A. Merero ya ga jaanong
1. Boitekanelo
1.1. Aforika Borwa e tswelela go supa boitseanape ba maemo a a kwa godimo a kalafi le saense ka tsela e e samaganang ka teng le dikgetse tsa Hantavirus
1.1.1. Kabinete e akgotse Setheo sa Bosetšhaba sa Malwetse a a Tshelanwang (NICD) ka maemo a bona a botswerere mo go lemogeng dikgetse tse pedi tsa Hantavirus mo diureng tse 24 tsa go amogelwa ga balwetse kwa bookelong ba Gauteng.
1.1.2. Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka maemo a a bakileng gore balwetse ba ba nang le Hantavirus ba amogelwe kwa bookelong ba Aforika Borwa go tswa mo sekepeng sa bojanala sa MV Hondius.
1.1.3. Kabinete e akgotse gape Lefapha la Boitekanelo ka bonako le nonofo e le neng la dira ka lone go batla batho ba ba kopaneng le balwetse ba Hantavirus pele go ka dirwa tlhatlhobo.
1.1.4. Kabinete e eletsa go fedisa letshogo la go runya ga leroborobo le lengwe ka ntlha ya fa go na le magotlo mo go bommasepala ba bangwe, borasaense ba re netefaleditse gore ga go magotlo ape mo Aforika Borwa kgotsa mo kontinenteng ya Aforika a a nang le Hantavirus.
1.1 Sekgwama sa matlole sa R1.5 bilione sa Biovac se tla oketsa bokgoni ba Aforika Borwa ba go tlhagisa meento
1.1.1 Kabinete e amogetse sekgwama sa matlole sa R1,5 bilione magareng ga Biovac le European Investment Bank (EIB) Group go tlhoma polante ya ntlha mo Aforika Borwa ya tlhagiso ya meento e mentsi e e akaretsang tsotlhe.
1.1.2 Polante e, e e solofetsweng go konosediwa ka 2028, e tla tlhagisa meento ya kholera e e nowang, mme moragonyana e atolosiwe go akaretsa meento ya pholio, nyumonia le bolwetse ba meningitis. Fa polante e e setse e dira ka botlalo, e tla nna le bokgoni jwa tlhagisa mo e ka nnang dilekanyo di le dimilione di le 40 ngwaga le ngwaga, e leng se se tla dirang gore Aforika e kgone go itshireletsa mo go tsa boitekanelo le tshireletso ya tiragalo ya tlamelo.
1.1.3 Porojeke eno gape e solofetswe go tlhola ditiro tse di fetang 340 tsa batho ba ba nang le bokgoni le ditiro tse di sa tlhamalalang di ka nna 7000, fa e ntse e rotloetsa phetisetso ya thekenoloji, boitlhamedi le boitekanelo jo bo siameng jwa paka e telele go ralala kontinente.
1.2 Bolwetse jwa Molomo le Tlhakwana
1.2.1 Kabinete e itumeletse kgatelopele e e dirilweng mo lenaneong la go entiwa ga dikgomo le mo go lone go setseng go entilwe palogotlhe ya dikgomo di le dimilione tse 2.59 kgatlhanong le Bolwetse jwa Molomo le Tlhakwana (FMD) go fitlha ga jaana.
1.2.2 Kabinete e etse tlhoko go goroga ga dilekanyo tsa dimilione tse pedi tsa FMD go tswa kwa Türkiye, jaaka karolo ya setlhopha sa ntlha sa theko ya dilekanyo tsa dimilione tse thataro. Lefapha la Temothuo le romela meento kwa diporofenseng le dirisa tsela e e ikaegileng ka kotsi mo diphologolong le dintlha tsa baagi.
1.2.3 Dilekanyo tse dingwe di le dimilione tse tlhano di setse di rekilwe go tswa kwa Argentina ka Onderstepoort Biological Products.
2 Ikonomi
2.1 Kabinete e tswelela go tsereganya go fokotsa tlhotlhwa e e kwa godimo ya lookwane
2.1.1 Kabinete e tswelela go tsereganya go fokotsa tlhotlhwa e e kwa godimo ya lookwane ka ntlha ya ntwa e e tsweletseng ya US/ Israel kwa Iran e gape e amileng kgaolo ya Kgogometso.
2.1.2 Kabinete e tshegeditse thuso ya R17.2 bilione ya lekgetho la lookwane jaaka e itsisitswe ke Tona ya Matlotlo e e tla dirisiwang mo sebakeng sa dikgwedi di le tharo (3) go tloga ka Moranang – Seetebosigo 2026 mme Setlhophatiro sa Ditona se tswelela go sekaseka ditsereganyo tse dingwe go fokotsa ditlamorago tsa tlhaelo ya lefatshe lotlhe ya lookwane le monontsha mo Aforika Borwa.
2.1.3 Kabinete e laetse Tona ya Diminerale le Didiriswa tsa Peteroliamo a tshegeditswe ke Tona ya Dikamano le Tirisanommogo tsa Boditšhabatšhaba go rulaganya tsibogelo ya SADC go netefatsa tshireletsego ya lookwane le menontsha le tlamelo mo kgaolong.
3 Dikamano tsa Boditšhabatšhaba
3.1 Phitlhelelo e kgolo ka fa tlase ga Kgato II ya Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands – Borogo ba Senqu
3.1.1 Go thankgololwa ga Borogo ba Senqu kwa Mokhotlong kwa Pusong ya Lesotho, go supa phitlhelelo e kgolo ka fa tlase ga Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands. Borogo jono jo bontšhwa bo tla dira gore go nne le ditsela tse di sa kgorelediweng go ya kwa Mokhotlong, Sani Pass le mafelo a a mabapi.
