Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 25 Tlhakole 2026

A. Merero ya ga Jaanong

1.1. SoNA ya ngwaga wa 2026: Re tshwanetse go baakanya dilo tsotlhe tse re tshwanetseng go di baakanya gore re kgone go gatelapele mmogo
1.2. Kabinete e itomile sesino go tsenya tirisong ditsholofetso tse Moporesitente Ramaphosa a di solofeditseng setšhaba mo Puong ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ya ngwaga wa 2026 mmogo le mo dikopanong tsa dingangisano tsa yona.
1.3. SoNA ya ngwaga wa 2026 e beile kwa setlhoeng dithulaganyo tsa go rarabolola dikgwetlho tse naga e santseng e tobane le tsona, le fa re ntse re na le kgatelopele e e bonagalang mo maemong a ikonomi, jaaka seno se totobaditswe ke maemo a a tswelang pele go tokafala a ikonomi. Dikgwetlho tse di leng teng ke: (a) mathata a metsi a ka fa nageng, (b) bolwetse jwa motlhape, (c) ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko, (d) tsamaiso e e koafetseng ya ditheo tsa mebuso ya mebasepala, mmogo le (e) botlhokatiro.
1.4. Mo go samaganeng le mathata a metsi, Moporesitente ka bo ene e tla nna Monnasetulo wa Komiti ya Merero ya Mathata a Metsi mme yona e tla bokeletsa le go rulaganya ditharabololo tsotlhe tseo maitlhomo a tsona e tla bong e le go rarabolola bothata jwa metsi ka fa nageng ya Aforika Borwa. Komiti ya Merero ya Mathata a Metsi e tla konosetsa dikgato tsa go kwala Leano la go Tsaya Dikgato tsa go Samagana le Mathata a Metsi tseo di tlileng go tsepamisa mogopolo mo ditharabololong tsa go rarabolola mathata a fa gautshwane, a mo nakong e e tlang le go ya go ile go netefatsa gore metsi ga a sa kgala mo dipompong tsa ka fa nageng ya rona. Mo go direng gore re nne le metsi mo porofenseng ya Gauteng, Tona ya Metsi le Kgeleloleswe e rebotse laesense ya go rebolela tetla ya maemo a tshoganyetso a go letlelela setlamo sa Rand Water go pompa metsi a go feta seelo mo Nokeng ya Vaal sebaka sa dikgwedi di le tharo, e leng seo se tla kgontshang matamo a mebasepala gore a kgone go bokeletsa metsi a a tlhokagalang.
1.5. Ntwa ya go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko go samaganwa le yona ka go dirisa leano la paka e telele la go dirisa maano le maphata a mantsi a a farologaneng. Leano leno le tsenyeletsa Leano la Naga la go Lwantshana le Ditiragalo tsa Botlhokotsebe jwa Digongwana tse di Dirang Bosenyi ka Thulaganyo e e Matsetseleko e leng leano leo le emeng nokeng gape le ke dikgato tsa go romela Sesole sa Naga mo mafelong ao a tumileng ka gore a na le digongwana tsa botlhokotsebe, mmogo le go ntsha sebodu mo ditheong tsa molao mo go nang le matsapa teng mme seno se tla phetagadiwa ka go tlhatlhoba ka fao batlhankedi ba ditheo tsa molao mmogo le ba sepodisi sa diteropokgolo ba iphedisang. Seno se tla diragadiwa ka go lekola gore khumo ya bona e tsamaisana le letseno la bona kgotsa jang. Leano la dikgato tseno tsa go tlhatlhoba ka fao batlhankedi bano ba iphedisang ka teng le tla romelwa kwa Komiting e e Tshwaraganetsweng ke Batlhankedi ba Makoko a Dipolotiki ka go Farologana e e Emetseng Ditheo tsa go Lwantshana le Ditiragalo tsa Botlhokotsebe. Mo godimo ga tseno tsotlhe, go tlhomilwe setlhopha sa go phetagatsa tiro sa Sepodisi se se tla samaganang le tiro ya go batlisisa bopaki jwa ditiragalo tsa botlhokotsebe jo bo supang ka monwana batlhankedi ba bagolo ba sepodisi ba ba umakilweng mo Khomišeneng ya Madlanga.

2. Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2026 (ditirilione di le R2.67)

2.1. Kabinete e neseditse pula Puo ya Tekanyetsokabo ya Naga ya ngwaga wa 2026 ya matlole a le ditirilione di le R2.67 a a tlileng go tlamela ka matlole ditsholofetso tse di solofeditsweng ke Moporesitente mo go SoNA.

2.2. Go ema nokeng ntwa ya go lwantshana le botlhokotsebe, Tona ya Matlole o okeditse matlole ka dibilione di le R2.7 go phetagatsa Letlhomeso la Tirisomatlole ya Pakagare (MTEF) mo matloleng a Pabalesego go tokafatsa matsholo mmogo le go abelana ka bilione e nngwe gape ya diranta mme e nngwe le e nngwe ya dibilione tseno e abetswe Sepodisi le Sesole mme matlole ano a tswa mo Matloleng a Setheo sa CARA a go lwantshana le ditiragalo tsa botlhokotsebe jwa digongwana tse di dirang bosenyi ka thulaganyo e e matsetseleko.

2.3. Go ema nokeng dikgato tsa phetolo ya mebuso ya mebasepala, Tona ya Matlole o tsibositse gore mo pakeng ya MTEF o tla tlamela ditiro tsa go tlisa phetogo mo go phetagatseng tiro ga ditheo tsa diteropokgolo tsa kabo ya ditirelo tse di jaaka tsa motlakase, metsi le tsa go sela ditlakala ka dibilione di le R27.7. Maitlhomo a diphetogo tseno ke go dira bonnete jwa gore go beelwa kwa thoko matlole a a beetsweng fela merero ya metsi le motlakase go netefatsa gore madi ao a a bokelediwang go tswa mo ditirelong tseno a boela a dirisiwa mo go tlameleng kgonagalo ya go phetagatsa ditirelo tseno pele a ka dirisediwa merero e mengwe ya ditirelo tse dingwe.
2.4. Mo godimo ga ntlha eno, Tona o tsibositse setšhaba ka ga go tsenngwa tirisong ga letlole la mafaratlhatlha a mebuso ya mebasepala (MIG), ya thulaganyo ya go kgaogana ditirelo mo go tla sutisiwang mebasepala e e nang le matsapa a magolo a go retelelwa ke go abela setšhaba ka ditirelo kgotsa a go retelelwa ke go tsamaisa puso ka tolamo mme e sutisiwe gore e tsenngwe mo thulaganyong e nngwe ya tsamaiso. Thulaganyo eno e nngwe ya tsamaiso e tla dira gore kwa bofelong re feletse re na le mebasepala ya tikologo e e nang le bokgoni mme e bile gape ditheo tse dingwe tse di tlhomamisitsweng semmuso tse di tla phetagatsang tiro eno e tla nna karolo ya go phetagatsa tiro ya go tlhola mafaratlhatlha ano.

2.5. Tekanyetsokabo eno e fokoleditse malapa gape le dituelelo tsa lekgetho ka go fokotsa koketso ya lekgetho ka dibilione di le R20 tse di neng di tsentswe nakwana mo Tekanyetsokabong ya kgwedi ya Motsheganong mo ngwageng wa 2025, mme seno se dirile gore lekgetho le motho ka bongwe a tshwanetseng go le duelela mo megolong ya gagwe mmogo le meputso ya dituelelo tsa lekgetho e tsamaisane le dituelelo tsa diphetogo tsa ditlhwatlhwa, mmogo le go tlhatlosa matlole a ditheo tsa dikgwebo tse di gogang lekgetho la dituelelo tsa ditirelo le dithoto gore a se tlhole a gogiwa mo dikgwebong tse di dirang milione o le mongwe mme le gogiwe mo go dikgwebo tse di dirang matlole a le dimilione di le R2.3 le go ya kwa godimo.

