A. Merero ya ga Jaanong
1. Ikonomi
1.1. Kgolo ya Ikonomi
1.1.1 Kabinete e nopotse dipalopalo tsa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa ka fa Nageng mo Ngwageng (GDP) tse di rebotsweng ke ba Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) mme dipalopalo tseno di bontsha gore ikonomi e godile ka phesente e e kanaka 0.1% mo kotareng ya ntlha ya ngwaga wa 2025, mme seno ke morago ga gore go nne le kgolo e nngwe gape ya phesente e e kanaka 0.4% mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2024.
1.1.2 Mo gare ga maphata a mangwe a le mantsi a a godileng, intaseteri ya lephata la temothuo, merero ya dikgwa le boreatlhapi di godile ka diphesente di le 15.8%, fa lephata la intaseteri ya dipalangwa, polokelo ya dithoto le ditlhaeletsano lona le godile ka diphesente di le 2.4%. Mo godimo ga seno, intaseteri ya dikgwebisano, phepo ya dijo le marobalo yona e godile ka phesente e e kanaka 0.5%.
1.1.3 Kabinete e santse e tlhobaediwa ke phutlhamo ya intaseteri ya tlhagiso ya dikuno, segolo jang jaaka puso e beile ka setlhoeng dikgato tsa go thusa dikgwebo tsa tlhagiso ya dikuno tsa ka fa nageng mme ga jaanong go letetswe gore go garelwe dikgato tsa go kwala pholisi e e kwalolotsweng sešwa ya intaseteri eno.
1.1.4 Puso e tlhaloganya sentle dikgwetlho tse di tobaneng le lephata la dijanaga tse di rwalang dithoto tse di tswelelang go ema ka fa phefong kgolo ya intaseteri ya meepo, mme re tswelela go tlhoma dikgato tseno leitlho le le ntšhotšho ka go dirisa Kgato ya Bobedi ya Letsholo la Operation Vulindlela mmogo le Tirisanommogo Magareng ga Puso le Dikgwebo go rarabolola dikgwetlho tse di leng teng mo lephateng la dijanaga tse di rwalang dithoto ka fa nageng ya rona.
1.1.5 Ka jalo, Kabinete e itumeletse dikgato tsa Kokoanotheomolao ya Bosetšhaba tsa go fetisa Leano la go Tsamaisa Tiro ya Tiriso ya Matlole a Setšhaba la 2025 le le tla oketsang tiriso ya madi a puso mo go beeletseng mo maeng (go tla dirisiwa madi a le kanaka tirilione ya diranta mo dingwageng di feta di le tharo tse re tobaneng le tsona).
1.2 Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng (QLFS)
1.2.1 Kabinete e nopotse dipegelo mo dikganyeng mo go begiwang dipalopalo tse di tlhobaetsang tsa batho ba ba dirang mo lephateng leo le sa tlholeng ditiro tsa boammaruri mo go QLFS.
1.2.2 Dipatlisiso tsa QLFS ka kotara e nngwe le e nngwe ya ngwaga di bokeletsatshedimosetso e e mabapi le dipalopalo tsa badiri ba ba nang le dingwaga di le 15 go ya kwa godimo. Mo godimo ga seno, Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) se kwala pegelo e e nang le tshedimosetso ka botlalo e e phasaladiwang morago ga dingwaga tse dingwe le tse dingwe di le nne, mme yona e dirisa le thulaganyo ya go bala dipalopalo tsa batho ba ba tlholang ditiro le ba ba ithapileng (SESE). Dipatlisiso tseno maitlhomo a tsona ke go abelana ka tshedimosetso e e tseneletseng e e ka ga dikgwebo le ditiro tsa lephata la dikwebo tse di sa kwadisiwang semmuso jaaka dikgwebo ka fa nageng ya Aforika Borwa.
1.2.3 Kabinete e ntse e tšhotlha kgang ya gore e dire gore SESE e diragadingwe morago ga kotara e nngwe le e nngwe kgotsa morago ga ngwaga o mongwe le o mongwe, le fa go le jalo, gore StatsSA e kgone go diragatsa maikarabelo a yona e tlhoka tshedimosetso e e buang ka dikgwebo tse di sa ikwadisang semmuso, mme tshedimosetso eno ka ono motsotso ga go ko e ka bonwang teng go ka kgontsha StatsSA go dirisa e nngwe ya tshedimosetso ya dikgwebo tseo jaaka dikai.
1.2.4 Mo nakong e e fetileng re ne ra itsise setšhaba gore Kabinete e neseditse pula Pholisi ya Naga ya Mokgwa wa go Rebolela Dikgwebo Dilaesense (NBLP) e leng seo se tla dirang gore gareng ga tse dingwe tse dintsi dithulaganyo tsa go rebola dilaesense tsa dikgwebo tse di sa kwadisiwang semmuso di lomagane le go dira gore mo pakeng eo ya go tsenya pholisi eno tirong, Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tshwanetse go dira bonnete jwa gore le nna le sefalanatshedimosetso sa beng ba dikgwebo tse di sa kwadisiwang semmuso se se tshepagalang go tokafatsa boleng jwa QLFS le kgonagalo ya gore go feletse go na le SESE ya ngwaga o mongwe le o mongwe.
2. Phimolakeledi le Tibelo ya Botlhokotsebe
2.1 Tshireletsego le pabalesego
2.1.1 Kabinete e tsweletse go tlhwaya tsebe mo dipuopuong tse di buang ka botlhokotsebe ka fa nageng ya Aforika Borwa tse di latofatsang puso ka gore e palelwa ke go loga maano a a tsepameng a go lwantshana le botlhokotsebe, seno se diragala le fa go rebotswe dipalopalo tsa dikgetse tsa ditiragalo tsa botlhokotsebe tse di rebotsweng ka la bo 23 Motsheganong 2025 ke Tona ya Sepodisi fa a rebola pegelo ya kotara ya bone ya ngwaga wa matlole wa 2024/25 (go tloga ka la bo 01 Ferikgong go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2025).
