A. Merero ya ga Jaanong
1. Puisano le Setšhaba
1.1 Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo lo lo nang le Dingwaga di le 70
1.1.1 Ka letsatsi leno, dingwaga di le 70 tse di fetileng ka la bo 26 Seetebosigo 1955, baromiwa ba feta 3 000 go tswa mo merafeng e e farologaneng le mo ditšhabeng tse di farologaneng, ba ne ba kopana kwa Kliptown, kwa Johannesburg go atlhaatlha ntlha ya gore ke Aforika Borwa wa mofuta mang yo ba batlang go mo bona, ebong yo mo go ene go renang temokerasi, go senang tlhaolele ya bosemorafe, yo a theilweng ka modi wa tekatekano, wa go phimola baagi keledi ka go tsosolosa seriti sa bona, wa ditshwanelo tsa batho le wa go kgaogana khumo ya ikonomi ya naga.
1.1.2 Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo le nnile teng ka ntlha ya gore go rebolwe matsholo a magolo a a neng a gogwa kwa pele ke mekgatlho e e farologaneng mmogo le batho ba ba neng ba lwantshana le puso ya tlhaolele, mma matsholo ano a rulaganngwa le go goga kwa pele ke mokgatlho wa dipolotiki wa African National Congress, mme kgetse ya tsie e e neng e tshwaraganetswe ke ya phisegelo ya go bona Aforika Borwa a nna le kgololesego le phimolakeledi.
1.1.3 Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo ke lona le le thusitseng gore go feletse go na le Molaotheo mo Pusong ya Aforika Borwa e e tlileng morago ga ya tlhaolele, mme lokwalo leno le gompieno le santse le le botlhokwa thata mo go phosololeng tlhokego ya tekatekano e e santseng e le teng le gompieno ka fa nageng mo ditšhabeng tsa rona le mo go itireleng letseno.
1.2 Kopano e Kgolo ya Naga go Ipaakanyetsa Kopano ya Puisano le Setšhaba
1.2.1 Morago ga dingwaga di le 70 fa e sale go tloga ka motsi oo ka ona go amogetsweng Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo mmogo le go dumela gore dikgwetlho tse naga ya rona e tobaneng le tsona di tlhoka gore rotlhe re latlhele tlhware logong, maAforika Borwa go tswa dikhutlong tsotlhe tsa naga ba lalediwa gore ba tle go latlhela tlhware logong mo Kopanong ya Puisano le Setšhaba mo go tla buisanang gore ke Aforika Borwa yo o ntseng jang yo re batlang go mo bona mo isagong. Fela jaaka go dirilwe ka Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo, le ka Kopano ya Puisano le Setšhaba le yona go tla tsewa dikgato tse dintsi go reetsa dikakanyo le maikutlo a setšhaba go akaretsa le mo maemo a setereke le a diporofense.
1.2.2 Kabinete e a itse gore go na le dipuopuo tse di sa dumelaneng le matlole a go tweng a tla dirisediwa tiro ya go rulaganya Kopano ya Puisano le Setšhaba mme e batla go totobaletsa setšhaba gore matlole a a beilweng ga a ise a tsenngwe mo dithulaganyong tse di tlhomilweng ke puso tsa go rulaganya matlole kgotsa ga a ise a sekasekiwe ke Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) eo monnasetulo wa yona e leng Motlatsamoporesitente Paul Mashatile. Kabinete e itsi sentle gore maemo a matlole ka fa nageng ga se a a itumedisang mme e laetse IMC go sonaga madi fa go rulagannwa matlole a Kopano ya Puisano le Setšhaba.
2. Ikonomi
2.1 Leano la Konokono la Merero ya Motlakase mo Nageng ya Aforika Borwa
2.1.1 Kabinete e ituemeletse dikgato tsa go thankgolola Leano la Konokono la Merero ya Motlakase mo Nageng ya Aforika Borwa (SAREM) gore le tle le godise tlhagiso ya dikuno ka fa nageng, tlhatlhelelo ya bokgoni le go tlhola ditiro ka fa nageng. SAREM, jaaka e neseditswe pula ke Kabinete ka Mopitlwe monongwaga, maitlhomo a yona ke go ema nokeng dikgato tsa go reka ka fa nageng motlakase wa go fetlhiwa ka ditsela tse dintšhwa mmogo le go godisa kgolo ya intaseteri eno fa ka fa letlhakoreng le lengwe e dira bonnete jwa gore go nna le phetogo ya boammaruri mo lephateng la metlakase.
2.2 Tumelano ya Madikadimo a go Phethagatsa Pholisi ya go Tlisa Tlhabololo ka Madi a Ditolara tsa Amerika tse di Kanaka US$1.5 bilione
2.2.1 Kabinete e neetswe tshedimosetso mabapi le Tumelano ya Madikadimo a go Phethagatsa Pholisi ya go Tlisa Tlhabololo ka Madi a Ditolara tsa Amerika tse di Kanaka US$1.5 bilione e e saenilweng ke puso ya naga ya Aforika Borwa le Banka e e Thusang Dipuso tsa Dinaga mo Lefatsheng mme madi ano a tla dirisediwa go tlisa kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola mmogo le go tlhola ditiro. Madikadimo ano a tsamaisana le metheo ya Setheo sa Naga sa Matlole e e leng karolo ya maiteko a magolo a puso a go tsosolosa ditheo tse di phutlhameng mme madi ano a tla dirisediwa go fetisa tiro e e saletseng kwa morago ya kago ya mafaratlhatlha, segolo thata mo lephateng la motlakase le la dijanaga tse di rwalang dithoto.