2.6 Kabinete e santse e boeletsa lefoko la yona mo ntlheng ya go somarela matlole a puso, mo go tliseng diphetogo, mmogo le mo go phetagatseng ka bonako dikgato le matsholo a go tlisa ditharabololo e leng dilo tse di dirileng gore re kgone go fokotsa dikoloto le go dira gore gannyane gannyane ikonomi e kgone go gola e leng selo se se dirileng gore kwa bofelong re bo re na le Tekanyetsokabo e re nnileng le yona eno ya ngwaga wa 2026.

3. Kgatelopele e nna teng gannyane gannyane mo go lwantshaneng le botlhokatiro

3.1. Kabinete e itumeletse dipoelo tsa Kotara ya Bone ya ngwaga wa 2025, tsa Dipatlisiso tsa Kotara e Nngwe le e Nngwe tsa Dipalopalo tsa Badiri, tse di phasaladitsweng ke Setheo sa Dipatlisiso tsa Dipalopalo sa Aforika Borwa (StatsSA) tse di bontshang gore dipalopalo tsa botlhokatiro di fokotsegile ka karolo e e kanaka 0.5 ya phesente mme jaanong dipalopalo tsa teng di eme mo go diphesente di le 31.4% mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2025 go tloga mo go diphesente di le 31.9% mo kotareng e e fetileng. 
3.2. Palo ya batho ba ba senang ditiro e fokotsegile ka bokanaka 172 000 mme ga jaanong batho ba ba senang ditiro ke ba le dimilione di le 7.8 mme batho ba ba nang le ditiro bona palo ya teng e oketsegile ka ba le 44 000 mo kotareng ya bone ya ngwaga wa 2025 mme jaanong batho ba ba nang le ditiro ke ba le dimilione di le 17.1.

3.3. Jaanong e setse e le kotara ya boraro ka go latelana ga tsona re bona kgolo mo dipalopalong tsa batho ba ba nang le ditiro, e bile re tiisiwa mmooko le ke gore makala a a botlhokwa a a jaaka la dikonteraka tsa go aga, la ditirelo tsa matlole mmogo le la lekala la temothuo a nnile le dipalopalo tse di kwa godimo tsa kgolo.

4. Go fetola maemo a ikonomi le go tlisa tswelopele e e botlhokwa

4.1.1. Kabinete e ema nokeng SoNA ya ga Moporesitente fa a ne a re ke selo se re sa tshwanelang go se dumelela gore se tswele pele go diragala gore morago ga sebaka sa dingwaga di le 31 tsa temokerasi, Bana ba Mmala wa Sebilo, ba Makhalate mmogo le ba Ma-Intia ba tswelela go nna le ditšhono tsa go iphedisa di le mmalwanyana fela mme ba gaisiwa ke tsa batho ba Basweu, e bile go a swabisa gore fa e le batho ba bomme bona ba neelwa ditšhono tse di fetiwang ke tsa batho ba borre.

4.1.2. Tshedimosetso go tswa go StatsSA e supa gore magareng ga ngwaga wa 2006 le wa 2023, malapa a bathobantsho a itemogetse kgolo ya megolo e e kanaka diphesente di le 46, malapa a Makhalate ona a itemogetse kgolo e e kanaka diphesente di le 29 fa malapa a Ma-Intia ona a itemogetse kgolo e e kanaka diphesente di le 19. Dipalopalo tsa batho ba ba tlhokang mo malapeng a Bana ba Mmala wa Sebilo di fokotsegile go tloga mo go diphesente di le 67 mo ngwageng wa 2006 go fitlha mo go diphesente di le 44 mo ngwageng wa 2023 fa mo malapeng a Makhalate gona dipalopalo tseno tsa batho ba ba tlhokang di fokotsegile go tloga mo go diphesente di le 43 go fitlha mo go di le 25 mo go yona paka eo.

4.1.3.Ntle le go itlhokomolosa kgolo eno, Kabinete e amogetse gore lelapa le le tlwaelegileng la batho ba mmala o mosweu le santse le le kwa ntlhorong jaaka le iponela letseno le lentsi le bontsi jwa lona bo menaganeng ga tlhano ka bontsi go gaisa jwa lelapa le le tlwaelegileng la batho ba mmala wa sebilo.

4.1.4.Ka ntlha ya seno, Kabinete e itumeletse dikgato tse di tlileng go tsewa tsa go sekaseka Leano la go Tsamaisa Tiro la Matlafatso ya Bathobantsho mo Mererong ya Ikonomi ka Bophara gore le kgone go ema nokeng kgolo e kgolo e e tlhokagalang mmogo le eo e tshwaraganetsweng.

4.2 Malapa a batho ba mmala wa sebilo jaanong a wela mo seelong sa batho ba ba iponelang letseno le le kwa godingwana ba ba dirang diphesente di le 41

4.2.1. Kabinete e nopotse dipoelo tsa dipatlisiso go tswa mo setheong sa Liberty Institute of Strategic Marketing sa Yunibesiti ya Cape Town se se dirileng dipatlisiso tseno ka go dirisa tshedimosetso go tswa mo setheong sa StatsSA, e leng tshedimosetso e e pakang gore dipalopalo tsa malapa a batho ba mmala wa sebilo ao megolo ya bona e fetang R75 000 ka kgwedi a oketsegile go fitlha mo go diphesente di le 41 mo ngwageng wa 2024 go tloga mo go a le diphesente di le 29 mo ngwageng wa 2012. Palo ya malapa a bana ba mmala wa sebilo ba megolo ya bona e leng mo seelong sa maemo a fa gare le a a kwa godimo, ao a iponelang megolo e e kwa godimo ga R22 000 ka kgwedi e menagane makgetlo a le mane go fitlha go batho ba feta dimilione di le 7 mo ngwageng wa 2024. Fa re lebelela dipalopalo tseno tsotlhe di re bolelela gore dipalopalo tsotlhe tsa ditlhopha tsa megolo eno di tlhatlogile go tloga go dimilione di ka nna 4 mme tsa tlhatloga go feta dimilione di le 11 magareng ga ngwaga wa 2012 le wa 2024.

4.2.2 Megolo e e oketsegang ya batho ba mmala wa sebilo ke yona e e thusang go fetola maemo a batho ba merafe ka go farologana mo seelong se se kwa godimo sa megolo mo nageng ya Aforika Borwa. Seno ke poelo e e golaganngwang le diphetogo tse di nang le sebaka sa dingwaga di le 31 tsa diphetogo tse di tlisitsweng ke puso ya temokerasi tse di jaaka tsa go thapa batho ka go lekalekana le tsa go matlafatsa bana ba mmala wa sebilo. Kgatelopele eno e dirilwe mo nageng eo e neng e laolwa ka mekgwa ya go tshwara setšhaba ka go se lekalekane, mo bana ba bantsi ba mmala wa sebilo ba neng ba sa tshwarwe go tshwana le batho ba bangwe mo nakong ya fa go ne go laola puso ya bokoloniale le mo nakong ya puso ya tlhaolele, mo e bile le megolo e neng e duelelwa go ya ka gore o wa morafe ofe, ebile gareng ga tse dingwe seno se ne sa phetagadiwa ka matsholo a puso a go dira diphetogo.

