A. Merero ya ga Jaana
1. Kgolo ya bojanala, go atolosiwa ga dipalangwa tsa diphofo le dikgato tsa pabalesego ya bajanala
1.1 Kabinete e amogetse tiragatso e e maatla ya lephata la bojanala le go ya ka Pegelo ya Bojanala ya Boditšhabatšhaba ya Setheo sa Dipalopalo sa Aforikaborwa, le kwadisitseng kgorogo ya bajanala ba le 989 329 ka Moranang 2026. Seno ke kgolo e e kwa godimo go gaisa ya kgwedi ya ngwaga le ngwaga, mme e tlhomamisa gape go tswelela go ngokela ga Aforikaborwa jaaka bogorogelo jo bo eletsegang lefatshe ka bophara.
1.2 Go tsweletsa seno, puso e tswelela go atolosa kgolagano ya boditšhabatšhaba ya difofane, mme fa gautshwane LATAM Airlines e sweditse go atametsa go thankgololwa ga diphofo tsa yona tse tharo tsa beke le beke tsa tlhamalalo magareng ga São Paulo le Cape Town go ya go Phukwi 2026, e leng pele ga thulaganyo ya yona ya ntlha ya Lwetse. Mo godimo ga moo, ka 24 Seetebosigo 2026, Air Europa e ne ya tlhoma sefofane sa yone sa tlhamalalo magareng ga Madrid le Johannesburg, e leng se se tlaa maatlafatsang kgolagano le Yuropa le go tshegetsa kgolo mo maphateng otlhe a bojanala le a kamogelo ya baeng.
1.3 Koketsego ya go goroga ga bajanala e tla ka ntlha ya kwelotlase e e begilweng ya dipalopalo tsa bosenyi mo dikarolong tsa botlhokwa le tiragatso e e bonako ya molao go rarabolola dikgetse tsa bosenyi.
2. Tiragatso e e Matsetseleko ya Telkom mo Ditšheleteng le mo Tirong
2.1 Kabinete e akgotse Telkom, e leng setlamo se bogolo jwa sone e leng jwa puso, ka tiragatso ya yona e e nonofileng ya ditšhelete le ya tiro mo ngwageng wa ditšhelete o o khutlileng ka 31 Mopitlwe 2026. Mo pakeng eno, ditiro tsa Telkom di tshegeditse di-SMME di le 362 ka ditšhono tsa theko tsa R593 dimilione, di tshegeditse go tlhamiwa ga ditiro tse 74 114 ka lenaneo la tlhabololo. Bašwa ba le 1 524 ba ba sa direng ba katisitswe ka dithutelotirong tsa ICT. Telkom e setse e fetile dimilione tse pedi tsa badirisi.
2.2 Puso e tlaa amogela letseno la dikarolelo le e ka nnang R559 dimilione (go sa akarediwe dikarolelo tsa ditheo tse dingwe tsa batsholadišere tse e leng tsa puso). Letseno leno la tlaleletso le tlaa thusa go tshegetsa ditlapele tsa tlhabololo tse di anameng tsa puso le maitlamo a thebolo ya ditirelo tsa setšhaba.
2.3 Gape kabinete e lemogile seabe se setlamo se nang naso mo go tswaleng tlhaelo ya dijithale mo mafelong mangwe le go tshegetsa tlhabololo ya ikonomi e e akaretsang botlhe, mme e dumela gore Telkom, ka fa tlase ga boeteledipele jwa Mokhuduthamaga wa Setlhopha Rre Serame Taukobong le Boto ya Bakaedi ba tlaa nna ba nonofile mo maemong a ga jaana a a gwetlhang a ikonomi.
3. Ntwa e e kopanetsweng kgatlhanong le digongwana tsa diritibatsi tse di seng mo molaong
3.1 Kabinete e akgotse Bothati jwa Botsamaisi jwa Melelwane, Hawks, diyuniti tsa SAPS tsa K9 mmogo le ditheo tse dingwe tsotlhe tsa tiragatso ya molao tse di amegileng mo go thibeleng morwalo wa diritibatsi tsa boleng jo e ka nnang R1 bilione ka thuso ya botseka kwa molelwaneng wa Beitbridge.
