Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, 23 Lwetse 2026

A.     Merero ya ga Jaana
1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tse di oketsegang tsa tirisodikgoka le dipolao mo basading 
1.1. Kabinete e ema ka lefoko le le lengwe le setšhaba mo go kgalemeleng ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa tirisodikgoka le dipolao mo basading (GBVF) mme ka jalo Kabinete e oba ditlhogo go bontsha tlotlo go basadi ba le robongwe ba ba bolailweng setlhogo mo mafelong a a farologaneng kwa Mmasepaleng wa Toropokgolo ya Ekurhuleni, kwa porofenseng ya Gauteng. Palo ya bona jaanong e tlhatlogetse go ba le 13. 
1.2. Kabinete e amogetse go tshwarwa ga babelaelwa ba le bane tebang le dipolao tsa basadi ba le bararo. Babelaelwa ga jaana ba mo kgolegelong morago ga go timiwa beile fa ba ne ba tlhageletse kwa kgotlatshekelo. 
1.3. Kabinete e eme nokeng taelo ya Moporesitente Cyril Ramaphosa ya go tlhoma Setlhopha sa Tshwaraganelo ya Maphata a a Farologaneng sa Dipatlisiso se se eteletsweng pele ke Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa go direla ka bonako go tshwara le go sekisiwa ga ditlhokotsebe tseno tse di amegang mo dipolaong. Setlhopha seno se mo metlhaleng ya ba le bantsinyana ba go belaelwang ba na le seabe mo ditiragalong tseno. 
1.4. Koketsego ya ditiragalo tsa GBV - segolobogolo dipolao tsa basadi, e leng dipolao tsa basadi ka maikaelelo ba bolawa ke batho ba ba ba tlwaetseng, di tshwanetse di gwetlhe setšhaba go tsibogela bothata jono le go dira gore banna ba sireletse basadi, malapa a bona le mafelobonno mmogo le setšhaba ka kakaretso. 
1.5. Ka lefoko lona leo, ditheo tsa tsenyotirisong ya molao di tshwanetse go netefatsa gore bao ba nang le seabe mo dipolaong tseno tsa basadi ba a tshwarwa le go di gama ba sa di tlhapela; ka ntlha ya fa melao eo e tlhabolotswe go netefatsa gore ditlolomolao tsa GBVF go samaganwa le tsona ka bogale. 
1.6. Puso e tla tswelela go dira sengwe le sengwe se e ka se dirang go rotloetsa tshireletso le boitekanelo ba basadi le bana mo mafelobonnong a rona. Rotlhe, re le banna le basadi, tla re emeng ka dinao re lwantsheng tirisodikgoka le go nna le seabe mo go fediseng bothata jwa GBVF. 
1.7. Kabinete e ikuela gape le mo mothong yo mongwe le yo mongwe yo a nang le tshedimosetso ka ga ditiragalo tsa botlhokotsebe go begela sepodisi, ka go letsetsa mogala o o sa duelelweng wa go Fedisa Botlhokotsebe mo go 086 00 10111 kgotsa go letsetsa mogala wa diura tse 24 wa Tikwatikwe ya Megala ya Taolo ya GBV mo go 0800 428 428.

2. Samiti ya BRICS
2.1. Kabinete e neseditse pula Samiti ya bo18 ya BRICS e e tshwerweng ka katlego kwa New Delhi, India go tloga ka la bo12 go fitlha ka la bo13 Lwetse 2026, ka fa tlase ga setlhogo se se reng: “Go Aga ka Maitlhomo a go Tlisa Ikatlapelo, Boitshimololedi, Tirisanommogo le Tshireletsego”. Samiti eno e ne ya boeletsa maikemisetso a yona a go lwela gore go nne le ditheo tsa boditšhabatšhaba tse di emelang batho botlhe mo lefatsheng mmogo le tirisanommogo e e gatetseng kwa pele mo mererong ya kgwebisano le dipeeletso; mo mererong ya go gwebisana ka ledi la selegae le go dira dituelelo go kgabaganya melelwane; tlamelo ka matlole a mafaratlhatlha go tswa kwa Bankeng e Ntšhwa ya Merero ya Tlhabololo; tirisanommogo mo mererong ya dijithale; tlhabololo e e tswelelang; go ikatlapelo mo maemong a tlelaemete le go se tlhaele dijo. 
2.2. Fa go tla mo go Aforika Borwa, dipoelo tsa samiti eno di botlhokwa thata jaaka di ema nokeng maitlhomo a naga a go potlakisa dikgato tsa go aga diintaseteri, go atolosa dikgato tsa go fitlhelela dimmaraka, go ngoka dipeeletso mmogo le go oketsa boleng jwa mosola wa diminerale tse di botlhokwa. Dintlha tse di botlhokwa tseno di ka thusa go gagamatsa ditlhagisiwa tse di tlhagisiwang ka fa nageng, di tlile go tlholela dikgwebo le batho ba ba itshimololelang dikgwebo ditšhono, go ema nokeng ditiragalo tsa go tlhola ditiro mmogo le go netefatsa gore metswedi ya naga ya rona e re tswela mosola rotlhe.

3. Ikonomi 
3.1.     Batlhagisi ba leungo la tšheri ba mo nageng ya Aforika Borwa ba ntsha ga tshwene mo mmarakeng wa maungo a tšheri a a rekisediwang naga ya China 
3.1.1. Kabinete e itumeletse batlhagisi ba ba leungo la tšheri ba mo nageng ya Aforika Borwa ba ba kgonneng go phunyeletsa go fitlhelela mmaraka wa kwa China lekgetlo la ntlha morago ga go saeniwa ga tumelano ya go fitlhelela dimmaraka tsa naga ya Aforika Borwa le ya China ka la bo08 Lwetse 2026. Tumelano eno e saenilwe ke Tona ya Merero ya Temothuo, Rre Willie Aucamp mmogo le moemedi wa Tsamaiso ya Mererokakaretso ya Lekgetho wa naga ya China fa go ne go tshwerwe Kopano ya bo9 ya Ditona mo Mererong e e Samaganeng le Phepafatso mmogo le Twantsho ya Malwetse a Dijalo e e neng e tshwaretswe kwa Beijing. 
3.1.2. Tumelano eno e naya batlhagisi ba Aforika Borwa e nngwe ya ditšhono tse dikgolo tsa go ka kgona go rekisetsa o mongwe wa mebaraka ya tšheri e megolo mo lefatsheng. Naga ya China mo ngwageng wa 2025 e rekile maungo a ditšheri go tswa kwa dinageng tsa boditšhabatšhaba a bontsi jwa ditone di ka nna di le 586 900 tse boleng jwa tsona bo balelwang go ditolara di le dibilione di le 3.3 (e ka nna dibilione tsa diranta di le 52.8). Go bulwa ga mmaraka ono go solofetswe go tlhotlheletsa dipeeletso mo tlhagisong ya maungo a tšheri mmogo le go tlhola ditiro tse dintšhwa di ka nna di le 600.
3.1.3. Tiragalo eno ke e nngwe ya maiteko a mantsi a  go atolosa palo ya ditlhagisiwa tse di tswang mo temothuong tse di rekisediwang dinaga tsa kwa ntle go tswa mo Aforika Borwa e leng maiteko a go oketsa le go tswaka mebaraka e re e rekisetsang ya boditšhabatšhaba. Seno se diragala ka paka e le nngwe le sekema sa naga ya China sa go se duedise lekgetho ditlhagisiwa tse di nang le matshwanedi a go se duedisiwe go tswa mo Aforika Borwa, mme sona se tsentswe tirisong ka la 01 Motsheganong 2026. 