3.1.2 Porojeke e e nnile le seabe se segolo mo go tsholetseng ikonomi ya Lesotho, ka Aforika Borwa e aga ditsela tsa makgolo a dikilomitara go tokafatsa phitlhelelo ya mafelo a matamo a a ka kwa ntle ka go tlamela ka dituelo tsa morokotso di ka nna R3,8 bilione ka ngwaga mo letloleng la naga ka fa tlase ga Porojeke ya Metsi ya Lesotho Highlands.
3.1.3 Porojeke ya Metsi ya Highlands e netefatsa gore Gauteng e na le metsi a mantsi ka tsamaiso ya Letamo la Vaal fa Lesotho yona e fetlha maatla a metsi le go tshegetsa tlamelo ya metsi a a nwegang, a go nosetsa, bodirelatlhapi, le thotloetso ya bojanala.
3.2 Leeto la Tiro kwa Spain le netefatsa botsalano jo bo botlhokwa
3.2.1 Kabinete e amogetse leeto la tiro le le atlegileng la semmuso la Moporesidente Cyril Ramaphosa, le le dirileng gore go nne le ditsholofetso tsa go feta go €2.1 bilione go thusa Aforika Borwa go fetogela mo go nneng le motlakase o o siameng mo makaleng a haeterojene e e phepa, dijanaga tsa motlakase, maatla a a ntšhwafaditsweng le mafaratlhatlha a motlakase.
3.2.2 Ka 2025, palogotlhe ya kgwebisano magareng ga Aforika Borwa le Spain e fitlhile go bokana ka €2.8 bilione ka tlhatlogo ya diromelwantle go ya kwa Spain ya €1.3 tsa bilione. Godimo ga moo, ditlamo tsa kwa Spain tse di fetang 150 di dira mo Aforika Borwa ga jaana, mme di tshegetsa ditiro di feta 20,000 go ralala makala a a akaretsang motlakase o o ntšhwafaditsweng le mafaratlhatlha go ya kwa ditirelong tsa ditšhelete, thekenoloji le bojanala.
4. Pabalesego le Tshireletso
4.1 Dikgwetlho tsa Bofaladi
4.1.1 Kabinete e ne ya kgala go phasaladiwa ga dibidio tse di senang nnete le ditshwantsho tse go tweng ke tsa ditlhaselo tsa batswantle mo Aforika Borwa. Dibidio le ditshwantsho tse e seng tsa nnete tse ga di a fosagala fela, mme di tota di diretswe go diga serodumo sa Aforika Borwa boditšhaba le go nyatsa maiteko a Aforika Borwa a go batla Aforika e e botoka.
4.1.2 MaAforika Borwa a na le tshwanelo ya go dira ditshupetso kgatlhanong le kgwetlho ya bafaladi ba ba seng mo molaong, fela tirisodikgoka e e golaganngwang le ditshupetso tseo mo malobeng ga e amogelesege mme tsenyotirisong ya molao e tshwanetse go itepatepanya le bafetlhi ba tirisodikgoka eo.
4.1.3 Kabinete e ne ya kgala maiteko a bogagapa a go batla go dirisa matshwenyego a mmatota a MaAforika Borwa tebang le botlhokatiro jo bo kwa godimo, le tlhaelo ya ditšhono tsa ikonomi ka go tlhotlheletsa maAforika Borwa go tlhakatlhakanya naga go akaretsa go rotloetsa ditlhaselo kgatlhanong le baagi ba dinaga di sele le go rotloetsa batho ba merafe go nna le seabe.
4.1.4 Kabinete e boeleditse gore go na le tiro e e tswelelang go samagana le bothata ba bofudugedi jo bo seng ka fa molaong e e akaretsang go gagamadiwa ga taolo ya melelwane ka tiro ya BMA, go itlhaganedisa go busediwa ga batho kwa dinageng tsa bona, go samagana le bosenyi mo teng ga ditikologo tse di tletseng batswantle, le go sireletsa ditiro le ditšhono tsa maAforika Borwa.
4.1.5 Ka ga ditšhono tsa maAforika Borwa, Kabinete e laetse Lefapha la Ditiro le Merero ya Badiri go matlafatsa ditlhatlhobo kwa mafelotirong go netefatsa gore go ikobelwa melao ya bothapi go ralala makala a a mo kotsing jaaka boamogelabaeng, dipolase, kgweetso ya dillori, le kago gareng ga tse dingwe.
4.1.6 Kabinete gape e laetse bommasepala go netefatsa gore melawana ya bommasepala e a diragadiwa, ka go baya kwa pele melawana ya kgwebisano. MaAforikaBorwa le bona ba tshwanetse go tsaya karolo ka go tila go hirisa dilaesense tsa bona tsa kgwebo.
4.1.7 Mo maemong a pholisi, Pampiri e Tshweu ka ga Bofaladi e e Tlhabolotsweng e rarabolola dikgoreletsi ka melao ya ga jaana ya bofudugedi, ka go tsenya ditlamelo tsa molawana wa tshireletsego ya naga ya ntlha, go fudusetsa ditikwatikwe tsa kamogelo ya batshabi gaufi le molelwane, le molawana o o letlang Mafapha a a maleba go supa ditiro dingwe , diporofešene, le dikgwebo tseo di leng fela tsa MaafmaAforikaborwa le batshabi.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Pampiri e Tshweu ya Dipusoselegae e e Tlhabolotsweng ya 2026
1.1. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pampiri e Tshweu ya Dipusoselegae e e tlhabolotsweng go rerisanelwa le baagi. Pampiri e Tshweu e e e Tlhabolotsweng ke karolo ya diphetogo tsa puso selegae tsa go baakanya pusoselegae go aga tsamaiso ya puso ya selegae ya segompieno, e e siametseng maikaelelo e e kgonang go tlamela ka ditirelo ka tsela e e tsweletseng.