3.2 Tiro e e tlhakanetsweng ka 27 Motsheganong 2026 e dirile gore go emisiwe llori e e neng e raletse Zimbabwe go tla Aforikaborwa. Phuruphutso e e tseneletseng e dirile gore go bonwe digerama di ka nna 713 000 tsa methaqualone, e e itsegeng jaaka ABBA, e leng sere se se dirisiwang thata mo go direng Mandrax.
3.3 Mo godimo ga moo, Kabinete e akgotse Tirelo ya Sepodisi sa Aforikaborwa ka ntlha ya go tshwarwa ga babelaelwa ba le 11, go akarediwa baagi ba Mexico ba le bane, go latela go fitlhelwa ga laboratori ya go dira diritibatsi ya dimilionemilione tsa diranta kwa polaseng kwa Swartruggens mo Porofenseng ya Bokone Bophirima.
4. SA e tshegetsa ntwa ya kontinente kgatlhanong le Ebola
4.1 Kabinete e tshegetsa tsholofetso ya naga ya kabelo ya US$5 dimilione mo leanong la ipaakanyo le tsibogo la kontinente la $319 dimilione go latela go wa ga Ebola go go aparetseng Rephaboliki ya Temokerasi ya Congo le Uganda.
4.2 Le fa go wa ga bolwetse jono go goeleditswe jaaka maemo a tshoganyetso a boitekanelo jwa setšhaba a a tshwenyang boditšhabatšhaba ke Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo, ga jaana ga go na lebaka la go etsaetsega mo Aforikaborwa. Ebola ga e a anama mo Aforikaborwa mme tshwaetso go tswa mo mothong go ya go yo mongwe e diragala ka go amana ka tlhamalalo le diedi tsa mmele tsa motho yo o tshwaetsegileng, yo o nang le matshwao.
5. Khomišene ya Ditšhabapedi ya Aforikaborwa le Botswana
5.1 Aforikaborwa le Botswana di konoseditse ka katlego Khomišene ya borataro ya Ditšhabapedi (BNC) ka nako ya Leeto la malatsi a le mabedi la go sa le gale la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa kwa Botswana.
5.2 BNC e netefaditse gape dikamano tse di tiileng le tsa hisetori tsa dinaga tse pedi tse fa e ntse e tsweletsa tirisanommogo mo dikarolong tsa botlhokwa di tshwana le saense, thekenoloji, boitshimololedi, kgwebisano, bojanala le tlhabololo ya kgaolo.
5.3 Setlhoa sa BNC e nnile go saenwa ga didiriswa tse dintšhwa tse nne tsa dinaga tse pedi tse maikaelelo a tsone e leng go tsweletsa pele kgolo ya ikonomi e e tsweletsegang le kopanyo ya kgaolo mme seno se tlaleletsa mo didirisweng tsa semolao tse 28 tse di setseng di tsenngwa tirisong.
5.4 Didiriswa tse nne tse dintšhwa tsa ditšhabapedi ke: Memorantamo wa Tumelano (MoA) ka ga Tsamaiso e e Kopanetsweng ya Boleng jwa Metsi le Mefuta e e Tsenelelang mo Metsing mo Kgaolong ya Noka ya Limpopo e e Kwa Godimo; Tumelano ka ga Kgokaganyo ya Ditirelo tsa Tshenko le Phaloso tsa Difofane; Tumelano ya Tirisanommogo mo Lephateng la Motlakase; le Memorantamo wa Tumelano (MoA) ka ga Tirisanommogo mo Lephateng la Ditirelo tsa Kgopololo le Dikgolegelo.
6. Ketelo ya semmuso ya Kenya (mo gae)
6.1 Moporesidente Cyril Ramaphosa o amogetse Motlotlegi Moporesitente William Ruto wa Rephaboliki ya Kenya yo o mo leetong la semmuso mo Aforikaborwa go tloga ka 3 go ya go 5 Seetebosigo 2026, ka taletso ya ga Moporesitente Ramaphosa.
6.2 Leeto leno la semmuso le tsweletsa pele kgwebisano, dipeeletso, le tirisanommogo ka ditumelano tse thataro (6) tse di saenilweng kwa Union Buildings kwa Tshwane.
