsa ditšhelete ka go tlhama 'Bothati jwa Kelotlhoko' (mo Bankakgolong ya Aforika Borwa ya Rasefe) le (b) go sireletsa badirisi ba ditšhelete le go netefatsa gore ditheo tsa ditšhelete di ba tshola sentle ka go tlhama Bothati jwa Maitsholo a Lephata la Ditšhelete, jo gape bo tlhokomelang ka moo ditirelo tsa ditšhelete di dirang dikgwebo tsa tsona ka gona.

Molaotlhomo o tla tlamela Bothati jwa Maitsholo a Lepatha la Ditšhelete le Bothati jwa Kelotlhoko maatla mo ditheong tsa ditšhelete le go di tlamela ka didiriswa tse di farologaneng tsa tlhokomelo go tsweletsa dithomo tsa tsona.

Ga o tle go ama balaodi ba babedi fela ka ntlha ya fa o baya tsamaiso e e rulaganeng ya dilaesense, tlhokomelo, tiragatso, dingongorego tsa badiris (go akarediwa rabadirisi), mokgwa wa boikuelo (lekgotla) mmogo le kgakololo le thuto ya badirisi.

3.1.2. Letlhomesotlhomo la Pholisi ya Maitsholo a Mebaraka le tsamaisa go tsholwa ga badirisi ka tsela e e sa gobeleleng mo lephateng la ditšhelete, e leng thuto ya botlhokwa go Aforika Borwa go tswa mo Mathateng a Ditšhelete a Lefatshe a 2008. Le fa lephata la ditšhelete la Aforika Borwa le supile fa le na le kgotlhelelo, puso e lemogile gore lephata le ka bo le tlhagisa dipoelo tse di botoka mo badirising ba ditšhelete le mo ikonomi.ng.

Lephata la ditšhelete la Aforika Borwa le nnile le go retelelwa ke maitsholo a mebaraka go go itsegeng, mme puso e tseregantse go samagana le seo. Le gale, go tswelela ga dikgwetlho tse di rulaganeng tsa maitsholo a mebaraka go sedifaditse tlhokego ya gore go nna le tsela e e akaretsang ya go samagana le bothata jwa maitsholo a a sa siamang go ralala lephata le ditšhelete lotlhe.

3.2. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Ditshwanelo tsa Batlhagisi ba Dimela kwa palamenteng. Molaotlhomo o baakanya Molao wa Batlhagisi ba Dimela, wa 1976 (Molao wa bo 15 wa 1976. Molaotlhomo o ikaelela go maatlafatsa tshireletso ya ditshwanelo tsa dithoto tsa tlhaloganyo tse di malebana le mefuta e mentšhwa ya dimela. Tshireletso eo e tshwaela mo kgolong ya ikonomi ka ntlha ya fa e ama bokgoni jwa kgaisano jwa lephata la temothuo la Aforika Borwa.

Dingwe tsa dipaakanyo tsa botlhokwa tse di tshitshinngwang di akaretsa: go atolosetsa tshireletso kwa mefuteng yotlhe ya dimela; go samagana le merero ya go kgoreletsa ditshwanelo tsa batlhagisi ba dimela ka ditefo le dikotlhao tse di maleba mmogo le go tlhalosa dipeelo le baamogelatshiamelo mo tirisong ya tshiamelo ya molemirui; mmogo le go maatlafatsa Tona go simolola Komiti ya Bogakolodi ya Ditshwanelo tsa Batlhagisi ba Dimela go gakolola Morejisetara ka merero e e amanang le tshireletso ya mefuta ya dimela.

3.3. Kabinete e fetisitse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tokafatso ya Dimela kwa Palamenteng.

Molao wa Tokafatso ya Dimela wa 1976 (Molao wa bo 53 wa 1976) o o baakantsweng makgetlo a le mmalwa, mme o baakantswe labofelo ka 1996, o laola semolao dipaakanyo tsa tokafatso ya dimela mo Aforika Borwa. Dipaakanyo di lepalepanya tiro le ditlamelo tsa Molao le Molaotheo mmogo le melao e mengwe e e amanang le ona mo lephateng la temothuo.

Molaotlhomo o tokafatsa tlhagiso e e nnelang leruri ya dijalo mo Aforika Borwa ka go laola boleng jwa dimela le peo.