1.2. Tshekatsheko ya Pampiri e Tshweu e ne ya simololwa go netefatsa gore letlhomeso la dipholisi tsa pusoselegae le tswelela go tsibogela maemo a tlhabololo, ikonomi sebaka, le tikologo a ga jaana le a a tswelelang pele. Mafelo a a neng a newa tlhoomelo pele ke ke setso sa setheo mo go bommasepala, boeteledipele jwa sepolotiki le maikarabelo, tirisanommogo ya dipuso, seabe sa baagi, diphetogo tsa ditšhelete la matlotlo, le boeteledipele jwa setso.
1.3. Leano le le akanngwang la Pampiri e Tshweu e e Tlhabolotsweng le amogela mokgwa wa tiragatso o o diriwang ka dikarolo tse di rulagantsweng ka tatelano go netefatsa phetogo e e kopantsweng le e e tswelelang mo mo diphetogong tsa puso ya selegae. Leano le le akanngwang le lemoga gore maiteko a diphetogo a pele a ile a palelwa mo kgatong ya tiragatso, ka ntlha ya tlhokomelo e e sa lekaneng mo tatelanong le taolo ya phetogo. Jaaka kgato ya motheo ya diphetogo, Leano le le akanngwang la Pampiri e Tshweu e e Tlhabolotsweng le tshitshinya go tlhomiwa ga Setheo sa Taolo ya Phetogo ya Pusoselegae sa nako e e rileng.
2. Togamaano ya Pakatelele ya Tlhabololo ya Sesole sa SANDF
2.1. Kabinete eamogetse Togamaano ya Pakatelele ya Tlhabololo ya Sesole le Kgopolo ya Thulaganyo ya SANDF le ditokomane tsa yona tse di tshegetsang tsa Togamaano ya Pholisi.
2.2. Morago ga dingwagasome tsa tlhaelo ya matlole, dipolatefomo tsa bogologolo gammogo le tlhabololo ya bokgoni e e sa lekanang, SANDF e tlile ka togamaano ya tlhabololo ya sesole e e rulagantsweng go ya ka dintlha tse di tlhagelelang mo leanong la “Journey to Greatness”.
2.3. Togamaano e golaganya ntšhwafatso ya tshireletso le tlhabololo ya Bosetšhaba, tsepamo mo kgaolong, le kgolo ya ikonomi go tlhola Sesole sa Tshireletso se se kgonang go emelana le maemo le go ipaakanyetsa isagwe se se kgonang go samagana le dikgwetlho tsa selegae tsa ga jaana le matshosetsi a pakatelele.
3. Dingwaga tse 70 tsa Kgaratlho le Maatlafatso ya Basadi: Tshupane ya Maatlafatso ya Basadi ya Loago le Ikonomi
3.1. Jaaka karolo ya maitlamo a go maatlafatso basadi ka tsela e e nang le bokao jaaka naga e tshwaya dingwaga tse 70 fa e sale ka Mogwanto wa Basadi wa 1956, Kabinete e dumetse go tsenngwa tirisong ga Tshupane ya Matlafatso ya Basadi ya Loago le Ikonomi jaaka karata ya tshupo ya ngwaga le ngwaga go lekanya le go sala morago tswelelopele mo matlafatsong ya basadi ya loago le ikonomi mo tsamaong ya nako.
3.2. Tshupane e e samagana le tlhokego ya tekanyetso e e akaretsang, e e tlhomameng ya maatlafatso ya basadi mo loagong le ikonomi le go nna le seabe mo dithulaganyong tse di tsayang ditshwetso mo Aforika Borwa. Mo karolong ya loago, Tshupane e e tla itebaganya le boitekanelo le thuto, mo karolong ya ikonomi, Tshupane e e tla itebaganya le mebaraka ya badiri le metswedithuso, mme mo karolong ya go tsaya ditshwetso, Tshupane e e tla itebaganya le go tsaya ditshwetso ga lekala la puso le go tsaya ditshwetso ga lekala la poraefete.
3.3. Motheo wa Tshupane ya Maatlafatso ya Basadi go Loago le Ikonomi e supa fa go tsewa ga ditshwetso mo lephateng la puso e le karolo e e nang le maduo a a kwa godimo thata fa go tla mo go maatlafatseng basadi fa karolo ya mebaraka ya badiri le metswedithuso yona e na le maduo a a kwa tlase. Dikarolo tse di nang le dipalo tse di tlase go gaisa di akaretsa difeme tse beng e leng tsa basadi, diperesente tsa basadi ba e leng Batlhankedikhuduthamagakgolo ba basadi ba difeme tse di kwa kwadisitsweng mo JSE, go fitlhelela dikadimo le go thapiwa mo ditirong tsa bokgoni jo bo kwa godimo.
4. Dingwaga tse 70 tsa Kgaratlho le Matlafatso ya Basadi: Pegelo ya Borataro ya Tsenyotirisong ya Tumalano e e ka ga Phediso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo kgatlhanong le Basadi
4.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya Borataro ya Tsenyotirisong ya Tumalano e e ka ga Phediso ya Mefuta Yotlhe ya Kgethololo Kgatlhanong le Basadi (CEDAW).