6.3 Dimemorantamo tsa Ditumelano tse di saenilweng ke tsa go Bebofatsa Kgwebisano ka Tirisanommogo mo Dikarolong tsa Kano, Taolo ya Setegeniki, Tshekatsheko ya Kobamelo, Tlhomamiso, Metroloji; Tirisanommogo ya Thomelo le ya Mawatle; Thuto le Katiso ya Setegeniki le ya Tiro; Tsweletso ya Tirisanommogo mo go tsa Tekatekano ya Bong le Maatlafatso ya Basadi; Botsweretshi, Setso & Ngwaoboswa; le Metshameko le Boitapoloso.
6.4 Ketelo ya Semmuso e akareditse Foramo ya Kgwebo e e nang le maphata a poraefete a Aforikaborwa le Kenya, moo batsayakarolo ba neng ba abelana tshedimosetso le maitemogelo mo tikologong ya kgwebo le go sekaseka ditšhono tsa go tokafatsa kgwebisano le dipeeletso.
7. Leeto la tiro la Motlatsamoporesidente kwa India
7.1 Motlatsamoporesitente Shipokosa Paulus Mashatile o tsere leeto la tiro go ya kwa New Delhi, kwa India.
7.2 Leeto le tiisitse tirisanommogo mo diforamong tsa ditšhabantsi di tshwana le UN, BRICS le G20, le tirisanommogo e e tokafetseng mo go tsa kgwebisano, dipeeletso, patlisiso, phetiso ya thekenoloji, mme go ntse go tshegediwa dikgwebopotlana.
7.3 Motlatsamoporesitente o nnile le kopano ya sebedi le Motlatsamoporesidente C.P. Radhakrishnan, mme a etela Motlotlegi Moh Smt. Droupadi Murmu, Moporesidente wa Rephaboliki ya India.
B. Ditshwetso tsa Kabinete
1. Molebo o o akaretsang wa go laola bofudugedi mo Aforikaborwa
1.1 Kabinete e amogetse le go rebola molebo o o akaretsang wa bofudugedi mo Aforikaborwa, o o tlhamilweng ke Komiti ya Ditona e e ka ga Bofaladi, mme gape e amogetse Pegelo ya Naga ya Leano la Tiro la Bosetšhaba (NAP) ka ga Bofudugedi mo Aforikaborwa.
1.2 Moporesitente o tlaa bua le setšhaba ka ntlha eno.
2. Leano le le Tlhabolotsweng la Tlhabololo ya Indaseteri (IDS)
2.1 Kabinete e amogetse Leano le le Tlhabolotsweng la Tlhabololo ya Indaseteri gore le tsenngwe tirisong. Leano le le tlhamilweng ka ditherisano tse di tseneletseng, le lebeletse go nna le madirelo a a akaretsang mme a na le seabe se se kwa godimo mo ikonoming ya Aforikaborwa. Leano le le lepalepana le ditlapele tsa pholisi tsa Tsamaiso ya bo7 mme le tlhomilwe mo dipilareng tse tharo tsa botlhokwa go tsamaisa kgolo le phetogo ya madirelo, e leng: go fokotsa khabone, go dira dilo ka dijithale, le katoloso.
2.2 Ditlapele tsa IDS ke maphata a a botlhokwa mo go tlhabololeng madirelo, go akaretsa le tshireletso ya madirelo a botlhokwa a tshwana le a tshipi, dikoloi, tlhagiso le meepo. E rotloetsa gape katoloso mo mafelong a kgolo ya isago a a akaretsang go fetola ditlhagiswa tsa temothuo, ikonomi ya dijithale le ikonomi e tala. Mo godimo ga moo, leano le totile maphata a a nang le bokgoni jo bo nonofileng jwa kgolo ya ikonomi le go tlhola ditiro, bogolosegolo tsa bašwa, go akaretsa bojanala le ditirelo tsa kgwebo tsa lefatshe ka bophara.
2.3 Go solofetswe gore IDS e tlhame ditiro di le diketekete ngwaga le ngwaga, go lebeletswe thata tlhabololo ya dikgono le go baakanyetsa batho ba ba sa direng maphata a a nang le tlhokego e e kwa godimo thata a a jaaka a maatla a a ntšhwafadiwang le tlhagiso. Komiti ya Ditona, e modulasetilo wa yone e leng Moporesitente, e tlaa okamela go tsenngwa tirisong ga leano le go netefatsa thebolo e e golaganeng le kami.