4. Re Atumela letlha la Ditlhopho tsa Dipusoselegae tsa 2026
4.1. Kabinete e ikuela mo go batho botlhe ba ba nang le matshwanedi a go tsenela ditlhopho ba ba timeletsweng kgotsa go senyegelwa ke makwaloitshupo a bona go ya go dira kopo ya a mantšhwa ka bonako pele letlha la ditlhopho tsa dipusoselegae le goroga ka la bo04 Ngwanaitseele 2026. Baagi ba ka etela dikantoro tsa Lefapha la Merero ya Selegae kgotsa e nngwe le e nngwe ya  dibanka di feta 450 tse di reboletsweng maikarabelo ano go ya go dira dikopo tsa go rebolelwa makwaloitshupo. 
4.2. Dikopo tsa go ikwadisetsa ditlhopho tse di kgethegileng di butswe mme di tlile go tswalelwa ka la bo12 Diphalane 2026 ka 17:00. Ditlhopho tse di kgethegileng di naya tšhono go batlhophi ba ba matshwanedi e bile ba ikwadiseditse mme ba ka se kgone go tlhopha kwa diteišeneng tsa ditlhopho tse ba ikwadisitseng kwa go tsona go ka tlhopha pele ga letlha le le beilweng la ditlhopho. Ditlhopho tse di kgethegileng di diretswe batlhophi ba nang le bogole, basadi ba baimana, batsofe le batho ba ba ka paledisiwang ke mabaka a tiro. 
4.3. Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa otlhe, segolobogolo bašwa mmogo le bao e tla bong e le lekgetlo la ntlha ba tsenela ditlhopho, go sola mosola tshwanelo ya bona ka go tlhopha. Tlhopho e nngwe le e nngwe e botlhokwa e bile e dira gore temokerasi ya rona e gagamale le go feta. 
4.4. Kabinete e ikuela mo makokong a dipolotiki mmogo le bontlhopheng ba ba ikemetseng ba ba tla bong ba tsaya karolo mo ditlhophong tse di tlang gore ka gale ba se ikgatolose Molawana wa Maitsholo mo Ditlhophong mme ba tswelele go itshokelana jaaka boradipolotiki ba ba farologaneng. 

5. Dithulaganyo tsa bofelelo tsa go baakanyetsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa Ngwaga wa 2026 tsa Lekwalo la Marematlou 
5.1. Kabinete e eletsa barutwana botlhe tsotlhe tse di molemo jaaka ba ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa makgaolakgang tsa Ngwaga wa 2026 tsa Lekwalo la Marematlou, tse di tlileng go simolola ka la bo13 Diphalane 2026. Mo dithulaganyong tseno tsa bofelelo, dikolo di samagane le go tlhatlhelela barutwana ka go boeletsa tse ba di rutilweng gore barutwana ba kgone go ipaakanyetsa go samagana le ditlhatlhobo ka tshwanelo. 
5.2. Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go ela tlhoko bana ba ba ka fa tlase ga tlhokomelo ya bona le go tlhola maemo a tikologo e e ba tshegetsang e bile e tla ba kgontshang go tsepama mo dithutong tsa bona. Barutwana go rotloediwa gore ba nne le lenaneo le ba tshwanelwang ke go le latela la dithuto tsa bona mmogo le go kopa thuso gore ba fatlhololwe ke barutabana ba bona mmogo le barutwanammogo ba bona fa go na le seo ba sa se tlhaloganyeng mo dithutong tsa bona. Fa wena kgotsa ngwana yo o mo tlhokomelong ya gago yo a dirang materiki a ikutlwa a tlalelane, go na le ditirelo tsa seporofešenale tse di leng teng tse di dirang bosigo le motshegare tse di sa duelelweng tsa Setlhopha sa Aforika Borwa sa Merero ya Malwetse a Letshogo le a Kgatelelo ya Maikutlo tse o ka bonang thuso mo go tsona mo nomorong ya mogala ya 0800 12 13 14.

6. Go ipaakanyetsa le go tsibogela maemo a bosa a a masisi 
6.1. Puso e tswelela go disa maemo a bosa a a masisi naga ka bophara. Phetogo ya tlelaemete e tlhotlheletsa koketsego ya seelo le bogale ba ditiragalo tsa maemo a bosa a a masisi. Ditheo tsa taolo tsa mebuso ya diporofense mmogo le tsa bommasepala di eme sejaro, go ipaakanyetsa sengwe le sengwe se se ka diragalang mmogo le go netefatsa gore maano a tsibogelo ya masetlapelo a nna a letile fa go ka nna le tlhokagalo ya ona. 
6.2. Baagi ba rotloediwa go ela tlhoko ditemoso tse di rebolwang ke Tirelo ya Maemo a Bosa ya Aforika Borwa le go latela dikaelo tsa bothati ba taolo ya masetlapelo segolo jang mo mafelong a a leng mo kotsing ya go welwa ke merwalela, ditsuatsue, sefako mmogo le maemo a mangwe a a kotsi.

B.     Ditshwetso tsa Kabinete
1.    Sekwalwa sa Mosupatsela se se Tlhabolotsweng sa Makgaolakgang ka ga Dipusoselegae, 2026 
1.1.    Kabinete e neseditse pula Sekwalwa sa Mosupatsela se se Tlhabolotsweng sa Makgaolakgang ka ga Dipusoselegae sa 2026  gore se kaele ka fao tsamaiso ya diphetogo le tsosoloso ya dipusoselegae e ka diragadiwang ka teng. Tlhabololo ya sekwala seno sa mosupatsela e diragaditswe ka maitlhomo a go samagana le dikgwetlho tse di tobaneng le bommasepala mo tsamaisong ya tsona, ya ditheo tsa puso, matlole le mo kabong ya ditirelo. 
1.2.    Sekwalwa seno sa Mosupatsela se tsibogela maemo ano ka go gagamatsa dikgato tsa go tsenya tirisong, go rwesa maikarabelo, go golaganya tsamaiso ya ditheo mmogo le tlhokomelo ya matlole. 
1.3.    Kabinete e neseditse pula gape le go tlhomiwa ga Mokgatlho wa Merero ya go Disa Diphetogo o o beetsweng sebakanyana se se rileng go nna mo tirisong mmogo le go golaganya, go tsenya tirisong matsholo otlhe a puso a go phetagatsa tiro, o o gogwang kwa pele ka tshwaraganelo ke Lefapha la Pusotshwaraganelo, Kantoro ya Moporesitente mmogo le Lefapha la Merero ya Matlole a Naga gore e nne bona ba ba gogang kwa pele phetagatso ya go tlisa diphetogo tseno.