4.2. Pegelo e e tlamela ka tswelopele e e dirilweng ke Aforika Borwa mo go maatlafatseng molaotheo, dipholisi tsa molao le letlhomeso la setheo la tekatekano ya bong, maatlafatso ya basadi le tekatekano e e bonalang. Tswelopele e e akaretsa:
- Tsenyotirisong ya Letlhomeso la Thulaganyo ya Tsibogelo ya Bong, Tekanyetsokabo, Go baya leitlho, Letlhomeso la Tshekatsheko le Boruni
- Togamaano ya Bosetšhaba ka ga GBVF ya 2019,
- Maiteko a maatlafatso ya ikonomi,
- Go akaretsa tekatekano ya bong mo lephateng la puso le kemedi ya basadi mo boeteledipeleng le go tsaya ditshwetso.
4.3 Le fa go na le tswelopele e e bonalang, Aforika Borwa e santse e dira ka dikgwetlho tse di tsweletseng tsa popego le tiragatso tse di akaretsang botlhokatiro jo bo kwa godimo jwa basadi,sebetso sa tirisodikgoka e e ikaegileng ka bong le polao ya basadi, phetolelo e e bokoa ya phitlhelelo ya dithuto go dipoelo tsa tiro, le go tsenya tekatekano ya bong mo lephateng la poraefete.
C. Go baya Kabinete mo Dinakong
1. Paakanyo ya Dipusoselegae: Pegelo ya Tswelelopele ya Kwatara ya 2 ya Ngwaga wa Ditšhelete wa 2025/26 mo Tsenyotirisong ya Maano a go Busetsa Madi mo Seemong se se Siameng mo go Bommasepala ba ba ka fa Tlase ga Tsereganyo ya Bosetšhaba
1.1 Kabinete e amogetse peodinakong ka ga tsenyotirisong ya Maano a Go Busetsa Madi mo Seemong se se Siameng (diFRP) go bommasepala ba le bane (4) ba ba ka fa tlase ga tsereganyo ya bosetšhaba go ya ka Karolo 139 (7) ya Molaotheo e leng bommasepala ba selegae ba Lekwa, Enoch Mgijima le Ditsobotla gammogo le Mmasepalamogolo wa Mangaung. Tswelopele mo go diragatseng di-FRP go netefatsa phetogo mo go tsa ditšhelete le mo go neeleng ditirelo ga bommasepala bano e nnile e e tlhabisang ditlhong, ntle lfela le kwa Ditsobotla.
1.2 Kabinete e etse tlhoko gore mo go bommasepala ba bangwe ba bararo (3) tsenyotirisong ya FRP e eme mo Kgatong ya 1 e e neng e tshwanetse go konosediwa mo dikgweding tse 12 tsa go amogelwa ga FRP. Tlhobaboroko e kgolo ke go se tsenngwe tirisong ga ditiro tse di nang le seabe mo matloleng, tokafalo e e sa reng sepe ya ditshupane tsa matlole le dikabo, ditaolo tse di sa nonofang mo ditshupaneng tsa ditshenyegelo e leng se se bakang tokafalo e e nnye fela ya thebolelo ya ditirelo.
1.3 Kabinete e amogetse go nna ga bommasepala ba bane ba ba ntse ba le ka fa tlase ga ditsereganyo tsa bosetšhaba go ya ka Karolo 139 (7) e buisiwa le Karolo 139 (5)(a) ya Molaotheo. Kabinete e dumetse gore go dirwe dikgato tse di tla pateletsang bommasepala ba ba leng mo kgatelelong ya matlole go tsenela Ditumalano tsa Ditheo tsa Phatlalatso tsa ditheo tse di jaaka Eskom di tseye maikarabelo a go tsamaisa motlakase le kokoanyo ya lotseno.
2. Go tlhongwa ga Lefelo la Ikonomi e e Kgethegileng ya Fetakgomo Tubatse, Porofense ya Limpopo
2.1 Kabinete e ne ya bewa mo dinakong le go tshegetsa maikaelelo a Tona ya Kgwebisano, Madirelo le Kgaisano go tlhoma Lefelo le le Kgethegileng la Ikonomi la Fetakgomo Tubatse (FTSEZ) e e leng kwa Sedikeng sa Sekhukhune kwa Porofenseng ya Limpopo.
2.2 FTSEZ ke karolo e e botlhokwa ya Leanotlhabololo la Limpopo le le ikaeletseng go rotloetsa intaseteri, go tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro ka go ngoka dipeeletso mo meepong, kaonafatso ya diminerale, eneji, temothuto, le makala a dirori. FTSEZ e tla tsenngwa tirisong ka dikgato di le tharo.
3. Ditšhono tsa Ikonomi tse di ka nnang teng tsa Aforika Borwa ka go dirisa Karolo ya Kgwebisano e e Gololosegileng ya Kontinente ya Aforika
3.1 Kabinete e ne ya bewa mo dinakong ka ga ditšhono tsa ikonomi tse di ka nnang teng tsa Aforika Borwa mo kontinenteng yotlhe ka AfCFTA. AfCFTA e dira nngwe ya mebaraka e megolo go gaisa mo lefatsheng ka batho ba feta 1.3 bilione le GDP e e kopaneng e e fetang US$3.4 therilione.
3.2 Tumalano e e akaretsang ya AfCFTA e tlhagisa ditšhono tsa togamaano go thibolola bokgoni jwa ikonomi, go atolosa mebaraka ya dithomelontle, go tiisa ditiro tsa madirelo, go rotloetsa peeletso le go kgweetsa kgolo e e tswelelang.