2.4 Sekwalwa ka botlalo se ka bonwa mo webosaeteng ya dtic: www.thedtic.gov.za.
3. Go tswalwa ga Porojeke ya Tokafatso ya Tselafefo ya Gauteng (GFIP)
3.1 Kabinete e neseditse pula gore SANRAL e tsenya tirisong go tswalwa ga GFIP go akarediwa le tharabololo e e rulaganeng ya kgetse ya OUTA, go samagana le dikgato dife tsa semolao tse di saletseng kwa morago, le go tswalwa ga merero yotlhe e e amanang le go busediwa ga sekoloto sa e-toll.
3.2 Seno se latela tshwetso ya puso ya go emisa thulaganyo ya go duedisa ditsela ka tsela ya eleketeroniki mo GFIP go go simolotseng go dira ka 12 Moranang 2024.
3.3 Kabinete e etse tlhoko dikatlenegiso tse di dirilweng ke SANRAL tsa go phimola sekoloto sa badirisi ba ditsela ba ba sa duelang, le gore Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba le tlaa duela sekoloto seno, le gore badirisi ba ditsela ba ba duetseng dituelo tsa ditsela ga ba kitla ba busediwa madi ka gonne seno e ne e le molao ka nako eo.
4 Dipegelo tsa tswelelopele tsa gabedi mo ngwageng tsa Letlhomeso la Togamaano la Pakagare
4.1 Kabinete e amogetse le go sekaseka dipegelo tsa tswelelopele tsa gabedi mo ngwageng tse di ka ga go tsenngwa tirisong ga Leano la Tlhabololo la Pakagare (MTDP) la 2024–2029 la paka ya Diphalane 2025 go fitlha ka Mopitlwe 2026. Dipegelo di tlamela ka tshobokanyo ya tiragatso ya mafapha e bapisiwa le ditlapele tsa bosetšhaba, di tlhagisa diphitlhelelo tsa botlhokwa, tswelelopele e e dirilweng le dikgwetlho tsa tiragatso.
4.2 Kabinete e lemoga tswelelopele e e tseneletseng mo go tsenngweng tirisong ga MTDP mo ditlapeleng tsotlhe tsa botlhokwa.
4.3 Tona ya Togamaano, Peoleitlho le Tshekatsheko mmogo le Badulasetulo ba Ditlhopha tsa Kabinete, ba tlaa bega ka ga dintlha tse dingwe gape ka ga dipegelo tsa tswelelopele tsa gabedi mo ngwageng ya paka ya go tloga ka Diphalane 2025 go fitlha ka Mopitlwe 2026. GCIS e tlaa tlamela ka dintlha tsa kopano ya pego.
5 Go Gogelwa Morago ga Sekwalwatlhomo sa Pholisi ya Botlhale jwa Maitirelo (AI)
5.1 Kabinete e amogetse go gogelwa morago ga pholisitlhomo ya AI, e e neng e phasaladitswe gore setšhaba se tshwaele ka Mopitlwe 2026. Go gogelwa morago go tlaa letla go kwalwa sešwa ga pholisi ya AI go netefatsa gore e fitlhelela maikaelelo a yona le gore e tlhoma maemo a bosetšhaba a tiriso ya AI ka maitsholo a a siameng.
C. Molaotlhomo
1. Molaotlhomo wa go phimolwa ga melao e e rileng ya Bosiamisi ya Pele ga 1994, wa 2026
1.1. Kabinete e amogetse go neelwa ga Molaotlhomo wa Phimolo ya Melao e e rileng ya Bosiamisi ya Pele ga 1994, wa 2026 kwa Palamenteng go sekasekwa go ya pele. Molaotlhomo o batla go sekaseka le go phimola melao ya bogologolo ya bokoloniale le ya tlhaolele e e sa tlholeng e lepalepane le dintlhatheo tsa thulaganyo ya molaotheo wa temokerasi e bile e sa tlhole na le mosola.