4.2.3. Kabinete e a itse le gore kgatelopele eno e santse e le kgakala go ka lekalekana le dipalopalo tsa maAforika Borwa go ya ka sebopego sa bona. Batho ba bantsi mo nageng eno ke maAforika Borwa ao e leng bana ba mmala wa sebilo mme go le jalo ke bona ka bontsi ba ba dikobodikhutshwane ebile gape ke bona ba ba leng mo tshokolong etswa ba ntse ba na le ditiro, e bile dimilionemilione tsa bona di santse di sokola.

5. Naga ya Aforika Borwa e simolola ka letsholo la go dira ente ya go tlhabela motlhape la ka fa nageng go thibela Bolwetse jwa Metlhape (FMD) mmogo le go fedisa bolwetse jono go dira gore maemo a boele sekeng ka fa nageng

5.1. Setheo sa Merero ya Dipatlisiso mo Lephateng la Temothuo (ARC) sa Dipatlisiso ka Diphologolo sa Onderstepoort se simolotse tiro ya sona ya go dira ente ya bolwetse jwa FMD mo pakeng ya sebaka sa dingwaga di le 20. Dipaki tsa ntlha tse di dirilweng ka fa nageng tsa ente eno go neelanwe ka tsona ka Labotlhano, 6 Tlhakole 2026. Go fitlheleleng kgato eno go tlile go re tswela molemo mo go thibeleng ka bonako bolwetse jono jo bo tsweletseng go gogola leruo le feta dimilione di le 14 ka fa nageng le go digela mo mathateng barui ba le bantsi ka fa nageng.

5.2. Kabinete e na le tshepo e e tletseng ya gore dikgato tsa go tsosolosa ditiragalo tsa go itirela ente ya rona mo ditheong tsa puso tsa ARC le tsa Dipatlisiso ka Diente sa Onderstepoort (OBP) di tla thusa mo go direng gore re kgone go busetsa naga ya Aforika Borwa mo maemong a go fedisa bolwetse jono gotlhe mo nageng ya rona e leng seo se tla re nayang leina le lentle mo Mokgatlhong wa Lefatshe wa Merero ya Boitekanelo jwa Diphologolo (WOAH). Kabinete e leboga barui botlhe ba ba neng ba dira bosigo le motshegare go phetagatsa matsapa a a neng a dirwa ke Lefapha la Temothuo mo go thibeleng go anama ga bolwetse jono.

6. Dipalopalo tse di fetogileng tsa ditiragalo tsa botlhokotsebe di kgontsha gore go nne le kgatelopele mo go lwantshaneng le botlhokotsebe

6.1. Ka la bo 20 Tlhakole 2026 SAPS e gololotse dipalopalo tsa dikgetse tsa melato e e begilweng mo kotareng ya boraro ya ngwaga wa matlole wa 2025/26 mo naga e iponagaditseng gore e a tshepisa le fa e le gore go gontsi go go santseng go tlhoka gore go diragadiwe.

6.2. Fa go tla mo melatong ya polao, phokotsego e re saleng re itemogela yona mo tshimologong ya kotara ya ntlha ya ngwaga wa matlole wa 2023/24 e tsweletse fela jalo, mo go rekotilweng phokotsego ya diphesente di le 8.7, mme seno se raya gore dipalo tsa batho ba ba bolailweng di fokotsegile go se nene ka palo e e kanaka ba le 602 fa go bapisiwa le mo pakeng yona eno mo ngwageng yo o fetileng. Mo pakeng ya dingwaga di le pedi tse di fetileng go nnile le phokotsego mo melatong ya polao mo kotareng ya paka eno mme go fokotsegile ka diphesente di le 17.6, seno se raya gore re itemogetse dipolao di se nene ka phokotsego ya ba le 1 359. Re bone mo diporofenseng di le tlhano go nna le phokotsego mo dipalopalong tsa dipolao ka sekgala sa makgao a le mabedi kwa: KwaZulu-Natal, Gauteng, Mpumalanga, Foreisetata, le Bokone Bophirima. Go nnile le phokotsegonyana fela e nnye mo porofenseng ya Kapa Bophirima le ya Kapa Botlhaba, mme go nnile le koketsego e nnye mo porofenseng ya Limpopo le ya Kapa Bokone. Mo diteišeneng di le 30 tsotlhe tsa sepodisi tse mo go tsona gantsi go begiwang dipalo tse di kwa godimo tsa melato ya polao ka fa nageng, ke di le 15 fela tse mo go tsona go nnileng le phokotsego. Seno ke bopaki jwa gore le fa e le gore ka fa nageng go nna le diphetogo, go santse go le botlhokwa thata gore go tsepamisiwe megopolo mo dikgaolong tse di rileng.

6.3. Kabinete e tshwenyegile thata go bona dipalopalo tse di tlhatlogang tsa polao ya mapodisi mo kotareng eno. Mapodisi a le 23 a bolailwe mme diphesente di le 80 tsa bona ke bao ba bolailweng ba se mo tirong. Mokomišenare yo Mogolo wa Sepodisi sa Naga o laetswe gore a atlhaatlhe bothata jono mme a tle ka maano a go thibela dipolao tseno.

6.4. Ditiragalo tsotlhe tsa botlhokotsebe jwa go ntsha ba bangwe dikgobalo, go tsenyeletsa le mefuta yotlhe ya botlhokotsebe jwa tirisodikgoka, di fokotsegile ka diphesente di le 6.7, mme seno se raya gore melato eno e fokotsegile ka e le 12 682 e e begetsweng sepodisi fa e bapisiwa le ya mo pakeng yona eno ya mo ngwageng o o fetileng. Mo pakeng ya dingwaga di le pedi, palo yotlhe ya tirisodikgoka mo kotareng yona eno e fokotsegile ka diphesente di le 8.3, kgotsa melato e e fokotsegileng ka e le 15 763.

6.5. Seno, gareng ga tse dingwe, se dirilwe ke matsholo a a gagamaditsweng a tiro ya sepodisi.

7. Pegelo ya Yuniti ya Dipatlisiso tsa Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) e e ka ga di-Visa tsa Lefapha la Merero ya Selegae

7.1. Fa Moporesitente Ramaphosa a ne a saena Molaothomo o o romang batlhankedi ba SIU go batlisisa ditatofatso tsa bogodu le bonweenwee mo lephateng la dikopo tsa di-visa ka la bo 16 Tlhakole 2024, maitlhomomagolo e ne e le go boloka seriti sa ditokomane tsa semmuso tsa naga ya Aforika Borwa mmogo le sa dithulaganyo tsa naga tsa kgabaganyo ya melelwane.

7.2. Kabinete e lebogile SIU ka tiro e ba e dirileng jaaka e tlile go thusa Lefapha la Merero ya Selegae gore le kgone go thiba makoa le go dira gore ditlhokotsebe tsotlhe tse di golaganngwang le ditiragalo tseno di digama di sa di tlhapela.

7.3. Kabinete e akgotse gape le Lefapha la Merero ya Selegae ka ga tiro eo ba setseng ba e dirile mo go gagamatseng dithulaganyo tsa kgabaganyo ya melelwane tsa ka fa nageng fa ditatofatso tsa gore go na le bogodu le bonweenwee di ne di goroga mo ditsebeng tsa bona.

8. Go busediwa ka fa nageng ga makau a le 15 a a le 17 a a neng a foraforeditswe gore a tsenele ntwa e e runtseng mme e nne karolo ya masole a a tla thusang naga ya Russia

8.1. Puso ya naga ya Aforika Borwa, ka tirisanommogo le puso ya naga ya Russia, e kgonne go busetsa ka fa nageng makau a a nang le dingwaga tse di magareng ga di le 20 le di le 39 a a neng a foraforeditswe gore a tsenele ntwa e e runtseng mme e nne karolo ya masole a a tla thusang naga ya Russia. Seno se tlile morago ga gore makau ano a le 17 a romele melaetsa ya tshoganyetso a kopa gore a thusiwe go busediwa gae.