2.1.2 Fa go ne go rebolwa dipalopalo tseno tsa dikgetse tsa botlhokotsebe Tona ya Sepodisi e ne ya tlhalosa diktlha tse di latelang tsa Tsamaiso ya Puso ya Bosupa: (a) Phokotso ya dipalopalo tsa dipolaano, (b) Phokotso ya ditlhobolo tse di seng mo molaong le go gagamatsa melao ya go nna le tlhobolo e e leng mo molaong, (c) go lwantshana le Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF), (d) go phuaganya ditiragalo tsa bosenyi tsa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala, go tsenyeletsa le ditiragalo tsa go gweba ka diritibatse, go kgothosa dijanaga tse di rwalang madi, bogodu jwa go tshosetsa botshelo jwa motho gore a go duelele, bogodu jwa go thopa batho ka dikgoka, ditiragalo tsa bogodu jwa digongwana, mmogo le go lwantshana le ditiragalo tsa bonweenwee - e leng seo se tla diragadiwang mo ditheong tsotlhe tsa SAPS le mo nageng ka bophara.
2.1.3 Dipalopalo tsa kotara ya bone ya ngwaga wa matlole wa 2024/25 di bontshitse kgatelopele (jaaka go nnile le phokotsego mo dikgetseng tsa bosenyi) fa go bapisiwa le paka yona eno mo ngwageng yo o fetileng wa matlole. Sekao, mo diteišeneng tsotlhe di le 30 tse di tumileng ka gore ke tsona tse di gogang kwa pele fa go tla mo dikgetseng tse dintsi tsa botlhokotsebe, di le 13 tsa tsona di iponetse dipalo tse di kwa tlase, mme di le pedi fela ke tsona tse dipalopalo tsa tsona di sa fetogang.
2.1.4 Mo ntlheng ya tlhaselo ya balemirui, dipalopalo tsa dikgetse tsa botlhokotsebe di bua ka tlhaselo ya dipolasa tsa kgwebo, mme mo ntlheng eno puso ga e umake gope bosemorafe jwa batswasetlhabelo bao, mme ka ntlha ya fa ga jaanong go na le maaka a a gasiwang ka ntlha eno, setšhaba se tshwanetse go itse gore mo dipalopalong tse di begang polao ya beng ba dipolasa ba le babedi, bobedi jwa bona ke Bana ba Mmala wa Sebilo, bobedi jwa badiredi ba dipolasa ke bona ba ba gobaditsweng, e bile mo go batlhokomedi ba dipolasa ba le batlhano ba ba bolailweng a le mongwe mo go ba le batlhano ke Ngwana wa Mmala wa Sebilo.
2.1.5 Fa go tla mo ditlhobolong tse di seng mo molaong, letsholo la Operation Shanela le tswelela go tlisa diphetogo jaaka go setse go thopilwe ditlhobolo tse di seng mo molaong malobanyana di le 128 le go golega babelaelwa ba le 82.
2.1.6 Setheo sa Dipatlisiso tsa Melato e Megolo ya Botlhokwa le sona se samagane le tiro ya sona, mo se kgonneng go sekisa babelaelwa ba le 656 kwa kgotlatshekelo, ba le 364 ba amega mo melatong ya ditiragalo tsa bosenyi tsa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko ya go utswa ka mmetela le go timetsa motlhala, ba le 220 ba amega mo melatong ya go thubela dikgwebo fa ba le 72 ba amega mo melatong ya go tsena ka maoto a mabedi mo melatong ya bonweenwee.
2.1.7 Fa go tla mo go GBVF, e tla re ka Labotlhano wa la bo 13 Seetebosigo 2025 kwa Ntloleholoholong ya Setšhaba sa Atteridgeville kwa Pretoria ga tshwarwa kopano go buisana ka Leano la Naga la go Loga Maano mo Mererong ya go Lwantshana le go Bogisiwa le go Bolawa ga Basadi mmogo le kgatelopele e e setseng e dirilwe. Go tla sekasekwa mmogo le go tsenngwa tirisong sešwa ditirelo tse di abelwang batho ba ba bogisiwang ka GBVF k go di baakanya gore di nne le mosola.
2.1.8 Kabinete e kolobetse pelo ka go itharolola ga yo mongwe wa babelaelwa yo a ntshitseng sephiri sa gore ke ene yo a lobetseng dintshi Mokwaledikakaretso wa Mokgatlho wa Bašwa wa African National Congress ka Phukwi 2017 e bong Sindiso Magaqa mmogo le Mokhanselara wa Umzimkhulu. Kabinete ga e na mohau fa go tla mo ditiragalong tsa go lobela boradipolotiki dintshi gonne go le gantse batswasetlhabelo ba ditiragalo tseno ke ba ba lwantshanang le ditiragalo tsa bonweenwee. Re na le tsholofelo ya gore tiragalo eno e tla re thusa gore re utolole tse dingwe tsa diphitlhela tsa gore ba bangwe ba ba amegang ke bo mang.
2.2 Go Busediwa ka fa Nageng ga Masaledi a ba Bangwe ba Baswi ba MaAforika Borwa ba ba Tlhokafaletseng kwa Ntle ga Naga
2.2.1 Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go thankgolola Kgato ya Bobedi ya Porojeke ya go Busediwa ka fa Nageng ga Masaledi a ba Bangwe ba Baswi ba MaAforika Borwa ba ba Tlhokafaletseng kwa Ntle ga Naga, mme mo msalaeding ao go na gape le a a tla bolokwang lekgetlo le lengwe gape a Bana ba Morafe wa maKhoi le maSan. Jaaka go samaganwe le go gata motlhala, go epolola le go busediwa ka fa nageng ga masaledi a balwelakgololesego ba ba tlhokafetseng ba le kwa dinageng tsa kwa ntle, letsholo leno la go busetsa ka fa nageng go tla go bolokasešwa masaledi a Bana ba Morafe wa maKhoi le maSan ke kgato e e botlhokwa thata mo go phosololeng hisetori ya Aforika Borwa. Dithulaganyo tsa go tla go bolokasešwa masaledi a batho ba le 58 ba go bonagalang ba tswa kwa porofenseng ya Kapa Bokone e setse e gatetse kwa pele thata mme le dikgato tsa go buisana le baagi ba ba amegang di tsweletse.
2.2.2 Letsholo leno le diragadiwa go tsweletsa leo le diragaditsweng mo ngwageng wa 2024 mo balwelakgololesego ba le 49 masaledi a bona a neng a busediwa ka fa nageng mme seno ke go bontsha maikemisetso a puso a go rarabolola diphoso tse di dirilweng mo nakong e e fetileng e leng selo se se tla dirang gore re tshwaragane mme matshwafo a setšhaba sa rona a okobale.