3.3 Fa e sale Aforika Borwa e thankgolola kgwebisano ka fa tlase ga dipeelo tsa itlhophelo tsa AfCFTA go tloga ka Ferikgong 2024 go fitlha ka Tlhakole 2026, kgwebisano e oketsegile go fitlha go R2.6 bilione go ralala mefuta e e farologaneng ya ditlhagiswa tse di jaaka didiriswa tsa meepo, didiriswa, dijo, diaparo, dipolasetiki le metšhini ya motlakase.
4. Tlamelo ka Metsi a a Phepa kwa Hammanskraal
4.1 Kabinete e amogetse pegelo ya tswelopele ya Porojeke ya Metsi a a Phepa kwa Hammanskraal e e eteletsweng pele ke Magalies Water ka fa tlase ga Lefapha Metsi le Kgelelaleswe le Toropokgolo ya Tshwane. Fa e sena go konosediwa, porojeke e tla tlamela ka metsi a a nwegang go malapa a ka nna 47 550, le go thusa baagi ba ka nna 180 679.
4.2 Kabinete e etse tlhoko gape gore dimmojule tsotlhe ka bone mo karolong ya Porojeke e e rebolwang ka fa tlase ga Magalies Water di setse di agilwe le go lekiwa, e leng se se kgontshang mafaratlhatlha go tlhagisa 50 ML tsa metsi a a phepafaditsweng ka letsatsi.
4.3 Moragonyana mo bekeng e, Tona ya Metsi le Kgelelaleswe o tla lekola porojeke e le go netefatsa tlhokomelo ya ditiro tse di santseng di saletse kwa morago tsa Toropokgolo ya Tshwane go netefatsa gore baagi ba Hammanskral ba na le tlamelo e e tletseng ya metsi.
4.4 Lefapha le beile Kabinete mo dinakong ka ga tswelopele ya go thibolola diporojeke tsa metsi tse di thibilweng le kemo ya dikoloto tsa bommasepala kwa dibotong tsa metsi, e leng se se bakang kgatelelo e kgolo ya matlole mo dibotong tse. Peodinakong e e tletseng tebang le tse e tla dirwa morago ga WaterCom.
5. Tlamelo ya motlakase go santse go sireletsegile mme le phokotso ya mokgweleo e gaufi le go nna sengwe sa maloba
5.1 Kabinete e neseditse pula Selebo sa Motlakase sa Mariga se se tlhagisitsweng ke Eskom, se se supileng fa go kgaolwa ga motlakase go ka se diragale magareng ga Moranang le Phatwe, e leng phetogo e kgolo mo leetong la naga la motlakase.
5.2 Kabinete gape e amogetse tswelopele mo go samaganeng le go kgaolwa ga motlakase go badirisi ba le 352 968 ba ba sa tlholeng ba itemogela kgaolo ya motlakase ka diura tse motlakase o dirisiwang thata. Go kgaolwa ga motlakase go fedisitswe gotlhelele kwa Kapa Bokone le Kapa Bophirima, mme go tla latela diporofense tse tlhano (5) tse kgaolo ya motlakase e tla fedisiwang teng mo ngwageng wa 2026 mme go tla sala fela Gauteng le KZN tse dikgwetlho tsa kgaolo ya motlakase di tla fedisiwang ka 2027.
D. Melaotlhomo
1. Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Molao wa Bana, 2026
1.1. Kabinete e neseditse pula go romelwa ga Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Molao wa Bana go Palamente.
1.2. Molaotlhomo wa Tlhabololo ya Molao wa Bana o batla go kopanya mananeo a a kgaogantsweng a tlhabololo ya bana ba bannye le melawana e e neng e tlhokometswe ka fa tlase ga Kgaolo 5 ya Molao ke bothati jo bo farologaneng go nna molawana o o kopantsweng wa ECD ka fa tlase ga Kgaolo 6 e e fetotsweng ya Molaotlhomo wa Tlhabololo o o ka fa tlase ga maikarabelo a Lefapha la Thuto ya Motheo le le nosi. Molaotlhomo o o Tlhabolotsweng o simolola tsamaiso e le nngwe ya kwadiso ya ditikwatikwe tsa ECD le sthulaganyo e le nngwe ya Maemo le Melawana a Lenaneo la ECD.
2. Seralwa sa Molaotlhomo wa Maatla a Nyutlelere, 2025
2.1. Kabinete e neseditse pula gore Seralwa sa Molaotlhomo wa Maatla a Nyutlelere wa 2025 se phasaladiwe go ka buisanelwa le baagi.
2.2. Seralwa se sa Molaotlhomo se tlhabolola Molao wa Maatla a Nyutlelere wa 1999 o o tlamelang ka letlhomeso la semolao la go nna le seabe ga Aforika borwa mo kgwebisanong ya boditšhaba ya dikarolo tsa nyutlere le thekenoloji.
2.3. Molaotlhomo o samagana le diphatlha tsa taolo tse di bakiwang ke ditlhabololo mo lekaleng la nyutlelere la boditšhaba le la selegae ka go baya mareo mo dinakong, go nyalanya Molao le maemo a boditšhaba, le go tiisa okamelo ya dikarolo, dithoto le ditiro tse dingwe tsa nyutlelere go ralala mola wa tiragatso.
