Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 26 Phatwe 2026

A. Merero ya ga Jaana

1. Go Bopa Maatla le Tsepamo ya Ikonomi

1.1. Puso le Kgwebo di Tiisa Semphato go Itlhaganedisa Kgolo ya Ikonomi le go Tlhola Ditiro

1.1.1. Kabinete e amogetse go thankgololwa ga Kgato 3 ya Semphato sa Puso-Kgwebo go tsweletsa kgolo, go ngoka dipeeletso le go tlhola ditiro di feta milione o le mongwe pele ga 2030.

1.1.2. Kgato 3 e agelela mo dikatlegong tsa ditirisano tsa Dikgato 1 le 2 mo makaleng a botlhokwa. Diphitlhelelo tsa Kgato 2 di akaretsa go fedisa kgaotso ya motlakase, ditokafatso tsa tiragatso ya diporo le magorogelo; go tswa ga Aforika Borwa mo lenaneng le le borokwa la FATF; go tlhatlosiwa ga seelo sa Kherediti ka S&P le Fitch.

1.1.3. Kgato 3 e tla tsweletsa diphetogo, go maatlafatsa tshepo ya babeleetsi le go atolosa ditšhono tsa ikonomi go Maaforika Borwa otlhe. Ka maitlhomomagolo a go atolosa mothamo wa motlakase, go oketsa dipalo tsa go rwalwa ga dithoto, le go tswelela go oketsa dipalo tsa kgorogo ya bajanala ba boditšhaba pele ga 2027.

1.2. Aforika Borwa e Ipaakanyetsa Moento o Mošwa wa Lohuba

1.2.1. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga tswelopele tebang le go dirwa ga moento o mošwa wa lohuba (TB), o ga jaana o le mo Kgatong ya bo3 ya diteko, e e ka nnang le seabe se segolo mo go fediseng TB jaaka matshosetsi a boitekanelo go botlhe.

1.2.2. Kabinete e etse tlhoko gore puso e baakanya kwadiso le go simololwa ga moento o fa diteko di ka supa katlego.

Kabinete e amogetse gape tumalano le Serum Institute ya India go tlhagisa meento ya TB gore e romelwe go ralala lefatshe, e e tla maatlafatsang bokgoni ba Aforika Borwa ba go tlhagisa meento, go tshegetsa boitlhamedi le go tlhotlheletsa kgolo ya ikonomi le go tlholwa ga ditiro.

1.3. Go Tlhoma Motheo wa Isago ya Motlakase o o Tsepameng: Tiragatso ya Go Fetlha Motlakase ya Eskom

1.3.1. Eskom e fetile maikaelelo a botlhokwa a lenaneo la phediso ya kgaolo ya motlakase ka go fitlhelela maemo a go se nne le kgaolo ya motlakase mo diporofenseng tse supa pele ga maikaelelo a bona a go dira jalo pele ga Diphalane 2026. Badirisi ba feta dimilione tse 1.2 ba buseditswe mo maemong a a tlwaelegileng a tlamelo, e leng se se fokotsang palo ya badirisi ba ba amegang go ya go 6.8% tsa lenane la bareki ba motlakase wa Eskom.

1.3.2. Godimo ga moo, Eskom e fokoditse seelo sa yona se se neng se le kwa godimo thata sa go ikanyega mo go diriseng lookwane lwa disele leo le fepelang dijenereitara tsa go fetlha motlakase, mme seno se dirile gore go nne le kwelotlase ya ditshenyegelo tse di ka fetang 83% fa go bapisiwa le tsa mo dingwageng tse dingwe go tswa go dibilione di le R5.92 go ya go dimilione di le R992 mo dipakeng tse di bapisiwang, mme seno ke ka ntlha ya tiriso ya Thebaene e e Dirisang Gase e e Bulegileng mme ditshenyegelo di wetse kwa tlase go tloga go 8.67% go ya go 1.10%.

1.3.3. Phokotso e e kwa godimo e ya tiriso ya disele e supa ditokafatso tse di tswelelang tsa tiragatso ya motseletsele gammogo le mafaratlhatlha a motlakase a a ikanyegang e bile a tsepame. Aforika Borwa ga jaana e setse e kwadisitse matsatsi a le 467 ka tatelano ntle le kgaotso ya motlakase fa e sale ka 16 Motsheganong 2025, go tlamela motlakase o o ikanyegang go malapa le dikgwebo le go tshegetsa tlhabololo ya ikonomi ka kakaretso.

1.3.4. Kabinete e amogetse tokafalo e e tswelelang ya tiragatso ya Eskom ka Mothamo wa Motlakase o o Leng Teng o fitlheletse maemo a a kwa godimo go gaisa fa e sale ka 2020, e leng se se supang motseletsele o o ikanyegang wa go fetlha motlakase. Tokafalo e e tswelelang e e buseditse dimekawate di ka nna 6 100 tsa mothamo o o fetlhilweng mo sefaleng, fa dikgaogo tsa motlakase tse di sa rulaganngwang di fokotsegile ka bokana ka 40% fa go bapisiwa dingwaga.

