Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 26 Motsheganong 2025

A.    Merero ya ga Jaanong

1.    Merero ya Boditšhabatšhaba
1.1    Tirisanommogo Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le Amerika
1.1.1    Kabinete e itumeletse dikgato tsa go simolola sešwa botsalano magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya Amerika mo leetong la tiro la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa fa a ne a jetse naga ya Amerika nala.
1.1.2    Setlhopha sa naga ya Aforika Borwa le Amerika se tla garela dintlha tsotlhe tse go dumelanweng ka tsona tsa kgwebisano magareng ga naga ya Aforika Borwa le Amerika. Ka leeto leno re ka re, naga ya Aforika Borwa e kgonne go fitlhelela seo e neng e se etse mo leetong leno.
1.1.3    Naga ya Aforika Borwa e fisegela go bona botsamaisi jwa puso ya Amerika bo tsaya karolo jaaka gale mo Kopanong ya G20, mmogo le go fisegela gore Moporesitente Trump a kgone go ka tsenela Kopano ya Baeteledipele ba G20.

1.2    Tirisanommogo Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya Fora
1.2.1    Kabinete e itumeletse leeto la tiro la ga Motlatsamoporesitente Shipokosa Paulus Mashatile le le gagamaditseng tirisanommogo magareng ga naga ya Aforika Borwa le Fora. Motlatsamoporesitente mmogo le setlhopha sa baromiwa sa naga ya Aforika Borwa ba ne gape ba tsenela le Khonferense ya Dipeeletso ya naga ya Aforika Borwa le ya Fora mo maitlhomo e neng e le go tokafatsa dipeeletso go tswa mo ditlamong tsa naga ya Fora tse di lebisiwang ka fa nageng ya Aforika Borwa le tse di tswang ka fa nageng go leba kwa Fora, mmogo le go dira gore ditlamo tsa naga ya Aforika Borwa le ya Fora di kopanye ditlhogo mo go beeletseng mo Letsholo la Kgwebisano ya Dinaga tsa Kontinente ya Aforika Ntle le go Kgorelediwa ke Sepe.

2.    Ikonomi
2.1    Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya Ngwaga wa 2025
2.1.1    Kabinete e totobaditse kemonokeng ya yona mo go Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2025 e e adilweng ke Tona ya Matlole ka Laboraro, 21 Motsheganong 2025, e mo go yona e tlhalosang dikarolo tse di botlhokwa tse madi a tla dirisediwang mo go tsona mo dingwageng tse re di tobileng di le tharo tse di tlang.
2.1.2    Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga e supile maikemisetso a rona a go se dirise matlole botlhaswa. Re bontshitse gore re isa ikonomi ya roka ko e tshwanetseng jaaka e tlhokomela ba ba leng mo tlalelong mo setšhabeng sa rona, fa ka fa letlhakoreng le lengwe e beeletsa mo ikonoming ka go beeletsa trilione ya diranta mo mafaratlhatlheng sebaka sa dingwaga di le tharo tse re tobaneng le tsona.
2.1.3    Tekanyetsokabo eno e maitlhomo a yona e leng go thusa batho ba ba humanegileng e raya gore mo ranteng e nngwe le e nngwe, disente di le 61 tsa matlole a a kokoantsweng, a a senang dinamane tsa dikoloto e tla dirisiwa go duelela ditirelo tse di botlhokwa tse baagi ba tlamelwang ka tsona ba sa di duelele tse di jaaka tsa motlakase, metsi, thuto, tlhokomelo ya balwetse, go thusa go fokotsa ditlhwatlhwa tsa bodulo, mmogo le go duelela megolo ya go thusa baagi ba ba tlhokang thuso.

2.2    Semphosiamo ya Aforika Borwa ya go Aga Mafaratlhatlha a Setšhaba a a tla Nnelang Ruri (SIDSSA) ya Ngwaga wa 2025
2.2.1    Kabinete e neseditse pula go garelwa ka katlego ga SIDSSA ya Ngwaga wa 2025 e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka la bo 25 go fitlha ka la bo 27 Motsheganong 2025, e mo go yone go neng ga thankgololwa buka ya bobedi ya merero ya go aga ya ka fa nageng e e bediwang: “Sefalana sa Diporojeke tsa go Aga Mafaratlhatlha tse di Tlametsweng ka Matlole” go ka samagana le dithendara mo ngwageng wa 2025/26. 
2.2.2    Mo semphosiamong eno, diporojeke tse dintšhwa di le supa tsa mafaratlhatlha a a botlhokwa, tse di tswang mo Letsholong la Kopo ya Dithendara la bo 1 le le ka ga go rulaganya diporojeke, di ne tsa phasaladiwa, e leng selo se se neng sa matlafatsa maitlhomo a setšhaba sa rona a go dirisa mafaratlhatlha gore re kgone go godisa ikonomi, re tlhole ditiro le go aga ditšhaba tse di somarelegang.
2.2.3    Matlole otlhe a diporojeke a a beetsweng tiro ya dikago ka fa nageng ga jaanong a feta dibilione tsa diranta di le 313.5, fa ka fa letlhakoreng le lengwe metseletsele ya diporojeke tsa mafaratlhatlha a motlakase e tsenyeletsa dipeeletso tsa dibilione tsa diranta di le 180 mo batlhagising ba diteišene tse di potlana tsa motlakase.

