Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 29 Diphalane 2025

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Metshameko le go Tlisa Kutlwano mo Setšhabeng
1.1.    Setlhopha sa Aforika Borwa sa Basadi ba Motshameko wa Kerikete se Phunyeletsa go Leba kwa Metshamekong ya Makgaolakgang ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete ya Basadi (ICC)
1.1.1.    Kabinete e akgola Setlhopha sa Aforika Borwa sa Basadi ba Motshameko wa Kerikete jaaka ba dirile bontle thata mmogo le go dira dimakatso jaaka se phunyeleditse go leba kwa Metshamekong ya Makgaolakgang ya Sejana sa Lefatshe sa Metshameko ya Kerikete ya Basadi (ICC) sa ngwaga wa 2025. Motshameko wa bona o ne o dira gore meriri e eme, e bile ba itshupile mo lefatsheng gore ga se bo magogorwane.
1.1.2.    Kabinete e ba eleditse tsotlhe tse di molemo jaaka ba ipaakanyetsa metshameko ya makgaolakgang mme e ikuetse gape le go maAforika Borwa otlhe go ema setlhopha sa naga ya rona nokeng jaaka se samagane le go ipaakamyetsa go dira metlholo ka go fenya Sejana sa Lefatshe sa Ntlha sa Metshameko Ditlhopha tsa Basadi tsa Kgwele ya Kerikete ya Sejana sa Lefatshe. Kabinete e motlotlo jaaka ngwaga wa 2025 o re tletse ka tse di molemo mo ditlhopheng tsa naga tsa tsa metshaekong ya kgwele ya kerikete mo re boneng Setlhopha sa Metshameko ya Banna ya Kgwele ya Kerikete sa Naga ya Aforika Borwa se fenya metshameko ya makgaolakgang fa setlhopha sa basadi sona se fitlhelela maemo a metshameko ya makgaolakgang ya Boditšhabatšhaba ya Letsatsi le le Esi ya Sejana sa Lefatshe.

2.    Merero ya Ikonomi
2.1.    Naga ya Aforika Borwa e Apoga Maemo a go Disiwa ka Leitlho le le Ntšhotšho Mabapi le ka Fao e Laolang ka Teng Dithulaganyo tsa Tsamaiso ya Matlole ka Ditsela tse di sa Kolobetseng Pelo a e Neng e Beilwe ka fa Tlase ga ona ke ba Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF)
2.1.1.    Kabinete e neseditse pula semmuso dikgato tsa naga ya Aforika Borwa tsa go Apoga Maemo a go Disiwa ka Leitlho le le Ntšhotšho Mabapi le ka Fao e Laolang ka Teng Dithulaganyo tsa Tsamaiso ya Matlole ka Ditsela tse di sa Kolobetseng Pelo a e Neng e Beilwe ka fa Tlase ga ona ke ba Sepodisi sa Ditirelo tsa Matlole (FATF). 
2.1.2.    Kabinete e akgotse tiro e e tswileng diatla e e tshwaraganetsweng ke mafapha ka go farologana e bong la Matlotlo a Naga, Setho sa Phemelo ya Puso (SSA), Setheo sa Bosekisi jwa Naga mmogo le Kantoro ya Mokaedi e e Samaganang le Dikgetse tse di kwa Setlhoeng jaaka ba tsere dikgato tsa go thibela le go tshwara bao ba loganang le maano a menolopuso mmogo le bao ba amegang mo ditiragalong tsa go tlamela ka matlole digongwana tse di rerang merero ya menolopuso.
2.1.3.    Go konosediwa ga dikgato tsa naga ya Aforika Borwa tsa go Apoga Maemo a go Disiwa ka Leitlho le le Ntšhotšho Mabapi le ka Fao e Laolang ka Teng Dithulaganyo tsa Tsamaiso ya Matlole ka Ditsela tse di sa Kolobetseng Pelo go baya kwa bokhutlong dikgato tse di masisi tse di ntseng di diriwa sebaka sa dingwaga di le pedi fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2023 fa go ne go rebolwa pegelo ya maemo ano ka fa nageng.Seno se supa gore naga ya Aforika Borwa e tota e itomile sesino fa go tla mo go lateleng molao, mme go gagamaditswe ditheo tse di botlhokwa, ga tokafadiwa gape le maemo a a letlang gore dikgato tsa phetagatso ya molao di kgone go phetagadiwa mmogo le go tokafatsa dithulaganyo tsa tsamaiso ya puso.
2.1.4.    Go solofetswe gore go apoga maemong ano go tla tokafatsa thata maemo a dikgwebo a go nna le tshepo ya go ka gweba ka fa nageng, ga gagamatsa dithulaganyo tsa ka fa nageng tsa matlole, ga fokotsa dinamane le merokotso e batho ba e duelelang fa ba adimile madi kwa ditheong tsa matlole, ga dira gore maemo a ikonomi ya naga ya rona e nne a a nang le seriti, ga dira gore go nne le batho ba le bantsi ba ba batlang go ka beeletsa ka fa nageng mmogo le go tlhola ditiro. Se sengwe gape ke gore, go apoga maemo ano go tla fokotsa ditiragalo tsa go tshabisa madi a bogodu ka go a kgabaganya melelwane e leng seo se tla tsosolosang serodumo sa naga ya Aforika Borwa jaaka naga e e tshepagalang e e tsamaisanang le dithulaganyo tsa boditšhabatšhaba tsa ditheo tsa matlole.