1.3.5. Kabinete e ikuela go Maaforika Borwa go nna le seabe mo Seralweng sa Pholisi Peoditlhwatlhwa tsa Motlakase se ga jaana se buletsweng ditshwaelo tsa baagi. Dipeelo tsa pholisi tse di tshitshinngwang di ikaelela go fokotsa tlhwatlhwa ya motlakase di ntse di tsweletsa dituediso tse di supang ditshenyegelo le go sireletsa malapa a a mo kotsing le makala a togamaano a ikonomi.

1.4. Simphosiamo ya bo5 ya Tlhabololo e e Tswelelang ya Mafaratlhatlha ya Aforika Borwa

1.4.1. Kabinete e amogetse go tsholwa ka katlego ga Simphosiamo ya Tlhabololo e e Tswelelang ya Mafaratlhatlha ya Aforika Borwa (SIDSSA) kwa Cape Town.

1.4.2. Kabinete e amogetse gape go tlhagisiwa ga diporojeke tsa mafaratlhatlha di le 263 tsa boleng ba ditirilione di le R1.99 go ralala dikgato tse di farologaneng tsa kago le tsenyotirisong.

1.4.3. Mo dikgweding tse 18 tse di fetileng, go konoseditswe diporojeke tse 37 tsa boleng ba dibilione di le R69, go tshegetsa kgolo ya ikonomi le go tlholwa ga ditiro.

1.5. Molao wa Kgolo le Tšhono ya Aforika

1.5.1. Kabinete e amogetse go atolosiwa ga Molao wa Kgolo le Tšhono ya Aforika (AGOA), o o netefatsang phitlhelelo e e sekamelang go ditlhagiswa tsa Aforika Borwa tse di matshwanedi kwa mmarakeng wa naga ya Amerika (USA). Katoloso e, e e tla nnang go fitlha ka 31 Sedimonthole 2028, e tlamela ka netefaletso go batlhagisi le baromelantle ba ka fa nageng, go tshegetsa pharologano mo mebarakeng, koketsego ya diromelwantle le kgwebisano e e tseneletseng le dikamano tsa dipeeletso le USA.

1.6. Tumalano ya Maungo a Tshika ya Namune le India

1.6.1. Kabinete e amogetse tumalano magareng ga Aforika Borwa le India go anamisa ditsela tsa tsholo ya diromelwantle tsa maungo a tshika ya namune a a foreše, go latela dingwagasome tsa dipuisano. Tumalano e e tla tlamela batlhagisi ba maungo a tshika ya namune ka pharologano e kgolo ya tsamaisodithoto le go tshegetsa koketsego ya thomelontle go ya kwa India – e leng mongwe wa mebaraka e e golelang ka bonako go gaisa mo lefatsheng.

1.6.2. Jaaka moromelantle wa bobedi ka bogolo mo lefatsheng wa maungo a tshika ya namune ka ditone di feta dimilione tse 2,9 tsa maungo a tshika ya namune a a rometsweng kwa dinageng tsa kwa ntle ka 2025 ka poelo ya dibilione di le 2.1tsa ditolara tsa Amerika, intaseteri ya maungo a tshika ya namune ya Aforika Borwa e tshegetsa ditiro tse dintsi go ralala mola o wa tlhagiso. Phitlhelelo ya mebaraka e e atolositsweng e tla maatlafatsa kgolo ya lekala le, thomelontle le bokgoni ba go tlhola ditiro.

1.7. Go Kgontsha Bokgoni ba Aforika Borwa ba go Nna Lefelo la Bojanala, Kgwebo le Peeletso

1.7.1. Kabinete e amogetse go thankgololwa ga tsamaiso ya Tetlelelo ya Mosepele ya Ileketeroniki (ETA) jaaka karolo ya phetogo ya dijithale ya tsamaiso ya di-visa le bofaladi.

1.7.2. Mo boemong ba ditsamaiso tsa visa tse di dirwang ka seatla, ETA e tsenya ditsamaiso tse di bonako e bile di nonofile tsa dijithale.

1.7.3. Ka go golaganya netefaletso ya baometeriki le thekenoloji e e gatetseng pele, ETA e tla maatlafatsa tshireletso ya melelwane, go tokafatsa taolo ya bofaladi le go thusa bokgoni ba Aforika Borwa jaaka lefelo la bojanala, kgwebo le peeletso.