2.    Go aroganya Bothati ba Magorogelo a Bosetšhaba a Transnet (TNPA) le diphetogo ka kakaretso tsa dipalangwa le tsamaiso ya dithoto
2.1.    Kabinete e beilwe mo dinakong mo ntlheng ya go fetolwa ga merero ya dipalangwa le tsamaiso ya dithoto ka maitlhomo a go tokafatsa e leng go fetola ka fao di dirang tiro ya tsona ka teng, go dira gore go nne le mafaratlhatlha a a tshepagalang mmogo le go dira gore naga ya Aforika Borwa e gaisane le dinaga tse dingwe mo ditereneng tse di rwalang dithoto mmogo le mo dijanageng tse di rwalang dithoto. 
2.2.    Kabinete e tshegeditse mogopolo wa go aroganya Bothati ba Magorogelo a Bosetšhaba a Transnet (TNPA) gore bo ikemele jaaka setlamo se e leng sa puso. 
2.3.    Kabinete e neseditse pula mogopolo wa gore TNPA e dire dipatlisiso mabapi le gore go na le kgonagalo ya go nna le molekane yo a tla tsholang dithata di le dinnye go tswa kwa go se sengwe sa ditheo tsa matlole a tlhabololo (DFIs) tsa ka fa nageng. 
2.4.     Meono e karoganyo eno e tla ikaegang ka yona e akaretsa dituelelo tse di sa gobelelengmabapi le Transnet ka go dirisa selekanyo se se sekasekilweng ke setheo se se ikemetseng sa TNPA; tlhokomelo ya matlole ya pakatelele, thwalo ya dikoloto ka go lekalekana magareng ga bobedi e bong Setlhopha sa Transnet mmogo le TNPA; tlhokomelo ya badiredi le badirisi; tshomarelo ya togamaano ya puso jaaka mong wa taolo ya mafaratlhatlha a magorogelo a bosetšhaba; mmogo le go tlhabolola bokgoni jwa dipeeletso le tlhabololo ya mafaratlhatlha. 

3.    Mametlelelo ya Tumalano e e ka ga go Gatelela Ditiro tse di seng mo Molaong tse di Tsamaisanang le Tirelo ya Difofane ya Boditšhabatšhaba le Tumalano e e Tlaleletsang Tumalano ya Kgatelelo ya go Amogiwa Difofane e se ka fa Molaong 
3.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Tumalano e e ka ga go Gatelela Ditiro tse di seng mo Molaong tse di Tsamaisanang le Tirelo ya Difofane ya Boditšhabatšhaba le Tumalano e e Tlaleletsang Tumalano ya Kgatelelo ya go Amogiwa Difofane e se ka fa Molaong gore e mametlelelwe. 
3.2.    Tumalano eno e maatlafatsa letlhomeso la melao ya boditšhabatšhaba e e ka ga go lwantshana le matshosetsi a a tswelelang go nna teng mo mererong ya difofane tse di rwalang bapalami mmogo le mo go gagamatseng tshireletsego ya difofane mo lefatsheng ka bophara. 
3.3.    Gareng ga tse dingwe, tumelano eno e phara motho ka molato wa botlhokotsebe fa a ka dirisa sefofane se se rwalang batho go baka loso, dikgobalo tse di masisi mo mmeleng kgotsa tshenyo e kgolo; go dirisa sefofane jaaka sebetsa; go gasa dire tsa gase, khemikhale kgotsa nutlere go tswa mo sefofaneng kgotsa kgatlhanong le sefofane; mmogo le ditiragalo tsa botlhokotsebe mo inthaneteng ka maikaelelo a go kgoreletsa tsamaiso ya mosupatsela wa diphofo. 

4.    Letlhomeso la Pholisi ya Bosetšhaba yaTshomarelo ya Segopotso sa Ngwaoboswa 
4.1.    Kabinete e neseditse pula Letlhomeso la Pholisi ya Bosetšhaba ya Tshomarelo ya Segopotso sa Ngwaoboswa go tla ka letlhomeso le le tla tsamaisang ka tolamo togo ya maano, tsamaiso le tsenyotirisong ya diporojeke tsa tshomarelo ya segopotso sa ngwaoboswa go ralala le maphata otlhe a puso. 
4.2.    Pholisi eno e tsholetsa dikgato tsa tiriso ya matlole e e nonofileng fa go tlhomiwa segopotso sa ngwaoboswa fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se tlhotlheletsa momagano ya setšhaba, go aga setšhaba, poelano le go nna le boitshupo bo bo abelanwang ba bosetšhaba. 
4.3.    Seno se tla tokafatsa gape le thulaganyo, maikarabelo mmogo le tlhokomelo ya pakatelele ya diporojeke tsa lefa la ngwaoboswa. 

5.    Bonnasetilo ba Aforika Borwa mo Foramong ya Dipuisano ya India, Brazil le Aforika Borwa (IBSA) go Tloga ka 2026 go fitlha ka 2027 
5.1.    Kabinete e neseditse pula dintlha tse di kwa mankalankaleng le tseo di tshwanetsweng ke go phetagadiwa mo go nneng monnasetulo ga naga ya Aforika Borwa mo Foramong ya Dipuisano ya India, Brazil le Aforika Borwa (IBSA) go tloga ka 2026 go fitlha ka 2027 ka molaetsamogolo o o reng: "Kagiso, Katlego le Tlhabololo". 
5.2.    Go nneng monnasetulo ga naga ya Aforika Borwa go tla tsepamisa mogopolo mo go gagamatseng tirisanommogo ya dinaga tsa Borwa-Borwa, go oketsa kgwebisano, dipeeletso le tirisanommogo ya diintaseteri tsa tsona fa ka fa letlhakoreng le lengwe go tlile go oketsa tlhabololo e e tlileng go nnela ruri go akaretsa mo dikarolong tsa motlakase, boitlhamedi le mo thekenolojing, fa gape seno se tlile go gagamatsa dikamano magareng ga batho ka metshameko le ya setso. 

6.    Pegelo ya Lephata la Puso e e Lebang kwa Komiting ya Baitseanape ba Aforika mo Mererong ya Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana (ACERWC)
6.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa 
go romela Pegelo ya Lephata la Puso ya Aforika Borwa e e Lebang kwa Komiting ya Baitseanape ba Aforika mo Mererong ya Ditshwanelo le Tlhokomelo ya Bana (ACERWC). 
6.2.    Aforika Borwa e ntshitse pegelo ya yona ya paka ya bobedi ka Motsheganong 2023 mme pegelo e e leng teng ga jaana e felelwa ke nako fa Lwetse 2026 e garela. Pegelo eno e tlhagisa mekgwa ya semolao, setheo le pholisi e e tserweng go sireletsa mmogo le go godisa ditshwanelo tse bana ba nang le tsona mmogo le ditharabololo tse di phetagaditsweng mo go rarabololeng ditshwaelo tse di dirilweng ke komiti eno mo pegelong ya ngwaga wa 2023. 

