A. Merero ya ga Jaanong
1. Dintlha tse di Botlhokwa mo Ikonoming
• Puso e itomile sisino mo matsapeng a yona a:
o go godisa ikonomi;
o go fokotsa botlhokatiro; mmogo le
o go dira gore maemo a loapi e nne a a nonofileng.
1.1 Dintlha tse di bonagalang mo go tlhabololeng ikonomi:
1.1.1 Go Godisa Seelosotlhe sa Ditlhagisiwa tsa Naga mo Ngwageng (GDP)
- Kabinete e tsibogetse kgolo e nnye e e nnileng teng mo ikonoming ya naga ya Aforika Borwa ka seelo se se kanaka 0,4% mo kotareng ya bobedi ya ngwaga wa 2024, e leng selo se se itumedisang jaaka e le ntlha e e bontshang ka fao ikonomi ya rona e tla dirang ka gone mo ngwangeng ono.
- Kgolo eno e bonagetse thata mo lephateng la matlole, la dintlo mmogo le mo intasetering ya tlamelo ka ditirelo mo dikgwebong, mo re boneng kgolo e susumoga ka 1.3%, mo intasetering e nngwe le e nngwe ya tseno ka go latelana ga tsona e nnileng le seabe ka go tsenya seelo se se kanaka 0.3% mo go godiseng GDP.
- Intaseteri ya kgwebisano, go apaya mmogo le ya madulo, intaseteri ya tlhagisodikuno le motlakase, ya gase le leokwane mmogo le intaseteri ya metsi tsone di kgonne go tsenya kgolo e e kanaka 0.1% mo go GDP, fa palogotlhe ya bofelo ya tiriso ya madi a lelapa yona e tsentse seatla ka 0.9% mme palogotlhe ya bofelo e tsentswe 0.2 mo kgolong ya GDP. Diintaseteri tseno di nnile le kgolo mo ditirong tsa ikonomi mo kotareng ya bofelo e e fetileng.
- Ikonomi ya naga ya Aforika Borwa e santse e le matlhagatlhaga mme Kabinete e rotloetsa maphata otlhe mo setšhabeng go sola mosola matlhagatlhaga ano gore re gatele pele.
- Fa maphata otlhe a ka sola mosola matlhagatlhaga ano. re ;e naga re tla kgona go fitlhelela maitlhomo a rona a go tlhola ditiro tse dingwe tse dintsi mmogo le go dira gore maphelo a maAforika Borwa maemo a bona a tlhabologe.
- Kabinete e beile kwa setlhoeng maitlhomo a kgolo ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola mmogo le go tlhola ditiro mo Tsamaisong ya Puso ya Bosupa mme ka jalo ditharabololo tse re nang le tsona ga jaana di tla gagamadiwa gore di kgone go re thusa go fitlhelela maitlhomo ano.
1.1.2 Dipeeletso mo Lekaleng le Legolo la Dijanaga
- Boikuelo jwa dipeeletso jwa naga ya Aforika Borwa bo tswelela go ngokela dipeeletso tse di botlhokwa tse di totobatsang maitlhomo a puso a go dira gore ikonomi e gole. Kabinete e itumedisitswe ke go thankgololwa ga lefelo le le jang dibilione di le R1.1 la go aga dikarolo tsa dijanaga kwa Lefelong la Dikgwebo tse di Itlhophileng la Dube Trade Port kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal.
- Dipeeletso tse di boitshegang ka botona tse di dirilweng ke setlamo sa Toyota Tsusho Africa (Pty) Ltd mmogo le Ogihara Thailand Corporation Ltd ke go bontsha ka fao babeeletsi ba nang le tshepo e e tletseng mo nageng ya Aforika Borwa go ka dira dipeeletso tsa dinaga tsa kwa ntle tse di tobaneng le diintaseteri tse di rileng.
- Dipeeletso tseno gape di paka kgatelopele e e dirilweng ka fa tlase ga boeteledipele jwa Moporesitente Cyril Ramaphosa, yo a dirileng gore go kgonwe go ngokelwa maikano a go beeletsa matlole a fetang diterilione di le R1.51 fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2018.
1.1.3 Go Thusa go Oketsa Ditlhagisiwa tsa Naga ya Aforika Borwa tse di Rekisediwang Dinaga tsa Boditšhaba
- Morwalo wa ntlha wa diabakhado tsa naga ya Aforika Borwa o gorogile kwa nageng ya Japan fa Phatwe 2024 a garela, mme seno se ungwetse thata lephata la dikgwebo tsa abakhado la ka fa nageng, mme seno se bontsha seabe se Leano le Legolo la Lephata la Temothuo le Tlhagiso ya Dijo le nnileng le sona, jaaka maitlhomo a leano leno e le go susumosa palo ya dimaraka tse di tlhokang ke batlhagisi ka fa nageng ya Aforika Borwa go ka e rekisetsang.
- Balemi ba naga ya Aforika Borwa ba ba lemang abakhado jaanong ba tla unngwelwa thata jaaka go tsweletswe ka dikgato tsa go godisa mebaraka e balemi ba rona ba ka e rekisetsang. Naga ya India, China le Japan fa di kopane di dira maraka o o kanaka batho ba le dibilione di feta di le 2.5.
1.1.4 Tsheketso ya Motlakase
- Kabinete e akgola Eskom, boto ya yona, botsamaisi mmogo le badiredi ba yona ba ba ntseng ba dira ka natla go dira bonnete jwa gore Aforika Borwa e se itemogele matsapa a motlakase o o tshabetseng ruri mo pakeng eno ya selemo jaaka setheo seno se tsweletse go oketsa motlakase wa sona mo diyuniting tsa tlamelo ya motlakase mme se dira jalo ka leano la go busetsa sekeng lephata la motlakase.
- Maitlhomo a Eskom ke go dira gore tatlhegelo ya motlakase e e diragalang e sa lebelelwa e se fete dimekawate do le 13 000 mme e samagane le go dira gore re nne le mafelo a a fetlhang motlakase a a tshepagalang.
- Motlakase o o tshepagalang o botlhokwa mo go godiseng ikonomi, mo go direng gore batho ba nne le tshepo mo go ona mmogo le mo go fetoleng matshelo a baagi.
- Puso e tsweletse go diragatsa Leano la go Tseela Motlakase Dikgato, le le nnileng le mosola mo go fokotseng ditiragalo tse di neng di diragala thata tsa motlakase o o tshabetseng ruri ka go rulaganyetsa matsholo a Eskom a tlhokomelo le tsosoloso ya meago le dithoto tsa tlhagiso ya motlakase.
- Go fetola lephata la naga ya rona la motlakase go botlhokwa thata mo go direng gore re nne le motlakase o le bana ba rona kamoso ba ka ikanyegang mo go ona.
1.1.5. Go Ntšhwafadiwa ga Dikgwebo tsa Puso (di-SOE)
- Mo ntlheng e Moporesitente Ramaphosa a buileng ka yona mo malobeng fa a ne a eme Palamente ka lefoko fa a bua ka go tlhabolola di-SOE tsa naga ya rona, di-SOE tsotlhe jaanong di isitswe kwa mafapheng a a maleba a a farologaneng go tlhokomelwa ke ona, mme seno ke morago ga gore Moporesitente a saene lekwalotaelo le buang ka ntlha eno.