2. Go Bopa Dimphato tse di Maatla tsa Boditšhaba

2.1. Aforika Borwa e Tshwere ka Katlego Samiti ya SADC ya bo46

2.1.1. Kabinete e amogetse go tshwarwa ka katlego ga Samiti ya SADC ya bo46 kwa Durban e e simolotseng ka Aforika Borwa e le Monnasetilo ka fa tlase ga setlhogo: Tirego ya Madirelo e e Tsepameng, e Tswelela e bile e Akaretsa ka Tlhabololo ya Mafaratlhatlha, Temothuo le Phetolo ya Diminerale tsa Botlhokwa mo leetong la Lefatshe le le Lolameng”.

2.1.2. Samiti e e amogetse le go sekaseka pegelo ka ga: tsenyotirisong ya Leanotlhabololo la Togamaano ya Tshupane ya Kgaolo (RISDP) 2020 – 2030, le le ikaegileng ka maiteko a a tswelelang go tokafatsa tiragatso ya kagiso, tshireletso, ikonomi, boitekanelo le mafaratlhatlha; tswelopele ka ga go tlhongwa ga Mokgothwana wa Ikonomi wa Bokone-Borwa (NSEC), go tlhongwa ga lenaneo la Peeletso la NSEC, gammogo le Setheo sa Taolo ya Mokgothwana; le tlhokego ya go supa bonnye mafelo a le mararo (03) a diporojeke/dikarolo tsa seabe se se kwa godimo tse go tla buisanwang ka tsona kwa kopanong e e latelang ya Ditona.

2.1.3. Aforika Borwa e tsere tšhono e go ema Samiti ka lefoko tebang le taolo ya bofaladi mo nageng le tlhokego ya go nna le ditherisano tsa SADC ka ga ntlha e go akaretsa dintlha tse di gogang kgotsa go kgarametsang le merero e e amanang le tshireletso.

2.2. Kopano ya bo4 ya Khomišene ya Dinagapedi ya Aforika Borwa-Zimbabwe

2.2.1. Kabinete e akgotse katlego ya Khomišene ya bo4 ya Dinagapedi ya Aforika Borwa-Zimbabwe, e e sekasekileng tirisanommogo ya sebedi le go maatlafatsa dikamano magareng ga dinaga tsoopedi.

2.2.2. Kabinete e etse tlhoko gore Zimbabwe e santse e le mongwe wa balekane ba bagolo ba kgwebisano mo Aforika, ka kgwebisano ya sebedi se e fitlha go dibilione di le R81 ka 2025.

2.2.3. Kopano e ya bo4 e konoseditse ditumalano tse thataro tse dišwa tsa tirisanommogo, go akaretsa MoU e e ka ga phetisetso ya batshwarwa ba ba atlhotsweng gareng ga dinaga tse. Ditumalano tse dingwe di ka ga: merero ya bodipolomate, temothuo, botsweretshi le setso, le maatlafatso ya basadi e tla kgontsha momagano ya kgaolo le tlhabololo ya ikonomi.

3. Lenaneo la go Busetsa Masaledi a Batshabi mo Nagaeng

3.1. Kgato ya Angola ya Lenaneo la Aforika Borwa la go Busetsa Masaledi a Batshabi mo Nageng

3.1.1. Kabinete e amogetse go thankgololwa ga kgato ya Angola ya Lenaneo la Aforika Borwa la go Busetsa Masaledi a Batshabi mo Nageng go batla le go busetsa masaledi a Maaforika Borwa a a tlhokafaletseng kwa dinageng tsa botshabelo ka nako ya kgaratlho ya kgololesego, jaaka karolo ya Leano la Pusetso ya Masaledi a Batshabi mo Nageng la Dingwaga tse Tlhano.

3.1.2. Kabinete e lemogile gore Angola e na le palo e e kwa godimo ya Maaforika Borwa a a tlhokafaletseng kwa botshabelo ka mabitla a ka nna 400 a a setseng a supilwe.

3.1.3. Kabinete e ikuela go ba malapa a bagabona ba tlhokafetseng, ba nyeletseng kgotsa ba boloketsweng kwa Angola ka nako ya kgaratlho ya kgololesego go ikwadisa le Setheo sa Metswedi ya Ngwaoboswa sa Aforika Borwa (SAHRA) ka Phothale ya SAHRA ya Go Busediwa ga Masaledi a Batshabi mo go https://www.sahra.org.za/exile-repatriation/.

3.1.4. Malapa a a tlhokang thuso a ka ikwadisa kwa dikantorong tsa SAHRA, Freedom Park, le kwa dikantorong tsa Lefapha la Metshameko, Botsweretshi le Setso la porofense le ka ditheo tsa bagale ba sesole.

3.2. Aforika Borwa e Romela Masaledi a Bagale ba Kgaratlho ba Namibia

3.2.1. Kabinete e amogetse go romelwa ga masaledi a batho ba Namibia ba le 86, go akaretsa bagale ba kgololesego Festus Nehale le Simon Niilenge, ba ba tlhokafaletseng mo kgolegelong kwa Robben Island.