3.    Bosiamisi, Thibelo ya Bosenyi le Tshireletso 
3.1    Dipalopalo tsa Bosenyi
3.1.1    Go rebolwa ga dipalopalo tsa bosenyi tsa kotara ya bone tsa paka ya ngwaga wa matlole wa 2024/25 ke bopaki jwa gore bosenyi e santse e le tlhobaboroko mo nageng ya Aforika Borwa jaaka bo ama batho botlhe. Dipalopalo tseno di bontsha phokotsego mo dikgaolong tse dingwe tsa bosenyi go tsenyeletsa dipolao. Le fa go le jalo, dipalopalo tsa bosenyi jwa go thubela mabentlele, ditiragalo tsa tshotlo ka thobalano, go tsenyeletsa petelelo le ditiragalo tse dingwe tsa bosenyi jwa thobalano tsona di tlhatlogile. 
3.1.2    Re akgola Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) jaaka ba diretse ka bonako mo go direng dipatlisiso le mo go tshwareng babelaelwa mo dikgetseng tsa GBVF. SAPS e setse e golegile babelaelwa mo polaong ya ga Olorato Mongale, moithuti wa Yunibesiti ya Wits yo setopo sa gagwe se fitlhetsweng morago ga gore a ikentshe le motho yo ga jaana a latofadiwang ka polao ya gagwe. Puso e romela matshediso go tswa kwa boteng jwa pelo kwa ba lelapa le ditsala.
3.1.3    Puso e amogela ka diatla tsoo pedi katlholo e e rebotsweng ke Moatlhodi Nathan Erasmus kwa Kgotlatshekelokgolo ya Porofense ya Kapa Bophirima, moo Kelly Smith, Jacquen Appollis, mmogo le Steveno van Rhyn ba atlholetsweng go dula kwa kgolegelong matshelo a bona otlhe ka ntlha ya go utswa le go rekisa ngwana, mme ba atlholetswe le dingwaga tse dingwe gape di le 10 kwa kgolegelong ka ntlha ya go thopa ngwana go se mo molaong le ditiragalo tse dingwe tse di amanang le seno mo molatong wa go nyamela ga mosetsanyana wa dingwaga di le thataro e bong Joshlin Smith. Le fa katlholo eno e le sekaphimolakeledi, ga e kitla e phimola kutlobotlhoko e re setseng mo go yona. Re ikemiseditse go utolola nnete mme re dirile bonnete jwa gore sepodisi se tswelele go phuruphutsha motlhala yo mongwe le yo mongwe yo o ka re lebisang koo Joshlin a leng gone. Tshireletso ya bana ke ntlha e e botlhokwa thata ka fa nageng. Re tla tswelela go gagamatsa melao ya naga ya rona, tirisanommogo le maiteko a setšhaba a go dira bonnete jwa gore ngwana yo mongwe le yo mongwe ka fa nageng ya Aforika Borwa a dule a babalesegile, a le botlhokwa e bile a thibelwe gore a se wele mo mathateng.
3.1.4    Re le puso re tla tswelela go gagamatsa ntwa ya rona ya go lwantshana le bosenyi ka go thapa le go katisa mapodisi a mantšhwa le go tlhoma diyuniti tse di dirang ka dikgetse tsa bosenyi tse di itlhophileng. Seno se tsenyeletsa le go tlamela sepodisi sa rona ka didirisiwa tse dintšhwa mmogo le katiso e leng dibetsa tse di tlhokagalang mo dinakong tsa segompieno go lwantshana le bosenyi jwa segompieno jo bo matswakabele.

3.2    Go Lwantshana le Ditiragalo tse di sa Tsamaisaneng le Molao tsa go Tsena le go Nna ka fa Nageng
3.2.1    Letsholo la Operation New Broom ke letsholo le lentšhwa la thekenoloji le le thankgolotsweng ke Lefapha la Merero ya Selegae mme maitlhomo a lona ke go lwantshana le ditiragalo tse di sa tsamaisaneng le molao tsa go tsena le go nna ka fa nageng e leng seo se bontshang maikemisetso a puso a go lwantshana le ditiragalo tse di seng mo molaong le go dira bonnete jwa gore molao o tswelela go obamelwa. Letsholo leno le dirisa thekenoloji go thusa go tshwara, go golega le go busetsa gae batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba leng ka fa nageng go se mo molaong.
3.2.2    Letsholo leno, mo tshimologong ya lona, le dirile gore babelaelwa ba le 25 ba ba ipeileng kwa District 6, kwa Motsekapa, ba tshwarwe. Letsholo leno le dirisa thekenoloji ya go nopola dikarolo tsa mmele tse di jaaka sefatlhego kgotsa menwana go tlhotlhomisa gore motho o ka fa nageng ka tshwanelo kgotsa go se mo molaong, go fokotsa kgonagalo ya go dira ditokomane tsa boitshupo tse di seng mo molaong mmogo le go thusa gore dikgotlatshekelo di kgone go garela dikgetse ka bonako.

4.    Merero ya Tsamaiso ya Puso
4.1    Puso ya Tshwaraganelo ya Naga (GNU)
4.1.1    Gompieno e setse e le ngwaga jaanong ditlhopho tsa Naga le tsa Porofense tse dipholo tsa tsona di feleditseng di dirile gore go se nne le lekoko lepe la dipolotiki le le fentseng go ka busa ka esi. Ka nako eo Aforika Borwa le setšhaba sa yona go ne go sa itsewe foo go enngweng morago ga dipholo tseno. Gompieno re le GNU, re ikotla sehuba gore re kgonne go kopanya ditlhogo ra tlhoma puso mo pakeng ya matsatsi a le 14, e leng phitlhelelo e e bontshang gore re dirile bontle thata fa re ipapisa le tse dingwe tsa dinaga tse di tlhabologileng tse di fetileng mo re neng re le gone ka nako eo gore di kgone go tlhoma puso.
4.1.2    Ntlha e e fitlheletsweng eno ke sesupo sa gore re tsosolositse maikemisetso a rona gore re nne le puso e e tsetsepetseng, e e dirisanang le e e tshwaraganetsweng. Tirisanommogo eno e e neng e le lantlha e diriwa mo nageng ya rona, e dirile gore re nne le puso e e tlhakanetsweng ke makoko a dipolotiki a le 10, e bontshitse ka fao go baya kwa pele setšhaba sa rona go nang le maatla ka teng ka go baya kwa setlhoeng dilo tse di botlhokwa mo matshelong a batho ba Aforika Borwa. Ka ntlha ya go buisana le go bontshana, makoko ano a ne a nna fatshe a dirisana mmogo go rarabolola dintlha tse di tlhobaetsang tse naga e tobaneng natso, ka go dira gore go nne le tshwaragano le maitlhomo a a tshwanang, go sa kgathalesege gore dikakanyo tsa rona tsa sepolotiki di atlhogane go le kanakang.