2.2.    Go Tokafadiwa ga Maemo a Mafelo a Boemelakepe a Aforika Borwa gore a Dire ka Manontlhotlho
2.2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go ribololwa ga metšhini ya go pega le go pegolola materoko a a rweleng merwalo e e Pegolong Materoko mo Dikepeng go a Pegolola mo Lehokaribeng la Lewatle kwa Boemelakepe jwa Pholosetso ya Dithoto jwa kwa Durban mo Karolong ya Bobedi ya Lefelo Leno, mme seno ke karolo ya Letsholo la go Ntšhwafatsa Lephala la Dijanaga tse di Rwalang Dithoto la Matlole a le Dibilione di le Nne tsa Mafelo a Boemelakepe a Transnet.
2.2.2.    Setlamo sa Transnet ke sona se se rweleng maikarabelo a go laola dijanaga tse di rwalang dithoto ka go tlhokomela mafelo a yona a boemelakepe, a diterene le a dipeipi tse di tsamaisang leokwane le digase, mme tsotlhe tseno ke dilo tse di botlhokwa thata fa go tla mo go godiseng maemo a ikonomi. Maikarabelo a setlamo seno a akaretsa a go tsamaisa merwalo le go rwala dithoto ka mabakane, go tlamelana ka ditirelo tse di tshwaraganeng tse di dirang ka botswapelo tsa dipalangwa tse di tshepagalang tsa go rwala dithoto, mmogo le go dira bonnete jwa gore mafaratlhatlha a sona a abelana ka ditiro tsa maemo a a kwa godimo mo lefatsheng. Ka go abelana ka ditirelo tse di ikanyegang le tse di tswileng diatla tsa dijanaga tse di rwalang dithoto, maitlhomo a setlamo seno sa Transnet ke go tlhatlosa maemo a naga ya Aforika Borwa mo go gaisaneng le dinaga tse dingwe, go fokotsa madi a batho ba tlhokang go a dirisa gore ba kgone go gwebisana le naga ya rona, mmogo le go ema nokeng maiteko a naga a go godisa maemo a ikonomi.
2.2.3.    Didirisiwa tse dintšhwa tsa go pega le go pegolola dithoto di tla nna le seabe se segolo mo go oketseng boikanyego fa go tla mo mererong ya go kgona go mekamekana le bontsi jwa ditlhokwa, mo go tlhabololeng maemo a go dira tiro e e tswileng diatla, go gaisana le ba bangwe ka go oketsa bokgoni jwa go tlhokomela dithoto, go fokotsa dituelelo tse di duelelwang fa go rekisiwa le fa go rekiwa dithoto ka fa nageng go ya kwa dinageng tsa kwa ntle mmogo le go dira gore merero ya go gwebisana e diragadiwe ka tsela e e tswileng diatla - e leng seo kwa bofelong se tlileng go ema nokeng kgolo ya ikonomi, go agiwa ga difeme mmogo le go tlholela batho ditiro. Kabinete e totobaditse gore maikano a puso a go dira gore mafaratlhatlha a kwa mafelong a naga ya Aforika Borwa a pholosetso ya dithoto kwa mawatleng mmogo le dijanaga tse di rwalang dithoto tseo e tlile go dira gore e nne a a tsamaisanang le dinako e leng selo se se tla dirang gore re nne le lephata la dijanaga tse di rwalang dithoto le le nang le bokgoni jwa go gaisana le a mangwe mo lefatsheng le e bile gape le tsetsepetseng.