3.2.2. Masaledi a, a a neng a tlosiwa kwa Namibia sebaka se se fetang ngwagakgolo le go dirisiwa mo ditekong tsa paka ya bokoloniale tse di senang botho, a tla bolokiwa kwa Diphupung tsa Bagale ba Namibia.

3.2.3. Kabinete e amogetse go romelwa ga masaledi jaaka kgato e e botlhokwa ya bosiamisi ba pusoloso bo bo tlotlang bagaka ba kgololesego le go dira gore ba malapa a bona kgone go itlhoboga.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Tokafatso ya Diathikele tsa Tumalano ya Banka ya Boditšhaba ya Kagosešwa le Tlhabololo

1.1. Kabinete e neseditse pula go alwa kwa Palamenteng ga tokafatso e e tshitshinngwang ya Diathikele tsa Tumalano ya Banka ya Boditšhaba ya Kagosešwa le Tlhabololo (IBRD) go oketsa bokgoni ba banka ba kadimo le go tshegetsa dintlhakgolo tsa tlhabololo tsa lefatshe le tsa kgaolo.

1.2. Tokafatso e ke karolo ya leano la diphetogo la Dibankatlhabololo tsa Maphatamantsi jaaka le neseditswe pula ke G20 go maatlafatsa bokgoni ba matlole le tiragatso e e kgonegang ya di-MDB.

1.3. Mametlelelo ka Aforika Borwa e tla tshegetsa dintlhakgolo tsa tlhabololo tsa naga ka go tokafatsa phitlhelelo ya matlole a a rerisanetsweng go tsweletsa tlhabololo e e tswelelang.

2. Dipegelo tsa Ngwaga tsa 2025/26 ka ga Tsenyotirisong ya Molaotlhabololo wa Molao wa Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano le Merero e e Amanang) wa 2007

2.1. Kabinete e neseditse pula go romelwa kwa Palamenteng ga Dipegelo tsa Ngwaga tsa 2025/26 ka ga tsenyotirisong ya Molaotlhabololo wa Molao wa Bosenyi (Ditlolomolao tsa Thobalano le Merero e e Amanang) wa 2007.

2.2. Kabinete e supile matshwenyego ka ga dipalopalo tse di santseng di le kwa godimo tsa petelelo le ditlolomolao tse dingwe tsa thobalano tse di tlhagelelang mo Pegelong le fa tota go na le ditsereganyo di le mmalwa tsa puso, le go laela ka maatlafatso ya maiteko a maphatamantsi ka fa tlase ga Togamaano ya Bosetšhaba ka ga Tirisodikgoka e e Ikaegileng ka Bong le Polao ya Basadi.

2.3. Go maatlafatsa tsibogo e e momaganeng kgatlhanong le ditlolomolao tsa thobalano, makala a bosiamisi ba bosenyi, boitekanelo, tlhabololo mo mererong ya thuso ya setšhaba le mo go se tlhatlheleleng ka thuto, go maatlafatsa dikgato tsa go thibela tshotlako ya batswasetlhabelo, go ba tshegetsa, go rwesa maikarabelo bao ba tlolang molao mmogo le go sireletsa bao ba ntshang mosi ka sekhurumelo mabapi le ditiragalo tseno.

3. Dipegelo tsa Ngwaga tsa 2025/26 ka ga Tsenyotirisong ya Molao wa Bosiamisi wa Bana, 2008 (Molao wa bo75 wa 2008)

3.1. Kabinete e neseditse pula go romelwa kwa Palamenteng ga Dipegelo tsa Ngwaga tsa 2025/26 ka ga tsenyotirisong ya Molao wa Bosiamisi wa Bana, 2008 (Molao wa bo75 wa 2008): 1 Moranang 2025 – 31 Mopitlwe 2026.

3.2. Kabinete e laetse gore go dirwe maiteko a a tseneletseng go maatlafatsa tsela e e momaganeng ya go thibela tlolamolao ya bana.

C. Go baya Kabinete mo Dinakong

1. Tsenyotirisong ya Togamaano ya Tokafatso ya Tiragatso ya Bommasepala

1.1. Kabinete e ne ya bewa mo dinakong tebang le tswelopele e e dirilweng ke Komiti ya Ditona (IMC) ka ga Togamaano ya Tokafatso ya Tiragatso ya Bommasepala go samagana le dikgwetlho tse di lebaganeng le bommasepala ba ba ka fa tlase ga kgatelelo.

1.2. Tsereganyo e e atolositswe go tswa go bommasepala ba ntlha ba le 10 go ya go ba le 38 mme e tsepame mo go tokafatseng kelelo ya matlole, bobusi, thebolelo ya ditirelo, dipoelo tsa boruni le bokgoni ba setheo.

1.3. IMC e tshegetsa gape le go tsenngwa tirisong ga ditsereganyo tsa semolaotheo fa maanotshegetso a sa fitlhelelang dipoelo tse di neng di solofelwa.