Setlhopha sa baromiwa se tla tsaya maeto a setegeniki go leba kwa nageng ya Angola, Lesotho, Zambia le Zimbabwe go rebola letsomane la go tsoma mabitla le direkoto tsa mabitla go sala morago motlhala wa mabitla a batho ba naga ya rona ba ka tswang ba robetse kwa go ona.
2.3 Go Keteka Dikgato tsa go Tlhoma Kgotlatshekelo ya Molaotheo
2.3.1 Ngwaga wa 2025 ke segopotso sa dingwaga di le 25 fa e sale Baatlhodi ba Kgotlatshekelo ya Molaotheo ba tshwara kgotla ya ntlhantlha mo nageng ya temokerasi e e tsamaisiwang ka semolaotheo, e leng kgotlhatshekelo e e botlhokwa thata fa go tla mo go sireletseng molaotheo wa temokerasi ya rona.
2.3.2 Ke ka ntlha ya seno Kabinete e itumeletseng dipuisano tse di tshwerweng ke puso le lephata la dikgotlatshekelo tsa molao tse di neng di emetswe ke Moatlhodimogolo wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo Mandisa Maya mmogo le baeteledipele ba dikgotlatshekelo tse di farologaneng mme kopano eno e ne e tshwaretswe kwa go Moporesitente Cyril Ramaphosa. Mo dipuisanong tseno go atlhaatlhilwe dintlha tse di santseng di saletse morago tsa tsamaiso tse di tla dirang gore seo se leng mo molaotheong ka ga lephata la dikgotlatshekelo tsa molao se phetagadiwe ka botlalo go dira gore lephata la dikgotlatshekelo tsa molao, fela jaaka palamente, le lona le nne karolo e e ikemetseng ya puso. Bobedi lephata la tsamaiso ya puso mmogo le lephata la dikgotlatshekelo tsa molao bo ikantse gore bo batla aga lephata la dikgotlatshekelo tsa molao le le nang le maatla, le le dirang tiro ka tshwanelo leo le itshegeditseng ka ditaolelo tsa Molaotheo wa naga ya rona.
3. Letsholo la go Tlhokomela Baagi le go Tlhatlhelela Batho
3.1 Dipula tse di Bogale
3.1.1 Kabinete e romela matshediso go ba malapa a bao matshelo a bona a fetileng le merwalela e e neng e gogola mafelo a a farologaneng kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba. Go fitlha ga jaanong palo ya batho ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona e balelwa mo go ba le 57. Malapa a le mantsinyana ga go ko ba ka latsang tlhogo gona mme le mafaratlhatlha mo porofenseng ya Kapa Botlhaba le ya KwaZulu-Natal a phuagane.
3.1.2 Puso e samagane le matsholo a go thusa bao go sa itseweng gore ba ntlheng efe ya mafelo ano mmogo le go tswa thuso bao ba leng mo tlalelong mme e dira seno ka go sola mosola Ditikwatikwe tsa Diporofense tsa Taolo ya Masetlapelo jaaka go laolwa ka Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng tse di relweng maikarabelo a go disa maemo a masetlapele. Ba ditirelo tsa tshoganyetso le bona ba rometswe go tswa kwa Gqeberha, lefelo leo mo malobeng le neng le bediwa East Londo, mmogo le go tswa kwa Tikologong ya Chris Hani go ya go thusana le ba ditirelo tsa tshoganyetso tsa mafelo a a amegileng.
3.1.3 Kabinete e eletsa mongwe le mongwe go ntsha matlho dinameng mo matsatsing a le mmalwa a a tlang jaaka go solofetswe gore maemo a bosa a santse a tla tswelela go nna bogale mo dikgarolong di le dintsi tsa ka fa nageng. Maemo ano a ka nne a dira gore go tsidifale le go feta, go we semathana, go tsubutle diphefo tse di tsididi mmogo le dipula tsa matlakadibe.
3.1.4 Baagi ba rotloediwa gore ba tlhwae tsebe go reetsa dikgang tse di buang ka maemo a bosa mo diyalemoweng le mo mafaratlhatlheng a ditlhaeletsano; mme ba se tseye maeto go leba kwa mafelong a a tlhabetsweng ke maemo a bosa a a leng kotsi. Batho ba ba tla tsayang maeto go ikuelwa mo go bona gore ba diegise maeto a bona kgotsa ba fetole dinako tse ba tla tsayang maeto go fitlha maemo a bosa a a tlhobaetsang a feta.
4. Boitekanelo
4.1 Ngwananyana o Montšhwa wa Mogare wa COVID-19 o Runtse mo Mafelong a a Rileng a Naga ya Asia
4.1.1 Kabinete e solofetsa maAforika Borwa gore naga, jaaka e disitswe ke Lefapha la Boitekanelo leo le lebeletseng bolwetse jo bontšhwa jono jwa COVID-19 ka leitlho le le ntšhotšho, jo bo bidiwang Nimbus kgotsa NB.1.8.1, jo bo amanngwang le ditiragalo tsa go gakala ga bolwetse jono kwa dikgaolong tse dingwe tsa naga ya Asia.
4.1.2 Kabinete e ikuela mo baaging botlhe ka fa nageng go nna ba le phepa mme seno se tsenyeletsa le go se dumedisane ka go tshwarana ka diatla, go tlhapa diatla ka metsi a sesepa, go thiba molomo fa ba gotlhola, go apara maseke fa motho a tshwerwe ke mokgotlhwane le go nna mo ntlong fa motho a sa ikutlwi sentle. Re ne ra bontsha mo nakong ya fa go ne go na le leroborobo la COVID-19 gore dikgato tse di mmalwa tseno di kgona go fokotsa kgonagalo ya go anama ga malwetse a dikarolo tsa go hema tsa mmele.
4.2 Bolwetse jwa Leruo (FMD)
4.2.1 Kabinete e neseditse pula tsibogelo ya ka bonako ya Lefapha la Temothuo mo go runyeng ga bolwetse jwa leruo. Diporofense tse di wetseng ke leru leno ke KwaZulu-Natal (KZN), Mpumalanga le Gauteng. Lefapha le rekile diente di feta di le 900 000, mme diente tsa ntlha tsa diente tseno go solofelwa gore mo nakong e e sa fediseng pelo di tla bo di goroga.