C.     Go baya Kabinete mo Dinakong
1. Pegelo ya go sekaseka Maano a a ka ga Kgolaganyo ya Tlhabololo mmogo le Mmotlolo wa Tlhabololo ya Dikgaolo go nna Leano le le Esi go tswa mo mogopolong wa merero ya Batho ba Bong jo bo Farologaneng, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogole 
1.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya go sekaseka Maano a a ka ga Kgolaganyo ya Tlhabololo mmogo le Mmotlolo wa Tlhabololo ya Dikgaolo go nna Leano le le Esi go tswa mo mogopolong wa merero ya Batho ba Bong jo bo Farologaneng, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogole. 
1.2. Tshekatsheko ya Leano le le Esi la Mmotlolo wa Tlhabololo ya Dikgaolo e re ribolela gore togo ya maano a mafaratlhatlha mo dikgaolong ka bophara ga e rarabolole dintlha tse di botlhokwa mo matshelong a basadi, bašwa mmogo le batho ba ba tshelang ka bogole segolobogolo fa le sekasekiwa go lebeletswe seabe se leano leno le se dirang mo matshelong a bona. 
1.3. Tshekatsheko ya leano leno e ribolola gape le gore dikgato tse di tshwanetseng go samagana le bothata jwa GBVF le jwa tshotlako ka thobalano bo tswelela go se lekalekane le go se rarabololwe ka tshwanelo go ralala le bommasepala botlhe. 
1.4. Kabinete e eme nokeng phetagatso ya dikatlenegiso tse di amogetsweng ke mafapha a a matshwanedi a naga le a porofense mo Lefapha la Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogole le tsweletseng go disa maemo ano. 

2.    Seabe se El Niño e nang le sona mo tlhaelong ya metsi 
2.1.    Kabinete e neetswe pegelo e e ka ga seabe se go nang le kgonagalo ya gore El Niño ya ngwaga wa 2026/27 e ka nna le sona mo tlhaelong ya metsi mmogo le dikgato tse go samaganweng le tsona mo go tileng bothata jono. 
2.2.    Kabinete e lemositswe gore bothata jono bo ka se ame fela metsi a a leng teng mme bo tlile gape le go ama lekala la temothuo le dijo tse re nang le tsona mmogo le go ama a mangwe a makala ikonomi a a dirisang metsi a mantsi, ka ditlamorago tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo ya botshelo le boitekanelo ba maAforika Borwa. 
2.3.    Puso e samagane le go ipaakanyetsa komelelo mmogo le dikgato tse dingwe tsa go lwantshana le bothata jono go dira gore setšhaba se se amege go le kalo mo maemong ano a a sa jeseng diwelang. Setlhopha se se tshwaraganetsweng ke baitseanape go tswa kwa mafapheng ka go farologana se setse se simolotse ka dithulaganyo tsa go tsibogela bothata jono. 
2.4.    Kabinete e rotloeditse batho botlhe mo nageng ya Aforka Borwa go dirisa metsi ka maikarabelo mmogo le go somarela metsi gore a se dirisiwe ka bontsi mo pakeng ya selemo.

D.     Melaotlhomo
1.    Molaotlhomo wa Intaseteri ya Aforika Borwa ya Taolo ya Merero ya go ya Lefaufaung, wa 2026 
1.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa  Intaseteri ya Aforika Borwa ya Taolo ya Merero ya go ya Lefaufaung, wa 2026 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go phimola molao wa kgale e bong Molao wa Merero ya go ya Lefaufaung wa 1993, mme mo legatong la ona go tsene letlhomeso la segompieno la go laola intaseteri ya Aforika Borwa ya merero ya go putla lefaufau. Molaotlhomo ono o tla lepalepanya letlhomeso la merero ya go ya lefaufaung ya Aforika Borwa le maemo le maikarabelo a mangwe a a kwa godimo a dinaga tsa boditšhabatšhaba. O tla dira gape le gore naga ya Aforika Borwa e kgone go ikemela kgatlhanong le dinaga tse dingwe le balaodi ba ditheo tseno ka go kgona go ikgobokanyetsa tshedimosetso e e botlhokwa thata e, gore ba tle ba kgone go dira ditshwetso ka bonako tse di malebana le dipholisi tse di tswileng diatla gore puso e kgone go tsenya letsogo fa e tlhokang go dira jalo, fa ka fa letlhakoreng le lengwe seno se gagamatsa seabe se naga jaaka modirisi yo o maikarabelo wa lefaufau. Seno se tlile gape le go tswalela mekhino e e ntseng e le teng mo ditumelanong tsa merero ya go ya lefaufaung tsa maikarabelo a ditheo tse di tlhomilweng tsa boditšhabatšhaba go dira gore ditumelano tseno e nne karolo ya melao ya ka fa nageng. 
1.2.    Molao o o tshitshinngwang ono o tlile go samagana le ditiragalo tsa dikgwebo tse di tlhagelelang tsa go putla lefaufau; go gagamatsa dithata tsa go disa lekala la merero ya go putla lefaufau; go dira gore go nne le inšorense e e tla tsibogelang ditiragalo tsa go rwesa maikarabelo; le go netefatsa gore go ikobelwa maikarabelo a Aforika Borwa a boditšhaba. O tla tlhola tikologo e e siametseng dipeeletso, boitlhamedi, ditlhotlhomiso le tlhabololo ya dinonofo, fa ka fa letlhakoreng le lengwe o tla tshegetsa kgolo ya bokgoni ba lefaufau la selegae le ditšhono tsa kgwebo.  

2.    Molaotlhomo wa  Phimolakeledi tebang le Malwetse kwa Mafelong a Tiro kwa Meepong e e Laotsweng le Ditiro tse di Laotsweng wa 2025 
2.1.    Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go phasalatsa Molaotlhomo wa Phimolakeledi tebang le Malwetse kwa Mafelong a Tiro kwa Meepong e e Laotsweng le Ditiro tse di Laotsweng wa 2025 gore setšhaba se ntshe maikutlo a sona ka ga ona. 
2.2.    Maitlhomo a Molaotlhomo ono ke go phimola molao wa kgale e bong Molao wa Malwetse kwa Mafelong a Tiro le kwa Ditirong tsa kwa Meepong wa  1973 mme mo legatong la ona go tsene tsamaiso  ya segompieno e e nonofileng e bile e fitlhelesega bonolo gore go kgonwe go laolwa dituelelo tsa malwetse a a runyang kwa mafelong a tirelo a mo lekaleng la meepo. 
2.3.    Molaotlhomo o o tshitshintsweng ono o tlile go gagamatsa dikgato tsa go nopola, go sala morago, go alafiwa le go duelelwa ga badiredi ba ga jaana le ba mo malobeng ba meepo ba ba kileng ba fitlhelwa ba na le malwetse a a tshwanelwang ke phimolakeledi, fa ka fa letlhakoreng le lengwe o tlile go tokafatsa phitlhelelego ya dipoelo le ditirelo tse di maleba go badiri ba ba amegang le ba malapa a bona. 
2.4.    Molaotlhomo ono e bile gape o tlamela ka go tlhomiwa jang Setheo sa Merero ya Phimolakeledi mo Meepong le mo Ditirong se se tla laolwang ke puso, se se  tla rwalang maikarabelo a go tsamaisa dikopotuelo, dituelelo tsa phimolakeledi mmogo le ditirelo tse dingwe gape tsa mothale ono, mme seno se tlile go godisa ditiragalo tsa go rwala maikarabelo le tsa kabelo ya ditirelo mo mererong ya phimolakeledi.