- Kgato eno e tsamaisana le maano a go dira gore motshwaradišene a se tlhole a nnela kgakala le ditheo tseno mme puso jaaka motsholadišere e batla go sola di-SOE mosola mo go godiseng ikonomi, mo go tokafatseng kabo ya ditirelo mmogo le mo go lepalepanyeng di SOE le dikgwebo le maano a a maleba.
- Setlamo sa motlakase sa Eskom sona se mo diatleng tsa Lefapha la Merero ya Metlakase, mme setlamo sa Transnet, Setlamo sa Difofane sa Aforika Borwa mmogo le sa South African Express tsona di mo diatleng tsa Lefapha la Dipalangwa.
- Setlamo sa ditaemane sa puso Alexkor sona se tla nna mo diatleng tsa Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le ya Leokwane, setlamo se segolo sa difofane mmogo le dibetsa le thekenoloji ya sesole sa Denel sona se tla nna mo diatleng tsa Lefapha la Sesole le Tlhokomelo ya Baitseanape ba Sesole mme setlamo sa South African Forestry Company SOC Limited, se se rweleng maikarabelo a merero ya dikgwa ka fa nageng, se tla nna mo diatleng tsa Lefapha la Merero ya Dikgwa, Botshwaro jwa Ditlhapi le Tikologo.
1.1.6 Tlamelo ka Matlole a go Tlisa Tlhabologo
- Matlole a mo malobeng a abilweng ke Banka e Ntšhwa ya Merero ya Tlhabololo (NDB) ya BRICS a a kanaka dibilione di le R17,8 gore a dirisediwe go aga mafaratlhatlha mmogo le a metsi le kgeleloleswe a tla thusa go fokotsa tshalelomorago e e ntseng e le teng mmogo le go dira bonnete jwa gore go nna le kabelo ya ditirelo tse di botlhokwa mo malapeng a a hutsanegileng.
- NDB e saenile tumelano gape le setlamo sa Transnet mo puso e totobaditseng gore e tla tshegetsa sekoloto sa dibilione di le R5 gore setlamo seno se kgone go tlhabolola lephata la diterene tse di rwalang dithoto.
- Kabinete e lebogile tlamelo eno ya matlole, jaaka e tla dira tiro e e bonagalang mo go tlhabololeng mafaratlhatlha a naga le mo go tokafatseng matshelo a batho.
2. Dintlha tse di Botlhokwa Mabapi le Tlhokomelo ya Baagi
• Puso e samagane le:
o go agela batho botlhe Aforika Borwa yo o botoka; mmgo le
o go dira bonnete jwa gore batho ba a lekalekana, ba fitlhelela ditirelo le go akarediwa mo ditirelong.
2.1 Dintlha tse di Diragetseng tse di Bonagalang mo Dintlheng tse di Botlhokwa tse di Mabapi le Tlhokomelo ya Baagi
2.1.1 Setlankana sa Moporesitente se se ka ga Boitekanelo
- Dikgato tsa go dira gore go nne le thulaganyo ya go tlhokomela balwetse e e sa bitseng madi a a boitshegang gore batho botlhe ba unngwelwe e gaufi le go diragala jaaka go setse go saenilwe tokomane ya bobedi ya Setlankana sa Moporesitente se se ka ga Boitekanelo.
- Setlankana sa boitekanelo ke leano la go tsamaisa tiro ya gore maphata otlhe mmogo le bannaleseabe botlhe ba ba samaganeng le tiro e e masisi ba dirisane mmogo mme bona ba tsenyeletsa puso, dikgwebo, mekgatlho ya badiri, mekgatlho ya baagi, batlhankedi ba lephata la maokelo, badirisi ba ditirelo, makgotla a molao, batlhankedi ba ditheo tsa thuto e kgolwane mmogo le batlhankedi ba ba dirang dipatlisiso.
- Se batla go gagamatsa lephata la boitekanelo, mmogo le go tlhokomela le go baakanyetsa go tsenya lephata leno go kgona go mekamekana le Inšorense ya Tlhokomelo ya Botekanelo jwa Setšhaba (NHI).
- Maitlhomo a setlankana seno sa boitekanelo ke go tlhatlosa dipalo tsa batlhankedi ba boitekanelo fa ka fa letlhakoreng le lengwe se tokafatsa phitlhelelo ya melemo, meento le dithagisiwa tsa boitekanelo, mmogo le go aga mafaratlhatlha a setšhaba le go dirisana le lephata la maokelo a poraefete.
3. Go Lwantshana le Botlhokotsebe le Bokhukhuntshwane
- Puso ga e batle go utlwa sepe ka botlhokotsebe, bogodu le bonweenwee; e bile e tla dira bonnete jwa gore botlhe ba ba ikgatolosang melao ya naga ya rona ba digama ba sa di tlhapela.
3.1.1 Go se Emisi go Lwantshana le Botlhokotsebe
- Kabinete e itomile sesino mo go direng bonnete jwa gore Aforika Borwa e nne setšhaba se mo go sona batho botlhe ba ikutlwang ba babalesegile; mme e bile ditiragalo tsa mo malobanyaneng tsa go tshwarwa le go romelwa kgolegelong ga babelaelwa ba ba amegang mo ditiragalong tse di farologaneng tsa botlhokotsebe di bontsha maikano a go lwantshana le botlhokotsebe.
- Dipalopalo tsa kotara e nngwe le e nngwe tse di tlhatlogileng tsa botlhokotsebe jwa tirisodikgoka tse di gololotsweng mo malobanyaneng tsa kotara ya ntlha ya go tloga ka Moranang go fitlha ka Seetebosigo 2024 di re bontsha gore go santse go le gontsi go re santseng re tlhoka go go dira go dira bonnete jwa gore baagi ba ikutlwa ba babalesegile.
- Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS), e eteletswe pele ke Kantoro ya Tona ya Sepodisi, e samagane le go lwantshana le botlhokotsebe. Matsholo a sešweng a go samaganweng nao a akaretsa:
- matsholo a go lwantshana le babelaelwa kwa Milnerton, kwa Motsekapa, mo ba bangwe ba tlhokafetseng fa ba bangwe ba tshwerwe.
- matsholo a kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, mo go samaganweng thata le lefelo la Mthatha mmogo le la Nelson Mandela Bay.
- ditiragalo tsa go tshwara batho kwa porofenseng ya Gauteng, ya Mpumalanga mmogo le ya Foreistata ba ba latofadiwang ka go dirisa matshosetsi gore batho ba ba duele.
- Puso e samagane le go tsenya tirisong dikgato tsotlhe tsa puso, mmogo le:
- go saena ditumelano le dipuso tsa diporofense mmogo le tsa dimasepala.
- go tla ka maano a go diragatsa matsholo kwa Motsekapa le kwa Nelson Mandela Bay, mo maitlhomo e leng go diragatsa maano ano mo diteropokgolong tsotlhe.
- go buisana le mafapha a mangwe go tshwarisana tiro ya go lwantshana le botlhokotsebe.
- Pholisi ya Naga ya Tsamaiso ya Tiro ya Sepodisi go solofetswe gore e tla garelwa le go tsenngwa tirisong fa Diphalane 2024 a garela mme yona e tla samagana le dintlha tse di jaaka go oketsa diteišene tsa sepodisi le mafaratlhatlha go ya ka maitsholo le maemo a a tlhomilweng.