4.2.2 Mo mafelong ao go nang le bolwetse jono mo go ona, mafelo ao le dithoto tsa ona go tla ilediwa gore di tswe mo mafelong ao; ga go sepe se se tshwanetsweng go tlisiwa kgotsa go ntshiwa mo dipolaseng tseno. Mafelo a magolo ao go sa kgonagaleng gore go ka bewa ditsiboso tsa gore a se tsenwe kgotsa go se ntshiwe sepe mo go ona, mafelo ao a tla bewa ka fa tlase ga taolelo ya gore ke Mafelo a a Wetsweng ke Bolwetse mme le mo go ona mafelo ano melawana ya go tshwana le ya mo mafelong a a sa tshwanelwang go tsenwa le go ntshiwa ga dithoto tsa ona e tla tshwanelwa ke go latelwa.
4.2.3 Mo godimo ga seno, go samaganwe le maano a go dira gore go tlhomiwa Lekgotla la Tshomarelo ya Ditsatlhago mme mo go yona go tl bo go na le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), Dingaka tsa Diphologolo, Setheo sa go Disa Melelwane mmogo le beng ba intaseteri ya diphologolo gore go kgonwe go samagana le malwetse a a ka runyang mo isagong mmogo le matshosetsi a a tsamaisanang le go runya ga malwetse ao.
4.3 Paka ya Bogwera
4.3.1 Paka ya Bogwera ya ngwaga wa 2025 e re aparetse mme puso e santse e eme ka la gore bagwera ba tshwanetse go tlhokomelwa, fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tla dira gore batho ba se latlhe setso.
4.3.2 Mo pakeng ya monongwaga ya bogwera ya ngwaga wa 2025 go dikgato di le dintsinyana tse e leng segapeletsa gore dikoma di di latele mme tsona ke go ikwadisa le go tlhotlhomisa gore sekolo seo se ikwadisitse semolao, bagwera botlhe ba tshwanetswe go tlhatlhobiwa kwa maokelong gore ga ba na malwetse le gore ke malwetse afe a ba nang le ona le bokotsi jwa ona. Koma nngwe le nngwe e e ikgatolosang molao, e e sa tseyeng tsia melawanataolo ya pabalesego ya bagwera kgotsa e e bayang mo kotsing matshelo a bona ga e kitla e senyediwa nako go tswalelwa.
4.3.3 Kabinete e ikuela mo batsading le mo bagodising ba bana go diragatsa maikarabelo a bona ka go dira gore basimanyana ba bona ba isiwe kwa dikomeng tse di letleletsweng go dira tse di leng mo molaong gore ba se welwe ke dintelo. Batsadi ba ka begela mapodisi kwa seteišeneng sa sepodisi se se leng mo metseng ya bona fa e le gore go koma e e dirang mme e se mo molaong.
5. Merero ya Tsamaiso ya Puso
5.1 Puisano le Setšhaba
5.1.1 Kabinete e itumeletse tsiboso ya ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo a itsisitseng letlha le go tla tshwarwang Puisano le Setšhaba ka lona, mme lona ke la bo 15 Phatwe 2025 mme kopano eno e tla nna e nngwe ya dikopano tsa go ithulaganyetsa Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba. Kopano eno e naya maAforika Borwa otlhe, go sa kgathalesege gore ke ba mofuta mang, tšhono ya go buisana ka dikgwetlho tsotlhe tse naga ya rona e tobaneng le tsona mmogo le go tla ka ditharabololo tse di tshwanetsweng go sekasekwa ke puso gore di ka kgonagala gore di tsenngwe tirisong.
5.1.2 Moporesitente Ramaphosa o tlhomile Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng (IMC) e e eteletsweng pele ke Monnasetulo wa yona e bong Motlatsamoporesitente, Paulos Mashatile to prepare, go rulaganya, go tsamaisa le go laola bobedi Kopano e Kgolo ya Puisano le Setšhaba mmogo le Kopano ya Puisano le Setšhaba.
5.1.3 Moporesitente Ramaphosa o nopotse gape le setlhopha sa Batho ba Tlotlomadiwang ba e leng bona ba ba tla nnang segakolodi sa puso fa go ipaakanyediwa go tsena mo Kopanong e Kgolo ya Puisano le Setšhaba mmogo le mo Kopanong ya Puisano le Setšhaba.
5.2 Dipholo tsa Boruni tsa Maphata a Puso ya Dimasepala
5.2.1 Kabinete e nopotse Dipholo tsa Boruni tsa Maphata a Puso ya Dimasepala tsa Ngwaga wa Matlole wa 2023/24, mme tsona di bontsha gore go na le diphetogo tse di diragetseng mo ditlankaneng tsa matlole mmogo le mo dipegelong tsa tsamaiso ya tiro.
5.2.2 Pegelo eno e tlhalosa gore dimasepala di le 41 di kgonne go fitlhelela dipholo tsa boruni tse di amogelesegang mo ngwageng wa matlole wa 2023/24. Seno se bontsha gape le gore dimasepala di le 59 maemo a bona a boruni a tokafetse fa e sale go tloga ka ngwaga wa matlole wa 2020/21, fa ka fa letlhakoreng le lengwe e le fela dimasepala di le 40 tse di boetseng morago.
5.2.3 Kantoro ya Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng (AGSA) e nopotse gore go nnile le ditiragalo tse di oketsegileng tsa tiriso ya matlole ka tsela e e sa tsamaisaneng le molao, tiriso eno ya matlole e gatakaka kgotsa e ikgatolosa dikgato tseo di tshwanetsweng go latelwa tsa Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso ya Masepala (MFMA)/Molao wa Botsamaisi jwa Madi a Puso (PFMA) mmogo le melao e mengwe e e tshwanetsweng go latelwa, mme seno fa AGSA e fitlhela gore se a diragala, go tla raya gore setheo se se amegang ga se a diragatsa thomo ya sona go ya ka dikarolo tsa Molao o o tshwanetseng go latelwa.
5.2.4 Kabinete e ipela ka dikgato tsa ga Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng tsa go lwantshana le ditiragalo tsa tshenyo ya madi a puso pele paka ya gagwe ya tiro e ka garela. Tshenyo ya madi le tiriso ya madi botlhaswa ke ditiragalo tsa go dirisa madi mo dilong tse di senang mosola, tse go senang sepe se se ka supiwang gore setheo seo se se dirile ka madi ao.