2.2.2 Go thusiweng ka madikadimo ano ke ka ntlha ya dintlha di le tharo tse di botlhokwa tsa go fetola maemo a ditheo e leng: go dira gore ka fa nageng go nne le motlakase o o lekaneng, go dira gore lephata la dipalangwa tse di rwalang dithoto di dire tiro e e tswileng diatla le go gaisana le maphata a mangwe a ditirelo tseno mmogo le go dira gore naga ya Aforika Borwa e tswe mo ikonoming e e itshetlegileng ka mafaratlhatlha a a dirisang leokwane le le kueletsang mesi, e leng tsona dintlha di le tharo tse puso e itherileng gore e tla di sola mosola go godisa ikonomi le go tlhola ditiro.
2.3 Go Goroga ga Meento ya Bolwetse jwa Leruo
2.3.1 Kabinete e itumeletse meento e e gorogileng e e ntseng e tlhokagala ka bontsi, e e rekilweng kwa nageng ya Botswana, e e tla dirisediwang go lwantshana le bolwetse jwa leruo (FMD) jo bo runtseng mo dikarolong tse di rileng ka fa nageng.
2.3.2 Meento eno puso e abelana ka yona mme ga e duelelwe mme e romela kwa mafelong a a wetsweng ke bolwetse jono kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal le kwa Kapa Botlhaba mmogo le kwa mafelong a mangwe a a leng kwa diporofenseng tse dingwe tse le tsona bolwetse jono bo wetseng dipolasa tsa koo. Go tsentshitswe otara e nngwe gape ya bobedi kwa Setheong sa Meento sa Naga ya Botswana.
3. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
3.1. Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga di le Supa (G7)
3.1.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a tsenetse Kopano ya Dinaga di le Supa tse di Humileng (G7), mme naga ya Aforika Borwa e bona botsalano jwa yona le dinaga tseno jaaka jo bo botlhokwa thata mo maanong a yona. Moporesitente Ramaphosa o ne a sola mosola tšhono eno ya go ya kwa G7 mme a ikuela gore go nne le tirisanommogo e e tseneletseng magareng ga G7 le G20 mmogo le go ipobola gore dinaga tseno di tshegetsane mo go tliseng diphetogo mo ditheong tsa boditšhabatšhaba tsa mebuso ya lefatshe go tshwana le Lekgotla la Merero ya Pabalesego la Dinagakopano (UNSC) mmogo le mo ditheong tsa boditšhabatšhaba tsa matlole. Go nneng le seabe ga Moporesitente Ramaphosa mo kopanong ya G7 ke bopaki jo bo feletseng jwa go supa gore naga ya Aforika Borwa ga e na letlhoo la go ema kgatlhanong le dipholisi tsa dinaga tsa Bophirima, mme ke go bontsha gore naga ya Aforika Borwa e ikemiseditse go tshwarisana tiro mmogo le dinaga tsotlhe go kgontsha naga ya Aforika Borwa gore e kgone go diragatsa dikgatlhegelo tsa yona mmogo le go phethagatsa maitlhomo a Kontinente ya Aforika.
3.2 Leeto la Tiro la go Etela Naga ya Russia
3.2.1 Motlatsamoporesitente Paul Mashatile o weditse leeto la gagwe la tiro la go etela naga ya Russia, mo a neng a nna le seabe mo Foramong ya bo 28 ya Ngwaga wa 2025 ya Merero ya Ikonomi ya Lefatshe ya kwa St. Petersburg (SPIEF ’25).
3.2.2 Leeto leno le ne le tsepamisitse mogopolo mo go godiseng tirisanommogo mo mererong ya ikonomi magareng ga dinaga di le pedi mo makaleng aa jaaka la temothuo, la dijanaga, la motlakase le la meepo, mmogo le mo go la merero ya saense le thekenoloji.
3.3 Ntwa e e Runtseng Magareng ga Naga ya Iseraele le ya Iran
3.3.1 Kabinete e tshwenyegile tota ke ntwa e e galefileng magareng ga naga ya Iseraele le Naga ya Setšhaba sa sa Mamoselema a Iran, mmogo le go tlhaselwa ga setšhaba seno ke naga ya Amerika ka diyalemowa tse di konopang dibomo. Ntwa eno e dirile gore go feletse go na le batho ba ba tlhokafetseng, ba ba gobetseng mmogo le tshenyo ya dithoto.
3.3.2 Kabinete e ikuela gore matshwafo a wele kwa fatshe, go inelanwe diatla metsing mme maphata otlhe a boele a ikobele melao ya boditšhabatšhaba gore tsotlo ka batho e fokotsege. Kabinete e ikuela gape le mo go Amerika, Iseraele le Iran go nna fatshe go buisana ka maitlhomo a go sekegelana tsebe mmogo le go naya Mokgatlho wa Dinagakopano tšhono ya go rarabolola bothata jono ntle le tshololo ya madi, mmogo le tšhono ya gore go diriwe dipatlisiso tsa go utulola fa e le gore ke boammaruri gore naga ya Iran e ikhumisa ka yuraniame, mmogo le gore e na le dibetsa tsa nyutleleya di le kanakang.
3.3.3 Lefatshe ga le batle go bona phutlhamo ya naga ya Iran, segolo jang fa go lebelelwa bontsi jwa baagi ba naga ya yona, seabe seo naga eno e nang le sona mo lefatsheng mmogo le dimenerale tse naga eno e nang le tsona. Re le kontinente, rona mo Aforika le mo motsotsong ono re santse re boga ka ntlha ya gore go nne le ditiragalo tsa go phutlhamisa naga ya Libya mme le morago ga dingwaga di le lesomelebone morago ga gore go nne le ditiragalo tsa menolopuso kwa nageng ya Libya, kontinente ya Aforika e santse e tshwenngwa ke ditiragalo tse di tswang mo taolong tsa menolopuso go ralala le dinaga tsa kontinente mme ditiragalo tseno di golagane le ditiragalo tsa phutlhamiso le tsa maemo a a sa iketlang a kwa nageng ya Libya.