3.    Merero ya Thuso le Tlhatlhelelo ya Setšhaba
3.1.    Ditlhatlhobo tsa Materiki 
3.1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tse di simolotseng sentle tsa go kwalwa ga ditlhatlhobo tsa materiki tsa ngwaga wa 2025, mo barutwana ba feta ba le 900 000 ga jaana ba semeletseng ka ditlhatlhobo naga ka bophara. Dithulaganyo tse Lefapha la Thuto ya Motheo le di tsentshitseng tirisong di tla netefatsa gore tsamaiso ya ditlhatlhobo e phetagadiwa ka tsela e e nang le seriti le ka tsela e e sireletsegileng. 
3.1.2.    Kabinete e ikuela mo batsading le mo bagodising ba bana gore ba tswelele go ema barutwana ba bona nokeng mo pakeng eno ka go rulaganya gore barutwana ba kgone go ithutela mo lefelong le le senang mudubudu le le le senang modumo gore ba kgone go ntsha ga tshwene mo fa ba ithuta, mmogo le go ba tlhoma leitlho go fitlha dipholo tsa bona tsa makgaolakgang di phasaladiwa ka Ferikgong 2026, gore ba tshoswe ke ditlhatlhobo go feta tekano. Bašwa bano ke bona ba ba emelang setšhaba sa naga ya rona mo isagong, mme ka jalo ba tshwanetse go itse gore re ipela ka bona thata.

3.2.    Go Kgarietsana kwa Dikolong
3.2.1.    Kabinete e tshwenngwa ke ditiragalo tseo di begilweng mo malobanyaneng tse di ka ga go kgarietsana tseo di diragetseng mo dikolong di le mmalwa tse di farologaneng. Ditiragalo tsa go kgarietsana kwa dikolong ke selo se segolo thata; mme ka jalo ke maikarabelo a motho yo mongwe le yo mongwe go netefatsa gore dikolo tsa naga ya rona ke mafelo a a femelesegileng a a amogelang mang le mang go tla go ithutela mo go ona.
3.2.2.    Kabinete e ikuela mo dikolong tsotlhe go se tlhaetse matlho ditiragalo tsa go kgarietsana kwa dikolong, go melelana meno le go bogisana mme e laetse gore ditiragalo tseno di tshwanetswe go tseelwa dikgato mme di batlisisiwe go fitlhelela moodi wa tsona. Barutwana ba rotloediwa go begela mogokgo, morutabana, motsadi kgotsa mogodisi wa bona fa e le gore ba kgariediwa ke ba bangwe kwa dikolong.
3.2.3.    Kabinete e totobaditse ntlha ya gore dikolo di tshwanetse go latela Leano la Naga la go Tsamaisa Tiro ya Pabalesego mo Dikolong, mme lona le abelana ka tshedimosetso ya gore ke eng se se ka diriwang go rarabolola ditiragalo tsa go melelana meno, mmogo le tsa go kgarietsana. Go botlhokwa gape le gore dikolo di dirise Melawana ya Maitsholo a Barutwana kwa Dikolong mme yona e tsenyeletsa e e ka ga se se solofelwang mo maitsholong a bona mmogo le ditlamorago tsa go kgarietsa ba bangwe.

4.    Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba
4.1.1.    Maeto a go Romiwa ke Puso mmogo le Dikopano tsa Boditšhabatšhaba
4.1.2.    Moporesitente Cyril Ramaphosa o garetse maeto a le mararo ka katlego a go leba kwa dinageng di le tharo e bong Indonesia, Vietnam, Malaysia; mmogo le leetong le lengwe gape la kwa Switzerland. Maeto a mofuta ono maitlhomo a ona ke go godisa botsalano jwa naga ya rona le dinaga tse dingwe; segolo jang fa go tla mo go godiseng kgwebisano magareng ga dinaga, dipeeletso mmogo le mo go logeng maano ao re ka dirisanang mmogo mo go ona. Maeto ano a le mararo a go etela dinaga tsa kwa kontinenteng ya Asia ke karolo ya go budusa mmila wa go gwebisana ntle le dikgoreletsi e leng selo se se tlileng go dira gore naga ya Aforika Borwa e nne le mebaraka e e farologaneng.
4.1.3.    Dinaga tse di mo karolong ya borwa-botlhaba jwa kontinente ya Asia ga di gwebisane go le kalo le naga ya Aforika Borwa mme kgwebisano e e leng teng e magareng ga ditolara tsa Amerika di le dibilione di le 22 le di le 25. Mo maetong ano, dinaga ka boraro jwa tsona di dumelane gore go na le tlhokagalo ya go tlhatlosa kgwebisano le dipeeletso magareng ga dinaga tseno.
4.1.4.    Naga ya Aforika Borwa e tlamela tse dingwe tsa dinaga kwa kontinenteng ya Asia ka ditlhagisiwa tse di jaaka malatlha, maungo mmogo le tse dingwe di le dintsinyana tsa ditlhagisiwa tsa kwa masimong le kwa merakeng, mme ke sona seno se se re nayang tšhono ya go ka godisa kgwebisano le go rekisetsa dinaga tsa kwa ntle.
4.1.5.    Leeto la bofelo la maeto otlhe ano le konosetsa ka leeto le le atlegileng la go leba kwa nageng ya Switzerland. Leeto leno le gagamaditse tirisanommogo mo mererong ya go tokafatsa maemo a sepolotiki, a ikonomi mmogo le matshelo a batho mo setšhabeng mme e godisitse gape le tirisanommogo e maphata otlhe a unngwelwang ka go lekana f go tla mo go gwebisaneng le mo go beeletseng, mo go tlhatlhelaneng ka kitso le bokgoni mmogo le mo lephateng la saense le mo go itshimololeleng megopolo.