5.2.5 Ka go tsenya tirisong dikgato tsa Kgato ya Bobedi ya Letsholo la Operation Vulindlela tse di buang ka Diphetogo mo Dipusong tsa Dimasepala, puso e tla samagana le go ema nokeng maitlhomo a ga Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng mmogo le go thusana le ditheo tse di amegang gore di kgone go latela dithulaganyo tse di laetsweng go dira gore tiriso ya matlole ka tsela e e sa tsamaisaneng le molao e nne selo se molao o sa tlholeng o se amogela ka gotlhe. Tiro eno e tla enngwa nokeng gape le ke dikgato tsa go kwalola sešwa Sekwalwa sa Masupatsela sa Puso ya Dimasepala se se tla tswalelang diphatlha tse di leng teng mo molaong tse di dirang gore go tswelele go nne le ditiragalo tsa tiriso ya matlole ka tsela e e sa tsamaisaneng le molao.
5.3 Letsholo la go Phepafatsa Diteropo le Diteropo tse Dikgolo
5.3.1 Kabinete e itumeletse Letsholo la go Phepafatsa Diteropo le Diteropo tse Dikgolo le le thankgolotsweng ke Motlatsamoporesitente Paulos Mashatile e leng seo se tla tlhotlheletsang baagi gore ba dire bonnete jwa gore diteropo le diteropo tse dikgolo tsa naga ya rona di nne di le phepa.
5.3.2 Le fa letsholo leno le thankgolotswe kwa tshimologong mo Teropokgolong ya Johannesburg, mo dibekeng tse di tlang le tla anama go ya kwa diteropong le kwa diteropong tse dikgolo tsa diporofense tse dingwe.
5.3.3 Kabinete e ikuela mo baaging go tsaya maikarabelo mme ba dire gore mo mafelong a boitapoloso jwa baagi go se nne le leswe mme mafelo ao a nne a a itumedisang leitlho mme ba rwale maikarabelo a ditikologo tse ba nnang mo go tsona. Letsholo leno le le tla diragadiwang naga ka bophara maitlhomo a lona ke go dira gore metseseteropong e nne e phepafetse, e le tala e bile tlhokomelo ya yona e nne e e tshwaraganetsweng.
6. Merero ya Boditšhabatšhaba
6.1 Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga di le Supa (G7)
6.1.1 Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla tsenela Samiti ya Ditlhogo tsa Dinaga di le Supa (G7) kwa Kananaskis, kwa nageng ya Canada, go tloga ka la bo 15 go fitlha ka la bo 17 Seetebosigo 2025.
6.1.2 Maitlhomo a Samiti ya G7 ke go rarabolola dikgwetlho tse di botlhokwa tse lefatshe ka bophara le tobaneng le tsona mmogo le go go dira gore botlhe ba nne le seabe mo go godiseng ikonomi, go lwantshana le ditiragalo tsa phetogo ya maemo a loapi mmogo le go lwantshana le dikgwetlho tse di tlang le thekenoloji e e tlhabologang ka lebelo.
6.1.3 Go solofetswe gore dipuisano mo kopanong eno di tla tsenyeletsa le dintwa tse di runtseng mo lefatsheng, segolobogolo ntwa e e runtseng kwa nageng ya Ukraine mmogo le maitlhomo a go dira gore maemo a ikonomi mo lefatsheng a kgone go laolega.
6.2 Botsalano jwa Naga ya Aforika Borwa le ya Russia
6.2.1 Motlatsamoporesitente, Paulos Mashatile, o tla tsaya leeto go etela naga ya Russian go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 21 Seetebosigo 2025, go gagamatsa botsalano jwa tirisanommogo le kgwebisanommogo jo dinaga ka bobedi bo nang le jona fa e sale go tswa loe.
6.2.2 Go tsayeng loeto lono go naya naga tšhono ya go godisa tirisanommogo mo ikonoming, go sekaseka ditšhono tse dingwe tse dintšhwa tse go ka dirisanwang mmogo mo go tsona mmogo le go eletsana gore go emisiwe ka ntwa e e tsweletseng mo kgaolong eo. Naga ya Aforika Borwa e tsweletse go ema ka la gore e batla gore ntwa magareng ga naga ya Russia le ya Ukraine e fedisiwe mme go rene kagiso jaaka yona e eme ka la gore ga e tseye letlhakore la naga epe ya tseo di leng mo ntweng.
B. Go Baya Ditokololo tsa Kabinete mo Dinakong
1. Go Tsenya Tirisong Dipoelo tsa Kopanokgothakgothe ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe
1.1. Kabinete e senoletswe maano a a logilweng a a tla dirisediwang go tsenya tirisong dipoelo tsa Kopanokgothakgothe ya Merero ya Metsi le Kgeleloleswe, e e neng e tshwaretswe gore e tle ka ditharabololo tsa dikgwetlho tsa metsi le kgeleloleswe tse naga ya Aforika Borwa e tobaneng le tsona.
1.2. Dipoelo tseno di bontsha ka fao puso e ikemiseditseng go fedisa dikgwetlho tse di leng teng mo lekaleng leno mme e tle e kgone go aga lekala la metsi le kgeleloleswe le le tla nnelang ruri, jaaka e le lekala le le nang le seabe mo go tliseng seriti le bophelo bo bo siameng mo matshelong a maAforika Borwa otlhe.
1.3. Kabinete e itumeletse boikano jo bo dirilweng ke bannaleseabe jwa gore ba tla tokafatsa maemo a kabo ya ditirelo mo lekaleng leno mme ba tla dira jalo ka go tla ka ditharabololo tsa nako e khutshwane, tsa nako e telelenyana le tsa nako e telele mme dintlha tse di botlhokwa go dumelanweng ka tsona tse go tla samaganwang natso e tla nna tse di latelang:
1.3.1. Mafapha otlhe a puso a tshwanetse go duelela ditshupatuelo tsotlhe tse di senang diphoso tsa dimasepala mo nakong ya paka e e sa feteng dikgwedi di le tharo mme le dimasepala le tsona di tla tshwanelwa ke go gagamatsa melao ya yona ya go laola dikoloto tsa mafapha a puso a a sa dueleleng dikoloto tsa ona.
1.3.2. Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi (WSA) tse tsotlhe di tshwanetse go duelela ditshupatuelo tsa tsona tse tsotlhe tsa ga jaanong ka botlalo le ka nako kwa Botong ya Merero ya Metsi, mme Diboto tsa Merero ya Metsi tse tsotlhe tsona di tshwanetse go duelela ditshupatuelo tsa tsona tse tsotlhe tsa ga jaanong ka botlalo kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe (DWS), mme seno se tshwanetswe go simolola go diragadiwa go tloga ka ona motsotso ono, mme Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le tla tshwanelwa ke go dira gore fa Moranang 2026 a roga le bo le simolola go tsenya tirisong Leano la Tuediso ya Metsi a a Iseng a Tlhatswiwe le le kwalolotsweng sešwa.