3.3.4 Re tlhoka gore lefatshe le rene kagiso mme re tshwanetse go dira sengwe le sengwe gore re kgone go rarabolola dikgogakgogano tsa rona ntle le tshololo ya madi.
3.4 Matsapa a a Tlhobaetsang a a Tswelelang go Gagamala kwa Nageng ya Haiti
3.4.1 Kabinete e tlhobaediwa ke mathata a a tsweletseng go gagamala kwa nageng ya Haiti mme e dumela gore maphata a a farologaneng a tshwanetse go tsaya dikgato tse di lomaganeng go gagamatsa bokgoni jwa tsamaiso ya puso, go thusa ditheo tsa molao gore di tlhabologe mmogo le go thusa gore maemo a ikonomi a gole mme seno se ka kgonagala fa go ka nna le tirisanommogo magareng ga naga eno le dinaga tse di mabapi mmogo le dinaga tsa boditšhabatšhaba mo seo se leng kwa setlhoeng e leng go dira gore dikgatlhegelo tsa baagi ba naga ya Haiti di phetagadiwe.
3.5 Dikgato tsa go Leba kwa Kgotlatshekelo e Kgolo ya Pretoria go Thibela Poloko ya Moporesitente wa Borataro wa Naga ya Zambia, ebong Rre Edgar Lungu
3.5.1 Kabinete e sekegetse tsebe katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelo e Kgolo ya Pretoria e e thibelang go bolokelwa ka fa nageng ya Aforika Borwa Moporesitente yo a thutseng botala ka tlhogo Rre Lungu mme seno ke morago ga gore maphata ka bobedi a a neng a isane kwa kgotlatshekelo a dumelane ka seo.
3.5.2 Kabinete e ikuela mo go ba lelapa la ga Lungu mmogo le ba puso ya Zambia go sola mosola tšhono eno e kgotlatshekelo e ba reboletseng yona gore ba buisane mme ba dumelane ka seo kwa bofelong se tla dirang gore Moporesitente yono a neelwe tlotla e e tshwanelang Moporesitente wa Naga mo polokong ya gagwe.
3.6 Sesole sa Naga ya Aforika Borwa se Busediwa Gae go tswa kwa Karolong ya Botlhaba jwa Naga ya Democratic Republic of Congo
3.6.1 Kabinete e neetswe tshedimosetso ka kgorogo ya Masole a Naga ya Aforika Borwa bao ba tla gorogang ka makgaokgao go tswa kwa karolong ya Botlhaba jwa Naga ya Democratic Republic of Congo (DRC) go latela gore Mokgatlho wa Dinaga tse di Tlhabologang tsa Borwa jwa Aforika (SADC) di saene tumelano ya go garela letsholo la go kopa thuso ya sesole la SAMIDRC.
3.6.2 Go fitlha ga jaanong ke mephato ya masole a Aforika Borwa e le 1 718 e e setseng e gorogile ka fa nageng, mme go solofetswe gore e mengwe gape e mentsi e santse e le mo tseleng mme e tla goroga mo dibekeng di le mmalwa tse di tlang.
3.6.3 Kabinete e totobaditse gore naga ya Aforika Borwa e tla tswelela go ema nokeng boikano jwa yona jwa go abelana ka thuso mo go direng gore go rene kagiso, go nne le tsamaiso e e tsetsepetsseng ya mebuso le gore go nne le katlego mo dinageng tse di leng mo kgaolong ya Borwa jwa Aforika mme e akgotse matsapa a a diriwang ke Mephato ya Sesole sa Aforika Borwa mo go nneng le seabe mo go tliseng kagiso, phemelo le tsetsepelo kwa DRC.
4. Phimolakeledi le Thibelo ya Botlhokotsebe
4.1. Tshireletsego le Pabalesego
4.1.1. Puso e itumedisitswe ke tema e e dirilweng mo go lwantshaneng le botlhokotsebe ke matsholo a a jaaka la Operation Shanela mmogo le la Operation Vala Umgodi. Go babelaelwa ba ka nna 239 ba ba tshwerweng naga ka bophara go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 15 Seetebosigo 2025 ka ntlha ya letsholo la Operation Vala Umgodi. Babelaelwa ba tshwaretswe melato e e tsamaisanang le ditiragalo tsa go utswa dimenerale mmogo le ditiragalo tse dingwe tse di farologaneng tsa botlhokotsebe tse di jaaka tsa teko ya polao, go fitlhelwa ba itlhometse ka ditlhobolo tse di senang makwalo, go fitlhelwa ba tshotse ditaemane tse di iseng di tlhatswiwe, go fitlhelwa ba tshwere didirisiwa tse di phamphololang mmogo le melato ya go ikgatolosa Molao wa Bofaladi wa Ngwaga wa 2002.
4.1.2. Letsholo la Operation Vala Umgodi, fa e sale le thankgololwa ka Sedimonthole 2023, le kgonne go thusa gore go tshwarwe babelaelwa ba feta 27 000 mmogo le go amoga batho ditlhobolo di feta di le 600, mme mo go tsona go na le tseo e seng tsa nnete mmogo le dikolo di le 16 000.