B.    Go Baya Ditokololo tsa Kabinete mo Dinakong
1. Dithulaganyo tsa go Ipaakanyetsa Moletlo wa G20

1.1    Mafelo a go tla Tshwarelwang kwa go ona Moletlo wa Baeteledipele ba G20
Go tla tshwarelwa Moletlo wa Baeteledipele ba G20 kwa NASREC Expo Centre kwa Johannesburg ka Ngwanaitseele 2025. NASREC, e leng Tikwatikwe ya go Tshwarela Meletlo ya Temothuo, Metshameko le Boitapoloso (NASREC) e agilwe ka 1984 fa seemo sa Tlhaolele se santse se ntshitse matlho a mahibidu. Ka tsela eo lefelo leno le agilweng ka lona, jaaka le le fa gare ga Johannesburg le Lekeišene la Borwa-Bophirima le le tumileng ka gore ke SOWETO, ke lona le le kgaoganyang mo teropo e felelang gone, e leng lefelo leo le neng le dirisiwa jaaka molelwane go bontsha mo SOWETO e simololang gone jaaka e ne e dirisiwa jaaka lefelo le go iwang kwa go lona go thapa bathobantsho ba ba neng ba jewa diatla. Puso ya temokerasi e tswelela go tsaya maikarabelo a go ntšhwafatsa moago wa NASREC mme e o dirisa go dirilola ditiro tse o neng o dirisediwa tsona mo pusong ya tlhaolele tsa go rulaganya madulo go ya ka go tlhaola merafe ka go tlisa ditirelo kwa ba merafe e mengwe mme kwa merafeng a mengwe go sa tlisiwe ditirelo, e leng selo se se neng se dira gore go nne mo pepeneneng gore naga ya Aforika Borwa ke naga e e kgaoganeng go ya ka bosemorafe. Gompieno go ditlhabologo tse di dirilweng mo tikologong eo NASREC e leng mo go yona go dira gore go nne le teropo e e tlhabologileng, e mo go yona go nang le Soccer City (e bong lebala la metshameko la FNB), e leng lebala la naga ya Aforika Borwa la metshameko le le botlhokwa thata. Soccer City, e mo go yona go neng go tshwaretswe Motshameko wa Ntlha wa Kgwele ya Dinao wa Sejana sejana sa Lefatshe mo kontinenteng ya Aforika, ke le lengwe la mabala a metshameko a le 20 a magolo mo lefatsheng. Ka jalo, go tshwarwa ga Moletlo wa Baeteledipele ba G20 kwa NASREC, fela jaaka meletlo e mengwe gape e mentsi e e kileng ya tshwarelwa kwa NASREC o tla tswelela go dira gore NASREC e nne lefelo le le re gopotsang gore re golaganye mafelo a naga ya rona a bodulo gore re tle re nne le Aforika Borwa yo baagi ba yona ba lekalekanang ka nnete.

1.2    Moletlo wa Setšhaba wa G20
Mo nakong e e sa fediseng pelo naga ya Aforika Borwa e tla thankgolola leano la letsholo la Moletlo wa Setšhaba wa G20. Moletlo wa Setšhaba wa G20 ke karolo ya letsholo le le tserweng mo Letsholong la Naga ya Bazil la G20, e leng letsholo le le tlhodileng mekgatlho ya setšhaba le mekgatlho ya baagi ba ba anngwang ke maemo a dipolotiki tsa dikgaolo mmogo le ditshwetso tsa merero ya ikonomi e e potlana tse di tserweng ke baeteledipele ba Setlhopha sa dinaga di le 20 tse di nang le maatla.