1.3.3. Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tla garela dithulaganyo tse di kwalolotsweng sešwa tsa mokgwa wa go tlamela puso ya mebasepala ka matlole mme Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe lona le tla tlhoma Setheo se se Ikemetseng sa Merero ya Taolo ya Tshomarelo ya Metsi gore se samagane le tiro ya go laola ditlhwatlhwa tsa dituediso tsa motsi mo lephateng lotlhe la metsi, mme tiro eno e tla garelwa pele go ka feta dingwaga di le tharo.
1.3.4. Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi tse tsotlhe kgotsa Baabelani ba Ditirelo tsa Metsi ba botlhe, ba ga jaanong ba senang matsholo a go dira letseno ka metsi, ba tshwanetse gore fa Motsheganong 2026 a tlhaba ba bo ba na le ona, Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi tse tsotlhe tseo di iseng di kgone go ithulaganyetsa thulaganyo ya go dira letseno ka go rekisa metsi di tshwanetse go tsaya tshweetso e e tla isiwang kwa Makgotleng a bona mabapi le ntla eno pele go ka feta paka ya dikgwedi di le thararo, mme e bile gape Ditheo tsa Ditirelo tsa Metsi tse tsotlhe di tshwanetswe go kwalola sešwa direjisetara tsa bona tsa malapa a a humanegileng pele dingwaga di le pedi di ka garela mme ba dire bonnete jwa gore ditirelo tse di sa duelelweng di abelwa malapa a a humanegileng. Badirisi ba bangwe ba ba ikgonang ba ditirelo tseno bona ba tshwanetse go duedisiwa mme dituelelo di tshwanetswe go latwa ko bodirising ba bangwe botlhe ba ba leng teng ba ba sa humanegang.
2. Go Ipaakanya Kopano ya G20
2.1. Kabinete e beilwe mo dinakong ka tiro e e setseng e dirilwe mo go ipaakanyetseng go tshwara Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20 jaaka go tsweletswe ka dikopano di le dintsinyana tse di tswelelang go tshwarwa.
2.2. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e Samaganang le Merero ya G20 e setse e ribolotse tse dingwe tsa Diporojeke tse di Botlhokwa tsa G20 mmogo le ditiragalo tse dingwe tse di tsamaisanang le tiro eno mme e dirile seno ka leina la gore Naga ya Aforika Borwa e Tsorame Maemo a Boporesitente jwa G20. Ditiragalo tseno di tsenyeletsa porojeke e e botlhokwa ya bojanala e e neng e gogwa kwa pele ke Lefapha la Bojanala, mmogo le ditiragalo tse di jaaka Kopano ya go Ngoka Babeeletsi mo Lephateng la Bojanala, Kopano ya go Bokeletsa Baitseanape ba Merero ya Bojanala, mmogo le Tlhokomelo ya Mafelo a Bojanala.
2.3. Maitlhomo a ditiragalo tseno tsotlhe ke go sola mosola dirala tsa G20 go dira gore re godise le go fetola serodumo sa naga ya Aforika Borwa gore e nne naga e e dumang mo ditlhogong tsa babeeletsi mo mererong ya bojanala mmogo le mo bajanaleng fa ba nagana ka bojanala.
2.4. Dikopano tse di latelang tsa G20 di tshwaretswe mo nageng ya Aforika Borwa go ipaakanyetsa Kopano e Kgolo ya G20:
2.4.1. Kopano ya Tiro ya Merero ya Lephata la Dikgwebo tse di Gwebang ka Inthanete (DEWG) e e tshwerweng lekgetlo la boraro go tloga ka la bo 09 go fitlha ka la bo 11 Seetebosigo 2025 kwa porofenseng ya Limpopo, e ne e tsepamisitse mogopolo mo go anamiseng dintlha tse di botlhokwa tse di amang dinaga tsotlhe mo maitlhomo e leng go dira gore dikgwebo tse di gwebang ka inthanete di fitlhelesege bonolo, di rwale maikarabelo le go dira gore di kgone go tlisa kgolo e e sa etsaetsegeng.
2.4.2. Kopano ya Tiro ya Merero ya Lephata la Ditheo tsa Boditšhabatšhaba tsa Matlole e e tshwerweng lekgetlo la boraro go tloga ka la bo 09 go fitlha ka la bo 10 Seetebosigo 2025 kwa porofenseng ya Limpopo, e ne e tsepamisitse mogopolo mo go leanong la go tsamaisa tiro ya go tlhoma leitlho le go baya ka fa tlase ga taolo ya Leano la G20 go dira gore le dire gore re nne le Dibanka tsa go Thusa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba tse di botoka, tse dikgolo le tse di mosola.
2.4.3. Kopanokgothakgothe ya G20 ya Lephata la Thuto la Porofense e ne e tshwaretswe kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal k la bo 10 Seetebosigo 2025 mme go ne ga sekasekwa ditšhono tse di tla kgontshang dinaga tseo e leng karolo mo kopanong eno go abelana ka thuto ya maemo a a kwa godimo mo dikolong tsa bomapimpana mmogo le go dira gore re nne le barutwana ba ba nang le bokgoni ba ba tla kgonang go mekamekana le tsa mo isagong.
2.4.4. Kopano ya Baromiwa ba Dinaga tsa G20 mmogo le Kopano ya Dimeyara tsa Dinaga tsa Aforika e e tshwerweng go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 14 Seetebosigo 2025 kwa Teropong ya Tshwane, e kokoantse dimeyara go tswa kwa dinageng ka go farologana go tla go tšhotlha dintlha tse di jaaka ditšhono tsa go iphedisa, dikgato tse di tla tsewang kgatlhanong le phetogo e e sa iketlang ya maemo a loapi, phetogo ya go dira gore baagi ba lekalekane mmogo le go tlhabolola mafaratlhatlha a dikhomphiutara.
2.4.5. Kopano ya Tiro ya Merero ya Lephata la Boitekanelo e e tshwerweng lekgetlo la bone go tloga ka la bo 10 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2025 kwa porofenseng ya Gauteng, e ne e tsepamisitse mogopolo mo go tlhomeng ditšhono mo lephateng la go abelana ka didirisiwa tsa thekenoloji, go tla ka ditsela tse di sa okaokeng tsa tlamelo ya matlole le go rulaganya ditheo tsa melao go dira gore re kgone go nna le didirisiwa tsa go pholosa maphelo a batho ka nako le ka go lekalekana fa go na le masetlapelo.