8.2. Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Cyril Ramaphosa mo go lebogeng Moporesitente Vladimir Putin yo a neng a se senye nako fa Moporesitente Ramaphosa a ne a dira boikuelo jwa gore a mo thuse go busetsa ka fa nageng makau a maAforika Borwa a a neng a foraforeditswe go tsenela ntwa magareng ga Russia le Ukraine.

8.3. Makau ano otlhe a le 17 ba golotswe mo dikonterakeng tse ba neng ba di saenile le sesole. Ba le 15 ba boetse ka fa nageng fa ba le babedi bona ba santse ba le kwa Russia, fa a le mongwe ene a santse a le kwa bookelong fa yo mongwe gape a le mongwe ene go santse go samaganwe le thulaganyo ya go garela go tlatsa ditokomane tsa gagwe pele a ka busediwa gae.

8.4.Go samaganwe le dipatlisiso tsa go ribolola gore ke eng se se dirileng gore makau ano a iphitlhele a tserwe ka fa nageng mmogo le go tlolwa ga melao ya naga ya Aforika Borwa.

9. Kotsi e e Diragetseng kwa Moepong wa kwa Porofenseng ya Kapa Bokone wa Ekapa

9.1.  Tona ya Lefapha la Metswedi ya Dimenerale, Gwede Mantashe, mmogo le Tonakgolo ya Porofense ya Kapa Bokone Zamani Saul mmogo le Meyara yo Mogolo wa Masepala wa Sol Plaatje Martha Bartlett ba etetse lefelo la Ekapa Minerals Joint Shaft Mine kwa Kimberley, mo badiredi ba kwa meepong ba gaeletsweng ke metsi a seretse ka la bo 17 Tlhakole 2026, mo badiredi ba le batlhano ba moepo ba iphitlhetseng ba gaeletswe ka fa tlase ga mpa ya lefatshe. Ditiro tsotlhe tsa moepo di emisitswe jaaka go boloditswe letsholo la pholoso le legolo. Fa go sena go garelwa letsholo la pholoso, lefapha le tla tsena go dira dipatlisiso semmuso go ya ka Molao wa Pabalesego le Tlhokomelo ya Meepo go ribolola gore ke eng se se ka tswang se tlhodile kotsi eno.

9.2. Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Leokwane, leo le gogwang kwa pele ke Motlhatlhobimogolo wa Meepo le lona le teng mo go bao ba tlileng go disa maemo le go thusa mo letsholong la pholoso. Puso e lebogile thuso e e tswang mo ditlamong tsa meepo le mo Lekgotleng la Dimenerale la Naga ya Aforika Borwa mabapi le kemonokeng e ba nnileng le yona mo letsholong leno la pholoso ya ba ba gaeletsweng. Puso e baya mo dithapelong ba malapa a a wetsweng ke leru leno jaaka go ntse go tsweletswe ka letsholo la pholoso.

10. Kamano le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba

10.1. Kopano e e Tlwaelegileng ya bo 39 ya Kgothakgothe ya Mokgatlho o o Tshwaraganetsweng ke Dinaga tsa Aforika (AU)

10.1.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a eteletse kwa pele baromiwa ba maemo a a kwa godimo ba naga ya Aforika Borwa kwa Kopanong e e Tlwaelegileng ya bo 39 ya Kgothakgothe ya Mokgatlho o o Tshwaraganetsweng ke Dinaga tsa Aforika (AU) go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 15 Tlhakole 2026.Kopano eno e e neng e tshwerwe mabapi le merero ya metsi le kgeleloleswe ka molaetsamogolo yo o reng: “Go Netefatsa gore go nna le Tshomarelo le Tlhokomelo ya Metsi mmogo le Didirisiwa tse di Babalesegileng tsa Dintlwanaboithusetso mo go re Kgontsheng go Fitlhelela Dintlha tse re Ipeetseng Tsona tsa Ngwaga wa 2063”, e bong matsapa a kontinente e samaganeng le ona mo go emeng nokeng dikgato tsa go dira gore ditšhaba di kgone go fitlhelela ditirelo tsa go nna le metsi a a sa tlhaeleng mmogo le tsa kgeleloleswe.

10.1.2. Moporesitente Ramaphosa o tsenetse mmogo le go nna monnasetulo wa Komiti ya Maemo a a kwa Godimo ya Mereo ya Nakwana ya AU e e ka ga Samiti ya Dinaga tse Dingwe di le Tlhano (C5) ya Borwa jwa Sudan.C5 e na le seabe se segolo mo go diseng dithulagnyo tsa go phetagatsa Tumelano ya Tsosoloso ya Ditharabololo tse go Dumelanweng ka Tsona tsa Ntwa kwa Nageng ya Setšhaba sa Sudan

10.2. Naga ya Aforika Borwa jaaka e Nopotswe go Nna Monnasetulo wa Nakwana wa Mokgatlho wa Dinaga tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC) e Ipaakanyetsa go tshwara Samiti ya bo 46 ya SADC

10.2.1. Naga ya Aforika Borwa, jaaka e nopotswe go nna Monnasetulo wa Nakwana wa SADC, e samagane le dithulaganyo tsa go ipaakanyetsa go tshwara Samiti ya bo 46 ya SADC ka Phatwe 2026 mme e tla phetagatsa seno ka go tshwara kopano ya makala a mokgatlho ono.

10.2.2. Mo ntlheng eno, naga ya Aforika Borwa e atlegile mo go tshwareng kopano e e tshwaraganetsweng ke Ditona tsa Merero ya Maokelo mmogo le Ditona tse dingwe tse di rweleng maikarabelo a malwetse a HIV le AIDS mo karolong ya SADC e bong kopano e e neng e tshwerwe go tloga ka la bo 23 go fitlha ka la bo 24 Tlhakole 2026, mme kopano eno e ne e tsenetswe ke baemedi ba mekgatlho ya WHO, UNAIDS, UNDP, UNESCO, UNFPA, le UNICEF.

10.2.3. Mo kopanong eno go sekasekilwe mathata a a leng teng mo lephateng la maokelo le mo dithulaganyong tsa go tlhokomela go phunyega ga malwetswe.

10.2.4. Mo godimo ga seno, naga ya Aforika Borwa e tla tshwara Kopano ya Lekgotla la Ditona tsa SADC go tloga ka la bo 12 go fitlha ka la bo 13 Mopitlwe 2026, mme yona e tla tsenelwa ke Ditona go tswa mo dinageng tsa SADC, mme yona e tla tshwarwa morago ga gore go tshwarwe dikopano tsa batlhankedi ba bagolo tsa Komiti e e Tshwereng Marapo.

9.3  Tirisanommogo ya Aforika Borwa le China mo Mererong ya go Nna le Seabe mo Ikonoming

9.3.1 Kabinete e lomilwe tsebe ka ditiragalo tsa go saena Tumelano ya Botsalano mo go tsa Ikonomi magareng ga naga ya Aforika Borwa le ya China (CAEPA) go nna karolo ya Mokgatlho wa Aforika Borwa wa Dithoto tsa Lekgetho (SACU) mmogo le go gwebisana le China mme seno se tsenyeletsa dipuisano tse di nnileng teng mo Ditumelanong tsa Meputso ya go sa le Gale e e tla bulelang ditšhono tsa gore dinaga tsa kontinente ya Aforika tse di nang le botsalano le naga ya China di kgone go rekisa ditlhagisiwa tsa tsona ntle le go duelela lekgetho.