1.3    Dikopano tsa go Ipaakanyetsa go Tshwara Moletlo wa G20
Jaaka e le karolo ya letsholo le le tsweletseng la go ipaakanuetsa G20 jaaka go tlhanasetswe go samaganwe le ditshwetso tse di tshwanetsweng go atlhaatlhiwa mo Moletlong wa Baeteledipele ba G20, go ne ga tshwarwa dikopano tse di latelang tsa G20: 
a)    Kopano ya Bobedi ya Tirisanommogo mo Lefatsheng mabapi le Tlamelo ya Matlole e e neng e tshwaretswe kwa Mpumalanga - e atlhaatlhile ntlha ya go tlhatlosa tlamelo ya matlole ka go abelana ka kemonokeng ya matlole go dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo mmogo le go batla ditsela tse di ka re tswelang mosola tsa go dirisa thekenoloji gore re kgone go tlamela setšhaba ka ditirelo.
b)    Kopano ya Tshimololo ya W20 e e neng e tshwerwe ke ba Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Batho (HSRC) mmogo le badirisanimmogo ba yona kwa Motsekapa e neile ditlhophatiro tse di farologaneng tšhono ya go atlhaatlha dintlha tseo di amang basadi, tseo mo go tsona di tsenyeletsang seabe sa basadi mo ikonoming, Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF), go bulela basadi ditšhono tsa go ya sekolong le iponela ditirelo tsa pholo fela jaaka batho ba bangwe.
c)    Kopano ya Boraro e e ka ga Setlhopha sa Tiro e e ka ga Mafaratlhatlha e e neng e tshwaretswe kwa porofenseng ya Mpumalanga mogopolo wa yona o ne o tsetsepetse mo ntlheng ya go dira gore go nne le mafaratlhatlha a a mosola a a kgabaganyang melelwane ya dinaga, mo ntlheng ya go oketsa dipeeletso tse di sa kgaotseng ka mokgwa wa go dirisa dithuso tse di farologaneng tsa matlole, mmogo le mo go ageng metseletsele ya diporojeke tse di ngokelang dipeeletso.
d)    Kopano ya bobedi ya letsholo la G20 e e ka ga Ikonomi e e Ikaegileng ka Ditshedi e ne e tshwaretswe kwa porofenseng ya Mpumalanga mme mo go yona go atlhaatlhilwe dintlha tse di ka ga ka fao go ka solwang mosola Ikonomi e e Ikaegileng ka Ditshedi go fetola maemo a kgolo ya ikonomi ka bophara, go tlisa tlhabololo e e tsepameng, tlhokomelo ya loago le go dira gore go nne le tekatekano mo setšhabeng.
e)    Kopano ya Setlhopha sa Tiro ya G20 mabapi le Dipatlisiso le Boitlhamedi mmogo le Kopano ya Setlhopha sa Dipuisano tse bobedi jwa tsona bo neng bo tshwaretswe kwa porofenseng ya Mpumalanga di sekasekile kgatelopele e e setseng e dirilwe mo dintlheng di le lesome tse go neng ga dumelanwa ka tsona mo dikopanong tsa bona tsa ntlha mme e bile gape go ne ga atlhaatlhiwa gape le Boikano jwa Ditona tsa G20 mo Mererong ya Dipatlisiso le Boitlhamedi. 
f)    Kopano ya Boraro ya Setlhophatiro sa Merero ya go Tlisa Tlhabologo e e neng e tshwaretswe kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal mo go yona go ne ga atlhaatlhiwa dintlha tse di botlhokwa mo Setlhophatirong sa Merero ya go Tlisa Tlhabologo mo maitlhomo e neng e le go dira gore go dumelanwe ka ditharabololo tsa go rarabolola dikgwetlho tse re tobaneng le tsona mo dinakong tsa rona mmogo le go potlakisa dikgato tsa gore re kgone go phethagatsa Dipeelo tsa go Thusa Setšhaba (di-SDG).
g)    Kopano ya Borasaense ba Bagolo ba Lephata la Temothuo (MACS) e e neng e tshwaretswe kwa porofenseng ya Limpopo mo go yona go atlhaatlhilwe maano a a tshwanetsweng go tseelwa dikgato a a ka ga ka fao dinaga mo lefatsheng ka bophara di ka dirang ka gone go thiba tlala, go dira gore merero ya temothuo e se tsamaye e kgopakgopiwa, mmogo le merero ya maemo a loapi a a fetogetseng ruri ka go dirisa ditsela tsa boitlhamedi le ka go dirisana mmogo mo mererong ya saense. 
h)    Kopano ya G20 e e ka ga Thuto le Dikolo tsa bo Mapimpana e mo go yona go atlhaatlhilweng ntlha ya go dira gore mo maikemisetsong otlhe a lepata la thuto mo lefatsheng ka bophara mogopolo wa Thuto le Dikolo tsa bo Mapimpana e nne ona o o tsewang tsia go gaisa.
i)    Kopano ya G20 e e ka ga Merero ya gore mo Lefatsheng ka Bophara Makwalo a Thuto a Lekalekane mo go yona go atlhaatlhilwe dintlha tse di botlhokwa mo go direng gore mo lefatsheng ka bophara go nne le thuto e e tshwanang e e tswileng diatla mme seno se ka kgonagala ka go bula dikgoro tsa melelwane gore batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntlhe ba kgone go thapiwa kwa dinageng tse dingwe, ka go dira gore batho ba ba nang le bokgoni ba kgone go ba gasa gongwe le gongwe gotlhe mmogo le ka go godisa seabe sa makwalo a thuto a a tsayang paka e khutshwane go ithutela ona a go ithutela bokgoni jo bo rileng a a tla tlhotlheletsang batho gore ba se emise go ya sekolong le a a tla dirang gore ba thapege.
j)    Kopano ya Bobedi ya Setlhophatiro sa Merero ya Thuto e tshwaretswe kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mme mo go yona go atlhaatlhilwe ntlha ya go tlamela barutwana botlhe ka thuto ya maemo a a kwa godimo.

C.    Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Sekwalwa sa Masupatsela sa Pholisi ya Naga ya go Thapa Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Leng ka fa Nageng (NLMP) ya Ngwaga wa 2025
1.1.    Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Masupatsela sa Pholisi ya Naga ya go Thapa Batho ba ba Tswang kwa Dinageng tsa kwa Ntle ba ba Leng ka fa Nageng (NLMP) ya Ngwaga wa 2025 gore jaanong e ka tsengwa tirisong. Maitlhomo a pholisi eno ke go tla ka leano la go tsamaisa tiro ya go tlhoma dithulaganyo tsa go tla ka fa nageng le go thapiwa ka fa nageng ga batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle. Maitlhomo a yona ke go dira gore mo dikarolong di le mmalwa go nne le tekatekano, go tsenyeletsa le seo maAforika Borwa a se solofelang fa go tlhodiwa ditiro, segolo fa re lebelela gore botlhokatiro bo setse bo iphile maatla e bile go setse go na le tumelo ya gore diphatlhatiro tsotlhe di oletswe ke batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle. 
1.2.    NLMP e tsenya tirisong mokgwa wa go tlhoma melelwane ka dipalopalo ka gore batho ba ba thapiwang ba tswa kwa dinageng tsa kwa ntle ba tsene mo nageng ka mokgwa o o leng mo molaong e bile ba na le makwalo a a ba letlelelang go ka thapiwa ga ba tshwanelwa go thapiwa ka bontsi go feta palo e e tlhomilweng mo makaleng a magolo a a botlhokwa, gareng a mangwe a le mantsi, a a jaaka lekala la temothuo, la borobasogo le bojanala, mmogo le la kago. 
1.3.    Pholisi eno e tsamaisana le dikgato tse dingwe tse di tserweng tse di jaaka go tsa go phetagatsa lenaneo la makala a batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba sa letlelelwang go ka itlhamela digwebo mo go ona, mmogo le dikgato tsa Molao o o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikgwebopotlana tsa ka ga Nageng wa ngwaga wa 1996, (Molao wa bo 102 wa 1996), jaaka o kwalolotswe, maitlhomo e le go fokotsa dipalo tsa batswantle ba ba itshimololelang dikgwebopotlana, tse dikgolwane le tse dikgolo, le go gwebo mo makaleng a a rileng a ikonomi ya rona.