2.4.6. Kopano ya Setlhopha sa go Phetagatsa Tiro sa Merero ya Dithekenoloji tsa Maemo a a kwa Godimo tse di Dirang Ditiro tse di Diriwang ke Batho (AI), ya Bobusi le Boitlhamedi jwa Tshedimosetso ya go Tlisa Tlhabololo e e Tsepameng e e tshwerweng lekgetlo la boraro e ne e tshwaretswe kwa porofenseng ya Limpopo go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2025, e neetse ditokololo tsa G20 tšhono ya go nna le seabe mo go rulaganyeng dikgato tsa mo isagong tsa go godisa AI le tsa go e dirisa gore e tswele setšhaba mosola.
C. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Pegelo go tswa kwa go Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng tse di Samaganeng le Malwetse a Dijo tse di Nang le Botlhole
1.1. Kabinete e amogetse pegelo go tswa kwa go Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng tse di Samaganeng le Malwetse a Dijo tse di Nang le Botlhole eo e neng e bua segolobogolo ka motswako wa go peita masimo.
1.2. Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e ne ya lomiwa tsebe ke Lekgotla la Baeletsi ba Ditona (MAC) ka ntlha eno ya malwetse a dijo tse di nang le botlhole jaaka le thapilwe ke Tona ya Boitekanelo, e bong Ngaka Aaron Motsoaledi. Lekgotla leno le na le baitseanape ba maphata a a farologaneng a boitekanelo mme ba tla eletsa setšhaba gore ke eng se se tshwanetsweng go diriwa gore re kgone go tlhaselwa ke malwetse a maroborobo mo isagong.
1.3. Lekgotla la Baeletsi ba Ditona le dirile dipatlisiso ka gore go tla jang gore molemo wa go peita dijalo wa Terbufos, (o o tumileng ka gore ke Galephirimi),o nne bonolo gore setšhaba se kgone go ka o reka jaaka o na le botlhole jo bo bogale jo bo dirileng gore bana ba le barataro ba tlhokafale kwa Naledi, Soweto. Le fa baitseanape ba sena kitso e e feletseng ya gore bana bano ba kopane kae le botlhole jono, kgonagalo ya gore bana bao ba jele dijo tse di ka tswang di na le botlhole jwa galephirimi eno kwa mabentlelenyaneng ao ke yona tlhaloso e le esi fela e e kgonang go tlhalosa gore ba ka tswa ba kopane kae le botlhole joo.
1.4. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa gore go ilediwe ka fa nageng ya Aforika Borwa molemo ono wa go peita dijalo wa Galephirimi, e leng o mongwe wa melemo e e welang mo melemong ya go peita dijalo, o gantsi o dirisediwang go bolaya le go koba ditshenekegi le magotlo.
1.5. Lefapha la Temothuo e tla nna lona le le di gogang kwa pele mo dipuisanong tsa go batla maikutlo a setšhaba mo ntlheng ya gore molemo ono o ilediwe mme dikgato tseno di tla latela tse di umakilweng mo Leanong la Ngwaga wa 2010 la go fedisa melemo ya go koba le go bolaya ditshenekegi le magotlo ga nnyane ga nnyane mo tsamaong ya nako mmogo le tiro e e tshwanetsweng go diriwa go ka bona o mongwe molemo o o ka dirisiwang mo legatong la molemo wa galephirimi.
D. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1. Rre Ndumiso Kubheka o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Naga sa Thuso ya Bašwa (NYDA).
2. Bakaedi ba Boto ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle
a. Mme Delia Ndlovu (Monnasetulo);
b. Rre Willem van der Spuy
c. Rre Andile Mabizela;
d. Rre Sisa Mayekiso;
e. Rre Bheki Ishmael Mkhize;
f. Mme Philisiwe B. Mthethwa; le
g. Mme Siobhain O’Mahony.
3. Boto ya Naga ya Taolo ya Dikatlenegiso tsa Aforika Borwa
(a) Ngaka Tshengedzeni Demana (Monnasetulo);
(b) Ngaka Dharmarai Naicker;
(c) Ngaka Pulane Elsie Molokwane;
(d) Rre Bruce Christopher Gordon;
(e) Mme Nolitha Ntobongwana;
(f) Mme Lebogang Ameliah Matlala;
(g) Mme Anele Zukiswa Vutha;
(h) Ngaka Nandi Malumbazo;
(i) Mme Slindile Nomathemba Ndwandwe;
(j) Rre John Mayiwane Vusumuzi Mazibuko; le
(k) Mme Nomvula Pamella Mhlari.
4. Boto ya Setheo sa Aforika Borwa sa Peo ya Maemo a Boleng
(a) Moporofesara Mzubanzi Bismark Tyobeka (Monnasetulo);
(b) Rre Garfield Mario Bergstedt;
(c) Rre Mavela Alford Velamuva Dlamini;
(d) Ngaka Reabetswe Kgoroeadira;
(e) Mme Tshepiso Tinyiko Matlapeng;
(f) Mme Kgotatso Mohulatsi;
(g) Mme Deidre Penfold; le
(h) Rre Griffith Zabala.
E. Ditiragalo tse di Tlang
1. Samiti ya Aforika ya Merero ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo
1.1 Kabinete e nopotse gore naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Samiti ya Aforika ya Merero ya Leokwane la Gase le le sa Kgotlheleng Tikologo e tla Tshwarwa go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Seetebosigo 2025 kwa Motsekapa. Kopano eno e tla kokoanya ditona tsa maphata a metlakase mo kontinenteng ya Aforika, bakwadi ba dipholisi mmogo le babeeletsi gore ba iphantshe ka ditšhono tsa go nna batlhagisi ba maokwane a gase, kago ya mafaratlhatlha mmogo le ditšhono tsa go nna barekisetsi ba dinaga tse dingwe maokwane a gase.
1.2 Lekala la maokwane a gase le tswelela go gola jaaka le le botlhokwa thata mo maanong a naga a go fetola maemo go dira gore ikonomi ya rona e se ikokotlele thata ka metlakase e e kgotlhelang tikologo, mo go tlholeng ditiro tse di tla nnelang ruri mmogo le mo go beeng naga mo maemong a go di goga kwa pele jaaka naga e ikonomi ya yona e ikokotletseng mo maokwaneng a gase.