4.1.3. Mo pakeng ya go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 22 Seetebosigo 2025, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), ka ntlha ya letsholo la Operation Shanela, go kgonnwe go golega babelaelwa ba le 15 372. Ba bangwe ba batho ba ba botlhokwa ba ba tshwerweng ke batho ba le 2 400 ba ba ntseng ba batliwa ke mapodisi ka ntlha ya seabe sa bona mo ditiragalong tse dikgolo tsa bosenyi jo mo go bona go nnileng le tirisodikgoka (ditiragalo tse di jaaka tsa polao, maiteko a polao, petelelo mmogo le kgothoso; go tswharwa ga batho ba le 159 mo dikgetseng tsa polao; ba le 100 mo dikgetseng tsa petelelo, ba le 1173 mabapi le ditiragalo tsa go ntsha batho ba bangwe dikgobalo ka maiteko a go ba dira setlhogo; ba le 2 602 ka ntlha ya gore ba fitlhelwe ba tshwere diritibatsi mmogo le ba le 64 mo dikgetseng tsa go tseela batho dijanaga kgotsa go di ba utswetsa).
4.1.4. Kabinete e itumeletse gape le ke katlholo e e rebotsweng kgatlhanong le banna ba le babedi mo go ba le bane ba ba bonweng molato wa polao ya ga Nosipho ‘Nomdundu’ Mafani wa kwa KwaNokuthula (wa dingwaga di le 23), yo a neng a na le bokoa mo tlhaloganyong. Bobedi jwa bona, e bong Mboneli Msila mmogo le Monde Tshemese, ba atlholetswe botshelo jwa bona botlhe kwa kgolegelong ka ntlha ya go rera polao mmogo le ka ntlha ya polao, jaaka ba bolaile ba lebeletse gore ba tlile go iponela madi a dipholisi a a ka fitlhang go R600 000.
4.1.5. Fa go tla mo ditiragalong tsa Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF), Kabinete e laetse Lefapha la Thuso ya Baagi go potlakisa dikgato tsa go konosetsa Molaotlhomo wa go Ema Batswasetlhabelo Nokeng gore o tle o kgone go gagamatsa dikgato tsa go lwantshana le GBVF.
5. Thuso le Tlhatlhelelo ya Baagi
5.1. Go Itharabologelwa mo Matlhotlhapelong a Merwalela
5.1.1. Kabinete e tlhaloseditswe ka dikgato tsa go itharabologelwa mo matlhotlhapelong a merwalela e e gogotseng kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba le ya KwaZulu-Natal. Mo pusong ya naga Komiti ya Naga e e Tshwaraganetsweng ya Taolo ya Tiro ya go Itharabologelwa mo Mathateng a Merwalela, mmogo le Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng mo Mererong ya Tlhokomelo ya Matlhotlhapelo di setse di tsentshitse letsogo mme di setse di kile tsa kopana makgetlho a le mmalwa go sekaseka le go tsaya ditshwetso mo go emeng nokeng diporofense tse di wetsweng ke leru.
5.1.2. Setheo sa Naga sa go Disa Maemo a Masetlapelo mmogo le ditikwatikwe tsa taolo ya masetlapelo tsa mo diporofenseng, le tsona di tsweletse ka tiro ya go baya setšhaba mo dinakong ka seo se setseng se dirilwe mo go atlhaalheng le mo go tsibogeleng mathata ano.
5.1.3. Ntlha e e botlhokwa thata ga jaana ke go naya bao ba amegileng mafelo a bodulo mmogo le dilwana tse di ka ba tswang thuso gore maemo a tle a ritibale go se nene. Go tsweletswe gape le ka tiro ya go abelana ka ditirelo tse di botlhokwa tse di jaaka metsi, kgeleloleswe mmogo le motlakase. Ditirelo tseno di tsenyeletsa gape le tsa gore bao ba amegileng ba tlamelwe ka ditirelo tsa go rebolelwa lekwaloitshupo mmogo le lekwaloitshupo la nakwana gore ba tle ba kgone go bona thuso e e botlhokwa eo ba e tlhokang. Ga jaanong go samaganwe le go sekaseka bogolo jwa ditshenyegelo mo dintlong tsa batho ba ba amegileng mmogo le mafaratlhatlha mo dikgaolong tseo mme go samaganwe le matsholo a go loga maano a go tsosolosa mafelo ano. Fa seno se sena go garelwa, se tlha thusa mo go diragatseng letsholo le legolo la go itsosolosa.
5.2 Maemo a bosa a a Bogale
5.2.1 Ba Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Tirelo ya Maemo a Loapi ba ntshitse tsiboso ya gore baagi ba itlhokomele jaaka go solofetswe gore mo maabaneng wa Laboraro, 25 Seetebosigo 2025 dikarolo tse di ka fa borwa-bophirima jwa naga ya Aforika Borwa e tla bo e aparetse ke maruru a a seng kana ka sepe.
5.2.2 Mo dikarolong tse di ka fa bophirima jwa porofense ya Kapa Bophirima go tloga ka Laboraro wa la bo 25 go fitlha ka Labone wa la bo 26 Seetebosigo 2025 go na le kgonagalo ya gore dipula di tla na matlorotloro, segolobogolo mo mafelong a go agetsweng mo meeding mo go ona mmogo le mo mafelong a metsi a sa nweleleng bonolo mo go ona. Ditsuatsue tse di tsubutlang ka fa nageng go na le kgonagalo ya gore di ka senya meago le go utulola ditlhare ka medi. Mo godimo ga fao, maemo a a maruru go ya go a a tsididi a ka solofelwa, mmogo le go wa ga semathana, mo mafelong a a leng kwa dithabeng tse di kwa bophirima jwa porofense ya Kapa Bophirima, mme a tla anama jalo le go tsena mo mafelong a a leng kwa borwa-bophirima jwa porofense ya Kapa Bokone.