Bokao le seabe sa molao wa tokafatso ya dimela bo ikaegile ka temogo ya botlhokwa jwa tlhagiso ya dimela tsa boleng go tshegetsa tlhagiso e e nnelang leruri mmogo le go nna le seabe mo mmarakeng wa lefatshe ka go tlhoma seemo sa boleng sa dimela le peo mmogo le mefuta ya kgwebo e e dirang ka dimela le peo.

3.4. Kabinete e amogetse go tlhagisiwa ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Tshireletso ya Diphologolo tse di Diragatsang kwa palamenteng.

Molaotlhomo o baakanya dikarolo tsa 2 le 3 ya Molao wa Tshireletso ya Diphologolo tse di Diragatsang wa 1935 (Molao wa bo 24 wa 1935), tse go kailweng fa di se mo molaotheong mo ntlheng ya gore bomagiseterata ba swetse ka, le go rebola dilaesense go batho ba ba ikaelelang go katisa le go bontsha diphologolo le batho ba ba dirisang dintšwa go tlhokomela.

Molaotlhomo o tshitshinya paakanyo ya phoso e e supilweng ka go fetisetsa ditiro tsa go rebola dilaesense tsa diphologolo tse di diragatsang go tswa kwa Dikgotlatshekelo go ya kwa Khuduthamageng.

Seno ke go ya ka Molao wa Tshireletso ya Diphologolo wa 1962 (Molao wa bo 71 wa 1962) o o akaretsang melao e e amanang le thibelo ya bosetlhogo mo diphologolong.

4. Maemo a Kabinete mo mererong ya ga jaanong

4.1. Kabinete e ikuela mo maAforikaborweng otlhe go tsenela ntwa kgatlhanong le Ebola ka go nna le seabe mo letsholong la go batla ditlamelo la SMS la Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU). Go fitlha ga jaana, Khomišene ya AU e setse e kokoantse dikabelo tse di fetang didolara di le dimilione di le 20 ka letsholo la yona la hashtag la "#AfricaAgainstEbola", fela go sa ntse go tlhokega go feta moo. Ka go romela SMS ya ‘Stop Ebola’ kwa 40797 maAforika Borwa a tla bo a sa abe fela R10 fela a tla bo a oketsa tsholofelo le maikemisetso a gore Ebola e ka fedisiwa.

4.2. Kabinete e eleletsa botlhe matsatsi a boikhutso a bokhutlo jwa ngwaga a a nang le boikhutso le kagiso mme e ikuela go MaAforika Borwa otlhe go diragatsa Ubuntu/Botho ka go thusa baagi ba re tshelang nabo ba ba sa kgoneng go itlamela le go bontsha boutlwelobotlhoko jaaka setšhaba se se kgathalalelanang le go tlotlana. Bagolo botlhe ba tlhokomele bana ba bona mo pakeng eno. Batswasetlhabelo ba tshotlakako ba bue, ba bege tshotlakako mme ba golagane le tikwatikwe ya taelo ya diura di le 24 kwa 0800 428 428.

Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go nna kelotlhoko thata mo pakeng e e tlang ya meletlo, go tila go dirisa nnotagi le diritibatsi botlhaswa, le go itumelela paka ya matsatsi a boikhutso ka tsela e e babalesegileng le e e boikarabelo. MaAforika Borwa otlhe a na le seabe se a ka se dirang go fokotsa bosenyi, dikotsi le tshotlakakao tse gantsi di oketsegang mo pakeng eno.

Kabinete e boeletsa gape gore batlhankedi ba pharakano ga ba kitla ba itshokela tlolomolao mo ditseleng tsa rona mo pakeng eno ya meletlo. Re ikuela mo badirising botlhe ba tsela go obamela tekanyetso ya lebelo; go netefatsa gore dijanaga di siametse tsela; go se kgweetse ba itshietse mmogo le go tsenya mabanta a pabalesego. Batsamayakadinao ba kopiwa go netefatsa gore fa ba dirisa ditsela, ga ba itsenye mo kotsing mmogo le go tsenya badirisi ba dijanaga mo kotsing.

Puso e tla diragatsa seabe sa yona ka go etelela pele matsholo a a farologaneng a tshwana le a Mokgwatshelo wa Boitekanelo le Goroga o Tshela ka maitlhomo a go dira le baagi go tsweletsa maitsholo a a boikarabelo e bile a babalesegile.