5.    Botsalano jwa Aforika Borwa le Türkiye
5.1.1.    Leeto la go romiwa ke puso kwa Türkiye la ga Motlatsamoporesitente Paul Mashatile ka Diphalane 2025 le lona le gagamaditse tirisanommogo magareng ga dinaga ka bobedi. Mo leetong leno e ne ya nna monnasetilo mmogo le molekane ka ene wa naga eno mo Khomišeneng e e Tshwaraganetsweng ke Dinaga ka Bobedi, mme bannasetilo ba khomišene ya mothale ono ke segapeletsa gore e nne batho ba ba leng mo maemong a Botlatsamoporesitente.
5.1.2.    Fa kopano eno e garela go ne ga saeniwa ditumelano di le dintsinyana, mme mo go tsona go tsenyelediwa le Tumelano e e Tshwaraganetsweng ya go Bulwa ga Khomišene ya Merero ya Ikonomi le ya go Gwebisana mmogo le Dimemorantamo tsa go Dirisanammogo mo lephateng la ditheo tse dikgolwane tsa thuto le tlhatlhelelo, mmogo le mabapi le tirisanommogo mo mererong ya ikonomi fa go tla mo mafelog a a itlhophileng a diintaseteri tsa dikgwebo.

6.    G20
6.1.1.    Kabinete e itumedisiwa ke gore dithulaganyo tsotlhe tsa go tshwara kopano e e tla tshwarwang ka thelelo Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tse e leng Karolo ya G20 di setse di le kwa bofelong mme yona e tla tshwarwa go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 23 Ngwanaitseele, mme e na le tshepo e e tletseng ya gore naga ya Aforika Borwa e tla atlega mo go tshwareng kopano eno.
6.1.2.    Go solofetswe gore kopano eno e tlile go tlhatlosa ka bontsi ditiragalo tse di amanang le ikonomi jaaka di tlile go dira gore dilo tse di rekiwang di rekiwe ka bontsi go feta setlwaedi, e ka tswa e le ditirelo tse di rileng, mafaratlhatlha a a rileng kgotsa dithoto tse di rileng; go solofetswe gape le gore e tlile go tlhola ditiro mmogo le go godisa theko ya ditlhagisiwa tsa ka fa nageng. Mo godimo ga seno, diketekete tsa baromiwa, babegadikgang mmogo le baeng go tswa mo lefatsheng ka bophara ba tla bo ba begela lefatshe ka tsotlhe tse dintle tse ba iponelang tsona ka naga ya rona, mme seno se tlile go dira gore mo tsamaong ya nako naga e itemogele kgolo mo lephateng la bojanala. Maemo a naga ya rona a go nna mo boemong jwa Boporesitente jwa G20 a setse a ntse a iponagatsa gore a na le seabe mo go godiseng lephata la bojanala la ka fa nageng, mo re boneng go fitlha ga jaana go setse go tshwerwe dikopano tsa semmuso tsa go ipaakanyetsa kopano eno di le 100 mo go di le 132, e leng dikopano tsotlhe tse di setseng di tshwerwe mo pakeng eno go tloga ka la bo 1 Ngwanaitseele 2024.
6.1.3.    Mo go ipaakanyetseng go tshwara kopano eno, go tloga ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Ngwanaitseele 2025 go tla tshwarwa Kopano e e ka ga Merero ya go Thusana le Setšhaba ya G20, mme mo go yona go tla sekegelwa tsebe maikutlo a baagi mo setšhabeng fa go tla mo dithulaganyong tsa G20 tse di ka ga go tsewa ga ditshwetso e leng selo seo se tla gagamatsang tirisanommogo mo lefatsheng, go godisa ditiragalo tsa go tsenyeletsa batho botlhe mmogo le go letla baagi go ntsha se se mo mafatlheg a bona e leng selo se se tla dirang gore go nne le tshwaragano mo lefatsheng, botlhe ba akarediwe mmogo le go rebola thebolo e e bontshang dikgatlhegelo le maitemogelo a baagi botlhe.
6.1.4.    Naga ya Aforika Borwa e sola mosola maemo a yona a go okama maemo a Boporesitente jwa G20 go tsibogela dikgwetlho tse di boima tse lefatshe le tobaneng le tsona mmogo le go dira gore go nne le tumelano mo mererong e e farologaneng. Maitlhomomagolo a rona ke go gagamatsa ditiragalo tsa go ikanyega mo go ba bangwe mo motsing wa masetlapelo gore ba tsibogele ka go tswa thuso, go netefatsa gore dinaga tse maemo a tsona a ikonomi a santseng a iketetsa ga di kgamiwe ka dikoloto, go bokeletsa matlole a go thusa matsholo a go fetola metswedi ya motlakase mmogo le go sola mosola dimenerale tse di botlhokwa mo go direng gore botlhe ba nne le seabe mo kgolong ya ikonomi. 
6.1.5.    Re fela pelo gore Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20 e tla goroga neng gore re tle re amogele baeng ba rona ba ba tlotlegang mmogo le go fetisetsa korone ya Boporesitente jwa G20 kwa nageng ya Amerika jaaka e le yona e jaanong e tshwanetseng go tsena mo ditlhakong tseno.