5.2.3 Ditsuatsue tse di maatla le tse di ka fetlhang tshenyo go solofetswe gore di tla aparela dikarolo tsa kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba ka Labone wa la bo 26 Seetebosigo 2025, mme mo motshegareng maemo a mogote le ona a tla wela kwa tlase.
6. Merero ya Tsamaiso ya Puso
6.1. Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini
6.1.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka tiro e e diriwang ke Setlhopha sa Tiro sa Kantoro ya Moporesitente se se Samaganang le Maemo a kwa eThekwini. Go nnile le tema mo mererong e e mabapi le metsi le kgeleloleswe. Go kgonnwe go ka bonwa madi a go tlamela tiro e e tshwanetsweng go diriwa a a kana ka dimilione tsa diranta di le 378 mme e tla thusa mo tirong ya go fokotsa ditshenyegelo tsa metsi, mme e tla tsamaisana le tiro ya go baakanya mafaratlhatlha a kgeleloleswe a a tlhokang go thibololwa.
6.1.2. Maeto a baagi ba ka fa nageng a go jela nala kwa eThekwini le ona a ntse a itharabologelwa, mo a tlhatlogileng ka diphesente di le 33 ngwaga o mongwe le o mongwe mmogo le go tlisa letseno la madi a feta dibilione tsa diranta di le 17.4. Maeto a bajanala ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle le ona a tlhatlogile ka diphesente di le 9.8 mme seno se tlisa madi a le kanaka dibilione di le 3.3 mo mafelong a kwa eThekwini.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
1. Tiro e e Setseng e Dirilwe mo go Phethagatseng Tsibogelo ya Moporesitente Mabapi le Ditshitshinyo tse di Dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko
1.1. Kabinete e begetswe ka tiro e e setseng e dirilwe mo go phethagatseng tsibogelo ya Moporesitente mabapi le ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko. Dintlhakgolo tse di nopotsweng di akaretsa:
1.1.1. Boleng jwa dithoto tse di kgonneng go busiwa tse di umakilweng mo ditiragalong tsa go goga puso ka nko bo oketsegile go tloga mo diranteng di le dibilione di le 2.9 ka Diphalane 2022 go fitlha go dibilione tsa diranta di le 11 ka Mopitlwe 2025.
1.1.2. Diphetogo tse dikgolo mme tsona di akaretsa le tsa go tsenngwa tirisong ga melao e le robedi e mentšhwa e e tla samaganang le bonweenwee, dithendara, ditirelo tsa go itse diphitlhela tsa bosenyi jo bo rerwang mmogo le ditirelo tsa go rwala maikarabelo mo mererong ya tlhokomelo ya ditheo.
1.1.3. Diphuruphutso le botšhotšhisi: Go setse go garetswe dikgetse tse di amanang le ditiragalo tsa go goga puso ka nko di le nne mme mo go tsona tsotlhe babelaelwa ba bonwe molato; di le 11 tse di tobaneng le batho ba namana ba le 51 mmogo le ditlamo di le 27 tsona di setse di tlhatlhetswe go sekiwa kwa kgotlatshekelo.
1.1.4. Dikgato tsa seporofešenale le tsa semolao: Lefapha la Dikgwebo tsa Puso la mo molobeng le tshwarisitse batlhankedibagolo ba lona ba Ditlamo tsa Puso ba le 71 kwa Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo (CIPC) ka go ba latofatsa mo dikgetseng di le robongwe tse di tlhatlhetsweng kwa kgotlatshekelo ka gore ba tlotse melao.
1.1.5. Go rwala maikarabelo: Khomišeneng ya Dithoto le Dithata tsa Ditlamo e garetse dikgato tsa go sekaseka ditheo tsa poraefete di le 10 tse di umakilweng mo Pegelong ya Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko, mo dipatlisiso tsa dikgetse di le thataro di santseng di tsweletse mmogo le tse dintšhwa di le robedi tse di santseng di atlhaatlhiwa tse di rometsweng ke Yuniti ya Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU).
1.1.6. Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le ntshitse kotlhao ya go iletsa setlamo sa Bain & Co. gore se se tlhole se letlelelwa go ka bona dithendara mo ditheong tsotlhe tsa puso sebaka sa dingwaga di le 10 (go tloga ka ngwaga wa 2022 go fitlha ka wa 2032), mme setlamo seno sa Bain se tsere dikgato tsa go lwantsha katlholo eno kwa kgotlatshekelo.
1.1.7. Go diphetogo di le dintsinyana tse di farologaneng tse go samaganweng le tsona tse di tla dirang gore go se tlhole go nna le ditiragalo tsa go goga puso ka nko mme tse dingwe tsa tsona di setse di tsentshitswe tirisong, mme mo go tseo di setseng di tsentshitswe tirisong go akarediwa le tse di ka ga:
1.1.7.1. Go tlhomiwa ga Kantoro ya Mokaedi wa Dipatlisiso Kgatlhanong le Melato ya Bonweenwee e e butseng dikgoro tsa yona ka la bo 19 Phatwe 2024;
1.1.7.2. Leano la go Tsamaisa Tiro ya go dira gore Lekala la Puso le Tsamaisiwe ka Mokgwa wa Seporofešenale le neseditswe pula ke Kabinete ka Diphalane 2022.