- Kabinete e itumelela dikgato tsa go saeniwa ga Tumelano ya Tirisanommogo go Lwantshana le Botlhokotsebe kwa porofenseng ya Kapa Bophirima, mme yona e tlhatlosa tirisanommogo le tsamaiso ya ditirelo tsa pabalesego magareng ga bannaleseabe botlhe gore ba kgone go samagana le pabalesego le tshireletsego. Ka matsholo a setšhaba, go kopanela didirisiwa mmogo le go itlhamela maano, tumelano eno e tla kgona go dira gore SAPS, diporofense mmogo le baagi ba ipope seoposengwe mo go lwantshaneng le botlhokotsebe le mo go direng gore pabalesego ya setšhaba e nne kwa setlhoeng.
- Mo go tsamaisaneng le maikano a a dirilweng ke Moporesitente Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya Pulo ya Palamente ka la bo 18 Phukwi 2024 go aga naga e e babalesegileng, ditheo tsa naga tsa molao di fetotse ka fao di lwantshanang le botlhokotsebe.
- Setheong sa Dipatlisiso tsa Melato e Megolo ya Botlhokotsebe (DPCI), seo gape se itsegeng thata ka leina la the Hawks, se tshwere babelaelwa ba le 673 mo kotareng ya ntlha ya 2024/25, mme mo go bona ba le 506 ke ba ba bonweng molato fa ba le 77 e leng bao go tswileng ditaolo tsa kgotlatshekelo ka maina a bona gore ba amogwe dithoto tsa bona semolao mo khumo e e tlisitseng dithoto tseno e tlhodilweng ke ditiragalo tsa bogodu. Mapodisi e bile gape a tshwere baPatweelaelwa ba le 14 422 mabapi le ditiragalo tse di farologaneng tsa bosenyi mme ba dirile seno ka letsholo la go fiela botlhokotsebe la Operation Shanela le le diragaditsweng go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 25 Phatwe 2024.
- Letsholo le le tshwaraganetsweng ke ditheo tsa naga ka mefuta leo le tshwaraganetsweng le ke sepodisi sa naga, sepodisi sa motsemogolo, ditheo tsa ditirelo tsa kgopololo ya batshwariwa, Lefapha la Merero ya Selegae mmogo le ditheo tse dingwe tsotlhe tsa molao, mo go golegweng batho ba ba amegang mo ditiragalong tsa go thopa ka kgang meago e le merataro kwa Durban mo go thusitseng gore go utololwe madi a le kanaka dimilione di le R4 a kwa Amerika a a seng mo molaong, go thopiwa ga diritibatsi, go thopiwa ga dikolo di le 117 mmogo le bojalwa, mmogo le go tshwariwa ga batho ba feta ba le 150 ba ba latofadiwang ka gore ke batswantle ba ba senang makwaloitshupo.
- Matsholo a re atlegileng mo go ona ano ke ka ntlha ya tiro e e dirilweng kwa tshimologong ya ngwaga ya go utolola bogodu jo bo neng bo tseneletse mo nageng jo bo neng bo ikadile go ralala le dinaga tse dingwe. DPCI e utolotse dilaboratori tsa bokhukhuntshwane tsa go apeela diritibatsi tseo di seng mo molaong mme go golegwe batho ba le 34 ba ba amegang mo go apeweng ga diritibatsi tseno, go di rekisa le go di tshwara mo go bona.
- Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tswelela go dirisana le ditheo tsa molao ka go begela sepodisi mo mogaleng wa 10111 fa go na le ditiragalo tse di seng mo molaong gore ditlhokotsebe di se tlhole di kgona go itirela boithatelo.
- Tiro ya go lwantshana le botlhokotsebe e tshwanetswe go tshwaraganelwa mme puso e tla tswelela go goga kwa pele matsholo a a tla dirang gore setšhaba sotlhe sa rona se ipope ngatana nngwe go lwela go dira gore naga ya Aforika Borwa e tokafale le go bolokesega.
3.1.2 Go Rwesa Molato Batho bao ba Dirang Bonweenwee
- Kabinete e itumeletse katlholo e e laolang gore bao ba amegang mo bogodung jo bo dirilweng mo Khomišeneng ya Naga ya Dilothari dithoto tsa bona tse di ka dirang dimilione di le R6.5 di thopiwe. Dikatlholo tsa mothale ono di ema nokeng Dikgato tsa go tsenya tirisong Leano la Naga la go Ema Kgatlhanong le Bonweenwee, e leng leo le kopanyang ditheo tsa molao go lwantshana le bonweenwee.
- Kabinete e itumelela gape le katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelo ya London eo e letleletseng gore moagi wa naga ya Britain yo mo malobeng a neng a a reboletswe thendara ke setlamo sa Eskom, e bong Rre Michael Lomas, a busediwa ka fa nageng ya Aforika Borwa go tla go lebana le ditatofatso tsa bonweenwee. Rre Lomas o tla busediwa ka fa nageng go tla go tobana le ditatofatso di le 41 tse di amanang le bonweenwee mabapi le konteraka ya go aga Seteišene sa Motlakase sa Kusile. Katlholo eno a bontsha gape ka fao tsamaiso ya molao ya naga ya rona e dirang ka tshwanelo ka teng mme e totobatsa maikemisetso a rona a go ikobela maikarabelo a rona a boditšhabatšhaba a ditshwanelo tsa batho.
- Mo katlholong eo a e rebotsang, Moatlhodi Charles Bourne o ntshitse lefoko la gore dikgolegelo tsa naga ya Aforika Borwa di na le dilo tsotlhe tse di tlhokagalang mme ga go sepe se di ka retelelwang ke go se direla Rre Lomas.
- Go saeniwa ke Moporesitente Ramaphosa ga taelo e e laelang Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) go gata motlhala ditatofatso tsa bonweenwee, tsa go dirisa botlhaswa madi a puso kwa setlamong sa Eskom go gagamatsa dikgato tsa go rwesa bao ba amegang mo ditiragalotsa tsa bonweenwee mo ditheong tsa puso maikarabelo.
- Taelo eno e tsenyeletsa gape le ditatofatso tsa ditiragalo tsa go se latele molao le tsa maitseo a a seng mo molaong tseo di diragetseng magareng ga la bo 1 Mopitlwe 2006 le la bo 30 Phatwe 2024, mme go tla sekasekiwa dikonteraka tsa dithendara di le robongwe tse di tsamaisanang le paka eno. Moporesitente o otlolotse gape taelo e e laelang SIU gore e latlhele leitlho gape le mo ditatofatsong tse dingwe tsa bonweenwee mo Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.
- Kabinete e otletse legofi katlholelo kwa kgolegelong ya dingwaga di le 15 e Kgotlatshekelo ya kwa Palm Ridge e e Samaganang le Melato ya Botlhokotsebe jwa Tsamaiso ya Dikgwebo e e atlholetseng Tlhogo ya Lephata la Boenjenere kwa Setheong sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa, e bong Rre Daniel Mthimkhulu. Katlholo eno e bontsha sentle gore ntwa ya go lwantshana le bogodu le bonweenwee e simolotse go fenyega mo ditheong tsa ka fa nageng. E bontsha gape ka fao puso e itomileng sesino go fedisa setlwaedi sa go tlhoka nnete le go dira gore mo maphateng otlhe batho ba rwale maikarabelo.