B.    Ditshwetso tsa Kabinete

1.     Ditshitshinyo tsa Matlole le tsa Leano la go Tsamaisa Tiro ya Matlole tsa Ngwaga wa 2025
1.1.    Kabinete e neseditse pula Ditshitshinyo tsa Matlole le tsa Leano la go Tsamaisa Tiro ya Matlole tsa Ngwaga wa 2025 gore di ka isiwa kwa pele ga Palamente go ya go atlhaatlhiwa. leano la go tsamaisa tiro ya matlole le botlhokwa thata mo matloleng a ngwaga le ngwaga a beelwang kwa thoko go tsamaisa tiro ya ditheo tsa puso. Leano leno le tobane le ngwaga o le esi fela yo o rileng e bile ke lona le le thusang gore batlhankedi ba tsamaiso ya puso ya naga ba kgone go phetagatsa tiro ya bona go ya ka pholisi ya merero e megolo ya ikonomi. Mo go yona e samagana le dintlha ka mefutafuta ya tsona, go tshwana le go phopholetsa matlole otlhe a a tla tlhokagalang (matlole a a logetsweng go tsamaisa tiro mmogo le a tlaleletso a kgaoganngwa gore a se kopakopane) mme go seolofetswe gore mo go ona ngwaga oo wa matlole go tla kgonwa go bokeletsa matlole ano mmogo le matlole a go phopholediwang gore a tla adingwa gona mo go ona ngwaga oo wa matlole.
1.2.    Tona ya Matlole, Enoch Godongwana, e tla re ka la bo 12 Ngwanaitseele 2025 ka ura ya bobedi mo motshegareng a tla fa pele ga Palamente go ema setšhaba ka lefoko ka Puo ya Pholisi Tekanyetsokabo ya Dikgwedi di le Tharo (MTBPS).

2.    Naga ya Aforika Borwa e Okama Nakwana Maemo a Boeteledipele jwa Mokgatlho wa Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) 
2.1.    Kabinete e amogetse kopo go tswa kwa go Tlhogo ya Tsamaiso ya Mokgatlho wa Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC), e bong Rre Elias Mpedi, e e mabapi le gore naga ya Aforika Borwa e tsene nakwana mo maemong a boeteledipele jwa SADC a ga jaana a leng mo diatleng tsa naga ya Madagascar mme seno ke ka ntlha ya maemo a sepolotiki a a renang ga jaana mo nageng eno. Seno se tla tsenyeletsa gape le gore dikopano tsotlhe tsa SADC tse di neng di tshwanetswe go tshwarwa ka kgwedi ya Ngwanaitseele 2025 di tshwarelwe mo nageng ya Aforika Borwa mme go tla solofelwa gore naga eno e okame maemo a no go fitlha go tshwarwa Kopanokgothakgothe ya semmuso e e tla tsayang ditshweetso tsa gore go diriwa jang ka seemo seo.
2.2.    Kopo eno e tsamaisana le Karolo ya bo 9A(2)(b) mmogo le ya bo 10(4) tsa Molao wa Ditumelano tsa Dinaga tsa SADC mme tsona di re fa Monnasetulo wa mokgatlho ono yo a tlhomilweng semmuso a retelelwa ke go phetagatsa tiro ya gagwe le maikarabelo a gagwe a bonnasetulo, Monnasetulo yo go letetsweng gore ke ene yo monnasetulo yono a tlileng go mo refolela maemo a bonnasetulo fa nako eo e goroga ke ene yo a tshwanetseng go nopolwa gore e nne ene yo a tshwarelang nakwana monnasetulo yo a retelelwang ke go dira tiro ya gagwe mme o tshwanetse go tshwara jalo go fitlha go tshwarwa kopano e kgolo e mo go yona go tla tsewang ditshwetso ka seemo seo. 