3. Molaotlhomo Tlhabololo wa Melawana ya Bosetšhaba ya Maemo a Go Aga, 2026
3.1. Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo Tlhabololo ya Melawana ya Bosetšhaba le Maemo a Go Aga wa 2026 go neela baagi tšhono ya go tshwaela. Maikaelelo a seralwa se sa Molaotlhomo ke go rotloetsa tshwano mo molaong mo teng ga taolo ya bommasepala go netefatsa ditiro tsa go aga tse di babalesegileng ka saense e e nonofileng ya kago, tiro e e siameng le didiriswa tsa boleng ba mmatota.
3.2. Molaotlhomo o o tsibogela dingongorego malebana le dikgwetlho tse di amanang le tiriso le thanolo ya Molao o.
D. Go thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
- Rre Otsile Maseng jaaka Motlhankedikhuduthamagamogolo (CEO) wa Molaodi wa Bosetšhaba wa Dikadimo.
- Mme Linda Seroka jaaka CEO wa Koporasi ya Inshorense ya Dikadimo tsa Diromelwantle ya Aforika Borwa.
- Rre Marcus Selepe jaaka CEO wa Setheo sa Taolo ya Bodutelo ba Limpopo-Olifants.
- Go thapiwa ga bakaedi ba Boto ya Lepelle Northern Water
a. Ngk Ndweleni Fredirick Mphephu (Monnasetilo yo o thapilweng gape);
b. Rre Motalane Dewet Monakedi (Motlatsa Monnasetilo);
c. Mme Ayesha Hamad Laher;
d. Mme Christine Morongoe Ramphele;
e. Rre Makone Mack Magoele;
f. Mme Tsakane Zwane;
g. Mme Stephinah Mudau;
h. Moatefokheti Lufuno Tokyo Nevondwe;
i. Moporof Tebogo Mashifana;
j. Moporof Mabel Mphahlele-Makgwane; le
k. Rre Ashley Latchu.
- Go thapiwa ga bakaedi ba Boto ya Setheo sa Bosetšhaba sa Mafaratlhatlha a Metswedi ya Metsi
a. Rre Ramateu Johannes Monyokolo (Modulasetulo);
b. Mme Precious Nompumelelo Sibiya (Motlatsa Modulasetiloo);
c. Mme Barbara Schreiner;
d. Rre Simphiwe Khondlo;
e. Rre Gregory Nigel Joseph White;
f. Rre Nicholas van Rensburg Rabie; le
g. Mme Mankone Mabataung Ntsaba.
- Go thapiwa ga Boto ya Bolaodi ya Setheo sa Taolo ya Bodutelo ba Breede-Olifants
a. Rre Bongani Mnisi (Modulasetulo);
b. Mme Marli Slabber (Motlatsa Modulasetilo);
c. Mme Eurica Scholtz;
d. Rre Trevor Abrahams;
e. Moporof Jakobus Andries du Plessis;
f. Mme Natasha Davis – Wolmarans;
g. Rre Jan Pienaar;
h. Rre Kobus Nicolas Steenkamp;
i. Mme Hlobisile Mbali Mngadi; le
j. Mme Tswarelo Gratitude Mokoena.
- Go thapiwa ga Boto ya Setheo sa Puso sa Thekenoloji ya Tshedimosetso
a. Moporof Stella Bvuma (Monnasetilo);
b. Moatefokheti Colin Weapond;
c. Mme Zimbini Hill;
d. Mme Siphumelele Dlungwane;
e. Rre Rendani Ramabulana;
f. Mme Nalini Maharaj;
g. Rre Protas Phili;
h. Rre Willie Vukela (Moemedi wa DPSA); le
i. Rre William Mathebula (Moemedi wa Matlotlo a Bosetšhaba).
- Lekgotla la Bosetšhaba la Telecommunication Union (ITU)
a) Kabinete e neseditse pula gore Aforika Borwa e dumele go tlhophiwa gape kwa ITU ya Kgaolo D (Aforika) mo pakeng ya 2027 – 2030. Ditlhopho di tla tshwarwa kwa Khonferenseng ya ITU Plenipotentiary go tloga ka 9 go fitlha 27 Ngwanatsele 2026. Go nna teng ga Aforika Borwa mo Lekgotleng la ITU, mmogo le dinaga tse dingwe tsa Aforika, go netefatsa lentswe le le maatla la kontinente mo taolong ya boditšhaba ba ICT.
E. Ditiragalo le Dikhonferense
9. Travel Indaba ya Aforika
a) Travel Indaba ya Aforika e tla tshwarwa ka 11 – 14 Motsheganong kwa Inkosi Albert Luthuli Convention Centre (Durban ICC) kwa KwaZulu-Natal.
b) Indaba e tla tshwarwa ka nako e go ntseng go na le palo e e kwa godimo ya bajanala ba boditšhaba. Ka Mopitlwe monongwaga, baeng ba le 911 962 ba tlhophile Aforika Borwa, e leng koketsego ya 12,5% fa go bapisiwa le yona nako e ka 2025.
c) Se se latela setlha sa bajanala se se robileng rekoto ka 2025 ka baeng ba le dimilione tse 10.5. Go simolola ka Ferikgong go fitlha ka Mopitlwe 2026 Aforika Borwa e setse e kwadisitse bajanala ba le 2 910 029 ba ba etetseng mono.
d) Mo go sengwe se se amanang le ntlha e, Aforika Borwa e tiisitse kemo ya yona jaaka tikwatikwe ya diphofo go latela boruni ba pabalesego ka Mokgatlo wa Boditšhaba wa Diphofo tsa Baagi (International Civil Aviation Organisation) e leng setheo se se kgethegileng sa diphofo sa Ditšhabakopano.