3.1.3 Go Lwantshana le Bogodu jwa go Dira Matshosetsi mo Bathong gore ba Ntshe Tuelo e e Rileng
Kabinete ga go fao e bayang gone ditiragalo tsa bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng
- Naga ya Aforika Borwa e ithuta mo dinageng tsa boditšhabatšhaba gore ditsela tse e ka di dirisang ke dife tsa go lwantshana le bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng.
- Setšhaba se tshwanetse se eme mmogo le puso, ditheo tsa molao, dikgwebo le baagi gore ntwa eno e kgone go lwantshega.
- Bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng ga bo senyeletse fela batho ba ba amegang; bo senyeletsa gape le ikonomi ya rona yotlhe. Ka go lwantshana le bosenyi jono, re tla bo re sireletsa ditiro, re tlhotlheletsa go nneng teng ga dipeeletso le go rotloetsa ikonomi gore e kgone go gola.
- Re tlhotlheletsa baagi gore ba eme kgatlhanong le bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng. Ka go dirisa thuto, matsholo a go ema nokeng baagi le ditsela tse batho ba ka begang ditiragalo tseno ntle le go pepesa maina a bona, re dira gore go se nne boima gore batho ba kgone go tshwara botlhokotsebe ka kgokgotso.
- SAPS e samagane le go tlamelwa ka maano le didirisiwa tsa segompieno go lwantshana le bogodu jono, mo go tsenyelediwang gape le ditiragalo tsa maemo a a kwa godimo tsa go bokeletsa tshedimosetso ka bosenyi mmogo le go dirisa ditlhopha tse di itlhophileng tsa twantsho ya bosenyi mmogo le go pota kwa pele maano a ditlhokotsebe.
- Bogodu jwa go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng bo diragala ka bontsi mo mafelong ao batho ka bontsi ba senang ka fao ba ka itirelang letseno. Puso e samagane le seo se tlholang bogodu jono mme e dira seno ka go beeletsa mo thutong, mo go tlhodiweng ga ditiro le mo go tlhatlheleleng baagi ka bokgoni mmogo le go tlhatlhelela ditheo tsa naga ya rona tsa molao.
- Puso e dirisana le badirisanimmogo ba yona lefatshe ka bophara go abelana ka tshedimosetso ka bosenyi jono, go gata motlhala wa ditlhokotsebe tsa bogodu jono le go dira gore ditlhokotsebe tseno di digame di sa di tlhapela.
- Maitlhomo a rona a tobane segolo le go sireletsa batho ba ba sa kgoneng go ikemelela mmogo le beng ba dikgwebo bao gantsi e leng bona ba bogodu jono bo ba diragalelang. Ga go motho yo a tshwanetseng go tshela ka letshogo mo setšhabeng sa gaabo.
- Puso e itomile sesino mo matsholong a go se emise go utolola ka modi botlhokotsebe le go dira gore go rene tshireletsego le pabalesego mo matshelong a maAforika Borwa otlhe.
3.1.4 Ditshuga tsa Semolao tse di Mabapi le Malwetse le Dikgobalo tse di seng mo Molaong
- Kabinete e swabile nko go feta molomo ka ntlha ya tse dingwe tsa ditshuga tse di tlhatlhetsweng ke babueledi ba molao ba ba megagaru tse maitlhomo a tsona e neng e le go tsietsa Puso dibilionebilione tsa madi ka ditshuga tsa semolao tse di mabapi le malwetse le dikgobalo tse di seng mo molaong.
- Ditiragalo tseno di utolotswe ke dipatlisiso tse di tseneletseng tse di dirilweng ke SIU mo ditatofatsong tsa gore go ditshuga tsa semolao tse di mabapi le malwetse le dikgobalo tse di seng mo molaong tse di dirilweng kgatlhanong le Puso go tloga ka ngwaga wa 2017.
- Dipatlisiso tse di tsweletseng tseno di ribolotse gore ba bangwe ba babueledi ba dirisana le dingaka tse di direlang Puso ba ntse ba tlhatlhela ditshuga tsa mofuta ono mo Mafapheng a Boitekanelo a Diporofense, mme dikgetse tse ga jaana SIU e setseng e feditse ka tsona di thusitse go bolokela Mafapha a Boitekanelo a a farologaneng madi a ka dira dibilione di le R3.
3. Dintlha tse di Botlhokwa mo Pusong
- Tsamaiso ya Puso ya Bosupa e tsepamisitse mogopolo mo go oketseng bokgoni jwa puso gore e kgone go fitlhelela dintlha tse di botlhokwa mo pusong.
- Ditokololo tsa Tsamaiso eno di itomile sesino gore ba tla ntsha ga tshwene mme ba sola mosola bokgoni jwa bona gore ba kgone go tokafatsa matshelo a maAforika Borwa otlhe.
- Re na le maikarabelo a a tlhamaletseng a go itlwaetsa go tsibogela dikgwetlho tsotlhe mo pusong - e ka tswa e le mo lephateng la puso ya naga, la puso ya diporofense le mo go la puso ya dimasepala.
3.1 Kgatelopele e e Dirilweng e e Bonagalang mo Dintlheng tse di Botlhokwa mo Pusong
3.1.1 Go Tlhabolola ka fa Metsi a Tlhokomelwang ka Teng
- Dikgato tsa go tlhabolola ka fao dithoto tse naga e nang le tsona tsa metsi di ka tlhokomelwang ka teng go dira bonnete jwa gore naga e se itemogele matsapa a metsi mo dingwageng di le lesome tse di tlang jaanong di gagamaditswe ke taolelo ya Molaotlhomo e e saenilweng ke Moporesitente Ramaphosa ya go tlhomiwa ga Setheo sa Naga se se Disang Mafaratlhatlha a Metsi SOC Ltd, mme taolelo eno e tla laola gore go tlhomiwe setheo se sentšhwa se se tla rwalang maikarabelo a go aga le go tlhokomela mafaratlhatlha a metsi ka fa nageng.
- Kabinete e itumeletse molao o montšhwa ono jaaka o bontsha kgato e e botlhokwa mo dikgatong tsa go tlisa phetogo gore dipeeletso di tle di kgone go susumoga mo lephateng la go agiwa le go tlhokomelwa ga matamo le go tlhabolola boleng jwa metsi.
3.1.2 Dipholo tsa Boruni tsa Maphata a Puso ya Dimasepala
- Kabinete e tsibogetse Dipholo tsa Boruni tsa Maphata a Puso ya Dimasepala tsa ngwaga wa matlole wa 2022/23 tse di phasaladitsweng ke Kantoro ya Motlhankedi yo Mogolo wa Ditiro tsa Boruni ka fa Nageng (AGSA) tse di bontshang fa maemo a tlhokomelo ya matlole mo dimasepaleng a tokafetse.
- Le fa go le jalo, tiro e santse e le e e tshabang diatla e e tlhokang go diriwa gore kwa bofelong dimasepala ka bontsi tse di tsweletseng go rebolelwa dipholo tsa boruni tse di swabisang di kgone go ikobela molao.
- Pegelo ya AGSA e bontsha gore ke dimasepala di le 34 fela mo go di le 257 tsa diteropokgolo, ditikologo le tsa dikgaolo tse di kgonneng go fitlhelela dipholo tsa boruni tse di amogelesegang.