9.3.2 Mo godimo ga seno, naga ya Aforika Borwa e tla re ka la bo 25 Mopitlwe 2026 ya tshwara Kopano ya bo 13 ya Dipuisano tsa go Loga Maano Magareng ga Naga ya Aforika Borwa le ya China mme kopano eno e tla dira gore go nne le serala sa maemo a a kwa godimo seo dinaga ka bobedi di ka se dirisang go sekaseka, go lolamisa le go godisa dikgato tsa go tsenya tirisong botsalano jwa dinaga ka bobedi, mmogo le go totobatsa Maphata Otlhe a Tirisanommogo ya Botsalano jwa go Loga Maano ka go dira gore go nne le dikopano tse di tshwarwang gangwe le gape.

9.3.3 Ka la bo 26 Mopitlwe 2026, Motlatsamoporesitente, Paul Mashatile e tla nna monnasetulommogo mmogo le monnnasetulo wa naga ya China mo Kopanong ya bo Robongwe ya Tirisanommogo Magareng ga Dinaga di le Pedi ya Aforika Borwa le ya China (BNC) mme maitlhomo a kopano eno ke go sekaseka le go tlhabolola tirisanommogo mo go logeng maano a dinaga ka bobedi, go dira gore makala a a botlhokwa a lepalepane, mmogo le go godisa tirisanommogo mo mererong ya sepolotiki, ikonomi le ya botegeniki magareng ga dinaga ka bobedi.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

1. Tiro e e setseng e dirilwe mo go phethagatseng tsibogelo ya Moporesitente mabapi le ditshitshinyo tse di dirilweng ke Khomišene ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko.

1.1 Kabinete e neseditse pula kgatelopele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong dikgato tsa go phetagatsa ditshitshinyo go tswa mo Khomišeneng ya Diphuruphutso tsa Ditatofatso tse di Mabapi le go Goga Puso ka Nko gore di isiwe kwa Palamenteng.

1.2. Ka Ngwanaitseele 2025, dithoto tse go kgonnweng go busediwa mo pusong mabapi le ditatofatso tsa go goga puso ka nko le go utswiwa di ne di balelwa mo go dibilione di le R16.432.

Yuniti e e Batlisisang Dikgetse tse di Itlhophileng (SIU) = e kgonne go dira gore go busediwe dibilione di le R2.89, Yuniti ya Thopo ya Dithoto = e kgonne go dira gore go busediwe dibilione di leR8.142, mme Tirelo ya Lekgetho la Aforika Borwa (SARS) = e kgonne go dira gore go busediwe dibilione di le R5.4.

1.3  Kgatelopele e e dirilweng mo diphetogong tse di dirilweng e tsenyeletsa, (i) Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Lephata la Tirelopuso mmogo le Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Tsamaiso ya Lephata la Tirelopuso mme melaotlhomo eno e letetse Moporesitente go e nesetsa pula; (ii) Go thapilwe moatlhodi yo a tlileng go disa maemo mo Setheong se se Lwantshanang le Bokhukhuntshwane (IDAC); (iii) Naga ya Aforika Borwa leina la yona le phimotswe mo lenaaneng la maina a dinaga tse di sa tsamaising ka tolamo matlole a tsona; (iv) Go isitswe kwa Palamenteng pegelo ya setlhopha sa Dipatlisiso tsa go Batla Maikutlo a Setšhaba ka Maemo a go Fetola Thulaganyo ya Ditlhopho; (v) Sekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo wa go Sireletsa Batlhankedi bao ba Ribololang Ditiragalo tse di Tswileng mo Tseleng mo nakong e e sa fediseng pelo o tla tle o isiwa kwa Kabineteng gore e o sekaseke, mme e nngwe gape kgatelopele ke ya bo (vi) e e ka ga go Tlhoma Rejisetara e Kgolo ya go Rekota Maina a Batlhankedi ba ba Direlang Puso ba ba Kobilweng mo Tirong mme thulaganyo eno e santse e sekasekiwa go utlwa gore setšhaba se a reng ka yona.

1.4  Go fitlha ga jaanong go setse go phetagaditswe diphesente di le 57 tsa dikgato tse di tshwanetsweng go phetagadiwa (mo go di le 60 go phetagaditswe di le 34), diphesente di le 18 (dikgato di le 11 mo go di le 60) tsa dikgato tse di tshwanetsweng go tsewa di tsamaya ka tshwanelo, diphesente di le 23 (dikgato di le 24 mo go di le 60) di santse di diega mme le fa go le jalo tiro yona e ntse e gatela kwa pele, diphesente di le 2 (kgato e le 1 mo go di le 60) e tlhoka go tlhongwa leitlho le le ntšhotšho.

2. Leano la go laola Bolwetse jwa Metlhape (FMD)

2.1 Kabinete e lomilwe tsebe ka bogale le go anama ga bolwetse jwa metlhape ka fa nageng ya Aforika Borwa.

2.2 Kabinete e neseditse pula tshitshinyo ya gore go tsenngwe tirisong dithulaganyo tsa go enta ka bontsi metlhape jaaka e le selo se se botlhokwa thata mo go thibeleng le mo go alafeng leruo.

2.3. Letsholo la go enta metlhape le tla re kgontsha gore re kgone go tlhabela ente leruo la naga la dikgomo di ka nna dimilione di le 14, mme seno se raya gore re tla tlhoka diente di feta di le dimilione di le 28 mo dikgweding di le 12 tse di tlang.

2.4  Letsholo la go ntsha diente tse dintsi le tla enngwa nokeng ka dithulaganyo tsa go reka ente mo lefelong le le esi gore re nne le ente e le nngwe e e dirisiwang.

2.5 Leano leno le tlhagisa tshedimosetso mabapi le gore go tla potlakisiwa ente mo diporofenseng dife tse di e tlhokang ka bonako go ya ka gore bolwetse jono bo aname e bile bo bogale go le kanakang.

2.6 Kabinete e tlhaloseditswe ka diente di le dimilione di le pedi tse di setseng di le teng tse di ka dirisiwang go simolola ka letsholo la go tlhabela ente.

2.7 Kabinete e ikuela mo baruing go tswelela go obamela melao e e tsentshitsweng tirisong ya thibelo ya motsamao wa metlhape jaaka e le yona e e mosola mo go thibeleng go anama ga bolwetse jono.

3. Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pholisi ya Naga ya go Atlhaatlha Maemo la Ngwaga wa 2025

3.1.1 Kabinete e neseditse pula Leano la go Tsamaisa Tiro ya Pholisi ya Naga ya go Atlhaatlha Maemo la Ngwaga wa 2025, mme lona le baya mo dinakong Pholisi ya go Atlhaatlha Maemo gore e tswelele go nna mo dinakong le go nna le mosola.

3.1.2 Leano leno la ngwaga wa 2025 le gagamatsa dithulaganyo tsa go baya dintlha tse di tshwanetsweng go fitlhelelwa mmogo le dipoelo fa ka fa letlhakoreng le lengwe le samagana le dithulaganyo tsa go sekaseka le go atlhaatlha Maano a Phetagatso ya Tiro a Ngwaga le Ngwaga, mmogo le go tla ka maano a a feletseng a kgalemo fo batlhankedi ba sa diring tiro ya bona ka tshwanelo, mmogo le go naya meputso bao ba dirang tiro ya bona ka manontlhotlho.

4. Pegelo ya Bobedi ya Naga e e Mabapi le go Tsenya Tirisong Mogopolo o Montšhwa wa Metseseteropo

4.1 Kabinete e neseditse pula Pegelo ya Bobedi ya Naga e e Mabapi le go Tsenya Tirisong Mogopolo o Montšhwa wa Metseseteropo.