3.    Pholisi ya Ditirelo tsa go Thusa Baagi ba ba Tshelang ka Bogolofadi 
3.1.    Pholisi eno e ne ya busediwa kwa go Tona ya Merero ya go Thusana le Setšhaba go ya go sekaseka gore e tla jela puso madi a le kanakang gore e kgone go phetagadiwa.

4.    Pegelo ya Borobedi ya Dikgatelopele tse di Setseng di Dirilwe Magareng ga Ngwaga wa 2023 le wa 2024 Mabapi le go Tsenngwa Tirisong Sekwalwa sa Masupatsela se se Buang ka Ditshwanelo tse Batho ba ba Nang le Bogolofadi ba Nang le Tsona (WPRPD)
4.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tsenya tirisong Pegelo ya Borobedi ya WPRPD, mmogo le ditshitshinyo tsotlhe tse di dirilweng mabapi le yona. Pegelo eno e supa seabe seo se dirilweng ke mafapha a puso ya naga mmogo le a puso ya porofense mo pakeng ya dipegelo tsa ngwaga wa 2023 go fitlha go ya ngwaga wa 2024. Pegelo eno e baya setšhaba mo dinakong ka ga dikgato tse di setseng di tserwe go rarabolola dikgoreletsi tse di kgoreletsang batho ba ba nang le bogolofadi gore ba fitlhelele tseo ba batlang go ka di fitlhelela mo botshelong.
4.2.    E tlhalosa dikgato tse di botlhokwa tse di phetagaditsweng tseo maitlhomo a tsona e leng go fedisa dikgoreletsi tse di kgoreletsang batho ba ba nang le bogolofadi gore ba kgone go ka fitlhelela dilo tseo le bona ba ratang go ka di fitlhelela mo botshelong. Seno se phetagaditswe ka go dira matsholo a temoso ya Setšhaba, go fetola mafaratlhatlha a setšhaba gore a se ba kgoreletse go ka a dirisa, go dira gore go nne le dipalangwa tse di rwalang baagi tse le bona ba ka kgonang go di dirisia, mmogo le go nna le maano a ditlhaeletsano a le bona ba akareditsweng mo go ona gore go tla tlhaeletsanwa jang le bona. Bobotlana jwa mafapha a le 30 a naga mmogo le dikantoro tsa Ditonakgolo tsa diporofense di le thataro di nnile le seabe mo pegelong eno, mme pegelo eno ga jaana e setse e neseditswe pula go ka phsaladiwa mo lekwalodikganyeng la go phasalatsa melao ya puso mme e tla gololwa ke Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Nang le Bogolofadi. Pegelo eno e ka fitlhelwa mo go webesaete ya www.dwypd.gov.za.

C.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1.    Rre Livhuwani Tommy Makhode o thapilwe go nna Mokaedi yo Mogolo (DG) wa Lefapha la Merero ya Selegae (nako ya konteraka ya gagwe e atolositswe). 
2.    Ngaka Mbulelo Nokwequ o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Merero Didirisiwa tse di Dirisediwang go Meta Bogolo, Bophara, Bokgakala le Botelele jwa Dilo mo Lefatsheng. 
3.    Rre Mpumelelo Maseko o thapilwe go nna Mokaedi yo seng wa Khuduthamaga mo Botong ya Koporasing ya Dipeeletso tsa Puso (PIC).

4.    Boto ya Bakaedi ba Setheo sa Naga ya Aforika Borwa sa Inšorense ya Mathata a a Itlhophileng (SASRIA) 
(i)    Ngaka Nolwandle Mgoqi-Mbalo (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape mo maemong a gagwe);
(ii)    Rre Reginal Haman (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape mo maemong a gagwe);
(iii)    Mme Margaret Phiri (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape mo maemong a gagwe); 
(iv)    Rre Shafee Verachia;
(v)    Mme Noxolo Abraham;
(vi)    Mme Nomusa Mufamadi;
(vii)    Rre Afika Selemane;
(viii)    Rre Nkhumeleni Musekwa;
(ix)    Mme Vuyelwa Matsiliza; 
(x)    Mme Mmabatho Sukati; mmogo le 
(xi)    Rre Dirkse Kunz

5.    Bakaedi ba Boto ya Dijanaga tse di Putlang Mebila go Kgabaganya Melelwane ya Dinaga (C-BRTA) (jaaka re kaile mo malobeng)

(i)    Rre Randall Howard (o thapilwe go nna Monnasetulo wa boto);
(ii)    Mme Loyiso Kula 
(iii)    Moatefokate Adila Chowan (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape mo maemong a gagwe);
(iv)    Mme Keitumetse Mahlangu;
(v)    Mme Yongama Pamla-Dhludhlu;
(vi)    Ngaka Dineo Penelope Mathibedi;
(vii)    Mme Zandile Kabini; mmogo le
(viii)    Rre Dave Jackson Moswane