10. Letsholo la Diphitlhelelo tsa Kgololosego
a) Ngwaga ono o tshwaya motseletsele wa diphitlhelelo tse di bonalang mo leetong la Aforika Borwa la Temokerasi tse di tla ketekwang ka Letsholo la Diphitlhelelo tsa Kgololosego, le le tla thankgololwang kwa Union Buildings ka Motsheganong 2026 ka fa tlase ga setlhogo: “Go tlotla tse di Fetileng. Thebolo ya Isago.”
b) Diphitlhelelo tse di akaretsa segopotso sa bo30 sa go amogelwa ga Molaotheo; segopotso sa bo50 sa dikhuduego tsa bašwa kwa Soweto; segopotso sa bo70 sa letsholo kgatlhanong le dipasa; le segopotso sa bo60 sa go ntshiwa ka dikgoka kwa District Six.
c) Mmogo ditiragalo tse di botlhokwa tse di supa tsela e telele e e tsamailweng go latelelwa temokerasi le kgololosego, di ntse di re gopotsa gore, le fa tota go na le tswelopele e e bonalang, leeto la dikokomane tsa ga jaana le a tswelela.
Khonferense ya Aforika Borwa ya bo2 ya Mafaratlhatlha le Peeletso ya Boditšhaba ya Mafelo a Ikonomi a a Kgethegileng
a) Kabinete e neseditse pula go nna tshwarwa ga Khonferense ya bo2 ya Boditšhaba ya Mafelo a Ikonomi a a Kgethegileng go tloga ka 16 – 17 Phukwi 2026 kwa KwaZulu-Natal.
b) Khonferense e e tla kopanya babeeletsi ba maemo a a kwa godimo ba selegae le ba boditšhaba mme e tla nna lefelo le mo go lone go tla ntshiwang dikgopolo le ditharobolo tse dintshwa go thusa le aga Mafelo a Ikonomi a a Kgethegileng gammogo le go netefatsa dipeeletso mo Aforika Borwa.
c) Aforika Borwa e beetse thoko diSEZ tse somepedi (12) ka tse robongwe (9) tse di setseng di dira, mme diSEZ tse di dirang di amogela babeeletsi ba ba le teng ba le 224 ka palogotlhe ya peeletso e e kabakanngwang go ka fitlha R31.7 bilione, le go tlholwa ga ditiro di le 28, 821.
11. Kgwedi ya Tshireletso ya Bana
a) Kgwedi ya Tshireletso ya Bana e ketekiwa ngwaga le ngwaga go godisa temogo ya ditshwanelo tsa bana le botlhokwa ba go ba sireletsa kgatlhanong le dikotsi. Mo pakeng e, mafapha a a maleba a puso mmogo le ditirelo tsa tshireletso ya bana le mekgatlo e e farologaneng ya baagi a tla gagamatsa maiteko a go rotloetsa makala otlhe a setšhaba go sireletsa bana, go samagana le mathata a loago le go matlafatsa dikarolo tse di tlhokang tlhabololo le tsereganyo.
b) Kabinete e ikuela go maloko otlhe a setšhaba go dira mmogo go sireletsa ditshwanelo tsa bana, go baya itekanelo ya bona kwa setlhoeng le go tshegetsa kgolo ya bona ka botlalo.
12. Kgwedi ya Aforika
a) Aforika Borwa e tla ikamanya le kontinente yotlhe ka go keteka Kgwedi ya Aforika le Letsatsi la Aforika ka 25 Motsheganong 2026. Kgwedi e ke tšhono ya go rotloetsa kopano, go tiisa momagano ya kgaolo le go tsweletsa maitlhomo a a tshwanang a Aforika. Paka e e gwetlha boitebo le keteko ya semelo sa rona se se humileng, ngwaoboswa le ditso tsa sona. E ikuela gape go MaamaAforika go dira mmogo go kgweetsa tlhabololo le tswelopele mo kontinenteng.
b) Jaaka re keteka Kgwedi ya Aforika, re lemoga diphitlhelelo tsa rona fa re ntse re etse tlhoko tswelopele e e dirilweng mo go diragatseng ponelopele ya Morero wa Kopano ya Aforika wa 2063 wa Aforika yo o kopaneng e bile a gatetse pele.
13. Bo-Labotlhano ba Kgwele ya Dinao
Kabinete e ikuetse go setšhaba go ema nokeng Bafana Bafana mo leetong la bona la Sejana sa Lefatshe sa FIFA sa 2026 ka go apara mebala e metala le gauta ka bo Labotlhano go tshegetsa mowa le boipelo ba setšhaba.
F. Dikitsiso
1. Dikabo tsa Bosetšhaba tsa Moporesitente tsa MSME le Dikoporasi
1.1 Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana le tlhabolotse Dikabo tsa Bosetšhaba tsa Moporesitente tsa MSME le Dikoporasi go akaretsa kgato ya porofense le dikarolo tsa Makala a a rileng go tsweletsa kakgolo, kakaretso le seabe.