4.3. Kabinete e utlwisitswe botlhoko ke polao e e setlhogo ya morutabana wa Aforika Borwa Pierre Korkie yo o neng a le kwa Yemen mmogo le ya ga Werner Groenewald, le bana ba gagwe ba babedi, Rode le Jean-Pierre ba ba tlhokafetseng mo tlhaselong kwa Afghanistan. Kabinete e romela matshediso kwa malapeng le ditsala.

4.4 Tiro ya go supa maAforika Borwa a a setseng a le 11 a a tlhokafetseng setlhogo ka nako ya kgosomano ya kago kwa Nigeria e tsweletse mme puso e okeditse maiteko a go netefatsa gore masaledi a bona a busediwa gae ka bonako jo bo kgonegang.

4.5 Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng la ga Gigaba le le tlhokafaletsweng ke rre, Moruti Jabulani Gigaba. E ne e le rraagwe Tona ya Merero ya Selegae, Rre Malusi Gigaba. Gape Kabinete e romela matshediso kwa lelapeng le ditsala tsa ga Sis Mabe, yo e neng e le Mmusakgotla wa Kokoanopeomolao ya Foreisetata.

4.6 Kabinete e akgola setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao Bafana Bafana le mokatisi Ephraim “Shakes” Mashaba ka go tsena mo Dijaneng tsa Boditšhaba tsa Aforika ka 2015 kwa Equatorial Guinea e e simololang ka la bo 17 Ferikgong 2015, mme e ikuela go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa setlhopha sa bosetšhaba jaaka se fofisetsa folaga ya rona kwa godimo.

4.7 Kabinete e lemogile go tlhomiwa ga Human Settlements Youth Brigade ka la bo 1-2 Sedimonthole 2014 Ke Mafapha a Bonno jwa Batho, Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, le Setheo sa Bosetšhaba sa Tlhabololo ya Bašwa (NYDA) kwa Samiting ya Bosetšhaba ya Bašwa ya Bonno jwa Batho .

Samiti e buisanetse mananeo a maatlafatso a mafapha a a totileng bašwa le ka moo ba ka nnang le seabe ka gona mo tlamelong ya dintlo. Kwa bokhutlong jwa samiti, baamegi botlhe ba saenile Tumelano ya Bosetšhaba ya Bonno jwa Batho ya Bašwa e e leng polelo ya maikaelelo e e lebileng go tlhama tsela e e akaretsang ya tlamelo ya bonno jwa batho ka go ngoka bašwa, tlhabololo le seabe ka Setlhophatiro sa Bosetšhaba sa Bonno jwa Batho sa Bašwa. Maikaelelo ke go ngokela bašwa mo phitlhelelong e e totilweng ya ditšhono tsa dintlo di le dimilione di le 1.5 mme go ikaelelwa go ngoka le go katisa Bašwa ba ka nna 10 000 mo dingwageng tse di latelang di le tlhano.

5. Ditiragalo tse di tlang
5.1 Ka la bo 12 Sedimonthole 2014, Moporesitente wa Sudan Borwa, Motlotlegi Salva Kiir Mayardit o tla etela Aforika Borwa mo leetong la semmuso mme o tla amogelwa ke Moporesitente Jacob Zuma kwa Motsekapa.

6. Go thapiwa

Kabinete e amogetse go thapiwa ga ba ba latelang go ikaegilwe ka go tlhomamisiwa ga makwalothuto a bona le tse dingwe tse di tlhokegang:
6.1.    Mo Botong ya Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Indaseteri:
a)    Moporofesara Thokozani Majozi (Modulasetilo);
b)    Ngaka Ramatsemela Masango;
c)    Moporofesara  Mamokgethi Phakeng;
d)    Ngaka Philip Hugh Goyns;
e)    Ngaka Ayanda Noah;
f)    Ngaka Antonio Llobell;
g)    Mme Phindile Baleni;
h)    Moatefokate Ghandi Badela;
i)    Mme Mokgadi Maseko; le
j)    Rre Joel Netshitenzhe.

6.2.    Mo Lekgotleng la Dilaesense tsa Ditirelo tsa Diphofo:
a)    Ngaka Malindi Neluheni (Modulasetilo);
b)    Mme Kenosi Selane (Motlatsamodulasetilo);
c)    Moatefokate Frans Johannes van der Westhuizen;
d)    Rre Bheki Innocent Dladla; le
e)    Mme Sibongile Rejoyce Sambo.