4.2 Pegelo eno e na le megopolo e e mabapi le dikgato tse di ka dirisiwang go bega dikgato tsa go tsenya tirisong Mogopolo o Montšhwa wa Metseseteropo:

4.2.1 Kgatelopele e naga e e dirileng mmogo le dikgwetlho tse di tsamaisanang le tlhokomelo ya tlhabololo ya metseseteropong gore e nne le seabe mo go thuseng setšhaba mmogo le mo go fediseng tshokolo.

4.2.2 Maemo a setšhaba mo go tlhokomeleng le mo go tshwaraganeleng khumo mo metseseteropong.

4.2.3 Tlhokomelo ya tikologo mmogo le tlhabololo e e bonagalang ya metseseteropong mmogo le tsamaiso ya ona, togomaano ya ona le maano a teng a go tsamaisa tiro ya tlhokomelo ya matlole le go nna le ditheo tse di nang le bokgoni.

4.3 Kabinete e neseditse pula gape le gore Tona ya Merero ya go Agela Baagi Bonno a tle ka leano le le tla rarabololang ditiragalo tsa batho go itlhoma gongwe le gongwe mo mafelong a a leng kotsi, a a welwang ke mathata, mme leano leno le tshwanetse go tla le ka ditharabololo tsa matsapa a ga jaanong le tsa go ya go ile mo ntlheng ya Mafelo a Bodulo a Nakwana (TRU).

5. Leano la Puso le le Mabapi le go Thusa Setšhaba sa Aforika Borwa mo Mererong ya tsa Thobalano le tsa Pelegi (SRJ)

5.1  Kabinete e neseditse pula Leano le le Mabapi le go Thusa Setšhaba sa Aforika Borwa mo Mererong ya tsa Thobalano le tsa Pelegi.

5.2.  Leano leno le tsamaisana le leano la go tsamaisa tiro le le ka ga ditshwanelo tse batho ba nang le tsona mo mererong ya tsa thobalano le tsa pelegi mme lona le ikaegile ka Molaotheo.

5.3 Maitlhomo a leano leno ke go dira bonnete jwa gore batho botlhe, segolobogolo batho ba bomme, bašwa le bao go itlhokomolositsweng bona, ba nna le maatla le ditirelo tsa go ka kgona go tsaya ditshwetso tse di ba siametseng mo mebeleng, mo go tsa thobalano le mo go tsa pelegi.

C.  Melaotlhomo

1.  Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Melawana e e Itlhophileng ya go Rola Tiro wa Ngwaga wa 2026

1.1.  Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Melawana e e Itlhophileng ya go Rola Tiro. Molaotlhomo ono o tsena mo legatong la Molao wa Melawana e e Itlhophileng ya go Rola Tiro wa bo 69 wa Ngwaga wa 1996, o o laolelang gore go somarelwe merokotso e e bokeleditsweng pele ga dikarolo tse di rileng tsa melawana eno di ka felelwa ke maatla. O letlelela gore motho yo a nang le matshwanedi a go rebolelwa merokotso e e fetang o le mongwe a kgone go letlelelwa go fitlhelela morokotso o o gaisang e mengwe, e leng selo se se tlileng go dira bonnete jwa gore mo tsamaisong ya merokotso e e itlhophileng ya go rola tiro go nna le tekatekano le tolamo.

1.2. Molaotlhomo ono o tla ka dikarolo tse di letlelelang gore baokapelo bao ba tlhokafaletsweng e nne bona ba ba rebolelwang matlole otlhe a baokapelo ba bona a kwa tirong fa ba tlhokafetse kgotsa fa go go itshupa e kete ga ba sa tlhole ba le teng mo botshelong. Diphetogo tseno di diretswe gape le gore di samagane le makoa a a neng a le teng mo tsamaisong mmogo le go oketsa ditšhono tsa go nna bajalefa, e leng seo se tseelang kwa tlhogong seabe se batho ba bangwe ba nnileng le sona mo go ikentsheng setlhabelo mo go direng gore temokerasi ya naga ya Aforika Borwa e kgone go tsenngwa tirisong.

2. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Badiri wa Ngwaga wa 2025

2.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Merero ya Badiri gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tlhabolola le go gagamatsa leano la go tsamaisa tiro la merero ya badiri mo nageng ya Aforika Borwa ka go kwalola sešwa Molao wa Merero ya Badiri wa bo 8 wa ngwaga wa 2018, mmogo le Molao wa Maemo a Motheo a go Thapa Badiri wa bo 7 wa Ngwaga wa 2018, mmogo le go kwalola sešwa Molao wa Megolo e e kwa Tlase ya Setšhaba wa bo 9 wa ngwaga wa 2018 mmogo le Molao wa go Thapa Badiri ka Selekano wa bo 55 wa ngwaga wa 1998. Maitlhomo a ona ke go oketsa maatla a go sireletsa badiri, go dira bonnete jwa gore o tsamaisana le ditshwanelo tse di leng teng mo Molaotheong fa go tla mo ntlheng ya tekatekano le seriti, go tlhabolola dikgato tsa go laolela maemo a go thapa badiri mmogo le go tlhamalatsa ntlha e e ka ga go rarabolola dikgogakgogano.

2.2. Molaotlhomo ono o gagamatsa tshireletso ya ba ba leng mo tlalelong le bao maemo a bona a go thapiwa go sa itsegeng gore a eme fa kae fa ka fa letlhakoreng le lengwe o tsamaisana le ditlhokwa tse bathapi le bona ba di lebeletseng go tswa mo badireding ba bona. Molaotlhomo ono o neela Molaotheo maatla jaaka o baya kwa setlhoeng dithulaganyo tse di sa gateleleng ba bangwe mo mererong ya badiri, o samagana le go thusa sešhaba mmogo le go dira gore botlhe ba nne le seabe mo mererong ya ikonomi e e tswelang botlhe mosola.

3. Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikamano tsa Merero ya Badiri wa Ngwaga wa 2025

3.1. Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo yo o Kwalolotsweng Sešwa wa Dikamano tsa Merero ya Badiri gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go tlhabolola le go gagamatsa leano la go tsamaisa tiro la merero ya badiri mo nageng ka go baya mo pepeneneng melao e e ka ga go dira ditlhopho tsa baeteledipele ba mekgatlho ya badiri, e leng se se tla dirang gore go se tlhole go nna le katoloso ya nako ya ditumelano tse go dumelanweng ka tsona le mekgatlho ya badiri ntle le go phetagatsa thulaganyo e e maleba mo dikgwebong tse di rileng mmogo le go laola dithulaganyo tsa go tlamela ka matlole le go begela maloko ka tiriso ya matlole a a dirisitsweng ke lekgotla la ditharabololo tsa dipuisano tsa merero ya ditiro, a mekgatlho ya badiri mmogo le a mekgatlho ya bathapi. Maitlhomo a dintlha tse di tshitshintsweng ke go dira gore go nne le tekatekano magareng ga go dira gore bathapi ba nne le dithata tse di oketsegileng mmogo le dithata tse di oketsegileng tsa go sireletsa badiri.

3.2.   Molaotlhomo ono o tshitshinya gore go nne le thulaganyo ya dikgato tsa go rarabolola dikgogakgogano, go thibela seelo sa gore batlhankedi ba ba iponelang letseno le le kwa godimo go gaisa ba se tlhole ba kgona go iponela letseno le le fetang le le leng mo molaong mmogo le go fala dithulaganyo tsa go fokotsa badiredi mo tirong.

D. Bao ba Thapilweng

Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana dingwe tse di tlhokagalang.

1. Rre Mpumelelo Nconco o thapilwe go nna Mokaedi wa Kgotlatshekelo ya Khomišene ya Thuanyo, Tsereganyo le Katlholelo mo Mererong ya Dikgogakgogano tsa kwa Tirong (CCMA).