E.     Go Thapiwa 
Pele batho botlhe ba thapiwa go tla tlhatlhobiwa makwalo a bona a dithuto le ditlankana tse dingwe tse di tlhokagalang. 
1.    Rre Zane-Udien Dangor thapilwe go nna Mokaekakaretso wa Lefapha la Merero ya Tirisanommogo le Dinaga tsa Boditšhabatšhaba (konteraka ya gagwe e okeleditswe nako). 
2.    Ngaka Sean Douglas Phillips o thapilwe go nna Mokaedikakaretso wa Lefapha la Merero ya Metsi le Kgeleloleswe (konteraka ya gagwe e okeleditswe nako).
3.    Rre Milingoni Fhulufhelo Lloyd Nedohe o thapilwe go nna Mokaedikakaretso wa Lefapha la Ditlhaeletsano le Tshedimosetso ya Puso (GCIS). 
4.    Mme Avril Halstead o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso: mo Lephateng la Tlhokomelo ya Dithoto le Dikoloto mo Lefapheng la Matlole a Naga. 
5.    Mme Thandazile Francisca Mnguni o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso: mo Lephateng la Letsholo la Tirelo ya Setšhaba mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo. 
6.    Mme Sibongile Mpofu o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso: mo Lephateng la Ditirelo tsa Tlhokomelo ya Setheo mo Lefapheng la Pusotshwaraganelo. 
7.    Ngaka Nontsikelelo Ingrid Manzini-Matebula o thapilwe go nna Motlatsamokaedikakaretso: mo Lephateng la go Disa Maemo, go a Sekaseka, go Dira Dipatlisiso le go Rulaganya mo Lefapheng la Merero ya Basadi, Bašwa mmogo le Batho ba ba tshelang ka Bogole. 
8.    Mme Tirhane Alinah Fosi o thapilwe go nna CEO mo Setheong sa Kgatiso ya Dikwalwa tsa Puso. 
9.    Rre Johannes Makgokolla Moholola o thapilwe go nna CEO wa Ditirelo tsa Pharakano le Tshupetsotsela ya Difofane. 
10.    Rre Siphamandla Mthethwa o thapilwe go nna CEO wa Setlamo sa Maemelafofane sa Aforika Borwa. 
11.    Rre Waseem Carrim o thapilwe go nna CEO wa Letlole la Dikotsi tsa Tsela.  
12.    Rre Alford Sifiso Nsibande o thapilwe go nna CEO mo  Setheong se se Ikemetseng sa Merero ya Tlhabololo. 

13.    Monnasetulo yo a Thapilweng Lekgetlo le Lengwe Gape wa Boto ya Eskom: 
Ngaka Mteto Nyati. 

14. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Lekgotla la Boto ya Geoscience 
a.    Rre Kelepile Dintwe (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape e bile ke Monnasetulo); 
b.    Ngaka Mayshree Singh (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
c.    Ngaka Siyanda Mngadi (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
d.    Mme Thobeka Njozela (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
e.    Ngaka Mdu Zakwe; 
f.    Rre Lindelani Mudau (o emetse Lefapha la Metswedi ya Dimenerale le Leokwane); 
g.    Ngaka Patience Gwaze (o emetse Lefapha la Merero ya Dikgwa, Boredirelatlhapi le Tikologo); 
h.    Mme Millicent Solomons; mmogo le 
i.    Rre Musa Mabuza (Go ya ka maemo a kantoro ya gagwe). 

15. Go Thapiwa ga Boto ya Koporasi ya Aforika ya Matlole a go Dira Dipatlisiso tsa Kgonagalo ya go Bula Meepo 
a.    Rre Bernad Swanepoel (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape e bile ke Monnasetulo); 
b.    Rre Mzwandile Masondo (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
c.    Mme Pamella Mhlarhi; 
d.    Rre Samuel Molefi; 
e.    Ngaka Ntombifuthi Nxumalo; 
f.    Rre Bonga Makhanya; 
g.    Moatefokata Vhongani Masondo; mmogo le 
h.    Rre Masibulele Phesa. 

16. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Bankatlhabololo ya Borwa jwa Aforika 
a.    Rre Bongani Nqwabana (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
b.    Ngaka Petrus Matji (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
c.    Mme Disebo Moephuli (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
d.    Rre Joel Netshitenzhe (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
e.    Ngaka Chantal Naidoo (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
f.    Moporofesara Edgar Pieterse (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
g.    Rre Jonathan Muthige (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); 
h.    Rre Barry Hore (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape); mmogo le
i.    Mme Mametja Moshe. 

17. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Bosetšhaba ya Metshameko ya go Iteka Lesego 
a.    Ngaka Makgathatso Charlotte Chana Pilane-Majake (Monnasetulo); 
b.    Rre Kganki Matabane (Motlatsamonnasetulo); 
c.    Mme Chuma Fani; 
d.    Mme Zoleka Gloria Bula; 
e.    Mme Silochini Pillay; 
f.    Rre Milton Ntwana (o emetse Sepodisi); 
g.    Mme Niklasina Maria Kruger (o emetse Lefapha la Merero ya Kgwebisano, Intaseteri le Dikgaisano); 
h.    Rre Khayalethu Ntimbela (o emetse Lefapha la Merero ya Matlole a Naga); mmogo le
i.    Mme Sizakele Magangoe (o emetse Lefapha la Merero ya go Tswa Setšhaba Thuso). 

18. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Koporasi ya Tlhabololo ya Diintaseteri 
a.    Rre Mabotha Authur Moloto; 
b.    Mme Dinao Modirwadi Lerutla; 
c.    Mme Victoria Ngwenya; 
d.    Moatefokata Fana Joe Nalane; 
e.    Ngaka Boitshoko Ntshabele; 
f.    Rre Kgathatso Tlhakudi;  
g.    Rre William Solomon Steenkamp; mmogo le
h.    Moatefokata Thandi Orleyn (o thapilwe lekgetlo le lengwe gape). 

19. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Setheo sa Metsi sa Rand Water 
a.    Rre Gcinumzi Qotywa (Monnasetulo); 
b.    Mme Phindile Mbanjwa (Motlatsamonnasetulo);  
c.    Mme Ayanda Noah; 
d.    Rre Luvuyo Ntoyi; 
e.    Mme Lethabo Mashamaite; 
f.    Rre Oliver Josie; 
g.    Ngaka Mosidi Makgae; 
h.    Ngaka Rethabile Melamu; 
i.    Mme Ayanda Mafuleka; mmogo le
j.    Mme Moleboge Bothlale Lekwane. 

20. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya Lekgotla la Ditshwantsho le Dikgatiso 
a.    Moporofesara Siyasanga Tyali (Monnasetulo); 
b.    Mme Lungelo Dhladhla Nxele (Motlatsamonnasetulo); 
c.    Moatefokata Lindelwa Ndziba; 
d.    Mme Ditaba Lucy Maraka; 
e.    Mme Zandile Gail Mpungose; 
f.    Ngaka Phosa Jan Mashangoane; 
g.    Mme Miriann Maartens; 
h.    Ngaka Seithati Maria Motebang; mmogo le
i.    Mme Melanie Roy.

21. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Boto ya go Fatlhosa Lefapha la Merero ya Kgodiso ya Dikgwebopotlana 
a.    Moporofesara Vusi Gumede; 
b.    Ngaka Jabulile Msimango-Galawe; 
c.    Ngaka Nomfundo Mcoyi-Zondo; 
d.    Mme Juliet Miyabo; 
e.    Rre Sifiso Skenjana; 
f.    Rre Jacob Gcwili; 
g.    Rre John Jeffrey; 
h.    Kgosigadi Ngaka Kgosi Gaboilelwe; 
i.    Rre Siyabulela Xuza; mmogo le
j.    Rre Anthony Frank Julies.

22. Go Thapiwa ga Ditokololo tsa Bakaedi ba e seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Koporasi ya Dipeeletso tsa Setheo sa Puso (PIC) 
a.    Ngaka Mugwena John Maluleke; 
b.    Mme Lindiwe Martha Motshwane; 
c.    Rre Reuben Mpono Maleka; mmogo le
d.    Mme Bulelwa Mabasa. 

F.     Ditiragalo le Dikhonferense 
1. Kgwedi ya Dipalangwa 
1.1. Naga ya Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Dipalangwa kgwedi yotlhe ya Diphalane. Maitlhomo a kgwedi eno ke go tsibosa setšhaba ka go ipabalela mo mebileng mmogo le go nopola dipoelo tsa ikonomi le tsa loago tebang le mafaratlhatlha a dipalangwa a a dirang sentle. E re naya gape le tšhono ya go baya setšhaba mo dinakong mabapi le  se re setseng re se dirile mo go tsosoloseng mafaratlhatlha a dipalangwa ka fa nageng. 

2. Kgwedi ya Pabalesego mo Tirisong ya Inthanete 
2.1. Aforika Borwa e tla keteka Kgwedi ya Temososetšhaba ka Pabalesego mo Tirisong ya Inthanete mo kgweding ya Diphalane go bula setšhaba matlho le go rotloetsa setšhaba go itlhokomela le go ntsha matlho dinameng fa se dirisa didirisiwa tsa inthanete. Baagi mo setšhabeng go ikuelwa mo go bona go ntsha matlho dinameng, go dirisa inthanete ka maikarabelo mmogo le go itlhatlhelela ka kitso e e tseneletseng ya go dirisa didirisiwa tsa thekenoloji gore ba kgone go itlhokomela, ba tlhokomele tshedimosetso e e botlhokwa ka ga bona e e leng mo didirisiweng tsa bona tsa thekenoloji gore e se fitlhelelwe ke letsogo la bogotswana mo inthaneteng. 

3. Kopano ya bo 136 ya Ditokololo tsa Setlamo sa Merero ya Tshedimosetso e Setšhaba se Letleletsweng go e Dirisa e e ka ga Mafelotulo 
3.1. Naga ya Aforika Borwa e tlile go tshwara Kopano ya bo 136 ya Ditokololo tsa Setlamo sa Merero ya Tshedimosetso e Setšhaba se Letleletsweng (OGC) go e Dirisa e e ka ga Mafelotulo kwa Motsekapa go tloga ka la bo12 go fitlha ka la bo15 Diphalane 2026, mme seno e tla bo e le lekgetlo la ntlha moletlo ono o o babadiwang lefatshe ka bophara o tla bo o tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika. 
3.2. OGC e kopanya baeteledipele ba puso, ditlamo tsa go taka mebepe, badiradipatlisiso, ditlamo tsa thekenoloji, baitseanape ba maemo, batlhami le baagi go tswa mo kontinenteng ya Aforika ka bophara le go tswa mo lefatsheng ka bophara go kopanya ditlhogo go atlhaatlha ntlha ya isago mo mererong ya thekenoloji ya mafelotulo le ya mananeo a thekenoloji a a kgonang go dirisana.
3.3. Go tshwarela moletlo ono mono go tlile go gagamatsa maemo a Aforika Borwa mo go nneng naga e e di gogang kwa pele mo tsamaisong ya tshedimosetso e e ka ga mafelotulo, mo go tsenyeng tirisong maemo a a dirisiwang ke dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le go gagamatsa tirisanommogo go ralala le Aforika ka bophara mmogo le lephata la lefatshe la merero ya mafelotulo. 

4. Kopanokgothakgothe ya bo15 ya Mokgatlo wa Ditšhabakopano e e Mabapi le Merero ya Thibelo ya Botlhokotsebe le Tshekiso ya Ditlhokotsebe (Pilediwa ka ga Botlhokotsene) 
4.1. Aforika Borwa e tla tsaya karolo mo Kopanokgothakgothe ya bo15 ya Mokgatlho wa Ditšhabakopano e e Mabapi le Merero ya Thibelo ya Botlhokotsebe le Tshekiso ya Ditlhokotsebe e e tshwaretsweng kwa United Arab Emirates go tloga ka la bo26 Lwetse go fitlha ka la bo01 Diphalane 2026. 
4.2. Pilediwa eno e tla atlhaatlha ka fao lefatshe le tsibogelang ka teng dikgwetlho tsa botlhokotsebe tse di tswelelang go gagamala, go tsenyeletsa le tseo di tlhodiwang ka tiriso ya thekenoloji e e tlhabologileng, fa ka fa letlhakoreng le lengwe e tswelela go tsholetsa tirisanommogo ya dinaga tsa boditšhabatšhaba mmogo le go gagamatsa ditirelo tsa go lwantshana le botlhokotsebe. 
4.3. Pilediwa eno e naya naga ya Aforika Borwa tšhono e e botlhokwa thata gore e kgone go ungwelwa mo dikgatong tsa go tlhabolola molao le pholisi ya boditšhabatšhaba, go abelana maitemogelo le phetagatso ya tiro le dinaga tse dingwe mmogo le go tlhatlosa boleng jwa go nna naga e e obamelang molao le go tlhola tlhabololo e e nnelang ruri.