- Se se re digelang matshwafo ke gore palo ya dimasepala tse di neng di rebolelwa dipholo tsa boruni tse di sa wetseng pelo e fokotsegile mme ka fa letlhakoreng le lengwe dimasepala di le 45 di tokafaditse dipholo tsa tsona tsa boruni fa e sale go tloga ka ngwaga wa matlole wa 2020/21 fa ka fa letlhakoreng le lengwe gape dimasepala tse di tlisitseng ditokomane tsa bona tsa matlole go sa le gale palo ya tsona e tokafetse go tloga mo go di le 81% mo ngwageng wa matlole wa 2020/21 go fitlha mo go di le 94% mo ngwageng wa matlole wa 2022/23.
- Kabinete e rotloediwa ke gore Lefapha la Pusoselegae le Merero ya Setso, mmogo le AGSA, ba tsweletse go ema nokeng matsholo ao maitlhomo a ona e leng go bokeletsa dikgato tseo tse dingwe tsa dimasepala di di tlhabolotseng.
- Lefapha leno le beile kwa setlhoeng dimasepala tse di sa direng sentle ka fa nageng ka go tsaya dikgato gore batlhankedi ba dimasepala tseno ba tlhatlhelelwe gore ba kgone go itse go dira tiro ya bona ka go ba katisa le go dira gore ba ba itseng tiro ba katise ba ba sa e itseng, mmogo le go gapeletsa balaodi ba dimasepala mmogo le batlhankedi ba bagolo gore ba itepatepanye le melawanataolo e e tshwanetseng.
B. Go Baya Kabinete mo Dinakong
(i) Mokete wa Letsatsi la go Keteka Mosola wa Mapodisi ka fa Nageng
(a) Kabinete e tsibositse ka mokete wa Letsatsi la go Tlotlomadiwa ga Mapodisi a Naga, o o neng o tshwarwe ka Latshipi, 1 Lwetse 2024.
(b) Maitlhomo a letsatsi leno ke go bontsha banna le basadi ba ditirelo tsa naga ya rona tsa sepodisi tlotla e e ba tshwanetseng jaaka ba bangwe ba bona ba latlhegetswe ke matshelo a bona mo tirong ya bona, mmogo le gore re tsaye dikgato tse di tlhokagalang go ka thusana le ba malapa a bona, segolo bana ba bona ba ba santseng ba tsena sekolo.
(c) Puso e tšhakgetse tota ka dipolao tsa mapodisi a le 39 a a tlhokafetseng mo tirong mme e botlhe ba ba nnileng le seabe mo dipolaong tsa mapodi a le mo tirong, batho bao ba tla di gama ba sa di tlhapela.
(d) Puso e beetse kwa setlhoeng dikgato tsa go lwantshana le mefuta yotlhe ya botlhokotsebe mme e tla gagamatsa le melao e e tla e kgontshang gore e kgone go tshwara botlhokotsebe ka megolo.
(ii) Kgatelopele e Naga ya Aforika Borwa e e Dirileng mo go Rarabololeng Dikgwetlho tsa go Nna Naga e e sa Tshepagaleng ka Madi le e e Nang le Ditiragalo tsa go Tllhatswa Tšhelete ya Bogodu tse di Beileng Naga mo Maemong a a sa Wetseng Pelo go ya ka Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF)
(a) Kabinete e amogetse pegelo ya bone e e ka ga Komiti ya Mafapha ka go Farologana a a Lwantshanang le Ditiragalo tsa go Tlhatswa Tšhelete ya Bogodu Mmogo le tsa go Tlamela Ditiragalo tsa Menolopuso ka Matlole (IDC-AML/CFT) jaaka naga ya Aforika Borwa ka Tlhakole 2023 e ne ya bewa mo maemong a go nna naga e e sa tshepagaleng ka madi. Pegelo eno e bontsha gore go tsibogetswe tshwetso ya Kabinete e e tserweng ka la bo 27 Lwetse 2023 ya gore IDC-AML/CFT e e begang kgatelopele e e dirilweng e bege kgatelopele eno ga raro ka ngwaga.
(b) Go nnile le kgatelopele e e seng kana ka sepe mo go direng gore Aforika Borwa e kgone go rarabolola dikgwetlho tsa go se ikobele dikgato tsa setegeniki tsa molao, mme mo go tsona dikgato tse naga e neng e retelelwa go ikobela tsona di le 20, ga jaanong naga e kgona go ikobela di le 15 ka bojotlhe jwa tsona.
(c) Gore naga ya Aforika Borwa e tswe mo maemong a e beilweng mo go ona ano a go nna naga e e sa tshepagaleng ka madi, e tshwanetse go phethagatsa dikgato di le 22 tse di nopotsweng e le tsona tse di bontshitseng naga e tlhaela mo go tsona tse di dirileng gore e bewe mo maemong ao, mme mo go tsona go setse go samaganwe le di le robedi ka botlalo, mme go setse di le 14 tse go tla samaganwang le tsona pele ga Tlhakole 2025.
(d) Kabinete e amogetse ka fao matsapa ano a tlhakatlhakaneng ka teng go ka rarabololwa, mme le fa go le jalo e santse e itomile sesino go oketsa ditharabololo tse di tla rarabololang dikgato tse di saletseng, mmogo le go dira bonnete jwa gore matsapa a naga ya Aforika Borwa a re tswela molemo go gaisa dinaga tse tsona di tsweletseng pele go tshwana le Amerika, e yona le ka motsi ono e santseng e le kwa moseleng e phalwa ke naga ya rona ya Aforika Borwa.
(iii) Leano le Legolo la go Gweba ka Motekwane
(a) Kabinete e tsibositswe ka kgatelopele e e setseng e dirilwe mo go kwaleng Leano le Legolo la go Gweba ka Motekwane, e leng lona le le tla abelanang ka leano le le tshwanetsweng go latelwa la go tsamaisa tiro ya go tlhoma intaseteri ya dikgwebo tsa motekwane, go digodisa le go di tlhabolola ka fa nageng ya Aforika Borwa gore e kgone go tsenya letsogo mo kgodisong ya ikonomi, mo go fedisang khumanego le mo go tlholeng ditiro.
(b) Leano le Legolo leno le ikaegile ka ditlha di le robongwe e bong, Go Nna le Ditirelo tsa Molaotalo tse di Mosola; Go Tlamela ka Peo e e sa Tlhaeleng; Go Tlamela ka Dipatlisiso le Thekenoloji; Go Tlamela ka Thulaganyo e e Emang Nokeng Balemi ba ona; Go Godisa Dimaraka tsa ona; Go Tlhagisa Dikgwebo tse Dikgolo le tsa go o Phasalatsa; Go Tlhagisa Didirisiwa ka ona; Go Rutla le go Katisa Batho ka ona; mmogo le go Nul Sethaba matlho ka ona.