1.2. Fa Palamente e o konoseditse, Molaotlhomo o tlaa phimola melao e le 149 ya bosiamisi ya motlha wa Tlhaolele e e neng e ntse e tsweletse go dira le mo motlheng wa puso ya temokerasi. Lefapha la Bosiamisi le Tlhabololo ya Molaotheo le setse le samagane le melao ya tlaleletso ya bosiamisi ya motlha wa Tlhaolele gore e tle e phimolwe.
D. Peodinakong ya Kabinete
1. Go tshwara Samiti ya SADC ya 2026
1.1. Kabinete e amogetse pegelo ka ga dipaakanyo tsa Aforikaborwa tsa go amogela Samiti ya bo46 ya Dinaga tsa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) go tloga ka 16 go ya go 17 Phatwe 2026. Samiti e tlaa bo e tshwaya tshimologo ya paka ya go nna Modulasetilo wa SADC ga Aforikaborwa dikgwedi tse 12. Go tshwerwe Kopano ya Ditona tsa SADC tsa Merero ya Dinaga di Sele go tloga ka 22 go fitlha ka 24 Motsheganong 2026 kwa Skukuza, Mpumalanga, koo baemedi ba neng ba buisana ka maano a go maatlafatsa tirisanommogo ya kgaolo gone.
1.2. Kopano e ne ya buisana ka merero e metlhano, e leng Go Tlamela ka Matlole a Kopanyo ya Kgaolo, Dipeeletso, Botsamaisi jwa Dikoloto tsa Setšhaba le Kokoanyo ya Letseno la Selegae, Go oketsa tlhagiso/ madirelo, Mela ya Boleng le Kgwebisano; Mafaratlhatlha, Dipalangwa le Dithulaganyo le Motsamao wa Batho ka Kgololesego, Dithoto le Ditirelo; Maatla, Oli le Gase le Ditlamelo tsa Diminerale; le Temothuo, Ditsenyo tsa Temothuo, Dithulaganyo tsa Tlamelo, Mebaraka le Go nna teng ga Dijo, le go supa dikgato tsa ditlapele tsa tiragatso e e kopanetsweng.
1.3. Go tshwara samiti ya SADC le go tsaya Bodulasetulo go botlhokwa thata ka gonne go tlaa kgontsha Aforikaborwa go etelela pele phetogo ya sebopego sa ikonomi ya kgaolo, go tsamaisa koketso ya madirelo, le go godisa kopano ya sepolotiki le ya ikonomi go ralala kgaolo.
2. Dipegelo tsa Ngwaga le Ngwaga le tsa Kotara ya ntlha tsa Taolo ya Dibetsa tsa Bosetšhaba (NCACC)
2.1 Kabinete e amogetse pegelo ka ga pegelo ya ngwaga le ngwaga ya NCACC ya 2025 mmogo le pegelo ya kotara ya ntlha ya 2026 ka ga diphetisetso tse di dumeletsweng tsa dibetsa tsa tlwaelo.
2.2 Mo ngwageng o o khutlileng ka Sedimonthole 2025, NCACC e rebotse ditetla tsa thomelontle ya dibetsa di le 582 tsa boleng jwa R10 dibilione, ditifikeiti tsa kwadiso di le 197, le ditetla tsa go dira dikonteraka di le 183 tsa bokana ka R41 dibilione.
2.3 Ditetla tsa thomeloteng tse di rebotsweng di ne di le 366 ka boleng jwa R269 dimilione fa go rebotswe Ditetla tsa Thomelontle ya Tirisopedi di le 132 tsa boleng jwa R600 dimilione mo pakeng eo. Aforikaborwa e rekile didiriswa tsa boleng jwa R269 dimilione go tswa kwa ntle (thomeloteng).
2.4 Pegelo e tswelela go lemoga gore, ka 2025, go ne ga kwadisiwa ditlamo tse dingwe tse di dirang 5% fa go bapisiwa le 2024.