2.    Go Nesediwa Pula ga Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Pholisi ya go Rebola Dilaesense tsa Dikgwebo
2.1.    Pholisi ya go Rebola Dilaesense tsa Dikgwebo e botlhokwa thata mo go rulaganyeng thulaganyo ya go rebola dilaesense go ralala le naga, diporofense le dimasepala, e leng selo se se tla dirang bonnete jwa gore dikgwebo ka go tshwana di latela melawanataolo ka go tshwana mme e bile gape e tla dira gore le maemo a go latela molao a a tokafala.
2.2.    Ka go tsenya tirisong dithulaganyo tse di tlhamaletseng le thebolo ya dilaesense e e sekametseng ka fa letlhakoreng la maAforika Borwa seno se bulela Dikgwebopotlana, tse Dikgolwane le tse Dikgolo (di-MSME) ditšhono mmogo le baagi ba mo malobeng ba neng ba sa bone thuso mo makaleng a a botlhokwa, mmogo le go dira gore dikgwebo tse dingwe e nne maAforika Borwa feela ba ba letleletsweng go nna beng ba dikgwebo tseo.
2.3.    Mo go direng gore thulaganyo eno e tshamaisane le dinako tsa segompieno, pholisi eno e laola gore go nne le sefalanatshedimosetso sa inthanete se dikopo tseno di tlhatlhelwang mo go sona, e leng seo se tla fedisang thulaganyo ya mo malobeng ya go tsenya dikopo e e neng e dirisa pene le pampiri mme mo legatong la teng go tsena sefalana sa thekenoloji se se direlang ka bonako le ka manontlhotlho se se kgonang go baya bakopi mo dinakong ka kgatelopele ya gore kopo ya bona e tsamaya kae. Diphetogo tseno ga di thuse fela mo dithulaganyong tsa go dira dikopo mme gape di thusa le mo go direng gore lephata la dikgwebo le le se tlhole le opisa batho tlhogo, le thusa gore kgolo ya dikgwebo e diragale ka go tshwana le ka go lekalekana le go oketsa palo ya dikgwebo tse di nang le seabe mo ikonoming.

D.    Molaotlhomo
1.    Go Kwalolwa Sešwa ga Molaotlhomo wa Merero ya Ditirelo tsa go Thapiwa kwa Tirong 
1.1.    Kabinete e neseditse pula Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Ditirelo tsa go Thapiwa kwa Tirong.
1.2.    Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tla ka leano la go tsamaisa tiro mmogo le melao ya go laola dithulaganyo tsa go thapa batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle mo dikgwebong tsa ka kwano fa ka fa letlhakoreng le lengwe tshireletso le dikgatlhegelo tsa setšhaba.
1.3.    Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tshitshinya gore go simololwe go laolwe semolao ditheo tsa go thapela ditlamo badiri jaaka maitlhomo e le go thibela gore badiredi ba se jewe ntshu, go tshwana le go thapa batho ba ba senang ditokomane ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle go tla go dira ka fa nageng mme ba duelelwe megolo e e sa reng sepe. Seno se tsamaisana gape le dikarolo tsa Molao wa Merero ya Bofaladi, wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 13 wa 2002) mmogo le Molao wa Merero ya Batho ba ba Tshabetseng ka fa Nageng wa Ngwaga wa 1998 (Molao wa bo 130 wa 1998).
1.4.    Molaotlhomo ono o tshitshinya leano la go tsamaisa tiro le le tla kgontshang Tona ya Merero ya Ditiro le Badiri go tlhoma dipalopalo tse di sa tshwanelwang go fetiwa kgotsa go di ikgatolosa tsa batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ba ba ka thapiwang. Dipalopalo tseno di tla ya ka gore ke lephata lefe la ikonomi, ke mofuta ofe wa tiro kgotsa ke kwa kgaolong efe ya naga. Tona o tla tlhoma dipalopalo tseno mo lekaleng lengwe le lengwe morago ga gore a dule fatshe le go bontshana le ba Boto ya Ditirelo tsa Merero ya Badiri le Ditiro mmogo le go sekaseka ditshwaelo go tswa kwa baafing. 
1.5.    Kabinete e laetse Tona ya Merero ya Ditiro le Badiri go garela ka bonako lenaneo la ditiro (ka go sekegela tsebe ditshwaelo tsa baagi) mabapi le gore ke mofuta ofe wa ditiro tse di tsewang e le tseo ka fa nageng go nang le tlhaelo ya tsona jaaka go tlhokega batho ba ba nang le kitso le bokgoni jono jaaka bo le botlhokwa jo naga e bo tlhokang gore bo tle ka kwano bo tle go tlhatlhelela baagi ka fa nageng gore re kgone go atolosa palo ya batho ba ba thapiwang ka fa nageng ba ba senang ditiro.
1.6.    Kabinete e santse e eme ka la gore go na le tlhokagalo e e seng kana ka sepe ya gore go garelwe Sekwalwa sa Masupatsela se se ka ga Bofaladi gore re tle re kgone go disa le go tsamaisa ka thulaganyo e e manontlhotlho batho ba ba tswang kwa dinageng tsa kwa ntle ka ntlha ya go iponela ditiro ka fa nageng.

E.    Go Thapiwa
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.
1.    Rre Matsobane Themba Matlou o thapilwe go nna Mokaedikhuduthamagamogolo wa Setheo sa Tlhokomelo ya Baagi sa Aforika Borwa. 
2.    Mme Ogalaletseng Anastasia Gaarekwe o thapilwe go nna Motlatsi wa Mokaedi yo Mogolo (DDG): mo Lephateng la go Dirisana ga Makala a Puso kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba. 
3.    Rre Christopher Charles Axelson o thapilwe go nna DDG: mo Lephateng la Merero ya Lekgetho le Matlole kwa Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba. 
4.    Mme Ulrike Britton o thapilwe go nna DDG: mo Lephateng la Merero ya Matlole a Puso mo Lefapheng la Matlotlo a Bosetšhaba.