6.    Batlhankedi bao ba thapilweng mo Botong ya Setheo sa Intaseteri ya go Aga Meago le Dintlo 
(a)    Rre Khulile Nzo; (o thapilwe go nna Monnasetulo wa boto);
(b)    Moporofesara Susanna Bouillon (o thapilwe go nna Motlatsamonnasetulo wa boto);
(c)    Mme Yvonne Mbane;
(d)    Ngaka Karabo Siyila;
(e)    Rre Johan van der Walt;
(f)    Ngaka Deenadayalen Konar;
(g)    Ngaka Julia Petla;
(h)    Mme Thembisa Jimana; mmogo le 
(i)    Ngaka Elizabeth Makgae

D.    Go Baya Kabinete mo Dinakong

1.    Maano a a Logilweng go Rarabolola Bothata jwa Kgotlhelo le Kgeleloleswe
1.1.    Kabinete e amogetse pegelo go tswa kwa Lefapheng la Metsi le Kgeleloleswe e e mabapi le leano le le tla dirisiwang mo pakatelelelng go rarabolola dikgwetlho tse mebasepala e le mentsinyana e tobaneng le tsona tsa bothata jwa kgotlhelo le kgeleloleswe.
1.2.    Maemo a Ditirelo tsa Naga tsa Merero ya Metsi le Kgeleloleswe a a kwalolotsweng sešwa a a phasaladitsweng mo lekwalo la semmuso le le gatisang melao ya puso ka la bo 06Seetebosigo 2025, a setse a dirile gore go nne le maemo a a digetseng a a kgontshang gore ka fa nageng go kgonwe go tsenngwa tirisong dithulaganyo tse di dirang ka botswapelo tsa go phepafatsa metsi le metswedi ya kgeleloleswe.
1.3.    Melawanataolo eno e fedisa ditiragalo tsa mebasepala tsa go gokelela metse le madulo a mantšhwa mo methamong e e sa agelwang go ka okelediwa palo ya metse e e tshwanetsweng go gokelelwa mo go yona. Seno se raya gore mebasepala ga e sa tlhole e tla letlelelwa go gokelela metse e mešwa mo methamong e e ntseng e le teng ya go tlhatswa metsi kgotsa ya kgeleloleswe, ntle fela le fa e le gore methamo eo e agetswe go kgona go gokelelwa le palo ya metse e e fetang e ga jaanong e gokeletsweng mo go yona.
1.4.    Mo godimo ga seno, Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Metsi o tla naya Tona ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe maatla le dithata tsa go tlhomamisa gore go ikobelwa maitsholo le maemo a a tlhomilweng semolao.

E.    Ditiragalo tse di Tlang
1.    Kopano e Kgolo ya Borobedi e e ka ga go Bokeletsa Matlole a go Lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelateng, jwa Lehuba Mmogo le jwa Malaria mo Legatong la Letlole la Lefatshe
1.1    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa naga tsa go nna yona e mo go yona monongwaga go tlileng go tshwarelwa Kopano e Kgolo ya Borobedi e e ka ga go Bokeletsa Matlole a go Lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelateng, jwa Lehuba Mmogo le jwa Malaria mo Legatong la Letlole la Lefatshe mme yona e tla tshwarwa ka la bo 21 Ngwanaitseele 2025 le go tshwarelwa kwa Johannesburg. Kopano eno bannasetulo ba yona e tla bo e le naga ya Aforika Borwa mmogo le naga ya United Kingdom mme ba tla bo ba tshwaraganetse tiro eno le ba Pokeletso ya Matlole a go Lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelateng, jwa Lehuba Mmogo le jwa Malaria mo Legatong la Letlole, mme e tla tshwarwa ka letlha le le gaufi le letlha le go tla bong go tshwerwe Kopano ya Baeteledipele ba Dinaga tsa G20 ka lona. Kopano eno e re naya tšhono e botlhokwa ya go bokeletsa bao re ka thusanang mmogo mo lefatsheng le bona go ka re abela kemonokeng le dithuso tse re di tlhokang go potlakisa ntwa ya go lwantshana le Bolwetse jwa Lebolelateng, jwa Lehuba Mmogo le jwa Malaria
1.2    Kopano eno e tla tsenelwa ke Ditlhogo tsa Dinaga le tsa Mebuso, mekgatlho ya ditšhaba, baagi, ditlamo tse dikgolo mo lefatsheng, mebuso e e dirisanang mmogo mmogo le ditheo tsa poraefete, mme botlhe ba tla bo ba bokane ka maitlhomo a go dira dipeeletso tse di tlhokagalang go godisa matsholo a a samaganeng le go boloka matshelo a batho. Dipuisano tse di tla tshwarwang kwa kopanong eno go solofetswe gore di tla thusa go gagamatsa dithulaganyo tsa maokelo go dira gore di nne le maatla le go se phutlhame, jaaka a le botlhokwa thata mo go direng gore botlhe mo isagong ba nne ba itekanetse e bile ba femelesegile.