1.1.7.3. Lekgotla la Naga la Dikeletso mo Mererong ya go Lwantshana le Bonweenwee le weditse dipatlisiso tsa lona ka ga ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko tsa dikgato tsa go tsosolosa ditheo tsa puso.
2. Go Ipaakanyetsa Kopano e Kgolo ya G20
2.1. Dikopano tse di Potlana tsa go Ipaakanyetsa Kopano e Kgolo ya G20
Kabinete e beilwe mo dinakong ka ga tiro e go samaganweng le yona mo go ipaakanyetseng go tshwara Kopano e Kgolo ya G20, jaaka go tswelelwa ka go tshwara dikopano tse di potlana tse di latelang tsa go ipaakanyetsa kopano eo:
2.1.1. Go ipaakanyeditswa go tshwara Kopano e Kgolo e e Eteletsweng kwa Pele ke Bašwa ba Dinaga tsa G20 e e bediwang Y20 go ya kwa bokhutlhong jwa monongwaga ka molaetsa yo o reng Boporesitente jwa G20 jwa Naga ya Aforika Borwa. Kopano e e tla tshwarwang pele ga Kopano e Kgolo ya Y20 e kgonne go bokeletsa baeteledipele ba dinaga tsa G20 mmogo le ba bangwe ba dinaga tse e seng tsa G20, mme seno se dirile gore go simololwe go atlhaatlha maemo a dipholisi le melaetsa ya Y20, mme yona e ne e tshwerwe ka la bo 18 go fitlha ka la bo 19 Seetebosigo 2025.
2.1.2. Lekgetlo la Boraro la go Tshwara Kopano ya go Tsibogela Tiro: Kopano eno e ne e le ka ga Kgolo ya Ikonomi e e Tswelang botlhe Mosola, go Tlhoma Diintaseteri, Go Tlhoma Ditiro mmogo le Go Fokotsa Seelo sa go se Lekalekane mme e ne e tshwerwe ka tiriso ya mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 19 Seetebosigo 2025, mo go atlhaatlhilweng ntlha ya go kwala maano a go tsamaisa ditiro gore a kgone go golagana le merero ya ikonomi e e potlana, makala, diphatlhatiro, tlhokomelo ya baagi mmogo le dipholisi tsa ditikologo ka maitlhomo a go dumelanweng ka ona a a ka go tlhola ditiro tse di seriti le go fokotsa seelo sa go se lekalekane.
2.1.3. Kopano ya Pakagare ya Naga ya Aforika Borwa ya T20 e tshwerwe ka go dirisa mafaratlhatlha a ditlhaeletsano go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 20 Seetebosigo 2025, ga sekasekiwa kgatelopele e e dirilweng mo dikopanong tsa tiro di le tlhano tse di botlhokwa, ga dirwa gore tirisanommogo magareng ga dikgaolo e gagamale go feta mmogo le go lotsa dipoelo tsa dipholisi pele go ka goroga nako ya go tshwara Kopano e Kgolo ya G20.
2.1.4. Kopano ya Ntlha Matlafatso ya Baemanokeng ba G20 e tshwerwe go tloga ka la bo 20 go fitlha ka la bo 21 Seetebosigo 2025, ga atlhaatlhiwa Dintlha tse di Botlhokwa tse di ka ga Maano a go Matlafatsa Baemanokeng ba G20, kemonokeng ya bao ba itshimololelang dikgwebo mmogo le go dira gore ikonomi e se nne bodipa.
2.1.5. Kopano ya Ditheo tse di kwa Godimo tsa Boruni mo Dinageng tsa G20 eo e itsegeng ka gore ke SAI20 ke kopano e mo go yona go neng go na le ditlhogo tsa ditheo tsa boruni mo dinageng tsa G20 mme yona e ne e tshwaretswe kwa Johannesburg go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 25 Seetebosigo 2025, mme go atlhaatkhikwe matsapa a a tsamaisanang le botlhokadiphitlhela le maikarabelo fa go tla mo tlhokomelong tiriso ya matlole a puso.
2.2. Kabinete gape e amogetse tsiboso e e ka ga Kopano ya go Disa Barongwa ba Dinaga tsa G20, mmogo le ka ga tsamaiso le dithulaganyo tse di setseng di dirilwe mo go ipaakanyetseng dipuisano tse di tlang tsa ditokomane le maikano a Dipoelo tsa Ditona tsa G20. Kabinete e tsibositswe gore mo dikopanong di le 132 tse di rulagantsweng gore di tla tshwarwa pele ga Kopano e Koglo ya G20, go fitlha ga jaanong go setse go tshwerwe dikopano di le 69.
2.2.1. Kopano e e tshwarwang lekgetlo la Boraro ya Baromiwa ba Dinaga tsa G20 e tshwaretswe kwa Sun City e tshwerwe go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 27 Seetebosigo 2025 mme go solofetswen gore e tla rebolelwa tshedimostso go tswa mo Setlhopheng sa Tsamaiso ya Tiro ta go Sala Motlhala wa Matlole Morago, go sekaseka dtlha le dipoelo tse re di tlhomileng leitlho le le ntšhotšho mmogo le go atlhaatlha ditsela tse di ka tsewang go netefatsa gore G20 e kgona go ithulaganya go samagana le tsibogelo ya mathata mo lefatsheng.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Kgolaganyo ya Metlakase -Go Samagana le Tsosoloso ya Intaseteri ya Naga ya Aforika Borwa ya Ferrochrome gore e di Goge kwa Pele
1.1. Kabinete e tsibositswe ka mathata a a tsweletseng go wela kwa tlase a intaseteri ya ferrochrome a a dirang gore maemo a batho a ditšhelete a goge boima mme go ikuetswe go puso go tshwarisana le intaseteri eno ka bonako ka go tsenya letsogo go thusa intaseteri eno gore e se phutlhame.