6.3.    Mo Lekgotleng la Boditšhabatšhaba la Tirelo ya Diphofo
a)    Moatefokate Phetole Patrick Sekhule (Modulasetilo);
b)    Ngaka Xolani David Gwala (Motlatsamodulasetilo);
c)    Mme Deshnee Govender;
d)    Moatefokate Lufuno Tokyo Nevondwe; le
e)    Mme Fulufhelo Velda Mphuti.

6.4.    Mo Botong ya Banka ya Lefatshe le Banka ya Tlhabololo ya Temothuo.
a)    Moporofesara Abdus Salam Mohammad Karaan (o thapiwa gape);
b)    Mme Susan Ann Lund (o thapiwa gape);
c)    Rre Mabotha Arthur Moloto (Modulasetilo);
d)    Mme Njabulo Zwane; le
e)    Mme Dudu Hlatshwayo.

6.5.    Mo Botong ya Transnet SOC (Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga):
a)    Mme Linda Carol Mabaso (Modulasetilo);
b)    Rre Stanley David Shane;
c)    Rre Mogokare Richard Seleke;
d)    Ngaka Gideon Mahlalela;
e)    Mme Potso Elizabeth Bridgette Mathekga;
f)    Mme Zainul Abedeen Nagdee;
g)    Rre Vusi Matthew Nkonyane;
h)    Rre Peter George Williams;
i)    Rre Brett Gerard Stagman;
j)    Mme Yasmin Forbes (o thapiwa gape); le
k)    Mme Nazmeera Moola (o thapiwa gape).

6.6.    Mo Botong ya Eskom SOC Ltd (Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga):
a)    Rre Zola Andile Tsotsi (o thapiwa gape e le Modulasetilo);
b)    Mme Chwayita Mabude (o thapiwa gape);
c)    Rre Norman Tinyiko Baloyi;
d)    Ngaka Pathmanathan Naidoo;
e)    Mme Venete Jarlene Klein;
f)    Mme Nazia Carrim;
g)    Rre Romeo Kumalo;
h)    Rre Mark Vivian Pamensky;
i)    Mr Zethembe Wilfred Khoza;
j)    Ngaka Baldwin Sipho Ngubane; le
k)    Mme Devapushpum Viroshini Naidoo.

6.7. Rre Geoff Qhena o thapilwe gape jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC). Ditokololo tse dingwe tsa Boto ya IDC di tla itsisiwe ke Tona Patal mo matsatsing a se kae.

6.8. Tirelosetšhaba/Go thapiwa ga ba bangwe:
a) Go thapiwa ga Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Banka ya Lefatshe, Rre TP Nchocho go tloga ka la bo 1 Ferikgong 2015 ka konteraka ya dingwaga di le tlhano go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2019.
b) Go thapiwa ga Motlhankedikhuduthamagamogolo wa Koporasi ya Dipeeletso tsa Puso, Ngaka Daniel Mmushi Matjila ka gangwe fela, sebaka sa dingwaga di le tlhano go fitlha ka la bo 30 Ngwanaitseele 2019.
c) Go thapiwa gape ga Rre Murray Michell, Mokaedi wa Tikwatikwe ya Matlhale ya Ditšhelete sebaka se sengwe sa dingwaga di le pedi, go tloga ka la bo 1 Ferikgong 2015 go fitlha ka la bo 31 Sedimonthole 2016.
d) Katoloso ya konteraka ya Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Selegae, Rre Mkuseli Apleni sebaka se sengwe sa dingwaga di le tlhano, go tloga ka la bo 1 Moranang 2015 go fitlha la bo 31 Mopitlwe 2020.
e) Go thapiwa ga Motlhankedimogolo wa Ditiro wa Lefapha la Tlhabololo ya Magae le Ntšhwafatso ya Mafatshe, Rre Marks Charles Thibela.
f) Go thapiwa ga Motlhankedimogolo wa Ditšhelete wa Lefapha la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga, Mme Rendani Sadiki.

Bokhutlo

Kabinete e rata go eleletsa botlhe matsatsi a boikhutso a a tletseng boitumelo mme a re boeng re le mafolofolo ka 2015 gore mmogo re netefatse gore re diragatsa thomo ya puso. Mmogo, re tswetsa pele Aforika Borwa.

E rebotswe ke: Lefapha la Ditlhaeletsano (DoC)
Dipotsiso Rre Donald Liphoko:
Dintlhakgolagano: 082 901 0766

Share this page

Similar categories to explore