F.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

  • Mogasi yo a tumileng wa seyalemowa, e bong Moruti Abel Sello Phiri, yo lentswe la gagwe le neng le fodisa dipelo tsa bareetsi le go ba tiisa mmooko mo lenaneong la gagwe la mo tshokologong le le neng le gasiwa mo Motsweding FM.
  • Tshiamo mmogo le Baleseng Moramaga, basetsanyana bao e neng e le bomotswala bao ba bolailweng setlhogo kwa Mamelodi East. Mmelaelwa a dingwaga di le 38 o tshwerwe mme o lebagane le ditatofatso tsa polao e e setlhogo eno.
  • Kabinete e rometse matshediso a yona kwa go ba malapa le ditsala tsa tsa bao ba wetsweng ke leru go latela gore batho ba le 15 ba latlhegelwe ke matshelo mo bekeng eno mo dikotsing tse di farologaneng tse di diragetseng mo mebileng ya naga ya rona. Batho ba le supa ba latlhegetswe ke matshelo a bona ka ntlha ya go sugagana ga thekesi le bene kwa Bassonia, mo porofenseng ya Gauteng mmogo le kotsi e nngwe e mo go yona thekesi le teroko di sugaganeng mo Mmilafefong wa Naga wa N3 magareng ga Van Reenen’s Pass le Montrose kwa porofenseng ya Foreistata mo batho ba le robedi ba latlhegetsweng ke matshelo.
  • Tshiamo mmogo le Baleseng Moramaga, basetsanyana bao e neng e le bomotswala bao ba bolailweng setlhogo kwa Mamelodi East. Mmelaelwa a dingwaga di le 38 yo a tshwerweng malebana le go arabela ditatofatso tsa polao e e setlhogo eno o tlhageletse lwa ntlha kwa Kgotlatshekelo ya Magiseterata ya Mamelodi maabane ka Laboraro wa la bo 29 Diphalane 2025.

2.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:

  • Qhawekazi Mazaleni jaaka a fentse Dikgaisano tsa Bommabontle ba Naga ya Aforika Borwa tsa Ngwaga wa 2025; mme e mo eleditse tsotlhe tse di molemo mo maikarabelong a gagwe a mantšhwa.
  • Kabinete e lebogisa Moporesitente jaaka a reboletswe tlotlo ke Yunibesiti ya Malaya kwa nageng ya Malaysia ka go mo apesa purapura ya tekerii ya maemo a bongaka go tlotlomatsa tiro eo a e dirileng mo botshelong.
  • Melissa Nayimuli jaaka a apesitswe koroneya go nna Mmabontle yo a tla Emelang Naga ya Aforika Borwa mo Lefatsheng mme o tla bo a emetse naga ya Aforika Borwa mo dikgaisanong tsa Bomabontle ba Lefatshe tse di tla tshwarelwang kwa nageng ya Thailand.
  • Kabinete e neseditse pula Sekolo sa Naga sa Katiso le Tlhatlhelelo ya Badiredipuso (NSG) go latela gore se abelane ka tlhatlhelelo mo Sekolong sa Merero ya Puso le Ikonomi, kwa Nairobi mo nageng ya Kenya, mo se neng se tshwarisane tiro eno le ba Sethe sa Naga ya Ghana sa Taolo le Tsamaiso ya Puso (GIMPA) mmogo le ba Sekolo sa Naga ya Kenya (KSG), mme tiragalo eno e ne e tshwerwe go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 30 Diphalane 2025. Letsholo leno le ne le tsenetswe ke batlhankedi ba palamente, batlhankedi ba tsamaiso ya puso, ditlhogo tsa mafapha le tsa ditheo tsa thuto e kgolwane go tswa kwa nageng ya Aforika Borwa, ya Ghana mmogo le ya Kenya. Letsholo la Merero ya Puso le Ikonomi le neseditswe pula ke Kabinete ka Phatwe 2020 mme maitlhomo a lona ke go tlhatlhelela boeteledipele, dipatlisiso le go tlhatlhelela batlhankedi ba khuduthamaga mmogo le batsamaisi ba bagolo ba ditheo tsa puso ka dipuisano tsa dipholisi tse di amanang le merero ya puso le ikonomi.

Dipotsolotso di ka lebisiwa kwa go: 
Rre Sandile Nene
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 712 2316

Share this page

Similar categories to explore