1.2. Kabinete e dumelane gore Lefapha la Metlakase le Digase le ka garela konteraka ya ditheo tsa puso le tsa intaseteri gore go rulaganngwa dituediso tsa ditirelo ta intaseteri eno gore di kgone go thusa go ema nokeng lekala la intaseteri ya ferrochrome, mmogo le go tsosolosa dithulaganyo tsa go tsosolosa diintaseteri tsa naga ya Aforika Borwa mmogo le tsa go matlafatsa baagi ba naga mo lekaleng leno.
1.3. Kabinete e dumelane le maano a go dira gore tshipi ya koroumo e rekisediwe dinaga tsa kwa ntle, mme go e rekisetsa dinaga tsa kwa ntle go tla tlhokagala gore go rebolwe phomete go tswa kwa Khomišeneng ya Boditšhabatšhaba ya Tsamaiso ya Kgwebisano (ITAC) ebile gape
1.4. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go kwala melawanataolo ya lekgetho la go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle tshipi ya koroumo mmogo le tsa go anamisa melawanataolo kgotsa leano la go tsamaisa tiro ya ditheo tsa go gakolosa ditshipi e e godisang tiro ya Mafelo a a Itlhophileng a Ikonomi (SEZ).
2. Leanokonokono la Lephata la Dikgwebo tsa go Sela Ditlakala (WEMP)
2.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Leanokonokono la Lephata la Dikgwebo tsa go Sela Ditlakala (WEMP) gore le ka tsenngwa tirisong. Leano leno le samagane le go fokotsa ditlakala, go fetola tiro ya dilo tse di latlhilweng le go di dirisa sešwa – segolo jang fa go tla mo go phutheleng ditlakala. Leano leno le batla go godisa mosola wa ditlakala mo ikonoming gore di nne le mosola mo ikonoming ya naga ka bophara; fa ka fa letlhakoreng le lengwe le fokotsa seabe se se sa jeseng diwelang se ditlakala se nang le sona mo tikologong le mo maphelong a batho ka ntlha ya dikhemikhale tse di dirisiwang mo tikologong go lwantshana le ditlakala.
2.2 Leano leno le tla ka ditshitshinyo di le dintsinyana tse di ka dirisiwang go bulela ditšhono tsa go iphedisa mo lephateng la dikgwebo tsa go sela ditlakala, mme gareng ga tse dingwe tsona di tsenyeletsa le tsa go godisa dikgwebo tse di gwebisanang le tsa dinaga tsa kwa ntle mmogo le go tlhola ditiro. Diphatlhatiro di ka nna 60 000 tse batho ba itiretseng tsona naga ka bophara di tlhodilwe ke basedi ba ditlakala ba ba itirelang letseno ka go sela ditlakala, ba ba thapilweng kwa madirelong a go rulaganya ditlakala go ya ka mefuta ya tsona jaaka go baya ditlakala tsa dipampiri di le esi, tsa dipolasetiki di le esi le tsa digalase di le esi. Go na le mogopolo o o totobetseng wa gore diphatlhatiro tse dingwe tse di tlileng go tlhodiwa di tla tswela mosola segolobogolo batho ba bomme, bašwa le batho ba ba tshelang ka bogolofadi.
D. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) wa Ngwaga wa 2025
1.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) wa Ngwaga wa 2025. Maitlhomo a molaotlhomo ono ke go kwalola sešwa Molao wa Ngwaga wa 1995 wa SAPS go thusa gore go tlhomiwe leano la go tsamaisa tiro ya sepodisi la semolao le le tla thusang gore twantsho ya botlhokotsebe e diragadiwe ka matlhagatlhaga le ka botswapelo. Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa maitlhomo a yona ke go lepalepanya molao ono le Molaotheo wa Naga ya Aforika Borwa wa ngwaga wa 1996, Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba la Ponelopele ya ngwaga wa 2030, Sekwalwa sa Masupatsela sa Tirelo ya Sepodisi sa Ngwaga wa 2016, Sekwalwa sa Masupatsela sa Merero ya Pabalesego le Tshireletsego sa Ngwaga wa 2016, Pholisi ya Mekgatlho ya Baagi ya go Disa Setšhaba mmogo le Pholisi e e ka ga go Nna le Tirelo ya Sepodisi se le Sengwe.
E. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Moatefokate Mikateko Joyce Maluleke o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo (DDG) mo Lefapheng la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi (konteraka ya gagwe e atolositswe ka dikgwedi di le tlhano).
2. Rre Brian Monakali o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheong sa go Disa Maemo a Pabalesego mo Ditereneng.
3. Boto ya Setheong sa Ditirelo tsa Taolo le Phofiso ya Difofane
Mme Doris Dondur o tla thapiwa mo phatlhatirong e e bulegileng mo botong
4. Boto ya Batlhokomedi ba Sekgwama se se Ikemetseng sa Matlole a Tlhabololo
(a) Mme Zimbini Hill;
(b) Mme Lerato Makgothatso Kumalo;
(c) Moporofesara Stella Motlhago Bvuma;
(d) Rre Wayne Stewart Manthe;
(e) Ngaka Deenadayalen Konar;
(f) Rre Neil Jensen;
(g) Mme Sekadi Phayane – Shakhane;
(h) Mme Thobile Buhlebethu Maloka;
(i) Moporofesara Raymond Nkando; le
(j) Mme Bongekile Zulu.