1.2 Kgato ya diporofense ya Dikabo tse di tlhabolotsweng e simolola ka Phukwi mme dikarolo tse di tlhabolotsweng ke tse di latelang:
a. MSME wa Ngwaga mo Lekaleng la Temothuo
b. MSME wa Ngwaga wa Ditirelo tsa Ditšhelete
c. MSME wa Ngwaga mo Ikonoming ya Dijithale, Thekenoloji le Boitlhamelo
d. MSME wa Ngwaga wa Lekala la Tlhagiso
e. MSME wa Ngwaga wa Ikonomi e e Somarelang Tlhago
f. MSME ya Ngwaga e e Eteletsweng Pele ke Bašwa
g. MSME ya Ngwaga e e Eteletsweng Pele ke Basadi
h. MSME ya Ngwaga ya Batho ba Tshelang ka Bogole
i. Koporasi ya Ngwaga
2. Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026
2.1 Jaaka Moporesitente Ramaphosa a setse a goeleditse 4 Ngwanatsele 2026 jaaka letlha la Ditlhopho tsa pusoselegae, Kabinete e ikuela go botlhe ba ba tshwanetseng go tlhopha go ikwadisetsa go tlhopha kgotsa go baya dintlha tsa bona mo dinakong ba dirisa phothale ya inthanete ya IEC https://registertovote.elections.org.za e e dirang 24/7. Baagi ba ka etela gape le kantoro ya bona ya selegae ya IEC go ikwadisetsa ditlhopho mme ba ba dirileng dikopo tsa di ID ba gakololwa go ya go di tsaya kwa Lefapheng la Merero ya Selegae.
2.2 Gape, baagi ba ka ikwadisa gape mo bekeng ya bosetšhaba ya kwadiso ya batlhophi ka 20 le 21 Seetebosigo 2026, kwa diteišeneng tsa ditlhopho tse ba batlang go tlhopha kwa go tsona ka letsatsi la ditlhopho.
H. Melaetsa
1. Matshidiso
Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ba Malapa le ditsala tsa
a. Cynthia Shange, mogaka yo o tlotlegang wa tsa setso, yo nnileng le seabe se segolo mo mererong ya difilimi le thelebišene ya Aforika Borwa, a abelwa dikabo tsa maemo, go akaretsa Dikabo tsa Phitlhelelo ya Botshelo Botlhe (Lifetime Achievement Awards), ka ntlha ya seabe sa gagwe se se tswelelang mo intasetering ya selegae ya boitapoloso.
b. Albert Mazibuko, yo e leng mongwe wa batlhami ba setlhopha se se manontlhotlho sa Ladysmith Black Mambazo, se se fentseng Dikabo tsa Grammy tse tlhano le go tlhagelela mo alebamong e e itsegeng ya ga Paul Simon, Graceland.
c. Mogaka wa Aforika Borwa wa opera, Mimi Coertse, yo e neng e le mongwe wa baambasatara ba ba gaisang ba setso e bile e le mongwe wa diopedi tse di gaisang tsa opera mo nageng. O tlhotlheleditse dikokomane tsa mmino, badiragatsi, le badiragatsi ba bašwa mme le ditiro tsa gagwe di tswelela go nna le seabe mo mminong le setsong sa Aforika borwa sebaka se seleele.
d. Moatlhodi Moporesidente yo o latlhileng seditse Achmat Naeem Jappie yo o tlhokafetseng a le dingwaga tse 70. O dirile jaaka Motlatsa-Moatlhodi Moporesidente mme moragonyana a dira jaaka Moatlhodi Moporesidente wa Karolo ya Kgotlatshekelokgolo ya KwaZulu-Natal, gammogo le go dira jaaka Moatlhodi wa Namaotshwere wa Kgotlatshekelo ya Molaotheo le kwa Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Badiri.
e. MMC Thumeka Bikwana, MMC wa ditirelo tsa botsamaisi kwa mmasepaleng wa sedika wa Chris Hani, yo re utlwileng gore o bolailwe ka 6 Motsheganong 2026.
2. Go akgola
Aforika Borwa e na le mabopo a a gaisang mo lefatsheng
a. Aforika Borwa e tswelela go nna lefelo la mmamoratwa la bajanala ka Pegelo ya Global Beach 2026 e e dirilweng ke moitseanape wa maeto wa boditšhabatšhaba Travelbag ka go akaretsa mabopo a mabedi a naga e mo lenaneng le le botlhokwa le la lefatshe.
b. Lebopo la Boulders kwa Cape Town le supilwe semmuso jaaka lebopo la maemo a ntlha mo lefatsheng, mme le tlhomilwe direthe ke Lebopo la Cape of Good Hope le le mo maemong a bobedi. Maemo a ke bopaki ba keletso e e tswelelang ya boditšhaba ya metswedi ya rona ya ngwaoboswa ya tlhago le maatla a lekala la rona la bojanala.
Kabinete e romela melaetsa ya go akgola go:
- Ngk Naledi Pandor ka go thapiwa ga gagwe jaaka Mokhanselara wa Yunibesithi ya Nelson Mandela. Molweladitshwanelo, serutegi le modiredi wa setšhaba, Ngk Pandor o supile boineelo ba botshelo botlhe mo thutong e e thusitseng mo go bopeng tebego ya temokerasi le loago ya Aforika Borwa.
- Blitzboks, ka go fenya sekgele sa bona sa ntlha sa Hong Kong Sevens morago ga go fenya Argentina 35-7 mo makgaolakgannyeng kwa Setediamong sa Kai Tak.
- Ditlhopha sa banna tsa neeletsano tsa Aforika Borwa ka go ikgapela dimetale tsa selefera mo makgaolakgannyeng a banna a 4x100m le 4x400m kwa Dineeletsanong tsa Diatleletiki tsa Lefatshe kwa Gaborone.
Dipotso:
Government Communications and Information System (GCIS)
Golagana le: Mme Nomonde Mnukwa, Mokaedi Kakaretso wa Namaotshwere
Mogala: 083 6537485
www.gcis.gov.za; www.gov.za
#GovZAUpdates