2. Go thapiwa ga Batlhankedibagolo ba Boto ya Setlamo sa Ditirelo tsa Taolo ya Difofane

i. Rre Zola Majavu (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo wa setlamo).

ii. Mme Doris Dondur (o thapilwe sešwa).

iii. Mme Zandile Matilda Kabini.

iv. Mme Mapela Angelina Serote.

v. Rre Peter Marais.

vi. Rre Badisa Matshego.

vii. Mme Boni Patricia Beauty Dibate.

viii. Mme Teboho Nokuthula Fihla.

ix. Rre Ashley Latchu; mmogo le

x.  Rre Mogamat Wasfie Ismail

3.. Go thapiwa ga Batlhankedibagolo ba Boto ya Setlamo sa Setheo sa Ditsela tsa Naga ya Aforika Borwa (SANRAL)

i. Rre Potas Thamsanqa Phili (o thapilwe go nna Monnasetulo wa setlamo).

ii. Mme Refilwe Buthelezi (o thapilwe sešwa).

iii.  Ngaka Ismail Vadi.

iv. Mme Orateng Yvonne Motsoai; mmogo le

v. Mme Rochelle Blaauw.

 

4. Go thapiwa ga Batlhankedibagolo ba Boto ya Setlamo sa Setheo sa Taolo ya Difofane tse di Rwalang Baagi tsa Naga ya Aforika Borwa

(i) Moatefokate Mpati Mmasechaba Lebakeng (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo wa setlamo).

(ii)  Rre Mankopane Daniel Tshepo Peege (o thapilwe sešwa).

(iii) Mme Tshitshi Phewa (o thapilwe sešwa e bile gape ke moemedi wa Lefapha la Dipalangwa).

(iv) Mme Lindiwe Mamashela; mmogo le

(v) Mme Gloria Zanele Nkosi.

D. Meletlo le Dikhonferense

1.Go tshwarelwa ga Moletlo wa bo LIV wa Metshameko ya Kolofo mo Nageng ya Aforika Borwa e e tla tshwarelwang kwa Lepatlelong la Metshameko ya Kolofo la Steyn: go tloga ka ngwaga wa 2026 go fitlha ka wa 2028

1.1 Kabinete e neseditse pula ditiragalo tsa go tshwarelwa ga Moletlo wa bo LIV wa Metshameko ya Kolofo mo Nageng ya Aforika Borwa e e tla tshwarelwang kwa Lepatlelong la Metshameko ya Kolofo la Steyn kwa Johannesburg go tloga ka la bo 19 go fitlha ka la bo 22 Mopitlwe 2026

1.2.  Dikgaisano tsa Moletlo wa bo LIV tsa Metshameko ya Kolofo ke dikgaisano tsa banna tsa metshameko ya kolofo mo go tshamekang baganka ba metshameko ya kolofo mo metshamekong e megolo mo lefatsheng.

1.3 Go tshwarelwa ga Moletlo wa bo LIV wa Metshameko ya dikgaisano tsa kolofo go solofetswe gore go tla nna le dipoelo tse dikgolo mo maemong a ikonomi le mo go tsweleng setšhaba mosola, go tsenyeletsa mo lephateng la go oketsa dipalopalo tsa batho ba ba tlileng go jela naga nala, mo go tlholeng ditiro, fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tlile go nna mosola mo go godiseng le mo go direng gore batho ba bantsi ba nne le lerato la metshameko ya kolofo ka fa nageng ya Aforika Borwa ka go nna le matsholo a a totileng go tlholela batho lefa.

1.4 Go solofetswe gore moletlo ono o tla nna le seabe se se kana ka dimilione di le magareng ga di le R500 go ya go di le R800 mo ikonoming mo moketeng o le mongwe fela.

1.5  Letsholo la go tlholela batho lefa la Moletlo wa bo LIV wa Metshameko ya dikgaisano tsa kolofo go solofetswe gore le tla matlafatsa bašwa ka go dira gore ba kgone go fitlhelela ditšhono tseno, ba kgone go tlhotlhelediwa le go neelwa ditšhono tsa go katisiwa ka manontlhotlho e leng dikgato tse di tla phetagadiwang ka makgaokgao a le mabedi. Ya ntlha e tla tshwarelwa mo Lepatlelong la Kolofo le le kwa Kgaolong e e kwa Borwa mo Sekolong sa Porofense ya Gauteng sa Steyn City, mme ya bobedi e tla atolosa palo ya baagi bao ba unngwelwang.

1.6  Go solofetswe gore metshameko e mengwe ya Moletlo wa bo LIV wa Metshameko ya dikgaisano tsa kolofo e tla tshwarwa mo ngwageng wa 2027 le wa 2028, mme go na le kgonagalo ya gore nako ya go tshwarwa ga yona e ka gogelwa kwa pele go tsenyeletsa le ngwaga wa 2029 mmogo le wa 2030.

2.  Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho

2.1 Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Ditshwanelo tsa Batho ka Mopitlwe ka molaetsamogolo yo o reng: “Lefa la go Ipeta Sebete: Go Sireletsa Ditshwanelo, go Somarela seo Botho e leng Sona.” Monongwaga e setse e le wa bo 30 fa e sale go saeniwa gore Molaotheo e nne molao wa naga ya rona.

2.2  Go thankgololwa ga go ketekiwa ga segopotso sa ngwaga wa bo 30 sa go tlotlomatsa dikgato tsa go amogelwa ka go saenela gore Molaotheo e nne molao wa naga ya rona go tla ketekiwa ka la bo 2 Mopitlwe 2026 kwa Musiamong wa Puso ya Tlhaolele. Mokete ono ke segopotso mo go rona rotlhe gore re totobatse gore temokerasi ya naga ya rona le kgololesego ya teng di tswelele go nna le maatla a a feteletseng.

2.3  Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe gore a tswelele a ikobele diphisegelo tse di santseng di tshela le rona tsa setšhaba sa rona sotlhe tsa go nna le temokerasi ya molaotheo, ditshwanelo tsa batho le kgololesego, kobamelo ya molao, mmogo le go ikobela seabe se balwelakgololesego ba nnileng le sona mo kgololesegong le mo temokerasing ya naga ya rona.

3.  Go Tshwarwa ga Khonferense ya Pulamadibogo ya Dipalangwa tsa Naga

3.1.Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go tshwarwa ga Khonferense ya Pulamadibogo ya Dipalangwa tsa Naga e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 16 go fitlha ka la bo 18 Mopitlwe kwa Johannesburg, Gallagher Estate.

3.2, Khonferense eno e tla tšhotlha merero ya lekala la dipalangwa la naga ya Aforika Borwa gore go tliwe ka ditharabololo tsa dikgwetlho tse go tobanweng le tsona. Go solofetswe gore khonferense eno e tla ngokela baromiwa go tswa ka fa nageng ya Aforika Borwa, kwa Dinageng tse di Dirisanang Mmogo tse di kwa Borwa jwa Aforika (SADC), mmogo le mo lefatsheng ka bophara ba le 750.

3.3.  Maitlhomo a khonferense eno ke go aga ponelopele e le nngwe e botlhe ba dumelanang ka yona fa go tla mo seabeng seo dipalangwa ka fa nageng ya Aforika Borwa di nang le sona mo go thuseng baagi go nneng le seabe mo tlhabololong ya ikonomi, mmogo le mo go kokoanyeng bannaleseabe lefatshe ka bophara go ema nokeng mogopolo o le esi. Khonferense eno e tlile gape le go rotloetsa gore go tlhabanwe ka botlhale, go itseelwe ka tlhaa mo dipatlisisong tse di dirilweng mo dinageng le mo ditheong tsa boditšhabatšhaba mmogo le ka fa nageng, mmogo le go lekelela go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji tse go itlhametsweng tsona mmogo le go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji go iponela ditharabololo gore re tle re kgone go tokafatsa ka fao dithulaganyo tsa dipalangwa di dirang ka teng mo go phetagatseng tiro le mo go direng gore dithulaganyo tsa dipalangwa tsa naga ya rona di kgone go gaisana le tse dingwe mo lefatsheng.