2. Tokafatso ya Mafaratlhatlha a Melelwane

2.1. Kabinete e neseditse pula Leanotlhabololo la Mafaratlhatlha a Melelwane (2026-2030) go maatlafatsa le go ntšhwafatsa mafaratlhatlha a melelwane ya Aforika Borwa jaaka karolo ya togamaano ya puso ya taolo ya bofaladi.

2.2. Leano le le tla tsenngwa tirisong go ralala diporofense tse supa tsa melelwane mme le tla tokafatsa tshireletso, motsamao wa go disa, dinako tsa tsibogo tsa tiro, tshireletso ya badiri, tlhabololo ya mafaratlhatlha le momagano ya gareng ga dipuso, fa go ntse go thibelwa bosenyi ba go kgabaganya melelwane e seng ka fa molaong.

3. Maemo a Ipaakanyetso ya Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa Ngwaga wa 2026

3.1. Kabinete e ne ya itsisiwe ka ga maemo a ipaakanyetso a Ditlhopho tsa Dipusoselegae (LGE) tsa ngwaga wa 2026 le go ela tlhoko tswelopele mo dipaakanyetsong go lebilwe letlha le le beilweng la 4 Ngwanaitseele 2026.

3.2. Kabinete e etse tlhoko gore go na le momagano go ralala dikarolo tsa puso ya bosetšhaba, ya diporofense le ya selegae go tshegetsa tsamaiso ya ditlhopho e e gololosegileng, e e sa gobeleleng, e e nang le seriti le kagiso. Kabinete e amogetse mekgwa e e tswelelang ya go maatlafatsa seabe sa batlhophi, go ganetsa tshedimosetso e e fosagetseng le go netefatsa ipaakanyo ya ditiro; le go rotloetsa Maaforika Borwa otlhe a a matshwanedi go nna le seabe mo tsamaisong ya temokerasi ka go dirisa tshwanelo ya bona ya go tlhopha.

3.3. Kabinete e kgadile ka bogale dipolao tsa go sa le gale tsa balekgotla le go leboga tsibogo e e bonako ya tsenyotirisong ya molao ka go tshwara badiri ba bosenyi bo bo setlhogo bo.

3.4. Kabinete e ikuetse go Maaforika Borwa otlhe go supa itshokelano ya sepolotiki, go gana matshosetsi, tirisodikgoka le maitsholo afe fela a a ka nyenyefatsang seriti sa tsamaiso ya ditlhopho jaaka naga e ipaakanyetsa Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026 ka 4 Ngwanaitseele 2026.

4. Peodinakong Tebang le Semphato sa Metsi

4.1. Kabinete e beilwe mo dinakong tebang le tiro ya Kantoro ya Semphato sa Metsi (WPO), e e tshegetsang bommasepala go maatlafatsa tlamelo ya metsi ka dimphato le lekala la poraefete.

4.2. Ka fa tlase ga Lenaneo la Metsi le E Seng la Lotseno, WPO e thusitse Mmasepala wa eThekwini go bona dimilione di le R379 mo dingwageng tse thataro go fokotsa tatlhegelo ya metsi le go tshegetsa eThekwini le Toropokgolo ya Tshwane ka tsenyotirisong.

4.3. Ka fa tlase ga Lenaneo la Tirisogape ya Metsi, bommasepala ba le 34 ba konoseditse ditlhatlhobo tsa kotsi ya tlelaemete, fa go kokoantswe dimilione tsa ditorlara tsa Amerika di le 235 go tswa go Green Climate Fund go tsweletsa diporojeke tsa tirisogape ya metsi.

4.4. WPO e rulaganya bonto le letlole la kgelelaleswe go tshegetsa dithekenoloji tse di senang kgelelaleswe mo mafelobonnong a a sa tlhomamang le dikolo.

4.5. Ka fa tlase ga Lenaneo la go Ntsha Letswai mo Metsing a Lewatle, go rometswe tshitshinyo go Toropokgolo ya Cape Town go tshegetsa porojeke ya Paarden Eiland ya semphato sa puso-poraefete go ntsha letswai mo metsing.

D. Melaotlhomo

1. Molaotlhomo wa Dithoto tse di Dirisitsweng, 2026

1.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Dithoto tse di Dirisitsweng, 2026 go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o o batla go maatlafatsa taolo ya lekala la dithoto tse di dirisitsweng le go tswala mekhino e e leng teng gore go kgonwe go samagana le dithoto tse di utswitsweng, tshenyo ya mafaratlhatlha, go utswiwa ga megala le kgwebisano e e seng mo molaong ya tshipi e e latlhiwang.

2. Molaotlhomo wa Bogodu ba Leruo, wa Ngwaga wa 2026

2.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Bogodu ba Leruo, wa ngwaga wa 2026 go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o o batla go maatlafatsa mekgwa ya go thibela, go batlisisa le go sekisa bogodu ba leruo, go tokafatsa taolo ya go nna mong wa leruo le go tshola leruo, le go oketsa tshireletso ya lekala la temothuo.