3 Thulaganyosešwa ya Dikgotlatshekelo
3.1 Kabinete e ne ya begelwa ka ga tiro e e dirilweng malebana le go rulaganya sešwa mafelo a taolo ya Dikarolo tsa Kgotlatshekelokgolo mme ya tshegetsa go tsenngwa tirisong ga dikatlenegiso tsa ka bonako tsa Komiti ya Thulaganyosešwa malebana le dikgaolo tsa magiseterata le dikgaolopotlana tse dikarolo tse dikgolo le tsa selegae tse Dikarolo tsa Kgotlatshekelokgolo di tlaa nnang le taolo ya tsona. Maikaelelo a seno ke go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi le go tshegetsa molebo wa go oketsa diphatlhatiro tsa boatlhodi kgato ka kgato go samagana le dikgoreletsi tsa tlhaelo ya bokgoni mo lephateng la boatlhodi, mmogo le go tlhongwa ga dikarolo tsa tlaleletso tsa selegae mo mafelong a a supilweng.
3.2 Tona Kubayi o tlaa neela dintlha tse dingwe gape ka ga ntlha eno mo bekeng e e tlang. GCIS e tlaa tlamela ka dintlha ka botlalo malebana le kopano eo.
E. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go ikaegile ka go tlhomamisiwa ga borutegi le dikgololo tse di maleba tsa tshireletso.
1. Rre Bongikhaya Dayimani jaaka Mokaedikakaretso mo Lefapheng la Ntšhwafatso ya Naga le Tlhabololo ya Magae
2. Mme Gcobisa Joyce Soci jaaka Motlatsa-Mokaedikakaretso (DDG): Tsamaiso mo Lefapheng la Ditlhaeletsano le Dithekenoloji tsa Dijithale
3. Rre Dick Andries Sono jaaka DDG: Mafaratlhatlha a Dijithale le Dithekenoloji kwa Lefapheng la Ditlhaeletsano le Dithekenoloji tsa Dijithale.
4. Mme Jeanette Morwane Mmatsiate jaaka DDG- Bobegakgang le Diteng kwa Lefapheng la Ditlhaeletsano le Dithekenoloji tsa Dijithale
5. Boto ya Koporasi ya Inšorense ya Dikoloto tsa Thomelontle ya Aforikaborwa
a. Rre Sipho Bhanisi jaaka moemedi wa Matlotlo a Bosetšhaba
6. Go thapiwa ga ditokololo tsa tlaleletso mo Lekgotleng la Aforikaborwa la Thibelo ya go Anama ga Dibetsa tse di ka Bakang Tshenyo e e Boitshegang
a. Moambasadara Tebogo Seokolo; (Motlatsa-modulasetilo le moemedi wa DIRCO); le
b. Ng Praise Sibuyi (moemedi wa Setheo sa Tshireletso ya Puso)
7. Go thapiwa ga Boto ya Kantoro ya Poso ya Aforikaborwa
c. Mme Regina Sizakele Madlala (Modulasetilo);
d. Mme Margarete Mosibudi Phiri (Motlatsa-modulasetilo);
e. Rre Vuyo Mafata;
f. Mme Tanya van Meelis;
g. Mme Mantombi Lekhuleni;
h. MoAd Mthokozisi Daluxolo Xulu;
i. Ng Mduduzi Justice Kennedy Bophela;
j. Rre Charley Fred Chain;
k. Rre David Mangena; le
l. Rre Khonanjalo Buthelezi.
F. Ditiragalo tse di Tlang
1. Go tlhomiwa ga go rebolwa ga Lenacapavir
1.1 Moporesidente Ramaphosa, a tshegeditswe ke Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, o tlaa thangkgolola go rebolwa ga Lenacapavir, e leng moento wa sešweng wa thibelo ya HIV o o dirang sebaka se setelele mme o tlhabiwa gabedi ka ngwaga.
1.2 Tsereganyo e atolosa ditlhopho tsa thibelo ya HIV, bogolosegolo mo bathong ba ba sa kgoneng go nwa PrEP letsatsi le letsatsi. Go rebolwa gono ke karolo ya leano la thibelo ya HIV le le kopantsweng la Aforikaborwa le maikaelelo a lona e leng go fokotsa ditshwaetso tse dintšhwa le go tokafatsa boleng jwa botshelo.