(c) Tse di latelang ke go tsopola kgatelopele e e dirilweng go fitlha mo motsing o re leng mo go ona ono:
i. Fa e sale go nna mo molaong gore motekwane le ona ke sejalwa se go ka lemiwang ka sona, balemi ba motekwane ba le 1 110 ba reboletswe diphomete tsa go lema motekwane.
ii. Moporesitente Ramaphosa o neseditse pula Molaotlhomo wa go Letlelela Motekwane go Dirisediwa Mabaka a ka fa Lapeng ka Motsheganong 2024.
iii. Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le simolotse ka dikgato tsa go kwala melawanataolo e e tla emang nokeng Molao wa go Letlelela Motekwane go Dirisediwa Mabaka a ka fa Lapeng.
iv. Lefapha la Boitekanelo, ka go dirisa Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Melemo ya Boitekanelo (SAHPRA), le garetse dikgato tsa go batla maikutlo a baagi ka ga diphetogo tse di dirilweng mo Melaong ya Molao wa Dijalo le Didirisiwa tse Dingwe tse go Diriwang Melemo ka Tsona wa ngwaga wa 1965, Molao wa bo 101 wa 1965.
v. Lefapha la Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano tsa Dikgwebo (the dtic) le garetse dipatlisiso tsa go sekaseka kgonagalo le boleng jo lephata la motekwane le tla nnang le bona ka fa nageng ya Aforika Borwa, mme lefapha leno mo nakong e e sa fediseng pelo le tla simolola go batla maikutlo a baagi gore ke eng se se ka diriwang go dira gore go nne le Pholisi e e tla Dirang gore Motekwane o Dirisiwe go Dira Kgwebo e Kgolo.
vi. Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo (ARC) le tlhagisitse mefuta e mebedi e e sa tshwaneng ya motekwane mme e kgonne seno ka ntlha ya go enngwa nokeng ke Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae, mme ga jaanong le samagane le go jala peo eno gore e tle e kgone go tlhoga e oketse dipeo tse di leng teng ga jaana gore e tle e re paka ya go o jala ka ngwaga wa 2025 e goroga go be go na le peo e e lekaneng.
vii. Ka Motsheganong 2024 Tona ya Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae e ne ya nesetsa pula dikgato tsa go dira Sekema sa go Tlhotlhomisa le go Abela Balemi ba Motekwane Ditifikeiti gore go tle go kgonwe go disa gore mofuta wa peo o se tswakwe mo o tla felelwang ke bogale jwa ona, e leng maitlhomo a go somarela peo eno.
viii. Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae mmogo le Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo le thankgolotse letsholo la dipatlisiso tse di ka jang boleng jwa madi a le kanaka dimilione di le R124 leo le samaganeng le go bona ka fao motekwane o ka dirisiwang ka teng mo melemong, mo dikotleng tse di nang le faebara le mo go dirisiweng mo dilong tse dingwe, mo go diriseng motekwane jaaka sedirisiwa sa go thibela malwetse, jaaka sedirisiwa sa tlhago se se ka dirisiwang go bokletsa go tswa mo go sona lero la disele, mmogo le go dirisediwa go ka tlhagisa dipeo ka ona.
ix. Kwa Gauteng, dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo, ka go dirisana le Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Intaseteri, di ne tsa enngwa nokeng gore e nne tsona tse di tlha tlhagisang ditlhagisiwa. Lefapha la Temothuo, Pusetsomafatshe le Tlhabololo ya Metsemagae le tswelela go batla maikutlo a diporofense ka maikano a a dirilweng gore jaanong a tsamaela kae.
x. Mo go thuseng lefapha gore le kgone go disa maemo a peo ya motekwane e e lengwang ke bao ba reboletsweng diphomete, Lekgotla la Dipatlisiso mo Mererong ya Temothuo le tlile ka letsholo la go tlhatlhelela ka tsenelele bao ba tla tlamelanang ka ditirelo tsa go tlhatlhoba dipeo.
(iv) Matsholo a a Diragalang ka Kgwedi e le Nngwe ya Ditirelo tsa Setšhaba
(a) Kabinete e lomilwe tsebe gore monongwaga Matsholo a a Diragalang ka Kgwedi e le Nngwe ya Ditirelo tsa Setšhaba a tla ketekiwa jang.
(b) Monongwaga Matsholo a a Diragalang ka Kgwedi e le Nngwe ya Ditirelo tsa Setšhaba a tla ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go nna le puso e e direlang setšhaba”.
(c) Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba e re gopotsa gore go raya eng fa re re motho o direla setšhaba, mmogo le go sekaseka seabe se puso e nnileng le sona, segolo jang mo dintlheng tse di jaaka kabo ya ditirelo.
(d) Monongwaga naga ya Aforika Borwa e keteka Dingwaga di le 30 tsa Temokerasi mmogo le Segopotso sa Dingwaga di le 27 tsa Sekwalwa sa Masupatsela sa Batho Pele jaaka e le leano la go tsamaisa tiro ya go fetola thebolelo ya ditirelo tsa puso mo setšhabeng sa Aforika Borwa.
(e) Matsholo a a diragalang ka kgwedi e le nngwe mo pusong ka bophara a tsenyeletsa a Kgwedi ya Ditirelo tsa Setšhaba; a Kgwedi ya Ngwabošwa; a Kgwedi ya Bojanala mmogo le a Kgwedi ya go Jala Ditlhare.
C. Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
(a) Mme. Yolanda Batandwa Damoyi o thapilwe go nna Mokaedimogolo mo Botong ya Koporasing ya Dipeeletso tsa Puso (PIC).
(b) Mme. Thulisile Glory Manzini o thapilwe go nna Mokaedikakaretso mo Lefapheng la Tlhokomelo ya Dikgwebopotlana.
(c) Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto ya Bothati jwa Aforika Borwa jwa Taolo ya Taemane le Dimenerale tse di Botlhokwa
(i) Rre Abiel Mngomezulu (Monnasetulo);
(ii) Ngaka Natalie Skeepers – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(iii) Mme. Fungai Mushohwe – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(iv) Mme. Faith Tumelo Mokwena – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(v) Ngaka Tshepo David Khoza – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(vi) Rre. Leanda-Marsha Mtshali – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(vii) Rre Norman Baloyi – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(viii) Rre Mawethu Cawe – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(ix) Moatefokate Madikeledi Moloto – (Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE));
(x) Mme. Rebone Nkambule – (Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Eneji (DMRE));
(xi) Rre Rangers Molapo – (Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Mokgatlho wa Badiredi ba Meepo ya Naga (NUM));
(xii) Rre Dingindawo Sibeko – (Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Mokgatlho wa Badiredi ba Meepo ya Naga (NUM));
(xiii) Moatefokate Leon Johannes Pretorius – Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Mokgatlho o o Kopanetsweng ke Mekgatlho ya Badiredi ba Naga ya Aforika Borwa (UASA);
(xiv) Mme. Nongcebo Ngcobo – Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Bankakgolo ya Aforika Borwa (SARB);
(xv) Mme. Kamolegelo Manamela – Moemedi yo e leng tokololo e e seng ya leruri ya Bankakgolo ya Aforika Borwa (SARB);
(xvi) Mme. Nosiphiwo Mzamo – (Motlhankedi yo maemo a gagwe a mo gapeletsang go nna tokololo ya boto); mmogo le
(xvii) Rre Cecil Khoza – (Motlhankedi yo maemo a gagwe a mo gapeletsang go nna tokololo ya boto).