4.4. Samiti ya Ngwaga wa 2026 ya Kontinente ya Aforika e e ka ga Merero ya Leokwane le le sa Kgotlheleng Tikologo 
Kabinete e neseditse pula tiragalo ya go tshwara ka katlego Samiti ya Ngwaga wa 2026 ya Kontinente ya Aforika e e ka ga Merero ya Leokwane le le sa Kgotlheleng Tikologo e e neng e tshwaretswe kwa Motsekapa go tloga ka la bo15 go fitlha ka la bo 16Lwetse 2026 ka molaetsamogolo o o reng: “Go Tsweletsa Pele Lekala la Aforika la Merero ya Leokwane le le sa Kgotlheleng Tikologo go tswa go Pontsho ya Powerpoint go ya go Dikikawate”. Mo kopanong eno go atlhaatlhilwe kgatelopele  mo go tsenyeng tirisong diporojeke, tlamelo ka matlole, tlhabololo ya mafaratlhatlha le diintaseteri mo Aforika Borwa le go ralala kontinente ka bophara. Mo Aforika Borwa, ditiragalo tseno ke karolo ya Leano le le Tshwaraganetsweng la Mafaratlhatlha e leng lona mosupatsela wa botlhokwa mo mererong ya dipeeletso fa go tla mo tlamelong ya motlakase, mo maitlhomo e leng go dira gore go nne le metswako e e tswakilweng ka selekano mo metlakaseng e e sa kgotlheleng tikologo go le kalo. Kopano eno e thusitse gape le ka go baya setšhaba mo dinakong ka ga metseletsele ya ntlha e e setseng e dirilwe ya diporojeke tsa leokwane la motlakase o o sa kgotlheleng tikologo. 
Tsona di tsenyeletsa Porojeke ya Difofane tse di Dirisang le Motlakase la Setlamo sa Leokwane le le sa Kgotlheleng Tikologo la Phelan kwa Saldanha Bay. Setlamo sa Phelan se dirile ditsholofetso tsa gore se tlile go beeletsa matlole a le kanaka ditolara tsa US di le dimilione di le 100 mme go solofetswe gore kago ya sona e tla simolola mo kotareng ya ntlha ya ngwaga wa 2027. Tse dingwe tsa diporojeke mo metseletseleng eno ya ntlha di tsenyeletsa Porojeke ya Coega Green Ammonia kwa porofenseng ya Kapa Botlhaba, e yona go setseng go weditswe tiro ya ntlha ya go ipakanyetsa porojeke eno; Porojeke ya go Fokotsa Tshipi ya Leokwane ya Saldanha mo Karolong e e kwa Lobopo lwa Bophirima, mme yona e mo kgatong ya pele go ka simololwa ya go dira dipatlisiso; Porojeke ya Motlakase wa Tlaleletso o o Letetseng fa go se na Motlakase wa Prieska kwa porofenseng ya Kapa Bokone, e leng porojeke ya go fetlha motlakase ka amoniya e e sa kgotlheleng tikologo mme yona e setse e ntse e simolotswe go agiwa; Leokwane le le sa Kgotlheleng Tikologo la Batlhagisi ba e-Fuels la Methanol Corridor, mme porojeke eno e lebeletse mmaraka wa naga ya Yuropa mme yona e mo maemong a pele ga go ka simololwa ka go dira dipatlisiso; mmogo le Porojeke ya Diedi tse di sa Kgotleleng Tikologo tsa Haeterojene, mme yona e totile segolobogolo maraka wa Aforika Borwa mme yona go setse go garetswe dikgato tsa ntlha tsa go loga maano a boenjenere. 

G.     Ditiragalo tsa go Thuntsha Batho tse di Diragetseng Morago ga go Tshwarwa ga Kopano ya Kabinete 
1.    Ditiragalo tsa go thuntshana kwa Wedela, kwa Carltonville West Rand, mo porofenseng ya Gauteng
1.1    Kabinete e romela matshediso go ba malapa le ditsala tsa batho ba le 18 ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona fa ba ne ba thuntshiwa kwa lefelong la go wela mo nkgong ya thitelo kwa Wedela, kwa Carltonville West Rand, mo batho ba le robedi ba go iseng go itsewe gore ke bomang ba fitlhileng ba thuntsha batho ba ba neng ba itisise mo lefelong leo la thitelo.
1.2    Batho ba ba tlhokafaletseng mo lefelong leno ke ba le 17 mme wa bo 18 o tlhokafaletse moragonyana ka ntlha ya dikgobalo tse a nnileng le tsona. Batho ba bangwe gape ba le 18 ba nnile le dikgobalo mme ba sianisetswa kwa sepetlele. Ba le batlhano ba mo maemong a a tlhobaetsang.
1.3    Ke batho fela ba le bane mo go botlhe ba ba tlhokafetseng bao go itseweng gore ke bomang mme puso e ikuela mo setšhabeng gore ba tlhole ba masika a bona ba ba nnang mo kgaolong eno, mme fa e le gore go mongwe yo go sa itseweng gore o ntlheng efe ya lefatshe sepodisi se tsibosiwe ka ntlha eno.
1.4    Dijanaga di le pedi di ne tsa jewa ka molelo mme le megala ya seatla le yona e ne ya utswiwa. Mapodisi a mo motlhaleng wa babelaelwa ba le robedi ba ba golaganngwang le tiragalo eno.

2. Ditiragalo tsa go thuntshana kwa Lwandle, kwa Motsekapa 
2.1 Kabinete e romela matshediso go ba malapa le ditsala tsa batho ba le 10 ba ba latlhegetsweng ke matshelo a bona kwa Lwandle, kwa Motsekapa ka Lamatlhatso maitseboa, mo batho ba le batlhano ba tlhokafaletseng kwa lefelong leo fa ba bangwe bona ba tlhokafaletse mo tseleng ba lebile go isiwa sepetlele. 
Ditlhopha tsa maphatamantsi tsa dipatlisiso di setse di tlhomilwe go netefatsa gore babelaelwa ba ba dirileng ditiragalo tse di setlhogo tseno ba tle ba di game ba sa di tlhapela.

H.     Melaetsa
1.     Matshidiso
Kabinete e rometse matshediso go ba malapa le ditsala tsa: 
•    Rre Enos Mafokate, mopalami wa dipitse yo a neng a tumile lefatshe ka bophara yo gape e neng e le ene mmampodi wa mothomontsho wa ntlha mo metshamekong ya go tlola ka dipitse. E ne gape e le ena a simolotseng Tikwatikwe ya Soweto Equestrian, e leng sekolo sa go ruta batho go palama dipitse e bile ke moamogedi wa Kabo ya Phitlhelelo ya Botshelo Botlhe kwa Dikabong tsa Metshameko ya Naga ya Aforika Borwa. 
•    Ba malapa a batho ba le 21 ba ba lobileng matshelo a bona mo kotsing ya dijanaga e e diragetseng mo mmileng wa N1 kwa porofenseng ya Kapa Bophirima; mmogo le ba le robedi bao ba lobileng matshelo a bona mo kotsing e e diragetseng mo mmileng wa N17 kwa porofenseng ya Mpumalanga. 
•    Rre Owen Ndlovu, yo e kileng ya nna mogasi wa metshameko wa SABC yo e bile gape e neng e le molweladitshwanelo tsa mmino yo a neng a na le lerato le legolo la intaseteri ya merero ya go ntsha setšhaba bodutu le ya bogasi, ya metshameko yo e bile gape a feleditseng a dirile gore ditshwanelo tsa badiragatsi di simolole go tsewa tsia. 
•    Mokgweetsi wa dijanaga tsa mabelo, Rre Robert Wolk, yo mongwe wa bagaisani ba metshameko ya mabelo a dijanaga ba ba dirileng bontle thata go tswa mo nageng ya Aforika Borwa, yo a neng a na le dingwaga di feta di le masome a le mararo mo metshamekong eno. E ne e le moganka wa metshameko ya mabelo a dijanaga a SA Formula Volkswagen ka 2013, moganka wa metshameko ya mabelo a dijanaga ya Formula 1600 ya ngwaga wa 2015, moganka wa metshameko ya mabelo a dijanaga ka tatelano a SA GTC ya ngwaga wa 2021 le wa 2022, mmogo le go nna moganka wa metshameko ya mabelo a dijanaga ya SA Touring Cars ya ngwaga wa 2024. 