3. Molaotlhomo wa Maitsholo a Maloko a Khuduthamaga, wa Ngwaga wa 2026

3.1. Kabinete e neseditse pula go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Maitsholo a Maloko a Khuduthamaga go ngoka ditshwaelo tsa setšhaba. Molaotlhomo o o tlhabolola Molao wa Maitsholo a Maloko a Khuduthamaga, wa ngwaga wa 1998 go maatlafatsa meono ya maitsholo le boikarabelo, go baya mo pepeneneng seabe sa Mosireletsi wa Setšhaba, le go tokafatsa taolo ya kgotlhang ya dikgatlhegelo le tiriso e e sa lolamang ya kantoro ya semmuso.

E. Go Thapiwa

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana tse dingwe tse di tlhokagalang.

1. Ngaka Thembisile Lynette Xulu jaaka Mokaedi-Kakaretso wa Lefapha la Boitekanelo la Bosetšhaba

2. Mme Blikis Omar jaaka Motlatsa Mokaedi-Kakaretso: Ditlhotlhomiso tsa Pholisi le Melao kwa Lefapheng la Bokwaledi ba Baagi le Tirelo ya Sepodisi.

3. Mme Prudence Madiba jaaka Motlhankedi Khuduthamaga wa Setheo sa Tlhabololo ya Maatla a Bosetšhaba sa Aforika Borwa.

4. Mme Babalwa Mapisa jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole wa Koporasi ya Matlole a Matlo ya Bosetšhaba.

5. Go Thapiwa ga Maloko a e seng a Khuduthamaga a Boto ya Bakaedi ba Koporasi ya Taolo ya Pharakano ya Ditsela

a. Mme Nomusa Mufamadi (Monnasetilo);

b. Mme Lerato Magalo (o thapilwe gape);

c. Mme Lindani Agness Mncwango;

d. Rre Tshepiso Poho;

e. Mme Nomkhita Mona;

f. Rre Gift van Staden;

g. Mme Malebo Matolong; le

h. Ngaka Mpostol Mashinini.

6. Go Thapiwa ga Maloko a Nakwana a Molaodi wa Bosetšhaba wa Maatla wa Aforika Borwa

a. Mme Sijabulile Makhathini;

b. Rre Dharamraj Brijlal; le

c. Mme Nompucuko Nontombana

7. Go Thapiwa Lekgetlo le Lengwe Gape ga Monnasetilo le Motlatsa Monnasetilo le Mokaedi a le Mongwe mo Botong ya Bosetšhaba ya Setheo sa Radioactive Waste Disposal

a. Ngaka Lemao Dorah Modise (o thapilwe gape e bile ke Monnasetilo);

b. Ngaka Wolsey Barnard (o thapilwe gape e bile ke Motlatsa Monnasetilo); le

c. Rre Ashley Latchu

8. Rre Graham Ian Wood jaaka Monnasetilo wa Boto ya Bojanala ya Aforika Borwa.

F. Ditiragalo le Dikhonferense

1.1. Samiti ya bo18 ya BRICS

1.1.1. 1.1.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o tla etelela pele setlhopha sa Aforika Borwa go ya kwa Samiting ya bo18 ya BRICS kwa India e e tla tshwarwang ka la bo 12 le la bo 13 Lwetse 2026 ka fa tlase ga setlhogo: Go Agela Tsepamo, Boitlhamelo, Tirisanommogo le Tswelopele”.

1.1.2. 1.1.2. Samiti e e tla tlamela Aforika Borwa ka tšhono ya go tsweletsa dintlhakgolo tsa tlhabololo tsa yona tsa bosetšhaba le tsa Aforika, le go maatlafatsa tirisanommogo, peeletso le kgolo e e tswelelang mo teng ga BRICS.

1.2. Kopano ya Puisano ya Ngwaga le Ngwaga ya Setlhopha sa Banka ya Lefatshe (WBG) le Letlole la Boditšhaba la Ditšhelete (IMF) ya Ngwaga wa 2027

1.2.1. Kabinete e neseditse pula gore Aforika Borwa e tshware Kopano ya Puisano ya Ngwaga le Ngwaga ya Setlhopha sa Banka ya Lefatshe (WBG) le Letlole la Boditšhaba la Ditšhelete (IMF) ka ngwaga wa 2027 ka kemo ya yona jaaka Monnasetilo wa Puisano ya Aforika. Kopano e e tla tlamela ka serala sa go tsweletsa dintlhakgolo tsa tlhabololo tsa Aforika, go maatlafatsa lentswe la kontinete mo tsamaisong ya matlole a lefatshe, le go dirisa boeteledipele ba Aforika Borwa ba Puisano ya Aforika le maitemogelo go tswa go Boporesitente ba G20 go tsweletsa dintlhakgolo tse di amang Aforika le therisano le WBG le IMF.