(c) Go thapiwa ga ditokololo tsa Boto Setlamo sa Tirelo ya Kgwebisano ya Puso ka Ditaemane
(i) Rre Abbey Chikane (Monnasetulo);
(ii) Rre Ernest Blom – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(v) Mme. Komathie Kisten Govender – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(vi) Moatefokate. Mpati Lebakeng – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga;
(vii) Ngaka Olga Masekoa – Moemedi wa Lefapha;
(viii) Mme. Hellen Diatile Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Mokgatlho wa Badiredi ba Meepo ya Naga (NUM);
(ix) Rre Thapelo Malekutu Moemedi yo e leng tokololo e e seng ya leruri ya Mokgatlho wa Badiredi ba Meepo ya Naga (NUM);
(x) Mme. Adele Rossouw Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Letlole la Tshwaraganelo;
(xi) Rre Johan Du Toit Böning – Moemedi yo e leng tokololo e e seng ya leruri ya Letlole la Tshwaraganelo;
(xii) Rre Jacques Hugo – Moemedi wa Mokgatlho o o Kopanetsweng ke Mekgatlho ya Badiredi ba Naga ya Aforika Borwa (UASA);
(xiii) Mme. Danile Nyakale – Moemedi yo e leng tokololo ya go ya go ile ya Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC);
(xiv) Rre Lefu Dlamini – Moemedi yo e leng tokololo e e seng ya leruri ya Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri (IDC);
(xv) Mme. Nosiphiwo Mzamo –Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga (Motlhankedi yo maemo a gagwe a mo gapeletsang go nna tokololo ya boto); mmogo le
(xvi) Rre Cecil Khosa – Motlhankedi yo e seng wa khuduthamaga (Motlhankedi yo maemo a gagwe a mo gapeletsang go nna tokololo ya boto).
D. Ditiragalo tse di Tlang
a) Kgwedi ya Ngwaoboswa
- Kgwedi ya Lwetse naga ya Aforika Borwa e keteka Kgwedi ya Ngwaboswa ka molaetsamogolo yo o reng: “Re keteka matshelo a bagale ba rona ba banna la ba basadi ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona ba lwela kgololesego”.
- Mo kgweding eno puso e tla thankgolola Porojeke ya go Busetsa Gae Masaledi a Bagale ba ba Tlhokafaletseng kwa Dinageng tsa Botshabelo mme maitlhomo a porojeke eno ke go busetsa gae masaledi a balwelakgololesego botlhe ba ba tlhokafaletseng kwa dinageng tsa botshabelo mme maitlhomo ke go thusa go phimola dikeledi tsa ba malapa le masika, le go thusa setšhaba sa rona gore se fole mo moweng le go boelwa ke seriti sa bona.
- Letsholo leno ke karolo ya Pholisi ya Naga e e ka ga go Busetsa Gae Masaledi a Bagale ba ba Tlhokafaletseng kwa Dinageng tsa Botshabelo gore e Nne Karolo ya Ngwaoboswa jwa Naga. Batho botlhe ba ba ikentshitseng setlhabelo ka matshelo a bona ba dirile jalo gore re nne le temokerasi e e ikaegileng ka molaotheo wa rona o o ikaegileng ka ditheo tse di ka ga go naya batho seriti le go dira gore batho botlhe ba nne le ditshwanelo tsa batho ka go lekalekana.
- Puso e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go sola mosola Kgwedi eno ya ya Ngwaboswa gore re kgone go dira gore ka fa nageng re nne seoposengwe, re age setšhaba le go nna bana ba mpa mmogo le go bontsha tlotlo bao ba ikentshitseng setlhabelo gore rona re kgone go tshelela mo kgololese.
b) Kopano e Kgolo ya bo 79 ya Kokoano ya Dinagakopano (UNGA)
- Moporesitente Ramaphosa o tla goga kwa pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa kwa Kopanong e Kgolo ya bo 79 ya K UNGA kwa nageng ya Amerika kwa teropong ya New York e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 24 go fitlha ka la bo 30 Lwetse 2024.
- Monongwaga kopano eno e tla tshwarwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go tshwaragana ka go farologana ga rona, gore re kgone go godisa kagiso, re nne le tlhabololo e e tsepameng le gore motho yo mongwe le yo mongwe a nne le seriti gongwe le gongwe koo a leng gone.”
- Moporesitente Ramaphosa o tla ema ka lefoko batlakopanong kwa Kopanong e Kgolo eno ka la bo 24 Lwetse 2024, go tsibogela mogopolo wa gore maemo mo lefatsheng le mo kontinenteng a eme jang fa go tla mo go tliseng kagiso, tshireletso le dikgwetlho tsa go tlisa tlhabologo.
- Pele ga kopano ya UNGA, Moeteledipele wa Mokgatlho wa Dinagakopano (UN) o tla tshwara Kopano e e Tla Buisanang ka Isago ka la bo 20 le la bo 21 Lwetse 2024 kwa Dikantorokgolong tsa UN. Kopano eno e tla kopanya baeteledipele mo lefatsheng go dumelana ka gore ke tsela efe e ba tla e dirisang go dira gore gompieno o nne botoka fa ka fa letlhakoreng le lengwe go sa senyeletswe isago.
c) Mokete wa go Ikgantsha ka Difofane le Didirisiwa tsa Sesole sa Aforika wa Ngwaga wa 2024
- Moporesitente Ramaphosa o tla bula Mokete wa go Ikgantsha ka Difofane le Didirisiwa tsa Sesole sa Aforika wa Ngwaga wa 2024, mme ona o tla tshwarwa go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 22 Lwetse 2024 kwa Kampeng ya Difofane tsa Sesole ya kwa Waterkloof kwa Gauteng mme ona o tla ketekiwa ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Sekaseka Mekgwa e Mentšhwa, Go Tlana Thuso ka Ditharabololo, Go Ikgantsha ka Boitlhamedi le Bokgoni”.
- Mokete wa go Ikgantsha ka Difofane le Didirisiwa tsa Sesole sa Aforika ke ona o le esi fela mokete o o tshwarelwang mo Kontinenteng ya Aforika o o tshwarwang ke naga ya Aforika Borwa mme o balelwa mo maemong a borataro mo meketeng ya lefatshe ya masole o maitlhomo a ona e leng:
- go ikgantsha ka didirisiwa le difofane tsa sesole tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo tse di dirilweng ka fa nageng ya Aforika Borwa le mo lefatsheng ka bophara.
- go tlotlomatsa le go oketsa didirisiwa tse di rekisediwang dinaga tsa kwa ntle tse di thusang go somarela diintaseteri tsa sesole le tsa difofane.
- go tsholetsa le go gagamatsa maemo a naga ya Aforika Borwa jaaka naga e e gogang kwa pele boitlhamedi le tlhagisodikuno.
- go tlhotlheletsa go dirisana mmogo le dinaga tsa boditšhabatšhaba; go dirisana mmogo ga dikgwebo le dikgwebo tse dingwe mmogo le go dirisana ga dipuso le dipuso tse dingwe.
- go susumetsa naga ya Aforika Borwa gore e nne mmamoratwa wa bajanala.
- go tsenya letsogo mo go tlholeng ditiro.
- go dirisa serala seno jaaka tšhono ya go susumetsa bašwa le go ba ruta ka sesole le difofane.
d) Dikgaisano tsa Lefatshe tsa Metshameko ya Kgwele ya Diatla ya Bašwa ba Dinaga tsa Aforika ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 18
- Naga ya Aforika Borwa e tshwere Dikgaisano tsa Lefatshe tsa Metshameko ya Kgwele ya Diatla ya Bašwa ba Dinaga di le 12 tsa Aforika ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 18 kwa teropong ya Tshwane go tloga ka la bo 1 go fitlha ka la bo 14 Lwetse 2024. Dikgaisano tseno di tsenetswe ke ditlhopha tsa batshameki ba kgwele ya diatla mo setlhopha se nang le basimane ba le 12 le basetsana ba ke 12 mme ditlhopha tseno di arotswe ka ditlhopha di le tharo mo setlhopha se sengwe le se sengwe se nang le batshameki ba le bane.
e) Go saena thulaganyo ya go tsenya tirisong metshameko kwa dikolong magareng ga Lefapha la Thuto ya Motheo mmogo le Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso
- Ka la bo 04 Lwetse 2024, Tona ya Thuto ya Motheo le ya Metshameko, Botsweretshi le Setso ba saenile thulaganyo ya go tsenya tirisong metshameko kwa dikolong, mmogo le go ema nokeng ditiro tse dingwe tsa sekolo tse di thusang go tshegetsa thuto kwa dikolong gore barutwana ba tlhatlhelelwe ka dikarolo tse dintsi tsa botshelo le go ba tlhatlhelela gore ba kgone go nne le bokgoni jo bo diphatsa le go kgona go atlega le go nna baagi ba naga ba ba ikemelang mo botshelong.