1.3 Thangkololo e e diragala ka Labotlhano, 5 Seetebosigo 2026 kwa Setediamong sa Lilian Ngoyi, Secunda, Mpumalanga
2. Kgwedi ya Bašwa
2.1 Mo kgweding eno, Aforikaborwa e keteka segopotso sa hisetori sa bo50 sa Dikhuduego tsa kwa Soweto ka 1976, go keteka ngwaga wa bo30 wa Molaotheo wa Aforika Borwa, le go keteka ngwaga wa bo70 wa mogwanto wa basadi wa 1956 kwa Union Buildings.
2.2 Go tlotla boswa jwa leruri jwa Mophato wa 1976, Kgwedi ya Bašwa e tlaa ketekwa ka fa tlase ga moono wa “RESET@50 – Isago e a Bitsa”. Go keteka tiragalo e e botlhokwa eno, puso e tlaa simolola lenaneo la ngwaga otlhe le maikaelelo a lona e leng go golaganya kgaratlho ya hisetori ya kgololesego le maatlafatso ya bašwa ba segompieno. Lenaneo le tlaa lebelela thata thuto e e lekalekanang, botsayakarolo jo bo akaretsang botlhe mo ikonoming, tlhabololo ya dikgono, le boagi jo bo matlhagatlhaga.
2.3 Kabinete e ikuela mo maphateng otlhe a setšhaba go dirisana mmogo le puso mo ditsereganyong tse di rotloetsang go thapiwa ga bašwa, go godisa bogwebi le go busetsa tsholofelo mo bašweng. Ka maiteko ano a tirisanommogo, setšhaba se tlaa tswelela go tiisa botsayakarolo jwa bašwa mo kagong ya setšhaba le mo phetogong ya ikonomi.
3. Go Keteka Diphitlhelelo tsa Kgololesego
3.1 Puso e tlaa tlhoma Letsholo la Diphitlhelelo tsa Kgololesego ka fa tlase ga moono wa “Go Tlotla Nako e e Fetileng, Go Tlisa Isago” ka 18 Seetebosigo 2026 kwa Union Buildings.
3.2 Kabinete e tlaa tshegetsa go tlhongwa ga Segopotso sa bo70 sa mogwanto wa Basadi wa 1956 o e leng karolo ya ditiragalo tsa Dintlhakgolo tsa Bosetšhaba tsa Kgololosego, go tshwaya tshimologo ya lenaneo la bosetšhaba la ditiro tse di gopolang mogwanto wa Basadi wa hisetori ka 1956.
4. Dipapetlana tsa madi tsa segopotso
4.1 Kabinete e amogetse dithadiso tse di boelang kwa morago tsa dipapetlana tsa segopotso tse di tlaa rebolwang ke Banka ya Risefe ya Aforikaborwa (SARB) ka 2026 ka fa tlase ga moono wa thuto. Motseletsele ono o tlaa akaretsa dipapetlana tsa R2 tse di gopolang ngwaga wa bo 125 wa kalogo ya mogale wa kgaratlho, Charlotte Maxeke, go mo tshwaya jaaka mosadi wa ntlha wa montsho wa Aforikaborwa go bona dikirii ya yunibesithi.
4.2 Gape SARB e tlaa rebola dipapetlana tsa R2 tsa segopotso go keteka ngwaga wa bo50 wa dikhuduego tsa Soweto tsa 1976, go gopola ngwaga wa bo30 wa Molaotheo wa Aforikaborwa, le go gopola ngwaga wa bo70 wa mogwanto wa basadi wa 1956 kwa Union Building. Go tlaleletsa moo, dipapetlana tsa R5 di tlaa nna le matshwao a a mo papetlaneng ya R2. Digopotso tseno di tlhagisa seabe sa thuto mo go tsweletseng pele dintlhatheo tsa molaotheo le go rotloetsa botsayakarolo jo bo akaretsang botlhe mo loagong le mo ikonoming.
5. Mafelobeke a gore Batlhophi ba Ikwadisetse Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026
5.1 Kabinete e gakolola batlhophi botlhe ba ba nang le tshiamelo go ikwadisetsa Ditlhopho tsa Dipusoselegae tse di tlang ka 4 Ngwanaitseele 2026.
5.2 Mafelobeke a ntlha a ikwadiso ya batlhophi a tshwarwa ka Lamatlhatso, 20 Seetebosigo 2026, le Sontaga, 21 Seetebosigo 2026 kwa mafelong a ikwadiso ya batlhophi a a gaufi, KGOTSA ka go etela registertovote.elections.org.za, KGOTSA go etela dikantoro tsa selegae tsa Khomišene ya Ditlhopho ka nako ya tiro.