5.    Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Letlole la go Kgaolwa kwa Tirong (UIF):
(a)    Mme Zodwa Penelope Manase (Monnasetulo) 
(b)    Rre Edward Malomeje Thobejane (Moemedi wa Mokgatlho wa Badiri);
(c)    Mme Martle Keyter (Moemedi wa Mokgatlho wa Badiri);
(d)    Rre Malesela Moses Lekota (Moemedi wa Mokgatlho wa Badiri);
(e)    Mme Zizile Lushaba-Nyawo (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
(f)    Rre Hillary Mac Master (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
(g)    Mme Beverly Jack (Moemedi wa Mokgatlho wa Dikgwebo);
(h)    Rre Thembinkosi Josopu (Moemedi wa Mokgatlho wa Baagi);
(i)    Rre Skhumbuzo Mpanza (Moemedi wa Mokgatlho wa Baagi); 
(j)    Mme Paulet Sesedi Pelo (Moemedi wa Mokgatlho wa Baagi). 
(k)    Rre Mahuza Ngubane (Moemedi wa Lefapha la Ditheo tse Dikgolo tsa Thuto);
(l)    Mme Ogalaletseng Anastasia Gaarekwe (Moemedi wa Lefapha la Matlotlo a Bosetšhaba); mmogo le 
(m)    Mme Ntshimi Esther Tloana (Moemedi wa Lefapha la Merero ya Ditiro le Badiri)

6.    Ditokololo tsa Boto ya Sentech: 
(a)    Mme Sedzani Mudau (Monnasetulo);
(b)    Rre Themba Phiri;
(c)    Rre Mbasa Metuse;
(d)    Moatefokate Lavandran Gopaul;
(e)    Rre Patrick Wadula;
(f)    Rre Peter Zimri;
(g)    Mme Alexandria Procter; le 
(h)    Mme Lwazikazi Nopece.

F.    Ditiragalo
1. Meletlo ya go tlotlomatsa dikgwedi tse di botlhokwa le ditiragalo tsa teng tsa naga tsa ngwaga wa 2025 
Kabinete e neseditse pula melaetsa e e botlhokwa mmogo le megopolo e e ka ga meletlo e e latelang e e tla tshwarwang mo dikgweding di le mmalwa tse re tobaneng le tsona ya go tlotlomatsa ditiragalo tse di botlhokwa mo setšhabeng sa rona:

(a)    Kgwedi ya Bašwa
Letsholo la Ngwaga wa 2025 la Kgwedi ya Bašwa le tla thankgololwa kwa Musiamong wa Segopotso sa Hector Pieterson kwa Orlando West, Soweto mo porofenseng ya Gauteng ka molaetsamogolo yo o reng: “Bokgoni jo bo tsamaisanang le lefatshe le le fetogetseng ruri - go tlhatlhelela bašwa gore ba tle ba nne le seabe sa boammaruri mo mererong ya ikonomi.” Maitlhomomagolo wa Letsholo la Ngwaga wa 2025 la Kgwedi ya Bašwa ke go ikuela mo bašweng go tsaya dikgato go rarabolola bothata jwa go tlhokaditiro ga bašwa mmogo le go aga ikonomi e e bayang bašwa ba naga ya rona kwa setlhoeng. Kgwedi eno e tla solwa mosola ka go phasalatsa ditšhono tse di leng teng tse bašwa ba ka di solang mosola go tlhatlhelelwa ka kitso le bokgoni le go iphedisa mo diintasetering tse di thapang batho ka bontsi tse segolobogolo di thapang bašwa ka bontsi.

(b)     Kgwedi ya Basadi
Kabinete e neseditse pula molaetsamogolo mmogo le ditiragalo tse di tla tshwarwang mo letsholong la go bontsha tlotlo la Kgwedi ya Basadi ya 2025, jaaka ngwaga ono e tla bo e le wa bo 30 fa e sale go dumelanwa kwa Beijing ka ngwaga wa 1995 ka gore go tlhomiwe Serala sa go Tsaya Dikgato, e leng ntlha e e botlhokwa thata fa re gadima ditshwanelo tsa basad, matlafatso le go samagana le tekatekano ya batho ba bong jo bo farologaneng. Letsholo leno la ngwaga wa 2025 le tla samagana le go phethagatsa dikgato ka matlhagatlhaga go thibela Tirisodikgoka le Dipolao tsa Basadi (GBVF), go nosetsa maitshwaro a a senang lenyatso go tswa mo banneng le mo basimaneng mmogo le go dira gore mafelo a kwa tirong le tikologo ka bophara a babalesege mo basadi le basetsana le bona ba tla ikutlwang ka babalesegile. Kabinete e ikuetse mo go maAforika Borwa otlhe go ema le go thulana ka ditlhogo le bothata jono jwa GBVF.

(c)    Letsholo la Matsatsi a le 16 go Lwela gore Batho ba Kgaotse Ditiragalo tsa GBVF
Letsholo la Matsatsi a le 16 go Lwela gore Batho ba Kgaotse Ditiragalo tsa GBVF le tla tshwarwa go tloga ka la bo 25 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole 2025 ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Tlhotlhetsa Phetogo: Go tobana, go thibela, go rotloetsa maitsholo a a siameng mo batho ba borre, mmogo le go dira gore re aga lefelo le le bolokesegileng le botlhe ba sa kgorelediweng gore re kgone go fedisa GBVF”. Letsholo la monongwaga le tswelela go samagana le matsapa a a tlholang GBVF fa ka fa letlhakoreng le lengwe le samagane le go ruta batho ba borre maitsholo a a amogelesegang le go rotloetsa gore go nne le tekatekano ya batho ba bong jo bo farologaneng, mmogo le go tlhola ditšhono tsa go iphedisa mo basading le mo baneng.