- thulaganyo eno e tsenyeletsa mefutafuta ya matsholo a go dirisana mmogo a a jaaka a Baemedi ba Metshameko; Dikhempe tsa Bašwa tsa Naga; Metshameko ya Setso; Dikopano tsa go Buisa Dibuka; Matsholo a go Ruta Barutwana ka Ngwaoboswa; Metshameko ya go Peleta; Matsholo a go Tlhotlheletsa Bašwa go Rata Naga ya Bobona; Dithuto tsa go Ruta Barutwana ka Mebele; Metshameko ya Dikhwaere tsa Dikolo tsa Aforika Borwa; Beke ya go Lemosa Baagi ka go Boloka Dilwana tsa Naga tse di Botlhokwa mo Hisetoring ya yona, mmogo le matsholo a mangwe a le mantsi.
E. Melaetsa
1. Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
- Babatlisisi ba Naga ya Aforika Borwa ba ba nang le seabe mo dipatlisisong tse di tlileng go fetola lefatshe, tsa FENYA-Bolwetse jwa Lehuba (TB), e leng lona letsholo la ntlha mo lefatsheng go lwantshana le Bolwetse jwa Lehuba jo Lenganga la Jona bo Sokodisang le Melemo mme le dira melemo e baagi botlhe ba ka e tsayang mme seno se tla fetola mogopolo wa pholisi ya boditšhabatšhaba ya go alafa TB ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo (WHO).
- Warona Tsiane mmogo le Onalerona Tsiane, yo a itsegeng ka gore ke Tee Sisters, jaaka ba fitlheletse maemo a boraro mo Dikgaisanong tsa Lefatshe tse di tlotlegang tsa go Itshimololela Kgwebo tse di neng di tshwaretswe kwa Japan. Tee Sisters ba fentse gape le Dikabo di le Pedi tsa Dipeelo tsa Tlhabololo e e Nnelang Ruri go tswa kwa Mokgatlhong wa Dinagakopano (UN), mo ba fentseng kabo ya ntlha e e buang ka Peelo e e Buang ka go Lwantshana le Khumanego mmogo le kabo ya bobedi e e Buang ka go Ntlha ya bo 16 e e ka ga Go Rena ga Kagiso, Khutso le go Nna le Ditheo tse di Nang le Maatla.
- Batshameki ba metshameko ya mabelo ba naga ya rona ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 ba ba tshamekang mo Metshamekong ya Dikgaisano tsa Lefatshe ya Batho ba ba Nang le Bogolofadi, e bong:
- mošwa yo a nang le lebelo la dira ga di bonwe mo lefatsheng lotlhe, motshameki wa mabelo a makhutshwane Bayanda Walaza jaaka a fentse metale wa gauta mo lebelong la dimitara di le 100 le la dimitara di le 200 la makgaolakgang mo metshamekong ya batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshe. Walaza ga jaanong o dira materiki kwa sekolong saCurro Hazeldean kwa Pretoria.
- Bradley Nkoana jaaka a fentse metale wa Poronse mo lebelong la dimitara di le 100 la makgaolakgang la batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshe.
- Udeme Okon jaaka a fentse metale wa Gauta mo lebelong la dimitara di le 100 la makgaolakgang la batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshe.
- Setlhopha sa bafenyi ba metale wa selefera mo lebelong la go neeletsana thobane la dimitara di le 400 la banna (Bryan Katoo, Sihle Mahlangu, Njabulo Mbatha le Udeme Okon) la batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshe.
- JL van Rensburg jaaka a fentse metale wa Selefera mo motshamekong wa go konopa kgwele ya tshipi e e bokete mo motshamekong wa banna wa batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshe.
- Hannah van Niekerk jaaka a fentse metale wa Poronse mo lebelong la go tlola dipala tse dinnye le dikhilomitara di le 400 la batshameki ba ka fa tlase ga dingwaga di le 20 mo Dikgaisanong tsa Metshameko ya Lefatshes.
- Mpumelelo Mhlongo jaaka a fentse metale wa Gauteng e bile ke ene motsholarekoto o montšhwa mo lefatsheng mo lebelong la dimitara di le 100 la T44 la Metshameko ya Diatlelete tse di Nang le Bogolofadi le le neng le tshamekelwa kwa Paris.
- Louzanne Coetzee jaaka a fentse metale wa Poronse mo lebelong la dimitara di le 100 la T11 la Metshameko ya Diatlelete tse di Nang le Bogolofadi le le neng le tshamekelwa kwa Paris.
- Ronwen Williams, mothibadino wa setlhopha sa Bafana-Bafana le sa Mamelodi Sundowns, jaaka a tlhophilwe go nna yo mongwe wa bathibadino ba le 10 mo lefatsheng mo dikabong tsa kwa Ballon d’Or.
- Setlhopha sa di-Springbok, jaaka se šašarile Setlhopha sa All Blacks mo Motshamekong wa Sejana sa Rakabi sa Castle Lager ka Lamatlhatso wa la bo 31 Phatwe 2024.
- Setheo sa Banamedi ba Diterene sa Aforika Borwa (PRASA) mmogo le sa Gautrain jaaka ba kopanetse ditirelo tsa bona tsa dinamelwa go thusa maAforika Borwa gore ba kgone go ya go bogela motshameko wa rakabi wa di-Springbok le All Blacks. Kabinete gape e rotloetsa setšhaba go emela le go itatlhela mo ditereneng tsa PRASA tse di pentilweng ka mebala le mafoko a Dingwaga di le 30 tsa Kgololesego le Temokerasi.
4. Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
- Moporofesara Brian O'Connell, tlhogo ya mo malobeng yo gape e neng e le Mogokgo wa Yunibesiti ya Kapa Bophirima. E ne e le Tlhogo go tloga ka 2001 go fitlha ka 2014.
- Naledi ya thelebišene ya seyalemowa mme Thabiso Sikwane, mogasi yo a neng a itsege yo a rotloeditseng batho ba le bantsi ka fa nageng.
- Seboki sa batho Bishop Jessica Mbangeni, yo a tumileng ka bokgoni jwa gagwe jwa go boka. O bokile mo meketeng e tsenyeletsa wa go ikanisiwa ga Moporesitente Thabo Mbeki ka ngwaga wa 1999 mmogo le konsarateng ya 46664 ya Moporesitente wa mo malobeng Nelson Mandela.
- Rre Mphakamisi Nciweni, morutabana wa Sekolopotlana sa KwaZakhele kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, yo a bolaetsweng kwa jarateng ya sekolo a bolawa ke legodula le le itsegeng ka go dira matshosetsi mo bathong gore ba ntshe tuelo e e rileng.
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa – Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485