2.     Go akgola
Kabinete e rata go akgola:
•    Setlhopha sa motshameko wa Rakabi sa di-Springbok jaaka se fentse metseletsele e mentsi ya metshaeko ya Diganka tsa Dikgaisano ya Rakabi kgatlhanong le setlhopha sa All Blacks mmogo le go akgola Siya Kolisi jaaka e le mokapoteni yo a dirileng bontle go gaisa wa di-Springbok jaaka a fentse Diteko di le 56 jaaka mokapotene.
•    Setlhopha sa Mamelodi Sundowns jaaka se fentse sejana sa metshameko sa Mokgatlho wa Aforika wa FIFA - Asian Pacific morago ga gore se nose dino di le 2 go e le nngwe fa se ne se tshameka le setlhopha sa bommampodi sa Asia e leng sa Al-Ahli. 
•    Rre Bayanda Walaza morago ga gore a fenye lebelo la banna la dimitara di le 100 kwa Kopanong ya Boditšhabatšhaba ya Rovereto, mo a neng a tlhoma rekoto ya disekonte di le 9.91. O ne gape a fenya lebelo la dimitara di le 100 kwa Kopanong ya Baatlelete kwa Serbia, kwa Smederevo, kwa nageng ya Serbia. 
•    Rre Sinesipho Dambile ka go gapa maemo a bobedi kwa lebelong la banna la dimitara di le 200 kwa Dikgaisanong tsa Taemane tsa Makgaolakgang kwa Brussels. 
•    Rre Xola Magwaza jaaka e le moAforika Borwa wa ntlha go fenya mogope wa lefatshe ka bophara o o buletsweng botlhe go bontsha dikgoka tsa bona tsa tlhago kwa Mokgatlhong wa Boditšhabatšhaba wa Boradikgoka tsa Tlhago/Mokgatlho wa Baporofešenale ba Boradikgoka tsa Tlhago mo Dikgaisanong tsa go Bontsha Dikgoka tsa Tlhago kwa Singapore.
•    Kyalami Grand Prix Circuit jaaka lefelo leno le tlhophilwe gore e tla nna lona le go tla tshwarelwang kwa go lona metshameko e e tlotlegang mo lefatsheng ya dijanaga tsa mabelo ya Michelin 24H Series go tloga ka la bo8 go fitlha ka la bo10 Ferikgong 2027, e leng selo se segolo thata mo hisetoring ya rona jaaka dikgaisano tseno e tla bo e le lantlha di tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika. Mo metshamekong eno go tla nna le lebelo le letelele la sebaka sa diura di le 24 le le tla bong le diragadiwa mo mebileng ya lepatlelo la metshameko ya mabelo la naga ya rona kwa Midrand. 
•    Setlhopha sa motshameko wa basadi wa Bolotloa sa Aforika Borwa, SPAR Proteas, jaaka se ikgapetse maemo a bobedi kwa metshamekong ya Sejana sa Lefatshe sa  Bolotloa ya 2026 e e neng e tshamekelwa kwa Kenya. 
•    Setlhopha sa motshameko wa banna wa bolotloa sa Aforika Borwa, sa Bagale ba Protea, jaaka se fentse metshameko ya go sireletsa korone ya bona mo kontinenteng kwa Metshamekong ya Ngwaga wa 2026 ya Sejana sa Lefatshe sa Motshameko wa Bolotloa e e neng e tshamekelwa kwa nageng ya Kenya. 
•    Setlhopha sa Naga sa Kerikete sa Proteas jaaka se fentse setlhopha sa Australia mo metshamekong ya bobedi ya letsatsi le le lengwe ya boditšhabatšhaba kwa Lepatlelong la Metshameko ya Lefatshe la DP Wanderers ka go fenya metshameko e le meraro ka go digoga kwa pele ka dintlha di le 20. 
•    Ramabole wa Aforika Borwa, Rre Ricardo Malajika, ka go fenya Sekgele sa Metshameko ya Baganka ba Lefatshe ba Metshameko ya Boramabole (WBC) mo metshamekong ya Boramabole a a Bokete le go Gaisa, e e neng e tshamekelwa kwa Tokyo, Japan.
•    Naga ya Aforika Borwa jaaka e fentse metale wa selefera mo Dikgaisanong tsa Ngwaga wa 2026 tsa go Baakanya Difofane mo Dikgaisanong tsa Lefatshe tsa go Gaisana ka Bokgoni tse di neng di tshwaretswe kwa Shanghai, kwa nageng ya China. Naga ya rona e ne e emetswe ke baithuti ba le 29 ba ba neng ba gaisana mo dikarolong di le 27 tsa bokgoni, mme e ne e le ba bangwe ba batho ba ka nna 1 400 ba e neng e le karolo ya dikgaisano tseno go tswa kwa dinageng di feta di le 90. 
•    Setlhopha sa kgwele ya dinao sa naga sa ba dingwaga tse di ka fa tlase ga di le 20 sa Amajita jaaka se fentse Dikgaisano sa Batshameki ba Kgwele ya Dinao ba ba ka fa Tlase ga Dingwaga di le 20 tsa COSAFA e bile gape se kgonne go fitlhelela dipholo tsa go tsenela Metshameko ya Kgwele ya Dinao ya Sejana sa Metshameko ya Dinaga tsa Aforika sa Batshameki ba Dingwaga tse di ka fa Tlase ga di le 20. 
•    Setlhopha sa Naga sa Kgwele ya Dinao, Bafana Bafana, jaaka se fentse ka 2 - 1 kgatlhanong le Equatorial Guinea. 

E rebotswe mo legatong la Kabinete ke: 
Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Mme Khumbudzo Ntshavheni 
Letlha: 29 Lwetse 2026 
Dipotsolotso: 
Lefapha la Ditlhaeletsano le Tshedimosetso ya Puso (GCIS) 
Ikgolaganye le: Mme Nomonde Mnukwa, Mokaedikakaretso wa Namaotshwere 
Mogala: 083 653 7485

Share this page

Similar categories to explore