(d)    Kgwedi ya Bosetšhaba ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi 
Kabinete e neseditse pula molaetsamogolo mmogo le ditiragalo tse di tla tshwarwang mo letsholong la go bontsha tlotlo la Kgwedi ya Naga ya Temososetšhaba ka ga Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogolofadi la Ngwaga wa 2025 (DRAM) e e tla simololang go ketekiwa go tloga ka la bo 03 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 03 Sedimonthole. Molaetsamogolo wa teng o re: “Go tlhoma leano la tirisanommogo ya makala a a farologaneng go dira gore a thuse mo go direng gore batho ba ba golofetseng le bona ba nne le seabe mo setšhabeng”. Se molaetsamogolo ono se o gatelelang ke botlhokwa jwa go tshwarisana tiro mmogo mo go tsholetseng ditshwanelo le go nna le seabe ga batho ba ba golofetseng mo setšhabeng sa rona. Ditiragalo tseno tse di tlileng go goga sebaka sa kgwedi di tlile go bula setšhaba matlho ka mmogo le go se bontsha kgatelopele e e setseng e dirilwe ka fa nageng mo go direng bonnete jwa gore ditshwanelo tsa batho ba ba nang le bogolofadi di a sirelediwa, seno se tlile go tsenyeletsa le go sekegela tsebe maikutlo a bana ba ba nang le bogolofadi, go dira gore batho ba ba nang le bogolofadi ba kgone go iponela ditšhono tse di tlang le didirisiwa tsa thekenoloji mmogo le go beeletsa mo togong ya maano a a tlileng go tsepamisa mogopolo mo go tlholeng ditiro tse di tlileng go tlholelwa batho ba ba nang le bogolofadi.

G.    Melaetsa
1.    Melaetsa ya Matshediso
Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:
a)    Mama Gertrude Ntiti Shope, yo a neng a itsiwe ka leina la mmamoratwa la MaShope, mogaka wa ntwa ya kgaratlho yo e neng e le wa ba bangwe ba ntlha ba ba neng ba romelwa kwa palamenteng ya ntlha ya temokerasi ka ngwaga wa 1994. O ne gape e le yo mongwe wa bao ba abetsweng Kabo ya Tlotlo mabapi le Tiro ya gagwe e e Tswileng Diatla (Selefera) e a neng a abelwa yona ka 2003 go mo rolela hutshe mo tirong ya gagwe e e tswileng diatla mo pusong. Mo godimo ga seno, MaShope e ne e le yo mongwe wa ditokololo tse di tlhamileng Federation of South African Women (FEDSAW) e leng mokgatlho yo o neng wa bokanya basadi gore ba eme ka dinao ba lwantshane le puso e e setlhogo ya tlhaolele ya semorafe e e neng e sena botho. Ka ngwaga wa 1991 o ne a tlhophiwa go nna Moporesitente wa ntlha wa mokgatlho wa African National Congress Womans League (ANCWL). Moporesitente Ramaphosa o ntshitse taelo ya puso gore Tirelophitlho ya ga MaShope e Tsamaisiwe Semmuso ya Diphitlho tsa Maemo a Ntlha le gore folaga ya naga ya Aforika Borwa naga ka bophara mo ditheong tsotlhe tsa naga e fofisediwa ka tsena e e bontshang gore re mo khutsafalong ya tatlhegelo ya botshelo go fitlha Lamatlhatso, 31 Motsheganong 2025. 
b)    Mme Lungi Annette Mnganga-Gcabashe yo e neng e le tokololo ya palamente ka dipaka tse di farologaneng fa e sale go tloga ka ngwaga wa 2004 yo a kileng ya nna Monnasetulo wa Komiti ya Lefapha la Bojanala mo Palamenteng ya bo Supa. E ne gape e le Motlatsamoporesitente wa mokgatlho wa African National Congress Womans League (ANCWL) wa ga jaana. O ne a ema a lwantshana le ditiragalo tsa go melela batho ba bangwe meno tse di neng di tlhodiwa ke puso ya tlhaolele mmogo le go nna le seabe se se bonagalang mo go direng gore setšhaba se tshwaragane go tle go rene kagiso mo motsing oo dintwa tsa sepolotiki di neng di tswile mo taolong ka nako eo kwa porofenseng ya KwaZulu-Natal. 
c)    Modiaragatsi yo a fentseng dikabo, rre Presley Chweneyagae, yo a neng a itsege ka bokgoni jwa gagwe jo bo gagamatsang jwa go diragatsa mo motshamekong wa Tsotsi, yo o neng wa fenya Dikabo tsa Maemo a a kwa Godimo a go Diragatsa mo Ditshwantshong tsa Dipuo tsa Boditšhaba ka ngwaga wa 2005. O tlhageletse mo ditshwantshong di le dintsi mmogo le mo dikanaleng tsa thelebišene, pele a ka tlhokafala o ne a diragatsa jaaka Cobrizi mo motshamekong wa thelebišene wa The River. 
d)    Mogasi yo a neng a itsege e bong Darren Scott yo lentswe la gagwe le neng le balwa mo mantsweng a a agileng intaseteri ya seyalemowa ya naga ya Aforika Borwa mo lentswe la gagwe le neng le na le sebaka sa go feta dingwaga di le masome a le mane le gasa mme ka ngwaga wa 2024 leina la gagwe le ne le tsengwa mo Dikabong tsa Batlotlegi ba ba Tumileng ba Seyalemowa. 
e)    Motshameki wa ka fa letlhakoreng wa setlhopha sa di-Springbok Cornal Hendricks yo a tshamekileng mo metshamekong e le 12 ya di-Springbok magareng ga ngwaga wa 2014 le wa 2015 mmogo le go nosa dino di le tlhano.
f)    Charles B Rangel, rakonkerese wa mo malobanyaneng yo e leng kgale e le rankonkerese ya Ameriaka wa kwa Harlem, kwa New York, yo ka ngwaga wa 1987 a neng a ema nokeng se kwa bofelong se neng sa itsege le go tuma ka la gore ke “Rangel Amendment” mme seno se ne sa fetola melao ya lekgetho ya Amerika sa dira gore ditlamo tsa naga ya Amerika tse di beeletsang kwa dinageng tsa kwa ntle di se kgaolelwe lekgetho fa di beeletsa mo nageng ya puso ya tlhaolele ya naga ya Aforika Borwa. O ne a dirisa maatla a gagwe gape le mo go buleleng ditšhono magareng ga naga ya Amerika le dinaga tse di santseng di gola ka go dira gore go nne le Letsholo la Dinaga tsa Caribbean mmogo le Kgato ya go Oketsa Ditšhono tsa go Godisa Ikonomi ya Aforika (AGOA).
g)    Ngũgĩ wa Thiong'o, Mokwadi wa dibuka wa naga ya Kenyan yo a tlhokafalang a na le dingwaga di le 87, yo e neng e le seganka mo dibukeng tsa bakwadi ba Bana ba Mmala wa Sebilo – dibuka tse a di kwadileng tse di buang ka ka fao naga ya Kenya e fetogileng ka gone go tloga mo motsing wa bokoloniale go nna naga e e babatsang temokerasi, mme tiro ya gagwe e santse le gompieno e dira gore Bana ba Mmala wa Sebilo mmogo le baagi mo lefatsheng ka bophara ba itlotlomatse ka yona fa go tla mo tlhabololong ya kontinente ya Aforika. O tla nna a gopolwa jaaka mokwadi yo a tlotlegang mo bakwading ba kontinente ya Aforika. 
h)    Ngaka, Dean Tshenuwani Simon Farisani, tokololo ya mo malobeng ya Palamente, yo e kileng ya nna Mokhuduthamaga wa Dipalangwa kwa porofenseng ya Limpopo, yo e neng e ke serutegi sa makwalo a a boineelo e bile e le moruti wa Kereke ya Lutere ya Ma-Avenjelika ya Naga ya Aforika Borwa (ELCSA). Mo pakeng ya tlhaolele, e ne e le yo mongwe wa baruti ba bana ba mmala wa sebilo ba ba neng ba tumile mo nageng ba ba neng ba rera thero ya go ema kgatlhanong le tlhaolele mme go lwelwe kgololesego mo kerekeng ya gagwe ya kwa kgaolong ya Devhula-Lebowa kwa karolong e mo malobeng e neng e bediwa gore ke Transvaal. Ene le Moporesitente Cyril Ramaphosa mo nakong eo ba ne ba tlhoma Mokgatlho wa Bašwa wa Bana ba Mmala wa Sebilo wa Kereke kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo ma-1970, mme e bile gape o ne a le mafolofolo mo Mokgatlhong wa go Bula Bana ba Mmala wa Sebilo Matlho, segolo jang jaaka e ne e le moporesitente wa ona wa Mokgatlho wa go Bokanya Bana ba Mmala wa Sebilo go tloga ka ngwaga wa 1973 go fitlha ka wa 1975. O ne a tshwarwa makgetlho a le mantsinyana, go ya ka mokgatlho wa Amnesty International o ne a tshwarwa jaaka mogolegwa wa ditiragalo tsa go bula batho matlho, mme o ne a neela bopaki phatlhalatsa ka ga ka fao a neng a diriwa setlhogo ka teng ke mapodisi a puso ya tlhaolele. Kwa tshimologong ya dingwaga tsa bo ma 1980, o ne kobiwa le go ntshiwa mo motseng yo a neng a nna mo go ona go nna mofaladi. O rile fa a boela gae morago ga gore ANC is se tlhole e tsewa jaaka mokgatlho yo o sekegilweng, o ne a thusa thata go tsosolosa dikarolo tse di farologaneng tsa mokgatlho wa ANC, a dira gore dikereke di nne le karolo mo go lwelweng gore go nne le poelano ka fa nageng mmogo le mo go thusaneng le ditšhaba tsa ka fa nageng.