5. Batlhankedi bao ba thapilweng mo Botong ya Setheo sa Tlhabololo ya Dikoporasi (IDC)
(a) Ngaka Gloria Tomatoe Serobe (Monnasetulo);
(b) Rre Reon Barnard;
(c) Rre Sam Bhembe;
(d) Mme Tanya Reeva Cohen;
(e) Mme Ayanda Dlodlo;
(f) Ngaka Nomusa Dube-Ncube;
(g) Ngaka Keitumetse Mothibeli; le
(h) Ngaka Sydney Mufamadi.
Ditiragalo tse di Tlang
6.1 Go Thapiwa ga Bašwa
6.1.1 Jaaka re tla bo re garela Mekete ya Kgwedi ya Bašwa, Kabinete e totobaditse boikuelo jwa Moporesitente Cyril Ramaphosa jwa gore dikgwebo le makala a mangwe a puso go sola mosola sefalana sa SAYouth.mobi go tlamela bašwa ka mekgwa e mengwe gape ya go itirela letseno le go itlhatlhelela ka kitso le bokgoni.
6.1.2 Ga jaanong mo sefalaneng seno go na le bašwa ba feta dimilione di le 4.7 ba ba ikwadisitseng mmogo le mo sefalanatshedimosetsong sa batho ba ba batlanang le ditiro sa Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri. Ka ntlha ya difalana tseno, bašwa ba kgonne go thusiwa gore ba kgone go iponela ditšhono tsa go itirela letseno tse di fetang palo e e kanaka milione le dikete tsa di makgolo a le thataro.
6.1.3 Kabinete e ikuela mo dikgwebong go bulela bašwa ditšhono le go ba isa sekolong mmogo le go ba tlhatlhelelo ka bokgoni.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
a) Rre Sinethemba Mpambane, Motlatsamotšhanselara wa Yunibesiti ya Walter Sisulu yo a thuntshitsweng le go bolaelwa mo sejanageng sa gagwe kwa khamphaseng ya yunibesiti ya Nkululekweni.
b) Mogasi yo o diphatsa yo a tumileng wa metshameko, Phumlani Msibi, yo a neng a itsege thata ka potso ya gagwe ya go tshegisa e a neng a rata go e botsa babogedi fa ba sena go bogela motshameko wa kgwele ya dinao ya gore "wena wa reng".
c) Moletsi wa terompeta le folutu Fezile “Feya” Faku, yo a dirileng bontle thata mo mminong mo a neng a tumile mo dikontinenteng dile tlhano yo gape a diragaditseng le dikakapa tsa mmino tse di jaaka bo Abdullah Ibrahim le bo Bheki Mseleku.
2. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
a) Setlhopha sa Naga ya Aforika Borwa sa Proteas jaaka ba šašarile setlhopha sa naga ya Australia mo Metshamekong ya Diganka tsa Lefatshe mme ya fenya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete (ICC). Motshameko wa bona o ba o fentseng le fa go ne go le boima o dirile gore setšhaba sa naga ya rona se nne motlotlo le go dira gore batho ba bone gore metshameko ke sedirisiwa se se nang le maatla se se kgonang go kopanya batho le go dira gore ba ipope seopo sengwe le go aga setšhaba.
b) Laura Seethal yo a tumileng ka leina la Tyla, jaaka e le ene yo a neng a gasa Dikabo tsa Ditlhopho tsa Bana tsa Nickelodeon tsa Ngwaga wa 2025 e bile gape jaaka e le ene seopedi sa Ngwana wa Mmala wa Sebilo wa ntlha go fenya kabo ya “Seopedi sa Mmino se se Ratiwang Lefatshe ka Bophara” mo Dikabong tsa Ditlhopho tsa Bana tsa Nickelodeon tse di neng di tshwaretswe kwa nageng ya Amerika.
c) Motshameki yo a tumileng wa metshameko ya diterama Leleti Khumalo mmogo le motlhagisi Anant Singh, bao ba tsenetseng Dikabo tsa Gauta tsa Metshameko e Mekhutshwane mo ‘Metshamekong e e Itlhaotseng’ ka ntlha ya setshwantsho sa bona sa Don’t Give Up mme dikabo tseno di ne di tshwaretswe kwa Moletlong o Mogolo wa Metshameko ya Mananeo a Thelebišene kwa 64th Monte-Carlo. Mokaedi wa setshwantsho seno ke Darrell James Roodt.
d) Kakapa ya Metshameko e e Tshamekelwang ka fa Teng ga Meago Prudence Sekgodiso, yo a sa bolong go duduediwa mo kgweding eno ya Seetebosigo. Ka la bo 15 Seetebosigo 2025 o ne a thopa maemo a boraro mo metshamekong ya mabelo a basadi a boleele jwa dimitara di le 800 kwa metshamekong ya Dikgaisano tsa Ditaemane e e neng e tshamekelwa kwa teropong ya Stockholm, kwa nageng ta Sweden. Ka la bo 24 Seetebosigo 2025 o ne a ikgatelela mme a fenya metshameko ya mabelo a basadi a boleele jwa dimitara di le 800 kwa metshamekong e e neng e tshamekelwa kwa Ostrava Golden Spike kwa nageng ya Czech Republic.
Jaaka re keteka segopotso sa ngwaga wa bo 70 wa Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo, re batla go gakolola batho botlhe gore “Naga ya Aforika Borwa ke legae la mang le mang yo a nnang mo go yona” –Lokwalotumelano lwa Kgololesego ya Ditshwanelo
E rebotswe ke: Setheo sa Puso sa Tlhaeletsano le Tshedimosetso (GCIS)
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485