1.3. Kopano e e Kgethegileng ya Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe

1.3.1. Kabinete e neseditse pula gore Aforika Borwa e tla tshwara Kopano e e Kgethegileng ya Foramo ya Ikonomi ya Lefatshe (WEF) kwa Cape Town go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 31 Mopitlwe 2028, e le lekgetlo la ntlha WEF Spring Davos e tla bo e tshwaretswe mo nageng, e leng se se tlamelang ka tšhono ya go rotloetsa peeletso, kgwebisano, tirisano ya ikonomi le tlhabololo e e tswelelang.

1.4. Samiti ya Africa Green Hydrogen 2026

1.4.1. Kabinete e neseditse pula go tshwarwa ga Samiti ya bo2 ya Africa Green Hydrogen kwa Cape Town ka la bo 15 go fitlha ka la bo 16 Lwetse 2026 go tsweletsa ikonomi ya haeterojene e tala ka semphato magareng ga dipuso, babeeletsi le balekane ba intaseteri.

1.4.2. Samiti e e tla tshegetsa maikaelelo a Aforika Borwa a haeterojene e tala ka go rotloetsa madirelo, peeletso, phetisetso ya thekenoloji, tlhabololo ya dinonofo le phitlhelelo go mebaraka e e tlhagelelang ya haeterojene e tala.

1.5. Khonferense ya Boditšhaba ya Phitlhelelo ya Bosiamisi go Botlhe

1.5.1. Kabinete e neseditse pula go tshwarwa ga Khonferense ya Boditšhaba ya Phitlhelelo ya Bosiamisi go Botlhe le go Tsibogela Merero e e Tlhagelelang ka fa tlase ga setlhogo: “Go Maatlafatsa Ditsamaiso tsa Bosiamisi tse di Ikaegileng ka Batho: Go Tiisa Temokerasi”. Khonferense e e tla tshwarelwa kwa Sun City Convention Centre kwa Bokone Bophirima go tloga ka la bo 11 go fitlha ka la bo 13 Ngwanaitseele 2026.

1.5.2. E tla kopanya Ditona tsa Bosiamisi go tswa mo kgaolong ya SADC, BRICS, Germany, Spain, Canada, le Netherlands, European Union, United Nations le Kenya, gammogo le batlhankedi ba molao, dirutegi, baagi le bannaleseabe ba bangwe. Khonferense e e tla neela serala sa go tlhatlhoba mekgwa e e tlhagelelang, go abelana ditsela tse di botoka, go maatlafatsa dimphato le go rala dikatlenegiso tse di diregang go tokafatsa phitlhelelo ya bosiamisi mo kgaolong le go ralala lefatshe.

1.6. Mekete le Matsholo a Bosetšhaba a Lwetse

1.6.1. Kabinete e etse tlhoko gore Lwetse e tla ketekiwa jaaka Kgwedi ya Bojanala, Kgwedi ya Ngwaoboswa le Kgwedi ya Bodiredipuso. Kgwedi ya Bojanala ka fa tlase ga setlhogo “Go Godisa Lekala la Bojanala la Aforika Borwa mo Pakeng ya Dijithale”, e rotloetsa batho go jela nala mafelo a metseselegae ka letsholo la Sho’t Left le go sola mosola tšhono ya ditlhwatlhwa tse di kwa tlase tsa maeto.

1.6.2. Kgwedi ya Ngwaoboswa, e ketekwa ka fa tlase ga setlhogo “Go Keteka Ngwaoboswa ya Rona e e Tshelang: Go Maatlafatsa Dikamano tse di re Golaganyang”, e keteka ditso tse di farologaneng tsa Aforika Borwa, ditlwaelo le ngwaoboswa e e tshelang, le go rotloetsa tshwaragano ya setšhaba le go itumelela pharologano e e humileng ya ditso tsa setšhaba.

1.6.3. Kgwedi ya Bodiredipuso e keteka seabe sa badiredipuso mo tlhabololong le mo thebolelong ya ditirelo, le mo go rotloetseng ditirelo tse di tswileng diatla, tse di phetagadiwang ka maikarabelo, go tla ka ditharabololo go rarabolola dikgwetlho mmogo le go dira gore maphata otlhe a Bodiredipuso a rebolele setšhaba ditirelo ka maatlametlo.

1.6.4. Kabinete e rotloetsa Maaforika Borwa otlhe go nna le seabe mo ditiragalong tse le go keteka meono, batho le ditheo tse di nang le seabe mo go direng gore setšhaba se ipope seoposengwe mmogo le mo go direng gore se nne le tswelopele.

1.7. Letsatsi la Bosetšhaba la Segopotso la SAPS

1.7.1. SAPS e tla tshwara Letsatsi la Bosetšhaba la Segopotso ka Sontaga, 6 Lwetse 2026, go tlotla maloko a SAPS a a latlhegetsweng ke matshelo ba le mo tirong magareng ga 1 Moranang 2025 le 31 Mopitlwe 2026. Tiragalo e e tla tshwarelwa kwa Segopotsong sa SAPS kwa Union Buildings mo Pretoria.