2.    Melaetsa ya go Akgola
Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego kwa go:
a)    Ramabelo a makhutshwanyana yo a gatang a gatoga, Akani Simbine, yo ga jaanong e leng ene ramabelo yo a gaisang ba bangwe botlhe mo lefatsheng, yo a fentseng lebelo la dimitara di le 100 kwa Metshamekong ya kwa Teropong ya Atlanta jaaka a garetse lebelo leno ka sebaka sa metsotswana e le 9.86 mmogo le go garela lebelo la dimitara di le 100 kwa Rabat Diamond League jaaka a garetse lebelo leno ka sebaka sa metsotswana e le 9.95.
b)    Ramabelo a makhutshwanyana yo a gatang a gatoga, Bayanda Walaza, yo a nang le lebelo go gaisa bankane ba gagwe mo lefatsheng yo a tlhomileng rekoto e ntšhwa ya naga ya Aforika Borwa mo lebelong la dimitara di le 100 la banna jaaka a garetse lebelo leno ka sebaka sa metsotswana e le 9.94 kwa Boris Hanzekovic Memorial.
c)    Moatlelete wa moAforika Borwa, Zakithi Nene, yo a tswileng mo maemong a bobedi mo metshamekong ya lebelong la banna la dimitara di le 400, mo a garetseng lebelo leno ka sebaka sa metsotswana e le 44.46 mo lebelong la Rabat Diamond League.
d)    Amajita, setlhopha sa naga sa batshameki ba ba nang le dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 20, bao ba dirileng metlholo jaaka e ne e le la ntlha ba fenya Sejana sa Kgwele ya Dinao sa Batshameki ba Dinaga tsa Aforika ba Dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 20.
e)    Rre Rayno Nel jaaka e le moAforika Borwa wa ntlha wa Ngwana wa Mmala wa Sebilo go fenya kabo ya Monna yo a Nang le Maatla a Mantsi go Gaisa mo Lefatsheng.

E rebotswe ke: 
Dipotsolotso: Mme Nomonde Mnukwa
Mmueledi wa Puso wa Namaotshwere
Mogala: 083 653 7485
 

Share this page

Similar categories to explore