11. Letsatsi la go Keteka Boganka jwa Sesole sa Naga ya Rona

 11.1. Moporesitente Cyril Ramaphosa, jaaka e le Komang ka Nna wa Sesole sa Tshireletso ya Naga ya Aforika Borwa (SANDF), o ne a eme ka lefoko moletlo wa Letsatsi la go Keteka Boganka jwa Sesole sa Naga ya Rona o o neng o ketekiwa kwa Masepaleng wa Tikologo wa Vhembe ka la bo 21 Tlhakole 2026.

 11.2. Letsatsi la go Keteka Boganka jwa Sesole sa Naga ya Rona le ketekiwa ngwaga yo mongwe le yo mongwe ka maitlhomo a go gopotsa sešhaba ka sekepe se segolo sa sesole se se kileng sa nwelela sa SS Mendi,mmogo le go bontsha tlotlo go masole otlhe a a lobileng matshelo a bona ba le mo tirong ka matsholo a go sireletsa naga ya rona kgatlhanong le dilalome tse di leng kwa ntle ga melelwane ya naga ya rona le fa ba ne ba tsweletse ka matsholo a ka fa nageng. Ke letsatsi leo ka lona re akgolang bao ba aparang seaparo sa sesole sa rona ka go ipeta sebete, bao ba drelang go sireletsa setšhaba sa rona le batho ba naga ya rona.

 11.3.Kabinete e eme ka lefoko le le lengwe le Moporesitente Cyril Ramaphosa mo go tlotlomatseng Sesole sa Bana ba Mmala wa Sebilo ba ba latlhegetsweng ke maphelo a bona fa SS Mendi e ne e nwelela ka la bo 21 Tlhakole 1917 fa go ne go runtse Ntwa ya Ntlha ya Lefatshe. Go ipeta sebete ga bona, bogatlhamelamasisi jwa bona mmogo le go ipopa ngatana ga bona fa ba ne ba tobane le leso ka mo matlhong e tswelelga go nna seo re ba gopolang ka sona le mo motsing ono le go ya go ile, go ipeta sebete ga bona go tswelea go re rotloetsa le gompieno.

E. Melaetsa

1.  Melaetsa ya Matshediso

1.1.  Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa:

1.1.1. Molweladitshwanelo tsa batho yo gape a neng a lwantshana le puso ya tlhaolele, Moruti Ngaka Jesse Louis Jackson yo a theeletsweng ka ntatemogolo wa gagwe. Naga ya Aforika Borwa e latlhegetswe ke tsala ya mmatota. Segopotso sa ga Moruti Jackson e tla tswelela go nna karolo ya naane ya naga ya rona fa go buiwa ka kgololesego e bile ke yo mongwe wa ba bangwe ba ba neng ba bua kgatlhanong le puso ya tlhaolele ka nako eo ba bantsi ba neng ba itira e kete ga ba bone se se neng se diragala. Ka ngwaga wa 2013, naga ya Aforika Borwa wa temokerasi e ne ya mo tlotlomatsa ka Kabo ya Naga ya go Bontsha Tlotla ya Ditsala tsa O.R. Tambo ya mobetlo wa Selefera.

1.1.2.Ngaka John Bolana, Mobišopo wa Botlhano wa Kereke ya Bakeresete ba Bana ba Mmala wa Sebilo yo e neng e le motlhankedi wa modimo yo a neng a rata nnete e bile a na le kutlwelobotlhoko mo phuthegong ya kereke ka fa nageng ya Aforika Borwa mmogo le mo kgaolong ya SADC. E ne e le sedibana sa kitso le dikeletso mo go ba le bantsi ka fa nageng eno. Ka gale fa a ne a bula molomo o ne a sa kgale mathe gore re tshwaraganeng, re tshwarane ka mokgwa o o nang le seriti, re nne le boeteledipele jo bo senang dilabe mmogo le go ipopa seoposengwe, mme seno se ne sa dira gore a tlotliwe ke batho ka go farologana ga bona mo lefatsheng.

1.1.3. Kgosi Ngaka Phylia Tinyiko N’wamitwa wa Bobedi, yo e neng e le moeteledipele, mobuladikgoro e bile gape e le ngwana wa mosetsanyana yo mogolo wa kgosikgolo yo mo botshelong jwa gagwe a dirileng tiro e e manontlhotlho jaaka e ne e le morutabana mme e bile gape e ne e le motlhankedi wa dipolotiki yo a neng a budule. E ne e le molweladitshwanelo tsa batho ba bomme yo a sa jeng nkabo yo lefoko la gagwe le neng le agelwa mosako fa a bua kgatlhanong le ditiragalo tsa go bogisa basadi, mme mo malobanyaneng fano o ne a amogela taletso ya gore e nne karolo ya Setlhopha sa Batlhankedi ba ba Tlotliwang ka fa nageng, e leng setlhopha se se rwesitsweng maikarabelo a Kopano ya Puisano le Setšhaba.

1.1.4.Mobonelapele, Clem Sunter, yo a kwadileng “High Road, Low Road scenario” e leng sekwalwa se se gwetlhileng naga ya Aforika Borwa go thulana ka tlhogo le ditlamorago tse re tobaneng le tsona ka ntlha ya ditshwetso tse di tserweng tsa sepolotiki le tsa ikonomi. Tiro ya gagwe e neile naga leano le go ka agelelwang mo go lona go ka bonela kwa pele isago e e botoka mo motsing oo ka ona ponelopele ya isago e neng e santse e le lerotho.

1.1.5.Mobuladikgoro yo a belegweng kwa Lebanon yo e neng e le motlhankedi wa merero ya botipolomate e bile gape e le molweladitshwanelo tsa batho wa Palestine e bong Leila Shahid yo a makaditseng lefatshe go nna motho wa mme wa ntlha go nna moambasatara wa naga ya Palestine. Ka ntlha ya tiro ya gagwe e e tswileng diatla mo go direleng mokgatlho wa Palestine Liberation Authority (PLO) mmogo le Setheo sa Molao sa Naga ya Palestine kwa nageng ya Ireland, Netherlands, mmogo le France, mme yo o feleditse e le yo mongwe wa ba ba tlotlegang mo lefatsheng ba ba neng ba ema ka dinao go lwela boipuso jwa Palestine.

2. Melaetsa ya go Akgola

Kabinete e romela melaetsa ya yona ya go akgola le go eletsa masego:

2.1.Setlhopha sa naga sa di-Protea go latela gore se tswelele mo Legatong la Borobedi la Metshameko ya Boditšhabatšhaba ya Kerikete ya Metshameko ya Sejana sa Lefatshe ya Banna ya T20, kwa India le kwa Sri Lanka. Re ba eletsa masego mo go lweleng go fitlhelela metshameko ya sekamakgaolakgang.

2.2. Badumedi ba tumelo ya Sekeresete le ba tumelo ya Semoselema jaaka ba keteka matsatsi a bona a sedumedi e bong la Lent le la Ramadan ka go latelana ga dutumelo tseno. Kabinete le yona e eme ka lefoko la ga Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng molaetsa wa go ba lakaletsa tsotlhe tse di molemo.

Dipotsiso:
Ikgolaganye le: 
Mme Nomonde Mnukwa
Mokaedi yo Mogolo (DDG) wa Namaotshwere

Share this page

Similar categories to explore