G. Melaetsa

1. Matshidiso

Kabinete e rometse melaetsa ya matshidiso go ba malapa le ditsala tsa:

  • Moatlhodi Fikile Eunice Mokgohloa, yo o nnileng le tirelo e e manontlhotlho mo tsamaisong ya boatlhodi mo nageng ya rona. O tlhokafetse a santse a dira kwa Kgotlatshekelokgolo ya Boikuelo.
  • Puso le batho ba Zimbabwe go latela go latlhegelwa ke matshelo a le 93 mo kotsing ya sekepe mo Letsheng la Kariba;
  • Puso le batho ba Rephaboleki ya Temokerasi ya Congo go latela dipegelo tsa gore batho ba le 2000 ba thutse botala ka tlhogo ka ntlha ya leroborobo la mogare wa Ebola kwa botlhaba ba DRC.
  • Tlotlo Tsheka, mokwadi, motshwantshi le moambasatara wa puisokwalo wa dingwaga tse supa, yo o phasaladitseng dibuka tse tharo, o tlhokafala a ne a santse a konosetsa sekwalwa sa gagwe sa bone;
  • Molaodi wa Setlhopha sa Bafana Bafana wa maloba, Rre Sipho Nkumane, yo o itsegeng ka seabe sa gagwe mo kgweleng ya dinao ya Aforika Borwa; le
  • Mmampodi wa Mabole wa Lefatshe makgetlo a le mabedi, Rre Zolani Tete, yo o tla gakologelwang ka seabe sa gagwe mo motshamekong wa mabole mo Aforika Borwa.

2. Go akgola

Kabinete e rata go akgola:

  • Lefapha la Tsamaiso ya Ditlhaeletsano tsa Puso le Tshedimosetso (GCIS), ka go amogela Kabo ya Mogaka wa Lekala la Puso ka ntlha ya boeteledipele, tlhokomelo ya ditheo le seabe sa yona mo bodiredipusong le mo mererong ya phetolo ya setšhaba.
  • Rre Siyabulela Duda wa GCIS, yo o fentseng moputso wa bobedi mo lekaleng la Ditshwantsho la Dikabo tsa Bobegakgang tsa SADC 2026, le Rre Seakga Relebogile Tladi wa Sputnik Radio Africa, yo o boneng moputso wa bobedi mo lekaleng la Radio. Meputso e ke ya go akgola botswerere mo bobegakgannyeng le mo go kakatleleng tiro ya go golaganya kgaolo, mo go thuseng go e tlhabolola le mo go direng gore go rene tirisanommogo mo teng ga SADC.
  • Lekala la metshameko la Aforika Borwa ka diphitlhelelo tse di duleng diatla tse di itsisitsweng kwa Dikabong tsa Metshameko tsa Aforika Borwa tsa 2026:
    • Rre Akani Simbine go itsisiwe jaaka Naledi ya Metshameko ya Ngwaga;
    • Mme Prudence Sekgodiso ka go nna Mmametshameko wa Ngwaga;
    • Rre Pieter Coetze ka go nna Rametshameko wa Ngwaga;
    • Rre Bayanda Walaza yo o amogetseng Kabo ya Mošwa yo e leng Naledi ya Metshameko ya Ngwaga; le
    • Setlhopha sa banna sa Kerikete ya Teko ka go itsisiwe jaaka Setlhopha sa Ngwaga.
  • Banyana Banyana, ka go tswelela kwa Mantshanong a Thonamente ya FIFa ya Inter-Confederation le go tshola ditsholofelo tsa go khwalifaela Sejana sa Lefatshe sa Basadi sa FIFA 2027 di ntse di tshela;
  • Setlhopha sa Bosetšhaba sa Basadi sa Hockey, ka go bona phenyo ya bona ya ntlha kwa Sejaneng sa Lefatshe sa FIH Hockey 2026;
  • Linani Potwana, yo ka dingwaga tse thataro a neng a tlhongwa mmampodi kwa Kgaisanong ya IPA All-Star kwa Wuhan, China, a gaisana le bannaleseabe go tswa kwa dinageng tse di fetang 40; le
  • baamogedi ba Dikabo tsa Aforika Borwa tsa Basadi mo Mererong ya tsa Saense ya ngwaga wa 2026 (SAWiSA), ka seabe sa bona mo go tsweletseng morero wa Aforika Borwa wa saense, thekenoloji le boitlhamelo.

Dipotso:
Government Communication and Information System (GCIS)
Terry Vandayar
Mokaedi-Kakaretso wa Namaotshwere
Mogala: 082 444 9092

#GovZAUpdates

Share this page

Similar categories to explore