5.3 Baagi ba gakololwa gore ba ka tlhopha fela kwa ba ikwadisitseng teng mme gape ba ka bona seteišene sa bona se se nepagetseng sa go tlhopha mo go maps.elections.org.za/vsfinder.
5.4 Kabinete e ikuela mo bašweng, bogolosegolo, go tsaya karolo ka matlhagatlhaga mo go bopeng isago ya baagi ba bona ka go nna le seabe mo ditlhophong.
6. Dikarata tsa Sassa
6.1 Kabinete e rotloetsa baamogelatshiamelo botlhe ba thebolelo ya loago ba ba dirisang Dikarata tsa Gauta tsa SASSA go di emisetsa ka Dikarata tse Dintsho tsa Poso tse dintšhwa pele ga letlha la bofelo la 31 Phatwe 2026.
6.2 Thulaganyo ya go fetola ga e duelelwe mme e ka wediwa kwa mafelong a a tlhomilweng a tirelo ya Banka ya Poso kwa mabenkeleng a a tsayang karolo naga ka bophara.
Melaetsa
1. Matshediso
Kabinete e romela matshediso kwa ditsaleng le bamalapa a ga:
• Mmegadikgang yo o tlotlegang, Baldwin Ndaba, yo tiro ya gagwe e e kgethegileng e neng ya anama mo dikgatisong di le mmalwa mo dingwageng tse dintsi. O tlaa gakologelwa ka lerato le a ratileng naga ya rona ka lone, boporofešenale jwa gagwe le boineelo jwa gagwe mo boammaaruring.
• Ma Griet Margaret Messelaar, moeteledipele wa Ntlo ya Segosi ya BaGriqua yo o tlhokafetseng a le dingwaga di le 106. O tlaa gakologelwa jaaka mmueledi wa puo le ngwaoboswa ya BaGriqua, mmogo le seriti se segolo le botlhale jwa gagwe.
• Moh Dina le Ernest Marais, banyalani ba ba bolailweng kwa KNP mme go akgolwa SAPS le ditheo tse dingwe tsa tiragatso ya molao ka ntlha ya go tshwara ka bonako babelaelwa mo dipolaong tseno.
2. Dikakgolo
Kabinete e akgola le go eleletsa masego:
• Setlhopha sa bosetšhaba sa kgwele ya dinao sa Bafana Bafana jaaka se emetse naga kwa Sejaneng sa Lefatshe sa FIFA sa 2026 kwa Amerika. Kabinete e eleletsa setlhopha maatla, kutlwano le katlego mo seraleng sa lefatshe. Dirang setšhaba motlotlo!
• Setlhopha sa Mamelodi Sundowns (Masandawana, Ka bo-yellow) ka go nna ditshimega tsa CAF ba 2026. Setlhopha seno se dirile setšhaba sa rona motlotlo mo seraleng sa kontinente, se bontsha gape maemo a sona jaaka bagaka mo kgweleng ya dinao ya Aforika.
• Orlando Pirates (The Bucaneers, Ezimnyama Ngenkani) ka go nna ditshimega tsa PSL tsa 2026
• DJ yo o tumileng wa Aforikaborwa, Black Coffee, ka ntlha ya tiragatso ya gagwe e e neng neng rekisitse dithekete tsotlhe tsa The O2 Arena kwa London e e kgonang go amogela batho ba le 20 000, e nna DJ wa ntlha go tswa kwa Aforika go fitlhelela seno. Black Coffee le balekane ba gagwe ba di-DJ tsa Aforikaborwa ba thusitse go tlisa mmino wa go tantsha wa Aforikaborwa kwa bareetsing ba lefatshe ka bophara, mme o tshamekile kwa mafelong a a tumileng jaaka Ibiza, Coachella le Madison Square Garden.
Dipotso:
Tsamaiso ya Tlhaeletsano le Tshedimosetso ya Puso (GCIS)
Golagana le: Mme Nomonde Mnukwa, Mokaedikakaretso wa Namaotshwere
Selefounu: 083 653 7485