2. Kgwedi ya Bašwa (Letsatsi la go Keteka Mosola wa Bašwa la Ngwaga wa 2025)
2.1 Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe, segolobogolo bašwa, go nna le seabe mo go ketekeng letsatsi la go keteka mosola wa bašwa ka la bo 16 Seetebosigo ka molaetsamogolo yo o reng,“Bokgoni jo bo tsamaisanang le lefatshe le le fetogetseng ruri - go tlhatlhelela bašwa gore ba tle ba nne le seabe sa boammaruri mo mererong ya ikonomi”. Monongwaga mokete wa teng o tla tshwarelwa kwa Lebaleng la Metshameko la Reckfarm kwa Tlokwe, mo Masepaleng wa Selegae wa JB Marks mo porofenseng ya Bokone Bophirima, mme kgangkgolo e tla nna go tlotlomatsa tlhatlhelelo ya bašwa ka thuto le bokgoni, e leng dilo tse di tsamaisanang le go itirela letseno.
2.2 Letsatsi la Bašwa le botlhokwa thata mo hisetoring ya naga ya rona jaaka e le letsatsi le bašwa ba mmala wa sebilo ba neng ba rebola letsholo ba ya go lwantshana le puso ya tlhaolelel ka lona jaaka e ne e ba gapeletsa go dirisa puo ya Afrikaans mo dithutong tsa bona tsotlhe.
2.3 Ke ka ntlha ya seno gompieno Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ya Thuto ya Motheo (BELA) o gapeletsang gore go dirisiwe dipuo tsa bana ba mmala wa sebilo jaaka dipuo tsa go ruta le dirutwa tse di tsenyeletsang le tsa Saense, Thekenoloji, Ikonomi le Dipalo (STEM) mmogo le dirutwa tse dingwe tse di botlhokwa. Tiro eno e simolotse mo nakong ya Tsamaiso ya Puso ya Borataro fa go ne go tsenngwa tirisong tiriso ya go ruta ka dipuo tsa bana ba mmala wa sebilo fa go ne go lekelelwa go ka ruta dithuto tseno ka puo ya isiXhosa kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba mme seno se dirile gore dipholo tsa materiki tsa barutwana ba kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba di galalele jaaka dinaledi. Go samaganwe le go dira gore tiro eno e atolosediwe le kwa diporofenseng tse dingwe. Dipuo tsa bana ba mmala wa sebilo di tsenyeletsa le puo ya Afrikaans jaaka e le puo ya bana ba mmala wa sebilo ba mo pusong ya tlhaolele ba neng ba bediwa makhalate.
F. Melaetsa
1. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
a) Kabinete e romela matshediso a yona kwa pusong ya Naga ya Setšhaba sa Zambia, go latela gore Moporesitente wa mo malobeng wa naga eo a thule botala ka tlhogo, e bong Motlotlegi Edgar Chagwa Lungu wa naga ya Zambia;
b) Raditshwantsho yo a tlotlomadiwang, yo e neng e le molweladitshwanelo tsa setso e bile gape e le morulaganyi wa mekete ya mmino wa jazz, e bong Rashid Lombard. Lombard e ne e le yo mongwe wa batlotlegi ba ba neng ba abelwa tlotla ya Kabo ya Ikhamanga (ya selefera), mme o neetswe tlotla eo ka ngwaga wa 2014 go bontsha tlotla mo seabeng se a nnileng le sona mo mererong ya botlhami le setso mmogo le boineelo jo a nnileng le bona mo tirong ya mmino wa jazz mo nageng ka bophara; mmogo le
c) Moporesitente wa mo malobeng wa Baatlhodi ba Kgotlatshekelo e Kgolo ya Kgaolo ya Porofense ya Kapa Botlhaba, e bong Moatlhodi Clement Temba Sangoni, moatlhodi yo a tlotlegang wa kitso e e tseneletseng yo a neng a sa tseatsege mo seo a emeng mo go sona fa go tla mo mererong ya dikgotlatshekelo, yo gape e neng e le kgosi ya Kgotla ya Morafe wa Qokolweni-Zimbane kwa Mthatha.
2. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
a) Tete Dijana jaaka e le lekgetlo la boraro mo ngwageng wa 2025 a fenya mo metshamekong ya mabelo ya Comrades Marathon, jaaka a fentse mo ngwageng wa 2022 le wa 2023;
b) Gerda Steyn jaaka a dirile bonnete jwa gore o sireletsa maemo a gagwe a go fenya mo ngwageng wa 2025 mo metshamekong ya mabelo ya Comrades Maratho ya basadi mme ya nna ene mosadi wa ntlha wa moAforika Borwa go tsenela metshameko eno lekgetlo la bone. O ne a fenya mabelo a ngwaga wa 2019, 2023 le a 2024.
c) Motshameki wa diolimphiki tsa batshameki ba ba golofetseng yo a tumileng mo metshamekong ya batshameki ba ba dirisang ditiloteti, Kgothatso Montjane mmogo le motshamekimmogo le ene wa moJapane Yui Kamiji, jaaka ba fentse sejana sa bona sa bobedi mo Metshamekong ya Batshameki ba Ditiloteti ba ba Tshamekang ka Sebedi mo Metshamekong ya Basadi e e Neng e Tshamekela kwa Nageng ya Fora.
d) Ramabelo wa Mabelo a Makhutshwanyana wa moAforika Borwa, Zakithi Nene, jaaka a fentse gauta mo Metshamekong ya Mabelo a Botelele jwa Dimitara di le 400 ya Banna kwa Kip Keino Classic kwa nageng ya Nairobi mmogo le go tlhoma rekoto e ntšhwa mo lefatsheng ya go fenya ka metsotswana e le 43.76.
e) Mojadi wa Mabolomo, ditlhare le bojang wa moAforika Borwa, Leon Kluge mmogo le setlhopha sa gagwe jaaka ba fentse gauta mo Dikgaisanong tsa go Phadisana ka go Jala Ditshingwana tsa go Kgabisa ya RHS Chelsea Flower Show kwa London;
f) Go akgolwa Boto mmogo le Botsamaisi jwa Telkom mo tsamaisong ya bona ya matlole go nne morago ga dingwaga di le nne jaanong ba kgonne go duelela merokotso ya puso ya bokanaka dimilione di le R500, mme boto le setlamo di eteletswe pele ke monnasetilo e bong Rre Geoff Qhena fa Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setlamo e le Rre Serame Taukobong.
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485